Memeno ya Lewatle le le Suleng—Khumo E E sa Tshwaneng le Epe
GO NA le matlotla mangwe a bogologolo kwa kutung ya Wadi Qumran, kafa bokonebophirima jwa Lewatle Le Le Suleng. Baithutamarope ba ne ba sa le tlhokomela thata ka lo ne lo sa bolo go lejwa jaaka masalela a ntlo ya botshabelo ya Roma. Lefa go ntse jalo, go bonwa ga Momeno wa Lewatle Le Le Suleng wa ga Isaia ka 1947 go ne ga dira gore lefelo leo le sekasekiwe gape.
Bakanoki bangwe ba ne ba bolela ka bonako fela gore dikago tseo ke tsa setlhopha sengwe sa tumelo nngwe ya Bajuda. Go ne ga dumelwa ka bonako fela gore batho bano ba ne ba ile ba fitlha memeno eo mo dikgageng mo gare ga makgotlho mangwe fa gaufi. Mme dilo tse di neng tsa bonwa moragonyana di ne tsa dira gore seo se belaelwe.
Sengwe Se Se Bonweng Se Se Sa Tshwaneng le Sepe
Ba-Bedouin ba ne ba itse boleng jwa mekwalo e ba neng ba setse ba e bone sentle. Ka jalo, go ne ga simolola go batliwa gape ka 1952 fa monnamogolo mongwe a bolela gore o ne a kile a leleka nonyane nngwe eo a neng a e utlwisitse botlhoko go fitlha e bo e tsena mo mosimeng mo letlapeng, koo a neng a bona dilo tsa letsopa le lobone lwa lookwane lwa bogologolo gone.
Monnamogolo o ne a santse a kgona go bona gore molomo wa logaga leo ke lefe mo gare ga mesima e e boteng ya lekgotlho le le mokong thata leo. Go ne ga fitlhelwa gore logaga leno e ne e le le le itiretsweng ke batho, leo jaanong le bidiwang Logaga 4. Ke gone koo Ba-Bedouin ba neng ba fitlhela dikarolwana tsa sekwalelo mo e ka nnang metara kwa tlase ga boalo jo bo neng bo le gone ka nako eo. Go ne go se karolwana epe e e neng e le mo dinkgwaneng, ka jalo bontsi jwa yone bo ne bo senyegile, bo ntshofetse ebile bo robega bonolo. Fa nako e ntse e tsamaya go ne ga bonwa dikarolwana di le 40 000, tseo e neng e ka nna mekwalo e le 400. Dibuka tsotlhe tsa Dikwalo tsa Sehebera kwantle ga Esethere di ne di le teng mo mekwalong eo e e lekgolo ya Bibela. Bontsi jwa tshedimosetso eo e neng ya bonwa go tswa go Logaga 4 ga e ise e gatisiwe.
Mongwe wa mekwalo e e botlhokwa thata e ne e le wa dibuka tsa Samuele, eo e neng ya kwalololelwa mo momenong o le mongwe. Temana ya one ya Sehebera, e e kwadilweng ka dikolomo di le 47 tsa tse di ka tswang di le 57, e tshwana thata le e e neng e dirisiwa ke baranodi ba thanolo ya Septuagint ya Segerika. Go na le gape le dikarolwana tsa Septuagint ya Segerika tsa Lefitiko le Dipalo tseo letlha la tsone e leng la lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E. Mokwalo o o nang le Lefitiko o dirisa IAO mo boemong jwa Sehebera יהוה, eleng leina la Modimo go na le go dirisa Kyʹri·os ka Segerika, eleng “Morena.”a
Mo karolwaneng e e tswang mo go Duteronome, temana ya Sehebera e akaretsa karolo e e tswang mo go kgaolo 32, temana 43, e e fitlhelwang go Septuagint le e e tsopotsweng mo go Bahebera 1:6 jaana: “A baengele botlhe ba Modimo ba mo ōbamèlè.” Leno ke lekgetlo la ntlha mola ono o fitlhelwa mo mokwalong ope fela wa Sehebera mme o senola temana eo go lebegang thanolo ya Segerika e tswa mo go yone. Ka gone bakanoki ba ne ba kgona go tlhaloganya temana ya Septuagint sesha, eo e tsopolwang gantsintsi mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete.
Go ile ga bolelwa fa letlha la momeno wa Ekesodo e le kwatara ya boraro ya lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E., la Samuele e le la kwa bokhutlong jwa lekgolo leo la dingwaga, mme momeno wa Yeremia e le wa fa gare ga 225 le 175 B.C.E. Mekwalo e mentsi ya go tloga ka lekgolo la boraro go ya go la ntlha la dingwaga B.C.E. e ile ya fitlhelwa e na le diphetogo mo mokgweng wa go kwala le ditlhaka tsa Sehebera ka bongwe le dialefabeta tsa Searamaika, sengwe seo se leng botlhokwa thata mo go boneng letlha la mokwalo.
Selo Se Se Gakgamatsang sa Logaga 11
Kgabagare, lefelo lotlhe go dikologa Qumran le ne le upuditswe thata, ke Ba-Bedouin ba mo lefelong leo mmogo le baithutamarope. Lefa go le jalo, letsatsi lengwe ka 1956, Ba-Bedouin bangwe ba ne ba bona bommamanthwane ba tswa mo mesimeng ya makgotlho mangwe kafa bokone jwa Logaga 1. Ba ne ba pagamela kwa godimo mme ba bona logaga le lengwe gape, leo mojako wa lone o neng o thibilwe. Go ne ga tshwanelwa gore go tlosiwe ditone tse pedi tsa maje a a oleng go tswa kwa godimo gore o kgonwe go bonwa. Dilo tse ba neng ba di bona di ne di gakgamatsa tota—memeno e mebedi e e feletseng le dikarolo tse tlhano tse dikgolo tsa e mengwe.
Sengwe se se botlhokwa thata se ba neng ba se bona ke momeno wa Dipesalema. Bokima jwa letlalo la one bo ne bo supa gore e tshwanetse ya bo e le letlalo la kgongwana eseng letlalo la podi. Palogotlhe ya matlhare a le matlhano, eleng matlhare a mane a a kgonang go kgaoganngwa, le dikarolwana di le nne di dira gore o nne boleele jwa dimetara di le nne. Lemororo bogodimo jwa momeno ono bo ne bo siame, karolwana e e kwa tlase e ne e senyegile. Letlha la one ke la karolo ya ntlha ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. mme e na le dikarolo tsa dipesalema di le 41. Tetragrammaton e kwadilwe ka makgetlo a a ka nnang 105 ka ditlhaka tsa Sehebera sa bogologolo, seo se dirang gore e tlhomologe mo sekwalelong se se sekwere seno sa Sehebera sa ditemana tseno.
Mokwalo o mongwe, wa Lefitiko, o kwadilwe mo sekwalelong sa Sehebera sa bogologolo, mme ga go a tlhalosiwa ka tsela e e kgotsofatsang gore ke ka ntlha yang fa go dirilwe jaana. Ke lone fela lokwalo lo loleele lo lo leng gone lwa mokwalo wa mofuta ono, oo o neng o diriswa fa Bajuda ba ne ba le kwa botshwarong kwa Babelona kwa bokhutlong jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E.
Go ne ga bonwa gape le sekaelo sa Targum, khutswafatso ya buka ya ga Jobe ya Searamaika. Ke nngwe ya di-Targum tsa ntlhantlha go kwalwa. Go ne ga fitlhelwa le dikwalo dingwe di le mmalwa tse di akgelang ka dikwalo dingwe tsa Bibela mo magageng a a farologaneng. Ke eng seo se dirileng gore memeno yotlhe eno e fitlhiwe sentle jaana mo magageng ano?
Jaaka go boletswe pele, mengwe e ka tswa e ne ya fitlhiwa ke batho ba Qumran. Mme go ya ka bosupi, go lebega gore e ka tswa e ile ya bewa ke Bajuda fa ba ne ba tshaba Baroma ba ba neng ba atamela Judea ka ngwaga wa 68 C.E., pele Jerusalema e senyediwa ruri dingwaga tse pedi moragonyana ga foo. Naga ya Judea e ne e le bobolokelo jo bo babalesegileng sentle joo memeno e e botlhokwatlhokwa eno e neng e ka fitlhiwa gone eseng fela mo magageng a a gaufi le Qumran mme le mo go a a neng a le dikilometara di le dintsi go ya kwa bokone, mo tikologong ya Jeriko, le go ya kwa borwa, gaufi le Masada. Abo re leboga jang ne go bo di ne tsa bolokiwa jaana! Di naya bosupi jo bongwe gape jwa gore Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Jehofa ga le a fetoga. Ka boammaaruri, “lehoko ya Modimo oa rona le tla èma ka bosakhutleñ.”—Isaia 40:8.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona NW Reference Bible, Appendix 1C (5) le ntlhanyana e e kwa tlase e e mo go Lefitiko 3:12, koo mokwalo ono o bontshiwang fa e le 4Q LXX Levb.
[Lebokoso mo go tsebe 13]
A GO TLA TLA E MENGWE KA BONAKO?
Lemororo e ne ya bonwa masome a dingwaga a a fetileng, bontsi jwa dikarolwana tsa Memeno ya Lewatle Le Le Suleng ga di ise di phasaladiwe. The New York Times ya December 23, 1990, e ne ya bua e nonofile e sa dumalane le seo jaana: “Le eleng ditshwantsho tsa yone di tshwerwe ke setlhopha sa bakanoki ba ba ratang go ikaba ka ditlhopha tse di utlwanang nabo ka megopolo bao ba itlhokomolosang badiri ka bone mme ba gana go gatisa bontsi jwa tshedimosetso eo e mo go bone.” Lefa go ntse jalo, pampiri eo e ne ya bega gore setlhopha sa batseleganyi bano se ile sa fetolwa bosheng jaana mme seo e ka tswa e le kgato e e ka fetolang “go rata go ikaba ka ditlhopha tseo di utlwanang ka mogopolo goo go thibetseng memeno eno . . . , mme lefatshe le tla itse ka nako e e tlhomologileng thata ya hisitori.”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.