Maria (Mmaagwe Jesu)
Tlhaloso: Mosadi yo o neng a tlhophiwa ke Modimo ebile e le yo o neng a nna sego fela thata yo o neng a tsala Jesu. Go na le Bo-Maria ba bangwe ba le batlhano ba ba umakiwang mo Bibeleng. Yono e ne e le setlogolwana sa ga Kgosi Dafide, wa lotso lwa Juda, le morwadia Heli. Fa re mo itsisiwe lwantlha mo Dikwalong, ke fa a beeleditswe ke Josefe, le ene e le wa lotso lwa Juda ebile e le setlogolwana sa ga Dafide.
Re ka ithutang ka pego ya Bibela kaga Maria?
(1) Thuto ya go iketleeletsa go reetsa se Modimo a se bolelang ka barongwa ba gagwe le eleng fa se re se utlwang lwantlha se ka re tshwenya kana sa bonala se sa dumelesege.—Luke 1:26-37.
(2) Bobelokgale jwa go tsaya kgato tumelanong le seo mongwe a lemogang e le thato ya Modimo, go ikanya ka botlalo mo go ene. (Bona Luke 1:38. Jaaka go supilwe mo go Duteronome 22:23, 24, go ne go ka nna le matswela a a masisi fa mosetsanyana yo o sa nyalwang wa Mojuda a ne a ka fitlhelwa a ithwele.)
(3) Boikemisetso jwa Modimo jwa go dirisa motho go sa kgathalesege maemo a gagwe mo botshelong.—Bapisa Luke 2:22-24 le Lefitiko 12:1-8.
(4) Go tlotlomatsa dikgatlhego tsa semoya fela thata. (Bona Luke 2:41; Ditihō 1:14. Go ne go sa tlhokafale ka basadi ba Bajuda go tsamaya le banna ba bone mo loetong lo loleele go ya Jerusalema ka nako ya Tlolaganyo ya ngwaga le ngwaga, mme Maria o ne a dira jalo.)
(5) Kanaanelo ya boitsholo jo bo itshepileng.—Luke 1:34.
(6) Motho go tlhoafalela go ruta bana ba gagwe Lefoko ja Modimo. (Seno se ne sa kaiwa ke seo Jesu a neng a se dira fa a ne a le dingwaga tse 12. Bona Luke 2:42, 46-49.)
A Maria eleruri e ne e le kgarebane fa a ne a tshola Jesu?
Luke 1:26-31 e bega ka gore e ne e le “kgarebane” yo leina ja gagwe e neng e le Maria yo moengele Gabariele a neng a isa mafoko a mo go ena: “U tla ithwala, me u tla bōna ñwana oa mosimane, me u tla mo raea leina, u re, YESU.” Ka seno, temana 34 e re, “Me Marie a raea moengele, a re, Mo, go tla nna yañ, ka ke sa itse monna [ke kgarebane, JB; “ga ke itse monna: ke go re jaaka mogatsake,” NAB footnote; “Ga ke robale le monna,” NW]?” Mathaio 1:22-25 e oketsa ka gore: “Me yana gotlhe mo go dihetse, gore go dihalè se se kileñ sa buiwa ke Morèna ka moperofeti, a re, Bōnañ, kgarebane e tla ithwala, me e tla bōna ñwana oa mosimane, me ba tla mo raea leina, ba re, Imanuele; ke go re, Modimo o mo go rona, ha go phuthololwa. Me Yosefe a coga mo borokoñ a diha yaka moengele oa Morèna a mo laile, a tsaea mosadi oa gagwè; Me a se ka a mo itse, ga tsamaea a bōna ñwana oa mosimane pele: me a mo raea leina, a re, YESU.”
A seno se a utlwala? Eleruri go ne go ka se pale sepe ka Mmopi yo o ileng a dira dirwe tsa tsalo tsa motho, go ungwisa sele ya lee la popelo ya ga Maria ka ditsela tse di gakgamatsang thata. Ka mo go gakgamatsang, Jehofa o ne a fudusetsa maatla a botshelo le popego ya botho jwa Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi wa selegodimo mo popelong ya ga Maria. Maatla a a dirang a Modimo ka sebele, moya wa gagwe o o boitshepo, a ne a babalela go gola ga ngwana mo popelong ya ga Maria e le gore seo se neng se tla tsalwa se ne se tla tswa e le motho yo o itekanetseng.—Luke 1:35; Yoh. 17:5.
A Maria o ne a tswelela a ntse a le kgarebane ka metlha yotlhe?
Math. 13:53-56: “Me ga dihala, e rile Yesu a sena go wetsa dichwanchō tse, a tloga a cwa gōna. Me ea re a hitlha mo lehatshiñ ya ga gabō, a ba ruta mo tluñ ea bōnè ea thutō, ba ba ba tla ba gakgamala, ba re, Monna eo o chotse botlhale yo, le ditihō tse tsa nonohō kae? A eo, a ga se morwa mmetli oa dikgoñ? a mmagwè ga go twe Marie? le bomonnawè [Segerika, a·del·phoiʹ] a ga se bo Yakobe, le Yosefe, le Simeone, le Yudase? Le bokgantsadiè [Segerika, a·del·phaiʹ] a ga re na nabō botlhe?” (Mo motheong wa mokwalo ono, a o ne o tla feleletsa ka gore ngwana wa ga Maria a le esi fela e ne e le Jesu kana gore o ne a na le bomorwa le bomorwadie ba bangwe?)
New Catholic Encyclopedia (1967, Bol. IX, ts. 337) e dumela jaana malebana le mafoko a Segerika a·del·phoiʹ le a·del·phaiʹ, a a dirisitsweng go Mathaio 13:55, 56, gore ano “a na le bokao jwa morwa-rra-motho le kgaitsadi-a-motho ba ba feletseng tota ba madi a le mangwe mo lefatsheng le go buiwang Segerika mo motlheng wa Moefangele mme ka tlholego fela mmadi wa Segerika o ne a tla mo tlhaloganya jalo. Boaphelong jwa lekgolo la bo-4 la dingwaga (mo e ka nnang 380) Helvidius mokwalong o jaanong o latlhegileng o ne a gatelela lebaka leno e le go bolela fa Maria a ne a na le bana ba bangwe kwantle ga ga Jesu go mo dira sekao sa bomme ba malapa a magolo. St. Jerome, yo o neng a tlhotlhelediwa ke tumelo ya ngwao ya Kereke ya gore Maria o ne a nnela kgarebane ruri o ne a kwala pampitshana kgatlhanong le Helvidius (A.D. 383) eo go yone a neng a ntsha tlhaloso . . . eo e sa ntseng e amogelwa thata gareng ga batlhalefi ba Katoliki.”
Mar. 3:31-35: “Me ga tla mmagwè, le bomonnawè; me ea re ba eme kwa thokō, ba roma kwa go èna, ba mmitsa. Me bontsi yoa batho yoa bo bo dutse bo mo dikanyeditse; me ba mo raea, ba re, Bōna, mmago le bomonnao ba emetse kwa thokō, baa gu batla. Me èna a ba hetola, a re, Mmè emañ, le bonnake ke bomañ? Me a kōbakōba ba ba dutseñ ba mo dikanyeditse, a re, Bōnañ, mmè le bonnake ke ba! Gonne leha e le mañ eo o tla dihañ go rata ga Modimo, èna eouō ke nnake, le kgantsadiake, le mmè.” (Fano pharologanyo e e papametseng e ya dirwa magareng ga bonnake ba tlholego ba ga Jesu le bonnake ba gagwe ba semoya, barutwa ba gagwe. Ga go ope yo o iphakang gore fa go buiwa ka mmaagwe Jesu ga go tewe sepe se sele fa e se ene tota. A go a utlwala he, go akanya gore bomonnawe ba tlholego e ne e se bone mme gongwe e ne e le bontsalae? Fa e le gore seo se buiwang ga se bonnake ke balosika, lefoko la Segerika le le farologaneng [syg·ge·nonʹ] le a dirisiwa, jaaka mo go Luke 21:16.)
A Maria e ne e le Mmaagwe Modimo?
Moengele yo o neng a mo itsise kaga botsalo jwa dikgakgamatso jo bo neng bo tla ga a ka a mo raya a re ngwana wa gagwe e ne e tla nna Modimo. O ne a re: “Bōna, u tla ithwala, me u tla bōna ñwana oa mosimane, me u tla mo raea leina, u re, YESU. O tla nna mogolo, o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; . . . Le shōna seuō se se boitshèpō se u tla se bèlègañ, se tla bidiwa boitshèpō, Morwa Modimo.”—Luke 1:31-35, mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.
Baheb. 2:14, 17: “Me ereka bana ba tlhakanetse nama le madi, le èna [Jesu] ka esi a itlhakanya nacō yalō . . . Ke gōna, go no go mo chwanetse go dihwa yaka bomonnawè mo diloñ cotlhe.” (A mme o ne a ka nna “yaka bomonnawè mo diloñ cotlhe” fa e le gore e ne e le motho yo e leng Modimo?)
New Catholic Encyclopedia e re: “Maria ammaaruri ke mmaagwe Modimo fa e le gore maemo a mabedi a a diragadiwa: gore eleruri ke mmaagwe Jesu mme le gore Jesu ke Modimo tota.” (1967, Bol. X, ts. 21) Bibela e re Maria e ne e le mmaagwe Jesu, a mme Jesu e ne e le Modimo? Mo lekgolong la bone la dingwaga, morago-rago ga go kwalwa ga Bibela go se na go wediwa, Kereke e ne ya bopa polelo ya yone ya Tharo-nngwe. (New Catholic Encyclopedia, 1967, Bol. XIV, ts. 295; bona tsebe 370, tlase ga setlhogo “Tharo-nngwe.”) Ka nako eo mo Ditumelong tsa Nicene Kereke e ne ya bua ka Jesu Keresete jaaka “Modimo tota.” Morago ga seo, kwa Khanseleng ya Efeso ka 431 C.E., Maria o ne a bolelwa ke Kereke go nna The·o·toʹkos, ke gore “motsala Modimo” kana “Mmaagwe Modimo.” Lefa go ntse jalo, polelwana eo kana kgopolo eo ga e fitlhelwe mo mokwalong ope wa thanolelo ya Bibela. (Bona ditsebe 200-204, tlase ga “Jesu Keresete.”)
A Maria ka boene o ne a tsalwa a se na bogole, a gololesegile mo boleong fa mmaagwe a ne a mo tsala?
New Catholic Encyclopedia (1967, Bol. VII, dits. 378-381) e re malebana le tshimologo ya tumelo e: “. . . Botsalo jo bo se Nang Bogole ga bo rutwe gotlhelele mo Dikwalong . . . Borara ba Kereke ba pele pele ba ne ba tsaya Maria jaaka yo o boitshepo mme eseng gore o ne a se na sebe lefa go le kana. . . . Ga go ka ke ga kgonega go neela ngwaga e e tsepameng ya fa thuto eo e ne ya tshwarwa jaaka kgang ya tumelo, mme mo lekgolong la bo-8 kana la bo-9 go bonala fa go ile ga dumelesega ka kakaretso gore go jalo. . . . [Ka 1854 Pope Pius IX o ne a tlhalosa thuto eo ya motheo] ‘eo e kayang gore Maria Kgarebane e e Segofaditsweng o ne a dibelwa mo boleong jotlhe jwa tlholego fa a ne a Imiwa fela e le lwa ntlha ntlha.’” Tumelo eno e ne ya rurifadiwa ke ba Vatican II (1962-1965).—The Documents of Vatican II (New York, 1966), e e neng ya kwalwa ke W. M. Abbott, S.J., ts. 88.
Bibela ka boyone e re: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho [Adame] a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Bar. 5:12, mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) A seo se akareletsa le Maria? Bibela e bega gore tumalanong le patlafalo ya Molao wa ga Moshe, malatsi a le 40 morago ga botsalo jwa ga Jesu Maria o ne a isa seromololo sa boleo kwa tempeleng mo Jerusalema gore a itshekisiwe mo boitshekologong. Le ene gape, o ne a rua boleo le bosaitekanelang go tswa go Adame.—Luke 2:22-24; Lefi. 12:1-8.
A Maria o ne a tlhatlogela legodimong ka mmele wa gagwe wa nama?
Fa e ne e akgela ka boipolelo jo bo neng jwa dirwa ke Pope Pius XII ka 1950 jo bo neng jwa dira thuto e ya motheo karolo ya semolao ya tumelo ya Katoliki, New Catholic Encyclopedia (1967, Bol. I, ts. 972) e re: “Ga go na tshupetso epe e e papametseng mo Bibeleng ya Tseelo-legodimong, lefa go le jalo Mopapa o ganelela mo taolong ya go bolela phatlalatsa gore Dikwalo ke tsone motswedi wa bofelo wa boammaaruri jono.”
