‘Aparang Diaparo Tsa Phemelo Tsa Lesedi’
“Bosigo bo setse bo hetile, me bosa bo atametse; me ke gōna, a re latlheñ ditihō tsa lehihi, me re apareñ moichomèlō oa phemèlō oa lesedi.”—BAROMA 13:12.
1, 2. Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba arabela jang mo ‘leseding la boammaaruri,’ mme ba dira jalo lefa ba ne ba na le melemo efe?
JESU KERESETE ke “lesedi ya amarure, eboñ lesedi ye le bonesañ motho moñwe le moñwe.” (Yohane 1:9) Fa a ne a tla jaaka Mesia ka 29 C.E., o ne a tla mo morafeng o o neng o tlhophilwe ke Modimo gore o nne basupi ba Gagwe ebile e le o, bobotlana go neng go itsege o ineetse mo go Jehofa. (Isaia 43:10) Baiseraele ba le bantsi ba ne ba ntse ba letetse Mesia, mme ba le mmalwa ba bone ba ne ba itse dingwe tsa dipolelelopele tseo di neng di tla mo supa gore ke mang. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a rera mo dikarolong tsotlhe tsa Palesetina, a dira dikgakgamatso a bonwa sentle ke matshutitshuti a batho. Boidiidi jwa batho ba ne ba oologela kwa go ene go ya go mo reetsa mme ba ne ba kgatlhwa ke seo ba neng ba se bona le seo ba neng ba se utlwa.—Mathaio 4:23-25; 7:28, 29; 9:32-36; Yohane 7:31.
2 Lefa go ntse jalo, kwa bokhutlong bontsi jwa Bajuda bo ne bo gana Jesu. Pego ya Efangele ya ga Johane e bolela jaana: “O na a tla mo ga gabō, me ba e neñ e le ba ga gabō ba se ka ba mo chola.” (Yohane 1:11) Ke ka ntlha yang fa go ne go ntse jalo? Karabo ya potso eo e tla re thusa gore re se ka ra dira phoso e ba neng ba e dira. E tla re thusa gore re ‘latlhe ditiro tsa lefifi, mme re apare moitshomelo wa phemelo wa lesedi,’ mme ka go dira jalo re tila go atlholwa re sa siama go tshwana le kafa Baiseraele ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba atlholwa ka teng.—Baroma 13:12; Luke 19:43, 44.
Kganetso E E Tswang mo Baeteledingpele ba Bodumedi
3. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba itshupa ka tsela efe gore ke “bagogi ba ba hohuhetseng”?
3 Kwa Iseraele baeteledipele ba bodumedi ba ne ba di goga kwa pele mo go ganeng lesedi. Lemororo e ne e le barutisi bao ba neng ba ‘itse Molao,’ ba ne ba tsentse thulaganyo ya melao eo e leng ya bone fela mo bathong eo gantsi e neng e ganetsana le Molao wa Modimo. (Luke 11:45, 46) Ka gone, ba ne ba ‘dira lefoko la Modimo lolea fela ka mekgwa ya bona e ba e bolelang.’ (Mareko 7:13; Mathaio 23:16, 23, 24) E ne e le “bagogi ba ba hohuhetseñ,” ba kgoreletsa lesedi gore le se ka la phatsima.—Mathaio 15:14.
4, 5. (a) Bafarasai ba ne ba arabela jang fa Bajuda ba le mmalwa ba ne ba simolola go ipotsa gore a Jesu ke ene Mesia? (b) Ke boikutlo bofe jwa go nna le pelo e e maswe jo Bafarasai ba neng ba bo bontsha?
4 Ka motlha mongwe fa Baiseraele ba le bantsi ba ne ba ipotsa gore a Jesu gongwe e ne e le Keresete, Bafarasai bao ba neng ba tlhobaela thata ba ne ba romela maotlana mangwe go ya go mo tshwara. Maotlana ano a ne a boa a sa mo tshwara, a bolela jaana: “Ga go e se go ko go bue motho opè yaka èna.” Ereka seno se ne se sa ba tshikinye ka gope, Bafarasai ba ne ba botsa maotlana jaana: “A le lona lo timedicwe? A bañwe ba balaodi, kgotsa ba Bafarisai, ba dumetse mo go èna? Me batho ba ba bantsi ba ba sa itseñ molaō, ba hutsegile.” Nikodemo, yo e neng e le leloko la Sanehederine, o ne a bolela gore go ne go se mo molaong go atlhola motho pele ga go utlwiwa mo go ene pele. Ereka ba ne ba kgopisegile ke seno, Bafarasai ba ne ba retologela kwa go ene mme ba bolela jaana: “A le wèna u oa Galilea? Botsisa, me u bōnè ha go sa cwe moperofeti opè mo Galilea.”—Yohane 7:46-52.
5 Ke ka ntlha yang fa baeteledipele ba bodumedi ba morafe o o neng o ineetse mo Modimong ba ne ba dira ka tsela e e ntseng jalo? Ke ka gonne ba ne ba le pelo e e bosula. (Mathaio 12:34) Tsela eo ba neng ba lebela motho yo o tlwaelegileng kwa tlase ka yone e ne e bontsha kafa ba neng ba ikgogomosa ka gone. Lebaka la go bo ba bolela gore ‘ga go na ope wa balaodi kana Bafarasai yo o dumetseng mo go ene’ le ne le bolela kafa ba bontshang ka gone ka go ikgogomosa gore Mesia e ne e tla nna Mesia wa mmatota fela fa a ne a amogelwa ke bone. Mo godimo ga moo, ba ne ba sa ikanyege, ba leka go gana Jesu ka gonne a ne a tswa kwa Galilea, mme patlisiso e nnye fela e ne e ka nna ya senola gore tota o ne a tsholetswe kwa Betlelehema, eleng lefelo leo le boleletsweng pele gore Mesia o tla tsholelwa kwa go lone.—Mika 5:2; Mathaio 2:1.
6, 7. (a) Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba arabela jang fa Lasaro a tsosiwa? (b) Jesu o ne a reng go senola tsela eo baeteledipele ba bodumedi ba ratang lefifi ka yone?
6 Tsela eo baeteledipele bano ba bodumedi ba neng ba ganetsa lesedi ka mo go sa belaetseng ka yone e ne ya bonala sentle fa Jesu a ne a tsosa Lasaro. Mo mothong yo o boifang Modimo, tiragalo e e ntseng jalo e ne e tla nna sesupo sa gore Jesu o ne a tshegediwa ke Jehofa. Lefa go ntse jalo, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba kgona go bona fela kafa maemo a bone a a kwa godimo a neng a tshosediwa ka gone. Ba ne ba bolela jaana: “Re dihañ? gonne monna eo o diha dichupō di le dintsi. Ha re mo lesa hèla yana, batho botlhe ba tla dumèla mo go èna; me Baroma ba tla tla ba tlosa bonnō yoa rona, le morahe oa rona.” (Yohane 11:44, 47, 48) Ka jalo ba ne ba kopana go tla go gakololana gore ba ka bolaya jang Jesu le Lasaro, gongwe ba solofela gore fa ba dira jalo ba tlile go tima lesedi.—Yohane 11:53, 54; 12:9, 10.
7 Ka ntlha ya moo, baeteledipele bao ba bodumedi ba morafe wa Modimo ba ne ba le kgakala le lesedi ka ntlha ya go itseela kwa godimo, go ikgogomosa, go dirisa thutego ya bone go dira bosaikanyegeng, le go ikgatlhegela bone ka bobone. Fa a ne a ela go wetsa bodihedi jwa gagwe, Jesu o ne a senola molato wa bone, a bolela jaana: “A bo go latlhèga lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! gonne lo cwaletse batho bogosi yoa legodimo: gonne, go le lona ga lo tsene, le ba ba reñ baa tsèna, ga lo ba leseletse go tsèna.”—Mathaio 23:13.
Bogagapa le Boikgogomoso
8. Ke ditiragalo dife tsa kwa Nasaretha tseo di neng tsa senola gore batho bangwe koo ba ne ba na le pelo e e bosula?
8 Ka kakaretso, batho ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwana le baeteledipele ba bone ba bodumedi ka go gana lesedi ka ntlha ya go nna le pelo e e bosula. Ka sekai, ka nako nngwe Jesu o ne a lalediwa gore a ye go bua mo sinagogeng kwa Nasaretha. O ne a bala karolwana ya lekwalo la ga Isaia mme a bo a le tlhalosa, mme kwa tshimologong, phuthego e ne ya mo reetsa. Mme e ne ya re fa a bontsha go ya ka hisitori a senola ka tsela eo ba neng ba le digagapa ka gone le kafa ba neng ba tlhoka tumelo ka gone, ba ne ba galefa mme ba leka go mmolaya. (Luke 4:16-30) Go ikgogomosa, go go neng go le nngwe fela ya dilo tse dingwe tse di sa siamang, go ne ga ba kgoreletsa gore ba se ka ba tsaya kgato e e tshwanetseng mabapi le lesedi leo.
9. Maikaelelo a a sa siamang a setlhopha se segolo sa Bagalilea a ne a senolwa jang?
9 Ka nako e nngwe, Jesu o ne a fepa boidiidi jo bogolo ka kgakgamatso gaufi le Lewatle la Galilea. Batho bao ba neng ba bone kgakgamatso eno ba ne ba bolela jaana: “Amarure, eo, ke èna moperofeti eo o tlañ mo lehatshiñ.” (Yohane 6:10-14) Fa Jesu a ne a ya kwa lefelong le lengwe ka sekepe, boidiidi jwa batho bo ne jwa mo sala morago. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore ba le bantsi ba bone e ne e se ka gonne ba ne ba rata lesedi. O ne a ba bolelela jaana: “Loa mpatla, e señ ka go bo lo bonye dichupō, me e le ka go bo lo yele dingwè, me loa kgora.” (Yohane 6:26) Go ne ga bonala gore o ne a bua boammaaruri fa ba le bantsi ba ba neng ba mo setse morago ba ne ba retologa mme ba boela kwa lefatsheng. (Yohane 6:66) Boikutlo jwa bogagapa, jwa “o tla nthusa ka eng?” bo ne jwa thibela lesedi gore le se ka la ba phatsimela.
10. Bontsi jwa Baditshaba bo ne jwa tsaya kgato efe ka lesedi leo?
10 Fa Jesu a sena go swa le go tsosiwa, Bajuda ba ba neng ba dumela ba ne ba tswelela ba ntse ba isetsa batho ba bangwe bao e neng e le Bajuda lesedi, mme ke ba se kae fela bao ba neng ba utlwa. Ka ntlha ya moo, moaposetoloi Paulo le ba bangwe, bao ba neng ba direla jaaka “lesedi ya Badichaba,” ba ne ba anamisetsa mafoko a a molemo kwa mafatsheng a mangwe. (Ditihō 13:44-47) Ba le bantsi bao eseng Bajuda ba ne ba utlwa mme ba ne ba arabela jaaka fa Paulo a ne a tlhalosa: “Re rèra Keresete a bapocwe, . . . [eleng molaetsa o] mo go Badichaba e le[ng] dinyana hèla.” (1 Bakorintha 1:22, 23) Batho ba le bantsi bao eseng Bajuda ba ne ba gana lesedi ka gonne ba ne ba foufaditswe ke ditumelo tsa seheitane kana ke matlhajana a lefatshe.—Ditihō 14:8-13; 17:32; 19:23-28.
‘Lo Biditswe Lo Le mo Lefifing’
11, 12. Ke bomang bao ba neng ba tla mo leseding mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme ke bomang bao ba tlang mo go lone gompieno?
11 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, lemororo ka kakaretso batho ba ne ba sa utlwe, ba le bantsi ba ba dipelo di siameng ba ne ba ‘biditswe ba le mo lefifing ba isiwa mo leseding la Modimo le le gakgamatsang.’ (1 Petere 2:9) Moaposetoloi Johane o kwala jaana ka batho bano: “Me botlhe ba ba mo chotseñ [Keresete], a ba naea tshiamèlō ea go nna bana ba Modimo, eboñ bōnè ba ba dumetseñ mo ineñ ya gagwè.” (Yohane 1:12) Go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E., batho bano ba ba ratang lesedi ba ne ba kolobediwa ka moya o o boitshepo mme ba nna bana ba Modimo ba na le tsholofelo ya go busa le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo.
12 Mo motlheng wa rona, ba bofelo ba barwa bao ba ba tloditsweng ba Modimo ba ile ba phuthiwa, mme ba diragatsa polelelopele ya ga Daniele, ba “phatsima yaka phatsimō ea phuthologō ea loapi; . . . , ba [sokololela] bontsi kwa tshiamoñ.” (Daniele 12:3) Ba phatsimisa lesedi la bone mo eleng gore bao ba fetang dimilione di le nne ba “dinku di sele” ba ile ba gogelwa mo boammaaruring mme ba ipelela boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo. (Yohane 10:16) Mme bano le bone ba bontsha lesedi mo lefatsheng, mo eleng gore jaanong lesedi leo le phatsima go gaisa le fa e le leng pele. Mo motlheng wa rona, fela jaaka fa go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ‘lefifi ga le a ka la amogalana le lesedi.’—Yohane 1:5.
‘Ga Go Na Lefifi mo Modimong’
13. Ke tlhagiso efe eo moaposetoloi Yohane a neng a e re neela?
13 Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala tlhagiso eo moaposetoloi Yohane a neng a e neela: “Modimo ke lesedi, me ga go na lehihi lepè mo go ōna. Ha re re, re na le bolekane le ōna, me re tsamaea mo lehihiñ, rea aka, me ga re dihe boamarure.” (1 Yohane 1:5, 6) Go a bonala gore go a kgonega gore Bakeresete ba dire yone phoso e e tshwanang le ya Bajuda mme, lemororo ba bidiwa basupi ba Modimo, ba tlhagise ditiro tsa lefifi.
14, 15. Ke ditiro dife tsa lefifi tseo di neng tsa itlhagisa mo phuthegong ya Bakeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga, mme re ithuta eng go tswa mo go seno?
14 Eleruri seno se ne sa direga mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Re bala ka dikgaogano tse di masisi tseo di neng di le gone kwa Korintha. (1 Bakorintha 1:10-17) Moaposetoloi Johane o ne a tshwanelwa ke gore a tlhagise Bakeresete ba ba tloditsweng gore ba se ka ba tlhoana, mme Jakobe o ne a tshwanelwa ke gore a gakolole ba bangwe gore ba se ka ba rata ba ba humileng go gaisa bahumanegi. (Yakobe 2:2-4; 1 Yohane 2:9, 10; 3 Yohane 11, 12) Mo godimo ga moo, fa Jesu a ne a tlhatlhoba diphuthego di le supa tsa kwa Asia Minor, jaaka fa go bontshiwa mo bukeng ya Tshenolō, o ne a bega gore go tseneletse ditiro tsa lefifi, go akaretsa le botenegi, kobamelo ya medimo ya disetwa, boitshwaro jo bo sa siamang, le go rata dilo tse di bonalang. (Tshenolō 2:4, 14, 15, 20-23; 3:1, 15-17) Mo malatsing ao a pele a phuthego ya Bokeresete, ba le bantsi ba ne ba tlogetse lesedi ka go dira jalo, ba bangwe ba kgaotswe mme ba bangwe ba katogela kgakala go ya kwa ‘lefifing le le kwa ntle.’—Mathaio 25:30; Bafilipi 3:18; Bahebera 2:1; 2 Yohane 8-11.
15 Dipego tseno tsotlhe tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di bontsha ditsela tse di farologaneng tseo lefifi la lefatshe la ga Satane le ka tsenang ka tsone mo mogopolong wa Mokeresete mongwe le mongwe kana le eleng le mo phuthegong yotlhe. Re tshwanetse ra tlhokomela gore selo se se ntseng jalo se se ka sa bo sa direga ka rona. Re ka dira seno jang?
Botho Jo Bosha
16. Ke kgakololo efe e e nang le mabaka a a utlwalang eo Paulo a neng a e naya Baefesia?
16 Paulo o ne a kgothaletsa Baefesia gore ba se ka ba tlhola ba “[fifadiwa] mo tlhaloganyoñ ea bōnè, ba le baeñ ba sa itse botshelō yoa Modimo.” E le gore ba se ka ba boela gape kwa lefifing, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba tlhagolele boikutlo jwa pelo jo eleng jwa lesedi. Paulo o ne a bolela jaana: “Lo apolè motho oa bogologolo, eo o bōlañ kaha dithatoñ tsa tsieco; . . . lo shahadiwè mo moeeñ oa pelo tsa lona, Me lo aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.”—Baefesia 4:18, 22-24.
17. Rona gompieno re ka tila jang go boela kwa lefifing gape?
17 Paulo fano o gakolola gore go dirwe karo e kgolo tota, jaaka fa re ne re ka rialo—re kgaole seo pele e neng e le karolo ya rona, botho jwa rona jwa bogologolo, mme re letle gore go nne le moya o mosha gore o ‘fetole megopolo ya rona.’ Mme o ne a sa bue le batho bao ba sa tswang go kgatlhega mme o ne a bua le Bakeresete ba ba kolobeditsweng. Go fetola ga rona botho jwa rona ga go felele fela fa re kolobediwa. Ke tiragalo e e ntseng e tswelela pele. Fa re tlogela go tlhagolela botho jo bosha, go ka nna ga direga gore wa bogologolo a tlhagelele, ka boikgogomoso jwa gagwe, go rata go itseela kwa godimo, le bogagapa. (Genesise 8:21; Baroma 7:21-25) Seno se ka nna sa dira gore o boele kwa ditirong tsa lefifi.
“Mo Lesediñ ya Gago Re Tla Bōna Lesedi”
18, 19. Jesu le Paulo ba ne ba tlhalosa jang ditsela tseo go ka lemogiwang “bana ba lesedi” ka tsone?
18 Gakologelwa gore re tla bona botshelo jo bo sa khutleng fela fa Modimo o ka re atlhola re siame a ikaegile ka gore re rata lesedi go le kana kang. Fa a sena go bolela ka ntlha eno, Jesu o ne a bolela jaana: “Gonne moñwe le moñwe eo o dihañ boshula o ila lesedi, oa ba a sa tla lesediñ, e tle e re kgotsa ditihō tsa gagwè di kgalemèlwe. Me eo o dihañ boamarure, o tla lesediñ, gore ditihō tsa gagwè di senolwè, ha di dihilwe mo Modimoñ.”—Yohane 3:19-21.
19 Paulo o ne a tshegetsa kgopolo eno fa a ne a kwalela Baefesia jaana: “Sepelañ yaka bana ba lesedi,—Gonne louñō loa lesedi lo eme mo molemoñ otlhe, le mo tshiamoñ, le mo boamarureñ.” (Baefesia 5:8, 9) Ka jalo ditiro tsa rona di a bontsha gore a re bana ba lesedi kana re bana ba lefifi. Mme ditiro tse di siameng di ka tswa fela mo pelong e e molemo. Ke ka ntlha ya moo re tshwanetseng ra tlhokomela pelo ya rona, re nne re amegile kaga kafa go tlhokegang ka gone gore re nne re nts̆hafatsa botho jwa rona, re tlhokomele moya o o tlhotlheletsang mogopolo wa rona.—Diane 4:23.
20, 21. (a) Ke kgwetlho efe e e kgethegileng eo e lebaneng le bana bao ba tsholetsweng mo malapeng a Bakeresete? (b) Ke kgwetlho efe eo e lebaneng le bana botlhe ba batsadi ba bone eleng Bakeresete?
20 Mo mabakeng a mangwe, seno se itshupile e le kgwetlho e e kgethegileng ya bana bao ba ileng ba tsholwa ke Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Ka ntlha yang? Gone ke boammaaruri gore kafa letlhakoreng le lengwe bana bano ba ipelela masego a magolo. Go itse boammaaruri o santse o le ngwana go bolela gore, kwa bokhutlong, motho ga a kitla a tshwanelwa ke gore a ikutlwele ka boene gore go ntse jang go nna mo lefifing la lefatshe la ga Satane. (2 Timotheo 3:14, 15) Kafa letlhakoreng le lengwe, bana bangwe ba ba leng mo boemong jono ba leba boammaaruri jaaka selo se se sa reng sepe mme ga ba ithute go rata lesedi ka mmatota. Go ne go ntse jalo ka Bajuda ba le bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ba ne ba golela mo morafeng o o ineetseng mo go Jehofa, mme ba ne ba itse boammaaruri ka selekanyo se se rileng. Mme bo ne bo se mo dipelong tsa bone.—Mathaio 15:8, 9.
21 Batsadi ba Bakeresete ba na le boikarabelo fa pele ga Modimo jwa gore ba godisetse bana ba bone mo leseding. (Duteronome 6:4-9; Baefesia 6:4) Lefa go ntse jalo, kwa bokhutlong ngwana ka boene o tshwanetse a rata lesedi go gaisa lefifi. O tshwanetse go dira gore lesedi la boammaaruri e nne karolo ya botshelo jwa gagwe. Jaaka fa a ntse a gola, dikarolo dingwe tsa lefatshe la ga Satane di ka nna tsa lebega di le dintle. Mokgwa wa go tshela wa go se kgathale kana wa boitaodi wa ditsala tsa gagwe o ka nna wa lebega o itumedisa. Go belaela dilo go go ithutiwang kwa phaposiborutelong go ka nna ga bo go tsietsa. Mme ga a tshwanela go lebala gore kafa ntle ga lesedi leno, go na le ‘lefifi le le apesitseng lefatshe.’ (Isaia 60:2) Kwa bokhutlong, lefatshe le le lefifi ga le na sepe se se molemo seo le ka se ntshang.—1 Yohane 2:15-17.
22. Jaanong Jehofa o segofatsa jang bao ba tlang mo leseding, mme o tlile go ba segofatsa jang mo isagweng?
22 Kgosi Dafite o ne a kwala jaana: “Gonne mocwedi oa botshelō o nntse nau [Jehofa]: mo lesediñ ya gago re tla bōna lesedi. A u ko u cweleleletsè bopelonomi yoa gago yoa loratō mo go ba ba gu itseñ.” (Pesalema 36:9, 10) Bao ba ratang lesedi ba itse Jehofa, mme seno se ka nna sa bolela botshelo mo go bone. (Yohane 17:3) Ka bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato, Jehofa o a ba tshegetsa jaanong, fa sepitla se segolo se tla, o tla ba falodisa a ba tsenya mo lefatsheng je lesha. Seno se ka re diragalela fa re gana lefifi la lefatshe la ga Satane. Mo lefatsheng le lesha, setho se tla bo se buseditswe kwa botshelong jo bo itekanetseng jwa Paradaise. (Tshenolō 21:3-5) Bao ba tla atlholwang ba siame ka nako eo ba tla nna le tsholofelo ya go aramela lesedi la ga Jehofa mo nakong yotlhe e e tlang. Abo e le tsholofelo e e molemolemo jang ne! Ebile abo seno e le selo se se maatla jang se se re tlhotlheletsang jaanong gore re ‘apole ditiro tsa lefifi mme . . . re apare diaparo tsa phemelo tsa lesedi’!—Baroma 13:12.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa bontsi jwa Bajuda ba motlha wa ga Jesu bo ne bo gana lesedi?
◻ Lesedi le ntse le phatsima mo metlheng ya rona ka selekanyo se se kana kang?
◻ Ke ditlhagiso dife tse di malebana le bogagapa le go ikgogomosa tseo dikao tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di di neelang?
◻ Re tshwanetse ra dira eng gore re nnele ruri mo leseding?
◻ Batho ba ba ratang lesedi ba boloketswe masego afe?
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Bontsi jwa Bajuda ba nako ya ga Jesu ga ba a ka ba tla mo leseding
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Go ralala masome a dingwaga go ntse go dirisiwa mekgwa e e farologaneng ya go phatsimisa lesedi ka go dira barutwa
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
“Lo apole botho jwa bogologolo . . . mme lo apare motho yo mosha”