Pokano ya Ngwaga le Ngwaga—October 5, 1991
POKANO YA NGWAGA LE NGWAGA ya maloko a Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e tla tshwarwa ka October 5, 1991, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, e e kwa 2932 Kennedy Boulevard, Jersey City, New Jersey. Pokano ya ntlha e e leng ya maloko fela e tla simolola ka 9:30 a.m., mme e latelwe ke pokano ya botlhe ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m.
Maloko a Lekgotla a tshwanetse go itsise Ofisi ya Mokwaledi jaanong fa e le gore diateresete tsa bone tsa poso di ile tsa fetoga mo ngwageng o o fetileng gore makwalo a a tlwaelegileng a kitsiso le diforomo tsa go tlhopha di fitlhe kwa go bone ka bonako fela morago ga August 1.
Diforomo tsa go tlhopha, tseo di tlileng go romelwa kwa malokong le kitsiso ya pokano ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetse go romelwa morago gore di goroge mo Ofising ya Mokwaledi ya Mokgatlho pele ga August 15. Leloko lengwe le lengwe le tshwanetse go tlatsa le go romela foromo ya go tlhopha ka bonako, le bolela fa le tla kgona go nna gone ka namana kana nnyaa. Tshedimosetso e e kwadilweng mo foromong nngwe le nngwe ya go tlhopha e tshwanetse ya bolela seno ka tlhomamo, ereka e tla dirisiwa fa go tlhatlhobiwa gore ke bomang ba ba tla nnang teng ka namana.
Go solofetswe gore thulaganyo yotlhe, go akaretsa le pokano ya semolao ya kgwebo le dipego, e tla fela ka 1:00 p.m. kana ka bonako fela morago ga foo. Ga go kitla go nna le thulaganyo ya thapama. Ka ntlha ya fa manno a se mantsi, go tla tsena fela ba ba tshotseng dithekethe. Ga go kitla go dirwa dithulaganyo dipe tsa go golaganya pokano ya ngwaga le ngwaga le mafelo a mangwe ka mogala.