Bibela ka boyone e re: “Nama le madi ke dilō tse di sa kakeñ tsa rua bogosi yoa Modimo; le gōna go bōla ga go kake ga rua bosaboleñ.” (1 Bakor. 15:50) Jesu o ne a re: “Modimo ke mōea.” Fa Jesu a tsoga o ne a nna moya gape, jaanong e le “mōea o o tshedisañ.” Baengele ke meya. (Yoh. 4:24; 1 Bakor. 15:45; Baheb. 1:13, 14) Motheo o kae wa Dikwalo wa gore mongwe o ka bona botshelo jwa selegodimo ka mmele o o tlhokang ditikologo tse di bonalang tsa mo lefatsheng go o tshegetsa? (Bona gape ditsebe 428-430, tlase ga “Tsogo.”)
A go tshwanetse go fetisa dithapelo ka Maria jaaka morapeledi?
Jesu Keresete o ne a re: “Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, . . .” O ne gape a re: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna. . . . Ha lo ntōpa señwe hèla ka leina ya me, shōna ke tla se diha.”—Math. 6:9; Yoh. 14:6, 14, mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.
A dithapelo go Rara ka Jesu Keresete di ne di tla amogelwa ka kutlwisiso e kgolwanyane le ka tlhomogelo pelo fa di ne di ka fetisiwa ka mongwe yo o ileng a nna le maitemogelo a bosadi? Malebana le Rara, Bibela e re bolelela jaana: “Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo. Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.” Ke “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” (Pes. 103:13, 14; Ekes. 34:6) Mme go kwadilwe jaana kaga Keresete: “Gonne moperisiti eo mogolo eo re nañ naè, ga se eo o sa kakeñ a añwa ke go utlwana le rona makōa a rona; me ke eo o kileñ a raèlwa mo diloñ cotlhe yaka rona, leha go nntse yalo a sena boleo. Ke gōna rona, a re atameleñ setuloñ sa bogosi sa tshegōhaco ka botlhōkapoihō, gore re tlè re amogèlè boutlwèlō botlhoko, re bōnè tshegōhaco e e tla re thusañ mo motlheñ o go tlhōkwañ ka ōna.”—Baheb. 4:15, 16.
A tshisimogo ya ditshwantsho tsa ga Maria e tumalanong le Bokeresete jwa Bibela?
Tlwaelo eno eleruri e ne ya kgothalediwa ke ba Vatican II (1962-1965). “Phuthego eno e e boitshepo thata . . . e laela bana botlhe ba Kereke gore kobamelo, segolo bogolo kobamelo ya phatlalatsa, ya Kgarebana e e Segofaditsweng, e tshwanetse ya ngomaelwa ka bopelontle. E laola gore ditlwaelo le ditsela tsa boineelo malebana le ene di tshwanetse tsa tshwarwa ka thata jaaka go hakilwe ke thata ya go ruta ya Kereke ka makgolo a dingwaga, mme le gore ditaolo tseo di ntshitsweng mo dinakong tse di fetileng go le pele malebana le tshisimogo ya ditshwantsho tsa ga Keresete, Kgarebana e e Segofaditsweng, le baitshepi, di tshwanetse tsa tlotlwa kafa sedumeding.”—The Documents of Vatican II, dits. 94, 95.
Ka karabo ya Bibela, bona “Ditshwantsho,” ditsebe 153-157.
A Maria o ne a tlotlwa ka mo go kgethegileng mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga?
Moaposetoloi Petere ga a mo umake lefa e le gope mo dikwalong tsa gagwe tsotlhe tse di tlhotlheleditsweng. Moaposetoloi Paulo o ne a se ka a dirisa leina la gagwe mo dikwalong tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng mme o ne a bua fela kaga gagwe jaaka “mosadi.”—Bagal. 4:4.
Jesu ka boene o ne a tlhoma sekao sefe mo go bueng kaga mmaagwe?
Yoh. 2:3, 4: “Me ea re boyalwa yoa mofine bo tlhaèla [kwa moletlong wa lenyalo kwa Kana], mma Yesu a mo raea, a re, Ga ba na boyalwa yoa mofine. Me Yesu a mo raea, a re, Mosadi, ke dihañ ka wèna [seo se rayang go nna le go wena,” Dy]? lobaka loa me ga lo e se lo tle.” (Fa Jesu a ne a sa ntse a le ngwana o ne a utlwa mmaagwe le rraagwe yo o mo godisitseng. Mme ereka jaanong a ne a godile ka bonolo mme ka tsepamo o ne a gana go laolwa ke Maria. Maria ka boikokobetso o ne a amogela kgakololo.)
