Tharo-nngwe
Tlhaloso: Thuto-kgolo ya dikereke tsa La-Bodumedi. Go ya ka Tumelo ya Athanasius, go na le Batho ba bomodimo ba le bararo (Rara, Morwa, Moya o o Boitshepo), go bolelwa gore mongwe le mongwe ke wa bosakhutleng, mongwe le mongwe ke mothatayotlhe, ga go na yo mogolo kana yo mmotlana mo go yo mongwe, botlhe gatwe ke Modimo, mme e le Modimo o le mongwe. Dipolelo tse dingwe tsa thuto eno di gatelela gore “Batho” ba bararo bano ga se batshedi ba ba farologaneng le go lomologana mme ke dibopego tse tharo tse mo go tsone boleng jwa bomodimo bo fitlhelwang gone. Ka gone badumela Tharo-nngwe bangwe ba gatelela tumelo ya bone gore Jesu Keresete ke Modimo, kana gore Jesu le Moya o o Boitshepo ke Jehofa. Ga se thuto ya Bibela.
Thuto ya motheo ya Tharo-nngwe e thaegile jang?
The New Encyclopædia Britannica e re: “Lefoko Tharo-nngwe, lefa e le thuto e e tlhamaletseng eo ga di bonale mo Testamenteng e Ntšha, le gone Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba sa ikaelela go ganetsa Shema mo Testamenteng e Kgologolo: ‘Utlwa, Wena Iseraele: Morena Modimo wa rona ke Morena yo o nosi’ (Dute. 6:4). . . . Thuto ya motheo e ne ya gola ka bonya ka bonya mo makgolong a le mmalwa a dingwaga ebile go tla go sa dumalanwe mo go yone. . . . Kwa bofelong jwa lekgolo la bo-4 la dingwaga . . . thuto ya motheo ya Tharo-nngwe e ne ya nna ka sebopego se e sa leng e nna ka sone fa e sa le.”—(1976), Micropædia, Bol. X, ts. 126.
New Catholic Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Tlhaloso ‘Modimo o le mongwe mo Bathong ba le bararo’ ga e a ka ya thewa ka go tia, tota ga e a ka ya tsenngwa mo botshelong jwa Bokeresete le mo boipolelong jwa jone jwa tumelo, pele ga bofelo jwa lekgolo la bo-4 la dingwaga. Mme ke yone tlhaloso eno e tota e simolotseng lereo thuto ya Tharo-nngwe. Gareng ga Borara ba Baaposetoloi, ga go e se go ko go nne le sepe seo tota se neng se atametse mogopolo oo kana pono eo.”—(1967), Bol. XIV, ts. 299.
Mo go The Encyclopedia Americana re bala ka go re: “Bokeresete jo bo tserweng mo Sejudeng le Bajudeng bo ne bo dumela mo Bongweng [tumelo ya gore Modimo ke motho a le mongwe fela]. Tsela e e neng e tswa kwa Jerusalema go ya kwa Nicea e ne e sa tlhamalala sentle. Badumela Tharo-nngwe ba lekgolo la bone la dingwaga ga ba ise ba ko ba akanyetse sentle thuto ya pele ya Bokeresete malebana le popego ya Modimo; phapaanong le seo, ba ne ba fapoga go tswa mo thutong eno.”—(1956), Bol. XXVII, ts. 294L.
Go ya ka Nouveau Dictionnaire Universel, “Tharo-nngwe ya ga Plato, eo ka boyone eleng ntšhafatso fela ya ditharo-nngwe tsa pele tse di simologileng fela kwa bathong ba pele, e bonala e le megopolo fela ya botlhajana jwa dinonofo tse di tlhagisitseng metheo e meraro kana batho ba bomodimo ba ba rutilweng ke dikereke tsa Bokeresete. . . . Kgopolo eno ya ramatlhale wa Mogerika [Plato, wa lekgolo la bone la dingwaga B.C.E.] ya tharo-nngwe ya bomodimo . . . e ka bonwa mo ditumelong tsotlhe tsa bogologolo tsa [boheitane].”—(Paris, 1865-1870), e e rulagantsweng ke M. Lachâtre, Bol. 2, ts. 1467.
John L. McKenzie, S.J., go Dictionary of the Bible ya gagwe, a re: “Tharo-nngwe ya batho mo popegong e le nngwe fela e tlhalosiwa ka mareo a ‘motho’ le ‘popego’ ao e leng mareo a botlhajana jwa [Segerika]; tota, mareo ga a bonale mo Bibeleng. Ditlhaloso tsa badumela tharo-nngwe di nnile gone ka ntlha ya diketsaetsego tse dintsi tse mo go tsone mareo ano le a mangwe jaaka ‘boleng’ le ‘mmele’ a neng a dirisiwa ke baithuta-bomodimo bangwe ka tsela e e seng yone.”—(New York, 1965), ts. 899.
Lefa gone, jaaka badumela Tharo-nngwe ba dumalana, lefoko “Tharo-nngwe” le fa e le polelo ya thuto ya Tharo-nngwe di sa fitlhelwe mo Bibeleng, a megopolo e e seegilweng mo thutong eo e fitlhelwa moteng?
A Bibela e ruta gore “Moya o o Boitshepo” ke motho?
Ditemana dingwe tseo ka botsone di lebisang go moya o o boitshepo di ka lebega di supa botho. Ka sekai, moya o o boitshepo o lebisiwa jaaka mothusi (Segerika, pa·raʹkle·tos; “Mogomotsi,” KJ; “Mmueledi,” JB, NE) ‘yo o rutang,’ ‘yo o neelang bosupi,’ ‘yo o buang,’ le ‘yo o utlwang.’ (Yohane 14:16, 17, 26; 15:26; 16:13) Mme ditemana tse dingwe tsa re batho ba ne ba ‘tladiwa’ ka moya o o boitshepo, le gore bangwe ba ne ba ‘kolobediwa’ ka one kana ba ‘tlodiwa’ ka one. (Luke 1:41; Math. 3:11; Dit. 10:38) Ditshupiso tseno tsa moragonyana kaga moya o o boitshepo tota ga di tshwanele motho. Go tlhaloganya se Bibela yotlhe e se rutang, ditemana tseno tsotlhe di tshwanetswe go akanyediwa. Phetso e e utlwalang ke efe? Ke gore ditemana tsa ntlha tse di supilweng fano di dirisa setshwano sa puo se se supang moya o o boitshepo wa Modimo jaaka motho, maatla a gagwe a a dirang, jaaka Bibela le yone gape e supa botlhale, boleo, loso, metsi, le madi jaaka batho. (Bona gape ditsebe 300, 301, tlase ga setlhogo “Moya” [Spirit].)
Dikwalo tse di Boitshepo di re bolelela leina la sebele la ga Rara—Jehofa. Di re itsise gore Morwa ke Jesu Keresete. Mme ga go na gope mo Dikwalong koo leina la sebele le dirisediwang moya o o boitshepo.
Ditihō 7:55, 56 e bega gore Setefane o ne a neelwa ponatshegelo ya legodimo e mo go yone a boneng “Yesu a eme kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.” Mme ga a umake sepe gore o ne a bona moya o o boitshepo. (Bona gape Tshenolō 7:10; 22:1, 3.)
New Catholic Encyclopedia e dumela seno jaana: “Bontsi jwa ditemana tsa T[estamente] e N[tšha] di senola moya wa Modimo jaaka sengwe, e seng mongwe; seno se bonwa segolo bogolo mo go bapiseng moya le maatla a Modimo.” (1967, Bol. XIII, ts. 575) E bega gape jaana: “Ba-Apologists [bakwadi ba Bagerika ba Bokeresete ba lekgolo la bobedi la dingwaga] ba ile ba bua ka go nyenyefatsa Moya; ka tsela e nngwe mongwe o ka nna a re e se motho gotlhelele.”—Bol. XIV, ts. 296.
A Bibela e dumalana le bao ba rutang gore Rara le Morwa ke batho ba ba sa lomologanang le go farologana?
Math. 26:39: “Me a ea ha pelenyana, [Jesu Keresete] a wèla ka sehatlhōgō ha hatshe, a rapèla, a re, Rra wè, ha go ka nna yalo, a senwèlō se, se mphetè: leha go nntse yalo, eseñ kaha go rateñ ga me, e leñ kaha go rateñ ga gago.” (Fa Rara le Morwa e ne e le batho ba ba sa farologanang, thapelo e e ntseng jalo e ka bo e ile ya nna e e sa utlwaleng. Jesu o ka bo a ne a ithapela, mme thato ya gagwe e ka bo e ne tota-tota e tla bo e le ya ga Rraagwe.)
Yoh. 8:17, 18: “[Jesu a araba Bafarasai ba Bajuda a re:] E, le mo molaoñ oa lona go kwadilwe, ga twe, Chupō ea batho ba le babedi e amarure. Ke nna ke ichupañ kaga me, me le Rara eo o nthomileñ oa nchupa.” (Jalo he, ka phepafalo Jesu o buile kaga gagwe jaaka motho yo o lomologaneng le go farologana le Rraagwe.)
