Bolwetsi le Loso di Tla Tloga di Nyelela!
GA GO ope yo o itumelelang go lwala, le gone batho ga ba batle go swa. Porofesa mongwe wa sosioloji ya kalafi o tlhomamisa jaana: “Go batla go oketsa boleele jwa botshelo go lebega go sa bolo go dirwa lefatshe lotlhe go ralala hisitori le mo bathong ba bantsi. Go amana thata le keletso ya go batla go nna teng ka bosakhutleng . . . Ponce de Leon ke ene yo o itsegeng thata mo banneng ba bantsi ba ba neng ba senya matshelo a bone otlhe ba batla go oketsa boleele jwa botshelo. Saense ya kalafi e amegile thatathata ka go dira gore botshelo bo nne boleele ka go lwa le malwetsi le loso.”
Loso ruri lo re utlwisa botlhoko tota mo e leng gore fa lo tlela tsala ya rona kana mongwe wa lelapa la rona, re batla go itshireletsa mo botlhokong jwa lone. Buka Funeral Customs the World Over e akgela jaana: “Ga go na setlhopha sefe, lemororo se ka tswa se sa tlhabologa thata jang kana se tlhabologile fela thata, seo fa se tlogetswe go dira dilo ka tsela ya sone le fa se kgona se sa fitlheng ditopo tsa maloko a sone ka moletlonyana. . . . Seo se kgotsofatsa dilo tse di boteng tota tse di elediwang mo lobopong. Go se dira go lebega go ‘siame,’ eseng go sa se dire, segolobogolo mo go bao ba atamalaneng thata ka losika, boikutlo, ba ba tshelang mmogo, ba ba itemogetseng dilo tse di tshwanang kana ba amana ka tsela nngwe, go lebega go le ‘phoso,’ e le selo se eseng sa tlholego go ka tlogelwa, sengwe se motho a tshwanetseng go kopa maitshwarelo ka sone kana se mo tlhabise ditlhong fa a sa se dira. . . . [Motho] ke sebopiwa se se fitlhang baswi ba sone ka moletlonyana.”
Kwa Bolwetsi le Loso Di Simologileng Teng
Kgopolo ya gore bolwetsi le loso di tla nyelediwa letsatsi lengwe e kgatlha tota, mme a go na le lebaka la konokono la go dumela jalo? Eleruri le teng, mme le a utlwala, le ka ikanngwa, ebile ga le phoso. Ke Lefoko la Mmopi le le tlhotlheleditsweng—Bibela E E Boitshepo.
Buka eo e tlhalosa kwa mathata a motho a simolotseng teng fela ka phepafalo. E re bolelela gore motho wa ntlha ebong Adame, o ne a bopiwa ke Modimo mme wa mmaya mo legaeng la tshingwana ya paradaise e e neng e le kwa lefelong lengwe kwa Botlhabagare. Adame o ne a bopiwa a itekanetse; a sa itse sepe ka bolwetsi le loso. Ka bonakonyana fela o ne a nna le mosadi yo le ene ka tsela e e tshwanang a neng a itekanetse, mme bobedi jwa bone bo ne bo na le tebelelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.—Genesise 2:15-17, 21-24.
Boemo jo bo monate jono ga bo a ka jwa nna lobaka lo loleele. Ka ntlha yang? Gonne Adame ka bogagapa o ne a tlhopha go tshela a sa busiwe ke Modimo. Go ne ga felela ka gore a dire ka thata tota, ka botlhoko, bolwetsi, mme kgabagare o ne a swa. (Genesise 3:17-19) Ditlogolwana tsa gagwe di ne tsa rua mofuta wa botshelo jo bo senang boitumelo joo Adame a neng a bo tlhophile. Baroma 5:12 e a tlhalosa: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” Baroma 8:22 e oketsa jaana: “Rea itse ha lobopō lotlhe lo nntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pèlègō, le gompiyeno.”
A Ke mo Lefatsheng Kana kwa Legodimong?
Lefa go ntse jalo, Bibela e re tlhomamisetsa gore go ise go e kae Modimo o tla busetsa batho ba ba dirang go ya ka ditaolo tsa gagwe mo boemong jo bo itumedisang joo jo bo ileng jwa latlhegela Adame le Efa. Tshenolō 21:3, 4 e bolela jaana: “Me o tla nna Modimo wa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” Moperofeti mongwe wa bogologolo ka tsela e e tshwanang o ne a bonela pele nako ya fa go sena ‘monni ope yo a tla reng, Kea bobola.’—Isaia 33:24.
A o ka kgona go akanya ka lefatshe le le senang dikokelo, dimmotšhari le mabitla? A o ka akanya o tshela fela go ya kwa pele, o sa tshoge le eleng gore o ka swa? Ee, tsholofetso eo ya Modimo e ama maikutlo a rona a a boteng tota. Lefa go le jalo, re ka tlhomamisega jang gore selo se se molemolemo seno se tla diragala mo polaneteng ya rona e e leng Lefatshe—eseng kwa legodimong? A o ko o ele tlhoko ditemana tse di dikologileng Dikwalo tse di setseng di umakilwe fa godimo. Temana ya ntlha ya Tshenolō kgaolo 21 e bua ka “legodimo le lesha le lehatshe ye lesha.” Go bolelwa ka phepafalo fela gore Modimo o tla nna le batho le gore le bone ba tla nna batho ba one. Fa go sena go umakiwa tsholofetso ya gore ga go ope yo o tla bobolang e e mo bukeng ya Isaia go umakiwa “batho ba ba [nnang mo nageng eo, NW],” bao ba ‘itshwaretsweng boikepo jwa bone.’
Ka jalo ditsholofetso tseno tse di kgothatsang di bua ka botshelo jwa mo lefatsheng! Mme di dumalana le thapelo eno ya ga Jesu fa a ne a rapela Rraagwe jaana: “Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:10.
Ke ka Ntlha Yang Fa go Tlile go Diragala ka Bonako?
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thusa dimilione tsa batho go lemoga gore ditsholofetso tseno di tlile go diragadiwa mo isagweng e e fa gaufi. Lefa go le jalo ke lebaka lefe la konokono le le ba dirang gore ba ikutlwe ba tlhomamisegile jaana ka seno? Ke ka ntlha ya bosupi jo bontsi jwa gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso eno, kana thulaganyo ya dilo ya mo lefatsheng. (2 Timotheo 3:1-5) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo kopa gore a ba neye sesupo sa gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo tla nna leng. Fa a araba, Jesu o ne a bolelela pele ka botlalo ditiragalo tsa lefatshe tse di saleng di diragala fa Ntwa ya Lefatshe I e tlhagoga ka 1914.a Morago o ne a oketsa jaana: “E tla re lo bōna dilō cotlhe tse, lo bo lo itse ha a le gauhi, a le hèla ha meyakoñ. Amarure kea lo raea, Losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.” Ka jalo bangwe mo kokomaneng e e neng e tshela ka 1914 ba tla bona tsamaiso eno ya lefatshe la jaanong fa e senngwa—Mathaio 24:33, 34.
Jehofa Modimo o tla roma Morwawe, Keresete Jesu go tswelela le go senya dilo tsotlhe tse di bakang botlhoko le matswenyego mo polaneteng e ntle eno eleng Lefatshe. Bibela e bolela ka go nyelediwa ga boikepo jaaka ‘ntwa ya letsatsi le legolo ya Modimo, Mothatayotlhe’ kwa Hara–Magedona.—Tshenolō 16:14, 16.
Palo e kgolo ya batho ba ba boifang Modimo e tla falola selo se se boitshegang seno mme e tla tshela go fitlha e bona fa puso ya ga Keresete Jesu e simolola. (Tshenolō 7:9, 14; 20:4) Lemororo a tla bo a busa go tswa kwa legodimong, botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng ba tla itumelela melemo ya jone—bafalodi ba ntwa ya Hara–Magedona mmogo le dimilione tse dintsintsi tse di tla tsosiwang mo baswing. Tsholofetso eno jaanong e tla diragadiwa: “Gonne [Keresete] o na le go busa hèla, a ba a tla a tsamaee a beè baba botlhe ba gagwè ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè. Mmaba oa bohèlō eo o tla nyèlèdiwañ ke losho.”—1 Bakorintha 15:25, 26.
Re ka khutsa jaana ka pelo yotlhe: “Bolwetsi le loso di tla tloga di nyelela!” Seno ga se toro fela e e seng boammaaruri, kana selo fela se re se eletsang. Ke tsholofetso ya mmatota ya ga Jehofa Modimo, ‘yo a ka se kang a aka.’ A o tla ikanya tsholofetso eno? E tla go solegela molemo ka bosakhutleng!—Tito 1:2.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa o batla bosupi jo bo oketsegileng jwa gore batho ba tshela mo metlheng ya bokhutlo, bona kgaolo 18 ya buka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Mo boemong jwa bolwetsi le loso go tla tloga go nna le boitekanelo le botshelo jo bo sa khutleng