Memeno ya Lewatle le le Suleng—Sengwe sa Botlhokwa Thata Se Se Bonweng
WADI EN-NAR, ke moedi o o kgadileng wa metsi o o elelelang o le osi kwa botlhaba go ya kwa Lewatleng Le Le Suleng, o o dikilometara di ka nna 24 kafa borwabotlhaba jwa Jerusalema. Go na le makgotlho a a sa tshwaraganang kafa morago ga dipoa tse di iphaphathileng ka lotshitshi lono. Ba-Ta‘amireh Bedouin ba hudisa matsomane a bone a dinku le a dipodi mo poeng eno mo malatsing a a mogote le mo masigong a a tsididi a dikgakologo.
Modisa mongwe yo mmotlana wa Mo-Bedouin o ne a latlhela leje mo phatlheng e nnye go lebagana le lekgotlo lengwe ka ngwaga wa 1947. O ne a gakgamadiwa ke modumo o le neng la o dira, go lebega le ne le thuba nkgo e e dirilweng ka letsopa. O ne a sia ka a ne a boifa, mme malatsi a le mabedi moragonyana o ne a boa mme a pagama dimetara di le 100 go tsena ka phatla e kgolwane e e kwa godingwana. Fa matlho a gagwe a sena go tlwaelana le lefifi, o ne a bona dinkgwana di le lesome tse ditelele fa thoko ga dipota tsa logaga, le mokoa wa dinkgwana tsa letsopa tse di thubegileng di tlhakane le matlapa a a neng a wetse fa fatshe.
Bontsi jwa dinkgwana tseno bo ne bo sena sepe, mme e nngwe e ne e na le memeno e meraro, eo e mebedi ya yone e neng e apesitswe ka letsela. O ne a tsaya mekwalo eo a boela ka yone kwa kampeng ya Ba-Bedouin mme a e tlogela koo ka lobaka lo e ka nnang lwa kgwedi, e kgwageditswe mo kgetseng mo paleng ya tente. Kgabagare, Ba-Bedouin bangwe ba ne ba tsaya memeno ba e isa kwa Bethelehema go bona gore tlhwatlhwa ya yone e ka nna bokae. Ba-Bedouin ba ne ba kobiwa ka bogale kwa lefelong lengwe la baitlami, ba bolelelwa go-re memeno eo e ne e sena boleng bope. Moreki yo mongwe o ne a bolela gore mekwalo eo e ne e sena boleng bope fela go ya ka baithutamarope mme o ne a belaela gore e utswitswe kwa sinagogeng ya Bajuda. Abo a ne a le phoso jang ne! Kgabagare, mmaakanyi mongwe wa ditlhako wa Mosiria o ne a dira jaaka morekisi mme boleng jwa tsone bo ne jwa tlhomiwa sentle. Ka bonako fela memeno e mengwe le yone e ne ya bewa ditlhwatlhwa.
Mengwe ya mekwalo eno ya bogologolo e ne ya dira gore go lemogiwe dilo dingwe tse disha kaga ditiro tsa ditlhopha tsa bodumedi jwa Bajuda mo e ka nnang ka nako ya ga Keresete. Mme mokwalo wa Bibela wa boperofeti jwa ga Isaia o ne wa kgatlha lefatshe thata. Ka ntlha yang?
Dilo Tse Di Tlhwatlhwakgolo
Kwa tshimologong momeno o o neng o bonwe bosha wa ga Isaia o ne o le boleele jwa dimetara di le 7,5. O ne o dirwa ke dipapetla di le 17 tsa letlalo la phologolo le le sugilweng ka kelotlhoko, le batlile le nna borethe jaaka sekwalelo. Le ne le kwadilwe ka dikolomo tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e ka nna le mela e le 30, mme di ne di segilwe mela sentle. Mokwadi wa setswerere o ne a kwadile ditlhaka tsa temana ka dirapa.—Bona setshwantsho.
Memeno eno e ne e sa thathediwa mo dikotanyaneng, mme e ne e le mentshonyana fa gare foo diatla tse dintsi di neng di tshwara gone fa e balwa. E ne e onetse tota ebile go bonala gore e ne ya baakanngwa ka botswerere le go dirwa gore e nne thata. E ne ya kgona go nna lobaka ka go bo e ne e tswaletswe mo nkgwaneng. E botlhokwa go le kana kang mo mokanoking wa Bibela, le mo go rona rotlhe fa go atolosiwa?
Mokwalo ono wa ga moperofeti Isaia o na le dingwaga tse di ka nnang sekete go feta dikaelo dipe fela tse di leng gone, mme dilo tse di kwadilweng mo go one ga di farologane go le kalo. Porofesa Millar Burrows, motseleganyi wa temana e e neng ya gatisiwa ka 1950 o ne a bolela jaana: “Temana ya ga Isaia mo mokwalong ono, e mopeleto le thutapuo le tsela e e balegang ka yone di farologaneng mme di sa kgatlhe mo go kalo ebile di se botlhokwa e tshwana fela le eo e neng ya supiwa morago ya MT [Masoretic Hebrew Text].”a Se se tshwaegang gape ke go dirisa ga yone ka metlha Tetragrammaton, יהוה, leina la Modimo le le boitshepo, Jehofa, ka Sehebera.
Memeno E Mengwe ya Botlhokwa
Leina la Modimo le tlhaga gape mo momenong o mongwe o o tswang mo go lone logaga leno, leo jaanong le itseweng jaaka Logaga 1. Mo kakgelong ya buka ya Habakuke, Tetragrammaton e tlhaga makgetlo a le manè mo ditlhakeng tsa Sehebera sa bogologolo eleng mokgwa wa bogologolo o o farologanang le o o tlwaelegileng wa ditlhaka tsa Sehebera tse di sekwere.—Bona mokwalo o o kwa tlase mo go Habakuke 1:9, go NW Reference Bible.
Go ne ga tswa gape le dikarolo tse dingwe tsa momeno o mongwe wa ga Isaia mmogo le dikwalelo tsa letlalo tsa buka ya Bibela ya Daniele mo legageng leno. Nngwe ya tseno e na le phetogo ya fa go ne go fetolwa go tswa mo Sehebereng go ya mo Searamaikeng mo go Daniele 2:4, fela jaaka fa seo se bonwa mo mekwalong ya dingwaga tse di sekete tsa morago ga foo.
Dikarolo tse dinnye tsa momeno ono di bolokilwe sentle mme di bontshiwa batho kwa Jerusalema, mo musiamong o o bidiwang Shrine of the Book. Musiamo ono o kafa tlase ga lefatshe, ka jalo fa o etela koo o tla akanya gore o tsena mo logageng. Karolo e e kafa godimo ya logaga e bopegile jaaka sethibo sa nkgwana ya letsopa eo Momeno wa Lewatle Le Le Suleng wa ga Isaia o neng wa fitlhelwa mo go yone. Lefa go ntse jalo, se o se bonang ga se mokwalo wa mmatota wa ga Isaia. E e botlhokwatlhokwa ya ntlhantlha e mo kamoreng nngwe ya bobolokelo gaufi le foo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ditsela tse dingwe tse di botlhokwa tse e balegang ka tsone di bonwa mo go New World Translation of the Holy Scriptures—With References mo go Isaia 11:1; 12:2; 14:4; 15:2; 18:2; 30:19; 37:20, 28; 40:6; 48:19; 51:19; 56:5; 60:21. Momeno ono o supiwa mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase jaaka 1QIsa.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
Courtesy of The British Museum
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]
Israel Antiquities Authority; The Shrine of the Book, Israel Museum; D. Samuel and Jeanne H. Gottesman Center for Biblical Manuscripts