LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 6/1 ts. 10-15
  • Ke Bomang Matagwa a Semoya?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Bomang Matagwa a Semoya?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Batagwa ba Eferaima”
  • ‘Baperesiti le Baperofeti Ba Timetse’
  • Matagwa A Semoya Gompieno
  • “Kaèlō mo Kaeloñ”
  • Tshekiso
  • Isaia o Bolelela Pele ‘Tiro e e Gakgamatsang’ ya ga Jehofa
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Rre le Barwa ba Gagwe ba Batsuolodi
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Boiphemelo Jwa Bone ke Maaka!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Isaia—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 6/1 ts. 10-15

Ke Bomang Matagwa a Semoya?

“Iya! a bo go latlhèga serwalō sa tlhōgō sa boikgodishō yoa batagwa ba Eferaima.”—ISAIA 28:1.

1. Batho bangwe ba ile ba solofela dilo dife tse di molemo, mme a ba tla bona se ba se solofetseng?

RE TSHELA mo metlheng e e tletseng ditiragalo tota. Batho ba bantsi ba ile ba kgatlhiwa ke diphetogo tse di gakgamatsang tota tsa sepolotiki mo lefatsheng lotlhe le go bona Lekgotla la Merafe E E Kopaneng jaanong le tsereganya dikgang tse dintsi. Detroit Free Press e ne ya bolela jaana ka December 1989: “Kagiso e gone jaanong jaaka polanete ya rona e tsena mo dingwageng tsa bo 1990.” Makasine mongwe wa Soviet o ne wa itsise jaana: “Re ipaakanyetsa go thula ditšhaka tsa rona magale a megoma,” fa mokwaledikakaretso wa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng a ne a bolela jaana: “Ntwa ya molomo jaanong e khutlile.” Ee, go ile ga nna ga solofelwa dilo tse di botoka, mme kwantle ga pelaelo, maemo a lefatshe a a fetoga. Bosheng jaana, ntwa ya kwa Kgogometsong e ne ya supa gore dilo di ka fetoga fela ka ponyo ya leitlho. Mme a lefatshe leno la jaanong le tla ke le bone nako ya fa ruri go tla bo go na le kagiso le polokesego, le melemo yotlhe ya yone? Karabo ke nnyaa. Ebile tota, go na le kotsi nngwe e e masisi e e tlhagogang eo e tlileng go tshikinya lefatshe go fitlha kwa metheong ya lone! Ke kotsi eo bodumedi bo amegang thata mo go yone.

2. Boemo jwa gompieno bo tshwana jang le jwa kwa Iseraele le Juda tsa bogologolo?

2 Kotsi eno e ne ya tshwantshediwa pele ke ditiragalo tse di neng tsa diragala kwa Iseraele le kwa Juda wa bogologolo mo lekgolo la dingwaga borobedi le la bosupa B.C.E. Le gone bogologolo joo, batho ba ne ba akanya gore ba ka tswa ba bone kagiso. Mme Modimo o ne wa ba tlhagisa ka moperofeti wa gagwe Isaia gore kagiso eno e ne e se sepe sa mmatota, eleng selo se se neng se tla senoga ka bonako. Ka tsela e e tshwanang gompieno, Jehofa, o tlhagisa batho ka Basupi ba gagwe gore ba tsieditswe fa e le gore ba solofetse go bona kagiso e e tla nnelang ruri e tlisiwa ke batho. A re baleng tlhagiso ya ga Jehofa ya seperofeti mme re bone gore a e a dira gompieno. E bonwa mo kgaolong ya 28 ya Isaia mme e ne ya kwalwa ka 740 B.C.E., go lebega e ne e le fa go ne go busa Kgosi Peka wa Iseraele yo a neng a le bosula le Kgosi Ahase wa Juda yo a neng a le seganana.

“Batagwa ba Eferaima”

3. Ke mafoko afe a a kgalang a a gakgamatsang a Isaia a neng a a bolela?

3 Re tsibosiwa ke polelo e e gakgamatsang eno mo temaneng ya ntlha ya kgaolo 28: “Iya! a bo go latlhèga serwalō sa tlhōgō sa boikgodishō yoa batagwa ba Eferaima, le sethunya se se shwabañ bontlè yo bo galalèlañ se se ha tlhogoñ ea mokgacha o o nonneñ, oa ba ba topetilweñ ke boyalwa yoa mofine.” Abo Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ile ba tshosiwa ke go utlwa ba kgalwa botlhoko jalo jang ne! “Batagwa” bano ba Eferaima ke bomang? “Serwalō sa tlhōgō” sa bone e ne e le eng? Mme ‘tlhogo ya mokgatšha o o nonneng’ ke eng? Se se botlhokwa thata, mafoko ano a kaya eng gompieno?

4. (a) Eferaima le tlhogo ya mokgatšha o o nonneng e ne e le eng? (b) Ke ka ntlha yang fa Iseraele a ne a ikutlwa a bolokesegile?

4 Ereka Eferaima e ne e le lotso lo logolo mo ditsong tse di lesome tsa Iseraele, lereo “Eferaima” ka dinako dingwe le ne le dirisiwa go bitsa bogosi jotlhe jwa kwa bokone. Ka jalo “batagwa ba Eferaima” totatota e ne e le matagwa a Iseraela. Moshate wa Iseraele e ne e le Samaria, eo e neng e le fa lefelong le le kwa godimo kwa tlhogong ya mokgatšha o o nonneng. Ka jalo polelwana e e reng ‘tlhogo ya mokgatšha o o nonneng’ e raya Samaria. Fa mafoko ano a ne a kwalwa, go ne go dirwa dilo tse di maswe tota tsa bodumedi mo bogosing jwa Iseraele. Mo godimo ga moo, o ne a na le botsalano jwa sepolotiki le puso ya Siria gore ba lwe le Juda mme jaanong e ne e ikutlwa e sireletsegile. (Isaia 7:1-9) Seo se ne se tla tloga se fetoga. Kotsi e ne e atamela, seo e neng e le lebaka la go bo Jehofa a ne a re “abo go latlhèga serwalō sa tlhōgō sa boikgodishō yoa batagwa ba Eferaima.”

5. (a) Serwalo sa Iseraele sa tlhogo e ne e le eng? (b) Matagwa a Eferaima e ne e le bomang?

5 “Serwalō sa tlhōgō” e ne e le eng? Serwalo sa tlhogo se supa gore motho o na le taolo ya segosi. Go bonala gore “serwalō sa tlhōgō” e ne e le boemo jwa Iseraele jaaka bogosi jo bo kwa thoko, jo bo sa tshwaraganang le Juda. Go ne go tlile go diragala sengwe se se neng se tla senya bogosi jo bo ikemetseng ka nosi jwa Iseraele. He, “batagwa ba Eferaima” e ne e le bomang? Kwantle ga pelaelo, go ne go na le matagwa a mmatota mo Iseraele, ereka Samaria e ne e le kwa go neng go direlwa kobamelo e e maswe ya boheitane gone. Lefa go le jalo, Bibela e bolela ka botagwa bongwe jo bo maswe thata. Re bala jaana mo go Isaia 29:9: “Ba tagilwe, me eseñ ka boyalwa yoa mofine; baa thèèkèla, me eseñ ka senōō se se loileñ.” Seno e ne e le botagwa jwa semoya, jo bo maswe, botagwa jo bo bolayang eleruri. Baeteledipele ba Iseraele—segolobogolo baeteledipele ba gagwe ba bodumedi—ka phepafalo fela ba ne ba boga ka ntlha ya botagwa jo bo ntseng jalo jwa semoya.

6. Ke eng seo se neng se dira gore Iseraele wa bogologolo a tagwe?

6 Ke eng seo se neng se dira gore Iseraele wa bogologolo a tagwe semoyeng? Lebaka la konokono le le neng le naya baeteledipele ba Juda boikutlo jwa gore ba sireletsegile, e ne e le botsalano jwa gagwe le Siria kgatlhanong le Juda. Botagwa jono jwa semoya bo ne jwa dira gore Iseraele e se ka ya bona dilo jaaka di ntse. Jaaka letagwa la mmatota, o ne a solofetse dilo tse di molemo lemororo go ne go se na lebaka la gore a ikutlwe jalo. Mo godimo ga moo, Iseraele o ne a apara botsalano jwa gagwe le Siria ka boikgogomoso, jaaka dithunya tsa mokgabo. Mme jaaka Isaia a bolela, e ne e le dithunya tse di tlileng go swa, tseo di neng di sa tle go nna lobaka.

7, 8. Lemororo a ne a ikutlwa fela a siame, Iseraele wa bogologolo o ne a tla tloga a diragalelwa ke eng?

7 Isaia o gatelela seno mo go kgaolo 28, temana 2 jaana: “Bōnañ, Yehofa o na le moñwe eo o thata, eo o nonohileñ; yaka ledimo ya sehakō, yaka seshetlana se se senyañ, yaka makobekobe a metse a a thata a a penologañ, o tla digèla ha hatshe ka seatla.” “Moñwe eo o thata, eo o nonohileñ” yono e ne e le mang? Mo motlheng wa Iseraele wa bogologolo e ne e le Mmusomogolo o o maatla tota wa Asiria. Mmuso ono wa lefatshe o o setlhogo, o o senang kutlwelobotlhoko o ne o tlile go tlhasela Iseraele jaaka setsuatsue sa dikgadima se se tlang ka metse a nonofileng a merwalela. Go ne go tla felela jang?

8 Isaia o tswelela ka go bolela jaana: “Serwalō sa tlhōgō sa boikgodishō sa batagwa ba Eferaima se tla gatakwa ka dinaō: Le sethunya se se shwabañ sa bontlè yoa gagwè yo bo galalèlañ, se se ha tlhogoñ ea mokgacha o o nonneñ, se tla nna yaka feige o o buduleñ pele, letlhabula le e se le tle, o ea reñ motho a o leba a o bōna, me o sa nntse o le mo seatleñ sa gagwè a o kometse hèla.” (Isaia 28:3, 4) Moshate wa Iseraele ebong Samaria o ne o tshwana le feige e e buduleng mo go Asiria, e e neng e siametse go kgetliwa fela le go jewa. Botsala jo bo jaaka sethunya jwa Iseraele le Siria bo ne bo tlile go gatakwa ka dinao. Bo ne bo se kitla bo nna le mosola ope fa letsatsi la katlholo le tla. Se se maswe thata, le yone kgalalelo ya sekaserwalo ya go ikemela ka nosi Baasiria ba ba bobaba ba ne ba tlile go e gataka ka dinao. A masetlapelo ruri!

‘Baperesiti le Baperofeti Ba Timetse’

9. Ke ka ntlha yang fa Juda e ne e ka lebelela molaetsa o o botoka mo go Jehofa go na le o o neng wa amogelwa ke Iseraele wa bogologolo?

9 Ee, Iseraele o ne a tlile go atlholwa botlhoko, mme fela jaaka Jehofa Modimo a ne a ba tlhagisitse, katlholo eo e ne ya tla ka ngwaga wa 740 B.C.E. fa Samaria e ne e senngwa ke Baasiria mme bogosi jwa kwa bokone bo sa tlhole e le morafe o o ikemetseng ka nosi. Se se neng sa diragalela Iseraele wa bogologolo se eme e le tlhagiso e e botlhoko tota mo ditumelong tsa gompieno tse di sa ikanyegeng tsa maaka, fela jaaka re tlile go bona. Mme go tweng ka bogosi jo bongwe jwa Iseraele jo bo kwa borwa, eleng jwa Juda? Tempele ya ga Jehofa e e kwa Jerusalema, eleng moshate wa Juda, e ne e santse e dirisiwa mo motlheng wa ga Isaia. Baperesiti ba ne ba santse ba le teng, mme baperofeti ebong Isaia, Hosea, le Mika ba ne ba bua mo leineng la ga Jehofa. Jehofa o ne a naya Juda molaetsa ofe ka nako eo?

10, 11. Ke boemo bofe jo bo ferosang sebete jo bo neng bo le gone kwa Juda?

10 Isaia o tswelela go re bolelela jaana: “Me ba le bōnè [ke gore, baperesiti le baperofeti ba Jerusalema] ba theeketse ka boyalwa yoa mofine, ba timetse ka senōō se se loileñ; moperisiti le moperofeti, ba thèèkèla ka senōō se se loileñ.” (Isaia 28:7a) Go bonala gore, baeteledipele ba Juda le bone ba ne ba tagilwe. Fela jaaka kwa Iseraele, bangwe e ne e le matagwa a mmatota, mme fa go le jalo, seno se ne se tlhabisa ditlhong eleruri. Molao wa Modimo o ne o iletsa baperesiti le botlhe ba ba direlang mo tempeleng ka tlhamalalo go nwa dino tse di bogale. (Lefitiko 10:8-11) Go tagwa ka mmatota mo ntlong ya Modimo e ne e tla bo e le go tlola Molao wa Modimo ka tsela e e tsitsibanyang mmele.

11 Lefa go ntse jalo, se se neng se le masisi le go feta e ne le botagwa jwa semoya jo bo neng bo le teng mo Juda. Fela jaaka Iseraele a ne a itsalantse le Siria mme a le kgatlhanong le Juda, ka jalo Juda le ene o ne a batla kafa a ka itshireletsang ka gone ka go tsalana le Asiria. (2 Dikgosi 16:5-9) Lemororo tempele ya Modimo mmogo le baperofeti ba gagwe di ne di le teng, Juda o ne a solofela gore batho ba ka mo thusa mo a neng a tshwanetse go ikanya Jehofa. Mo godimo ga moo, ereka ba ne ba dirile botsalano jono jo bo sa supeng botlhale, baeteledipele ba gagwe ba ne ba ikutlwa ba gololesegile fela jaaka baagelani ba bone ba matagwa a semoya ba ba kwa bokone. Tsela ya bone ya go tlhoka boikarabelo e ne e le makgapha tota mo go Jehofa.

12. Botagwa jwa semoya jwa Juda bo ne bo tla felela ka eng?

12 Isaia o tswelela ka go bolela jaana: “Ba timetse ka senōō se se loileñ, ba marara mo go boneñ, ba kwakwetsa mo katlholoñ. Gonne dimati tsa boyèlō cotlhe di tletse matlhatsa le matladika, ga go na gopè ha gontlè.” (Isaia 28:7b, 8) Go bonala gore bangwe ba ne ba tlhatsetsa mo tempeleng ka mmatota fa ba ne ba tagilwe jalo. Mme se se maswe le go feta baperesiti le baperofeti ba ba neng ba tshwanetse ba bo ba ne ba kaela batho mo tumelong ba ne ba tlhatsa leswe la semoya. Mo godimo ga moo, kwantle ga ba sekae fela ba ba ikanyegang, katlholo ya baperofeti e ne e sokame mme ba ne ba bonela pele dilo tse di phoso tse ba neng ba bolela gore di tla diragalela morafe. Jehofa o ne a tla otlhaya Juda ka ntlha ya leswe la gagwe la semoya.

Matagwa A Semoya Gompieno

13. Ke maemo afe a a neng a le gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga a a tshwanang le a a neng a le gone kwa Iseraele le Juda, mme a tshwana le afe gompieno?

13 A boperofeti jwa ga Isaia bo ne jwa diragadiwa fela mo go Iseraele le Juda tsa bogologolo? Jesu le moaposetoloi Paulo ba ne ba tsopola mafoko a gagwe kaga botagwa jwa semoya mme ba a dirisa mo baeteledipeleng ba bodumedi ba motlha wa bone. (Isaia 29:10, 13; Mathaio 15:8, 9; Baroma 11:8) Gompieno le gone, go na le boemo jo bo tshwanang le jwa motlha wa ga Isaia—mo motlheng ono ke mo go Labokeresete, phuthego ya bodumedi jwa lefatshe lotlhe e e ipolelang fa e emela Modimo. Go na le gore e emele boammaaruri le Jehofa e nonofile, Labokeresete, Bakatoliki le Baporotesetanta di beile tumelo ya tsone mo lefatsheng. E kgokgoetsega fela e thekesela, fela jaaka matagwa a Iseraele le Juda. Matagwa a semoya a merafe eo ya bogologolo a tshwantshetsa baeteledipele ba motlha wa segompieno ba matagwa ba Labokeresete sentle. A re boneng tota gore jang.

14. Baeteledipele ba Labokeresete ba tagilwe fela jaaka baeteledipele ba Samaria le ba Jerusalema wa bogologolo jang?

14 Jaaka Samaria le Jerusalema, Labokeresete o nwele beine ya ditsala tsa gagwe tsa bopolotiki ka mpa tsoopedi. Ka 1919 e ne e le mongwe wa ba ba neng ba le kwa pele go buelela Lekgotla la Kgolagano ya Merafe. Lemororo Jesu a ne a bolela gore Bakeresete ba ne ba se kitla ba nna karolo ya lefatshe, baeteledipele ba Labokeresete ba tlhagolela kamano le baeteledipele ba bodumedi. (Yohane 17:14-16) Beine e e ntseng jalo ya tshwantshetso e rotloetsa tiro ya baruti. (Bapisa Tshenolō 17:4.) Ba itumelela go buisana le boradipolotiki le go tsalana le batho ba maemo a a kwa godimo ba lefatshe leno. Go felela ka gore ba se neye kaelo epe ya semoya. Ba tlhatsa fela bomaswe go na le gore ba bue molaetsa o o itshekileng wa boammaaruri. (Sefania 3:9) Ereka ba sa bone sentle ebile ba tlaletswe, ga ba kake ba kgona go kaela batho ka pabalesego.—Mathaio 15:14.

“Kaèlō mo Kaeloñ”

15, 16. Batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Isaia ba ne ba dira eng fa ba utlwa molaetsa?

15 Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Isaia segolobogolo o ne senola tsela e e phoso ya baeteledipele ba semoya ba Juda. Ba ne ba dira eng? Ba ne ba go ila tota! Fa Isaia a ne a tswelela go bolela ditlhagiso tsa Modimo a sa kgaotse, baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba araba jaana: “Oa bo o tla ruta mañ kicō? a tlhaloganyetsa mañ polèlō? a ke ba ba kgwisicweñ mashi, ba tlosediwa mabèlè?” (Isaia 28:9) Ee, a Isaia tota o ne a akanya gore o bua le maseanyana? Baeteledipele ba bodumedi ba Jerusalema ba ne ba iteba jaaka banna ba ba godileng, ba ba neng ba godile sentle ka botlalo go itirela ditshwetso. Ba ne ba sa tlhoke go reetsa dikgakololo tse di tshwenyang tsa ga Isaia.

16 Badumedi bao ba ne ba dira metlae ka tiro ya ga Isaia ya go rera. Ba ne ba opela dipina ba di boaboletsa ba re: “Gonne ke kaèlō mo kaeloñ, kaèlō mo kaeloñ; sekaō mo sekaoñ, sekaō, mo sekaoñ; bonnye hano, bonnye hale.” (Isaia 28:10) ‘Isaia o nnetse go ipoeletsa,’ ba ne ba bolela jalo, ‘O nnetse go bolela jaana: “Jehofa o laotse jaana! Jehofa o laotse jaana! Jehofa o batla lo dira jaana! Jehofa o batla lo dira jaana!”’ Mo Sehebereng sa ntlhantlha, Isaia 28:10 ke morumo o o ipoapoeletsang, o o tshwanang thata le pina ya banyana. Mme ke kafa moperofeti a neng a lebega ka gone mo baeteledipeleng bao ba bodumedi, a nnetse go ipoapoeletsa ebile e le ka tsela ya bongwana.

17. Bontsi gompieno bo dira eng fa Basupi ba ga Jehofa ba ba bolelela molaetsa?

17 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Jesu le barutwa ba gagwe le bone go rera ga bone go ne ga utlwala ka tsela e e tshwanang e le selo se se boaboelediwang sa go sa tlhabologang. Baeteledipele bao ba Bajuda ba ne ba leba ba ba neng ba latela Jesu jaaka batho ba ba hutsitsweng, ba ba sa tlhabologang ebile ba sa itse sepe, e le banna ba ba sa rutegang le ba ba tlwaelegileng fela. (Yohane 7:47-49; Ditihō 4:13) Basupi ba ga Jehofa gantsi ba lejwa ka tsela e e tshwanang. Ga ba a tsena dikolo tsa boruti tsa Labokeresete, ebile ga ba ipitse ka maina a maemo a a kwa godimo kana ba dirisa mareo a a kwa godimo a bodumedi jaaka baruti ba dira. Ka jalo ba maemo a a kwa godimo ba Labokeresete ba ba lebela kwa tlase, ba akanya gore ba tshwanetse ba bo ba itse maemo a bone mme ka gone ba tshwanetse go naya baeteledipele bano ba bodumedi tlotlo e e oketsegileng.

18. Ke eng seo baeteledipele ba bodumedi ba gompieno ba se tlodisang matlho?

18 Lefa go ntse jalo, go na le sengwe seo baeteledipele bano ba bodumedi ba sa se eleng tlhoko. Lemororo ba bagolo ba mo metlheng ya ga Isaia ba ne ba gana molaetsa wa gagwe, o ne a bua boammaaruri, mme ditlhagiso tsa gagwe di ne tsa diragala! Ka tsela e e tshwanang, ditlhagiso tseo Basupi ba ga Jehofa ba di bolelang gompieno di boammaaruri, di thailwe mo Lefokong la Modimo la boammaaruri, Bibela. (Yohane 17:17) Ka gone, di tla diragadiwa.

Tshekiso

19. Juda o ne a patelesega go reetsa puo ya go kwakwaetsa ya basele jang?

19 Re bala jaana mo go Isaia 28:11: “Nya, me ka batho ba ba melomo e sele, le ka loleme lo sele, o tla bua le chaba e.” Thuto ya ga Isaia e ne e utlwala jaaka palabalo ya puo e sele mo bathong ba Juda. Lemororo Juda a ne a se ka a tshosiwa ke Asiria jaaka Iseraele, fa nako e ntse e tsamaya Jehofa o ne a otlhaya Juda ka go dirisa motho yo mongwe gape o sele ebong Nebukadenesare. (Yeremia 5:15-17) Puo ya Bababelona e ne e ya utlwala e le setlhogo ebile e le e e kwakwaetsang mo Bahebereng bao. Mme ba ne ba tshwanela go e reetsa fa Jerusalema le tempele ya yone di ne di senngwa ka 607 B.C.E. mme baagi ba yone ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Labokeresete e tloga e tlhaselwa gonne, jaaka Juda wa bogologolo, e itlhokomolosa dikgothatso tsa ga Jehofa.

20, 21. Basupi ba ga Jehofa ba rera eng ba sa kgaotse, mme baeteledipele ba Labokeresete ba bodumedi ba gana go dira eng?

20 Boperofeti bo bua jaana ka ba ba ntseng jalo: “E o e reileñ, a re, Boikhucō ke yo, lapolosañ èna eo o lapileñ; le gōna thudishō ke e; leha go nntse yalo ba gana go utlwa. Ke gōna ka mouō lehoko ya ga Yehofa le tla nnañ kaèlō mo kaeloñ mo go bōnè, kaèlō mo kaeloñ; sekaō mo sekaoñ, sekaō mo sekaoñ; bonnye hano, bonnye hale; gore ba tlè ba tsamaeè ba wèlè kwa moragō, ba robègè, ba thaiwè ka mutlwane ba chwarwè.”—Isaia 28:12, 13.

21 Basupi ba ga Jehofa, fela jaaka Isaia a ne a bolela molaetsa wa Modimo ba bolelela Labokeresete ba sa kgaotse gore e beye tsholofelo ya yone mo lefokong la ga Jehofa. Mme e gana go reetsa. Mo go bone Basupi ba lebega ba balabala fela ka puo e sele. Mo go ene Basupi ba utlwala ba bua puo e a sa kgoneng go e tlhaloganya. Labokeresete e gana go naya bao ba bolelang ka Bogosi jwa Modimo le lefatshe le lesha le le tlang boikhutso. Go na le moo, o tagilwe ke beine ya botsalano jwa gagwe le lefatshe leno. O tlhopha go tshegetsa kafa boradipolotiki ba rarabololang mathata a batho ka gone. Jaaka Bajuda ba motlha wa ga Jesu, ga a ipatlele boikhutso mo Bogosing, ebile ga a kake a bolelela ba bangwe ka jone.—Mathaio 23:13.

22. Jehofa o itsise baeteledipele ba Labokeresete eng?

22 Ka gone, mafoko a ga Isaia a boperofeti a itsise baruti gore Jehofa ga a kitla a nna a bua ka Basupi ba Gagwe ba ba ka se kang ba tlhagisetsa ope kotsi ka metlha. Go ise go e kae, Jehofa o tla diragatsa “kaèlō mo kaeloñ; sekaō mo sekaoñ,” mme go tla felela ka botlhoko mo go Labokeresete. Baeteledipele ba gagwe ba bodumedi le matsomane a bone ba tla ‘robega le go thaiwa ka mutlwane ba bo ba tshwarwe.’ Ee, fela jaaka Jerusalema wa bogologolo, ditsamaiso tsa bodumedi tsa Labokeresete di tla senyediwa ruri. Abo seo e tla bo e le tiragalo e e tshosang jang ne e e tla tlang ka tshoganyetso! A matswela a a boifisang jang ne gonne baruti ba ne ba tlhopha botagwa jwa semoya go na le go reetsa dikgakololo tsa ga Jehofa!

A O Ka Tlhalosa?

◻ Matagwa a Eferaima e ne e le bomang, mme ba ne ba tagilwe ke eng?

◻ Dirwalo tsa tlhogo tsa matagwa a Eferaima di ne tsa gatakiwa jang?

◻ Isaia o ne a senola boemo bofe jo bo neng bo tlhabisa ditlhong kwa Juda?

◻ Re bona botagwa jwa semoya kae gompieno?

◻ Ke ka ntlha yang fa Labokeresete e tshwanetse go reetsa seo se neng sa diragalela morafe wa bogologolo wa Juda?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela