LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 6/1 ts. 15-20
  • Boiphemelo Jwa Bone ke Maaka!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boiphemelo Jwa Bone ke Maaka!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Tumalano le Bobipo’
  • Go Gana “Lencwè Ye Le Lekilweñ”
  • Ditsholofetso Tse Di Lolea tsa Kagiso
  • ‘Modimo Ke Botshabelo jwa Rona’
  • Labokeresete ‘E Tla Gatakwa’
  • Leina la ga Jehofa “Ke Kago E E Godileñ”
  • Isaia o Bolelela Pele ‘Tiro e e Gakgamatsang’ ya ga Jehofa
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Nnang lo Ntse lo Tlhagisa ka Tiro e e Sa Tlwaelegang ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Tshabela mo Leineng la ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Seatla sa ga Jehofa Ga se A Khutshwafala
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 6/1 ts. 15-20

Boiphemelo Jwa Bone ke Maaka!

“Re itihetse maaka botshabèlō yoa rona, re iphitlhile kaha tlhatse ga tsieco.”—ISAIA 28:15.

1, 2. (a) Ke phuthego efe gompieno e e tshwanetseng go ela seo se neng sa diragalela bogosi jwa bogologolo jwa Juda tlhoko? (b) Juda o ne a ikantse eng se se neng se sena thuso epe?

A MAFOKO ao a a dira mo go Labokeresete gompieno fela jaaka a ne a dira mo bogosing jwa ditso tse pedi tsa Juda wa bogologolo? Eleruri a a dira! Mme setshwani seo se tshwantshetsa Labokeresete wa motlha wa segompieno. Se kaya gore phuthego eo ya bodumedi jwa botenegi e tla tloga e welwa ke masetlapelo.

2 Bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele bo ne bo le kwa bokone jwa Juda. Fa Iseraele a ne a itshupa a sa ikanyege, Jehofa o ne a mo letla gore a gapiwe ke Baasiria ka 740 B.C.E. Bogosi jwa bomorwarraagwe ba bangwe eleng jwa Juda bo ne jwa bona tiragalo e e botlhoko eno mme ka phepafalo fela ba ikutlwa gore selo seno ga se kitla se ba diragalela. ‘Aitsane,’ baeteledipele ba gagwe ba ne ba ipelafatsa ba re, ‘a tempele ya ga Jehofa ga e mo Jerusalema? A ga re batho ba ba ba ratwang ke Modimo? A baperesiti le baperofeti ba rona ga ba bue ka leina la ga Jehofa?’ (Bapisa Yeremia 7:4, 8-11.) Baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba tlhomamisegile tota gore ba ne ba bolokesegile. Mme ba ne ba le phoso! Ba ne ba tlhoka tumelo fela jaaka losika lwa bone lo lo kwa bokone. Ka jalo, se se neng sa diragalela Samaria se ne se tla diragalela Jerusalema.

3. Ke ka ntlha yang fa Labokeresete e ikutlwa e tlhomamisegile ka isagwe, mme a go na le lebaka lepe le le molemo la go tlhomamisega jalo?

3 Ka tsela e e tshwanang, Labokeresete e bolela fa e na le botsalano jo bo kgethegileng le Modimo. ‘Aitsane,’ ba ipelafatsa ba re, ‘re na le diketekete tse di masomesome tsa dikereke le baruti ba ba rutegileng, mmogo le dimilione tse di makgolokgolo tsa balatedi. Gape re na le Bibela, mme re dirisa leina la ga Jesu mo kobamelong ya rona. Eleruri, re ratwa ke Modimo tota!’ Mme seo se neng sa diragalela Jerusalema se ntse jaaka tlhagiso e e botlhoko. Lemororo bosheng jaana go ne ga nna le diphetogo tse di tlhomologileng thata tsa bopolotiki, re a itse gore Jehofa o tla tloga a tsaya kgato ya makgaolakgang kgatlhanong le Labokeresete le ditumelo tsotlhe tsa maaka.

‘Tumalano le Bobipo’

4. Juda o ne a akanya gore o dirile kgolagano efe?

4 Mo metlheng ya bogologolo, Jerusalema e e sa ikanyegeng ya bogologolo e ne ya amogela ditlhagiso tse dintsi ka baperofeti ba boammaaruri ba Modimo, mme e ne ya se ka ya ba dumela. Go na le moo, e ne ya ipelafatsa gore loso ga lo kitla lo e tsenya mo Sheol eleng mo lebitleng, jaaka le ne le tsentse bogosi jo bo kwa bokone jwa Iseraele. Moperofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go bolelela Juda jaana: “Ke gōna, utlwañ lehoko ya ga Yehofa, lona bashwinyi ba batho, ba lo busañ chaba e, e e mo Yerusalema: Ereka lo rile, Re gōlaganye le losho me re dumalanye le Bobipō, loa re, E tla re sebecō se se penologañ se ralala, ga se ketla se hitlha kwa go rona; gonne re itihetse maaka botshabèlō yoa rona, re iphitlhile kaha tlhatse ga tsieco.”—Isaia 28:14, 15.

5. (a) Kgolagano e Juda e neng e akanya gore e e dirile le loso e ne e le eng? (b) Juda o ne a lebetse tlhagiso efe e e neng e neilwe Kgosi Asa?

5 Ee, baeteledipele ba Jerusalema ba ne ba akanya gore ba ne ba na le tumalano, jaaka go ne go ka tualo, le loso le Sheol mo e leng gore motse wa bone o ne o ka se senngwe. Mme a kgolagano eo Jerusalema e neng e akanya gore e e dirile le loso e kaya gore e ne e ikwatlhaetse boleo jwa yone mme jaanong e ikanya gore Jehofa o tla e golola? (Yeremia 8:6, 7) Le eseng! Go na le moo, o ne a ya kwa babusing ba bopolotiki gore ba mo thuse. Mme go ikaega ga gagwe ka masole a lefatshe e ne e se sepe, e ne e le maaka. Batho ba lefatshe bao a neng a ba ikantse ba ne ba ka se ka ba mmoloka. Mme ereka Jerusalema a ne a latlhile Jehofa, Jehofa le ene o ne a e latlha. Go ne ga diragala fela jaaka moperofeti Asaria a ne a tlhagisa Kgosi Asa jaana: “Yehofa o na le lona, ha lo sa nntse lo na le èna; ha lo mmatla, o tla bōnwa ke lōna; me ha lo mo latlha, le èna o tla lo latlha.”—2 Ditihalō 15:2.

6, 7. Juda o ne a tsaya dikgato dife go tlhomamisa gore o sireletsegile, mme go ne ga felela ka eng?

6 Ereka ba ne ba ikantse ditsala tsa bone tsa bopolotiki, baeteledipele ba Jerusalema ba ne ba tlhomamisegile gore go ne go se “sebecō se se penologañ” sa masole a a tlhaselang se se neng se tla senya kagiso le polokesego ya bone. Fa masole a a kopaneng a Iseraele le Siria a ne a tshosetsa go ba tlhasela, Juda e ne ya kopa thuso mo go Asiria. (2 Dikgosi 16:5-9) Moragonyana, fa masole a Babelona a ne a tshosetsa go ba tlhasela, ba ne ba kopa Egepeto gore e ba thuse mme Faro o ne a dumela, a ba romelela masole go ya go ba thusa.—Yeremia 37:5-8; Esekiele 17:11-15.

7 Mme masole a Babelona a ne a nonofile tota, mme masole a Egepeto a ne a tshwanela go ikgogela kwa morago. Jerusalema e ne e dirile phoso ka go ikanya Egepeto, mme Jehofa o ne a mo tlogela gore a senngwe ka 607 B.C.E. fela jaaka a ne a boleletse pele. Ka jalo babusi le baperesiti ba Jerusalema ba ne ba le phoso! Go ikanya ga bone gore ditsala tsa bone tsa selefatshe di tla ba naya kagiso le go ba sireletsa e ne e le “maaka” a a neng a senngwa ke sebetso se se penologang sa masole a Babelona.

Go Gana “Lencwè Ye Le Lekilweñ”

8. Labokeresete e tsere boemo jo bo tshwanang thata le jwa Juda wa bogologolo jang?

8 A boemo jo bo tshwanang bo teng gompieno? Ee, bo teng. Baruti ba Labokeresete le bone ba ikutlwa gore ga go na matlhotlhapelo ape a a ka ba welang. Totatota, ba bolela fela jaana jaaka Isaia a ne a bolelela pele: “Re gōlaganye le losho, me re dumalanye le Bobipō; loa re, E tla re sebecō se se penologañ se ralala, ga se ketla se hitlha kwa go rona; gonne re itihetse maaka botshabèlō yoa rona, re iphitlhile kaha tlhatse ga tsieco.” (Isaia 28:15) Labokeresete fela jaaka Jerusalema wa bogologolo e lebeletse gore ditsala tsa yone tsa selefatshe di tla e sireletsa, mme baruti ba yone ba ba gana go batla tshireletso mo go Jehofa. Aitsane, le leina la gagwe ga ba le dirise, mme ba sotla le go bogisa bao ba tlotlang leina la gagwe. Baruti ba Labokeresete ba dirile fela seo baperesiti ba bagolo ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba se dira fa ba ne ba gana Keresete. Ebile tota ba ne ba bolela go re, “Ga re na kgosi epè ha e se Kaesare.”—Yohane 19:15.

9. (a) Ke mang yo gompieno a tlhagisang Labokeresete ka tsela e e tshwanang le e Isaia a neng a tlhagisa Juda ka yone? (b) Labokeresete e tshwanetse go retologela kwa go mang?

9 Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba tlhagisa gore Labokeresete e tla tloga e senngwa ke morwalela o o bolayang. Mo godimo ga moo, ba ba bolelela gore ba ka tshabela kae morwalela oo. Ba tsopola Isaia 28:16, e e bolelang jaana: “Ke gōna Yehofa Modimo o buañ yana, a re, Bōnañ, ke thaea mothèō mo Siona ka lencwè, ke lencwè ye le lekilweñ, le lencwè ya kgōkgōchō ye le tlhokègañ, ye le mothèō o o tlhōmameñ; eo o dumèlañ ga a ketla a potlaka.” Ke mang “lencwè ya kgōkgōchō ye le tlhokègañ”? Moaposetoloi Petere o ne a tsopola mafoko ao mme a supa fa a kaya Jesu Keresete. (1 Petere 2:6) Fa Labokeresete e ka bo e dirile gore e nne le kagiso le Kgosi ya ga Jehofa ebong Jesu Keresete, he a ka bo a ile a tila morwalela oo.—Bapisa Luke 19:42-44.

10. Labokeresete e itlhakatlhakantse le eng?

10 Lefa go ntse jalo, ga a ka a dira jalo. Go na le moo, o batla kagiso le polokesego ka maano ka go dira gore a ratiwe ke baeteledipele ba merafe ba dipolotiki—a dira seno lemororo Bibela e ntse e tlhagisa gore go itsalanya le lefatshe ke go itira mmaba wa Modimo. (Yakobe 4:4) Mo godimo ga moo, ka 1919, o ne a buelela Lekgotla la Kgolagano ya Merafe jaaka lone fela le batho ba ka solofelang gore le tla ba leretse kagiso. Fa esale go tloga ka 1945, o ne a baya tsholofelo ya gagwe mo Lekgotleng la Merafe E E Kopaneng. (Bapisa Tshenolō 17:3, 11.) O tseneletse go le kana kang mo lekgotleng leno?

11. Bodumedi bo emetswe jang mo Lekgotleng la Merafe E E Kopaneng?

11 Buka nngwe ya bosheng e re naya motlhala fa e bolela jaana: “Go na le diphuthego tseo di seng kafa tlase ga tse di masome mabedi tsa Katoliki tse di emetsweng mo [Lekgotleng la Merafe E E Kopaneng]. Baeteledipele ba le mmalwa ba ditumelo tsa lefatshe ba ile ba etela lekgotla leno la meraferafe. Le le gakologelwang thata ke loeto lwa Moitshepi Mopapa Paul VI ka nako ya Kokoano Kakaretso ka 1965 le Mopapa John Paul II ka 1979. Bontsi jwa ditumelo bo na le dithapelo, dipina le ditirelo tse di kgethegileng tse di direlwang Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. Dikai tse di botlhokwa thata ke tsa ditumelo tsa Katoliki, Unitarian-Universalist, Baptist le Bahai.”

Ditsholofetso Tse Di Lolea tsa Kagiso

12, 13. Lemororo gongwe le gongwe go na le tsholofelo ya gore kagiso e tla tloga e tla, ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhomamisegile gore ditlhagiso tsa bone di boammaaruri?

12 Moeteledipele mongwe yo o nonofileng go gaisa wa bopolotiki mo lefatsheng o ne a bua se batho ba bantsi ba se solofetseng fa a ne a bolela jaana: “Kokomana eno ya batho ba ba mo lefatsheng e ka nna ya bona paka ya kagiso e e ka se kang ya senngwa e e kileng ya nna gone mo hisitoring ya batho.” A o ne a nepile? A dilo tse di diragalang bosheng jaana di kaya gore tlhagiso eo Basupi ba ga Jehofa ba e ntshitseng ya gore Jehofa o tlile go diragatsa katlholo mo merafeng ga e kitla e diragala? A Basupi ba ga Jehofa ba phoso?

13 Nnyaa, ga ba phoso. Ba a itse gore ba bua boammaaruri gonne ba ikanya Jehofa le Bibela eo e leng Lefoko la Modimo la boammaaruri. Tito 1:2 e bolela jaana: ‘Modimo . . . ga o ke o aka.’ Ka jalo ba na le tsholofelo e e nonofileng ya gore fa boperofeti jwa Bibela bo bolela gore sengwe se tla diragala, se tla diragala fela jalo. Jehofa o bolela jaana ka boene: “Lehoko ya me le tla nna yalo, ye le cwañ mo molomoñ oa me; ga le ketla le boèla hèla mo go nna, mme le tla dihahatsa se ke se ratañ, le tla segōhala mo seloñ se ke le isitseñ kwa go shōna.”—Isaia 55:11.

14, 15. (a) Ke eng seo baeteledipele ba Juda ba neng ba se tlhaeletsa ka bonako fela pele Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E.? (b) Paulo o boleletse pele gore go tlile go tlhaelediwa eng pele tshenyego ya tshoganetso e wela lefatshe leno? (c) Ke eng seo re ka se lebelelang fa tlhaeletso e e perofesitsweng mo go 1 Bathesalonia 5:3 e le kwa setlhoeng sa yone?

14 Mo metlheng ya pele ga fa Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E. Jeremia o ne a bega gore baeteledipele ba ne ba tlhaeletsa ba re, “Kagishō, kagishō.” (Yeremia 8:11) Lefa go ntse jalo, seo e ne e le maaka. Jerusalema o ne a senngwa fa go diragadiwa ditlhagiso tse di tlhotlheleditsweng tse di neng tsa bolelwa ke baperofeti ba boammaaruri ba ga Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore sengwe se se tshwanang se tlile go diragala mo motlheng ono wa rona. O ne a bolela gore batho ba tla tlhaeletsa ba re, “Kagishō le thagamō.” Mme morago ga foo, o ne a re, “hoñ tshenyègō ea choganeco” e tla ‘ba wela.’—1 Bathesalonia 5:3.

15 Fa re ne re simolola dingwaga tsa bo 1990, gongwe le gongwe dipampiri tsa dikgang le dimakasine di ne di bolela gore Ntwa ya Molomo e ne e khutlile le gore kgabagare jaanong go tlile go nna le kagiso mo lefatsheng. Mme morago ga foo go ne ga tlhagoga ntwa kwa Botlhabagare. Lefa go ntse jalo, ka bonako fela kana moragonyana boemo jwa lefatshe bo tla nna ka tsela eo tlhaeletso e e reng “Kagishō le thagamō” e e perofesitsweng mo go 1 Bathesalonia 5:2, 3 e tla fitlhang kwa setlhoeng sa yone ka yone. Ereka re tlhomile tsholofelo ya rona mo Lefokong la Modimo, re itse gore fa dilo di fitlha kwa setlhoeng jalo, katlholo ya Modimo e tla dirwa ka bonako le ka tlhomamo. Kagiso epe fela e e itlhametsweng le dipolelo tsa gore polokesego e gone ga di a tshwanela go re dira gore re akanye gore tshenyego e Modimo o e boleletseng pele ga e kitla e tla. Dikatlholo tsa ga Jehofa di kwadilwe mo Lefokong la gagwe Bibela ka tsela e di ka se kang tsa fetolwa. Labokeresete, mmogo le ditumelo tsotlhe tse dingwe tsa maaka, di tlile go senngwa. Mme dikatlholo tsa ga Jehofa tse di tlisang tshenyo di tla wela lefatshe lotlhe la ga Satane. (2 Bathesalonia 1:6-8; 2:8; Tshenolō 18:21; 19:19-21) Ereka Basupi ba ga Jehofa ba tlhomamisegile gore Jehofa o tla diragatsa lefoko la gagwe, ba tswelela ba le podimatseba kafa tlase ga kaelo ya setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale mme ba lebile ka kelotlhoko kafa dilo di diragalang ka gone mo lefatsheng. (Mathaio 24:45-47) Eleruri, maiteko ape a motho a go lere kagiso ga a tshwanela go dira gore re akanye gore Jehofa o latlhile boikaelelo jwa gagwe jwa go lere morwalela o o tla tlang o senya Labokeresete e e boikepo.

‘Modimo Ke Botshabelo jwa Rona’

16, 17. Basupi ba ga Jehofa ba dira eng fa motho a kgopisiwa ke fa ba bua molaetsa wa bone fela ka tlhamalalo?

16 Bangwe ba ka nna ba kgopisiwa ke go bo Basupi ba ga Jehofa ba bolela seno fela ka tlhamalalo. Lefa go ntse jalo, fa ba bolela gore babusi ba ditumelo tsa Labokeresete ba itshireleditse ka thulaganyo ya maaka fela, ba a bo ba bua fela se se bolelwang ke Bibela. Fa ba bolela gore Labokeresete e tshwanelwa ke go otlhaiwa gonne e le karolo ya lefatshe, ba bega fela seo Modimo ka boone o se bolelang mo Bibeleng. (Bafilipi 3:18, 19) Mo godimo ga moo, Labokeresete e tshegetsa modimo wa lefatshe leno Satane Diabolo, yoo Jesu a neng a bolela gore ke rra ona maaka, gonne e beile tsholofelo ya yone mo dithulaganyong tseo di akantshiwang ke lefatshe leno.—Yohane 8:44; 2 Bakorintha 4:4.

17 Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba bolela jaana: Rona, ga re eme nokeng ditsholofetso tsa maaka tsa gore go tla nna le kagiso mo lefatsheng ka ntlha ya phetogo e e diragalang mo dipolotiking. Go na le moo, re bolela mafoko ano a mopesalema: “Modimo ke botshabèlō yoa rona. . . . Ba e leñ batho hèla ke lehèla, le batho ba e leñ bagolwane ke maaka: mo selekanyoñ sa pègō ba tla ea kwa godimo; ha ba le mmōgō ba motlhoho bogolo go lehèla.” (Pesalema 62:8, 9) Maano a batho a go tshegetsa le go boloka Labokeresete le tsamaiso yotlhe ya maaka, ke maaka! Botlhe fa ba phuthilwe mmogo ga ba na maatla a go thibela boikaelelo jwa ga Jehofa fela jaaka phefo e e molelo e e tletseng mo molomong!

18. Ke tlhagiso efe ya mopesalema e e tshwanelang gompieno?

18 Basupi ba ga Jehofa gape ba tsopola Pesalema 33, ditemana 17 go ya go 19, e e bolelang jaana: “Pitse [ya Egepeto, e e tshwantshetsang ntwa] ke selō sa lehèla hèla go boloka: le gōna ga e ketla e halodisa opè ka thata e kgolo ea eōna. Bōnañ, leitlhō ya ga Yehofa le mo go ba ba mmoihañ, mo go ba ba sholohèlañ mo boutlweloñ botlhoko yoa gagwe.” Gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ba ikanya Jehofa le Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo, jo e leng jone thulaganyo fela e e ka tlisang kagiso ya goyagoile.

Labokeresete ‘E Tla Gatakwa’

19. Ke ka ntlha yang fa go ikaega ka makgotla a dipolotiki gore a tla lere kagiso e le go itsietsa?

19 Go ikanya selo sepe fela se motho a se tlhamileng a re se emela Bogosi jwa Modimo go dira selo seo setshwantsho, selo se se obamelwang. (Tshenolō 13:14, 15) Ka gone, go kgothaletsa go ikaega ka makgotla a dipolotiki, jaaka Lekgotla la Merafe E E Kopaneng gore a tla lere kagiso le polokesego ke go tsietsa, ke maaka. Jeremia o bolela jaana kaga dilo tseo tsa maaka tse di solofetsweng: “Sechwanchō sa gagwè se se thecweñ ke maaka, go bile go sena mōea mo go cōna. Di boithamakō, ke tihō ea phorō; mo motlheñ oa tshekishō ea cōna di tla nyèlèla.” (Yeremia 10:14, 15) Ka gone, dipitse tsa ntwa tsa Egepeto wa tshwantshetso, ke gore, maatla a masole a bopolotiki a merafe ya gompieno, ga a kitla a sireletsa lefelo la ditumelo tsa Labokeresete ka nako ya fa di tlhaselwa. Botsalano jwa ditumelo tsa Labokeresete le lefatshe leno eleruri bo tlile go palelwa go di sireletsa.

20, 21. (a) Go ne ga diragala eng ka Lekgotla la Kgolagano ya Merafe, mme ke ka ntlha yang fa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le lone le se kitla le atlega go le feta? (b) Isaia o ne a bontsha jang gore botsalano jwa Labokeresete le lefatshe ga bo kitla bo mmoloka?

20 Labokeresete e ne e beile tsholofelo ya yone mo Lekgotleng la Kgolagano ya Merafe, mme le ne la senyega le pele Hara–Magedona e tla. Jaanong e beile tsholofelo ya yone go Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. Mme go ise go e kae o tla tshwanela go lebagana le ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ mme ga e kitla e falola. (Tshenolō 16:14) Le eleng Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le le tsosolositsweng ga le kake la lere kagiso le polokesego. Lefoko la Modimo la seperofeti le bontsha gore Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le merafe e e leng maloko a lone le tla “tlhabana le Kwana, me Kwana o tla di henya.”—Tshenolō 17:14.

21 Basupi ba ga Jehofa ba bolela ba tlhomamisegile fela gore ga go na poloko epe e Labokeresete e tla e bonang mo botsalanong jwa gagwe le lefatshe leno la ga Satane. Mme fa ba bolela seno, ba bua fela se Bibela ka boyone e se bolelang. Isaia 28:17, 18 e tsopola Jehofa a bolela jaana: “Me ke diha tshiamishō go nna thapō e e lekanyañ, le tshiamō go nna selekanyō se se thōkgameñ: me sehakō se tla gogoba botshabèlō yoa maaka, metse a tla penologèla helō ga boiphitlhō. Me kgōlaganō ea lōna le losho e tla gōlaganololwa, le tumalanō ea lona le Bobipō ga e ketla e èma; e tla re sebecō se se penologañ se ralala, lo tla gatakwa ke shōna.”

22. Go tla felela jang fa tshiamiso e e feletseng e diragadiwa mo go Labokeresete?

22 Fa Jehofa a diragatsa katlholo ya gagwe, o tla bo a dira jalo fela ka ntlha ya tshiamiso ya gagwe e e itekanetseng. Mme selo se Labokeresete e ikaegileng ka sone, ‘kgolagano ya gagwe le Loso,’ e tla gogolega gotlhelele jaaka ekete ke ka morwalela. Isaia o tswelela pele go bolela jaana: “Se tla ralala ka moshō le ka moshō, motshegare le bosigo: me go tlhaloganya polèlō e tla bo e se sepè ha e se thèrègō hèla.” (Isaia 28:19) Abo go tla bo go boifisa jang ne mo go ba ba lebileng go bona maatla a a tletseng a ga Jehofa fa a atlhola! Abo go tla nna botlhoko jang ne mo baruting ba Labokeresete le balatedi ba bone ga ba lemoga, mme go le thari thata, gore ba ne ba ikantse maaka fela!

Leina la ga Jehofa “Ke Kago E E Godileñ”

23, 24. Go na le go batla tshireletsego mo lefatsheng leno, Basupi ba ga Jehofa ba tlile go dira eng?

23 Mme go tweng ka Basupi ba ga Jehofa? Le eleng lefa ba lebane le go tlhoiwa le go bogisiwa ke merafe yotlhe, ba tswelela fela ba ntse ba ikgaogantse le lefatshe. Le ka motlha ga ba lebale gore Jesu o ne a bolela jaana ka balatedi ba gagwe: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 17:16) Mo malatsing ano otlhe a bofelo ba solofetse fela mo Bogosing jwa ga Jehofa, eseng mo maanong ape fela a motho. Ka gone, masetlapelo a Labokeresete ga a kitla a boifisa Basupi ba ga Jehofa. Ke fela jaaka Isaia a ne a bolelela pele jaana: “Eo o dumelang ga a kitla a [boifa, NW].”—Isaia 28:16.

24 Diane 18:10 e bolela jaana: “Leina la ga Yehofa ke kagō e e godileñ e e thata: mosiami o sianèla mo go eōna, me a bolokège.” Ka gone re laletsa batho botlhe ba sekadinku go dira Jehofa le Bogosi jwa gagwe ka Keresete botshabelo jwa bone. Jehofa ga se botshabelo jwa maaka! Bogosi jwa gagwe ka Keresete ga se maaka! Botshabelo jwa Labokeresete ke maaka, mme botshabelo jwa Bakeresete ba boammaaruri ke jwa boammaaruri.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Juda wa bogologolo o ne a itshireletsa jang ka maaka?

◻ Labokeresete e lekile go itshireletsa ka maaka ka tsela efe?

◻ Isaia o ne a tlhagisa Juda jang, mme Basupi ba ga Jehofa ba bolela tlhagiso e e tshwanang le eo jang?

◻ Labokeresete e tlile go bona jang gore tsholofelo ya yone ga se ya mmatota?

◻ Go farologana le Labokeresete, Basupi ba ga Jehofa ba tsaya boemo bofe?

[Lebokoso mo go tsebe 17]

DILO TSE DIKGOLO TSE DI BOLELWANG DI SOLOFETSWE GO LERIWA KE LEKGOTLA LA MERAFE E E KOPANENG

“Ke la ntlha fa esale Ntwa ya Lefatshe II batho ba merafe yotlhe ba nna ka kutlwano. Boeteledipele jwa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng, leo pele le neng le sa bonale le dira sepe, jaanong bo tlhomamisa seo motlhami wa lone a neng a se bonela pele. . . . Ka gone lefatshe jaanong le ka tsaya tshono eno mme la diragatsa tsholofelo e e sa bolong go nna ya go lere thulaganyo e ntšha ya lefatshe.”—Poresidente Bush wa United States mo molaetseng wa gagwe wa State of the Union o a neng a o bolelela morafe oo ka January 29, 1991

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela