Puo e e Itshekileng e Kopanya Boidiidi jo Bogolo Jwa Baobamedi
PUO e e itshekileng e e tswang mo Modimong ke nonofo e kgolo e e tshwaraganyang Bakeresete. Bosupi jwa seo bo ne jwa iponelwa ke botlhe ba ba neng ba tlile kopanong ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwaretswe kwa West Berlin go simolola ka Labobedi go ya go Labotlhano July 24 go ya go 27, 1990, ereka go ne go na le Basupi ba ba neng ba tswa kwa dinageng tse di farologaneng di le 64.
Ka nako ya fa Dikopano tsa Kgaolo tsa “Poifo Modimo” di ne di tshwaretswe kwa Poland ka paka ya selemo ka 1989, go ne ga tla diketekete tsa batlakopanong ba ba tswang kwa Russia le Czechoslovakia, mme go ne go tlile makgolo a sekae fela go tswa kwa Jeremane Botlhaba. Abo lefatshe le ne la bona diphetogo tse dikgolo jang ne tsa sepolotiki fa e sale ka nako eo! Mo lekgetlong leno, batlakopanong ba ba ka tshwarang 30 000 go tswa kwa Jeremane Botlhaba ba ne ba kopana le Basupi mo Olympia Stadium mo West Berlin. Kopano eno e ne e tshwana fela le makgolokgolo a tse dingwe tse di neng di tshwaretswe mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, ka kakaretso e le go tloga ka Labone go ya go Sontaga.
Mo puong ya gagwe e e simololang ya mafoko a kamogelo ka Labobedi, modulasetilo o ne a tlhalosa ka seabe seo dikopano di ileng tsa nna le sone fa e sale ka 1919 mo go thuseng Basupi ba ga Jehofa go dira botswelelopele mo go bueng puo e e itshekileng. Kopano eno le yone e tla thusa botlhe ba ba leng gone go tokafatsa kgono ya bone ya go bua puo e e itshekileng le go tshela ka yone. O ne a gakolola batlakopanong gore yone tsela e ba ikgabisang mmele ka yone le boitshwaro jwa bone, ke tsone tsela eo batho ba ga Jehofa ba supang botswelelopele jo ba bo dirileng mo go bueng puo e e itshekileng ka yone.
“Puo E E Itshekileng ya Merafe Yotlhe”
Ka mo go tshwanetseng, setlhogo se se fa godimo e ne e le sa puo ya setlhogo ya kopano. E ne e thailwe mo go Sefania 3:9, koo Modimo a neng a solofetsa jaana: “Gonne hoñ ke tla hetolèla dichaba puō e e itshekileñ, gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.” Puo e e itshekileng e kopanyeletsa go tlhaloganya le go itumelela boammaaruri kaga Modimo le maikaelelo a gagwe. Ke Jehofa fela yo o ka fang thuso mo go seno ka moya wa gagwe o o boitshepo. Go rata boammaaruri e tshwanetse ya nna gone selo se se tlhotlheletsang motho gore a ithute puo e e itshekileng, e e senang lefa e le leswe lepe fela la boitsholo.
Mme gape, go bua puo e e itshekileng ga se kgang fela ya go dirisa mofuta mongwe wa tlotlofoko. Go na le moo, tsela eo re tshelang ka yone e tshwanetse go dumalana le seo se tswang mo melomong ya rona. Totatota, segalo sa lentswe la rona, ponalo ya sefatlhego sa rona, le tsela eo re itshikinyang mmele ka yone le tsone di botlhokwa ka go bo di supa seo re leng sone tota. Re tshwanetse go nna le thulaganyo e e tlhomameng tota ya go ithuta le ya go ya dipokanong tsotlhe tsa phuthego ka metlha gore re tle re kgone go tsamaisana le puo e e itshekileng eo e ntseng e atologa.
Go Ithuta Puo E E Itshekileng
Fela jaaka puo nngwe mo thapameng ya Labobedi e ne ya otlelela, go ithuta puo e e itshekileng go kaya “Go Gatela Pele go Tloga mo Dithutong tsa Motheo go ya Kgolong E E Feletseng.” Kgolo e botlhokwa fela thata gore re tle re tswelele re ntse re gola semoyeng. Seo se raya go sola molemo dipaakanyetso tsotlhe tsa go dira botswelelopele jwa semoya le go dirisa melaometheo ya Bibela ka malatsi otlhe.
Re tshwanetse “Go Rutiwa ke Jehofa,” gore re kgone go bua puo e e itshekileng ka botswerere eleng setlhogo sa simposiamo sa Labone mo mosong. Sebui sa ntlha se ne sa bontsha kafa seno se neng sa ‘Bontshiwa ke Jesu Keresete’ ka gone. Tsela e Jesu a neng a bua ka yone le go itshwara ka yone e ne e supa gore o ne a rutilwe ke Jehofa. Ka jalo re rata go ruta fela kafa a neng a ruta ka gone. Mme fela jaaka Jesu a ne a ineela go dira thato ya ga Rraagwe ka metlha yotlhe, le rona re tshwanetse go dira jalo.
Dibui tse tharo tse di neng tsa latela di ne tsa bontsha kafa Jehofa a rutang ka gone ka dipokano le dikopano. Dipokano tsotlhe tse tlhano tsa phuthego di re solegela molemo mme ebile ga re a tshwanela go tlhokomologa epe ya tsone. Pokano nngwe le nngwe e botlhokwa fela thata go re thusa go tswelela pele mo semoyeng. Jehofa o re ruta gape a dirisa ka kopano ya rona ya potologo, ka kopano ya kgaolo, le ka dithulaganyo tsa letsatsi la kopano e e kgethegileng. Re tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko mme go tswa foo re bo re dirisa seo re se ithutileng gore re solegelwe molemo.
Simposiamo seno se ne sa latelwa ke puo e e reng “Go Itima Dilo Tse Dingwe Gore O Nne le Thuto Eo Eleng ya Gago ka Namana.” Go bona nako ya go dira seno, re tshwanetse go reetsa kgakololo e e mo go Baefesia 5:15, 16 gore re reke nako mo dilong tse di seng botlhokwa thata.
Mokgele wa rona o o utlwalang wa gore re ithute puo e e itshekileng ke gore re ineele re bo re kolobediwe. Boammaaruri jono bo ne jwa otlelelwa mo puong e e reng “Kolobetso ya Bao Ba Ithutang Puo E E Itshekileng.” Puo eno e dira gore batho ba bantsi ba ineele le go kolobediwa. Lefa go ntse jalo, motho o tshwanetse gore morago a tswelele go latela sekao sa ga Jesu ka gore a tlhagafalele go rera mafoko a a molemo, a apare botho jo bosha, mme a ikgaoganye le lefatshe.
Dijo Tse Di Loileng tsa Semoya
Batlakopanong ba ne ba itumedisiwa gape ke go amogela dijo tsa semoya tse di loileng tseo di neng di thailwe mo go diragadiweng ga diterama tsa seperofeti. Mo thapameng ya Labone, go ne go na le dipuo tse pedi tse di neng di thailwe mo ditlhogong tse di tserweng mo boperofeting jwa ga Esekiele. Ya ntlha, “Kara ya ga Jehofa ya Selegodimo E Ntse E Gatela Pele,” e ne ya tlhalosa kara e kgolo tota, e e galalelang e e boitshegang ya selegodimo e tsamaya ka lobelo lo lo tshwanang le lwa legadima. E tshwantshetsa phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo eo Modimo o e kgweetsang ka go e tsamaisa kgato nngwe le nngwe ka lorato a e dirisa go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe. Esekiele o tshwantshetsa masalela a a tloditsweng ka moya, segolobogolo fa esale go tloga ka 1919. Mme a ile a kopana mmogo le “boidiidi yo bogolo” segolobogolo go tloga ka 1935.—Tshenolō 7:9.
Puo e e latelang e ne e le ya setlhogo se se reng “Tsamaelagongwe le Phuthego E E Bonalang.” Ga go na pelaelo ya gore phuthego e e bonalang ya Modimo e tsamaisana le phuthego ya sekakara ya selegodimo. Fela jaaka Esekiele a ne a dira, batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba tshwanetse go diragatsa thomo ya bone ya seperofeti ka boikobo lemororo bangwe ba ba itlhokomolosa, ba ba sotla, kana gone go ba ganetsa. Go tsamaisana mmogo le yone go lere masego a mantsi jaanong le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo leo le tlang ka bofefo.
Mo mosong wa Labotlhano, dijo tsa semoya di ne tsa tsholwa ka dipuo tse tharo tse di thailweng mo go Isaia kgaolo 28. Ya ntlha mo go tseno e ne ya bontsha ka mafoko a a nonofileng gore matagwa a semoya a kwa Iseraele wa bogologolo le Juda a ne a tshwantshetsa matagwa a semoya a Labodumedi. Mme fela jaaka bao ba pele ba ne ba atlholwa botlhoko ke Jehofa, go tla nna fela jalo ka ba ba leng mo go Labodumedi.
Puo e e neng ya latela ya setlhogo se se reng “Botshabelo jwa Bone—Ke Maaka!,” e ne e na le tlhagiso e e gagametseng eno: Fela jaaka Egepeto oo Juda wa bogologolo a neng a o ikantse a ne a itshupa e se botshabelo jwa sepe, go tla nna fela jalo ka botsalano jwa Labodumedi le dipolotiki tsa motlha ono wa rona. Puo ya boraro e e neng e le mo go Isaia kgaolo 28, e e neng e re “Nnang Lo Ntse Lo Fa Tlhagiso kaga Tiro E E Sa Tlwaelegang ya ga Jehofa,” e ne e lebisitswe batho ba Modimo. Seo Jehofa a tlileng go se direla Labodumedi ka tshwanelo fela go ka twe ga se a tlwaelega, gonne se tlile go mo tlela a sa lebelela. Gompieno, Jehofa ke serwalo sa kgalalelo mo setlhopheng se sennye sa Bakeresete ba ba tloditsweng le mo go “dinku di sele” tseo jaanong di fetang dimilione di le nné. (Yohane 10:16) Sebui se ne sa konela ka mafoko a a tshikinyang maikutlo ano: “Ekete tlhoafalo ya rona, boikemisetso jwa rona, le go ikanyega ga rona di ka tlatseletsa mo go reng Modimo wa rona, ebong Jehofa a ko a galalediwe goyagoile!”
Go Bua Puo E E Itshekileng Go Kaya Go Supa Lorato Lwa Bokaulengwe
Mo thapameng ya Labotlhano batlakopanong ba ne ba bolelelwa sentle gore go bua puo e e itshekileng go raya go “Akanyetsa Masiela le Basadi Ba Ba Batlholagadi mo Pitlaganong ya Bone.” Basimane ba ba senang borraabo ba ka thusiwa ka go ba katisa ka namana. Re ka supa fa re akanyetsa batlholagadi ka go bua le bone ka bopelonomi re ba kgothatsa, ka go ba laletsa mo ditirong tsa rona tsa Bokeresete le mo dikokoanong tsa rona tsa fa re itapolositse, le ka go ba thusa ka dilo tse di bonalang fa e le gore ruri ba a tshwanela le fa ba tlhoka tota. Dipotsolotso di ne tsa bontsha kafa seno se dirwang ka gone.
Mo thapameng ya Labone, puo e nngwe gape e e omosang pelo e ne ya bontsha “Ka Moo Bakeresete Ba Tlhokomelanang ka Gone.” Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata ka go tlhokomelana, segolobogolo fa go tlhaga dikotsi tse di jaaka dikgwanyape le dithoromo tsa lefatshe, fa ba tlhoka go kwalela baokamedi, kana fa go na le sengwe se se tlhokegang mo lefelong la bone. Mme fa go tlhaga mathata a a tlisiwang ke go sa itekanelang, re tshwanetse go dirisa melaometheo e e akarediwang mo kgakololong ya ga Jesu e e mo go Mathaio 5:23, 24 le 18:15-17. Mme go tlhokega kutlwano le go dirisa tlhokomelo tota segolobogolo fa go tla mo dithulaganyong tsa kgwebo fa gare ga bakaulengwe gore mohiri kana mohiriwa a se ka a dirisa kamano ya bone ya semoya ka bogagapa.
Go Bua Puo E E Itshekileng go Kaya go Tlhokomela Boitsholo jwa Rona
Botlhokwa jwa go nna re tlhokometse boitsholo jwa rona bo ne jwa gatelelwa gangwe le gape. Ke gone ka moo sebui sa ntlha le sa Labobedi thapama se neng sa bua ka setlhogo se se reng “Go Utlwa Lefoko la Modimo le go Le Boloka.” Se ne sa bontsha gore go na le mabaka a mabedi a magolo a ka one re tlang kwa dikopanong: go bona kitso e e tlhomameng le go tlhotlhelediwa go dirisa kitso eo.
Puo ya ntlha mo mosong wa Laboraro e ne ya botsa potso eno e e hukutsang maikutlo tota e e reng “Keresete O Ne A “Ila Boikèpō”—A O A Bo Ila?” Ga go a lekana go rata fela tshiamo. Re tshwanetse gore gape re ile boikepo gore re tle re nne le segakolodi se se molemo, re nne le kamano e e siameng le Jehofa, le go tila go lere kgobo mo leineng la gagwe, le go tila go roba maungo a boikepo—go bola le loso.
Setlhogo seo se ne se amana thata le sa puo e e neng ya latela e e reng “Ganana le Tsela ya Lefatshe ya go Ijesa Dijo tsa Ditoro, Latelela Dilo tsa Mmatota tsa Bogosi.” Satane, Efa, baengele ba ba oleng botlhe ba ne ba ijesa dijo tsa ditoro go fitlha ba bo ba senyega. Dijo tsa lefatshe leno tsa ditoro, tse di akaretsang go lora ka go nna le dilo tse dintsi tse di bonalang kana ka dikgang tsa tlhakanelodikobo e e maswe, di felela ka gore o sale o swabile mme ebile gongwe fa go sa nna jalo e le gore o dirile phoso nngwe e e masisi. Re tshwanetse go latelela dilo tsa mmatota tsa Bogosi ka go ithuta, go rapela, le ka go ya kwa dipokanong, le ka bodihedi jwa phatlalatsa gore re kgone go lwa le go ijesa dijo tsa ditoro.
Gape re tshwanetse go reetsa kgakololo eno e e neng ya neelwa mo puong ya Laboraro thapama e e neng e re “Bakeresete—Tshelang Kafa Selekanyong sa Madi Ao Lo Nang Nao,” gore re tshele matshelo a a tlhamaletseng a Bokeresete. Go palelwa ke go dira seno go tla nna le matswela a a botlhoko tota mo nameng le mo semoyeng. Tsela e e botlhale ke go tlosa dilo tse motho a di eletsang ka bogagapa ka go sa dire sekoloto se se sa tlhokegeng le ka go rulaganya tekanyetso ya madi e e lekaneng madi a gago mme o bo o ganelela mo go direng go ya fela ka yone. Re tlhoka go tlhagolela poifomodimo ka dinako tsotlhe. Fa e na le kgotsofalo, ke papadi e kgolo.—1 Timotheo 6:6-8.
Botlhokwa jwa go tlhokomela bao re tsalanang le bone bo ne jwa otlelelwa mo puong ya Labobedi e e reng “A Ditsala tsa Gago Ke Ditsala tsa ga Jehofa?” Ditsala tsa rona e tshwanetse go nna Bakeresete bao ba nang le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete ebile ba le tlhaga mo tirong ya go rera. Ditsala tsa selefatshe ga se ditsala tsa Modimo, mme ga re kake ra itlosa bodutu le tsone re sa ikutlwise botlhoko. Le eleng mo teng ga phuthego re tlhoka go tlhopha fa re batla go nna le ditsala tse di agang.
Kgakololo e e fa pele e e kaga boitsholo e ne ya otlelelwa ka tsela e e bonalang sentle ka terama ya segompieno. Setlhogo sa yone se ne se re “Go Lwa Kgatlhanong le Maano A Boferefere A ga Diabolo Ka Katlego.”
Kgakololo ya Malapa ya Puo E E Itshekileng
Puo e e neng e tlhokega thata e ne e le ya Laboraro e e reng “Batsadi—Diragatsang Maikarabelo A Lona!” Batsadi ba tshwanetse go itse go rata ga Modimo ka bobone mme ba go dire ka bojotlhe kafa ba ka kgonang ka gone. Gape ba tshwanetse go ruta bana ba bone Lefoko la Modimo le go le gatelela mo go bone. Mo godimo ga moo, ga go a lekana go tsamaya le bana fela kwa dipokanong tsa Bokeresete le mo bodiheding. Ba tshwanetse go rutiwa go rata Jehofa le go bona kafa go leng botlhale ka gone go dira dilo tsa bomodimo.
Morago go ne ga latela simposiamo se se neng se bua kaga “Lelapa mo Motlheng Ono wa Rona.” Sebui sa ntlha se ne sa bontsha gore Modimo ke one o simolotseng lelapa. Borre ba tshwanetse go nna le puisano e e molemo kaga dilo tsa semoya. Bommè e tshwanetse go nna bommamalapa ba ba molemo, mme bana ba tshwanetse go tlotla Jehofa ka go dirisana mmogo le batsadi ba bone.
Sebui se se latelang se ne sa bontsha gore lelapa “Le Tlhasetswe ke Baba.” Kgatelelo ya itsholelo e na le seabe se segolo. Go na le diteko tse dintsi tsa go dira se se phoso kwa tirong, mme metswedi eo e phasalasang dikgang e tletse ka thubakanyo, tlhakanelodikobo e e maswe, ebile di kgothaletsa batho go rata dilo tse di bonalang. Tao e tshwanetse ya simololwa ka bonako tota, mme go tlhokega gore go dirwe maiteko a magolo ka tlhoafalo go fenya tlhotlheletso ya selefatshe. Didirisiwa tsa bolegodimo tseo re di newang ke Mokgatlho wa Watch Tower di tshwanetse tsa dirisiwa sentle.
Puo e e latelang e e neng e bua ka lelapa e e neng e re ‘Go Le Bolokela mo Lefatsheng Le Lesha,’ e ne ya otlelela gape boikarabelo jo bo masisi joo batsadi ba nang najo. Go katisa bana go tshwanetse ga dirwa ka boikanyego tota. Go ne ga newa kgakololo e e molemo tota kaga dithuto tsa Bibela tsa malapa le seo se ka ithutiwang, tsotlhe tseno e le ka boikaelelo jwa go fitlhelela dipelo tsa bana. Ke ka go dira jalo fela batsadi le bana ba ka solofelang go bolokelwa mo lefatsheng le lesha jaaka lelapa.
Puo e e neng e re “Go Dirisana ka Katlego mo Lelapeng Le Le Kgaoganeng” e ne ya naya kgakololo e e molemo kaga mofuta wa lelapa leo bontsi jwa Basupi ba iphitlhelang ba le mo go lone. Bao ba neng ba le mo maemong ao ba ne ba gakololwa gore ba se ka ba tlhoboga balekane ba bone ba ba sa dumeleng gore ka nako nngwe ba ka fetoga badumedi. Senya nako o ntse le molekane yo o sa dumeleng o bo o tlhomamise gore o dira bojotlhe go fitlhelela dilo tse di tlhokwang mo molekaneng yo e leng Mokeresete. O ka bona thuso mo bagolwaneng kana gongwe mo go ba bangwe ba ba leng mo malapeng a a kgaoganeng.
Go Bua Puo E E ITshekileng le Ba Bangwe
Ka mo go tshwanelang tota, tlhokomelo e ntsi e ne ya lebisiwa mo go diriseng ditshono tsa go ruta ba bangwe puo e e itshekileng. Ka gone, ka Laboraro mo mosong batlakopanong ba ne ba reetsa puo e e neng e re “Dirisa Nako ya Gago E E Botlhokwa ka Tsela E E Botlhale.” Go dira seo re tshwanetse go rulaganya dilo go ya ka botlhokwa jwa tsone, re dira tumalanong le Mathaio 6:33 e e bolelang jaana: “Batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè.” Seo se akaretsa go beela nako ya go ithuta Bibela ka namana fa thoko, re ye kwa dipokanong tsotlhe, le go nna gone ka metlha mo bodiheding jwa tshimo. Seno se re tlhoka gore re sole molemo nako e re neng re e dirisetsa dilo tse di seng botlhokwa thata lemororo e ne e le tse di itumedisang. Dipotsolotso di le mmalwa di ne tsa supa kafa ba bangwe ba dirang seno ka gone.
Ga re a tshwanela go lebala le ka motlha gore re Basupi ba ga Jehofa. Mo thapameng ya Labone, dipontsho di le mmalwa di ne tsa otlelela ntlha e e neng e le mo setlhogong se se neng se re “Tswela Pele O Ntse O Bua Puo E E Itshekileng ka Lobaka Longwe le Longwe.” Dipontsho tseno di ne tsa bontsha kafa seno se ka dirwang ka gone mo bosuping jwa mmila, mo bosuping jo bo tlwaelegileng, le ka go dirisa thelefono. Go rata Jehofa Modimo le moagelani ka go tlhoka bogagapa go tla re tlhotlheletsa go bua puo e e itshekileng mo lobakeng longwe le longwe.
Puo e e latelang e e neng e re “Masego Ao A Bonwang ke Bao Ba Sa Ikgogoneng” e ne e atamalane thata le setlhogo seo. Phuthego e e rutang mo lefatsheng ka bophara ya Basupi ba ga Jehofa e eme e tlhomologile tota e farologane thata le Labodumedi. Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go lwa kgatlhanong le dikgatelelo, jaaka go ganediwa ke batho ba puso, letlhoo le le anameng, le mathata a ikonomi. Dipontsho tse di neng di thailwe mo bukeng Go Fetolana ka Dikwalo di ne tsa bontsha kafa dikgatelelo tseno di ka fenngwang ka gone.
Terama ya Bibela e e neng e re Go Dira Thato ya Modimo ka Tlhoafalo, e ne ya kgothaletsa gore go rerwe ka botlhaga. E ne ya bontsha kafa Jehu a neng a tlhagafaletse leina la ga Jehofa ka gone le kafa go leng botlhokwa ka gone gore re supe bopelokgale le botlhaga jo bo tshwanang mo tirong ya Modimo.
Tse Di Golotsweng kwa Kopanong
Go ne ga gololwa dikgatiso tse pedi tse di tlhomologileng ka Seesemane le ka Sejeremane ka nako ya kopano. Ya ntlha ya dikgatiso tseno e ne ya itsisiwe mo puong ya setlhogo se se neng se re “O ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang ka Madi?” La ntlha sebui se ne sa bolela bodiphatsa jwa go tshelwa madi. Se ne sa supa gore go na le dilo tse dintsi tse di ka dirisiwang mo boemong jwa madi fa motho a dutlile madi a mantsi. Mme Basupi ba ga Jehofa ba ithiba mo mading eseng ka gonne seo se le kotsi mo boitekanelong mme gonne ba go leba go se boitshepo. Ba ithiba, eseng ka gonne madi ao a ka tswa a le leswe, mme gonne a le botlhokwa thata mo Modimong. Madi ao a nayang botshelo tota ke madi a ga Jesu Keresete. Fa se konela, sebui se ne sa kgatlha bareetsi ba sone ka go ba bontsha boroutšhara ya ditsebe tse 32 Madi A ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
Kgatiso ya bobedi ya botlhokwa e ne ya gololwa mo puong e e neng e re “Batlang Jehofa, Lona Batho.” Ka kakaretso fela, batho ga ba batle Modimo. Go nna gone ga ditumelo tse dintsi go supa fela kafa motho a timetseng ka gone mo go batleng Modimo gonne a ile a itlhokomolosa Lefoko la Modimo. Jaaka dipego tsa rona tsa Segopotso tsa ngwaga le ngwaga di bontsha, dimilione tse dintsi di tlhoka go thusiwa go emela Jehofa, Isaia 55:6, 7 e bontsha gore Jehofa ruri ke Modimo o o lorato le o o kutlwelobotlhoko, o o iketleeditseng go “ichwarèla ka botlalō.” Jaaka Basupi ba gagwe, re neilwe puo e e itshekileng gore re kgone go thusa ba bangwe go tla go kopanela le rona mo go direleng Jehofa ka kutlwano.
Batho ba ga Jehofa gompieno ba lebane le kgwetlho ka ntlha ya go fuduga thata ga batho. Go felela ka gore, go nne le batho ba ditumelo tsotlhe mo tshimong ya rona. Ka jalo Mokgatlho o ne wa re naya buka e e molemo ya ditsebe di le 384 e e reng Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo gore re thuse Bahindu, Babuda, Bashinto, le ba bangwe ba ditumelo tse dingwe tse dintsi. E naya dithuto tsa motheo tsa ditumelo tse dikgolo tse di ka kwa ntle ga Labodumedi e naya bosupi ka metswedi. Gape e latedisa rekoto ya bodumedi jwa maaka jo bo leng mo go Labodumedi. Buka eno e ka bulatsela ya go simolola dithuto tsa Bibela le batho ba ba ipolelang fa e le ba ditumelo tse di farologaneng.
Puo ya Phatlalatsa le Dikakgelo Tse Di Konelang
Setlhogo sa puo ya phatlalatsa ya Labotlhano se ne se re “Dirwang Seoposengwe ke Puo E E Itshekileng.” Sebui se ne sa bolela gore lemororo kutlwano e thibelwa ke dipuo tse di farologaneng di le dikete di le tharo, puo e e itshekileng ke maatla a a lereng kutlwano. E ile ya sireletsa Basupi ba ga Jehofa mo diphosong tsa Sebabelona, ya ba ruta gore ba tlotle boitshepo jwa botshelo le madi, ya bo ya ba ruta go tshela ka melaometheo ya Bibela eo e ba solegelang molemo semoyeng le mo nameng. Botlhe ba tshwanetse go tshwenyega kaga go ithuta le go bua puo e e itshekileng, ka go bo ba ba dirang jalo ke bone fela ba ba tla falolang Hara-Magedona. Ga re a tshwanela go senya nako go dira go ya ka kgakololo ya Sefania 2:1-3.
Fa go sena go newa kgakololo e e molemo ya Dikwalo kaga botlhokwa jwa go ‘Nna Re le Tlhaga mo Dithapelong,’ go ne ga latela dikakgelo tse di konelang tse di neng di thailwe mo setlhogong se se reng “Go Sepela ka go Dumalana le Puo E E Itshekileng.” Eleruri palo ya bao jaanong ba sepelang tumalanong le puo e e itshekileng e a oketsega. Mme bao ba neng ba tlile dikopanong tseno ba ne ba supa fa ba tseela puo e e itshekileng kwa godimo ka bophepa jwa bone, go latela thulaganyo ga bone le go dira ga bone ka kutlwano le phuthego. Dikgatiso tse di golotsweng bosha di tla thusa Basupi botlhe ba ga Jehofa go gasa puo e e itshekileng eno ka botswerere le go feta.
Sebui sa bofelo sa kopano se ne sa gakolola botlhe gore ba tlhoka go itshoka. Se ne sa bontsha gore kopano eno e tshwanetse go nonotsha boikaelelo jwa bone jwa go gatela pele. Se ne sa konela ka mafoko ano: “Ekete re ka tswelela re sepela tumalanong le puo e e itshekileng eo re e neilweng ke Modimo e le gore re ke re galaletse Rraarona yo o kwa legodimong yo o lorato, ebong Jehofa, jaanong le ka bosakhutleng!”
[Lebokoso mo go tsebe 26]
Palo e e kwa godimo ya ba ba neng ba tlile kwa kopanong kwa West Berlin e ne e le 44 532, mme go ne ga kolobediwa ba le 1 018. Go ne ga tsaya bakolobediwa metsotso e le 19 go tswa mo Olympia Stadium, mme mo nakong yotlhe eno, go ne go ntse go opiwa diatla go sa kgaotswe. Go ne go na le thulaganyo e e kgethegileng ya batlakopanong ba ba buang Seesemane Ba le 6 000 mo go bano ba ne ba utlwa thulaganyo yotlhe ka puo ya bone. Kwa kopanong eno gape go ne go na le ba le 4 500 go tswa kwa Poland; mme maloko a Setlhopha Se Se Laolang a ne a naya dipuo tse dikhutshwane mo dipakeng di le pedi mo dinakong tsa thapama gore ba solegelwe molemo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
1. Kwa Olympia Stadium, West Berlin
2. Thulaganyo ya Sejeremane ya kopano
3. Baemedi ba ne ba tla ka dibese di le 200 go tswa kwa Jeremane Botlhaba
4. Batlakopanong ba Babapolishe ba ne ba itumelela go bona dikgatiso tse di golotsweng
5. Mekgabiso ya dithunya e ne ya ntlafatsa lefelo 6. A. D. Schroeder leloko lengwe la Setlhopha Se Se Laolang mo thulaganyong kwa West Berlin