‘Go Tshela o Ntse o Akantse ka Letsatsi la ga Jehofa’
JAAKA GO BOLETSE LYLE REUSCH
GO TLOGA bogologolong jo nka kgonang go bo gakologelwa, botshelo jwa rona jwa lelapa bo ne bo ikaegile thata mo tumelong ya gore go na le lefatshe le lesha le le tlang la tshiamo. Mmè le rre ba ne ba re balela go tswa mo Bibeleng kaga “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” le kaga ‘kgomo le bera tse di tla fulang mmogo, le tau e e tla jang motlhaka jaaka kgomo, le mosimanyana yo monnye yo o tla bong a di goga.’ Ba ne ba di dira gore e nne tsa mmatota, ke ne ke ipona ke le mosimanyana yoo.—2 Petere 3:11-13; Isaia 11:6-9.
Ka bo 1890, rremogolo, August Reusch, o ne a ithuta boammaaruri jwa motheo jwa Bibela ka go kwalelana le Charles T. Russell. O ne a rera thata mo legaeng la gagwe le mo tikologong mo Kgaolong e e kafa Bokonebophirima jwa Canada, eo jaanong e bidiwang Yorkton, Saskatchewan. O ne a tlhola a gakolola bomorwawe jaana: “Banna, lo tlhokomele 1914!” Rre o ne a tlhatswegile pelo tota gore letsatsi la ga Jehofa le ne le setse le le gaufi thata mme seo se ne sa mo dira gore a tlhagafale mo botshelong jotlhe jwa gagwe mme ke kafa botshelo jwa me le jone bo neng jwa nna ka gone.
Mmè le Rre ba ne ba rata go amogela baeng thata. Setlhopha sa thuto ya Bibela sa Saskatoon, kwa Saskatchewan, Kereke ya Diithuti tsa Bibela se ne se tlhola se phuthegela mo legaeng la rona. Badihedi ba ba etang (ba ba neng ba bidiwa baeti ba sedumedi) ba ne ba tlhola ba nna mo legaeng la rona. Nna, morwarre Verne, le kgaitsadiake, Vera, re ne re solegelwa molemo tota semoyeng. Molaetsa wa Bogosi ka metlha e ne e le selo sa mmatota mo go rona re bile re bona re tshwanetse go o bolelela ba bangwe ka bonako. (Mathaio 24:14) Ke ne ke sa lemoge gore mo dingwageng tse di tlang ke ne ke tlile go senya karolo e kgolo ya botshelo jwa me ke tswelela ka tiro ya baeti bano ba sedumedi ka go dira jaaka molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa.
Ka 1927, Rre o ne e fudusetsa lelapa la rona kwa Berkeley, kwa California. Morago ga foo ke ne ka wetsa dithuto tsa sekolo se segolo ka ngwaga wa leuba wa 1933. Nna le morwarre, Verne re ne ra ipona re le lesego go bo re ile ra bona tiro mo feketering ya Ford Motor Company kwa Richmond kwa California. Lefa go ntse jalo, ke ne ka akanya jaana letsatsi lengwe la dikgakologo ka 1935: ‘Fa e le gore ke tshwanetse go dira ka natla, ke tshwanetse go dira sengwe se se bonalang.’ Ke ne ka tlogela tiro mo go lone letsatsi leo, mme ke ne ka kwala lokwalo lwa go kopa go direla kwa Bethele, kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York. Fa ke sena go ya kwa kopanong e e itumedisang tota kwa Washington, D.C., ka June 1935, ke ne ka amogelwa go dira kwa Bethele.
Tirelo ya Bethele
Nathan Knorr, motsamaisi wa feketiri, o ne a nnaya tiro ya go baakanya fa go senyegileng teng mo kagong. E ne e le nna fela. Ke ne ke ikutlwa ke le botlhokwa ka go bo ke ne ke le lekawananyana fela la dingwaga tse 20. Ke ne ke kgona go itsamaela ka kgololesego fela mo feketiring, mme go ne go se ope yo a neng a mpotsa gore ke dira eng. Mokaulengwe Knorr o ne a itumelela tsela eo ke neng ke dira tiro ya me ka yone, mme lefa go ntse jalo o ne a bona gore ke na le boikutlo bongwe jo bo sa eletsegeng. O ne a leka go ntlhotlheletsa gore ke tlhagolele boikobo.
Lefa go ntse jalo, go ne ga ntsaya lobaka go lemoga gore Mokaulengwe Knorr o ne a leka go nthusa. Ka jalo ke ne ka kopa maitshwarelo ka boikutlo jwa me mme ka bolela fa ke ne ke ikaeletse go baakanya. Ke ne ka simolola go nna le kamano e e lorato e e neng ya tsaya lobaka lo loleele le Mokaulengwe Knorr, yoo a neng a nna mookamedi wa boraro wa Mokgatlho wa Watch Tower ka January 1942.
Kwantle ga go dira tiro ya go baakanya, ke ne ka ithuta go dirisa metšhine e mentsi ya kwa dibuka di neng di kopanngwa gone kana ke ba thusa ka yone. Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka dira tiro ya ofisi, ke kwala le go romela diotoro ka feketeri. Nako ya dikgakologo le ya selemo ya 1943 e ne e le dinako tse go neng go dirwa thata ebile di kgatlha. Lefatshe le ne le le mo gare ga Ntwa ya Lefatshe II, mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itshokela go tlhaselwa, go tshwarwa le go atlholelwa go nna mo kgolegelong ka ditatofatso tsa mefuta yotlhe tsa maaka. Kgotlatshekelokgolo ya U.S. e ne e ntshitse taolo ya gore dikolo di ka laela baithuti gore ba dumedise folaga. Seno se ne sa tsosa thubakanyo eo eseng kana ka sepe mo dinageng tse 44 tsa tse 48 tse di neng di le gone ka nako eo. Bana ba Basupi ba ne ba kobiwa mo dikolong, batsadi ba tsenngwa mo kgolegelong, mme digopa di koba Basupi mo ditoropong. Batho bangwe ba ne ba thuntshiwa, ba bangwe ba ne ba tshasiwa sekontere mme ba bangwe ba gokelelwa diphuka.
Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba lwa mo dikgotlatshekelong, go ne go na le tiro e ntsi e e kwalwang e e jaaka dikwalo tse di tswang kwa kgotlatshekelo, dikwalo tse boramolao ba neng ba di romela pele ba ka ya go seka kgetse kwa kgotlatshekelo, le dikwalo tse di kwadilweng ke lephata la tsa molao la Mokgatlho di ne di tla kwa go nna gore ke di gatise. Rotlhe re ne re dira diura tse dintsi tse di fetang nako ya tiro gore re kgone go wetsa tiro ka nako. Ditshwetso tsa Kgotlatshekelokgolo tsa May le June 1943—eleng nako eo ka yone ditshwetso tsa dikgetse di le 12 mo go tse 13 di neng di atla Basupi ba ga Jehofa—e ne ya nna sengwe seo se neng sa kwalwa mo dibukeng tsa hisitori ya molao. Ke lebogela go bo ke bone ka matlho kafa Jehofa a neng a bula tsela ka gone ya go lwela mafoko a a molemo ka molao le go bula tsela ya go a tlhomamisa.—Bafilipi 1:7.
Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo
Ka ditsela dingwe re ne re sena didirisiwa tse di lekaneng mo malatsing ao go dira tiro e e neng e boleletswe pele mo go Mathaio 24:14, eleng, ‘go rera mafoko a a molemo a Bogosi mo lefatsheng leno pele bokhutlo bo tla.’ Mokaulengwe Knorr, yoo e neng e le mookamedi wa Mokgatlho ka nako eo, o ne a bona go le botlhokwa gore go dirwe thulaganyo ya thuto. Nna mmogo le maloko a mangwe a banna a lelapa la Bethele, re ne ra lalediwa go tsena mo sekolong sa “Dithuto Tse Di kwa Pele Thata tsa Bodihedi jwa Bolegodimo.” Seno kgabagare e ne ya nna Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo, se se ileng sa nna sa dira mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa go tloga ka 1943.
Re ne ra kopana mo kamoreng ya bokopanelo ya lelapa la Bethele Mantaga maitseboa ka February 16, 1942, mme Mokaulengwe Knorr o ne a re naya puo ya ntlha ya tao. Setlhogo sa gagwe e ne e le “Dikwalo tsa Bibela.” Mokaulengwe T. J. Sullivan e ne e le molebedi wa sekolo mme o ne a re naya kgakololo go re thusa go tokafatsa. Fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka abelwa go nna molebedi wa sekolo sa Bethele, seo ke neng ke se leba jaaka tshiamelo e kgolo thata. Mme ke ne ka tshwanela go gakololwa gape.
Ke ne ke ile ka tshwayatshwaya diphoso thata ebile ke sa tlotle fa ke ne ke gakolola bakaulengwe ba bagolwane mo go nna, ka jalo Mokaulengwe Knorr o ne a mpolelela fela jaana: “Ga go na ope yo o itumelang fa o dirisa taolo ya gago ka tsela e e sa kgatlheng.” Fa a sena go tlhalosa kgang eo ka phepafalo mme ke imelwa ke ditsebe jalo, sefatlhego sa ga Mokaulengwe Knorr se ne sa ela. O ne a mpalela Pesalema 141:5 ka lentswe le le pelonomi tota: “A mosiami a ntiteye; e tla bo e le bopelonomi: mme a a nkgaleme; e tla bo e le lookwane lo lo se kitlang lo mphatlola tlhogo.” (King James Version) Ke ile ka dirisa temana eo ka makgetlo a mantsi fa ke ne ke naya ba bangwe kgakololo ya gore ba siamise diphoso tsa bone.
Pele Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo se simolola, re ne re se bakae fela ba re neng re bona tshono ya go naya dipuo tsa phatlalatsa. Fa Mokaulengwe Rutherford a sena go tlhokafala, Mokaulengwe Knorr o ne a dira ka natla tota go tokafatsa nonofo ya gagwe ya go bua. Kamore ya me kwa Bethele e ne e le fela kafa tlase ga ya gagwe, mme ke ne ke tlhola ke mo utlwa a ikatisa kafa a tla buang ka gone. O ne a bala puo ya phatlalatsa “A Kagiso E Ka Nnela Ruri?” ka makgetlo a mantsi tota pele a ya go e naya kwa kopanong kwa Cleveland ka 1942.
Mo Tseleng
Morago ga go dira mo Bethele ka dingwaga di le 13, Mokaulengwe Knorr o ne a nkabela go ya go dira kwa tshimong jaaka molebedi wa kgaolo. Fa a ne a bua le nna ka kabelo ya me e ntšha o ne a bolela jaana: “Lyle, jaanong o na le tshono ya go bona ka matlho kafa Jehofa a dirisanang le batho ba gagwe ka gone.” Ke akantse ka seno, ke tshotse disutukeisi tse pedi ka diatla, ke ne ka simolola tiro ya me jaaka molebedi yo o etang ka May 15, 1948. Pele ke simolola tiro ya kgaolo, ke ne ka dira jaaka molebedi wa potologo ka dikgwedi di sekae.
Setlhopha sa ntlha, kana phuthego, e ke neng ka dira le yone e ne e le nngwe e nnye kwa motseng wa Waseca, kwa Minnesota. Ke ne ke kwaletse Dick Cain, yoo e neng e le motlhanka wa phuthego (jaaka molebedi yo o okamelang a ne a bidiwa ka nako eo) pele ga nako gore a tle go ntsaya kwa tereneng. E ne e le mmulatsela yo o kgethegileng, mme go fokotsa dituelo, o ne a sa tswa go fuduga mo kamoreng e a neng a nna mo go yone, koo a neng a nna gone mariga, mme a le mo tenteng e a neng a nna mo go yone selemo. Lefa go ntse jalo, kwa Minnesota ka May ya bo e ise e nne selemo tota! Fa ke ntse ke tetesela mo bosigong joo mo tenteng, ke ne ke ipotsa gore a tota botshelo jwa mofuta ono bo ntshiametse. Ke ne ka tshwarwa ke mofikela o o maswe tota ka dibeke di le mmalwa, mme ke ne ka fola.
Mo dingwageng tseo tsa ntlha tsa fa ke ne ke etela diphuthego tse di farologaneng le dipotologo ke ne ke nna mo matlong a bakaulengwe, dilo tsa me di nna fela mo sutukeising. Ke ne ke robala mo marobalong a mefuta yotlhe, go akaretsa le go robala fa fatshe mo ntlong ya boapeelo, mo ditulong tsa ntlo ya boikhutso, mo matlwaneng a a mogote a a kwa godimo a a sa tseneng moya. Ka dinako tse dingwe ke ne ke nna mo magaeng ao leloko lengwe la lelapa le neng le le kgatlhanong le tiro ya rona mo go one. Fa ke le kwa Wisconsin, monna mongwe yo o sa dumeleng o ne a ntse a nteba fela beke yotlhe fa ke ntse ke tsena ke tswa. Fa a ne a tla gae bosigo bongwe a ijetse ke ne ka mo utlwa a tshosetsa a re o tla “thuntsha moketekete yole,” mme ke ne ka swetsa gore e ne e le nako ya gore ke tsamaye. Mme maemo a a ntseng jalo a ne a sa tlwaelega tota mme sa one e ne e le go natetsha tirelo ya me fela. E ne e le dilo tse di neng di ka tshegwa fela moragonyana.
Ke Bona Molekane
Ke gakologelwa sentle. Ke ne ka kopana le lekgarebe lengwe la matlho a masetlha le lentle ebong Leona Ehrman, go tswa kwa Fort Wayne, kwa Indiana, fa ke ne ke le kwa kopanong ya potologo kwa Tiffin kwa Ohio. Le ene o ne a goletse mo tumelong ya Bokeresete mme o ne a setse a dirile jaaka mmulatsela yo o ikanyegang ka dingwaga di le mmalwa. Go nna ga me mo maetong go ne go sa ntetle gore ke bonane sentle le ene, mme re ne ra nna ra kwalelana. Mme ya re ka 1952 ka mo botsa ka re, “A o a dumela?” mme a re “Ee, ke a dumela!” mme ra dira jalo. Re ne ra nyalana. Re ile ra nna ra bodiwa gantsi gore ke ka ntlha yang fa re ile ra se ka ra nna le legae le lelapa, mme re bolela fela gore re na le lelapa—bakaulengwe le bokgaitsadi, borre, le bommè mo dinageng tse 44 tse re dirileng mo go tsone.—Mareko 10:29, 30.
Bangwe ba ile ba botsa jaana, ‘A ga lo ise lo ke lo ikutlwe lo lapile mme lo ikutlwa ekete lo ka tlogela?’ Ee, gantsi. Mme mo go rona ka bobedi, fa yo mongwe a ikutlwa a lapile, yo mongwe o a mo tshegetsa. Ka nako nngwe ke ne ka kwalela morwarre Verne ke mmotsa gore a go ka kgonega gore ke tle go dira le ene mo kgwebong ya gagwe ya go penta. O ne a araba ka gore gantsi o ne a ntse a lebile pele go seo gonne re ne re le ditsala tse di atamalaneng tota fa re ne re ntse re gola. Lefa go ntse jalo, o ne a nkgakolola gore ke akanyetse tshwetso ya me ka kelotlhoko. Mme ke ne ka gakologelwa mafoko ao Mokaulengwe Knorr a neng a tlhola a a boeletsa fa a bua le lelapa la Bethele: “Go motlhofo tota go tlogela; mme go batla bopelokgale le bothokgami go nna mo kabelong ya gago.” Eo e ne e santse e le kgakololo e e molemo.
Ga go na molebedi ope yo o etang yo a neng a ka nna mo kabelong ya gagwe fa a ne a sena mosadi yo o boikanngo le yo o mo tshegetsang tota, jaaka Leona a ne a itshupa mo go nna. Botho jwa gago jo bo lorato le jo bo neneketsang tota le go nna ka metlha a itumetse mo diphuthegong bo ile jwa dira gore a ratwe ke diketekete tsa batho. Ga nke ke lapa go mmolelela kafa ke mo ratang ka gone. Ke tlhomamisega gore seo se mo thusa gore a nnele ruri mo tirong eno.
Neela Bosupi Gore Jehofa A go Segofatse
Tiro e kgolo ya molebedi wa kgaolo ke dikopano tsa potologo, tseo a dirang mo go tsone beke le beke jaaka modulasetulo, sebui sa phatlalatssa, le molebedi wa sekolo. Re bona Jehofa a re segofatsa mo go seno ka ntlha ya gore mo makgolokgolong a dikopano tsa potologo tseo nkileng ka di okamela, ga go epe ya tsone e e neng ya se ka ya tshwarwa. Ke boammaaruri gore dingwe di ne di kgorelediwa, mme ga go epe e e neng ya tshwanela gore e se ka ya tshwarwa.
Kwa Wooster, kwa Ohio, mo dikgakologong tsa 1950, fa ke ne ke bitsa pina ya bofelo e e neng e konela thulaganyo ya bosigo jwa Matlhatso, go ne ga phuthega segopa sengwe sa batho ba ba ka nnang sekete kafa ntle ga holo e kopano e neng e tshwaretswe mo go yone. Segopa seno sa batho se ne se tlile le mabokose a mae a a senyegileng go tla go re konopa ka one fa re tswa. Ka jalo re ne ra sekaseka boemo mme ra tsweletsa thulaganyo ka dipina, maitemogelo, le dipuo tsa ka bonako fela tsa Bibela. Basupi ba ba 800 bao ba ne ba nna fela ba ritibetse le ka bopelotelele.
Ka 2:00 a.m., go ne go le tsididi tota. Jaaka ekete ba ne ba baakanyetsa gore re tswe, batlhokomedi ba ne ba ntsha mathompo a metsi a a timang molelo mme ba simolola go tlhatswa mae a a neng a latlhetswe mo tseleng ya dinao. Segopa seo se ne sa ipopa gape, se tswa mo bothitong jwa lefelo le le fa gaufi la dibese. Mme seo batlhokomedi ba neng ba se dira e ne e le go ba tsietsa, mme re ne ra ntsha batho ka setu ka kgoro e e kwa morago. Botlhe ba ne ba goroga kwa dikoloing tsa bone sentle. Digopa tsa batho di ne di tlhola di tshwenya kwa dikopanong kwa Ohio, kwa Canton, Defiance, le Chillicothe. Mme thubakanyo e e dirwang ke digopa e ne e ntse e fokotsega, jaaka ditshwetso tsa Kgotlatshekelokgolo ya U.S. di ne di ama ba ba neng ba tlola molao bao.
Fa nako e ntse e tsamaya mathata a boitekanelo a ne a re pateletsa gore re fetoge. Ka jalo, fa gare ga bo 1970, Mokgatlho o ne wa nkabela go dira jaaka molebedi wa potologo mo California borwa mo lefelong le diphuthego tsa lone di neng di atamalane le leo dithuso tsa kalafi di neng di bonwa motlhofo mo go lone. Lemororo tiro ya molebedi wa kgaolo e ama thata go tsamaya thata le go tlhokomela le go okamela dipotologo tse dintsi, ditiro tsa molebedi wa potologo di akaretsa go baakanyetsa dikopano tsa potologo le go ntsha dikabelo tsa thulaganyo le go bona gore dikarolo tsa thulaganyo di dirwa sentle. Mo godimo ga moo, Dikolo tsa Tirelo ya Bobulatsela di tshwanetse go rulaganyediwa le gore go dirwe mo go tsone. Ka jalo tiro ya balebedi ba ba etang, e le ba kgaolo kana ba potologo, ke tiro ya nako e e tletseng, le e e duelang ya botshelo.
Ke Santse Ke Lebeletse Letsatsi la ga Jehofa
Go tloga fela ka nako e ke kgonang go gakologelwa ka yone dingwaga tse 70 tse di fetileng, ke ne ke lemoga kafa go potlakileng ka gone ka metlha. Go ya kafa ke akanyang ka gone, HaraMagedona ka metlha e tla nna mo letsatsing le le latelang morago ga la ka moso. (Tshenolō 16:14, 16) Fela jaaka rre, le jaaka rraagwe pele ga ga rre, ke ile ka tshela fela jaaka moaposetoloi a ne a kgothatsa, ‘re nne re lebeletse re bile re tlhologeletswe letsatsi la Morena.’—2 Petere 3:11, 12; Bahebera 11:1.
Tebelelo eno e e neng ya tsenngwa mo go nna go tloga fela ke sale losea e tla tloga e diragadiwa. “Kgomo e namagadi e tla hula e na le bera,” “tau e tla ya motlhaka yaka kgomo,” mme “ñwanyana eo monnye o tla di gōga.” (Isaia 11:6-9) Ditsholofetso tse di ntseng jalo tse di omosang pelo di tlhomamisiwa ke mafoko a a mo go Tshenolō 21:5 a Jesu a neng a a bua le Johane: “Me eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, a re, Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha.” Mme o bolela gape jaana: “Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.”