DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE
Loso lwa ga Jesu lo re solegela molemo jang?
Fa Modimo a ne a bopa batho, maikaelelo a gagwe e ne e le gore ba tshelele ruri mo lefatsheng ba sa lwale e bile ba sa swe. Le fa go ntse jalo, motho wa ntlha e bong Adame o ne a se ka a ikobela mmopi mme a latlhegelwa ke tshiamelo ya go tshelela ruri ka bosakhutleng. Rona jaaka ditlogolwana tsa ga Adame re ne ra rua loso go tswa mo go ene. (Baroma 5:8, 12; 6:23) Modimo wa boammaaruri Jehofa o ne a romela morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu, mo lefatsheng gore a tle go swa le go reka se se neng se latlhegetse Adame.—Bala Johane 3:16.
Jesu o ne a swa mme a dira gore batho ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. O akanya gore botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng bo tla bo bo ntse jang?
Loso lwa ga Jesu lo dira gore go itshwarelwa ga maleo a rona le go tshelela ruri go kgonege mo go rona. Baebele e bontsha sentle gore botshelo bo tla bo bo ntse jang fa go sa tlhole go na le botsofe, bolwetse le loso mo isagweng.—Bala Isaia 25:8; 33:24; Tshenolo 21:4, 5.
Re tshwanetse go gopola loso lwa ga Jesu jang?
Bosigo jwa pele ga Jesu a swa, o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba gopole loso lwa gagwe ka go dira modiro o o motlhoswana. Go gopola loso lwa ga Jesu ka tsela eno ngwaga le ngwaga go re thusa gore re bontshe ka moo re anaanelang ka gone tsela e Jesu le Jehofa ba ratang batho ka yone.—Bala Luke 22:19, 20; 1 Johane 4:9, 10.
Monongwaga Segopotso sa loso lwa ga Jesu se tla nna ka Mosupologo, Moranang 14, fa letsatsi le sena go phirima. O a lalediwa gore o etele Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno.—Bala Baroma 1:11, 12.