Bua Puo e e Itshekileng Mme o Tshelele Ruri!
“Batlang Yehofa . . ., batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalo; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”—SEFANIA 2:3.
1. (a) Baithuti ba dirisa mekgwa efe fa ba ithuta puo e sele? (b) Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go bua puo e e itshekileng?
BAITHUTI ba ka ithuta puo e ntšha ka mokgwa wa go ithuta thutapuo ya yone kana ka mokgwa wa go ithuta puo e e buiwang. Fa go dirisiwa mokgwa wa thutapuo, ka kakaretso fela go dirisiwa dibuka tsa go ithuta ebile go ithutiwa melao ya thutapuo. Fa go dirisiwa mokgwa wa go ithuta ka puo e e buiwang, ba etsa medumo ya morutisi le kafa a buang mafoko ka gone. Mekgwa eno e a dirisiwa ka bobedi jwa yone fa go ithutiwa “puō e e itshekileñ.” Ebile go botlhokwa thata gore re bue puo eno fa re batla go “shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”—Sefania 2:1-3; 3:8, 9.
2. Re ka ithuta jang seo se ka bidiwang go twe ke melao ya thutapuo ya puo e e itshekileng?
2 Buka e e botlhokwa thata e e dirisiwang go ithuta puo e e itshekileng ke Bibela. Fa o e ithuta ka botlhaga le go ithuta dikgatiso tse di thailweng mo Bibeleng di kgona go go ruta seo se ka bidiwang melao ya thutapuo ya puo e e itshekileng. Selo se se molemo se o ka simololang ka sone ke go ithuta Bibela kwa gae o rutiwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Bao ba setseng ba ineetse mo Modimong ba tlhoka go ithuta Dikwalo ka metlha le ka botlhaga. Mme a go na le ditsela dingwe tse di mosola ka tsela e e kgethegileng tsa go ithuta puo e e itshekileng? Mme o ka bona melemo efe fa o e bua?
Kafa O Ka Ithutang Puo E E Itshekileng ka Gone
3. Tsela e nngwe ya go ithuta puo e e itshekileng ke efe?
3 Tsela e nngwe ya go ithuta puo e e itshekileng ke go nyalanya boammaaruri jo o bo ithutang le dintlha tse o setseng o di itse, fela jaaka fa moithuti yo o ithutang puo nngwe a ka nna a bona kafa melao e e farologaneng ya thutapuo e dirang ka gone fa a ntse a ithuta. Ka sekai, o ka tswa ka nako nngwe o ne o itse gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo, mme o ne o itse go le gonnye fela ka ditiro tsa gagwe. Fa esale ka nako eo, o ka tswa o ithutile go tswa mo thutong ya gago ya Bibela gore Keresete jaanong o busa jaaka Kgosi ya selegodimo le gore mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga Tse Di Sekete, batho botlhe ba ba boikobo ba tla dirwa gore ba itekanele. (Tshenolō 20:5, 6) Ee, go nyalanya dintlha tse disha le tse o setseng o di itse go tla tokafatsa tsela eo o tshwarang puo e e itshekileng ka yone.
4. (a) Tsela e nngwe ya go ithuta ‘melao ya thutapuo’ ya puo e e itshekileng ke efe, mme ke pego efe ya Bibela e e dirisiwang go supa seno? (b) Go ne ga diragala eng fa Gideone le banna ba gagwe ba ba makgolo a mararo ba ne ba tsaya kgato? (c) Pego ya ga Gideone e re ruta eng?
4 Tsela nngwe ya go ithuta ‘melao ya thutapuo’ ya puo e e itshekileng ke go leka go bona ditiragalo tsa Bibela ka leitlho la gago la mogopolo. Go tshwantsha: Leka go ‘bona le go utlwa’ pego e e kwadilweng mo go Baatlhodi 7:15-23. Bona! Moatlhodi wa Moiseraele Gideone o kgaogantse masole a gagwe ka ditlhopha tse tharo tsa banna ba le lekgolo setlhopha sengwe le sengwe. Fa go nna lefifi, ba fologa Thaba ya Gileboa ka setu ba bo ba dikaganyetsa bothibelelo jwa Bamidiane ba santse ba robetse. A ba ba makgolo a mararo bano ba tshotse ditlhabano? Eseng tsa ntwa. Aitsane ba tlile go tshegwa ke masole a a boikgogomoso ao ka tshotlo! Monna mongwe le mongwe o tshotse lonaka, nkgo e tona ya metsi, le lobone mo teng ga nkgo. Mme reetsa! Fa ba direlwa tshupo nngwe, banna ba ba lekgolo ba ba nang le Gideone ba letsa dinaka tsa bone le go thuba dinkgo tsa bone tsa metsi. Ba ba makgolo a mabedi le bone ba dira fela jalo. Fa botlhe ba tsholeletsa mabone a a tukang kwa godimo, o ba utlwa ba tlhaeletsa jaana: “Chaka ea ga Yehofa le ea ga Gideona!” Abo seno se tshosa Bamidiane jang ne! Ba tswa ba kgokgoetsega mo ditenteng tsa bone, matlho a bone a a tletseng boroko a a rotoga ke letshogo fa ba bona dikgabo tsa molelo tse di bonesitseng meriti e e tlolatlolang mme seo se dira gore ba boife gore seno ke botlhodi. Fa Bamidiane ba simolola go sia, banna ba ga Gideone ba tswelela ba letsa dinaka tsa bone, mme Modimo o dira gore baba ba bone ba lwe ka bobone. Abo seno e le thuto e e nonofileng jang ne kaga puo e e itshekileng! Modimo o kgona go golola batlhanka ba gagwe a sa dirise masole. Mo godimo ga moo, “Yehofa ga a ketla a latlha batho ba gagwè ka ntlha ea leina ya gagwè ye legolo.”—1 Samuele 12:22.
5. Dipokano tsa Bokeresete di ka re thusa jang go tokafatsa puo ya rona?
5 Fa baithuti ba rutiwa puo e sele ka mokgwa wa go latela puo e e buiwang, ba leka go boeletsa medumo le kafa morutisi wa bone a buang mafoko ka gone ka tsela e e tshwanetseng. Abo re nna le ditshono tse di molemo jang ne tsa go bua puo e e itshekileng kwa dipokanong tsa Bokeresete! Fa re le koo re utlwa ba bangwe ba bolela maikutlo a bone ka puo eo ya boammaaruri jwa Dikwalo, mme le rona re ka nna le tshiamelo ya go akgela. A re boifa gore re ka nna ra bua sengwe se se phoso? A re se ka ra tshwenyega thata ka seo, gone fa phoso ya rona e siamisiwa ka bopelonomi ke mogolwane yo o okametseng pokano e e ntseng jalo ya Thuto ya beke le beke ya Tora ya Tebelo seo se tla re thusa go tokafatsa kafa re buang ka gone. Ka gone, ya kwa dipokanong tsa Bokeresete o bo o nne le seabe ka metlha mo go tsone.—Bahebera 10:24, 25.
Go Tsenelela ga Dilabe
6. Ke ka ntlha yang fa go na le pharologano e kgolo jaana fa gare ga Basupi ba ga Jehofa le diphuthego tsa ditumelo tsa Labokeresete?
6 Botlhe bao ba bolelelang ba bangwe boikaelelo jwa ga Jehofa le go itsise Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo ba bua puo e e itshekileng jaaka Basupi ba gagwe. Ba itsise leina la gagwe ebile ba mo direla ka “tumalanō e le ñwe,” kana ka mogopolo o le mongwe fela. (Sefania 3:9) Lemororo ditumelo tsa Labokeresete di tshotse Bibela, ga di bue puo e e itshekileng kana gone go bitsa leina la Modimo ka tumelo. (Yoele 2:32) Molaetsa wa bone ga se o o dumalanang o o thailweng mo Dikwalong. Ka ntlha yang? Gonne ba baya dingwao tsa bodumedi, botlhale jwa selefatshe, le go ikanya dipolotiki kwa pele ga Lefoko la Modimo. Boikaelelo jwa bone, tsholofelo ya bone le mekgwa ya bone ke tsa lefatshe le le boikepo leno.
7. Ke dipharologano dife fa gare ga Basupi ba ga Jehofa le ditumelo tsa maaka tseo di supilweng mo go 1 Yohane 4:4-6?
7 Labokeresete—tota ebile, mmuso otlhe wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka—ga e bue puo e e tshwanang jaaka Basupi ba ga Jehofa bone ba dira. Se se kgatlhang ke gore moaposetoloi Johane o ne a kwalela ba ba buang puo e e itshekileng jaana: “Lona lo ba Modimo, . . . me lo ba hentse: ka eo o mo go lona a le mogolo go heta eo o mo lehatshiñ. Bōnè ke ba lehatshe: ke gōna ba buañ yaka ba lehatshe, me lehatshe le ba utlwe. Rona re ba Modimo: eo o itseñ Modimo oa re utlwa: eo o señ oa Modimo ga a re utlwe. Rea itse mōea oa boamarure, le mōea oa timèlō ka gōna mouō.” (1 Yohane 4:4-6) Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba fenya baruti ba maaka gonne Modimo, yoo a utlwanang le batho ba gagwe, “a le mogolo go heta [Diabolo eo] o mo lehatshiñ” leo eleng setlhopha sa batho ba ba bosula. Ereka batenegi e le “ba lehatshe” ebile ba na le moya o o boikepo, “ke gōna ba buañ yaka ba lehatshe, me lehatshe le ba utlwe.” Mme batho ba sekadinku ba reetsa bao e leng ba Modimo, ba lemoga gore batho ba ga Jehofa ba bua puo e e itshekileng ya Bibela e ba e newang ka phuthego ya gagwe.
8. Monna wa boleo a ka tlhaolwa jang?
8 Go ne ga bolelelwa pele gore go tlile go nna le botenegi jo bogolo, mme “tenegō” e ne e setse e simolotse mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Fa nako e ntse e tsamaya banna ba ba neng ba amogela—kana ba ipha—maemo a go ruta mo phuthegong ba ne ba ruta dithuto tse dintsi tsa maaka. Puo ya bone e ne e sa itsheka le eseng. Ka jalo go ne ga tsoga “monna oa boleo” yo o dikarolo dintsi ebong baruti ba Labokeresete, bao ba neng ba golegilwe ke dingwao tsa bodumedi jwa maaka, botlhale jwa selefatshe, le dithuto tse e seng tsa Dikwalo.—2 Bathesalonia 2:3, 7.
Puo E E Itshekileng E Utlwiwa mo Lefatsheng Lotlhe
9. Ke kgatelopele efe mo bodumeding e e neng ya nna gone mo lekgolong la bo 19 la dingwaga?
9 Ke setlhophanyana se sennye fela sa batho ba ba boifang Modimo seo se neng sa “ganèlèla tumèlō e e sa leñ e neèlèlwa baitshepi.” (Yude 3) Badumedi ba ba ntseng jalo ba ne ba ka bonwa kae? Ditumelo tsa maaka di ile tsa tshola batho ka makgolokgolo a dingwaga ba le mo lefifing la semoya, mme Modimo o ne o itse ba sekae fela ba a neng a ba amogela. (2 Timotheo 2:19) Morago ga foo, mo diphetogong tse di neng tsa tlela kgwebo, diintaseteri, le loago mo lekgolong la bo 19 la dingwaga, go ne ga tla mantswe a a sa tshwaneng le a babele wa kakaretso wa ditumelo tse di tlhakatlhakaneng tsa maaka. Ditlhophanyana tse dinnye di ne tsa leka go bala ditshupo tsa metlha le go bonela pele gore Jesu o tla tla leng la bobedi, mme e ne e se botlhe ba ba neng ba bua puo e e itshekileng.
10. Ke setlhopha sefe sa tse di neng di bua ka “go tla ga bobedi” seo Modimo o neng wa se tlhopha gore se bue puo e e itshekileng, mme ke ka ntlha yang fa go itshupa fa letsogo la ga Jehofa le ne le na le bone?
10 Lefa go ntse jalo, go ne ga phepafala sentle ka 1879 gore lentswe le le neng le bua ka “go tla ga gagwe ga bobedi” leo Jehofa a neng a le tlhopha gore le bue puo e e itshekileng jaaka Basupi ba gagwe e ne e le lefe. Ka nako eo setlhophanyana se sennye sa Thuto ya Bibela seo se neng se eteletswe pele ke Charles Taze Russell se ne se kopana mmogo kwa Pittsburgh, kwa Pennsylvania, kwa U.S.A. Ba ne ba tlhomamisegile gore fa Jesu a tla ga bobedi seo e ne e tla bo e le tshimologo ya go nna gone ga ga Jesu mme a sa bonale, gore lefatshe le ne le emetswe ke nako ya mathata kwa pele, le gore e ne e tla latelwa ke Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse Di Sekete eo e neng e tla busetsa lefatshe go nna Paradaise eo batho ba ba boikobo ba tla tshelang mo go yone. Baithuti bano ba Bibela ba ne ba simolola go gatisa makasine oo jaanong o bidiwang Tora ya Tebelo ka July 1879. Go ne ga gatisiwa dikaelo di le 6 000 fela tsa tokololo ya one ya ntlha. Mme “seatla sa ga Jehofa” se ne se na le Basupi bao, ka go bo lokwalopaka loo jaanong lo gatisiwa ka dipuo di 111, le ka palogare ya dikaelo tse di fetang 15 000 000 tokololo nngwe le nngwe.—Bapisa Ditihō 11:19-21.
