LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 3/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Tshwanetse go Gopola Loso Lwa ga Jesu Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Sejo sa Morena sa Maitseboa—Se Tshwanetse go Ketekwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 3/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Goreng re tshwanetse go gopola loso lwa ga Jesu?

Batho ba ba itumetseng ba tshela monate mo lefatsheng la paradaise

Loso lwa ga Jesu lo naya batho isagwe e e ntseng jang?—Isaia 25:8; 33:24

Loso lwa ga Jesu ke tiragalo e e botlhokwa thata mo hisitoring—o ne a re swela gore re bone botshelo jo Modimo a neng a batla gore re bo tshele. Motho o ne a sa bopiwa a na le tshekamelo ya go dira bosula, go lwala kgotsa go swa. (Genesise 1:31) Mme boleo bo tsene mo lefatsheng ka motho a le mongwe e bong Adame. Jesu o ne a swa gore a re golole mo boleong le mo losong.—Bala Mathaio 20:28; Baroma 6:23.

Fa Modimo a ne a romela Morwawe mo lefatsheng gore a re swele, o ne a bontsha gore o a re rata. (1 Johane 4:9, 10) Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba gopole loso lwa gagwe ka go dira moletlo o monnye o mo go one go nang le beine le senkgwe. Go dira jalo ngwaga le ngwaga go bontsha gore re anaanela tsela e Modimo le Jesu ba re ratang ka yone.—Bala Luke 22:19, 20.

Ke bomang ba ba tshwanetseng go ja senkgwe le go nwa beine?

Fa Jesu a ne a re barutwa ba gagwe ba gopole loso lwa gagwe, o ne a bua ka kgolagano kgotsa tumalano. (Mathaio 26:26-28) E ne e tla dira gore bone le batho ba bangwe ba palo e e lekanyeditsweng ba nne dikgosi le baperesiti kwa legodimong. Le fa gone batho ba le dimilione ba gopola loso lwa ga Jesu, ke ba ba mo kgolaganong eo fela ba ba jang senkgwe le go nwa beine.—Bala Tshenolo 5:10.

Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000, Jehofa o ntse a tlhopha ba ba tla nnang dikgosi. (Luke 12:32) Ba mmalwanyana fela fa ba bapisiwa le ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng.—Bala Tshenolo 7:4, 9, 17.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 5 ya buka eno ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

Gape e teng mo www.jw.org/tn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela