Nnang lo Ntse lo Tlhagisa ka Tiro e e Sa Tlwaelegang ya ga Jehofa
“Gonne Yehofa o tla coga a èma yaka mo thabeñ ea Perasima, o tla galeha yaka mo molapoñ oa Gibeona.”—ISAIA 28:21.
1, 2. Jehofa o ne a dira tiro efe e e sa tlwaelegang mo boemong jwa batho ba Gagwe mo motlheng wa ga Dafide?
TIRO e e sa tshwaneng le epe ruri! Tiro e e sa tlwaelegang tota! Ke se Jehofa a neng a se direla batho ba gagwe ba metlha ya bogologolo mo lekgolong la bo 11 la dingwaga B.C.E. Mme tiro e e sa tshwaneng le epe eno e ne e le sekao sa tiro e e sa tlwaelegang le go feta eo e tla tlogang e dirwa mo isagweng e e fa gaufi. Tiro e e neng ya dirwa bogologolo eo ke eng? Ka bonako fela fa Dafide a sena go dirwa kgosi mo Jerusalema, Bafilisitia ba ba neng ba agile gaufi le ene ba ne ba mo tlhasela, mme seo se ne sa dira gore Jehofa a dire tiro e e sa tshwaneng le epe. Sa ntlha, Bafilisitia ba ne ba simolola go tlhasela lobala lwa Refaima. Dafide o ne a botsa Jehofa gore a dire eng mme o ne a bolelelwa gore a tlhasele. Dafide o ne a fenya masole a a nonofileng ao a Bafilisitia ka botlalo kwa Baale-perasima a dira jalo go ya ka lefoko la ga Jehofa. Mme Bafilisitia ga ba a ka ba dumela gore ba fentswe. Go ise go e kae ba ne ba boa mme ba thukhutha le go thopa ba ba neng ba le mo lobaleng lwa Refaima, mme Dafide o ne a batla kaelo gape mo go Jehofa.
2 Mo lekgetlong leno o ne a bolelelwa gore a ye kwa morago ga Bafilisitia ka masole a gagwe. Jehofa o ne a bolela jaana: “Me go tla dihala e tla re u utlwa moshumō oa motsamaō mo godimo ga ditlhare tsa mamulubere, hoñ u itshikinyè; gonne e tla bo e le gōna Yehofa o eañ ha pele ga gago a ea go kgèmètha ntwa ea Bafilisitia.” Mme go ne ga diragala fela jalo. Dafide o ne a leta Jehofa gore a dire modumo wa dinao tse di gatang ditlhare tsa mamulubere—gongwe a dira jalo ka phefo e e maatla. Ka bonako fela, Dafide le masole a gagwe a ne a tswa mo lefelong le ba neng ba iphitlhile kwa go lone mme ba tlhasela Bafilisitia ba ba neng ba iteegile tsebe bao, mme a ba fenya a ba bolaya tota. Ditshwantsho tsa bone tsa bodumedi tse Bafilisitia ba neng ba di tlogela di lalaane mo lobaleng di ne tsa phuthiwa mmogo mme tsa senngwa.—2 Samuele 5:17-25; 1 Ditihalō 14:8-17.
3. Ke ka ntlha yang fa tiro e e sa tshwaneng le epe eno ya ga Jehofa e ne e kgatlha Bajuda thata mo motlheng wa ga Isaia, mme ke ka ntlha yang fa e tshwanetse go kgatlha ba ba mo go Labokeresete gompieno?
3 Eno e ne e le tiro e e sa tlwaelegang, tiro e e sa tshwaneng le epe, e Jehofa a neng a e dira kgatlhanong le Bafilisitia mo boemong jwa kgosi ya gagwe e e tloditsweng. Tiro eno e e gakgamatsang e kgatlha tota gonne moperofeti Isaia o ne a tlhagisa gore Jehofa o tla dira sengwe se se sa sa tlwaelegang le se se nonofileng tota se se tshwanang kgatlhanong le matagwa a Juda. Ka gone, baeteledipele ba ba sa ikanyegeng ba motlha wa ga Isaia ba ne ba tlhoka go ela seo tlhoko. Labokeresete gompieno le yone e tshwanetse go ela tlhoko gonne se se diragaletseng Juda se tla diragalela Labokeresete kwa bokhutlong.
“Bolaō Bo Khuchwane”
4, 5. (a) Isaia o supa jang ka setshwantsho boemo jo bo seng monate jwa baeteledipele ba motlha wa gagwe ba bodumedi? (b) Ke eng seo se dirang gore Labokeresete e se ka ya nna mo boiketlong jaanong?
4 Sa ntlha, Isaia o ne a senola ntlha ya gore ditumalano tseo matagwa ao a bogologolo a semoya a neng a di ikantse e ne e le tsietso fela, e le maaka. O ne a bontsha boemo jo bo seng monate jwa ba ba ikantseng maaka ao ka setshwantsho. O ne a bolela jaana: “Gonne bolaō bo khuchwane, bo tlhaèla motho go ikotlōlōla mo go yōna; kobō e tshesane e tlhaèla motho go ipipa ka eōna.” (Isaia 28:20) Mongwe le mongwe yo a lekang go ikotlolola mo bolaong jo bokhutshwane o fitlhela maoto a gagwe a tswela kwa ntle mo serameng. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa a isa mangole a gagwe kwa godimo go lekana le bokhutshwane jwa bolao, dikobo tsa bolao di ditshesane mme ka gone mmele wa gagwe o sala o le kwa ntle. Lemororo a ka dira eng, karolo nngwe ya mmele wa gagwe e tla nna mo serameng.
5 Fa re bua re tshwantshetsa, boemo jwa ba ba neng ba ikantse boiphemelo jwa maaka mo motlheng wa ga Isaia bo ne bo ntse fela jalo. Ba ba leng mo go Labokeresete bao gompieno le bone ba ikantseng botshabelo jwa maaka ba mo boemong jo bo tshwanang. Ba mo marigeng, jaaka go ne go ka tualo. Eno ga se nako ya gore o batle go ikgomotsa ka ditsamaiso tsa selefatshe tsa kagiso le polokesego. Fa Modimo o tla bo o diragatsa katlholo ya gagwe, go tsalana le babusi ba dipolotiki ga go kitla go naya Labokeresete bothitonyana bope.
Tiro E E Sa Tshwaneng le Epe ya ga Jehofa
6. Jehofa o ne a tlile go dira eng kgatlhanong le Juda, mme o tla dira eng kgatlhanong le Labokeresete?
6 Fa a sena go tshwantsha boemo jo bo seng monate jwa Jerusalema e e neng e sa ikanyege ya motlha wa gagwe—le jwa Labokeresete e e sa ikanyegeng ya motlha wa segompieno ka setshwantsho—Isaia o ne a tswelela ka go bolela jaana: “Gonne Yehofa o tla coga a èma yaka mo thabeñ ea Perasima, o tla galeha yaka mo molapoñ oa Gibeona; gore a tlè a dihè tihō ea gagwè, e le tihō ea gagwè e sele, a bè a dihatsè go diha ga gagwè, e le go diha ka go sele.” (Isaia 28:21) Ee, Isaia o ne a tlhagisa, mme go ise go e kae Jehofa o tla ema mme o tla dira fela jaaka a ne a dira kwa Baala-perasima. Mme mo lekgetlong leno o tla tsogologela batho ba gagwe ba ba sa ikanyegeng, mme o tla dira jalo jaaka morwalela o o sa kgoneng go thijwa wa metse o o tshologang mo phatlheng ya letamo le le wang. Kgolagano e Jerusalema e e dirileng le loso e tla supiwa fa e le ya lefela fela. Mo isagweng e e fa gaufi, Jehofa o tla dira ka tsela e e tshwanang kgatlhanong le Labokeresete, mme o tla fitlhela gore ditumalano tsotlhe tsa gagwe tsa botagwa le lefatshe leno ga di kae sepe. Phuthego ya gagwe e kgolo e tla senngwa le balatedi ba gagwe ba tla phatlaladiwa. Medimo ya gagwe ya maaka e tla tshubiwa gotlhelele ka molelo.
7. Ke ka ntlha yang fa boikaelelo jwa ga Jehofa ka Juda bo bolelwa e le bo “sele”?
7 Ke ka ntlha yang fa Isaia a bitsa tiro e Jehofa a neng a e dira kgatlhanong le Jerusalema tiro e e sa tshwaneng le epe le e e sa tlwaelegang? Gone mme, Jerusalema e ne e le boremelelo jwa kobamelo ya ga Jehofa le motse wa kgosi e e tloditsweng ke Jehofa. (Pesalema 132:11-18) Ka gone, e ne e ise e ko e senngwe pele ga foo. Tempele ya yone e ne e ise e ko e tshubiwe ka molelo. Ntlo ya ga Dafide ya segosi, e e neng e kile ya agiwa mo Jerusalema e ne e ise e ko e senngwe le ka motlha. Dilo tse di ntseng jalo e ne e le tse di ka se kang tsa akanngwa. Go ne go sa tlwaelega tota gore Jehofa o ne a ka akanya go letla dilo tse di ntseng jalo go diragala.
8. Jehofa o ne a tlhagisa jang ka tiro ya gagwe e a neng a tlile go e dira e e sa tlwaelegang?
8 Mme Jehofa o ne a ba tlhagisitse sentle ka baperofeti ba gagwe gore ditiragalo tse di tshosang tseo di ne di tlile go diragala. (Mika 3:9-12) Ka sekai, moperofeti Habakuke yo a neng a tshela mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E. o ne a kile a bolela jaana: “Lebañ mo gare ga merahe, me lo tlhōkōmèlè, lo bo lo gakgamalè segolo: gonne ke diha tihō mo metlheñ ea lona, e lo se ketlañ lo e dumèla leha lo e bolelecwe. Gonne, bōnañ, ke cosa Bakaladea, morahe ouō o o bogalaka, o o phomèlañ; ba ba tsamaèlañ goñwe ba ralala boatlhamō yoa lehatshe, ba ea go rua mannō a e señ a bōnè.”—Habakuke 1:5-7.
9. Jehofa o ne a diragatsa tlhagiso ya gagwe kgatlhanong le Jerusalema ka tsela efe?
9 Jehofa o ne a diragatsa tlhagiso eno ka 607 B.C.E. Ereka a ne a letlile masole a Bababelona go lwa kgatlhanong le Jerusalema, o ne a letla go senya motse mmogo le tempele. (Dikhutsahalō 2:7-9) Mo godimo ga moo, o ne a letla Jerusalema gore e senngwe gape la bobedi. Ka ntlha yang? Morago ga go nna ditshwarwa ka dingwaga tse 70, Bajuda ba ba ikwatlhaileng bao ba ne ba boela kwa nagagaeng ya bone, mme kgabagare go ne ga agiwa tempele e nngwe gape mo Jerusalema. Lefa go ntse jalo, Bajuda ba ne ba katogela kgakala le Jehofa gape. Paulo o ne a tsopola mafoko a ga Habakuke mo lekgolong la ntlha la dingwaga a a bolelela Bajuda ba motlha wa gagwe, ka gone a ba tlhagisa gore boperofeti joo bo ne bo tla diragadiwa gape. (Ditihō 13:40, 41) Jesu ka boene o ne a tlhagisitse ka tsela e e kgethegileng gore Jerusalema le tempele ya yone e ne e tla senngwa ka ntlha ya go bo Bajuda ba ne ba sena tumelo. (Mathaio 23:37–24:2) A Bajuda bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba reetsa? Nnyaa. Ba ne ba gana tlhagiso ya ga Jehofa fela jaaka borraabonemogologolwane ba ne ba dira. Ka gone, Jehofa o ne a dira gape tiro ya gagwe e e sa tshwaneng le epe. Masole a Baroma a ne a senya Jerusalema le tempele ya yone ka 70 C.E.
10. Jehofa o tlile go dira eng kgatlhanong le Labokeresete mo isagweng e e fa gaufi?
10 Ke ka ntlha yang he, fa mongwe a tshwanetse go akanya gore Jehofa ga a kitla a dira selo se se tshwanang mo motlheng ono wa rona? Ntlha ke gore o tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe le eleng lefa go lebega go sa tlwaelega mo go bao ba belaelang. Mo lekgetlong leno o tla dira seo mo go Labokeresete, eo, jaaka Juda wa bogologolo, e ipolelang fa e obamela Modimo mme e senyegile ka tsela e e ka se kang ya fetoga. Jehofa o tla dirisa Dafide wa gagwe yo Mogolwane, Keresete Jesu, go senya “Bafilisitia” ba Labokeresete ka nako eo ba tla bong ba sa e lebelela. O tla dira tiro ya gagwe e e sa tlwaelegang go fitlha fa a senya masalela a bofelo a tsamaiso ya bodumedi jwa Labokeresete.—Mathaio 13:36-43; 2 Bathesalonia 1:6-10.
Go Tlhagisa ka Tiro ya ga Jehofa
11, 12. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhagisa jang ka dikatlholo tse di tlang?
11 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhagisa ka tiro eno ya katlholo eo Jehofa a neng a tlile go e dira. Ba ile ba bolela gore go senngwa ga Jerusalema le tempele ya yone ka 607 B.C.E., le ka 70 C.E. e ne e le ditlhagiso tsa seperofeti tseo di neng di tla diragalela Labokeresete. Mo godimo ga moo, ba ile ba supa gore Labokeresete, ka ntlha ya botenegi jwa gagwe, e ne e fetogile karolo ya mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka eleng Babelona O Mogolo. Ka ntlha ya seno, dikatlholo tsa Modimo mo go Babelona O Mogolo di tlile go wela Labokeresete, ereka e le ene karolo e e molato thata ya phuthego eo ya bosatane.—Tshenolō 19:1-3.
12 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bolela ditlhagiso tsa Bibela tsa seperofeti tsa gore ditsala tse Dikgolo tsa sepolotiki tsa Babelona O Mogolo di tla mo tlhasela ka nako e Jehofa a e tlhomileng. Tseno di tshwantshediwa ke dinaka tse di lesome tsa sebatana se se tlhaga se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, mme Tshenolō e tlhagisa jaana: “Me dinaka tse di shomè tse u di bonyeñ, le shōna sebatana, di tla ila seaka [Babelona O Mogolo] seuō, di tla se diha chwahaco le bosaikatèga, me di tla ya nama ea shōna, di se hisetsa rure ka molelō.” (Tshenolō 17:16) Labokeresete ya bodumedi e tla tshubiwa ka molelo mme e senngwe mmogo le ditumelo tsotlhe tse dingwe tsa maaka. Eno e tla nna yone tiro e e sa tshwaneng le epe, tiro ya ga Jehofa e e sa tlwaelegang mo motlheng ono wa rona.
13. Tsela e batho ba dirang ka yone gompieno fa ba utlwa ditlhagiso tsa ga Jehofa e tshwana jang le e e neng ya bonwa ke Isaia?
13 Fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhagisa ka matlhotlhapelo ano a a tlang, gantsi ba tshegiwa ka tshotlo. Batho ba ipotsa gore bone ke bomang go bo ba ka bua dilo tse di ntseng jalo. Labokeresete e lebega e tlhomame, e eme sentle. Aitsane, bangwe ba akanya gore boemo jwa yone bo ntse bo tokafala. Dipuso tse di neng di tlhola di mo gatelela bosheng jaana di mo letlile gore a dire ka kgololesego. Mme ebile, totatota, Labokeresete e tshwanetse go reetsa kgakololo eno ya ga Isaia: “Me ke gōna yana, se nneñ bashwinyi, e ka tla ea re goñwe dikgōle tsa lona tsa thatahadiwa; gonne boshweco, e bile e le yo bo laolecweñ lehatshe yeotlhe, ke bo utlwile mo go Yehofa, Yehofa oa mashomōshomō.”—Isaia 28:22; 2 Petere 3:3, 4.
14. Masole a Labokeresete a tlile go nonofa le go nna maatla jang?
14 Labokeresete e tla tswelela fela e ntse e le kgatlhanong le Kgosi le Bogosi. (2 Bathesalonia 2:3, 4, 8) Lefa go ntse jalo, ka nako e e tshwanang masomosomo a gagwe a tla nonofa le go nna maatla le go feta. Ka mafoko a mangwe, go senngwa ga gagwe go tla tlhomama le go feta. Jehofa ga a kitla a tlhanogela tshwetso ya gagwe ya gore Labokeresete e senngwe fela jaaka a se kile a tlhanogela tshwetso ya gagwe ya go letla gore Jerusalema le tempele ya yone e senngwe ka 607 B.C.E.
“Cwañ mo go Èna”
15. Batho ba ba dipelo di siameng ba ka falola ka tsela efe?
15 Motho a ka falola se se tlileng go diragalela Labokeresete jang? Bogologolo mo metlheng ya Iseraele, Jehofa o ne a romela baperofeti ba gagwe ba ba ikanyegang go ya go gakolola batho ba ba dipelo di ikanyegang ka kobamelo e e itshekileng. Gompieno, o dirisa Basupi ba gagwe, bao jaanong ba balwang ka dimilione, ka boikaelelo jo bo tshwanang. Ba senola boemo jwa go swa semoyeng jwa Labokeresete. Ka go dira jalo, ba bolela ka boikanyegi melaetsa ya Tshenolō dikgaolo 8 le 9 ya seka dipetso ya dinaka tsa seengele tse di gelebetegang. Mo godimo ga moo, ba ile ba phasalatsa ka matlhagatlhaga kgothatso eno e e kwadilweng jaana mo go Tshenolō 18:4: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me, . . . gore lo se bone dipecō tsa gagwè.” “Èna” yo go buiwang ka ene fano ke Babelona O Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o leloko le legolo la one e leng Labokeresete.
16. Dimilione tsa batho di ile tsa falola jang mo ditumelong tsa maaka?
16 Go tloga ka 1919, mme segolobogolo go tloga ka 1922, boidiidi jo bo oketsegang jwa ba ba ikokobeditseng, bao ba tsayang kgato ka kgothatso eo, bo ile jwa tswa mo go Babelona O Mogolo. La ntlha go ne ga tswa makgolo, ga tswa dikete, jaanong go na le dimilione tse di tswileng mo bodumeding jwa maaka, segolobogolo mo go Labokeresete, mme ba tshabetse mo kobamelong e e itshekileng. (Isaia 2:2-4) Ba itse gore ka go tswa jalo mo go Babelona O Mogolo ba ka kgona go falola go itewa ke dipetso tsa gagwe, tseo di tla felelang ka gore a senngwe fa nako ya gore Jehofa a dire tiro ya gagwe e e sa tlwaelegang e goroga.
17, 18. Jehofa o ile a nna serwalo sa mokgabo le dithunya tsa mokgabo jang mo bathong ba gagwe?
17 Moperofeti Isaia o tlhalosa boemo jo bo itumedisang jwa bao ba tsenang mo kobamelong e e itshekileng. O bolela jaana: “Mo letsatsiñ yeuō Yehofa oa mashomōshomō o tla nna serwalō sa tlhōgō sa kgalalèlō, le tlhoro e ntlè mo masaleleñ a batho ba gagwè: Le mōea oa tshiamishō mo go èna eo o nnetseñ go atlhola, le thata mo go ba ba tatañ ntwa ha kgoroñ.”—Isaia 28:5, 6.
18 Ka ntlha ya fa ba ikanyega tota mo boammaaruring, Jehofa ke serwalo sa kgalalelo se se sa sweng sa maloko a setlhopha sa motlhanka yo o ikanyegang le yo o botlhale. Seno se ile sa nna boammaaruri segolobogolo go tloga ka 1926. Mo go one ngwaga oo tokololo ya January 1 ya The Watch Tower e ne ya gatelela kafa go galaletsa leina la ga Jehofa go leng botlhokwa ka gone mo setlhogong se se rotloetsang tota se se neng se re “Ke Mang Yo O Tla Tlotlang Jehofa?” Go tloga ka nako eo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba phasalatsa leina leo mo lefatsheng go gaisa le fa e leng pele ga foo. Ka 1931 ba ne ba tlhaolwa ba le gaufi thata le Jehofa ka go amogela leina Basupi ba ga Jehofa. Mo godimo ga moo, boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele bo ne jwa tswa mo go Labokeresete le mo go Babelona O Mogolo. Bano le bone ba ne ba amogela leina la Modimo. Go ne ga felela jang? Go na le gore ba bone boipuso bongwe jwa nakwana jwa semorafe—Jehofa ka boene o ile a nna serwalo sa mokgabo le dithunya tsa mokgabo mo bathong ba ba fetang dimilione di le nnè mo dinageng tse 212 le ditlhaketlhake tsa lewatle. Abo seno e le tlotlo jang ne mo go bao ba bidiwang ka leina la Modimo o o tshelang le o e leng one fela wa boammaaruri.—Tshenolō 7:3, 4, 9, 10; 15:4.
“Me Mōea oa ga Yehofa O Tla Nna mo go Èna”
19. Ke mang yo o atlholang, mme Jehofa o ile a nna moya wa tshiamiso jang mo go ene?
19 Jehofa o ne a nna ‘moya wa tshiamiso’ mo go Jesu yoo ‘a ntseng mo katlholong.’ Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a gana go fekeediwa ke moya o o tagang wa ditsala tsa lefatshe. Gompieno, jaaka Kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa, o tletse ka moya o o boitshepo, o o mo kaelang gore a dire ditswetso tse di lekalekaneng le tse di siameng sentle. Boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa mo go Jesu: “Mōea oa ga Yehofa o tla nna mo go èna, mōea oa botlhale le oa tlhaloganyō, mōea oa kgakololō le oa nonohō, mōea oa kicō le oa go boiha Yehofa.” (Isaia 11:2) Ka boammaaruri Jehofa, ka Jesu o tla “diha tshiamishō go nna thapō e e lekanyañ, le tshiamō go nna selekanyō se se thōkgameñ.” (Isaia 28:17) Fa baba ba ba tagilweng semoyeng ba tla bo ba senngwa, leina la ga Jehofa le le boitshepo le bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe di tla direlwa tshiamo.
20, 21. Mafoko a Isaia 28:1-22 a go ama jang?
20 Abo boperofeti jwa Isaia 28 bo na le bokao jo bo botlhokwa ruri jang ne mo go rona gompieno! Fa re tila matagwa a semoya a Labokeresete mme re ngaparela kobamelo e e itshekileng, re tla sirelediwa fa Jehofa a dira tiro ya gagwe e e sa tshwaneng le epe le tiro ya gagwe e e sa tlwaelegang. Abo re itumela jang ne go itse seno! Mme abo re itumela jang ne go akanya gore fa dilo tseno di sena go feta, mongwe le mongwe o tla patelesega go itse gore Jehofa wa masomosomo o lole mo boemong jwa batho ba gagwe ba ba ikanyegang le go ikgoletsa ka boene ka Jesu Keresete!—Pesalema 83:17, 18.
21 Ka jalo a Bakeresete botlhe ba mmatota ba tswelele ba tlhagisa ka tiro e e sa tshwaneng le epe eno ya ga Jehofa. A ba ganelele mo go boleleng tiro eno e e sa tlwaelegang. Mme fa ba ntse ba dira jalo, a ba bolelele botlhe ka tsholofelo e e nonofileng ya Bogosi jwa Modimo le Kgosi ya bone e e tlhomilweng. A botlhaga jwa bone, boiketleetso jwa bone, le boikanyegi jwa bone di oketse pako ya bosakhutleng ya Modimo wa rona mothatayotlhe, Jehofa.—Pesalema 146:1, 2, 10.
A O Ka Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa Labokeresete e se mo boemong jo bo monate gompieno?
◻ Jehofa o ne a ikaelela go direla Jerusalema eng, mme ke ka ntlha yang fa seno e ne e le selo se se “sa tshwaneng le sepe” le se se “sa tlwaelegang”?
◻ Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhagisa jang mabapi le Labokeresete, mme batho ba ile ba dirajang ka seo?
◻ Batho ba ka kgona go falola se se tlileng go diragalela Labokeresete jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Jehofa o tla dira gape tiro e e sa tshwaneng le epe eo, mme jaanong a e dira kgatlhanong le Labokeresete