Nna Gone Kwa Kopanong ya Kaolo ya “Batho ba ba Ratang Kgololesego”!
LETETSWE ke malatsi a le mararo a a duelang thata. Nna gone ka 10:20 ka Labotlhano mo mosong fa kopano eno e simolola ka mmino. Ipelele puo e e simololang e e reng, “Ke ka Ntlha Yang fa Re Tshwanetse go Tlhodumela mo Molaong O O Itekanetseng wa Kgololesego?,” le karolo e e konelang thulaganyo ya mo mosong, eleng puo ya setlhogo e e reng: “Boikaelelo jwa Kgololesego E Re E Filweng ke Modimo le Kafa Re Ka E Dirisang ka Gone.”
Ka Labotlhano thapama, Bakeresete ba tla bo ba neelwa kgakololo ya go diragatsa thomo ya bone jaaka badihedi ba Modimo. “A O Tshwaregile mo Ditirong Tse Di Suleng Kana mo Tirelong ya ga Jehofa?” le “Batho Ba Ba Gololesegileng Lefa go le Jalo Ba Ikarabelela” ke di le pedi tsa ditlhogo tse di tlileng go tlhalosiwa. Mo terameng ya rona ya bogologolo go tla bo go neelwa kgothatso ya gore motho a dirise kgololesego ya gagwe go direla Jehofa. E tla bo e tswa mo maitemogelong a ga Esera le ditsala tsa gagwe tseo di neng tsa boela kwa Jerusalema go tswa kwa Babelona ka 468 B.C.E. gore di ye go ntlafatsa tempele ya Modimo.
Thulaganyo ya Matlhatso mo mosong e tla neela simposiamo ya dikarolo di le tharo e e reng, “Kgololesego E E Nang le Boikarabelo Mo Teng ga Lelapa.” Morago ga puo e e hukutsang maikutlo e e reng “Ipoloke O Gololesegile go Direla Jehofa” go tla bo go na le puo e e buang ka boineelo le kolobetso. Mo thapameng ba le bantsi ba tla bo ba letetse karolo e e reng “A Lenyalo ke Lone Tharabololo ya go Bona Boitumelo?” Thulaganyo eno e tla konela ka ntlha eo kwantle ga pelaelo e tla leretseng botlhe ba ba ratang kgololesego boitumelo.
O tla rata go nna gone ka Sontaga mo mosong gore o utlwe simposiamo ya dikarolo di le tharo e e reng “Go Direla Jaaka Batshwari Ba Batho.” Sone se tla tlotla ka setshwantsho sa ga Jesu sa letloa le ditlhapi mme se tla sekaseka gore ke karolo efe eo re ka nnang le yone mo go diragadiweng ga sone. Karolo ya mo mosong e tla konela ka puo e e botlhokwa e e reng “Go Nna Re Thantse ‘mo Motlheñ oa Bohèlō’” le “Ke Mang Yo O tla Falolang ‘Motlha oa Khuduègō’?” Morago ga moo, mo thapameng, ga o kitla o batla go latlhegelwa ke puo ya phatlalatsa, e e reng “Go Amogela Lefatshe le Lesha la Modimo la Kgololesego ka Boitumelo!” Pele ga puo e e tshikinyang maikutlo e e konelang, go tla bo go na le motlotlo wa thuto ya Tora ya Tebelo ya beke eo. Tlaya le sekaelo sa gago sa makasine o o tla bong o balwa.
Go tloga ka September go ya go fitlha ka January, go rulagantswe dikopano tse di fetang 20 mo Afrika Borwa fela, ka jalo go tla bo go na le e nngwe gaufi le wena. Botsa Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona ka nako le lefelo la eo e leng gaufi le wena.