Ke Bomang Ba Ba Setseng Lesedi la Lefatshe Morago?
‘Lo bonala jaaka masedi mo lefatsheng.’—BAFILIPI 2:15.
1. Bibela e reng kaga masedi a e seng a mmatota a bodumedi?
BIBELA e tlhalosa Jesu ka phepafalo e le “lesedi ye legolo,” “lesedi ya lehatshe.” (Isaia 9:2; Yohane 8:12) Mme lefa go ntse jalo, ke ba sekaenyana fela bao ba ileng ba mo sala morago fa a ne a le mo lefatsheng. Bontsi bo ne jwa itlhophela go sala masedi a e seng a mmatota morago, mme tota masedi ao e ne e le batshodi ba lefifi. Lefoko la Modimo le bolela jaana ka bone: “Batho ba ba nntseñ yalo, ke baaposetoloi ba e señ bōnè, ke badihi ba ba tsietsañ, ba ba ichwantshañ le baaposetoloi ba ga Keresete hèla. Me ga se mo go ka gakgamalèlwañ: gonne Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi. Me ke gōna, e be e se selō se segolo ha batlhanka ba gagwè le bōnè ba ka ichwantsha le batlhanka ba tshiamō; ba bokhutlō yoa bōnè bo tla nnañ kaha ditihoñ tsa bōnè.”—2 Bakorintha 11:13-15.
2. Jesu o ne a re batho ba ne ba tla atlholwa go ya ka eng?
2 Ka jalo, ga se batho botlhe ba ba batlang lesedi, lefa le le molemolemo jaana. Jesu o ne a re: “Tshekishō ke e, go re, lesedi le tsile mo lehatshiñ, me batho ba ratile lehihi bogolo go lesedi; gonne ditihō tsa bōnè di ne di le boshula. Gonne moñwe le moñwe eo o dihañ boshula o ila lesedi, oa ba a sa tle lesediñ, e tle e re kgotsa ditihō tsa gagwè di kgalemèlwe.”—Yohane 3:19, 20.
Barati ba Lefifi
3, 4. Baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba bontsha jang gore ba ne ba sa batle go latela lesedi?
3 Ela tlhoko gore seemo se ne se dumalana jang le mafoko ao fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Modimo o ne a file Jesu maatla a gore a kgone go dira dikgakgamatso tse di kgatlhang e le gore a tle a supe gore e ne e le ene Mesia. Ka sekai, ka letsatsi lengwe go le Sabata, o ne a foufolola monna mongwe yo o neng a tshotswe a le sefofu. Abo e ne e le tiro e e molemo jang ne e e bontshang kutlwelobotlhoko! Abo monna yoo a ne a anaanela seo jang ne! O ne a kgona go bona e le lantlhantlha! Lefa go ntse jalo, baeteledipele ba bodumedi bone ba ne ba itshwara jang ka kgang eno? Yohane 9:16 e anela jaana: “Hoñ Bafarisai bañwe ba re [kaga Jesu], Monna eouō ga aa cwa Modimoñ, gonne ga a ilele sabata.” Abo dipelo tsa bone di ne di le kgopo jang ne! Go ne go sa tswa go fodisiwa mongwe ka tsela e e gakgamatsang, mme lefa go ntse jalo go na le gore ba itumelele monna yo pele a neng a foufetse, le go leboga yo o mo fodisitseng, ba ne ba kgala Jesu! Kwantle ga pelaelo, ka go dira jalo, ba ne ba leofela go iponatsa ga moya o o boitshepo wa Modimo, sebe se se sa itshwarelweng.—Mathaio 12:31, 32.
4 Moragonyana, fa baitimokanyi bao ba ne ba botsa monna yo o neng a kile a bo a foufetse kaga Jesu, monna yoo o ne a re: “Ana go mo go gakgamatsa yañ! ka lo sa itse kwa [Jesu] o cwañ gōna, leha go nntse yalo, nna, o mpouholotse matlhō. Rea itse ha Modimo o sa utlwe baleohi: me ha motho leha e le mañ e le moōbamedi oa Modimo, a ba a diha go rata ga ōna, eouō, oa mo utlwa. E sa le ka tlhōlègō ea lehatshe ga go e se go ko go utlwiwe ha moñwe a kile a houholola matlhō a motho eo o tsecweñ a houhetse. Ha motho eo [Jesu] a na a sa cwe Modimoñ, o na a sa kake a diha sepè.” Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba arabela jang? “Ba mo hetola, ba re, U tsalecwe hèla mo dibiñ, me a ua re ruta? me ba mo kgaolèla ntlè.” Abo ba ne ba sena pelotlhomogi jang ne! Ba ne ba le dipelo di thata. Ka jalo Jesu o ne a ba bolelela gore lefa ba ne ba kgona go bona ka matlho a bone a senama, ba ne ba foufetse semoyeng.—Yohane 9:30-41.
5, 6. Baeteledipele ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira eng gape se se neng se bontsha gore ba ne ba rata lefifi?
5 Sengwe se se bontshang gore baitimokanyi bano ba ne ba leofela moya wa Modimo se bonala ka phepafalo mo lekgetlong le lengwe, fa Jesu a ne a tsosa Lasaro mo baswing. Batho ba le bantsi ba e neng e le batho fela ba ne ba dumela mo go Jesu ka ntlha ya kgakgamatso eo. Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore baeteledipele ba bodumedi ba ne ba dira eng. “Hoñ ditlhōgō tsa baperisiti le Bafarisai ba èpa picō, ba re, Re dihañ? gonne monna eo o diha dichupō di le dintsi. Ha re mo lesa hèla yana, batho botlhe ba tla dumèla mo go èna; me Baroma ba tla tla ba tlosa bonnō yoa rona, le morahe oa rona.” (Yohane 11:47, 48) Ba ne ba tshwenyegile kaga maemo a bone le go tlotlomala ga bone. Go na le gore ba itumedise Modimo, ba ne ba batla go itumedisa Baroma go sa kgathalesege gore ba ne ba tla diragalelwa ke eng. Ka jalo ba ne ba dira eng? “Go simolola hèla ka letsatsi yeuō ba gakololana gore ba [bolaye Jesu].”—Yohane 11:53.
6 A go ne ga felela foo? Nnyaa. Seo ba ileng ba se dira morago ga foo se bontsha kafa ba neng ba rata lefifi thata ka gone: “Ba e leñ ditlhōgō tsa baperisiti ba gakololana, gore ba bolaeè le èna Lasaro; ka go bo e ne e le ka ntlha ea gagwè ha Bayuda ba le bantsi ba tsamaile, me ba dumèla mo go Yesu.” (Yohane 12:10, 11) A boikepo jo bo boitshegang! Le mororo ba ne ba dira dilo tseno tsotlhe gore ba tle ba se ka ba latlhegelwa ke maemo a bone, go ne ga direga eng? Mo go yone kokomana eo, ba ne ba tsuologela Baroma, mme bone ba ba tlhasela ka 70 C.E. ba bo ba ba tseela maemo a bone, morafe wa bone, mmogo le matshelo a bone!—Isaia 5:20; Luke 19:41-44.
Bopelotlhomogi jwa ga Jesu
7. Ke ka ntlha yang fa barati ba boammaaruri ba ile ba ya kwa go Jesu ka makatlanamane?
7 Go ntse fela jalo le mo motlheng wa rona, ga se botlhe ba ba batlang go sedifalediwa semoyeng. Mme lefa go ntse jalo ba ba ratang boammaaruri bone ba batla go tla mo leseding. Ba batla gore Modimo e nne Mogodimodimo wa bone, mme ba leba kwa go Jesu ka tlhagafalo, e le yo Modimo a mo romileng gore a tle go tlhalosa gore lesedi ke eng, le gore ba mo latele. Ke sone seo batho ba ba boikokobetso ba neng ba se dira fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Ba ne ba tla kwa go ene ka makatlanamane. Le bone Bafarasai ba ne ba tlamega go dumela seo. Ba ne ba ngongorega jaana: “Aitsane, lehatshe le ile go mo sala moragō.” (Yohane 12:19) Batho ba sekadinku ba ne ba rata Jesu ka gonne o ne a farologane gotlhelele le baeteledipele ba bodumedi ba ba pelotshetlha, ba ba ikgodisang, ba ba ratang maemo bao Jesu a neng a bolela jaana kaga bone: “Ba tla ba bōhe merwalō e e bokete, e e botlhoko go rwalwa, me ba e bee mo mahetleñ a batho: me bōnè ka bosi ga ba ke ba e tshikinya leha e le ka monwana oa bōnè. Me ditihō cotlhe tsa bōnè ba di diha gore di bōnwè ke batho.”—Mathaio 23:4, 5.
8. Jesu o ne a na le boikutlo bofe jo bo sa tshwaneng le jwa baitimokanyi ba bodumedi?
8 Phapaanong le seo, ela tlhoko bopelotlhomogi jwa ga Jesu: “Me ea re a bōna machutichuti a batho, a ba tlhomogèla pelo, ka ba patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” (Mathaio 9:36) Mme o ne a dira eng ka gone? O ne a raya ba ba neng ba tshwerwe makgwakgwa ke tsamaiso ya ga Satane a re: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.” (Mathaio 11:28-30) Jesu o ne a dira se go neng go boleletswe pele kaga gagwe ka sone mo go Isaia 61:1, 2, e e balegang jaana: “Yehofa o ntloleditse go rèrèla ba ba pelonōlō mahoko a a molemō, o nthomile gore ke hapè ba ba pelo di phatlogileñ, go bolèlèla bachwarwa kgololō, le ba ba golegilweñ, go re, ntlo ea kgolegèlō e budilwe; Go bolèla ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa, le letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona: go gomotsa botlhe ba ba hutsahetseñ.”
Go Kokoanya Batshodi ba Lesedi
9. Go ne ga direga ditiragalo dife tsa botlhokwa ka 1914?
9 Fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong, Jesu o ne a tshwanetse go leta pele go fitlhela go tla nako ya gore Modimo a mo fe maatla a Bogosi. Ka nako eo o ne a tla kgaoganya “dinku” le “dipodi.” (Mathaio 25:31-33; Pesalema 110:1, 2) Nako eo e ne ya tla fa ‘metlha ya bofelo’ e ne e simologa ka 1914. (2 Timotheo 3:1-5) Jesu, a filwe thata ya go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, o ne a simolola go kokoanya batho ba ba neng ba batla go sala lesedi morago, a ba kokoanyetsa kafa letsogong la gagwe le legolo. Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, tiro eo ya go kokoanya e ne ya tswelela pele ka bofefo jo bo neng bo ntse bo oketsega.
10. Go ka bodiwa potso efe kaga batho bao Jesu a ba dirisang mo tirong ya go kokoanya batho?
10 Tiro ya go kokoanya e ile ya duelwa ka gore e atlege fela thata, e eteletswe pele ke Keresete Jesu. Ga go ise go ko go tsamaye go direge mo hisitoring gore batho ba bantsi jaana go tswa mo merafeng yotlhe ba kokoanyediwe botlhe mo kobamelong ya boammaaruri e e mo leseding. Mme ke bomang gompieno bao ba latelang lesedi le le tswang kwa Modimong le go Keresete? Ke bomang ba ba dirang se se bolelwang ke Bafilipi 2:15, ‘ba phatsima jaaka masedi mo lefatsheng,’ ba laletsa ba bangwe gore ba ‘tle ba tseye metsi a botshelo a sena theko’?—Tshenolō 22:17.
