Go Lekanya Seo go Fudugela Kwa Nageng e e Humileng Go ka Se Batlang mo go Wena
KE SELO se se tlwaelegileng mo diofising tsa baemedi ba dinaga di sele tse di mo dinageng tse di tlhabologang go bona: kamore e go letiwang mo go yone e tletse ka batho bao ba letileng ba tshogile ba letile gore ba botsolodiwe. Go tlile go sekasekiwa gore a o ka kgona go bona tetla ya go ya kwa nageng nngwe e e tlhabologileng ya kwa Bophirima mo puisanong e khutshwane eo ebileng e le botlhokwa. Ba bantsi ba dumela gore seno e tlile go nna thekete e e ba isang kwa khumong. “Ke ntse ke dira ka natla ka dingwaga di le nnè, mme ga ke ise ke kgone le go ithekela radio,” go ne ga ngongorega jalo motho mongwe yo mmotlana yo o tswang kwa Afrika Bophirima. “Fa nkabo ke le kwa Engelane kana kwa United States, nka bo jaanong ke na le koloi le lefelo le ke nnang kwa go lone e le la me.”
Ga go thata go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ba le bantsi mo merafeng e e tlhabologang ba bua jalo. Ga ba kgone go bona ditiro motlhofo, mme tuelo e kwa tlase. Go tlhatloga ga ditheko go ja madi otlhe a ba a bolokileng. Matlo ga a bonwe bonolo ebile a tletse ka batho. Batho ba apara diaparo tse di latlhilweng ke ba ba kwa mafatsheng a a humileng. Ba bantsi ba ikutlwa jaaka ekete ba thametse mo motlhabananganelong wa itsholelo.
Mme abo Dinaga tse di humileng tsa Bophirima di kgatlha jang ne! Lekawana lengwe la kwa Sierra Leone le ne la bolela jaana: “Bangwe ba batho ba ba neng ba ya kwa moseja ba boile mme ba bolela dikgang tseo di re tlhotlheletsang go ya go iponela dinaga tseo tse di tlhabologileng ka borona. Ba bolela gore motho o tshwanetse go dira ka natla, mme o bona madi a mantsi ao o ka kgonang go itlamela ka one le go reka dilo dingwe tsa manobonobo jaaka koloi. Mme fa o ka boela kwano o tshotse [dikete di le tlhano tsa diranta], o ka itshimololela kgwebo ya gago wa bo wa nyala.”
Ga go gakgamatse go bo batlhanka ba bangwe ba Modimo ba akanya ka tsela e e tshwanang. Kgaitsadi mongwe wa Moafrika o ne a bolela jaana: “Rona basha ba ba mo phuthegong ya Modimo re reetsa dipolelo tse di mabapi le kafa ba ba ileng kwa moseja ba atlegang ka gone. Ka jalo, ka dinako dingwe ke ipotsa jaana, ‘Go tweng ka nna? Ke ka ntlha yang fa ke sotlega jaana fano? A ke tsamaye kana ke nne?’”
Fa o nna mo nageng e e humanegileng, le wena ka tsela e e tshwanang o ka ipotsa gore a o fuduge gore o tle o tokafatse botshelo jwa gago. Lefa go ntse jalo, go fudugela kwa nageng e sele ke namane e tona ya tiro, kgato e e batlang madi a mantsi le e e masisi tota. E ka batla gore o ithute puo e ntšha, o ithutele tiro e ntšha, o itshokele go sotliwa goo batho ba le bantsi ba go direlang basele, le go ithuta tsela e ntšha gotlhelele ya botshelo. Lefa go le jalo, Bakeresete ba bantsi ba ile ba atlega tota ebile ba ile ba thusa tota mo diphuthegong tsa magae a bone a masha, ba tlhoma sekao jaaka baboledi, babulatsela, bagolwane, le batlhanka ba bodihedi.
Lefa go le jalo, ga se ba bantsi bao ba ileng ba atlega thata jalo. Semoya sa ba bangwe se ile sa senyega ka ntlha ya go tshwenyega le matsapa a go fuduga. Go phepafetse he gore go fuduga goo go tshwanetse ga dirwa go akanyeditswe ka bomasisi le ka thapelo. Bibela e gakolola jaana mo go Diane 3:5, 6: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.” Ee, o batla go tlhomamisega gore o dira tumalanong le thato ya ga Jehofa. (Yakobe 4:13-15) Jesu le ene o ne a naya kgakololo e e mosola tota go go thusa go dira seno fa a ne a rotloetsa bareetsi ba gagwe go “bala madi.” (Luke 14:28) Seno se kopanyeletsa go tlhatlhoba madi a o a tshotseng. Go kaya gore o akanyetse gore go fuduga goo go tla ama semoya sa gago jang.
Kafa Botshelo jwa Kwa Moseja Tota bo Leng ka Gone
Pele o fudugela gope fela, o tshwanetse wa bo o itse sentle gore o tla fitlhela go ntse jang koo. Fa go kgonega, etela koo pele mme o iponele ka bowena gore maemo a ntse jang. Kwantle ga moo, o tla tshwanela go ikaega ka tshedimosetso e o e bolelelwang. Bibela e tlhagisa jaana: “Motho eo o sa tlhalehañ o dumèla lehoko leñwe le leñwe: me senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna sentlè.”—Diane 14:15.
Bangwe ba bone tshedimosetso ya bone yotlhe kaga botshelo jwa kwa dinageng tsa Bophirima mo dibaesekopng le mo thelebisheneng. Ka gone ba dumela gore mongwe le mongwe yo o nnang koo o humile, o tsamaya ka koloi e ntšha, ebile o nna mo ntlong e e manobonobo. Lefa go ntse jalo, totatota ga go a nna jalo. Dinaga tse dintsi tse di humileng di na le lehuma, go tlhoka magae, le go tlhoka tiro ka selekanyo se se tshosang tota. Mme bontsi jwa baagi ba ba humanegileng thata ke ba ba sa tswang go falalela koo bosha. Mookamedi mongwe wa kwa ntlong ya boemedi jwa dinaga di sele ya U.S. mo nageng nngwe e e humanegileng o tlhalosa jaana: “Tota batho ga ba lemoge gore go bokete jang go tshela kwa Amerika. Ba bangwe ba kwalela mo gae ba bolela kafa ba atlegang ka gone—gore ba rekile dikoloi tse pedi le ntlo—mme ka boammaaruri ba goga bokete tota.”
Boemo jono bo tshwana le jwa kwa mafelong a mangwe. Mr. Sahr Sorie ke morutisi wa kwa Afrika Bophirima yo a nnang kwa Lontone ebile a tsene sekolo gone. O ne a akgela jaana: “Ga go motlhofo go fuduga kwa Afrika o tla go nna mo Engelane. Bontsi jwa bafaladi bo tshela botshelo jwa lehuma tota. O bona fela go sotlega mo difatlhegong tsa bone. Ba bangwe ga ba kgone le go bona [ranta e le nngwe] fela go letsa mogala. Gantsi ba nna mo kamoreng e le nngwe le ba bangwe ba bantsi, ba na le setofonyana fela sa go ikomosa. Ba kgona fela go bona ditiro tse dinnye, mme le gone ga ba kgone go duelela melato ya bone. Bao ba tlogang kwa Afrika ba re ba tshaba lehuma gantsi ba iphitlhela ba le mo boemong jo bo maswe le go feta mo ditakaneng tsa Yuropa.”
Mathata a madi ao a amanang le go simolola go nna mo nageng e ntšha a ka bolaya semoya sa gago bonolo fela. (Mathaio 13:22) Ka boammaaruri, Bibela e re kgothaletsa go dira ka natla. (Diane 10:4; 13:4) Mme bontsi jwa bao ba yang kwa moseja ba tshwanela go dira ditiro di le pedi kana di le tharo gore ba kgone go bona madi ao ba a batlang—kana fela gore ba kgone go tshela. Go sala nako e nnye fela kana ga go sale nako epe ya go latelela kobamelo ya Modimo. Ga ba ye kwa dipokanong tsa Bokeresete, ga ba ithute Bibela, ebile ga ba abalane boammaaruri jwa Bibela le ba bangwe. Mafoko ano a ga Jesu Keresete a itshupa a le boammaaruri ka tsela e e utlwisang botlhoko: “Ga lo kake loa dihèla Modimo le Dikhumō.”—Mathaio 6:24.
Mathata A Boitsholo
O tshwanetse wa akanyetsa gape boemo jwa boitsholo jwa naga e o batlang go ya kwa go yone. Bibela e re bolelela gore Lote o ne a tlhopha go nna mo Kgaolong ya Joredane. Fa go lejwa mo ntlheng ya itsholelo tshwetso ya gagwe e ne e le e e botlhale, ka go bo ‘lebala lotlhe le ne le na le metsi sentle mo ntlheng tsotlhe . . . jaaka tshimo ya ga Jehofa.’ (Genesise 13:10) Lefa go ntse jalo, baagelani ba basha ba ga Lote e ne e le “baikepi ba baleohi mo gogolo thata ha pele ga Yehofa”—ba na le mekgwa e e leswe ya tlhakanelodikobo! (Genesise 13:13) Go ne ga felela ka gore “mosiami eouō, ka a na a agile mo go bōnè, mōea oa gagwè o o siameñ oa nna oa chwenyèga ka go bōna le go utlwa ka malatsi otlhe ditihō tsa bōnè tsa boiphèhèrō mo molaoñ.”—2 Petere 2:8.
Ka tsela e e tshwanang, go fudugela kwa Bophirima gompieno go ka tsenya wena le lelapa la gago mo kgatelelong ya boitsholo le mo ditekong tse di maswe go feta tsa kwa nagagaeng ya lona. Mo godimo ga moo, batho ba bagolo ba ka tswa ba sa tlhomphiwe jaaka kwa gae. Go ka tswa go sa kgothalediwe go tlotla batsadi. Baagelani ba ka tswa ba sa kgatlhegelane. Dikgatelelo tse di ntseng jalo di tla go ama jang mmogo le lelapa la gago? Seno ke sengwe seo se tshwanetseng go akanyediwa ka thapelo.
Batsadi Ba Ba Sa Nneng le Malapa A Bone
Batsadi ba bangwe ba ne ba swetsa go tlogela malapa a bone kwa morago mme ba ya kwa moseja ba le bosi. Ba rulaganyeditse go bitsa bamalapa a bone fela fa ba sena go bona sengwe le sengwe kana gongwe go boela gae ba tshotse madi a mantsi. A go rulaganya ka tsela eo go botlhale?
Dikwalo di naya batsadi boikarabelo jwa go tlamela malapa a bone ka dilo tse di bonalang, mme mo makgetlong a mangwe, motsadi a ka fitlhela go se sepe seo a ka se dirang fa e se go ya go dira kwa moseja gore a ba neye dilo tseo. (1 Timotheo 5:8) Batsadi gape ba na le boikarabelo jwa go tlamela malapa a bone semoyeng. Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Baefesia 6:4.
A rre a ka kgona go dira seno sentle fa a kgaogane le lelapa la gagwe ka dikgwedi tse dintsi gongwe ebile dingwaga? Ga go bonale jalo. Ka jalo o tshwanetse go sekaseka gore a melemo ya senama e o tla e bonang e lekana le kafa go kgaogana ga gago le bana ba gago go tla ba amang ka gone. Kwantle ga moo, bafaladi gantsi ba fitlhela gore ga go motlhofo le eseng go dira “khumo” jaaka ba ne ba akantse. Fa mofaladi a sa kgone go duelela balelapa la gagwe gore ba tle kwa go ene, ba ka kgaogana ka dingwaga di le dintsi. Seno ka bosone se ka dira gore go nne le dikotsi tse di masisi tsa boitsholo. (Bapisa 1 Bakorintha 7:1-5.) Se se utlwisang botlhoko ke gore bangwe ba bao ba neng ba le mo maemong a a lekang ao ba ne ba ineela mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo.
Go Ikanya go Tlamelwa ke Modimo
Jaaka maemo a lefatshe a itsholelo a ntse a senyega, go molemo go gakologelwa gore batlhanka ba Modimo ga ba a tshwanela go boifa gore ba tla latlhega. Jesu o ne a bolela jaana: “Ke gōna se itlhobaeleleñ, loa re, Re tla ya eñ? kgotsa, Re tla nwa eñ? kgotsa, Re tla apara eñ? Gonne Badichaba ba batla cōna dilō tseuō; gonne Rra eno oa legodimo oa itse ha lo tlhōka dilō tse cotlhe. Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:31-33.
Basupi ba ga Jehofa gompieno ba direla Bogosi jwa Modimo ka go rera mafoko a a molemo ka botlhaga. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Go tlhokega bareri ba bantsi ba Bogosi mo merafeng e mentsi e e humanegileng. Segolobogolo go tlhokega bagolwane ba ba godileng le batlhanka ba bodihedi. Go na le go ya kwa dinageng tseo di gatetseng pele mo go tsa itsholelo koo go sa tlhokegeng batho gone, bontsi bo ile jwa itlhophela go nna kwa dinageng tseo bo tsholetsweng kwa go tsone. Bangwe ba bao ba ile ba dira jang?
Alethia, mongwe wa kwa Afrika Bophirima yo a neng a direla mo tirelong ya nako e e tletseng ka dingwaga di le 30 mo nageng e a tsholetsweng kwa go yone, o ne a bolela seno: “Ke ne ke na le tshono ya go ya go tshela kwa moseja. Ke ne ka se ka ka dira jalo gonne ke ne ke rata go nna le bagaetsho le bamasika a me. Ke itumelela go ba thusa go ithuta boammaaruri gore re kgone go direla Jehofa mmogo. Ga ke a latlhegelwa ke sepe ka go nna fano, mme ebile ga ke ikwatlhaele sepe.”
Winifred le ene o nna mo nageng nngwe mo Afrika. Boemo jwa botshelo koo bo lekanngwa e le jo bo kwa tlasetlase thata mo lefatsheng. Mme o bolela jaana morago ga go bula tsela ka dingwaga di le 42: “Ga go motlhofo go tshela fa go buiwa ka tsa itsholelo. Satane o leka go dira dilo bokete, mme Jehofa o ne a ntse a ntlamela le go nnaya dilo tse ke di tlhokang ka metlha.”
Mo metlheng ya bogologolo, Aberahame o ne a “ikantse ka botlalō, go re, se o se mo sholoheditseñ, o bile o nonohile go se diha.” (Baroma 4:21) A le wena o tlhatswegile pelo ka tsela e e tshwanang gore Jehofa o tla kgona go diragatsa tsholofetso ya gagwe mme a go tlhokomele fa o baya dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gago? A o dumalana le mopesalema yo a neng a kwala jaana: “Molaō oa molomo oa gago [Modimo] o molemō mo go nna bogolo go makgolokgolo a gouda le selefera”? (Pesalema 119:72) A kana e ka tswa e le gore o tlhoka go dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo? O ne a kwala jaana mo go 1 Timotheo 6:8: “Me e re ha re na le diyō le diaparō, re tla ritibatsa pelo mo go cōna.” A e ka tswa e le gore selo se se botlhale go se dira ke, eseng go batla mafelo a masha, mme go dira ka natla mo go a o leng mo go one?
Maemo a ikonomi mo dinageng tse dintsi a ka direla Bakeresete mathata a a masisi tota. Ka gone, fa lelapa le swetsa gore le fuduge morago ga le sena go sekaseka dilo tsotlhe tse di amegang mo go seno, ba bangwe ga ba na lebaka la go ba kgala. (Bagalatia 6:5) Bao ba setseng ba ka sala ba kopa Jehofa gore a ba thuse go itshokela mathata a a tlisiwang ke tsamaiso eno, fa ba ntse ba itumelela masego a semoya ao Modimo o ba a nayang. Gakologelwa gore go ise go e kae, Bogosi jwa Modimo bo tla siamisa tshiamololo le go tlhoka tekatekano. Ka nako eo go tla nna jaaka mopesalema a ne a kwala jaana: “[Jehofa] u huporolola seatla sa gago, me u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.”—Pesalema 145:16.