Luke 11:27, 28: “Me ga dihala ea re a sa nntse [Jesu] a bua dilō tse, mosadi moñwe mo bontsiñ a choletsa lencwe ya gagwè, a mo raea, a re, Go segō sebopèlō se se gu belegeñ, le mabèlè a u a amuleñ. Me èna a re, E, me bogolo go segō ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka.” (Seno eleruri e ka bo e ile ya nna sebaka se se molemo ka Jesu go supa tlotlo e e kgethegileng go mmaagwe fa e le gore go ne go tshwanetse. Mme o ne a se ka a dira jalo.)
Ditso di kaya gore go obamela Maria go simologile kae?
Go bolela jaana moperisita wa Katoliki Andrew Greeley: “Maria ke mongwe wa ditshwantsho tse di nonofileng thata tsa bodumedi mo ditsong tsa lefatshe la Bophirima . . . Setshwantsho sa ga Maria se tshwaraganya Bokeresete ka tlhamalalo le ditumelo tsa bogologolo tsa medimogadi ya bomme.”—The Making of the Popes 1978 (U.S.A., 1979), ts. 227.
Se se kgatlhang ke lefelo la koo thuto e ya gore Maria ke Mmaagwe Modimo e neng ya tlhomamisiwa gone. “Khansele ya Efeso e ne ya phuthega kwa kerekeng ya Theotokos ka 431. Gone koo, fa e le gore go na le gongwe, mo motseng o o neng o itsege thata thata ka tshisimogo ya one ya ga Aretemise, kana Diana jaaka Baroma ba ne ba mmitsa, koo setshwantsho sa gagwe go neng ga bolelwa se ole kwa legodimong, tlase ga moriti wa tempele e kgolo e e neilweng Magna Mater (Mmè yo Mogolo) fa e sale 330 B.C. mme e tshotse, go ya ka ngwao, bonno jwa nakwana jwa ga Maria, sereto sa ‘motsala Modimo’ go ne go ka se pale gotlhelele gore se ngaparelwe.”—The Cult of the Mother-Goddess (New York, 1959), E. O. James, ts. 207.
Fa Mongwe A Re—
‘A o dumela mo Kgarebaneng Maria’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Dikwalo tse di Boitshepo ka papamalo di bolela gore mmaagwe Jesu Keresete e ne e le kgarebana, mme re dumela seo. Modimo e ne e le Rraagwe. Ngwana yo o neng a tsalwa eleruri e ne e le Morwa Modimo, fela jaaka moengele a ne a bolelela Maria. (Luke 1:35)’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘A mme o kile wa ipotsa gore ke ka baka lang fa go ne go le botlhokwa gore Jesu a tsalwe ka tsela eno? . . . E ne e le ka tsela eo fela go neng go ka baakanyediwa ka thekololo e e tshwanetseng e e neng e tla dira gore go kgonege gore re gololwe mo boleong le mo losong.—1 Tim. 2:5, 6; gongwe le Yohane 3:16.’
Kana o ka nna wa re: ‘Ee, re a dira. Re dumela sengwe le sengwe se Dikwalo tse di Boitshepo di se buang kaga gagwe, mme tota di bolela gore fa a ne a tshola Jesu o ne a le kgarebane. Ke bona dilo tse dingwe gape tse di omosang pelo tse di re di bolelelang kaga Maria le dithuto tse re di ithutang go tswa go ene. (Dirisa dintlha tse di mo ditsebeng 261, 262.)’
‘Ga o dumele mo Kgarebaneng Maria’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ke lemoga gore go na le batho bao ba sa dumeleng gore e ne e le kgarebana yo o neng a tsala Morwa Modimo. Mme re dumela seo. (Bula nngwe ya dibuka tsa rona mo karolong eo e tlotlang ka kgang eno mme o bontshe mong wa ntlo.)’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘A mme go na le sengwe se se tlhokafalang gore re bone poloko? . . . Elatlhoko seo Jesu a neng a se bua fa a ne a rapela Rraagwe. (Yohane 17:3)’