Bona gape ditsebe 195, 196, tlase ga “Jehofa.”
A Bibela e ruta gore botlhe ba go tweng ke karolo ya Tharo-nngwe ke ba bosakhutleng, go se na ope yo o nang le tshimologo?
Bakol. 1:15, 16: “Èna [Jesu Keresete] eo e leñ sechwanō sa Modimo o o sa bonweñ, e le èna motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe; Gonne dilō cotlhe di bopilwe mo go èna, tse di kwa magodimoñ, le tse di mo lehatshiñ.” Ke ka tlhaloganyo efe e Jesu Keresete e leng “motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe”? (1) Fano badumela Tharo-nngwe ba re “motsalwa pele” go tewa boitekanelo, yo o molemo-lemo, yo o tlhomologileng thata; ka gone Keresete o ka tlhaloganngwa go sa nne karolo ya popo, mme e leng yo o tlhomologileng thata fa a bapisiwa le ba ba bopilweng. Fa go ntse jalo, fa e le gore thuto ya Tharo-nngwe e boammaaruri, ke ka ntlha yang fa Rara le moya o o boitshepo go sa twe le bone ke batsalwa pele ba lobopo lotlhe? Mme Bibela e lebisa tlhaloso eno go Morwa fela. Go ya ka tlhaloso e e tlwaelegileng ya “motsalwa pele,” go supa gore Jesu ke yo mogolwane mo baneng botlhe ba lelapa la ga Jehofa. (2) Pele ga Bakolosa 1:15, tlhaloso “motsalwa pele” e bonala go feta makgetlo a le 30 mo Bibeleng, mme nako le nako fa le dirisiwa mo dibopiweng tse di tshelang tlhaloso e e tshwanang e ya dirisiwa—motsalwa pele ke karolo ya setlhopha. “Motsalwa pele oa Iseraela” ke mongwe wa bana ba Iseraele; “motsalwa pele wa ga Faro” ke mongwe wa lelapa la ga Faro; “motsalwa pele wa ditshedi” ke diphologolo ka botsone. Ke eng he, se se dirang gore bangwe ba neelane ka tlhaloso e e farologaneng go Bakolosa 1:15? A ke tiriso ya Bibela kana ke tumelo eo ba setseng ba e tshegeditse le eo ba batlang go e senkela bosupi? (3) A Bakolosa 1:16, 17 e umaka Jesu jaaka yo o sa bopiwang, fa e re “dilō cotlhe di bopilwe mo go èna, . . . dilō cotlhe di bopilwe ka èna, di bile di bopecwe èna”? Lefoko la Segerika le fano le fetoletsweng go “dilō cotlhe” ke panʹta, mofuta o mongwe wa pas. Go Luke 13:2, RS e kwala seno ka gore “tsotlhe . . . tse dingwe”; JB e balega e re “tse dingwe”; NE e re “ope fela o sele.” (Bona gape Luke 21:29 go NE le Bafilipi 2:21 go JB.) Tumalanong le sengwe le sengwe se Bibela gape e se buang malebana le Morwa, NW e dirisa tlhaloso e e tshwanang ya panʹta go Bakolosa 1:16, 17 gore ka bontlhanngwe e balege jaana, “ka ene dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa bopiwa . . . Dilo tsotlhe tse dingwe di ile tsa bopiwa mo go ene mme tsa bopelwa ene.” Ka gone o supiwa e le motho yo o nonofileng, karolo ya popo e e tlhagisitsweng ke Modimo.
Tshen. 1:1; 3:14: “Tshenolō ea ga Yesu Keresete, e Modimo o e mo neileñ . . . Me u kwalèlè moengele oa phuthègō e e mo Laodikea; u re, Eo e leñ Amen, eo e leñ moshupi eo o boikañō le boamarure, tshimologō [Segerika, ar·kheʹ] ea lobopō loa Modimo.” (KJ, Dy, CC, le NW, le tse dingwe di balega ka go tshwana.) A phetolelo eo e siame? Bangwe ba nna le pono ya gore se e se kayang ke gore Morwa o ne a le ‘mosimolodi wa popo ya Modimo,’ gore e ne e le ‘motswedi o mogolo’ wa yone. Mme Greek-English Lexicon ya ga Liddell le Scott e supa “tshimologō” jaaka tlhaloso ya yone ya ntlha ya ar·kheʹ. (Oxford, 1968, ts. 252) Phetso e e utlwalang ke gore yo o tsopotsweng go Tshenolō 3:14 ke popo, wa ntlha mo dibopiweng tsa Modimo, gore o nnile le tshimologo. Bapisa Diane 8:22, e baakgedi ba le bantsi ba Bibela ba dumelang gore go buiwa ka Morwa mo go yone, a bidiwa botlhale bo mothofaditswe. Go ya ka RS, NE, le JB, yo o buang koo gatwe ke yo o “bopilweng.”)
Go ya ka boperofeti, malebana le Mesia, Mika 5:2 ya re “eo macō a gagwè a sa leñ a nna a bogologolo, eboñ ka go senañ tshimologō.” Dy e balega ka go re: “Matso a gagwe ke a kwa tshimologong, go tswa metlheng ya bosaengkae.” A seo se mo dira gore a tshwane le Modimo? Go a tshwaega gore, go na le gore e re “metlheng ya bosaengkae” RS e fetolela Sehebera jaaka “metlha ya bogologolo;” JB, “metlha ya pele”; NW, “metlha e e sa tlhomamisegeng.” Fa e lejwa ka tlhaloganyo ya Tshenolō 3:14, e e tlotlilweng fa godimo, Mika 5:2 ga e supe gore Jesu o ne a se na tshimologo.
A Bibela e ruta gore ga go ope yo o leng mogolo kana mmotlana mo go yo mongwe, go bao go tweng ba akarelediwa go Tharo-nngwe, gore botlhe ba a lekana, gore botlhe ke bathatayotlhe?
Mar. 13:32: “Me kaga letsatsi yeuō kgotsa nakō euō, ga go itse opè, leha e le baengele, ba ba kwa legodimoñ, leha e le Morwa, ha e se Rara hèla.” (Mme kana, seo se ne se ka se nne jalo fa Rara, Morwa, le Moya o o Boitshepo ba ne ba lekana, ba dira Modimo wa tlhogo e le nngwe. Mme fa, jaaka bangwe ba tlhalosa, Morwa a ne a tlhaela go itse seo ka ntlha ya go bo a ne a le motho, potso e ntse e nna gone, ya go re, Ke ka baka lang fa Moya o o Boitshepo o ne o sa itse?)
Math. 20:20-23: “Mma bomorwa Sebede . . . A mo raea [Jesu], a re, Laola gore bomorwaake ba babedi ba, ba dulè, moñwe kaha cogoñ ya gago ye legolo, le eo moñwe kaha go ya molèma mo bogosiñ yoa gago. Me Yesu a mo hetola, a re, . . . Senwèlō sa me rure lo tla se nwa: me go dula kaha cogoñ ya me ye legolo, le kaha cogoñ ya me ya molèma, ga se ga me go go aba, me ke ga bōnè ba ba go baakanyedicweñ ke Rrè.” (Abo go gakgamatsa jang ne, fa, jaaka go bolelwa, Jesu e be e le Modimo! A Jesu fano o ne a araba fela go ya ka “popego ya botho” ya gagwe? Fa e le gore, jaaka badumela Tharo-nngwe ba bua, Jesu tota e ne e le “Modimo seka-motho”—Modimo le motho ka go tshwana, e seng mongwe kana o sele—a go ne go tla bo go tlhomame go ya le tlhaloso e e ntseng jalo? Go na le moo, a Mathaio 20:23 ga e bontshe gore Morwa ga a lekane le Rara, gore Rara o ipoloketse ditshwanelo dingwe?)
Math. 12:31, 32: “Batho ba tla ichwarèlwa dibe cotlhe le tlhapaco; me tlhapaco e e tlhapatsañ Mōea ga e ketla e ichwarèlwa. Me leha e le mañ eo o tla buañ lehoko ye le nyatsañ Morwa Motho, o tla go ichwarèlwa; me leha e le mañ eo o tla buañ lehoko ye le nyatsañ Mōea o o Boitshèpō, ga a ketla a go ichwarèlwa, leha e le mo lehatshiñ yeno, leha e le mo go ye le tlañ.” (Fa Moya o o Boitshepo e ne e le motho ebile e le Modimo, temana eno e ne e tla ganetsa thuto ya motheo ya Tharo-nngwe gotlhelele, ka gore e ne e tla raya gore ka tsela nngwe Moya o o Boitshepo o ne o tla bo o le mogolwane go na le Morwa. Go na le moo, se Jesu a se buileng se bontsha gore Rara, yo “Mōea” o tswang kwa go ene, o mogolwane mo go Jesu, Morwa motho.)
Yoh. 14:28: “[Jesu a re:] Ha lo no lo nthata, lo no lo tla itumèla, ka go bo ke ea kwa go Rara: gonne Rara o mogolo bogolo go nna.”
1 Bakor. 11:3: “Me ke rata gore lo itse ha tlhōgō ea monna moñwe le moñwe e le Keresete; le tlhōgō ea mosadi ke monna; le tlhōgō ea ga Keresete ke Modimo.” (Ka phepafalo he, Keresete ga se Modimo, mme Modimo ke wa boemo jo bo kwa godimo mo go Keresete. Go a tshwanela gore go elwetlhoko gore seno se ne sa kwalwa mo e ka nnang ka 55 C.E., dingwaga tse di ka nnang 22 morago ga go boela ga ga Jesu kwa legodimong. Jalo he, boammaaruri jo bo tlhalositsweng fano bo lebisitswe go kamano magareng ga Modimo le Keresete mo legodimong.)
1 Bakor. 15:27, 28: “Gonne, O [Modimo] beile dilō cotlhe mo taoloñ ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè [Jesu]. Me ha o re, Dilō cotlhe di beilwe mo taoloñ, goa bōnala ha go sa reewe ōna o o beileñ dilō cotlhe mo taoloñ ea gagwè. Me e tla re dilō cotlhe di sena go beèwa mo taoloñ ea gagwè, hoñ Morwa ōna le èna ka esi o tla beèwa mo taoloñ ea ōna o o beileñ dilō cotlhe mo taoloñ ea gagwè, gore Modimo o nnè gotlhe mo go cotlhe hèla.”
Lefoko la Sehebera Shad·daiʹ le lefoko la Segerika Pan·tokraʹtor otlhe a ranolelwa go “Mothatayotlhe.” Mafoko oo mabedi a puo ya pele a dirisiwa gangwe le gape go raya Jehofa, Rara. (Ekes. 6:3; Tshen. 19:6) Ga go tlhaloso epe mo go tsone e e kileng ya lebisiwa go Morwa kana moya o o boitshepo.
A Bibela e ruta gore mongwe le mongwe wa ba go tweng ba karolo ya Tharo-nngwe ke Modimo?
Mo thapelong Jesu o ne a re: “Rara, . . . botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yoh. 17:1-3, mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) (Fano baranodi ba bantsi ba dirisa tlhaloso “Modimo o o osi, o o boamarure” fa ba lebisitse go Rara. NE e balega ka gore “yo ruri o leng Modimo o le nosi.” O ka se nne “Modimo o o osi, o o boamarure,” ene “yo ruri [eleng] Modimo o le nosi,” fa e le gore go na le bangwe ba babedi bao eleng Modimo ka selekanyo se a nang le sone, a o ka nna ene? Bangwe le bangwe bao go lebisiwang go bone jaaka “medimo” e ka nna ya bo e le ba maaka kana setshwano fela sa Modimo wa boammaaruri.)
1 Bakor. 8:5, 6: “Gonne leha go na le e e bidiwañ medimo, kwa legodimōñ le mo lehatshiñ; yaka go na le medimo e le mentsi, le barèna ba le bantsi; Leha go nntse yalo mo go rona, go Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara, eo dilō cotlhe di cwañ mo go èna, le rona re nnetse èna; e bile go Morèna a le moñwe hèla, eboñ Yesu Keresete, eo dilō cotlhe di emeñ ka èna, le rona ka èna.” (Seno se supa Rara jaaka “Modimo o le moñwe hèla” wa Bakeresete le jaaka yo o farologaneng thata le Jesu Keresete.)
1 Pet. 1:3: “A go bakwè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete.” (Ka go ipoeletsa, le eleng morago ga go tlhatlogela ga ga Jesu kwa legodimong, Dikwalo di lebisa go Rara jaaka “Modimo” wa ga Jesu Keresete. Go Yohane 20:17, morago ga Jesu a se na go tsoga, ene ka boene o ne a bua ka Rara jaaka “Modimo oa me.” Moragonyana, fa a ne a le mo legodimong, jaaka go kwadilwe go Tshenolō 3:12, o ne a dirisa gape tlhaloso e e tshwanang. Mme ga go na gope mo Bibeleng mo go begwang Rara a lebisa go Morwa jaaka “Modimo oa me,” le gone Rara le Morwa ga ba lebise go moya o o boitshepo jaaka “Modimo oa me.”)
Go bona dikakgelo tse di dirisiwang ke bangwe mo boitekong jwa go supa gore Keresete ke Modimo, bona ditsebe 199-204, tlase ga setlhogo “Jesu Keresete.”
Go Theological Investigations, Karl Rahner, S.J. o a tlhalosa: “Θεός [Modimo] o ntse ga a dirisediwe Moya [Spirit],” mme le: “ὁ θεός [Modimo ka sebele] ga a ke a dirisiwa mo Testamenteng e Ntšha go raya πνεῦμα ἅγιον [moya o o boitshepo].”—(Baltimore, Md.; 1961), e e ranotsweng go tswa mo Sejeremaneng, Bol. I, dits. 138, 143.
A dikwalo dingwe tse di dirisiwang ke badumela Tharo-nngwe go tshegetsa tumelo ya bone di baakanyetsa ka motheo o o tiileng wa thuto eo?
Motho yo tota a batlang go itse boammaaruri kaga Modimo ga a na go phetlekolola Bibela a solofela go bona temana eo a ka e rulaganyang jaaka e e tshwanelang seo tota a setseng a se dumela. O batla go itse se Lefoko la Modimo ka bolone le se buang. O ka nna a bona ditemana tse a ka ikutlwang di ka balwa ka ditsela di le dintsi, mme fa tseno di bapisiwa le dipolelo tse dingwe tsa Bibela mo kgannyeng e e tshwanang tlhaloso ya tsone e tla phepafala. Go tshwanetswe ga elwatlhoko fela kwa tshimologong gore bontsi jwa ditemana tse di dirisiwang jaaka “bosupi” jwa Tharo-nngwe tota di umaka fela batho ba le babedi, e seng ba le bararo; jalo he le eleng fa tlhaloso ya ditemana ya badumela Tharo-nngwe e ka bo e le boammaaruri, tseno di ne di se ketla di supa gore Bibela e ruta Tharo-nngwe. Akanyetsa se se latelang:
(Kwantle lefa go supilwe ka tsela nngwe, ditemana tsotlhe tseo di tsopotsweng mo karolong e e latelang di ntshitswe go Bibela e e Boitshèpō ya Setswana.)
Temana tseo mo go tsone sereto sa ga Jehofa se dirisediwang Jesu Keresete kana go iphakwang gore se raya Jesu
Alefa le Omega: Tota sereto seno ka tshwanelo ke sa ga mang? (1) Go Tshenolō 1:8, ga twe mong wa sone ke Modimo, Mothatayotlhe. Mo temaneng ya 11 go ya ka KJ, sereto seo se dirisediwa go yo tlhaloso ya gagwe moragonyana e mo supang e le Jesu Keresete. Mme bora-dithuto ba lemoga gore tshupiso go Alefa le Omega mo temaneng ya 11 ga se e e tshwanetseng, mme ka jalo ga e bonale gope go RS, NE, JB, NAB, Dy. (2) Baranodi ba le bantsi ba Tshenolō mo Sehebereng ba lemoga gore yo o tlhalosiwang mo temaneng ya 8 ke Jehofa, mme ka jalo ba busetsa leina la sebele la Modimo moo. Bona 1984 Reference edition ya NW. (3) Tshenolō 21:6, 7 e supa gore Bakeresete bao eleng bafenyi ba semoya ba tshwanetse go nna ‘barwa’ ba yo o itsiweng jaaka Alefa le Omega. Ga go ke go buiwa jalo ka kamano ya Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya le Jesu Keresete. Jesu o buile ka bone jaaka ‘bomonnawe.’ (Baheb. 2:11; Math. 12:50; 25:40) Mme “bonnake” bao ba ga Keresete ba lebisiwa jaaka “bana ba Modimo.” (Bagal. 3:26; 4:6) (4) Go Tshenolō 22:12, TEV e tsenya leina Jesu, jalo he, tshupiso go Alefa le Omega mo temaneng ya 13 e bewa jaaka ekete e raya ene. Mme leina Jesu ga le bonale moo mo Segerikeng, mme dithanolo tse dingwe ga di le akaretse. (5) Go Tshenolō 22:13, Alefa le Omega ga twe ke “oa ntlha le oa bohèlō,” tlhaloso e gape e lebisiwang go Jesu go Tshenolō 1:17, 18. Ka mo go tshwanang, tlhaloso “moaposetoloi” e dirisediwa Jesu Keresete gammogo le go bangwe ba balatedi ba gagwe. Mme seo ga se supe gore ba motho a le mongwe fela kana ba mo boemong jo bo lekanang, a go ntse jalo? (Baheb. 3:1) Jalo he, bosupi bo lebisa kwa phetsong ya gore lereo “Alefa le Omega,” le raya Modimo Mothatayotlhe, Rara, e seng Morwa.
Mmoloki: Dikwalo di nna gangwe le gape di lebisa go Modimo jaaka Mmoloki. Go Isaia 43:11 Modimo o bile a re: “Kwa ntlè ga me ga go na mmoloki opè.” Ereka Jesu le ene gape a lebisiwa jaaka Mmoloki, a Modimo le Jesu ba a tshwana? Le eseng. Tito 1:3, 4 e bua ka “Modimo Mmoloki oa rona,” gape le ka “[Modimo] Rara le Keresete Yesu Moreboloki.” Jalo he, batho bao boo babedi ke baboloki. Yude 25 e bontsha kamano ya gone, ka go re: “Modimo . . . Mmoloki oa rona, . . . ka Yesu Keresete Morèna oa rona.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) (Bona gape Ditihō 13:23.) Go Baatlhodi 3:9, lefoko le le tshwanang la Sehebera (moh·shiʹa‛, le le fetoletsweng “mmoloki” kana “mogolodi”) le le dirisitsweng go Isaia 43:11 le dirisediwa Otheniele, moatlhodi mo Iseraele, mme seo ruri ga se a ka sa dira Otheniele Jehofa, a se ne sa dira? Go balega ga Isaia 43:1-12 go bontsha gore temana 11 e raya go re Jehofa a le nosi fela ke Ene yo o neng a baakanyetsa ka poloko, kana kgololo, go Iseraele; gore poloko ga e a ka ya tswa go ope wa medimo ya merafe e e mo tikologong.
Modimo: Go Isaia 43:10 Jehofa a re: “E rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo opè, le gōna ga go ketla go nna opè moragō ga me.” A seno se raya gore, ka go bo Jesu Keresete a kaiwa gore ke “Modimo Mothata” ka tsela ya seporofeti go Isaia 9:6, Jesu o tshwanetse a bo a le Jehofa? Fano gape, mokwalo ka kakaretso o araba ka gore, Nnyaa! Ga go ope wa merafe ya Baditšhaba e e obamelang medimo ya disetwa o o neng wa dira modimo pele ga ga Jehofa, ka go bo go se ope o o neng wa nna gone pele ga ga Jehofa. E ne ebile gape e ka se ke e dire modimo ope wa mmatota le yo o tshedileng, mo isagweng, o o neng o ka kgona go ntsha polelelo pele. (Isaia 46:9, 10) Mme seo ga se reye gore Jehofa o ne a ise a ke a dire gore ope a nne gone yo ka tshwanelo a neng a ka lebisiwa jaaka modimo. (Pes. 82:1, 6; Yoh. 1:1, NW) Go Isaia 10:21 Jehofa o kaiwa jaaka ‘Modimo mothata,’ fela jaaka Jesu go Isaia 9:6; mme ke Jehofa fela yo o bidiwang “Modimo Mothata eotlhe.”—Gen. 17:1.
Fa sereto sengwe kana mafoko mangwe a a tlhalosang a fitlhelwa mo dikarolong di le dintsi mo Dikwalong, ga go a tshwanelwa go itlhaganelelwa go konela kwantle ga tsheka-tsheko go re ka metlha di lebisa go motho a le mongwe fela. Go akanya mo go ntseng jalo go ka gogela mo phetsong ya go re Nebukadenesare e ne e le Jesu Keresete, ka gonne botlhe ba ne ba bidiwa “kgosi ea dikgosi” (Dan. 2:37; Tshen. 17:14); le gore barutwa ba ga Jesu Keresete e ne e le Jesu Keresete tota, ka gonne botlhe ba ne ba bidiwa “lesedi ya lehatshe.” (Math. 5:14; Yoh. 8:12) Ka metlha yotlhe re tshwanetse go tlhokomela kakaretso ya kgang le mafelo a mangwe mo Bibeleng ko tlhaloso e e tshwanang e tlhagang gone.
Mafoko mangwe mo Dikwalong tsa Sehebera a a diriseditsweng Jesu Keresete ke bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ba Bibela mme ka phepafalo e le a a rayang Jehofa
Ke ka ntlha yang fa Yohane 1:23 e tsopola Isaia 40:3 e bo e lebisa go se Johane wa Mokolobetsi a se dirileng fa a ne a baakanyetsa Jesu Keresete tsela, fa Isaia 40:3 ka phepafalo e tlotla ka go baakanyetsa Jehofa tsela? Ka gonne Jesu o ne a emela Rraagwe. O tlile ka leina la ga Rraagwe mme o ne a na le tlhomamisego ya gore Rraagwe o ne a na le ene ka metlha yotlhe ka go nne o ne a dira dilo tse di neng di kgatlha Rraagwe.—Yohane 5:43; 8:29.
Ke ka baka lang fa Bahebera 1:10-12 e tsopola Pesalema 102:25-27 le go e lebisa go Morwa, fa pesalema e re seo se lebisitswe go Modimo? Ka gonne Morwa ke ene Modimo a dirileng ditiro tsotlhe tsa popo tseo di tlhalosiwang ke mopesalema ka ene. (Bona Bakolosa 1:15, 16; Diane 8:22, 27-30.) Go tshwanetswe ga elwatlhoko gore mo go Bahebera 1:5b gore tsopolo e dirilwe go tswa go 2 Samuele 7:14 le go dirisediwa Morwa Modimo. Lemororo temana eo e ne pele ya dirisediwa Solomone, tiriso ya yone ya moragonyana go Jesu Keresete ga e reye gore Solomone le Jesu ba a tshwana. Jesu o “mogolo go heta Solomone” mme o dira tiro e e neng e tshwantsheditswe ke Solomone.—Luke 11:31.
Dikwalo tse di umakang Rara, Morwa, le Moya o o Boitshepo ba le mmogo
Mathaio 28:19 le 2 Bakorintha 13:14 ke dikai tsa seno. Ga go na epe ya ditemana tseno e e bolelang gore Rara, Morwa, le Moya o o Boitshepo ba a lekana kana ke ba bosakhutleng kana gore botlhe ke Modimo. Bosupi jwa Dikwalo jo bo setseng bo supilwe mo tsebeng 373-377 bo ganana le go tsenya megopolo e e ntseng jalo mo ditemaneng tseo.
Lemororo Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature ya ga McClintock le Strong, e buelela thuto ya motheo ya Tharo-nngwe, e bolela jaana mabapi le Mathaio 28:18-20: “Lefa go ntse jalo, temana eno, fa e tsewa jaaka e ntse, ga e ketla e supa ka mo go kgotsofatsang botho jwa dilo tse tharo tse di umakilweng, kana bolekane jwa tsone kana bomodimo.” (kgatiso e nngwe ya 1981, Bol. X, ts. 552) Malebana le ditemana tse dingwe tse le tsone di umakang boraro bo le bongwe, Cyclopedia eno e dumela gore, fa di tsewa jaaka di ntse fela, ga di a “lekana” go ka supela Tharo-nngwe. (Bapisa 1 Timotheo 5:21, koo Modimo le Keresete le baengele ba umakiwang botlhe gone.)
Ditemana tse mo go tsone bontsi jwa maina bo lebisiwang go Modimo mo Dikwalong tsa Sehebera
Go Genesise 1:1 sereto “Modimo” se ranotswe go tswa go ’Elo·himʹ, e eleng bontsi mo Sehebereng. Badumela Tharo-nngwe ba kaya seno go nna tshupo ya Tharo-nngwe. Ba tlhalosa gape gore Duteronome 6:4 e supa kutlwano ya maloko a Tharo-nngwe fa e re, “MORENA Modimo [go tswa go ’Elo·himʹ] wa rona ke MORENA a le mongwe hela.”
Mofuta wa bontsi wa leina le le mo Sehebereng fano ke bontsi jwa borena kana tlotlomalo. (Bona NAB, St. Joseph Edition, Bible Dictionary, ts. 330; gape le, New Catholic Encyclopedia, 1967, Bol. V, ts. 287.) Ga e neele kakanyo epe ya bontsi jwa batho mo modimong wa tlhogo. Ka mo go tshwanang, go Baatlhodi 16:23 fa go lebisiwa go modimo wa maaka Dagone, mofuta wa sereto ’elo·himʹ o a dirisiwa; lediri le le tsamaelanang ke bongwe, le bontsha gore go lebisitswe modimong o le nosi fela. Go Genesise 42:30, go buiwa gore Josefe ke “morena” (’adho·nehʹ, bontsi jwa tlotlomalo) wa Egepeto.
Puo ya Segerika ga e na ‘bontsi jwa borena kana tlotlomalo.’ Jalo he, go Genesise 1:1 baranodi ba LXX ba dirisitse ho The·osʹ (Modimo, bongwe) jaaka e e tsamaelanang le ’Elo·himʹ. Go Mareko 12:29, ko phetolo ya ga Jesu e bolelwang gape e mo go yone a tsopotseng Duteronome 6:4, ho The·osʹ e e leng bongwe mo Segerikeng e dirisiwa ka go tshwana.
