LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 6/15 ts. 3-5
  • A Ntwa Kgatlhanong le Bolwetsi le Loso e a Fenngwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Ntwa Kgatlhanong le Bolwetsi le Loso e a Fenngwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Malwetsi A “Masha”
  • Ga Go Na Kalafi Epe
  • Leroborobo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga
    Tsogang!—1997
  • Kalafi ya Segompieno—E ka Fitlhelela go le Kana Kang?
    Tsogang!—2001
  • Ntwa E e Sa Bolong go Lowa ya go Senka Botsogo jo bo Botoka
    Tsogang!—2004
  • Go Atlega le go Palelwa mo go Lweng le Malwetse
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 6/15 ts. 3-5

A Ntwa Kgatlhanong le Bolwetsi le Loso e a Fenngwa?

GA GO tlhole go le bolwetsi, ga go tlhole go le loso! Mo bathong ba bantsi seno se ka nna sa utlwala jaaka keletso fela. Mo godimo ga moo, go ntse fela jaaka ngaka ya kalafi le porofesa e e ithutang ka ditwatsi ebong Wade W. Oliver a ne a kwala jaana: “Go tloga fela kwa hisitoring ya ntlhantlha e e kwadilweng, bolwetsi bo ile jwa tlhomamisa ka tsela e kgolo kafa batho ba tla felelang ka gone . . . Dikgogodi tse dikgolo di ile tsa bolaya batho ka bofefo jo bo boitshegang tota . . . Bolwetsi ga bo bolo go palela motho.”

A go na le lebaka lepe la go dumela gore go tlile go nna le phetogo nngwe e kgolo? A saense ya kalafi e gaufi le go tlosa malwetsi otlhe gongwe le eleng lone loso?

Kwantle ga pelaelo, dingaka le babatlisisi ba ile ba dira tiro e e gakgamatsang tota mo go lweng le malwetsi. Ke motho ofe fela yo o nang le kitso yo a ka palelwang ke go lebogela go bo jaanong kholera e na le kalafi, e e neng ya bonwa kgabagare go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo 19 la dingwaga, kana go lebogela go bonwa ga mokento wa sekonkonyane se se tshabegang thata? Mokento oo o ne wa dirwa ka 1796 ke Edward Jenner ka mofuta o mongwe wa sekonkonyane o o seng kotsi thata wa dintho tsa sekgammakgomo. Poresidente wa United States ebong Thomas Jefferson o ne a bolela maikutlo a ba bantsi fa a ne a kwalela Jenner jaana ka 1806: “Se o se dirileng ke sengwe se se itumedisang tota seo ka sone batho ba se kitlang ba lebala gore o kile wa tshela; merafe e e tla tshelang mo isagweng e tla itse fela ka go bala hisitori gore sekonkonyane se se sa rategeng se kile sa nna teng.”

Mo godimo ga moo, katlego e e ileng ya bonwa ke babatlisisi ba kalafi ka malwetsi a a jaaka mometsomosweu le polio le yone e tshwanetse go umakiwa le go lebogiwa. Mme batho ka bontsi ga ba lebogele kgatelopele e e dirilweng bosheng jaana mo kalafing ya pelo le kankere. Lefa go ntse jalo, batho ba santse ba bolawa ke malwetsi a pelo le kankere. Mokgele wa go tlosa malwetsi le makoa otlhe o itshupile o sa kgonwe go fitlhelelwa.

Malwetsi A “Masha”

Selo se se gakgamatsang ke gore, lemororo batho ba motlha ono wa gompieno ba ile ba bona ditlhatlhobo tsa boitseanape tsa CAT le go tsosolosiwa ga dirwe dingwe tsa mmele ba ile ba bona gape le go tlhagoga ga malwetsi mangwe a “masha,” jaaka bolwetsi jwa go tshwaediwa ga makgwafo, ditshupo tsa go tsenwa ke botlhole mo ditshikeng le mmolai yo go buiwang ka ene thata yo o bidiwang AIDS.

Lefa go ntse jalo, ba bantsi ba ipotsa gore malwetsi ano a masha go le kana kang. Setlhogo sengwe mo go U.S.News & World Report se akgela ka gore, mo makgetlong a mangwe, malwetsi a a sa bolong go nna teng ka lobaka lo loleele ke gone a bonweng le go bidiwa sentle ka maina a masha. Ka sekai, bolwetsi jwa go tshwaediwa ga makgwafo bo ne jwa lemogiwa la ntlha ka 1976, mme bo ka nna jwa bo pele bo ne ka phoso go twe ke nyumonia e e bakiwang ke ditwatsi. Ka mo go tshwanang, bolwetsi jwa go tsenwa ke botlhole mo ditshikeng bo ka tswa pele ka phoso bo ne bo tsewa gore ke scarlet fever.

Lefa go ntse jalo, go bonala sentle kwantle ga pelaelo gore malwetsi mangwe a le mmalwa a masha. Kwantle ga pelaelo AIDS ke bongwe jwa a a itsegeng thata. Bolwetsi jono jo bo gobatsang thata le jo bo bolayang bo ne jwa bonwa jwa bo jwa rewa leina la ntlha ka 1981. Bolwetsi bongwe gape jo bo sa itseweng thata jo “bosha” ke purpuric fever ya Brazil. Bo ne jwa bonwa kwa Brazil ka 1984 mme bo ne jwa fopholediwa gore bo bolaya ka selekanyo sa 50 lekgolong.

Ga Go Na Kalafi Epe

Ka jalo, lemororo motho a dira maiteko otlhe a a ka a kgonang, ga go bonale go na le kalafi epe e e ka fodisetsang malwetsi a batho ruri. Go boammaaruri gore palogare ya boleele jwa botshelo jwa batho e ile ya oketsega ka dingwaga di le 25 fa esale ka ngwaga wa 1900. Mme phetogo eno segolobogolo e lerilwe ke mekgwa ya kalafi e e fokotsang go swa ga masea kana banyana. Boleele jwa botshelo jwa motho bo ema gaufi le “dinyaga di [le] mashomè a shupa” tse di bolelwang ke Bibela.—Pesalema 90:10.

Ke gone ka moo go neng ga tsoga dikgang fa Anna Williams a ne a tlhokafala ka December 1987 a na le dingwaga di le 114. Mokwaladikgang mongwe o ne a akgela jaana ka loso lwa Mohumagatsana Williams: “Borasaense ba akanya gore boleele jwa botshelo jwa motho bo felela ka dingwaga di le 115 go ya go di le 120. Mme ke ka ntlha yang fa go tshwanetse ga nna jalo? Ke ka ntlha yang fa mmele wa motho o koafala thatathata morago ga dingwaga di le 70, 80, kana le eleng di le 115?”

Ka bo 1960, borasaense ba kalafi ba ne ba fitlhela gore disele tsa motho di lebega di kgona go ikgaoganya fela ka makgetlo a le 50. Fa di sena go fitlhelela selekanyo seno, go lebega go se sepe se se ka dirwang go dira gore disele tseno di nne di ntse di tshela. Seno se lebega se ganetsa thuto ya pelenyana ya saense ya gore disele tsa motho di ka tshelela ruri fa di le mo maemong a a siameng.

O ka kopanya seo le ntlha ya gore motho ke ene a bakang matlhoko a mantsi. Ke fela jaaka mmatlisisi mongwe a ne a konela jaana go ya kafa a neng a tlhaloganya le go lemoga dilo ka teng: “Malwetsi ga a a fenngwa fela ka kalafi e le esi. Hisitori ya malwetsi e amana thata le dikarolo tsa loago le tsa boitsholo.”

World Health Organization e ne ya akgela jaana: “Re intshitse dintho ka borona, re dumela gore saense, dingaka le dikokelo di tla bona kalafi, go na le gore re thibele dilo tse di bakang malwetsi fela kwa tshimologong. Gone mme, ga re kake ra kgona go tshela kwantle ga dilo tsa kalafi tseo tota di bolokang matshelo a rona, mme a re lemogeng ka phepafalo gore ga di oketse ‘boitekanelo’ jwa rona—ga di re thibele gore re se ka ra swa. . . . Keletso e e bolayang motho yo o gogang le yo o nwang thata, kafa kakanyo le mmele wa rona di amegang ka gone fa re sa bone tiro—ano ke mangwe a ‘malwetsi a masha.’ Ke ka ntlha yang fa re letla ‘kgogodi ya dikotsi tsa tsela,’ e e tsayang matshelo a mantsi le madi a mantsi go diragala?”

Ka gone, malwetsi, matlhoko, go boga, le loso di santse di na le rona tota. Lefa go ntse jalo, re na le lebaka la go lebelela kwa pele ka tsholofelo kwa nakong ya fa bolwetsi le loso di tla bo di sa tlhole di le teng. Se se molemo le go feta, go na le lebaka la go dumela gore nako eo e setse e le gaufi.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

“MATLHOKO A A BOSULA A EGEPETO”

Selo se se supang gore motho o paletswe ke go lwa le malwetsi se kwadilwe le mo Bibeleng. Ka sekai, Moshe o ne a bua ka tsela e e kgatlhang ka “matlhoko a a boshula a Egepeto.”—Duteronome 7:15.

Ano go lebega a ne a akaretsa bolwetsi jwa tlou, malamahibidu, sekonkonyane, le bolwetsi jwa buboniki, le ophthalmia. Batho ba gaabo Moshe ba ne ba falola malwetsi ao thatathata ka ntlha ya mekgwa e e tlhabologileng thata ya boitekanelo e ba neng ba tshwanetse go tshela go ya ka yone e e neng e le mo kgolaganong ya Molao.

Lefa go ntse jalo, fa go sekasekiwa ditopo tse di omeleditsweng tsa Baegepeto ka kelotlhoko, go ile ga bonwa bontsi jo bongwe gape jwa “matlhoko a a boshula a Egepeto.” Ano a ne a akaretsa bolwetsi jwa malokololo, spondylitis, le malwetsi a meno le metlhagare, bolwetsi jwa lelana, le jwa gout. Lokwalo longwe lwa bogologolo lwa kalafi, lo lo neng lo itsewe jaaka Ebers Papyrus, le umaka le malwetsi a a tshwanang le ditlhagala, matlhoko a mala le sebete, bolwetsi jwa sukiri, lepera, bolwetsi jwa ditokololo, le bosusu.

Dingaka tsa bogologolo tsa Baegepeto di ne di dira bojotlhe jwa tsone go fedisa malwetsi ano, bangwe ba ne ba nna ditswerere tota mo go tsa kalafi. Raditiragalo wa Mogerika Herodotus o ne a kwala jaana: “Naga ya [Egepeto] e tletse ka dingaka; nngwe e alafa fela malwetsi a matlho; e nngwe a tlhogo, leitlho, le mala, kana dirwe tse di mo teng.” Lefa go ntse jalo, bontsi jwa “bongaka” jwa Seegepeto totatota e ne e le fela boferefere jwa sedumedi mme e se jwa saense le eseng.

Dingaka tsa segompieno di ile tsa atlega thata mo go lweng le malwetsi. Lefa go le jalo, mmatlisisi mongwe wa kalafi Jessie Dobson o ne a dira tshwetso eno e e akantshang thata: “Ke eng he se se ka ithutiwang ka malwetsi a metlha ya bogologolo? Tshwetso e e neng ya dirwa ka kakaretso go latelwa bosupi jwa patlisiso e e neng ya dirwa e lebega e le gore malwetsi le matlhoko a bogologolo ga a farologane thata le a gompieno . . . Go lebega gore matsetseleko le maiteko a go dira dipatlisiso ka bopelotelele a dirile go le gonnye fela go fedisa malwetsi.”—Disease in Ancient Man.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela