LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 96-ts. 100
  • Boipolelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boipolelo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ipolela Dibe—Ka Tsela ya Motho Kana ya Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Ipolela Dibe—A go Na le Sengwe Se Se Phoso ka Gone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A Modimo o Batla Gore re Ipolele Maleo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • A Modimo o Tla Intshwarela?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 96-ts. 100

Boipolelo

Tlhaloso: Ipolelo kana go dumela, e ka tswa e le phatlalatsa kana kwa bothokong, (1) ya seo motho a se dumelang kana (2) ya maleo a gagwe.

A tirelo ya tetlanyo, go akareletsa le boipolelo jwa mo sephiring (boipolelo jwa motho a buela mo tsebeng ya moruti), jaaka go rutwa ke Kereke ya Katoliki ke ga Dikwalo?

Mokgwa oo moruti a buisiwang ka one

Tsela e e tlwaelegileng, e e sa ntseng gantsi e dirisiwa, ke: “Ntshegofatse, Rara, ka go bo ke leofile. E setse e nnile [nako e telele] fa e sale Boipolelo jwa me jwa bofelo.”—Makasine wa U.S. Catholic, October 1982, ts. 6.

Math. 23:1, 9: “Hoñ Yesu a bua . . . “Me lo se ka loa bitsa opè rra eno mo lehatshiñ; gonne Rra eno o moñwe hèla, eo o kwa legodimoñ.”

Maleo ao a ka itshwarelwang

“Kereke e rutile ka metlha gore boleo bongwe le bongwe, go sa kgathalesege gore bo masisi go le kana kang, bo ka itshwarelwa.”—The Catholic Encyclopedia (e e nang le mafoko a go tlhomamisiwa ke mogolwane wa kereke ya Roma), R. C. Broderick (Nashville, Tenn.; 1976), ts. 554.

Baheb. 10:26: “Ha re leoha ka boomo re sena go amogèla kicō ea boamarure, ga go tlhole go na le setlhabèlèlō sepè sa dibe.”

Mar. 3:29: “Leha e le mañ eo o tlhapatsañ Mōea o o Boitshèpō, ga a na go ichwarèlwa gopè, me o molato oa boleo yo bo senañ bokhutlō.”

Kafa boikotlhaelo-maleo bo tshwanetseng jwa bontshiwa ka gone

Gangwe le gape yo o reeditseng o kaela gore moikotlhai a nne a bue a re “Rraetsho” le “Bakang Maria” ka palo e e beilweng.

Math. 6:7: “Me ha lo rapèla, lo se ka loa boaboèla [go bua ka mokgwa wa poeletso e e senang mosola] hèla, yaka Badichaba ba tle ba dihe: gonne ba gopola, go re, ba tla utlwiwa ka ntlha ea go bua bobe ga bōnè.”

Math. 6:9-12: “Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, . . . re ichwarèlè melato ea rona.” (Ga go gope mo Bibeleng moo re laelwang go rapela Maria kana go rapela ka ene. Bona Bafilipi 4:6, le gape ditsebe 265, 266, tlaseng ga “Maria.”)

Bar. 12:9: “A loratō lo nnè hèla lo sena boitimokanyō. Ilañ se se boshula; ñaparèlañ se se molemō.”

A Jesu ga a ka a laela baaposetoloi ba gagwe go itshwarela maleo?

Yoh. 20:21-23: “Yaka Rara a nthomile, le nna ke roma lona yalo. Me ea re a sena go bua yalo, a ba budulèla, a ba raea, a re, Amogèlañ Mōea o o Boitshèpō: Leha e le bomañ ba dibe tsa bōnè lo di ichwarèlañ, ba di ichwarecwe.”

Baaposetoloi ba ne ba utlwisisa le go dirisa seno jang? Ga go na pego epe mo Bibeleng ya tiragalo lefa e le nngwe eo go yone moaposetoloi mongwe a neng a reetsa boipolelo jwa kwa bothokong mme go tswa foo a bo a bolela go itshwarelwa gotlhelele. Lefa go ntse jalo, dipatlafalo tsa go itshwarelwa ke Modimo di tlhomilwe mo Bibeleng. Baaposetoloi, tlaseng ga kaelo ya moya o o boitshepo, ba ne ba ka lemoga boo batho ka bongwe ba ne ba fitlhelela dipatlafalo tse di ntseng jalo mme mo motheong wa seno ba bolele gore Modimo e ka tswa o ba itshwaretse kana ga wa ba itshwarela. Go bona dikai, bona Ditihō 5:1-11, gape le 1 Bakorintha 5:1-5 le 2 Bakorintha 2:6-8.

Bona gape le setlhogo se segolo “Tatelano ya Seaposetoloi.”

Dipono tsa batlhotlhomisi kaga tshimologo ya boipolelo jwa mo sephiring di a fapaana

The Catholic Encyclopedia, R. C. Broderick, e bolela jaana: “Fa esale lekgolo la bone la dingwaga boipolelo jwa mo sephiring bo ne jwa tsewa e le mokgwa o o amogelegang.”—Ts. 58.

New Catholic Encyclopedia e re: “Bo-raditiragalo ba le bantsi ba segompieno, ba Katoliki le ba Poresetanta, ba latedisa ditshimologo tsa boikotlhaelo-maleo jwa kwa bothokong jaaka mokgwa wa thuto wa dikereke tsa Ireland, Wales, le Britani, koo Maikano a a Boitshepo, go akareletsa le Boikotlhaelo-maleo, di neng di diragadiwa ka metlha ke mogolwane wa ntlo ya boitlami, le baperisiti ba gagwe ba baitlami. Ka mokgwa ono wa boitlami wa boipolelo le kaelo ya semoya ya phatlalatsa le ya kwa bothokong jaaka motlhala, boipolelo jo bo boaboelediwang le boipolelo jwa boineelo di lebega di ne tsa baakanyetswa batho fela. . . . Lefa go ntse jalo, e ne ya nna fela go fitlhelela mo lekgolong la bo-11 la dingwaga koo maleo a mo sephiring a neng a itshwarelwa ka nako ya boipolelo le pele ga tiragatso ya boikotlhaelo-maleo.”—(1967), Bol. XI, ts. 75.

Raditiragalo A. H. Sayce o bega ka gore: “Mekwalo ya tirelo e bontsha gore ka bobedi boipolelo jwa phatlalatsa le jwa kwa bothokong di ne di dirwa kwa Babelona. Tota, boipolelo jwa kwa bothokong bo bonala bo sale bo tswa bogologolong mme bo ne bo tlwaelegile fela thata.”—The Religions of Ancient Egypt and Babylonia (Edinburgh, 1902), ts. 497.

Basupi ba ga Jehofa ba dumela eng fa e le kaga boipolelo?

Go ipolela tumelo ya mongwe ka polelo ya phatlalatsa

Bar. 10:9, 10: “Ha u tla ipolèla ka molomo ha Yesu e le Morèna, u ba u dumèla mo peduñ ea gago ha Modimo o mo cositse mo loshuñ, u tla bolokwa: Gonne motho o dumèla ka pelo go isa tshiamoñ; me boipolèlō bo dihwa ka molomo go isa polokoñ.”

Math. 10:32, 33: “Ke gōna moñwe le moñwe eo o tla impolèlañ [Jesu Keresete] ha pele ga batho, le nna ke tla ipolèla èna ha pele ga Rrè eo o kwa legodimoñ. Me leha e le mañ eo o tla intatolañ ha pele ga batho, le nna ke tla itatola èna ha pele ga Rrè eo o kwa legodimoñ.”

Fa motho a leofela Modimo

Math. 6:6-12: “Me wèna, e re ha u rapèla, u tsènè mo ntlwaneñ ea gago e e kwa teñ, me u re u sena go cwala, u rapèlè Rrago eo o mo sephiriñ, . . . Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. . . . Me u re ichwarèlè melato ea rona, yaka le rona re ichwaretse ba ba molato le rona.”

Pes. 32:5: “Ke ne ka gu ipolèlèla [Modimo] boleo yoa me, le boikèpō yoa me ga kea bo hitlha: ke rile, Ke tla ipolèlèla Yehofa ditlolō tsa me, me ua ichwarèla molato oa boleo yoa me.”

1 Yoh. 2:1: “Me ha motho moñwe a leoha re na le Mueledi kwa go Rara, eboñ mosiami Yesu Keresete.”

Fa motho a leofela yo mongwe kana a fosediwa

Math. 5:23, 24: “Me ke gōna, ha u isa nèō ea gago u le ha sebeshoñ, me u gakologèlwa gōna ha oa ga eno a na le señwe nau, Tlogèla nèō ea gago gōna ha pele ga sebesho, me u eè u letlanè le oa ga eno pele, me hoñ u itse go tla u isa nèō ea gago.”

Math. 18:15: “Me ha oa ga eno a gu leohetse, ea u mo kaèlè molato oa gagwè lo le babedi hèla.”

Luke 17:3: “E re ha oa ga eno a gu leohèla, u mo ōmanyè; me ha a ikwatlhaea, u mo ichwarèlè.”

Baef. 4:32: “Lo nnè pelonomi moñwe mo go eo moñwe, le pelonamagadi, lo ichwarèlanè, hèla yaka Modimo le ōna o ichwaretse lona mo go Keresete.”

Fa mongwe a kopanyelediwa mo go direng phoso mo go masisi mme a batla thuso ya semoya

Yak. 5:14-16: “A moñwe mo go lona oa bobola [mo semoyeng]? a a bitsè bagolwane ba phuthègō; me a ba rapèlè ha go èna, ba mo tlotsè loukwane mo ineñ ya [ga Jehofa]: Me thapèlō ea tumèlō e tla boloka èna eo o bobolañ, me [Jehofa] o tla mo kakatlolola; me ha a leohile, o tla go ichwarèlwa [ke Modimo]. Me ke gōna lo ipolèlèlanè dibe, me lo rapèlèlanè, gore lo tlè lo hodisiwè.”

Dia. 28:13: “Eo o bipañ ditlolō tsa gagwè ga a ketla a tlhōgōnōlōhala: Me eo o di ipolèlañ a ba a di bakèla, o tla bōna boutlwèlō botlhoko.”

Go tweng fa e le gore batho bao ba leofang ga ba senke thuso?

Bagal. 6:1: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa.”

1 Tim. 5:20: “Ba ba leohañ o ba kgalemèlè mo ponoñ ea botlhe [ke gore, bao ba itseng ka sebele kaga kgang], gore ba bañwe le bōnè ba nnè mo poihoñ.”

1 Bakor. 5:11-13: “E tle e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè. . . . Tlosañ motho eo o boshula mo gare ga lona.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela