Ela Dikao Tsa Bopelotelele Tlhoko
“Modimo . . . oa iphapaanya ka pelotelele yo bogolo le diyana tsa kgalehèlō tse di etleegetseñ tshenyègō.”—BAROMA 9:22.
1. (a) Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo le re solegela molemo jang? (b) Mabapi le seno, ke ka ntlhayang fa nonofo ya bopelotelele e sekasekiwa fano?
JEHOFA Modimo, Mmopi wa rona, o ne a re naya Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng eleng Bibela e e Boitshepo. Le tshwanetse go nna ‘lobone lwa maoto a rona le lesedi la tsela ya rona.’ (Pesalema 119:105) Lefoko la Modimo le re thusa gore re ‘nne boitekanelo, re iketleeleletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.’ (2 Timotheo 3:16, 17) Tsela nngwe eo le re tlhomelelang ka yone ke ka go re naya dikai tse di molemo tota tsa ba ba ileng ba supa bopelotelele. Nonofo eno ke nngwe ya maungo a moya wa Modimo mme re e tlhoka tota gore a re amogele le gore re kgone go tshela ka kutlwano le batho ba bangwe.—Bagalatia 5:22, 23.
2. Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “bopelotelele” le kaya eng, mme ke mang yo o kwa tlhogong mo go bontsheng nonofo eno?
2 Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “bopelotelele” fa le bolelwa fela jaaka le ntse le kaya “go nna le moya o moleele.” Bopelotelele bo ile jwa tlhalosiwa jaaka “nonofo ya go itshwara fa o gwetlhiwa eo e sa ipusolosetseng ka bonako kana e itlhaganelela go otlhaya.” (Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words, e e kwadilweng ke W. E. Vine, Bolumo 3, tsebe 12) Go nna pelotelele go raya go kgona go itshwara le go nna bonya go galefa. Mme ke mang tota yo mogolo mo go bao ba supang bopelotelele? Ga se ope fa e se Jehofa Modimo. Ke gone ka moo re balang mo go Ekesodo 34:6 gore Jehofa ke “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” Ebile tota, Dikwalo di bolela fa Jehofa a le “bonya go galeha,” ka makgetlo a a fetang robedi.—Dipalō 14:18; Nehemia 9:17; Pesalema 86:15; 103:8; 145:8; Yoele 2:13; Yona 4:2; Nahume 1:3.
3. Ke dinonofo dife tse di dirang gore Jehofa a nne pelotelele?
3 Totatota re tla lebelela gore Jehofa Modimo a nne pelotelele, kana a nne bonya go galefa, ka go bo a na le maatla le botlhale tse di ka se kang tsa lekanngwa, a itekanetse mo tshiamong, mme ebile e le sekao sa lorato ka boene. (Duteronome 32:4; Yobe 12:13; Isaia 40:26; 1 Yohane 4:8) O kgona go laola dinonofo tsa gagwe, a di dirisa ka tekatekano ka dinako tsotlhe. Lefoko la gagwe le senola eng kaga lebaka le mokgwa o a neng a supa bopelotelele jwa gagwe mo bathong ba ba sa itekanelang ka tsone?
O Pelotelele ka Ntlha ya Leina la Gagwe
4. Modimo o ne wa supa bopelotelele mo baleofing ka mabaka afe a a molemo?
4 Ke ka ntlha yang fa Jehofa a le pelotelele? Ke ka ntlha yang fa a sa otlhaye baleofi ka bonako fela? Ga se ka go bo a sa kgathale kana a sa tlhoafalela go lere tshiamo. Nnyaa, Jehofa o bonya go galefa mme ebile ga a otlhaye batho ka bonako ka ntlha ya mabaka mangwe a a molemo. Lebaka le lengwe ke gore leina la gagwe le tle le itsisiwe. Lebaka le lengwe gape ke gore go ne go tlhokega nako gore kgang ya bolaodi jwa Modimo le bothokgami jwa batho eo e neng e tsositswe ke botsuolodi jwa kwa Edena e rarabologe. Lebaka le lengwe gape la go bo Modimo o le pelotelele ke gore o naya bao ba dirang diphoso tshono ya go baakanya ditsela tsa bone.
5, 6. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a supa bopelotelele fa motho a ne a tsuolola?
5 Jehofa o ne a le pelotelele fa a ne a dirisana le batho ba babedi ba ntlha kwa tshimong ya Edena. Fa ba ne ba tlola molao wa gagwe wa gore ba se ka ba ja loungo lwa setlhare sa kitso ya molemo le bosula, o ne a ka nna a bo a ile a ba bolaya ka bonako fela mmogo le moengele yoo a neng a tsieditse Efa yoo. Ga go na pelaelo gore tsela e Jehofa a tsayang tshiamo le tshiamiso ka yone e ne e tlodilwe, gore batsuolodi ba bararo bao ba ne ba mo galefisitse tota. O ne a tla bo a dirile sentle fela fa a ka bo a ne a ba bolaya ka gangwe fela. Modimo o ne o tlhagisitse motho wa ntlha ebong Adame jaana: “Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” (Genesise 2:17) Modimo o ne wa sekisa batho ba ba tlotseng molao bao mo go lone letsatsi leo Adame a neng a leofa ka lone mme wa ba atlholela loso. Go ya fela kafa ba neng ba atlhotswe ka gone, Adame le Efa ba ne ba swa mo go lone letsatsi leo. Lefa go le jalo, Mmopi wa rona yo o pelotelele o ne a letla Adame go tshela dingwaga tse 930.—Genesise 5:5.
6 Modimo o ne a na le mabaka a a molemo a go bo a ile a nna pelotelele, kana bonya go galefa, mo kgannyeng eno. Fa a ne a ka bo a ile a bolaya batsuolodi bao gangwe fela, seo se ka bo se se kile sa araba tshotlo e e neng e sa tlhamalala ya ga Diabolo ya gore Jehofa Modimo ga a tshwanelwe ke kobamelo le gore ga a kake a nna le batlhanka ba ba tla ikanyegang mo go ene lemororo ba ka nna mo maemong ape fela. Mo godimo ga moo, dipotso tse di tshwanang le tseno di ka bo di sa arabiwa: E ne e le phoso ya ga mang go bo Adame le Efa ba leofile? A Jehofa o ne a dirile batho ba ntlha ba le bokoa thata mo boitsholong mo e leng gore ba ne ba ka se ka ba kgona go fenya fa ba lekiwa mme morago a bo a ba otlhaela go dira jalo? Karabo ya dipotso tseno tsotlhe e bonala sentle mo pegong e e mo bukeng ya ga Jobe, kgaolo 1 le 2. Jehofa o ne a letla batho gore ba nne le ditshono tsa go supa fa ditatofatso tsa ga Satane e le maaka ka go letla batho gore ba ate.
7. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a se kile a bolaya Faro gangwe fela?
7 Jehofa o ne a supa bopelotelele gape fa a ne a setse a le gaufi le go golola batho ba gagwe ebong Baiseraele kwa botshwarong kwa Egepeto. Jehofa a ka bo a ile a nyeletsa Faro le masole a gagwe ka gangwe fela. Lefa go ntse jalo, go na le go dira jalo, Modimo o ne wa ba itshokela ka lobakanyana. O ne o dira jalo ka mabaka afe a a molemo? Ebu, fa nako e ntse e tsamaya, Faro o ne a nna peloethata mme a se ka a tlogela Baiseraele go tswa mo Egepeto jaaka batho ba ga Jehofa ba ba gololesegileng. Ka gone, o ne a itshupa gore ke ‘sejana sa kgalefelo’ seo se neng se tshwanelwa go senngwa ka go bo se ne se nyenyefatsa Jehofa. (Baroma 9:14-24) Lefa go le jalo, go ne go na le lebaka lengwe le legolwane la go bo Modimo o ne wa nna pelotelele mo kgannyeng eno. O ne a laela Moshe go bolelela Faro jaana: “Ka go bo ha nka bo ke ntshitse seatla sa me go gu itaea le batho ba gago ka kgogodi, u ka bo nene hano o kgaocwè mo lehatshiñ yeotlhe. Me rure hèla ke gu emiseditse gōna mouō, gore ke go bontshè nonohō ea me, le gore leina ya me le bolèlwè mo lehatshiñ yeotlhe hèla.”—Ekesodo 9:15, 16.
8. Modimo o ne wa se ka wa bolaya Baiseraele ba ba neng ba tsuologa mo nageng ka lebaka lefe?
8 Jehofa o ne a supa bopelotelele gape ka mabaka a a molemo fa Baiseraele ba ne ba le mo nageng. Abo ba ile ba leka boitshoko jwa Modimo jang ne ka go obamela namane ya gouta le ka go palelwa go supa tumelo fa ditlhodi tse di lesome di ne di boa ka pego e e sa itumediseng! Modimo ga o a ka wa nyeletsa batho ba gagwe gonne leina la gagwe le kafa a neng a itsege ka gone di ne di amega. Ee, Jehofa o ne a supa bopelotelele ereka leina la gagwe le kafa a itsegeng ka gone di amega.—Ekesodo 32:10-14; Dipalō 14:11-20.
O Pelotelele ka Ntlha ya Batho
9. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a itshupa a le pelotelele mo metlheng ya ga Noa?
9 Jehofa ga a bolo go nna pelotelele mo bathong fa esale Adame a direla ba e neng e tlile go nna bana ba gagwe phoso, a ba direla bosula jo bogolo ka go leofa. Bopelotelele jwa Modimo bo ne jwa dira gore phoso eo e baakanngwe ka go letla gore batho ba ba ikwatlhayang ba bone nako ya go boelana le ene. (Baroma 5:8-10) Jehofa Modimo o ne a supa bopelotelele gape mo bathong ka motlha wa ga Noa. Ka nako eo, “Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe.” (Genesise 6:5) Lemororo Modimo o ka bo o ne wa nyeletsa batho botlhe ka bonako fela fa a simolola go bona boemo jono, o ne wa laela gore o ne a tla khutlisa boemo jono mo dingwageng tse 120. (Genesise 6:3) Go supa bopelotelele gono go ne ga dira gore Noa a nne le nako ya go nna le barwa ba bararo, ba bo ba gole le go nyala, le gore lelapa leo le age araka go boloka meya ya bone le go boloka diphologolo. Ka tsela eno boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong bo ne jwa kgona go tswelela.
10, 11. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a le pelotelele jaana le morafe wa Iseraele?
10 Tlhaloso e nngwe gape ya bopelotelele e amana segolobogolo le kafa Modimo o dirisanang le batho ka gone. Bo tlhalosiwa e le “go itshoka ka bopelotelele fa o direlwa phoso kana o gwetlhiwa, goo go kopaneng le go sa latlhegelweng ke tsholofelo ya gore kamano e e senyegileng eno e tla siama.” (Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 262; e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.) Seno se re bontsha lebaka le lengwe gape la go bo Modimo o ne o le pelotelele mo Baiseraeleng. Ba ne ba tlhola ba tlogela Jehofa mme ba nna ditshwarwa tsa merafe ya Baditšhaba. Lefa go le jalo, o ne a nna pelotelele le Baiseraele ka go ba golola le go ba naya tshono ya go ikwatlhaya.—Baatlhodi 2:16-20.
11 Bontsi jwa dikgosi tsa Iseraele bo ne bo tsenya batho ba bo ba busang mo kobamelong ya maaka. A Modimo o ne wa latlha morafe oo ka gangwe fela? Nnyaa, ga a ka a latlhegelwa ka bonako fela ke tsholofelo ya gore kamano ya gagwe le bone e e neng e senyegile e ne e ka se tlhole e siama. Go na le moo, Jehofa o ne a se ka a galefa ka bonako. Modimo o ne o tlhola o ba naya tshono ya go ikwatlhaya ka go nna pelotelele mo go bone. Re bala jaana mo go 2 Ditihalō 36:15, 16: “Me Yehofa, Modimo oa borrabō, a roma kwa go bōnè ka baroñwa ba gagwè, a phakèla a ba roma; ka gonne o na a utlwèla batho ba gagwè botlhoko, le helō ga boagō yoa gagwè; Me ba shotla baroñwa ba Modimo, ba nyatsa mahoko a gagwè, ba tshèga baperofeti ba gagwè, ga tsamaea bogale yoa ga Yehofa yoa cogèla batho ba gagwè, ga tsamaea phodishō ea tlhōkahalèla rure.”
12. Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di re naya bosupi bofe kaga lebaka la go bo Jehofa a le pelotelele?
12 Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika le tsone di na le bosupi jwa gore Jehofa o supa bopelotelele fa a thusa batho ba gagwe ba ba neng ba dira diphoso. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o botsa Bakeresete ba ba tlolang molao jaana: “Kgotsa a u nyatsa letlōtlō ya molemō, le ya boiphapaanyō, le ya bopelotelele yoa ōna, u sa itse ha molemō oa Modimo o gu gōgèla kwa boikwatlhaoñ?” (Baroma 2:4) Mafoko ano a ga Petere le one a bolela se se tshwanang: “Morèna ga a bonya kaga polèlō ea gagwè ea choloheco, yaka bañwe ba tle ba kaee bonya; me o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaoñ.” (2 Petere 3:9) Go a tshwanela he go bo re bolelelwa gore re “kaeè, go re, bopelotelele yoa Morèna ke poloka.” (2 Petere 3:15) Ka gone re bona gore Jehofa o pelotelele, eseng ka gonne a ikutlwa go dira jalo kana a lesa dilo fela, mme gonne leina la gagwe le boikaelelo jwa gagwe di amega ebile o kutlwelobotlhoko le lorato.
Sekao sa ga Jesu sa Bopelotelele
13. Ke bosupi bofe jwa Dikwalo jo bo gone jwa gore Jesu Keresete o ne a le pelotelele?
13 Sekao sa bopelotelele seo e leng sone fela se tlang la bobedi mo go seo se tlhomilweng ke Modimo ke sa Morwawe, Mesia, Jesu Keresete. Ke sekao se se molemo tota sa boitshoko seo se sa ipusolosetseng ka bonako fa se gwetlhiwa.a Moperofeti Isaia o ne a bolelela pele jaana ka mafoko ano gore Mesia o ne a tla nna pelotelele: “O na a patikwa, leha go nntse yalo a ikisa tlhatse hèla, a se ka a ba a cwa molomo; yaka kwanyana e e gōgèlwañ kwa tlhaboñ, le yaka nku e le semumu ha pele ga babeodi ba eōna; E, ga a ka a cwa molomo gopè.” (Isaia 53:7) Petere le ene o supa fa seo se le boammaaruri ka polelo eno ya gagwe: “Eo e rileñ a kgōywa, a se ka a ba a kgōba; eo e rileñ a boga botlhoko, a se ka a bōpa; me a ineèla hèla mo go eo o atlholañ ka tshiamō.” (1 Petere 2:23) Abo barutwa ba ga Jesu ba tshwanetse ba bo ba ne ba mo utlwisa botlhoko jang ne ka go nna ba lwela gore yo mogolo ke mang! Lefa go le jalo abo a ne a le pelotelele ebile a ba itshokela jang ne!—Mareko 9:34; Luke 9:46; 22:24.
14. Sekao sa ga Jesu sa go nna pelotelele se tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?
14 Re tshwanetse go latela sekao seo Jesu a neng a se tlhoma sa bopelotelele. Paulo o ne a kwala jaana: “A re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele, Re nntse re lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona, eo e rileñ ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō, a nyatsa ditlhoñ, me a dula kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi. A lo ko lo akanyeñ èna eo o ichoketseñ kganèlō e e kalo kalo ea baleohi ba ba ikganetsañ, gore lo tlè lo se ka loa lapa, loa ñōdièga mo meoeñ ea lona.”—Bahebera 12:1-3.
15. Re itse jang gore Jesu o ne a le pelotelele le gore o ne a itshokela dipogiso fela ka go rata?
15 Tsela eo Jesu a neng a itshwara ka yone ka nako ya fa a ne a golegwa e supa sentle gore o pelotelele le gore o ne a itshokela diteko fela ka go rata. Fa a sena go kgalema Petere ka go bo a ne a dirisa tšhaka go sireletsa Mong wa gagwe, Jesu o ne a bolela jaana: “Kgotsa a ua itlhoma, go re, ke sa kake ka rapèla Rrè, me e re hèla yana a rome bogolo go mephatō e le shomè le bobedi ea baengele go nthusa? Me hoñ dikwalō di ne di tla dihala yañ ka di re, Go na le go nna yana?”—Mathaio 26:51-54; Yohane 18:10, 11.
Dikao Tse Dingwe tsa Bopelotelele
16. Dikwalo di bontsha jang gore morwa wa ga Jakobe ebong Josefa o ne a le pelotelele?
16 Batho ba ba sa itekanelang, ba ba leofang le bone ba ka supa bopelotelele. Dikwalo tsa Sehebera di na le dikai tsa go itshokela diphoso ka bopelotelele ga batho ba ba sa itekanelang. Sekai se sengwe ke Josefa, morwa wa tlhogo ya lotso ya Mohebera, Jakobe. Abo a ne a itshoka ka bopelotelele jang ne fa a ne a siamololelwa ke bomorwarraagwe ka rraagwe le fa a ne a simololelwa ke mosadi wa ga Potifaro! (Genesise 37:18-28; 39:1-20) Josefa ga a ka a letla diteko tseno go mo shakgatsa. Seno se ne sa bonala fa a ne a raya bomorwarraagwe a re: “Me yana lo se ka loa hutsahala, leha e le go ikgalehèla ka go bo lo loa nthekisa ka tla kwano; gonne Modimo o nthomile ha pele ga lona go boloka botshelō.” (Genesise 45:4, 5) Abo Josefa a ne a tlhoma sekao se se molemo jang ne sa bopelotelele!
17, 18. Re na le bosupi bofe jwa gore Dafide o ne a le pelotelele?
17 Dafide ke sekao se sengwe gape sa motlhanka wa ga Jehofa yo o ikanyegang yo a neng a itshokela go direlwa diphoso, a supa bopelotelele. Dafide a ka bo a ile a ipusolosetsa ka go bolaya Kgosi Saulo yo a neng a le lefufa yo a neng a mo leleka jaaka ntšwa mo makgetlong a mabedi. (1 Samuele 24:1-22; 26:1-25) Mme Dafide o ne a lebelela kwa Modimong jaaka seno se bonwa mo mafokong ano a a neng a a bua le Abishai: “Yehofa o tla mo itaea [Saulo]: goñwe letsatsi ya gagwè ya go shwa le tla tla; goñwe o tla ea mo tlhabanoñ, me a shwe. A go se nnè yalo ha nka ntshetsa motlodiwa oa ga Yehofa lecōgō.” (1 Samuele 26:10, 11) Ee, Dafide o ne a ka nna a khutlisa go bogisiwa ga gagwe ke Saulo. Go na le moo, Dafide o ne a tlhopha go nna pelotelele.
18 Ela tlhoko gape seo se neng sa diragala fa Kgosi Dafide a ne a tshaba morwawe wa leferefere ebong Abesalome. Shimei wa lotso lwa ga Benjamene wa ntlo ya ga Saulo, o ne a konopa Dafide ka maje a bo a mo hutsa, a tlhaeletsa jaana: “Ga! Ga! monna eo o chololañ madi ke wena, monna eo o Seramatla ke wèna.” Abishai o ne a batla gore Shimei a bolawe, mme Dafide o ne a gana go ipusolosetsa. Go na le go dira seo, o ne a supa gape fa a na le nonofo ya bopelotelele.—2 Samuele 16:5-13.
Ela Sekao sa ga Paulo Tlhoko
19, 20. Moaposetoloi Paulo o ne a itshupa a le pelotelele jang?
19 Re na le sekao se sengwe gape se se molemo sa bopelotelele mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika sa motho mongwe yo o sa itekanelang—moaposetoloi Paulo. O ne a supa fa a kgona go itshoka ka bopelotelele mo babeng ba bodumedi le batho bangwe ba ba neng ba ipolela fa e le Bakeresete. Ee, Paulo o ne a supa bopelotelele lemororo bangwe mo phuthegong ya Korintha ba ne ba bolela jaana: “Dikwalō tsa gagwè di boima, di thata; me ha a le ha sebele sa gagwè, o ba a le bokōa, le puō ea gagwè e be e se epè.”—2 Bakorintha 10:10; 11:5, 6, 22-33.
20 Ka gone, Paulo o ne a na le lebaka le le molemo fa a ne a bolelela Bakorintha jaana: “Me mo diloñ cotlhe re ipōnatsè molemō, yaka badihedi ba Modimo, eboñ mo peloteleleñ, le mo dipogishoñ, le mo botlhokweñ, le mo dipitlaganoñ, Le mo dithupeñ, le mo dikgolegoñ, le mo diphuduegoñ, le mo dikgokgoleloñ, le mo ditishoñ, le mo go ikitseñ go ya; Mo boitshekoñ, le mo kicoñ, le mo go ichokeñ, le mo bopelonomiñ, le mo Moeeñ o o Boitshèpō, le mo loratoñ lo lo sa itimokanyeñ.” (2 Bakorintha 6:4-6) Moaposetoloi o ne a ka kwalela modiri ka ene Timotheo seno se se tshwanang jaana: “Me wèna u latetse thutō ea me, le mokgwa, le boikaèlèlō, le tumèlō, le bopelotelele, le loratō, le boichōkō, Le dipogishō, le dibotlhoko . . . me Morena o nkgolotse mo go cōna cotlhe hèla.” (2 Timotheo 3:10, 11) Abo moaposetoloi Paulo a re tlhometse sekao se se molemo jang ne sa go nna pelotelele!
21. Setlhogo se se latelang se ka re thusa jang?
21 Go phepafetse sentle gore Dikwalo di tletse ka dikao tse di molemo tota tsa bopelotelele. Jehofa le Morwawe yo o rategang ke dikao tse dikgolo mo go seno. Mme abo go kgothatsa jang ne go bona gore nonofo eno e ile ya bontshiwa ke batho ba ba sa itekanelang, jaaka Josefa, Dafide, le moaposetoloi Paulo! Setlhogo se se latelang se kwadilwe ka tsela e se tla re thusang go etsa dikao tsa bone tse di molemo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go nna pelotelele totatota ga go reye go boga ka lobaka lo loleele. Fa e le gore motho yo a neng a boga ka lobaka lo loleele a ne a tlaletswe kana a galefile gonne a ne a sa kgone go ipusolosetsa, ga go kake ga twe o pelotelele.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Ke eng seo se kaiwang ke go nna pelotelele?
◻ Jehofa o ne a nna pelotelele segolobogolo ka mabaka afe?
◻ Jesu o ne a itshupa a le pelotelele ka ditsela dife?
◻ Ke bosupi bofe jwa Dikwalo jo bo gone jwa gore batho ba ba sa itekanelang ba ka nna pelotelele?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Josefa, Jesu, Dafide, Paulo le Jobe e ne e le dikao tsa bopelotelele
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Jesu o ne a supa bopelotelele fa a ne a dirisana le barutwa ba gagwe