11. Labokeresete e eme fa kae malebana le lesedi la semoya?
11 A Labokeresete o dira seo? Labokeresete, ka ditumelo tsa gagwe tse di kgaoganyang batho, eleruri ga a phatsime jaaka lesedi. Ebile tota, baruti ba tshwana le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu. Ga ba phatsimise lesedi la boammaaruri le le tswang go Modimo le go Keresete. Dingwaga tse 33 tse di fetileng, makasine wa Theology Today o ne wa re: “Ka maswabi go tshwanetse ga dumelwa gore lesedi leno ga le phatsime mo Kerekeng ka phatsimo e e gapang kgatlhego. . . . Kereke e setse e tshwana thata le ditlhopha tse dingwe tsa batho tse di e dikologileng. Ga e sa tlhole e le lesedi la lefatshe go le kalo mme go na le moo ke yone e bontshang lesedi le le phatsimang go tswa mo lefatsheng ka bolone.” Mme gompieno boemo jwa Labokeresete bo maswe le go gaisa. Sone se go tweng ke lesedi le a le phatsimisang le tswa mo lefatsheng totatota ke lefifi ka gonne Satane le lefatshe leno ga di kake tsa naya sepe fa e se lefifi. Nnyaa, ga go na lesedi lepe la boammaaruri le le tswang mo ditumelong tse di ganetsanang tse ebileng e le tsa lefatshe tota tsa Labokeresete.
12. Ke bomang ba ba bopang phuthego ya boammaaruri ya batshodi ba lesedi gompieno?
12 Go ka bolelwa ka go tlhatswega pelo gore mokgatlho wa lefatshe le lesha wa Basupi ba ga Jehofa ke one phuthego ya boammaaruri e e tshotseng lesedi gompieno. Maloko a yone otlhe—banna, basadi, le basha—ba phatsimisa lesedi le le tswang kwa go Jehofa le Keresete ka kutlwano ba le phatsimisetsa batho botlhe. Ngwaga o o fetileng, mo diphuthegong tse di batlileng di tshwara 70 000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, batshodi ba lesedi ba feta dimilione tse nne kgakala ba ne ba tshwaregile ba bolelela ba bangwe ka tlhagafalo kaga Modimo le maikaelelo a gagwe. Mme jaanong ngwaga le ngwaga re ntse re bona go kokoanngwa batho ba le bantsi ba le bone ba batlang go sedimoga semoyeng. Go kolobediwa batho ba le dikete di le makgolokgolo fa ba sena go ithuta Bibela ba bo ba nna le kitso e e tlhomameng kaga boammaaruri. Eleruri, Modimo o “[rata] gore batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.”—1 Timotheo 2:4.
13. Re ka bapisa lesedi le le tswang kwa go Jehofa le eng?
13 Re ka tshwantsha tshedimoso e gompieno e tswang kwa go Jehofa le seo se neng sa diragalela batho ba Modimo ba metlha ya bogologolo fa ba ne ba tswa mo Egepeto: “E re motshegare, Yehofa a ba ètelele pele a le mo mosipuriñ oa leru, go tla a ba gōga mo tseleñ; me bosigo a le mo mosipuriñ wa molelō go tla a ba naea lesedi: gore ba nnè ba tsamaeè motshegare le bosigo.” (Ekesodo 13:21, 22) Leru la motshegare le molelo wa bosigo tse di neng di tswa kwa Modimong e ne e le bakaedi bao go neng go ka ikaegwa ka bone. Di ne di ikanyega fela jaaka letsatsi le Modimo o le bopileng gore le re neye nako ya motshegare. Ka jalo, le rona re ka ikaega ka Jehofa gore a tswelele pele a bonesa ka tsela ya semoya tsela ya batho ba ba batlang boammaaruri mo metlheng eno ya bofelo e e bosula. Diane 4:18 e re tlhomamisetsa jaana: “Tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.”
Go Bontsha Lesedi la Bogosi
14. Boikaelelo jwa konokono jwa batshodi ba lesedi e tshwanetse ya nna eng?
14 Fa Jehofa e le Motswedi wa tshedimoso, Keresete ene e le Mophatsimisi Yo Mogolo wa lesedi leo, balatedi ba ga Jesu le bone ba tshwanetse gore ba le phatsimise. O ne a bolela jaana kaga bone: “Ke lona lesedi ya lehatshe. . . . A lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho, gore ba bōnè ditihō tsa lona tse di molemō, me ba galaletsè Rra eno eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 5:14, 16) Mme kgangkgolo ya lesedi leno le balatedi ba gagwe ba neng ba tla le phatsimisetsa batho e ne e le eng? Ba ne ba tla tshwanelwa ke go ruta eng mo konelong eno ya hisitori ya lefatshe? Jesu ga a ka a re balatedi ba gagwe ba ne ba tla ruta temokeratiki, bokgokgontshi, go kopana ga Kereke le Puso, kana mogopolo ope fela wa selefatshe. Go na le moo, mo go Mathaio 24:14 o ne a bolelela pele gore go ntse go na le dipogiso mo lefatsheng lotlhe, “mahoko a a Molemō a, a bogosi, a [ne a] tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo [neng bo tla tla].” Ka jalo, batshodi ba lesedi gompieno ba bolelela ba bangwe kaga Bogosi jwa Modimo, joo bo tla fedisang lefatshe la ga Satane mme bo tlise lefatshe le lesha la tshiamo.—1 Petere 2:9.
15. Batho ba ba batlang lesedi ba tla leba kae?
15 Batho ba ba ratang lesedi ga ba na go faposiwa ke maiphako le mekgele ya lefatshe leno. Maiphako ao otlhe le mekgele eo e tla fela mo bogautshwaneng, ka gonne lefatshe leno le gaufi le go fela. Go na le moo, batho ba ba ratang tshiamo ba tla batla go leba kwa mafokong a a molemo a a bolelwang ke bao ba dirang gore lesedi la Bogosi jwa Modimo le phatsime kwa dikhutlong tse di kgakala tsa lefatshe. Bano ke bone ba go boleletsweng pele ka bone mo go Tshenolō 7:9, 10, eo e reng: “Ka leba, me bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa [Modimo sa] bogosi, le ha pele ga Kwana [Keresete] . . . Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” Temana 14 e re: “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo.” Ee, ba falolela bokhutlo jwa lefatshe leno mo lefatsheng le le sa feleng kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo.
Lefatshe Le Lesha Le Le Sedimogileng
16. Go tla diragala eng ka lefatshe la ga Satane ka sepitla se segolo?
16 Lefatshe le lesha le tla bo le apesitswe ke lesedi le le phatsimang la boammaaruri. Totatota, ela tlhoko gore seemo se tla bo se ntse jang letsatsi morago ga gore Modimo a fedise tsamaiso eno ya dilo. Satane, badimona ba gagwe, le ditsamaiso tsa gagwe tsa bopolotiki, kgwebo, le bodumedi di tla bo di ile—tsotlhetsotlhe fela! Didirisiwa tsotlhe tsa ga Satane tsa tshedimosetso le tsone di tla bo di ile. Ka jalo, morago ga sepitla se segolo, ga go kitla go tlhola go gatisiwa pampiri epe ya dikgang, makasine, buka, bukana, kana pampitshana eo e tshegetsang lefatshe leno le le boikepo. Go tla bo go se na ditlhotlheletso dipe tse di bosula tse di gasiwang ke dithelebishene kana diradio tsa lefatshe. Tikologo yotlhe e e botlhole ya lefatshe la ga Satane e tla phimolwa gangwe fela fela ka maatla!—Mathaio 24:21; Tshenolō 7:14; 16:14-16; 19:11-21.
17, 18. O ne o ka tlhalosa jang seemo sa semoya morago ga bokhutlo jwa lefatshe la ga Satane?
17 Abo seo e tla nna kgololesego e kgolo jang ne! Go tloga ka letsatsi leo go ya pele, batho ba tla tlhotlhelediwa fela ke lesedi le le botlhokwa, le le agang la semoya go tswa kwa go Jehofa le Bogosi jwa gagwe. Isaia 54:13 e bolelela pele jaana: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” Ereka puso ya Modimo e tla bo e akareditse lefatshe lotlhe, go ya ka Isaia 26:9 e solofetsa gore, “banni ba lehatshe ba [tla ithuta] tshiamō.”
18 Ka bofefo fela, tikologo yotlhe ya mogopolo le ya semoya di tla fetoga go nna tse di siameng. Go tla bo go tletse dilo tse di agelelang, eseng dilo tse di utlwisang botlhoko, tsa boitsholo jo bo maswe tse di tletseng gongwe le gongwe gompieno. Mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela ka nako eo o tla rutiwa kaga Modimo le maikaelelo a gagwe. Boperofeti jo bo mo go Isaia 11:9 bo tla diragadiwa ka botlalo tota, jo bo reng: “Lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.”
Go Potlakile go Latela Lesedi
19, 20. Ke ka ntlha yang fa bao ba batlang go latela lesedi ba tshwanetse go nna ba itisitse?
19 Jaanong, mo dingwageng tsa bofelo tsa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, go potlakile go latela lesedi la lefatshe. Mme re tlhoka go itisa, ka gonne go na le ntwa e e matlho mahibidu e e lowang go leka go re thibela gore re se ka ra tsamaya mo leseding. Kganetso eno e tswa mo bathateng ba lefifi—e tswa mo go Satane, badimona ba gagwe, le phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng. Ke gone ka moo moaposetoloi Petere a tlhagisang jaana: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ.”—1 Petere 5:8.
20 Satane o tla beela batho ba ba bonang lesedi sekgoreletsi sengwe le sengwe se a ka se kgonang mo tseleng ya bone, ka gonne o batla ba tswelela pele ba le mo lefifing. A ka nna a dirisa kgatelelo e e tswang go ba losika kana ditsala dingwe tsa bogologolo tseo di ganetsang boammaaruri. A ka nna a dirisa dipelaelo kaga Bibela ka ntlha ya go foufadiwa ke dithuto tsa bodumedi jwa maaka kana dipuo tsa batho ba ba senang tumelo ba ba ganetsang gore Modimo o gone le ba ba belaelang gore a Modimo o gone. A ka dirisa dilo tse motho ka boene a sekametseng go di dira tsa boleo tseo di dirang gore a ketefalelwe ke go dira se Modimo a batlang gore se dirwe.
21. Botlhe ba ba batlang go tshela mo lefatsheng la Modimo le lesha ba tshwanetse ba tsaya kgato efe?
21 Go sa kgathalesege dikgoreletsi lefa e ka nna dife tse di ka nnang gone, a o batla go ipelela botshelo mo lefatsheng le lesha le le senang lehuma, bokebekwa, tshiamololo, le ntwa? A o batla go ipelela botsogo jo bo itekanetseng le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise? He, amogela Jesu jaaka lesedi la lefatshe o bo o mo latele mme o reetse molaetsa wa bao ba tshwareletseng mo ‘lefokong la botshelo’ ebile ba ‘phatsima jaaka masedi mo lefatsheng.’—Bafilipi 2:15, 16.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Baeteledipele ba bodumedi ba bontsha jang gore ke barati ba lefifi?
◻ Jesu o ne a ikutlwa jang ka batho?
◻ Go kokoanya batshodi ba lesedi go ntse go tsweletse pele jang?
◻ Go tloga go direga diphetogo dife tsa botlhokwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa go potlakile go latela lesedi la lefatshe gompieno?
[Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]
Bafarasai ba ba dipelo di thata ba ne ba kgoromeletsa kwa ntle monna yo Jesu a neng a foufolotse matlho a gagwe