11, 12. Ke boammaaruri bofe jo bongwe jwa Dikwalo joo bo tlhaloganngwang ke ba ba buang puo e e itshekileng?
11 Puo e e itshekileng e kgonne go itsiwe mo lefatsheng lotlhe ka Bibela le ka dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa, mme segolobogolo e ne e le ka go bolela mafoko a a molemo ga Bakeresete bao ba ba tlhaga. Mme abo ba ba e buang ba bona melemo e megolo jang ne! Go na le go bolela gore ‘Modimo ke Modimo, Keresete ke Modimo, le Moya O O Boitshepo ke Modimo’ ka puo ya masaitseweng ya Tharonngwe, ba dumalana le Bibela gore Jehofa ke Mogodimodimo, Jesu Keresete o mmotlana mo go ene ke Morwawe, le gore moya o o boitshepo ke maatla a a dirang a a gakgamatsang a Modimo. (Genesise 1:2; Pesalema 83:18; Mathaio 3:16, 17) Batho ba ba buang puo e e itshekileng ba itse gore motho ga a itlhagelela go tswa mo ditsheding tse di kwa tlase mme gore o ne a bopiwa ke Modimo o o lorato. (Genesise 1:27; 2:7) Ba lemoga gore moya ga o tswelele o tshela morago ga loso—ntlha eo e dirang gore motho a se tlhole a boifa baswi. (Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4) Dihele di tlhaloganngwa gore ke lebitla le le tlwaelegileng la batho, eseng lefelo la pogiso le le nang le molelo le le dirilweng ke modingwana mongwe yo o bobaba. (Yobe 14:13) Ba itse gape gore tsogo ya baswi ke sengwe se Modimo o se solofeditseng.—Yohane 5:28, 29; 11:25; Ditihō 24:15.
12 Ba ba ithutang puo e e itshekileng ba tlotla madi le botshelo. (Genesise 9:3, 4; Ditihō 15:28, 29) Ba lemoga gore botshelo jwa ga Keresete jwa selefatshe ke tlhwatlhwa ya thekololo e e dueletsweng batho ba ba boikobo. (Mathaio 20:28; 1 Yohane 2:1, 2) Ga ba ke ba rapela “baitshepi,” ka go bo ba itse gore ba tshwanetse go rapela Jehofa Modimo ka Jesu Keresete. (Yohane 14:6, 13, 14) Ga ba dirise ditshwantsho mo kobamelong ya bone gonne Lefoko la Modimo le kgala kobamelo ya medimo ya disetwa. (Ekesodo 20:4-6; 1 Bakorintha 10:14) Mme ba tila dikotsi tsa kobamelo ya bodimona gonne ba gana tirisabadimo, eo le Bibela e e kgalang.—Duteronome 18:10-12; Bagalatia 5:19-21.
13. Ke ka ntlha yang fa bao ba buang puo e e itshekileng ba sa gakgamala?
13 Batlhanka ba ga Jehofa bao ba buang puo e e itshekileng, ga ba akabadiwe ke gore ba fa kae mo tsamaong ya nako. Jehofa o ba rutile gore ba mo “motlheñ oa bokhutlō,” nako eo Jesu a leng gone ka yone jaaka moya o o galalelang o o sa bonaleng. (Daniele 12:4; Mathaio 24:3-14; 2 Timotheo 3:1-5; 1 Petere 3:18) Keresete, a setswe morago ke masole a a maatla tota, o tla tloga a pagamela go tsena mo ntweng go diragatsa katlholo ya Modimo kgatlhanong le tsamaiso eno ya dilo. (Daniele 2:44; Tshenolō 16:14, 16; 18:1-8; 19:11-21) Ee, mme bao ba buang puo e e itshekileng ba rera mafoko a a molemo a gore Bogosi jwa Modimo ka Keresete bo tla tloga bo tlisa masego a magolo mo bathong ba ba boikobo mo lefatsheng la paradaise. (Isaia 9:6, 7; Daniele 7:13, 14; Mathaio 6:9, 10; 24:14; Luke 23:43) Dilo tsotlhe tseo, mme ebile re okotse fela fa godimo! Eleruri, puo e e itshekileng ke puo e e humileng tota le e e kwa godimo tota mo lefatsheng!
14. Bao ba buang puo e e itshekileng ba itumelela melemo efe e mengwe?
14 Masego ao a bonwang ke ba ba buang puo e e itshekileng a akaretsa “kagishō ea Modimo” eo e dibelang dipelo le maatla a rona a go akanya. (Bafilipi 4:6, 7) Ba ikobela melao ya Bibela, eo e dirang gore ba itekanele sentle mo mmeleng, ba itumele le go kgotsofala gonne ba itumedisa Jehofa. (1 Bakorintha 6:9, 10) Ee, ba ba buang puo e e itshekileng ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha le Modimo o le solofeditseng.—2 Petere 3:13.
E Dirise Kana E go Latlhegele
15. Go tlhaloganya puo e e itshekileng sentle go tla go solegela molemo jang?
15 Fa e le gore o tlile go bua puo e e itshekileng mo lefatsheng le lesha, o tshwanetse wa e itse sentle gore e bo e nne puo eo o akanyang dilo ka yone. Fa motho a ithuta puo, la ntlha o akanya dilo ka puo ya gagwe a bo a ranolela seo a se akanyang mo go e ntšha. Mme fa a ntse a nna setswerere mo puong e ntšha eo, o simolola go akanya dilo ka yone kwantle ga go ranola. Ka tsela e e tshwanang, fa o ithuta puo e e itshekileng ka botlhaga o tla kgona go e itse sentle mme o tla itse gore melao le melaometheo ya Bibela e e rarabololang mathata e dirisiwa jang le gore o ka dira jang gore o nne o ntse o le mo ‘tseleng ya botshelo.’—Pesalema 16:11.
16. Ke eng seo se ka nnang sa diragala fa o sa dirise puo e e itshekileng ka metlha?
16 O tshwanetse go dirisa puo e e itshekileng ka metlha, kana o tla latlhegelwa ke go kgona go e bua sentle. Go tshwantsha: Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, bangwe ba rona ba ne ba ithuta puo nngwe e sele. Re ka nna ra gakologelwa mafoko mangwe mo puong eo mme ga re kgone go e bua sentle gonne ga re a ka ra e dirisa ka metlha. Selo se se tshwanang se ka diragala ka puo e e itshekileng. Fa re sa e bue ka metlha re tla latlhegelwa ke tsela e e buiwang ka yone, mme seo se tla felela ka matlhotlhapelo a semoya sa rona. He a re e bueng ka metlha kwa dipokanong le mo bodiheding jwa Bokeresete. Ditiro tseno, mmogo le thuto ya gago ka namana, di tla re thusa go bua dilo sentle ka puo e e itshekileng. Mme abo seo se le botlhokwa jang ne!
17. Ke eng seo se bontshang gore puo e ka naya botshelo kana ya nna diphatsa?
17 Puo e ka boloka botshelo kana ya nna diphatsa. Seno se ne sa supiwa fa go ne go na le ntwa fa gare lotso lwa Iseraele lwa ga Eferaima le Moatlhodi Jafeta wa Gileade. Go tlhaola Baeferaima ba ba neng ba leka go tshabela kwa moseja wa Noka ya Joredane, Bagileade ba ne ba dirisa leina la sephiri “Shiboletha” leo le neng le simolola ka modumo o o reng “sh.” Banna ba Eferaima ba ne ba itshupa mo go Bagileade kwa dikagong tsa botshabelo tsa Joredane ka gore “Siboletha” go na le go re “Shiboletha,” ba sa bitse modumo wa lefoko leo wa fa o le simolola sentle. Go ne ga felela ka gore go bolawe Baeferaima ba le 42 000! (Baatlhodi 12:5, 6) Ka tsela e e tshwanang, seo baruti ba Labokeresete ba se rutang se ka nna sa utlwala se tshwana thata le puo e e itshekileng mo go bao ba sa tlwaelanang thata le boammaaruri jwa Bibela. Mme go bua ka tsela ya bodumedi jwa maaka go tla itshupa go le diphatsa ka letsatsi la bogale jwa ga Jehofa.
Re Tla Nna Re Ntse Re le Seoposengwe
18, 19. Sefania 3:1-5 e botlhokwa jang?
18 Fa re bua ka Jerusalema yo o sa ikanyegeng wa bogologolo le setshwani sa gagwe sa segompieno eleng Labokeresete, Sefania 3:1-5 e bolela jaana: “A bo go latlhèga èna eo o serukhutlhi eo o itshekologileñ, eboñ motse o o patikañ! Ga oa ka oa utlwa lencwe; ga oa ka oa amogèla thutō; ga oa ka oa ikanya mo go Yehofa; ga oa ka oa atamèla Modimo oa ōna. Dikgōsana tsa ōna mo gare ga ōna ke ditau tse di dumañ; baatlhodi ba ōna ke matlonkana a lotlatlana; ga a sadisetse moshō sepè. Baperofeti ba ōna ke batho ba ba bohahalele ba bonoñwane; baperisiti ba ōna ba tlhapaditse helō ga boitshèpō, ba shokile molaō. Yehofa o tshiamō mo gare ga ōna; ga a ketla a diha boikèpō; o tla a ntshetse katlholō ea gagwè mo lesediñ ka meshō meshō, ga a tlhaele; me basiamolodi ga ba itse ditlhoñ.” Mafoko ano a kaya eng?
19 Jerusalema wa bogologolo le Labokeresete wa motlha wa segompieno di ile tsa tsuologela Jehofa mme tsa iitshekolola ka kobamelo ya maaka. Ditiro tse di phoso tsa baeteledipele ba bone di ne tsa felela ka kgatelelo. Lemororo Modimo o ne wa ba tlhagisa kgapetsakgapetsa, ga ba a ka ba reetsa le go mo atamela. Dikgosana tsa bone di ne tsa nna jaaka ditau tse di dumang, ba itlhokomolosa tshiamo ka boikgogomoso. Baatlhodi ba bone ba nyeleditse tshiamo jaaka diphiri tse di garolang. Baperesiti ba bone ba “tlhapaditse helō ga boitshèpō, ba shokile molaō” wa Modimo. Ka jalo Jehofa o tla tloga a ‘phutha merafe a kokoanya magosi, go tla a gorometsa tšhakgalo ya gagwe mo go one, bogale jwa gagwe jotlhe jo bo fisang.’—Sefania 3:8.
20. (a) Ke eng se se tshwanetseng go dirwa gore re kgone go falola letsatsi la bogale jwa ga Jehofa? (b) O ka nna le tsholofelo ya go ipelela masego a a tswang kwa Modimong a goyagoile jang?
20 Letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le atamela ka bonako. Ka gone, gore o falolele mo lefatsheng le lesha la Modimo, ithute o bo o bue puo e e itshekileng ka bonako. O ka sirelediwa kgatlhanong le go tlhagelwa ke kotsi ya semoya jaanong le matlhotlhapelo a a atamelang ka bonako a a tlelang lefatshe fa o ka dira jalo. Basupi ba ga Jehofa ba bolela letsatsi la bogale jwa Modimo le molaetsa o o nametsang wa Bogosi jwa gagwe. Abo ba itumelela go bua ka kgalalelo ya bogosi jwa gagwe jang ne! (Pesalema 145:10-13) Nna seoposengwe le bone, mme ke gone o ka solofelang go ipelela botshelo jo bo sa khutleng le masego a mangwe a Mosimolodi wa puo e e itshekileng, Morena le Molaodi, Jehofa.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Ditsela tse dingwe tsa go ithuta puo e e itshekileng ke dife?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le molemo gore re bue puo e e itshekileng?
◻ Ke eng seo se ka diragalang fa o sa bue puo e e itshekileng ka metlha?
◻ Motho a ka falola letsatsi la bogale jwa ga Jehofa mme a ipelela masego a goyagoile jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Gideone le banna ba gagwe ba letsa dinaka le go tsholetsa dipone tsa bone
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go tloga ka 1879 go ya kwa pele go ne ga supiwa ka phepafalo sentle fela gore Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba dirisiwa ke Modimo go anamisa puo e e itshekileng
[Ditshwantsho mo go tsebe 20]
A o kopanela le Basupi ba ga Jehofa mo go bueng puo e e itshekileng?