Go Duteronome 6:4, temana ya Sehebera e tshotse ditlhaka tse nne tsa Sehebera gabedi, mme jalo e tshwanetse go balega sentle e re: “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa o o nosi.” (NW) Morafe wa Iseraele, o seo se neng se lebisitswe go one, o ne o sa dumele Tharo-nngwe. Bababelona le Baegepeto ba ne ba obamela boraro jwa medimo, mme go ne ga phepafalediwa Iseraele gore Jehofa o farologane.
Ditemana tseo mo go tsone motho a ka nnang le diphetso di le dintsi go ikaegile mo thanolong ya Bibela e e dirisiwang
Fa go ya kafa kerameng mafoko a ka ranolwa ka ditsela di le dintsi, phetolelo e e siameng ke efe? Ke e e tumalanong le Bibela yotlhe. Fa motho a tlhokomologa dikarolo tse dingwe tsa Bibela a bo a aga tumelo ya gagwe go dikologa phetolo e e dumalanang le ene ya temana nngwe, jalo se tota a se dumelang ga se supe Lefoko la Modimo, mme e leng megopolo ya gagwe kana gongwe le ya motho mongwe yo o sa itekanelang.
E balega jaana: “E rile mo tshimologoñ Lehoko a bo a nntse a leeō, me Lehoko a bo a nntse a na le Modimo, me Lehoko ea bo e le èna Modimo. Èna eouō o na a leeō mo tshimologoñ a nntse le Modimo.” (KJ, Dy, JB, NAB di dirisa mafoko a a tshwanang.) Lefa go ntse jalo, NW e balega jaana: “E rile mo tshimologong Lefoko a bo a le gone, Lefoko a bo a na le Modimo, mme Lefoko e ne e le modimo. Ke ene yo o neng a na le Modimo kwa tshimologong.” Tlhokomela gore mo lekgetlhong le le lengwe lefoko “modimo” le kwadilwe lotlhe ka ditlhaka tse dinnyane, go tlhaola modimo ono jaaka o o farologaneng le “Modimo” o mongwe oo go lebisiwang go one mo ditemaneng tseno.
Ke thanolo efe ya ga Yohane 1:1, 2 e e dumalanang le kgang yotlhe? Yohane 1:18 e re: “Ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo.” Temana ya 14 ka phepafalo e bolela go re “Lehoko a tla a nna nama, me a aga mo go rona, me ra bōna kgalalèlō ea gagwè.” Gape ditemana 1, 2 di bolela gore mo tshimologong o ne “a nntse le Modimo.” A motho o ka nna le yo mongwe mme ya re ka nako e e tshwanang a bo a le motho yoo? Go Yohane 17:3, Jesu o bua ka Rraagwe jaaka “Modimo o o osi, o o boamarure”; jalo, Jesu jaaka “modimo” o supa fela dinonofo tsa ga Rraagwe tsa bomodimo.—Baheb. 1:3.
A thanolo, “modimo,” e dumalana le melao ya kerama ya Segerika? Dibuka dingwe di ganana le seno thata di re temana eno ya Segerika e tshwanetse ya ranolwa ka gore, “Lefoko e ne e le Modimo.” Lefa go ntse jalo, ga se tsotlhe tse di dumalanang le seo. Mo setlhogong sa gagwe sa “Qualitative Anarthrous Predicate Nouns: Mark 15:39, and John 1:1,” Philip B. Harner o ne a bolela gore dipolelwana tse di jaaka e e mo go Yohane 1:1, “tse di nang le letiro le le senang lekopanyi, le le tlang pele ga lediri, thatathata di a bo di supa nonofo nngwe e motho a nang le yone. Di supa gore logos o ntse jaaka theos.” O akantsha jaana: “Gongwe polelwana eno e ka bo e ranotswe ka gore, ‘Lefoko o ne a le wa mofuta wa Modimo.’” (Journal of Biblical Literature, 1973, ts. 85, 87) Ka gone, lebaka la go bo lefoko theos (modimo) mo le tlhagang teng labobedi mo temaneng eno le sena lebopitlhopho (ho) e bile le le fa pele ga lediri mo polelong ya teng ya Segerika, le botlhokwa thata. Selo se se kgatlhang ke gore, baranodi ba ba tatalalelang go ranola Yohane 1:1, ka gore, “Lefoko e ne e le ene Modimo,” ga ba okaoke go dirisa lebopitlhopho (a, an) fa ba ranola ditemana tse dingwe tse mo go tsone leina mo polelong le tlhagang le le mo bongweng le sena lekopanyi le le fa pele ga lediri. Ka gone, mo go Yohane 6:70, JB le KJ di tlhalosa Judase Isekariota e le “a devil, mme mo go Yohane 9:17 di tlholosa Jesu e le “a prophet.”
John L. McKenzie, S.J., go Dictionary of the Bible ya gagwe, a re: “Yoh. 1:1 e tshwanetswe go ranolwa ka matsetseleko go nna ‘lefoko o ne a na le Modimo [= the Father, Rara], mme lefoko e ne e le motho wa bomodimo.’”—(Masakana ke a gagwe. E e gatisitsweng le mafoko a go tlhomamisiwa ke mogolwane wa kereke ya Roma.) (New York, 1965), ts. 317.
Mo tumalanong le se se fa godimo, Mo e balega jaana: “Logos o ne a na le bomodimo”; NTIV, “lefoko o ne a le modimo [a god].” Mo thanolong ya gagwe ya Sejeremane Ludwig Thimme o e tlhalosa ka tsela eno: “Lefoko o ne a le mofuta mongwe wa Modimo.” Go lebisa go Lefoko (yo o nnileng Jesu Keresete) jaaka “modimo” go nyalana le tiriso ya lereo leo mo Dikwalong tsotlhe. Ka sekai, go Pesalema 82:1-6 baatlhodi ba batho mo Iseraele go ne go twe ke “medimo” (Sehebera, ’elo·himʹ; Segerika, the·oiʹ, go Yohane 10:34) ka go bo e ne e le baemedi ba ga Jehofa mme ba ne ba tshwanetse go bolela molao wa gagwe.
Bona gape appendix ya 1984 Reference edition ya NW, ts. 1579.
E balega jaana: “Yesu a ba raea, a re, Amarure, amarure, kea lo raea, Pele Aberahame a e se a nne, nna ka bo ke nntse ke leeō [Segerika, e·goʹ ei·miʹ].” (NE, KJ, TEV, JB, NAB tsotlhe di balega ka gore “Ke nntse ke leeō,” dingwe di bile di dirisa ditlhaka tse dikgolo go tlhagisa mogopolo wa gore ke sereto. Ka gone di leka go tshwaraganya tlhaloso eo le Ekesodo 3:14, koo, go ya ka mokwalo wa bone, Modimo a ithayang ka sebele ka sereto “Ke Nntse.”) Lefa go ntse jalo, go NW karolo ya bobedi ya Yohane 8:58 e balega jaana: “Pele Aberahame a nna gone, ke ne ke le gone.” (Mogopolo o o tshwanang o tlhagisiwa ke mafoko a AT, Mo, CBW, le SE.)
Ke phetolelo efe e e dumalanang le kgang yotlhe? Potso ya Bajuda (temana 57) eo Jesu a neng a e araba e ne e amana le dingwaga, e seng sebopego. Ka mo go utlwalang, phetolo ya ga Jesu e ne e le kaga bogodi jwa gagwe, lobaka lwa go nna gone ga gagwe. Ka mo go kgatlhisang, ga go na boiteko bope jo bo kileng jwa dirwa go dirisa e·goʹ ei·miʹ jaaka sereto sa moya o o boitshepo.
A Grammar of the Greek New Testament in the Light of Historical Research, ka A. T. Robertson e re: “Lediri [ei·miʹ] . . . Ka dinako dingwe le tlhalosa go nna gone jaaka letiro jaaka lediri lengwe le lengwe, jaaka mo go [e·goʹ ei·miʹ] (Yoh. 8:58).”—Nashville, Tenn.; 1934, ts. 394.
Bona gape appendix ya 1984 Reference edition ya NW, dits. 1582, 1583.
E balega jaana: “Lo itisè, lo bo lo disè lecomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna, gore lo otlè phuthègō ea Modimo e o e rekileñ ka madi a ōna.” (KJ, Dy, NAB di dirisa mafoko a a tshwanang.) Lefa go ntse jalo, mo go NW karolo ya bofelo ya temana eno e balega ka gore: “Madi a [Morwawe].” (TEV e balega ka mo go tshwanang. Lemororo kgatiso ya 1953 ya RS e balega ka go re “ka madi a gagwe,” ya 1971 e balega ka go re “ka madi a Morwawe.” Ro le Da di balega fela di re “madi a gagwe.”)
Ke diphetolelo dife tse di dumalanang le 1 Yohane 1:7, eo e reng: “Madi a ga Yesu Morwa ōna [Modimo] a re tlhapisa mo boleuñ yotlhe.”? (Bona gape Tshenolō 1:4-6.) Jaaka go tlhalositswe go Yohane 3:16, a Modimo o ne wa roma Morwa wa one yo o tsetsweng a le nosi, kana ene ka boene o ne a tla jaaka motho, e le gore re tle re bone botshelo? E ne e le madi, e seng a Modimo, mme a Morwawe ao a neng a tshololwa.
Bona gape appendix ya 1984 Reference edition ya NW, ts. 1580.
E balega jaana: “Ba borara e leñ ba bōnè, le ba Keresete o cwañ mo go bōnè kaha nameñ, eo o leñ tlhōgō ea cotlhe, e le Modimo o o bakwañ ka bosakhutleñ. Amen.” (KJ, Dy di balega ka mo go tshwanang.) Lefa go ntse jalo, go NW karolo ya bobedi ya temana e balega jaana: “Ba Keresete o tswang mo go bone kafa nameng: Modimo, yo o leng tlhogo ya tsotlhe, a a bakwe ka bosakhutleng. Amen.” (RS, NE, TEV, NAB, Mo tsotlhe di dirisa mafoko a a tshwanang le a NW.)
A temana eno ya re Keresete ke “tlhōgō ea cotlhe” le go re ke Modimo? Kana a e lebisa go Modimo le Keresete jaaka batho ba ba farologaneng gore Modimo ke “tlhōgō ea cotlhe”? Ke phetolelo efe ya ga Baroma 9:5 e e dumalanang le Baroma 15:5, 6, eo lantlha e farologanyang Modimo le Keresete mme e bo e kgothaletsa mmadi go ‘galaletsa Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete’? (Bona gape 2 Bakorintha 1:3 le Baefesia 1:3.) Akanyetsa se se latelang mo go Baroma kgaolo 9. Ditemana 6-13 di bontsha gore go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo ga go a ikaega mo bosweng jwa nama mme mo thatong ya Modimo. Ditemana 14-18 di bolela go re molaetsa wa Modimo go Faro, jaaka o kwadilwe go Ekesodo 9:16, o tsholetsa lebaka la go re Modimo o godimo ga tsotlhe. Mo ditemaneng 19-24 bogolo jwa Modimo bo tshwantshiwa gape ka tlhaloso ya mmopi le dijana tsa gagwe tsa letsopa tseo a di dirang. Abo go tshwanela jang ne, gore mo temaneng ya 5, tlhaloso e bo e re: “Modimo, yo o leng tlhogo ya tsotlhe, a a bakwe ka bosakhutleng. Amen”!—NW.
The New International Dictionary of New Testament Theology e a tlhalosa: “Bar. 9:5 e ya ganediwa. . . . Go ka utlwala sentle le go ka nna motlhofo, fa tlhaloso e ka lebisiwa go Keresete. Jalo temana e tla balega ka go re, ‘Keresete yo e leng Modimo godimo ga tsotlhe, a a bakwe ka bosakhutleng. Amen.’ Lefa go ka tualo, Keresete ga a ka ke a lekana ka mo go feletseng le Modimo, mme o ka tlhalosiwa jaaka yo o nang le popego ya bomodimo, ka go bo lefoko theos ga le na lebopi. . . . Tlhaloso e e ka nnang ya tshwanela ke gore polelo ke pako e e lebisitsweng go Modimo.”—(Grand Rapids. Mich.; 1976), e ranotswe go tswa Sejeremaneng, Bol. 2, ts. 80.
Bona gape appendix ya 1984 Reference edition ya NW, dits. 1580, 1581.
E balega jaana: “Lo nnè le pelo e mo go lona, e e neñ e le mo go Keresete Yesu le èna: Eo e rileñ a le mo chwanoñ ea Modimo, a se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparelwañ.” (Dy e na le mafoko a a tshwanang. JB e balega jaana: “o ne a se ka a ngaparela bolekane jwa gagwe le Modimo.”) Lefa go ntse jalo, go NW karolo ya bobedi ya temana eo e balega jaana: “yo, lemororo a ne a le mo tshwanong ya Modimo, a se kang a akanya go ka iphamolela [Segerika, har·pag·monʹ], ebong, gore o ka lekana le Modimo.” (RS, NE, TEV, NAB di tlhagisa mogopolo o o tshwanang.)
Ke mogopolo ofe o o dumalanang le kgang yotlhe? Temana 5 e gakolola Bakeresete go etsa Keresete mo kgannyeng e e tlotlwang fano. A ba ka kgothalediwa go sa tseye “go lekana le Modimo” jaaka “bonokwane,” mme eleng jaaka tshwanelo ya bone? Ruri nnyaa! Lefa go ntse jalo, ba ka etsa ene yo o neng a “se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparèlwañ.” (Bapisa Genesise 3:5.) Thanolo e e ntseng jalo gape e dumalana le Jesu Keresete, yo ka boene a rileng: “Rara o mogolo bogolo go nna.”—Yohane 14:28.
The Expositor’s Greek Testament ya re: “Ga re ka ke ra bona temana epe koo [har·paʹzo] kana madira-matswa ape a yone [go akareletsa le har·pag·monʹ] a nang le tlhaloganyo ya go ‘huparela’, ‘go tshola’. Go bonala a ka raya tota-tota ‘go thopa,’ ‘go phamola ka dikgoka’. Ka gone ga go letlelesege go phailega mo kutlwisisong ya boammaaruri ya ‘go ipagololela mogodu’ go ya go e e farologaneng gotlhelele, ebong ‘go tshwara thata.’”—(Grand Rapids, Mich.; 1967), e e rulagantsweng ke W. Robertson Nicoll, Bol. III, dits. 436, 437.
E balega jaana: “Gonne go agile botlalō yotlhe yoa Bomodimo [Segerika, the·oʹte·tos] sebele hèla mo go èna [Keresete].” (Mogopolo o o tshwanang o tlhagisiwa ke dithanolo tsa NE, RS, JB, NAB, Dy.) Lefa go ntse jalo, NW e balega jaana: “Botlalo jotlhe jwa nonofo ya bomodimo bo agile mo go ene ka sebele.” (AT, We, le CKW di balega ka gore “sebopego sa Modimo,” go na le gore “Bomodimo.” Bapisa 2 Petere 1:4.)
Ka mo go utlwalang, ga se gore mongwe le mongwe o tlhalosa Bakolosa 2:9 ka go tshwana. Mme ke eng se se tumalanong le lokwalo lotlhe lo lo tlhotlheleditsweng lwa Bakolosa? A Keresete o ne a na le sengwe mo go ene seo e neng e le sa gagwe ka go bo e le Modimo, karolo ya Tharo-nngwe? Kana a “botlalo” jo bo agileng mo go ene ke sengwe se se nnileng sa gagwe ka ntlha ya phetso ya mongwe o sele? Bakolosa 1:19 (KJ, Dy) e re botlalo jotlhe bo agile mo go Keresete ka gonne go “kgatlhile Rara” gore go nne jalo. NE e re e ne e le “ka go rata ga Modimo tota.”
Akanyetsa mafoko a mangwe a a gautshwane le Bakolosa 2:9: Mo temaneng ya 8, babadi ba tlhagisiwa kgatlhanong le go timediwa ke bao ba buelelang matlhale le dingwao tsa batho. Ba bolelelwa gape gore mo go Keresete go ‘fitlhilwe lohumo lotlhe la botlhale le lwa kitso’ mme ba kgothalediwa gore ba “tsamae mo go èna” le go ‘nama metswe le go aga mo go ene le go tlhomamisiwa mo tumelong.’ (Ditemana 3, 6, 7) Ke mo go ene, mme e seng mo basimoloding kana baruting ba botlhalefi jwa motho, ko “botlalō” bongwe jo bo tlhokegang bo agileng gone. A moaposetoloi Paulo fano o ne a re “botlalō” jo bo neng bo le mo go Keresete bo ne jwa dira Keresete Modimo ka boene? Eseng go ya ka Bakolosa 3:1, ko go tweng Keresete o “dutse kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.”—Bona KJ, Dy, TEV, NAB.
Go ya ka Greek-English Lexicon, ya ga Liddell le Scott the·oʹtes (mofuta wa leina, le the·oʹte·tos e tswang mo go lone) le raya “bomodimo, popego ya bomodimo.” (Oxford, 1968, ts. 792) Go nna wa “bomodimo” tota kana wa “popego ya bomodimo,” ga go dire Jesu jaaka Morwa Modimo gore a lekane le go nna wa bosakhutleng le Rara, fela jaaka lebaka la go bo batho botlhe ba kopanetse “botho” kana “popego ya botho” le sa ba lekanye kana go ba dira ba dingwaga tse di tshwanang.
E balega jaana: “Re nntse re lebeletse cholohèlō ea letlhōgōnōlō, le pōnatshègō ea kgalalèlō ea Modimo o mogolo oa rona, le Moreboloki Yesu Keresete.” (Mafoko a a tshwanang a fitlhelwa go NE, TEV, JB.) Lefa go ntse jalo, NW e balega jaana: “fa re ntse re lebeletse tsholofelo e e itumedisang le ponatshego e e galalelang ya Modimo o mogolo le ya Moreboloki, Keresete Jesu.” (NAB e ranolela ka mo go tshwanang.)
Ke thanolo efe e e dumalanang le Tito 1:4, e e lebisang go “[Modimo] Rara le Keresete Yesu Moreboloki”? Lemororo Dikwalo gape di lebisa go Modimo jaaka Mmoloki, temana eno e dira pharologanyo magareng ga gagwe le Keresete Jesu, yo Modimo o baakanyetsang poloko ka ene.
Bangwe ba tatalalela gore Tito 2:13 e supa gore Keresete ke Modimo le Mmoloki ka go tshwana. Ka mo go kgatlhisang, RS, NE, TEV, JB di fetolela Tito 2:13 ka tsela eo e ka tsewang e dumalana le pono eo, mme ga di latele tsela e le nngwe fela mo thanolong ya tsone ya 2 Bathesalonia 1:12. Mo go The Greek Testament, Henry Alford o tlhalosa jaana: “Ke tla dumela gore [phetolelo e ka phepafalo e farologanyang Modimo le Keresete, go Tito 2:13] e fitlhelela dipatlafalo tsotlhe tsa kerama ya seele: gore e agegile sentle, go utlwala tota le go dumalana sentle le tsela ya go kwala ya Seaposetoloi.”—(Boston, 1877), Bol. III, ts. 421.
Bona gape appendix ya 1984 Reference edition ya NW, dits. 1581, 1582.
E balega jaana: “Me kaga Morwa ōna o buile, oa re, Setulō sa gago sa bogosi, Modimo, se nntse ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (KJ, NE, TEV, Dy, JB, NAB di na le mafoko a a tshwanang.) Lefa go ntse jalo, NW e balega jaana: “Mme go tewa Morwa: ‘Modimo ke setulo sa gago sa bogosi ka bosakhutleng le ka bosaengkae.’” (AT, Mo, TC, By di tlhagisa mogopolo o o tshwanang.)
Ke phetolelo efe e e dumalanang le kgang yotlhe? Ditemana tse di kwa pele di bolela gore Modimo o a bua, e seng gore go lebisitswe go ene; mme temana e e latelang e dirisa tlhaloso “Modimo, Modimo oa gago,” e supa gore yo go lebisitsweng go ene ga se Modimo Mogodimodimo mme ke moobamedi wa Modimo oo. Bahebera 1:8 e tsopola go tswa go Pesalema 45:6 e kwa tshimologong e neng e lebisitswe go kgosi ya Iseraele e e leng motho. Ka phepafalo, mokwadi wa Bibela wa pesalema eno o ne a sa gopole gore kgosi eno ya motho e ne e le Modimo Mothatayotlhe. Go na le moo, Pesalema 45:6, e balega ka go re “Setulō sa gago sa bogosi.” (NE e re, “Setulo sa gago sa bogosi se tshwana le setulo sa bogosi sa Modimo.” JP [temana 7]: “Setulo sa gago sa bogosi se o se filweng ke Modimo.”) Solomone, yo go bonalang e ne e le ene kgosi e go neng go lebisitswe go yone pele go Pesalema 45, o ne a kaiwa a ntse “mo setuloñ sa bogosi sa ga Yehofa.” (1 Ditih. 29:23) Tumalanong le lebaka la gore Modimo ke “[setulō] sa bogosi,” kana Motswedi le Motshegetsi wa bogosi jwa ga Keresete, Daniele 7:13, 14 le Luke 1:32 di bontsha gore Modimo o mo neela taolo e e ntseng jalo.
Bahebera 1:8, 9 e tsopola go tswa go Pesalema 45:6, 7, eo ka yone radithuto wa Bibela B. F. Westcott a tlhalosang jaana: “LXX. e dumalana le diphetolelo tse pedi: [ho the·osʹ] e ka tsewa jaaka lebitsi mo mabakeng oo mabedi (Setulo sa Gago sa bogosi, Modimo, . . . ka gone, Modimo, Modimo wa Gago . . .) kana e ka nna ya tsewa jaaka sediri (kana letiro) mo lebakeng la pele (Modimo ke setulo sa Gago sa bogosi, kana setulo sa Gago sa bogosi ke Modimo . . .), mme mo tumalanong le [ho the·osʹ sou] mo lebakeng la bobedi (Ka gone Modimo, le eleng Modimo wa Gago . . .). . . . Go thata gore e re kwa tshimologong [’Elo·himʹ] e lebisiwe go kgosi. Ka gone boitlhomo bo kgatlhanong le tumelo ya gore [ho the·osʹ] ke lebitsi mo go LXX. Ka gone fa re sobokanya kgang yotlhe go bonala go le botoka go dirisa mo phetolelong ya ntlha polelwana e e reng: Modimo ke setulo sa Gago sa bogosi (kana, Setulo sa Gago sa bogosi ke Modimo), ke gore ‘bogosi jwa Gago bo theilwe mo godimo ga Modimo, Lefika le le sa tshikinyegeng.’”—The Epistle to the Hebrews (London, 1889), dits. 25, 26.
KJ e balega jaana: “Gonne go ba le bararo ba ba supang kwa legodimong, Rara, Lefoko, le Moya o o Boitshepo: me ba bararo ba ba bangwe fela. Mme go ba le bararo ba ba supelang gongwe mo lefatsheng, moya, le metsi, le madi: mme ba bararo ba ba supela gongwe.” (Dy le yone e akaretsa temana eno ya Tharo-nngwe.) Lefa go ntse jalo, NW ga e akaretse mafoko “kwa legodimong, Rara, Lefoko, le Moya o o Boitshepo: mme ba bararo ba ba bangwe fela. Mme go ba le bararo ba ba supelang gongwe mo lefatsheng.” (RS, NE, TEV, JB, NAB le tsone di tlogela temana eno ya Tharo-nngwe.)
Malebana le temana eno ya Tharo-nngwe, mokanoki wa ditemana F. H. A. Scrivener o ile a kwala ka go re: “Ga re a tshwanela go oka-oka go bolela tlhatswego pelo ya rona gore mafoko a a ngongoregelwang ano ga a ka a kwalwa ke Moitshepi Johane: gore a ne a tsenngwa pele mo dikgatisong tsa Selatine mo Aferika go tswa mo moleng, koo a neng a ntse a beilwe fela jaaka tlhaloso ya sedumedi ya motheo mo temaneng ya 8: le gore go tswa Selatining a ne a tsena mo mekwalong e le mebedi kana e le meraro ya Segerika sa bosheng, mme go tloga foo go ya mo temaneng ya Segerika e e kwadilweng, mo tota a neng a sa tshwanela gore a ne a ka bo a le gone.”—A Plain Introduction to the Criticism of the New Testament (Cambridge, 1883, third ed.), ts. 654.
Bona gape footnote mo ditemaneng tseno mo go JB, le appendix ya 1984 Reference edition ya NW, ts. 1580.
Dikwalo tse dingwe tseo badumela Tharo-nngwe ba reng di tlhalosa dintlha dingwe tsa thuto ya bone
Elatlhoko gore ya ntlha mo ditemaneng tseno e lebisa fela go Morwa; e nngwe e lebisa go Rara le Morwa; ga go na epe e e lebisang go Rara, Morwa, le Moya o o Boitshepo le go re botlhe ba dira Modimo o le mongwe.
Ka se a se buileng fano, a Jesu o ne a raya gore o tla itsosa mo baswing? A seo se raya gore Jesu ke Modimo, ka go bo Ditihō 2:32 e re: “Yesu eo, Modimo o mo cositse”? Le e seng. Pono e e ntseng jalo e ka ganetsana le Bagalatia 1:1, e e bolelang ka go tsogela ga ga Jesu kwa go Rara, eseng kwa go Morwa. A dirisa mofuta o o tshwanang wa tlhaloso, go Luke 8:48 Jesu o tsopolwa a bua le mosadi a re: “Tumèlō ea gago e gu hodisitse.” A o ne a iphodisa? Nnyaa; e ne e le nonofo go tswa go Modimo ka Keresete eo e mo fodisitseng ka go nne o ne a na le tumelo. (Luke 8:46; Dit. 10:38) Ka mo go tshwanang, ka kutlo ya gagwe e e itekanetseng jaaka motho, Jesu o ne a baakanyetsa motheo o o utlwalang wa gore Rara a mo tsose mo baswing, ka gone go supa fa Jesu e le Morwa Modimo. Ka ntlha ya tsela ya boikanyegi ya ga Jesu ya botshelo, go ka buiwa fela sentle gore Jesu ka boene o ne a na le boikarabelo mo tsogong ya gagwe.
