A Puo e e Itshekileng e lo Dire Seoposengwe
“Hoñ ke tla hetolèla dichaba puō e e itshekileñ, gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.”—SEFANIA 3:9.
1. A batho ba kile ba utlwa Jehofa Modimo a bua?
PUO ya ga Jehofa Modimo e itshekile. A tota batho ba kile ba mo utlwa a bua? Ee, go jalo! Seo se ne sa diragala fa Morwawe, Jesu Keresete, a ne a le mo lefatsheng makgolo a a 19 a dingwaga a a fetileng. Ka sekai, fa Jesu a ne a kolobediwa, Modimo o ne wa utlwiwa o bolela jaana: “Eo ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” (Mathaio 3:13-17) Eo e ne e le polelo ya boammaaruri jo bo itshekileng eo e neng ya utlwiwa ke Jesu le Johane Mokolobetsi e buiwa ka puo ya batho.
2. Moaposetoloi Paulo o supa eng fa a umaka “dipuō tsa . . . baengele”?
2 Dingwaga moragonyana ga foo moaposetoloi wa Mokereste Paulo o ne a bua kaga “dipuō tsa batho le tsa baengele.” (1 Bakorintha 13:1) Seno se bontsha eng? Ka boammaaruri, se supa gore ga se batho fela ba ba nang le puo le ba ba kgonang go bua mme le batho ba semoya! Gone mme, Modimo le baengele ga ba buisane ka go dirisa mantswe le puo eo re ka kgonang go e utlwa le go e tlhaloganya. Ka ntlha yang? Lebaka ke gore go tla tlhokega loapi lo lo tshwanang le lo lo dikologileng lefatshe go tsamaisa meela ya medumo ya mantswe eo batho ba ka kgonang go e utlwa le go e tlhaloganya.
3. Puo ya batho e simologile jang?
3 Puo ya batho e simologile jang? Bangwe ba bolela gore borremogologolwane ba ne ba leka bojotlhe gore ba kgone go buisana ka go nna ba ntse ba kgorotlha le go dumaduma. Buka ya Evolution (Life Nature Library) e bolela jaana: “Motho wa tshwene yo a neng a tshela dingwaga tse di ka nnang milione o le mongwe tse di fetileng . . . go bonala a ne a kgona medumo e sekae fela ya puo.” Mme mokwaladibukantswe yo o itsegeng thata, Ludwig Koehler o ne a bolela jaana: “Puo ya motho ke bosaitseweng; ke mpho e a e neilweng ke Modimo, ke kgakgamatso.” Ee, ‘puo ya motho ke mpho e a e neilweng ke Modimo,’ ka go bo Modimo o ne wa naya motho wa ntlha ebong Adame, puo. Go bonala e ne e le eo kgabagare e neng ya bidiwa Sehebera. Puo eo e ne e buiwa ke bana ba Baiseraele ba ga “Aberame oa Mohebera,” tlhogo e e ikanyegang ya lotso yoo rraagwemogolo e neng e le Sheme morwa wa moagi wa araka ya ga Noa. (Genesise 11:10-26; 14:13; 17:3-6) Ka ntlha ya masego a Modimo a neng a a naya Sheme ka tsela ya seperofeti, go a utlwala go konela ka gore puo ya gagwe ga e a ka ya angwa ke selo sengwe seo Jehofa Modimo a neng a se dira ka kgakgamatso makgolo a ka nna 43 a dingwaga a a fetileng.—Genesise 9:26.
4. Nimerode e ne e le mang, mme Satane Diabolo o ne a mo dirisa jang?
4 Ka nako eo “lehatshe yeotlhe ya bo le le puō e le ñwe hèla le mahoko a le mañwe hèla.” (Genesise 11:1) Ka nako eo go ne go tshela monna yo a neng a bidiwa Nimerode, “mocumi eo o nonohileñ ha pele ga Yehofa.” (Genesise 10:8, 9) Nimerode o ne a dirisiwa thata ke mmaba yo o sa bonaleng yo mogolo wa batho, Satane, go simolola karolo ya lefatshe ya phuthego ya ga Diabolo. Nimerode o ne a batla go itirela leina, mme boikutlo joo jwa boikgogomoso bo ne jwa tsena le mo balateding ba gagwe, bao ba neng ba simolola tiro e e kgethegileng ya go aga mo lefatsheng la Shinara. Go ya ka Genesise kgaolo 11, temana 4, ba ne ba bolela jaana: “Ntloñ, re ikageleñ motse, le kagō e e godileñ e setlhoa sa eōna se tla hitlhañ kwa legodimoñ, me a re itiheleñ leina; e se re kgotsa ra phatlalalèla mo lehatshiñ yeotlhe.” Tiro eo e e neng e le kgatlhanong le taolo ya Modimo ya gore ba “tlalè ka lehatshe” e ne ya khutla fa Jehofa a tlhakatlhakanya puo ya batsuolodi bao. “Yalo” pego ya Bibela e a bolela, “Yehofa a ba phatlalaletsa le lehatshe yeotlhe: me ba khutla go aga motse.” (Genesise 9:9; 11:22-9) Motse oo o ne wa bidiwa Babele, kana Babelona (eo e kayang, “Tlhakatlhakano”), “ka gonne Jehofa o ne a tlhakatlhakanya puo ya lefatshe lotlhe gone.”—Byington.
5. (a) Ke eng seo se neng sa thibelwa fa Modimo o ne o tlhakatlhakanya puo ya batho? (b) Re ka konela eng kaga puo ya ga Noa le ya ga Sheme?
5 Kgakgamatso eo—go tlhakatlhakanngwa ga puo e le nngwe ya batho—e ne ya dira gore lefatshe le tladiwe jaaka Modimo o ne o laetse Noa, mme e ne ya senya maano ape fela ao Satane a neng a ka tswa a ne a a logile a gore a simolole kobamelo ya gagwe e e kopaneng e e seng phepa ka batho bao ba ba neng ba tsuologetse Morena Molaodi wa legodimo le lefatshe. Ke boammaaruri gore batho ba ne ba tlhasetswe ke Diabolo ka go ba dira gore ba tsenelele mo kobamelong ya maaka, mme ba ne ba direla badimona ka go itirela medimo le medimo ya sesadi mme ba e raya maina ka dipuo tsa bone tse di farologaneng, ba bo ba e obamela. (1 Bakorintha 10:20) Mme kgato e Modimo o o osi wa boammaaruri o neng wa e tsaya kwa Babela e ne ya thibela gore go se ka ga nna le tumelo e le nngwe e e utlwanang ya maaka e e obamelang Diabolo eleng sengwe seo go lebegang a ne a se batla. Gone ke boammaaruri gore Noa yo o siameng le morwawe ebong Sheme ga ba a ka ba nna le seabe mo tirong eo e neng ya felela ka matlhotlhapelo eo ya kwa lefatsheng leo la Shinara. Ka jalo go a utlwala go dira tshwetso ya gore puo ya bone e ne ya sala mme ke yone e e neng e buiwa ke Aberame yo o ikanyegang (kana Aberahame)—puo eo Modimo a neng a bua le motho Adame ka yone kwa tshimong ya Edena.
6. Jehofa o ne a bontsha jang ka letsatsi le Pentekosete 33 C.E. gore a ka kgona go naya batho nonofo ya go bua ka diteme?
6 Jehofa, yo a neng a tlhakatlhakanya puo ya batho ya ntlhantlha, gape a ka kgona go naya batho nonofo ya go bua ka diteme. Aitsane o ne a dira fela jalo ka letsatsi la Pentekosete ka ngwaga wa 33 wa Motlha wa rona O O Tlwaelegileng! Go ya ka Ditihō 2:1-11, go ne go phuthegile barutwa ba ga Jesu Keresete ba ka nna 120 mo kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema. (Ditihō 1:13, 15) Ka bonako fela, go ne ga tswa modumo kwa legodimong “ekete oa sehehō se segolo se se cubutlañ.” Ba ne ba bona “diteme tse di patologanañ, ekete tsa molelō,” mme tsa nna mo go mongwe le mongwe. Fa seno se diragala, barutwa ba “tladiwa Mōea o o Boitshèpō me ba simolola go bua ka dipuō di sele, kafa Mōea o ba neelañ molomo ka gōna.” Ba ne ba bua kaga “ditihō tse dikgolo tsa Modimo” ka dipuo tseo tse ba di neilweng ke Modimo. Mme abo seo e ne e le kgakgamatso jang ne fa Bajuda le basokologelabojudeng ba diteme tse di farologaneng ba ba tswang kwa mafelong a a kwa kgakalakgakala jaaka Mesopotamia, Egepeto, Libia, le Roma ba ne ba tlhaloganya molaetsa o o nayang botshelo oo!
Puo e Modimo O E Neileng Gompieno!
7. Ke dilo dife tse di neng di ka lebelelwa fa e le gore go ne go buiwa ga bo ga tlhaloganngwa puo e le nngwe fela mo lefatsheng lotlhe?
7 Ereka Modimo o kgona go dira kgakgamatso gore batho ba bue dipuo tse di farologaneng, a go ne go ka se nne molemo fa a ne a ka dira gore go buiwe go bo go tlhaloganngwe puo e le nngwe fela mo lefatsheng lotlhe? Seno se ne se tla dira gore batho ba ba mo lelapeng la motho ba kgone go tlhaloganya ba bangwe botoka. Ke fela jaaka The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Fa batho botlhe ba ne ba bua loleme lo le longwe fela, dikgolagano tsa setso le tsa ikonomi di ne di tla nna tse di atamalaneng thata, le dinaga di ne di tla dirisana sentle.” Legale, go ile ga akantshiwa dipuo di le 600 tse di ka buiwang mo lefatsheng lotlhe mo dingwageng tse di fetileng. Mo go tsone, Se-Esperanto se ile sa buelelwa thata go gaisa tsotlhe gonne mo e ka nnang batho ba le 10 000 000 ba ile ba se ithuta fa se sale se simololwa ka ngwaga wa 1887. Lefa go le jalo, maiteko a batho a go dira gore ba utlwane ka go bua puo e le nngwe mo lefatsheng lotlhe a ile a palelwa. Tota ebile, mathata a a ntseng a oketsega a ntse a kgaoganya batho mo lefatsheng leno jaaka ‘batho ba ntse ba sulafalela pele fela.’—2 Timotheo 3:13.
8. Le eleng lefa go ne go ka dirwa gore go nne le puo e le nngwe fela mo lefatsheng leno la gompieno, ke eng seo se neng se tla nna se ntse se le teng, mme ka ntlha yang?
8 Fa go buiwa ka tsela ya bodumedi, go na le tlhakatlhakano e e seng kana ka sepe. Mme a ga re a tshwanela go lebelela seno, ereka buka ya Bibela ya Tshenolō e bitsa puso ya lefatshe ya bodumedi jwa maaka “Babelona o mogolo”? (Tshenolō 18:2) Ee, ka go bo “Babelona” e kaya “Tlhakatlhakano.” Tota le eleng le fa puo eo e itlhametsweng fela kana loleme longwe lwa tlholego, jaaka Seesemane, Sefora, Sejeremane, kana Se-Russia, lo ne lo ka dirisiwa jaaka puo eo e dirisiwang mo lefatsheng lotlhe gompieno, go ne go santse go tla nna le go sa utlwane mo bodumeding le mo dilong tse dingwe. Ka ntlha yang? Ka gonne “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula,” Satane Diabolo. (1 Yohane 5:19) Ke sekai tota sa bogagapa, mme ka ntlha ya bogagapa o eletsa ekete a ka obamelwa ke batho botlhe, fela jaaka a ne a dira mo metlheng ya ga Nimerode le ka nako ya Tora ya Babele. Aitsane yone puo eo batho ba ba sa itekanelang ba ka nnang ba e bua mo lefatsheng lotlhe e ka nna ya naya Satane le eleng tshono ya go simolola kobamelo e e utlwanang ya Bodiabolo! Jehofa ga a kitla a letla seo; eleruri o tla tloga a nyeletsa ditumelo tsotlhe tsa maaka tse di tlhotlhelediwang ke Diabolo.
9. Batho ba merafe yotlhe le ba ditso ba dirwa seoposengwe jang jaanong?
9 Lefa go le jalo, selo se se gakgamatsang ke gore batho ba ba molemo ba merafe yotlhe le ba ditso tsotlhe ba dirwa seoposengwe gone jaanong. Seno se diragala go ya kafa Modimo o batlang ka gone le ka ntlha ya go solegela kobamelo ya gagwe molemo. Gompieno, Modimo o dira gore batho ba ithute le go bua puo e e leng yone fela e itshekileng mo lefatsheng. Eleruri ke puo e e buiwang mo lefatsheng lotlhe. Eleruri, Jehofa Modimo o ruta batho ba bantsi ba ba tswang mo merafeng yotlhe ya lefatshe puo eno e e itshekileng gompieno. Seno se diragatsa tsholofetso eno ya seperofeti eo Modimo o e solofeditseng ka moperofeti le mosupi wa gagwe, Sefania jaana: “Hoñ ke tla hetolèla dichaba puō e e itshekileñ [fa e tsewa fela jaaka e ntse ke, “pounama e e phepa”], gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.” (Sefania 3:9) Puo e e itshekileng eno ke eng?
Puo E E Itshekileng e a Tlhalosiwa
10. Puo e e itshekileng ke eng?
10 Puo e e itshekileng ke boammaaruri jwa Modimo jo bo fitlhelwang mo Lefokong la gagwe leo e leng Dikwalo Tse Di Boitshepo. Thatathata ke boammaaruri kaga Bogosi jwa Modimo, joo bo tla tlisetsang batho kagiso le masego a mangwe. Puo e e itshekileng e nyeletsa diphoso tse di dirwang ke bodumedi le kobamelo ya maaka. E kopanya botlhe bao ba e buang mo kobamelong e e itshekileng, e e phepa, e e itekanetseng ya Modimo o o tshelang le wa boammaaruri, Jehofa. Gompieno, dipuo tse di ka nnang 3 000 di kgoreletsa batho gore ba se ka ba tlhaloganya ba bangwe, mme makgolokgolo a ditumelo tsa maaka a tlhakanya batho tlhogo. Ka jalo abo go itumedisa jang ne gore Modimo o bo o dira gore batho ba bue puo e e itshekileng eno e e molemolemo!
11. Puo e e itshekileng e diretse batho ba merafe yotlhe le ditso eng?
11 Ee, batho ba merafe yotlhe le ba ditso tsotlhe ba kgona go bua puo e e itshekileng eno. Ereka e le yone puo fela ya semoya e e itshekileng le ya boammaaruri mo lefatsheng, e dira jaaka maatla a magolo a a nonofileng tota a a lereng kutlwano. E dira gore botlhe bao ba e buang ba kgone go “[bitsa] leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla,” kana fa seo se tsewa kafa se leng ka gone ka mmatota, “[ka] kutlwano.” Ka jalo ba direla Modimo “ba le seoposengwe,” “ka kutlwano e le nngwe fela le ka tumalano.” (The Amplified Bible; The New English Bible) Thanolo ya ga Steven T. Byington e balega jaana: “Mme nna [Jehofa Modimo] ke tla phepafatsa dipounama tsa batho botlhe, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa mme ba dirisane mmogo mo tirelong ya gagwe.” Go dirisana mmogo gono mo lefatsheng lotlhe ka dipuo tsotlhe mo tirelong ya Modimo go bonwa fela mo gare ga Basupi ba ga Jehofa. Mo dinageng tse 212 gompieno, baboledi bano ba Bogosi ba ba fetang dimilione di le nne ba rera mafoko a a molemo ka dipuo tsa batho ba bantsi. Lefa go le jalo, Basupi ba “puō ñwe hèla” ebile ba ‘itekanetse mmogo, mo mogopolong o le mongwe fela le mo tshekatshekong e le nngwe fela.’ (1 Bakorintha 1:10) Seno se ntse jalo ka gonne lemororo ba ka tswa ba le kwa kae mo lefatsheng leno, Basupi botlhe ba ga Jehofa ba bua puo e le nngwe fela e e itshekileng go baka Rraabone wa selegodimo le go mo galaletsa.
Ithute Puo E E Itshekileng Jaanong!
12, 13. (a) Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go amega kaga go bua puo e e itshekileng? (b) Ke ka ntlha yang fa mafoko a a mo go Sefania 3:8, 9 a le botlhokwa jaana gompieno?
12 Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go amega ka go bua puo e e itshekileng? Selo sa botlhokwa ke gore o tla bona botshelo fela fa o e ithuta le go e bua. Pele Modimo o solofetsa go “hetolèla dichaba puō e e itshekileñ,” o ne wa tlhagisa jaana: “Ke gōna Ntetañ, go bua Yehofa, go tsamaea letsatsi le hitlha ye ke tla nanogèlañ thopō ka yeōna: gonne boikaèlèlō yoa me ke go phutha merahe, gore ke kokwanyè magosi, go tla ke gorometsa chakgalō ea me mo go aōna, eboñ bogale yoa me yotlhe yo bo hisañ; gonne lehatshe yeotlhe le tla lailwa ke molelō oa lehuha ya me.”—Sefania 3:8.
13 Mafoko ao a Morena Molaodi Jehofa a ne a buiwa lekgetlo la ntlha makgolo a le 26 a dingwaga a a fetileng kwa Juda, eo Jerusalema e neng e le moshate wa yone. Mme polelo eo thatathata e ne e le kaga motlha wa rona gonne Jerusalema e ne e wela mo go Labokeresete. Mme motlha ono wa rona, go tloga fela fa Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo bo tlhongwa ka 1914, ke lone letsatsi le Jehofa a phuthang merafe le go phutha magosi mo go lone. O ba phuthile botlhe ka tiro e tona ya go neela bosupi. Seo se ne sa dira gore ba nne kgatlhanong le maikaelelo a gagwe. Lefa go ntse jalo, Jehofa Modimo ka boutlwelobotlhoko jwa gagwe o dira gore batho ba ba tswang mo merafeng eno yotlhe ba nne seoposengwe mo go bueng puo e e itshekileng. Batho botlhe bao ba batlang botshelo mo lefatsheng la gagwe le lesha leo a le solofeditseng ba ka e dirisa mo go mo direleng ka kutlwano, pele merafe yotlhe e lailwa ka nako ya fa Modimo o tla bo o tla ka bogale jo bo tukang mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe,” eo ka tlwaelo e bidiwang Hara–Magedona. (Tshenolō 16:14, 16; 2 Petere 3:13) Se se itumedisang ke gore, bao ba buang puo e e itshekileng ebile ba bitsa leina la ga Jehofa ka tumelo jaaka baobamedi ba boammaaruri ba ba seoposengwe ba tlile go sirelediwa ke Modimo ka nako ya matlhotlhapelo a a boitshegang ao a tla bong a wetse lefatshe. Modimo o tla ba tsenya ba babalesegile mo lefatsheng le lesha, leo mo go lone puo e e itshekileng kgabagare e tla bong e le yone fela e leng mo dipounameng tsa batho botlhe.
14. Modimo o ne wa bontsha jang ka Sefania gore motho o tlhoka go tsaya kgato ka bonako gore a falole bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?
14 Jehofa, ka moperofeti wa gagwe Sefania, o dira gore go utlwale sentle gore bao ba solofetseng go falola ba tshwanetse go tsaya kgato ka bonako. Go ya ka, Sefania 2:1-3, Modimo o bolela jaana: “Phuthègañ, e, phuthègañ, wèna morahe o o senañ ditlhoñ; Taolō e e se e tsale, le letsatsi le e se le hete yaka mmoko, le bogale yo bo hisañ bo e se bo tle mo go lona, le letsatsi ya bogale yoa ga Yehofa le e se le tle mo go lona. Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”
15. (a) Sefania 2:1-3 e ne ya diragadiwa jang la ntlha? (b) Ke bomang ba ba neng ba falola katlholo fa Modimo o ne o atlhola Juda, mme ke eng seo se tla tshwanang le phalolo eo mo motlheng ono wa rona?
15 Mafoko ao a ne a diragadiwa la ntlha mo go Juda le Jerusalema tsa bogologolo. Batho ba ba boleo ba Juda ga ba a ka ba dira sepe ka boikuelo jo Modimo o neng o bo dira, jaaka seo se supiwa ke go diragatsa ga gagwe katlholo mo go bone ka diatla tsa Bababelona mo ngwageng wa 607 B.C.E. Le eleng lefa Juda e ne e le “morahe o o senañ ditlhoñ” fa pele ga Modimo, ka jalo Labokeresete le ene e nnile “morahe” o o sa tlhabiweng ke ditlhong fa pele ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go bo ba ne ba tsaya lefoko la Modimo tsia, batho bangwe ba Judea mmogo le ba bangwe ba ne ba falola, bao mongwe wa bone e neng e le moperofeti yo o ikanyegang wa ga Jehofa ebong Jeremia. Bafalodi ba bangwe e ne e le Moithopia yo a neng a bidiwa Ebedemeleke le bana ba ga Jehonadabe. (Yeremia 35:18, 19; 39:11, 12, 16-18) Ka tsela e e tshwanang gompieno, “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa ga Jesu joo bo phuthilweng go tswa mo merafeng yotlhe bo tla falola Hara–Magedona bo falolela mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Tshenolō 7:9; Yohane 10:14-16) Batho ba ba tla itumelelang go falola e tla nna fela ba ba ithutang le ba ba buang puo e e itshekileng.
16. Ke eng se motho a tshwanetseng go se dira gore a tle re shujwe “ka letsatsi ya bogale yoa ga Yehofa”?
16 Fela jaaka Jehofa a ne a laotse gore Juda le Jerusalema di senngwe, Labokeresete le yone e tshwanetse go senngwa. Eleruri, ditumelo tsotlhe tsa maaka di gaufi le go senngwa, mme botlhe ba ba batlang go falola ba tshwanetse go tsaya kgato ka bonako. Ba tshwanetse ba dira jalo “letsatsi le e se le hete yaka mmoko,” o o fokwang ka bonako fela ke phefo, jaaka mabele fa a feferwa kwa a phothelwang gone. Fa re batla go falola bogale jwa Modimo, re tshwanetse go bua puo e e itshekileng mme re dire tumalanong le ditlhagiso tsa Modimo pele letsatsi la bogale jwa ga Jehofa jo bo tukang le re wela godimo. Mo motlheng wa ga Sefania le gompieno, Bakgobaladi ba batla Jehofa Modimo, mmogo le tshiamo, le kgobalalo. Go batla Jehofa go raya fa re mo rata ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, ka tlhaloganyo yotlhe, le ka nonofo yotlhe. (Mareko 12:29, 30) “E ka tla ea re goñwe [ba ba dirang jalo ba] shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.” Mme ke ka ntlha yang fa polelelopele eno e re “goñwe”? Lebaka ke gore motho a ka bolokiwa fela fa a ikanyega le fa a itshoka. (Mathaio 24:13) Bao ba dirang dilo tse di siameng tse Modimo a di batlang mo go bone ebile ba nna ba ntse ba bua puo e e itshekileng ba tla shujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Yehofa.
17. Ke dipotso dife tse di salang tse re tshwanetseng go di sekaseka?
17 Ereka letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le atametse ebile poloko e ikaegile ka go ithuta puo e e itshekileng le go e bua, eno ke nako ya gore re e ithute tota le go e bua. Mme motho a ka ithuta puo e e itshekileng jang? Mme o ka solegelwa molemo jang fa o e bua?
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Puo ya batho e simologile jang?
◻ Puo e e itshekileng ke eng?
◻ Ke ka ntlha yang fa mafoko a a mo go Sefania 3:8, 9 a le botlhokwa thata jaana gompieno?
◻ Re tshwanetse go dira eng gore re shujwe ka “letsatsi ya bogale yoa ga Yehofa”?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Modimo o ne wa phatlalatsa batho kwa Babele ka go tlhakatlhakanya puo ya bone