Go Tlhatlhoba Dikarolo tsa Leje Le Le Tlhwatlhwakgolo la Modimo—Bibela!
KA 1867, molemi mongwe wa mo Afrika Borwa yo o neng a bidiwa Schalk van Niekerk o ne a lebile bana ba ntse ba tshameka ka maje mangwe. O ne a bona leje le lengwe le le phatsimang le lentle. “O ka nna wa le itseela, fa o le rata,” mmaagwe bana bao o ne a bolela jalo. Lefa go le jalo, van Niekerk, o ne a romela leje leo kwa batlhatlhobing ba maje. Bana bao ba ne ba sa lemoge gore ba ne ba tshameka ka taemane e kgolo ya madi a a ka nnang R2 400!
A o ka tswa o na le leje lengwe la botlhokwa mme o sa lemoge? Ka sekai, ba bantsi ba na le Bibela, ereka e le serekwasegolo, e bonwa e feletse kana ka dikarolwana tsa yone ka dipuo tse di fetang 1 900. Lefa go le jalo, batho ba bantsi ga ba ise ba bale Bibela mme ka gone ba itse go le gonnye fela ka dilo tse di mo go yone.
Bibela e ipolela fa e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo’ mme ka gone e le Lefoko la Modimo. (2 Timotheo 3:16; bapisa 1 Bathesalonia 2:13.) Ke sengwe se se tlhwatlhwakgolo se batho ba nang naso. Ka sone, re kgona go ithuta kafa re ka bonang dilo tse di gaisang mo botshelong jwa jaanong, gape se se botlhokwa le go feta, kafa re ka bonang botshelo jo bo sa khutleng ka gone! (Yohane 17:3, 17) A go na le sengwe se se ka tswang se le tlhwatlhwakgolo go gaisa seo?
Lefa go ntse jalo, motho o tshwanetse go tlwaelana le leje leno gore a tle a itumelele leje leno le dikarolwana tsa lone. Fa o le leba la ntlha, go ka lebega go se motlhofo. Mo godimo ga moo, Bibela e dirilwe ka dibuka di le 66 tse di farologaneng. Dibuka tseo di na le eng? Ke ka ntlha yang fa di rulagantswe ka tsela e di rulagantsweng ka yone? Fa go ntse jalo, motho a ka kgona go bona ditemana tse di kgethegileng jang mo Bibeleng?
Go tlwaelana le Bibela ke kgwetlho tota. Mme jaaka leje la mmatota, Bibela ga e fetoge ebile e na le thulaganyo. Mme re ka kgona go bona seo fa re e sekaseka ka bokhutshwane.
Dikwalo tsa Sehebera—Tse Di Buang ka Keresete
Ka kakaretso fela, Bibela e kgaogantswe ka “Tesetamente e Kgologolo” le “Tesetamente E Ntšha.” Lefa go le jalo, ano ke maina a a phoso, a a akantshang gore “Tesetamente E Kgologolo” ke ya bogologolo thata ebile ga e mosola mo go kalo. Leina le le tshwanelang segolo la go bitsa karolo eo ya Dikwalo e tla nna Dikwalo tsa Sehebera, ereka karolwana eno e ne e kwadilwe ka puo ya Sehebera kwa tshimologong. “Tesetamente E Ntšha” e ne e kwadilwe ka Segerika mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.; ka gone e tshwanetse go bidiwa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika.
Buka ya ntlha ya Bibela, Genesise, e bua ka dingwaga tsa bogologolo tota tsa fa Modimo o ne o tlhola legodimo le lefatshe mme moragonyana o simolola go baakanya lefatshe gore batho ba kgone go tshela mo go lone. Batho ba ntlha ba babedi ba bopiwa ba itekanetse; lefa go ntse jalo, ba itlhophela go dira boleo, mme seo se felela ka matlhotlhapelo mo baneng ba bone. Lefa go le jalo, jaaka leje le le tlhokegang mo lesedinyaneng, Bibela e naya batho ba ba leofileng tsholofelo eno: kgabagare go tla nna le “losika” lo lo tla dirololang seo se dirilweng ke boleo le loso. (Genesise 3:15) Losika lono lo tlile go nna mang? Genesise e simolola e latedisa moralo wa Losika lono lo lo tlang, e bua thata ka matshelo a borremogologolwane ba ba ikanyegang, jaaka Aberahame, Isake le Jakobe.
Morago ga foo Ekesodo e tlhalosa botsalo jwa ga Moshe. Botshelo jwa ga Moshe ka ditsela tse dintsi bo tshwantshetsa jwa Losika loo lo lo tlang. Baiseraele ba dira Khuduga e kgolo go tswa mo Egepeto morago ga dipetso tse di lesome, mme ba bolelwa fa e le morafe o o itlhophetsweng ke Modimo kwa Thabeng ya Sinai. Lefitiko, jaaka leina leno le supa, e re naya melao e Modimo o e tlhometseng baperesiti ba Iseraele ba Balefi. Dipalō e re bolelela ka dinako tsa fa Baiseraele ba ne ba balwa (go dirisiwa tsela ya go bala batho) le ditiragalo tsa fa Baiseraele ba le mo nageng. Mme jaanong Moshe o kgothatsa Baiseraele labofelo, fa ba setse ba tla tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso. Se ke se go buiwang ka sone mo go Duteronome. Fa a bua ka Losika lo lo tlang, Moshe o kgothaletsa morafe gore o reetse ‘moperofeti yoo Jehofa a tla mo tsosang.’—Duteronome 18:15.
Jaanong go latela dibuka tsa hisitori. Tseno segolobogolo di latelelana sentle tota. Yoshue e tlhalosa go gapiwa le go kgaoganngwa ga Lefatshe la Tsholofetso. Baatlhodi e bua ka ditiragalo tse di gakgamatsang tsa dingwaga tse di neng tsa latela fa Baiseraele ba ne ba busiwa ke baatlhodi. Ruthe e bua ka mosadi mongwe yo o boifang Modimo, yo o tshelang mo lobakeng lwa Baatlhodi le yoo a neng a bona tshiamelo ya go nna mmaagwemogologolwane wa ga Jesu Keresete.
Lefa go ntse jalo, lobaka lwa go busa ga baatlhodi lo a khutla. Samuele wa Ntlha e re bolelela ka puso e e neng ya se ka ya atlega ya kgosi ya ntlha ya Iseraele ebong Saulo, jaaka fa re tlhalosediwa seo ke moperofeti Samuele. Samuele wa Bobedi e tlhalosa puso e e neng ya atlega ya ga Dafide, yoo a neng a tlhatlhama Saulo. Dikgosi wa Ntlha le wa Bobedi morago ga foo e re tlosa mo pusong e e galalelang ya ga Solomone go fitlha kwa go isiweng botshwaro go go utlwisang botlhoko ga morafe wa Iseraele kwa Babelona ka 607 B.C.E. Ditihalō wa Ntlha le wa Bobedi di boeletsa dintlha tse dikgolo tsa hisitori eno jaaka e tlhalosiwa ka ditiragalo tse di diragetseng morago ga fa morafe oo o sena go boa kwa botshwarong jwa one. Kwa bokhutlong Esere, Nehemia, le Esethere di tlhalosa kafa Baiseraele ba neng ba busediwa kwa nagagaeng ya bone ka gone le hisitori nngwe e e neng ya diragala ka nako eo.
Go latela dibuka tsa poko, tse di nang le maboko a a monate go gaisa a a kileng a kwalwa. Yobe e re naya setshwantsho se se tshikinyang maikutlo tota sa go boloka bothokgami kafa tlase ga pogiso le tuelo ya gone. Buka ya Dipesalema e na le dipina tsa go baka Jehofa le dithapelo tsa go kopa boutlwelobotlhoko le thuso. Tseno di ile tsa gomotsa batlhanka ba bantsi tota ba Modimo. Mo godimo ga moo, Dipesalema di na le boperofeti jo bontsi joo bo re sedifaletsang ka go tla ga Mesia. Diane le Moreri di senola dikarolo tsa botlhale jwa bomodimo ka dipolelo tse di tlhamaletseng, fa Sehela sa Dihela e le poko ya lorato e e nang le bokao jo bogolo thata jwa seperofeti.
Dibuka tse di latelang tse 17—go tloga ka Isaia go fitlha ka Malaki—di bua thata ka boperofeti. Tsotlhe kwantle ga Dikhutsahalō di bidiwa ka maina a bakwadi ba tsone. Bontsi jwa boperofeti jono bo setse bo diragaditswe ka tsela e e gakgamatsang. Di bua gape ka ditiragalo tsa makgaolakgang tsa motlha wa rona le tsa mo isagweng e e fa gaufi.
Ka gone Dikwalo tsa Sehebera di farologana ka mokgwa le tsela eo di kwadilweng ka yone. Lefa go le jalo, tsotlhe di na le setlhogo se se tshwanang. Boperofeti jwa tsone, tlhatlhamano ya tsone, le ditiragalo tsa tsone tse di gakgamatsang di supa botlhale jo bo mosola tota le bokao jwa seperofeti.
Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika—Go Tla ga Losika
Go setse go fetile dingwaga tse di dikete tse nne fa esale motho a wela mo boleong. Ka bonako fela go tlhaga Losika lo lo sa bolong go lebelelwa mo lefatsheng, ebong Jesu! Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di bua ka bodihedi jwa motho yo o botlhokwa thata yono mo hisitoring mo dibukeng tse nne tse di farologaneng mme di tlatsana, tse di bidiwang Diefangele. Tseno ke Mathaio, Mareko, Luke le Yohane.
Abo dipego tseno tsa diefangele di le botlhokwa jang ne mo Bakereseteng! Di bolela dikgakgamatso tse di gakgamatsang tsa ga Jesu, ditshwantsho tsa gagwe tse di nang le bokao tota, Thuto ya gagwe ya kwa Thabeng, sekao sa gagwe sa boikokobetso, lorato lwa gagwe le go ikobela ga gagwe Rraagwe, le lorato lwa gagwe mo “dinkung” tsa gagwe, mme kgabagare loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo le go tsosiwa ga gagwe mo baswing ka kgalalelo. Go ithuta diefangele tseno go dira gore re rate Morwa Modimo ka lorato lo lo boteng tota. Mo godimo ga moo, re gogelwa mo go yoo a romileng Keresete—Jehofa Modimo. Re tshwanetse ra bala dipego tseno kgapetsakgapetsa.
Ditihō tsa Baaposetoloi di simolola foo Diefangele di felelang gone. Di bua ka dingwaga tsa ntlha tsa phuthego ya Bokeresete go tloga ka metlha ya Pentekosete go fitlha fa Paulo a tsenngwa mo kgolegelong kwa Roma ka 61 C.E. Re bala ka Setefane ebong moswelatumelo wa ntlha wa Mokeresete, go sokololwa ga ga Saulo, yoo moragonyana a neng a nna moaposetoloi Paulo, go tsena ga basokologi ba ntlha ba Baditšhaba, le maeto a ga Paulo a boefangele. Dipego tseno di kgatlha tota ebile di kgona go aga tumelo.
Morago go latela dikwalo di le 21 kana makwalo a boaposetoloi. A a 14 a ntlha a a kwadilweng ke Paulo, a reilwe maina a Bakeresete kana a diphuthego tse di neng di a kwaletswe; a mangwe otlhe a bidiwa ka bakwadi ba one—Yakobe, Petere, Yohane, le Yude. Abo dikwalo tseno di re rotloetsa le go re kgothatsa thata jang ne! Di akaretsa dithuto le go diragadiwa ga boperofeti. A thusa Bakeresete go nna ba farologane le lefatshe le tikologo e e boikepo eno e ba tshelang mo go yone. A gatelela botlhokwa jwa go nna le lorato lwa bokaulengwe le dinonofo tse dingwe tsa bomodimo. Di tlhoma sekao sa thulaganyo e e tshwanetseng mo phuthegong, kafa tlase ga boeteledipele jwa bagolwane ba ba godileng semoyeng.
Fela jaaka Dikwalo tsa Sehebera di khutla ka dikgang tsa seperofeti, go ntse fela jalo ka Dikwalo tsa Segerika. Tshenolō, e e kwadilweng ke moaposetoloi Johane mo e ka nnang ka 96 C.E., e amanya menangwana ya boperofeti le setlhogo se segolo sa Bibela—go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa ka Bogosi jwa Bomesia. Motseletsele wa diponatshegelo o supa go senngwa ga bodumedi, bosole, le masomosomo a bopolotiki a tsamaiso e e senyegileng ya ga Satane. Tseno di tseelwa sebaka ke moshate wa puso ya ga Keresete, oo o laolang dilo mo lefatsheng. Kafa tlase ga puso ya Bogosi jono, Modimo o solofetsa gore “o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho.”—Tshenolō 21:4.
A go na le pelaelo jaanong he ya gore Bibela ke leje le le tlhokegang le le senang selabe, le le ntshang lesedi la bomodimo? Fa o ise o e bale yotlhe, ke ka ntlha yang fa o sa simolole jaanong? O tla kgatlhiwa thata ke go lekalekana ga yone, wa sedifalediwa ke go phatsima ga yone, wa bo wa tlhotlhelediwa tota ke bontle jwa yone, le go kgatlhiwa ke molaetsa wa yone. Eleruri ke ‘neo e e molemo . . . e e tswang kwa go Rra masedi.’—Yakobe 1:17.
[Tšhate mo go tsebe 28, 29]
THULAGANYO YA DIBUKA TSA BIBELA
E supa mokwadi, lefelo leo e kwaletsweng kwa go lone, nako eo e weditsweng go kwalwa ka yone, le lobaka lo ditiragalo tsa buka eo di lo tsereng.
Maina a bakwadi ba dibuka tse dingwe le mafelo ao di kwaletsweng kwa go one ga di tlhomamisiwe sentle. Matlha a mantsi a fopholeditswe, letshwao a. le kaya “morago ga”, b. le kaya “pele ga”, le c. le kaya “gaufi le,” kana “mo e ka nnang ka.”
Dibuka tsa Dikwalo tsa Sehebera (B.C.E.)
Buka Mo(Ba)kwadi Lefelo Leo E Go Wediwa ga Lobaka Lo
Kwaletsweng go E Kwala Lo Tserweng
kwa go Lone
Genesise Moshe Kwa Gare ga Naga 1513 “Mo tshimologoñ”
go fitlha ka 1657
Ekesodo Moshe Kwa Gare ga Naga 1512 1657-1512
Lefitiko Moshe Kwa Gare ga Naga 1512 Kgwedi e le 1 (1512)
Dipalō Moshe Kwa Gare ga Naga/
Kwa Dipoeng tsa
Moaba 1473 1512-1473
Duteronome Moshe Kwa Dipoeng tsa
Moaba 1473 Dikgwedi tse 2 (1473)
Yoshue Yoshue Kanana c. 1450 1473-c.1450
Baatlhodi Samuele Iseraele c. 1100 c. 1450-c. 1120
Ruthe Samuele Iseraele c. 1090 Dingwaga tse 11
tsa puso ya
baatlhodi
1 Samuele Samuel;
Gade;
Nathane Iseraele c. 1078 c. 1180-1078
2 Samuele Gade:
Nathane Iseraele c. 1040 1077-c. 1040
1 Dikgosi Yeremia Jerusalema/
Juda 580 c. 1040-911
2 Dikgosi Yeremia Jerusalema/
Egepeto 580 c. 920-580
2 Ditihalō Esere Jerusalema (?) c. 460 1037-537
Esere Esere Jerusalema c. 460 537-c. 467
Nehemia Nehemia Jerusalema a. 443 456-a. 443
Esethere Moredekai Shushana,
Elame c. 475 493-c.475
Yobe Moshe Kwa Gare
ga Naga c. 1473 Dingwaga
tse di fetang 140
fa gare ga 1657
le 1473
Dipesalema Dafide
le ba
bangwe c. 460
Diane Solomone;
Agure;
Lemuele Jerusalema c. 717
Moreri Solomone Jerusalema b. 1000
Sehela sa
Dihela Solomone Jerusalema c. 1020
Isaia Isaia Jerusalema a. 732 c. 778-a. 732
Yeremia Yeremia Juda/
Egepeto 580 647-580
Dikhutsahalō Yeremia Gaufi
le Jerusalema 607
Esekiele Esekiele Babelona c. 591 613-c. 591
Daniele Daniel Babelona c. 536 618-c. 536
Hosea Hosea Samaria
(Kgaolo) a. 745 b. 804-a. 745
Yoele Joele Juda c. 820 (?)
Amose Amose Juda c. 804
Obadia Obadia c. 607
Yona Moshe c. 844
Mika Mica Juda b. 717 c. 777-717
Nahume Nahume Juda b. 632
Habakuke Habakuke Juda c. 628 (?)
Sefania Sefania Juda b. 648
Hagai Hagai Jerusalema 520 Malatsi a le
112 (520)
Sekaria Sekaria Jerusalema 518 520-518
Malaki Malaki Jerusalema 518 520-518
Dibuka tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika (C.E.)
Buka Mokwadi Lefelo Leo E Go Wediwa ga Lobaka Lo
Kwaletsweng go E Kwala Lo Tserweng
kwa go Lone
Mathaio Mathaio Palesetina c. 41 2 B.C.E.–
33 C.E.
Mareko Mareko Roma c. 60-65 29-33 C.E.
Luke Luke Kaesarea c. 56-58 3 B.C.E.–
33 C.E.
Yohane Moaposetoloi Efeso,
Johane kana gaufi
le yone c. 98 Morago ga
Ketapele
29-33 C.E.
Ditihō Luke Roma c. 61 33-c.
61 C.E.
Baroma Paulo Korintha c. 56
1 Bakorintha Paulo Efeso c. 55
2 Bakorintha Paulo Makedonia c. 55
Bagalatia Paulo Korintha kana
Siria wa c. 50-52
Antioke
Baefesia Paulo Roma c. 60-61
Bafilipi Paulo Roma c. 60-61
Bakolosa Paulo Roma c. 60-61
1 Bathesalonia
Paulo Korintha c. 50
2 Bathesalonia
Paulo Korintha c. 51
1 Timotheo Paulo Makedonia c. 61-64
2 Timotheo Paulo Roma c. 65
Tito Paulo Makedonia (?) c. 61-64
Filemone Paulo Roma c. 60-61
Bahebera Paulo Roma c. 61
Yakobe Jakobe
(Morwar
-raagwe
Jesu) Jerusalema b. 62
1 Petere Petere Babelona c. 62-64
2 Petere Petere Babelona (?) c. 64
1 Yohane Moaposetoloi Efeso,
Johane kana gaufi
le yone c. 98
2 Yohane Moaposetoloi Efeso,
Johane kana gaufi
le yone c. 98
3 Yohane Moaposetoloi Efeso,
Johane kana gaufi
le yone c. 98
Yude Jakobe Palesetina (?) c. 65
(Morwar
-raagwe
Jesu)
Tshenolō Moaposetoloi
Johane Patamosa c. 96