A. T. Robertson mo go Word Pictures in the New Testament a re: “Gopola [Yohane] 2:19 mo Jesu a rileng: ‘Me ke tla e tsosa ka malatsi a le mararo.’ O ne a sa reye gore o ne a tla itsosa mo baswing kwantle go Rara jaaka modiri wa gone (Bar. 8:11).”—(New York, 1932), Bol. V. ts. 183.
Fa a ne a re, “Nna le Rara re moñwe hèla,” a Jesu o ne a raya gore ba a lekana? Badumela Tharo-nngwe bangwe ba re o ne a raya jalo. Mme go Yohane 17:21, 22, Jesu o ne a rapela jaana malebana le balatedi ba gagwe: “Gore ba nnè bañwe hèla botlhe,” mme o ne a oketsa, “gore ba nnè bañwe hèla, yaka rona re le moñwe hèla.” O ne a dirisa lefoko le le tshwanang la Segerika (hen) go emela “moñwe hèla” mo makgetlong ano otlhe. Ka phepafalo, barutwa ba ga Jesu ga ba nne karolo ya Tharo-nngwe botlhe. Mme ba tla mo go aroleng bongwe fela jwa boikaelelo jwa Rara le Morwa, mofuta o o tshwanang wa bongwe o o kopanyang Modimo le Keresete.
Tumelo mo Tharo-nngweng e baya bao ba ba ngaparetseng mo go yone mo boemong bofe?
E ba baya mo boemong jo bo kotsi thata. Bosupi ga bo belaesege gore thuto ya Tharo-nngwe ga e fitlhelwe mo Bibeleng, le gone ga e tumalanong le se Bibela e se rutang. (Bona ditsebe tse di kwa pele.) Gotlhelele ga e emele Modimo wa boammaaruri. Mme gone, Jesu Keresete o rile: “Me lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè. Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” (Yoh. 4:23, 24) Ka gone Jesu o phepafaditse gore bao kobamelo ya bone e seng ‘mo boammaaruring’ e seng tumalanong le boammaaruri jo bo supilweng mo Lefokong ja Modimo la sebele, ga se “baobamedi ba boamarure.” Jesu o ne a raya baeteledipele ba bodumedi jwa Sejuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re: “Lo diholotse lehoko ya Modimo ka ntlha ea mekgwa ea lona. Baitimokanyi ke lona, Isaia o boletse sentlè kaga lona, a re, Chaba e, e ntlotla ka dipounama; me dipelo tsa bonè di kgakala le nna. Me ba nkōbamèlèla lehèla, ka ea tle e re ba ruta, dithutō tsa bōnè e be e le dipolèlō tsa batho hèla.” (Math. 15:6-9) Seo se ntse se lebisitse ka seemo se se tshwanang go ba ba mo go La-Bodumedi gompieno bao ba tshegetsang dingwao tsa batho mo boemong jwa boammaaruri jo bo phepafetseng jwa Bibela.
Malebana le Tharo-nngwe, Tumelo ya Athanasius (ka Sekgoa) ya re maloko a yone ga a “tlhaloganyesege?” Gantsi baruti ba thuto eno ya motheo ba bolela gore ke “masaitsiweng.” Ka phepafalo Modimo o o ntseng jalo wa Tharo-nngwe ga se o Jesu a neng a o akantse fa a ne a re: “Re ōbamèla se re se itseñ.” (Yohane 4:22) A tota o itse Modimo o o o obamelang?
Dipotso tse di botlhokwa di lebagane le mongwe le mongwe wa rona: A ruri-ruri re rata boammaaruri ka bopeloephepa? A tota re batla kamano e e amogelwang ke Modimo? Ga se botlhe ba ba ratang boammaaruri tota-tota. Ba bantsi ba ikgethetse kamogelo ya ba masika a bone le ditsala go feta lorato lwa boammaaruri le lwa Modimo. (2 Bathes. 2:9-12; Yoh. 5:39-44) Mme, jaaka Jesu a buile mo thapelong e e tlhoafetseng go Rraagwe wa selegodimo a re: “Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yoh. 17:3) Mme Pesalema 144:15 e tlhalosa jaana ka boammaaruri: “Go segō chaba e Modimo oa eōna e leñ Yehofa.”
Fa Mongwe A Re—
‘A o dumela Tharo-nngwe?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Eo ke tumelo e e tumileng thata mo motlheng wa rona. Mme a o ne o itse gore seno ga se se se rutilweng ke Jesu le barutwa ba gagwe? Jalo he, re obamela Ene yo Jesu a rileng a obamelwe.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Fa Jesu a ne a ruta, o ne a re taolo eno ke yone e kgolo . . . (Mar. 12:28-30).’ (2) ‘Jesu ga a ise a ke a iphake go ka lekana le Modimo. O ne a re . . . (Yoh. 14:28).’ (3) ‘Jalo thuto ya Tharo-nngwe e simologile jang? Tlhokomela se di-encyclopedia tse di itsegeng di se buang kaga seno. (Bona ditsebe 370, 372.)’
Kana o ka nna wa re: ‘Nnyaa, ga ke e dumele. Tota, ga go na ditemana dipe tsa Bibela tse ke ka di nyalanyang le tumelo eo. Nngwe ya tsone ke eno. (Math. 24:36) Gongwe o ka rata go e ntlhalosetsa.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Fa Morwa a lekana le Rara, ke ka ntlha yang fa Rara a itse dilo tse Morwa a sa di itseng?’ Fa ba araba ka gore se se ne se ntse jalo fela fa a ne a sa ntse a le motho, o ka botsa jaana: (2) ‘Mme ke eng fa moya o o boitshepo o sa itse?’ (Fa motho a bontsha kgatlhego e e peloephepa mo boammaaruring, mmontshe se Dikwalo di se buang ka Modimo. (Pes. 83:18; Yoh. 4:23, 24)
Se sengwe se se ka dirisiwang: ‘Re dumela mo go Jesu Keresete mme e seng mo Tharo-nngweng. Ka ntlha yang? Ka go nne re dumela se moaposetoloi Petere a neng a se dumela kaga Keresete. Tlhokomela se a ileng a se bua . . . (Math. 16:15-17).’
Kakantsho e nngwe gape: ‘Ke lemogile gore batho ga ba na megopolo e e tshwanang botlhe fa ba bua ka Tharo-nngwe. Gongwe ke ne ke ka araba potso ya gago botoka fa ke ne ke ka itse seo o se rayang.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: ‘Ke anaanela tlhaloso eo. Mme seo ke se dumelang ke se se rutwang ke Bibela fela. A o kile wa bona lefoko “Tharo-nngwe” mo Bibeleng? . . . (Lebisa go “concordance” mo Bibeleng ya NW.) A mme go buiwa sepe ka Keresete mo Bibeleng? . . . Ee, mme ebile re dumela mo go ene. Elatlhoko fano go “concordance” tlase ga “Keresete” tshupiso e nngwe e mo go Mathaio 16:16. (E bale.) Se ke se ke se dumelang.’
Kana gongwe o ka nna wa araba wa re (fa motho a gogela tlhokomelo e e rileng go Yohane 1:1): ‘Ke tlwaelane le temana eo. Mo dithanolong tse dingwe tsa Bibela ya re Jesu ke “Modimo” (a kwadilwe ka tlhaka e kgolo), mme tse dingwe tsa re ke “modimo” (a kwadilwe gotlhe ka ditlhaka tse dinnye). Ke ka baka lang fa go ntse jalo?’ (1) ‘A e ka ne e le ka gore temana e e latelang ya re o ne “a nntse le Modimo”?’ (2) ‘A gape e ka nna ka ntlha ya se se fitlhelwang go Yohane 1:18?’ (3) ‘A o kile wa ipotsa fa e le gore a Jesu ka boene o obamela mongwe jaaka Modimo? (Yoh. 20:17)’
‘A o dumela bomodimo jwa ga Keresete?’
O ka nna wa araba ka gore: ‘Ee, ruri ke a dumela. Mme gongwe ga ke akanye selo se le sengwe seo o se akantseng fa o lebisa go “bomodimo jwa ga Keresete.”’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Ke ka ntlha yang fa ke rialo? Mme kana, go Isaia 9:6 Jesu Keresete o tlhalosiwa jaaka “Modimo Mothata,” mme ke Rraagwe fela yo ka metlha go lebisiwang go ene mo Bibeleng jaaka Modimo Mothatayotlhe.’ (2) ‘Mme elatlhoko gore go Yohane 17:3 Jesu o bua ka Rraagwe jaaka “Modimo o o osi, o o boamarure.” Jalo he, sentle-ntle, Jesu ke setshwano fela sa Modimo wa boammaaruri.’ (3) ‘Ke eng se se tlhokwang mo go rona go kgatlha Modimo? (Yoh. 4:23, 24)’