Pokano ya Ngwaga le Ngwaga
October 2, 1993
POKANO YA NGWAGA LE NGWAGA ya maloko a Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e tla tshwarwa ka October 2, 1993, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, e e kwa, 2932 Kennedy Boulevard, Jersey City, New Jersey. Pokano ya ntlha e e leng ya maloko fela e tla simolola ka 9:30 a.m., mme e latelwe ke pokano ya botlhe ya ngwaga le ngwaga ka 10:00 a.m.
Maloko a Lekgotla a tshwanetse go itsise Ofisi ya Mokwaledi jaanong fa e le gore diaterese tsa one tsa poso di ile tsa fetoga mo ngwageng o o fetileng gore makwalo a a tlwaelegileng a kitsiso le diforomo tsa go tlhopha di fitlhe kwa go bone ka bonako fela morago ga August 1.
Diforomo tsa kemedi, tseo di tlileng go romelwa kwa malokong le kitsiso ya pokano ya ngwaga le ngwaga, di tshwanetse go romelwa kwa morago gore di goroge kwa Ofising ya Mokwaledi wa Mokgatlho pele ga August 15. Leloko lengwe le lengwe le tshwanetse go tlatsa le go romela foromo ya lone ya kemedi ka bonako, le bolela fa le tla kgona go nna teng ka namana kana nnyaa. Tshedimosetso e e kwadilweng mo foromong nngwe le nngwe ya kemedi e tshwanetse ya bolela seno ka tlhomamo, ereka e tla dirisiwa fa go tlhatlhobiwa gore ke bomang ba ba tla nnang teng ka namana.
Go solofetswe gore thulaganyo yotlhe, go akaretsa le pokano ya semolao ya kgwebo le dipego, e tla fela ka 1:00 p.m. kana ka bonako fela morago ga foo. Ga go kitla go nna le thulaganyo ya thapama. Ka ntlha ya go bo manno a se mantsi, go tla tsena fela ba ba tshotseng dithekethe. Ga go kitla go dirwa dithulaganyo dipe tsa go golaganya pokano ya ngwaga le ngwaga le diholo tse dingwe ka mogala.