‘Go Jala ka Dikeledi Mme o Roba ka Boitumelo’
Jaaka fa e boletswe ke Miyo Idei
“Ke a swa! Ke a swa! Nthuseng!” Rre o ne a leka go kua mokgosi jalo. Lentswe la gagwe e ne e le lone le le neng le utlwala thata fa ke tswa ke taboga mo ntlong. E ne e le mo gare ga bosigo, mme rre o ne a na le bolwetsi jwa pelo. Ke ne ka tabogela kwa go malome, yo o neng a nna fa gaufi, mme fa re ne re boa, go itaya ga pelo ya ga Rre go ne go sa tlhole go utlwala.
SELO seno se diragetse ka December 14, 1918. Fa ke ne ke na le dingwaga di le 13, ke ne ka sala ke sena batsadi. Mmè o ne a tlhokafetse fa ke ne ke na le dingwaga di le supa. Ka gonne ke ne ka latlhegelwa ke batsadi ke santse ke le monnye jalo, ke ne ka simolola go ipotsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? Go direga eng morago ga loso?’
Morago ga gore ke aloge kwa sekolong sa borutabana, ke ne ka nna morutabana kwa Tokyo mme ke ne ke ruta kwa Sekolong Se Se Potlana sa Shinagawa. Moragonyana, motho mongwe yo ke neng ke tlwaelane le ene o ne a mpontsha lekawana lengwe le le bidiwang Motohiro, yo ke neng ka nyalana nae fa ke na le dingwaga di le 22. Mo dingwageng di le 64 tse di fetileng, re ne re ntse re nna le maitemogelo a a monate le a a botlhoko mo botshelong. Ka bonako fela re ne ra fudugela kwa Taiwan, eo ka nako eo e neng e le kafa tlase ga puso ya Majapane. Ka nako eo ke ne ke sa akanye gore ke ne ke tla nna le lebaka la go itumela mo lefatsheng leo.
Go Ithuta Boammaaruri
Ka dikgakologo tsa 1932, fa re ne re nna kwa dikgaolong tse di ka kwantle tsa Chiai kwa bogareng jwa Taiwan, monna mongwe yo o neng a bidiwa Saburo Ochiai o ne a re etela. O ne a re bontsha gore dipolelelopele tse di mo Bibeleng di akaretsa le tsholofetso ya gore baswi ba tla tsosiwa. (Yohane 5:28, 29) Abo seno e ne e le tsholofelo e e molemo jang ne! Ke ne ke batla go bona mmè le rre tota. Mafoko a gagwe a a neng a bua ka dilo tse di utlwalang, a tlhalosa dilo ka tsela e e utlwalang, ebile a bontsha go tswa mo Bibeleng, a ne a utlwala a na le boammaaruri mo go one. Nako e ne ya feta ka bofefo fa re ne re fetsa letsatsi lotlhe re tlotla ka Bibela. Ka bonakonyana fela e ne ya simolola go nna buka e e nkgatlhang thata.
Ka bonakonyana fela Rre Ochiai o ne a fuduga mo lefelong leo, go ya kwa go le lengwe, a re tlogelela dibuka tse di tshwanang le ya Creation, Harp of God, Government, Prophecy, Light, le Reconciliation, tsotlhe di gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society. Ke ne ka di bala tota, mme fa ke ntse ke di bala jaana, ke ne ka utlwa ke patelesega go bolelela ba bangwe ka seo ke neng ke se bala. Fa Jesu a simolotse bodihedi jwa gagwe mo motseng wa gaabo wa Nasaretha, ke ka ntlha yang fa ke sa tshwanela go simolola mo ke neng ke nna gone? Ke ne ka etela moagelani wa me. Go ne go sena yo o nthutileng go rera, ka jalo ke ne ka tsamaya ka ntlo le ntlo ke tshotse Bibela ya me le dibuka tse ke neng ke di bala, ke rera kafa ke neng ke ka kgona ka gone. Batho ba ne ba arabela ka tsela e e molemo mme ba ne ba amogela dimakasine. Ke ne ka kopa Todaisha, jaaka fa Watch Tower Society e ne e bidiwa ka Sejapane ka nako eo, gore e nthomelele dikaelo di le 150 tsa bukana e e reng The Kingdom, the Hope of the World, mme ke ne ka di tsamaisa.
Ka letsatsi lengwe motho mongwe yo o neng a tsere dibuka o ne a mpolelela gore mapodisi a ne a tla morago ga gore ke tsamaye mme a fitlha a mo tseela dibuka ka kgang. Ka bonako fela morago ga moo, matseka a le mane a ne a tla mo ntlong ya me mme ba ntseela dibuka tsotlhe le dimakasine ka kgang. Ba ne ba ntlogelela Bibela fela. Ka lobaka lwa dingwaga di le tlhano, ke ne ke sa kopane le ope wa Basupi ba ga Jehofa, mme gone tlhoafalo ya me le keletso ya me ka boammaaruri ga e a ka ya fela.
Go ne ga tla December 1937! Barekisi bangwe ba dibuka tsa bodumedi bao ba tswang kwa Japane ba ne ba re etela. Ka gonne ke ne ke gakgametse, ke ne ka ba botsa jaana: “Go tlile jang gore lo itse ka rona?” Ba ne ba bolela jaana: “Re na le leina la gago fano.” Jehofa o ne a re gakologetswe! Basupi ba babedi bano, Yoriichi Oe le Yoshiuchi Kosaka, ba ne ba kgweetsa dibaesekele tsa bogologolo dikilometara di le 240 go tswa kwa Taipei go ya kwa Chiai ba dirile dilo tsa bone mokoa kafa morago. Jaaka fa ba ntse ba bua le rona, ke ne ka ikutlwa jaaka moopafadiwa wa Moithopia yo o neng a bolela jaana: “Ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?” (Ditihō 8:36) Bosigo jo ba neng ba fitlha ka jone, nna le monna wa me re ne ra kolobediwa.
Go Tlhokomela Bakaulengwe Ba Ba kwa Kgolegelong
Ka 1939 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go tshwarwa ba sa lebelela le gone ka bonako mo Japane yotlhe. Pogiso e ne ya fitlha ka bonako kwa Taiwan. Ka April Mokaulengwe Oe le Mokaulengwe Kosaka ba ne ba tshwarwa ka bobedi. Dikgwedi di le pedi moragonyana le rona re ne ra tshwarwa. Ereka ke ne ke le morutabana, ke ne ka gololwa mo letsatsing le le latelang, mme monna wa me o ne a nna a ntse a tshwerwe ka dikgwedi di le nne. Morago ga gore monna wa me a gololwe, re ne ra fudugela kwa Taipei. Ereka jaanong re ne re le gaufi le kgolegelo eo bakaulengwe ba babedi bao ba neng ba tshwaretswe mo go yone, seno se ne sa itshupa e le selo se se molemo thata.
Kgolegelo ya kwa Taipei e ne e le kgolegelo e e nang le melao e e gagametseng ya go disa bagolegwa. Ke ne ka ya go bona bakaulengwe bano ke tshotse diaparo le dijo. Sa ntlha, Mokaulengwe Kosaka o ne a tlhagelela a na le modisa le letseka kafa morago ga letlhabaphefo la sefoterata la disentimetara di le 30 sekwere. O ne a setlhafetse le dipounama tsa gagwe di le dikhibidu fela jaaka setoroberi fa se sa tswa go ungwa. O ne a tshwerwe ke bolwetsi jwa mafatlha a magolo.
Morago ga moo Mokaulengwe Oe o ne a tla a tletse monyenyo mo sefatlhegong sa gagwe, a boeletsa mafoko ano ka boitumelo: “Go a itumedisa gore o bo o kgonne go tla.” Ka gonne sefatlhego sa gagwe se ne se le serolwana ebile se rurugile, ke ne ka mmotsa gore o tsogile jang. “Ke tsogile sentle!” o ne a araba jalo. “Lefelo leno ke lefelo le le molemo tota. Ga go na ditshitshiri kana dinta. Ke kgona le go ja di-noodle tsa korong. E tshwana fela le ntlo ya mohumi,” o ne a rialo. Lepodisi le modisa ba ne ba palelwa ke go itshwara mme ba tshega mme ba bolela jaana: “Ao, monna yo go tweng Oe yo o re paletse.”
Go Tshwarwa Gape
Mo e ka nnang ka bosigogare ka November 30, 1941, malatsi a sekae morago ga gore ke boele gae ke tswa go etela bakaulengwe, setswalo se ne sa ntaaganngwa. Ke ne ka bona ditshwano tse eketeng dithaba tsa dihutshe ka setswalo sa galase se se gogwang. Ke ne ka kgona go bala di le robedi tsa tsone. E ne e le mapodisi. Ba ne ba leka go tsena mo ntlong ya rona mme ba pitikolola sengwe le sengwe mo ntlong—mme ba se ka ba bona sepe. Morago ga ura ba ntse ba phuruphutsa jalo mo lefelong leno, ba ne ba tsaya dialebamo di le mmalwa tsa dinepe mme ba re bolelela gore re tle le bone. Ke ne ka gakologelwa gore Jesu o ne a tshwarwa mo gare ga bosigo. (Mathaio 26:31, 55-57; Yohane 18:3-12) Lebaka la go bo banna ba le robedi ba itshwenya thata jaana le gone e le go senya nako ka batho ba babedi le ne la nkgakgamatsa.
Re ne ra isiwa kwa kagong e nngwe eo re sa e itseng eo e neng e le kgolo ebile e le lefifi. Moragonyana re ne ra lemoga gore e ne e le Kgolegelo ya Hichisei ya kwa Taipei. Re ne ra nnisiwa fa pele ga deseke e kgolo, mme ra simolola go botsolodiwa. Gangwe le gape ba ne ba botsa jaana: “Lo itse bomang?” mme mongwe le mongwe wa rona o ne a araba ka gore: “Ga ke itse ope.” Re ne re ka itse jang batho ba ba kwa teng ga Japane? Re ne re itse fela ka Bakaulengwe Oe le Kosaka, mme re ne ra se ka ra bua sepe ka maina a mangwe ao re ka nnang ra bo re utlwile ka one ka tsela nngwe.
Ka bonakonyana fela e ne e setse e le ura ya botlhano mo mosong, mme matseka a le mabedi a ne a ntsaya a nkisa kwa seleng ya me. Go ntshotse sebakanyana pele ke ka tlwaelana le tikologo ya me e ntšha. E ne e le lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa me, ke longwa ke ditshitshiri. Ditshenekegi tse dinnye tseno, tse di neng di ikemiseditse go ijesa monate ka batlabosheng, di ne tsa ntoma tota, di tlogela basadi ba bangwe ba babedi di sa ba re sepe—lemororo ke ne ke bolaya tse di neng di tla mo go nna. Kwa bokhutlong ke ne ka ineela mme ka di tlogela tsa lalela ka nna.
Dijo tsa rona e ne e le kopi ya sejonyana sa reisi e e neng e sa apewa sentle, mme molomo wa me o ne wa itshokela go e tsaya jaaka reise e e sa apewang. Se se neng se jewa le sejonyana seno e ne e le matlhare a daikon (medi mengwe e e jewang ya Sejapane) a mannye a a tshetsweng letswai a santse a na le mmunyana mo go one. Santlha, ka gonne dijo di ne di sa nkge monate mo go nna ebile di ne di le leswe, ke ne ke sa kgone go di metsa, mme batho ba bangwe bao ke neng ke tsentswe le bone mo seleng e le nngwe ba ne ba tla mme ba di ja. Gone ke boammaaruri gore ke ne ka nna ka tlwaela e le gore ke kgone go tswelela ke ntse ke tshela.
Botshelo jwa mo kgolegelong e ne e le jwa matlhotlhapelo tota. Ka nako nngwe, ke ne ka utlwa monna mongwe, yo go neng go belaelwa gore ke setlhodi, a lelela kwa godimo letsatsi le letsatsi ka ntlha ya go tlhokofadiwa. Gape ke ne ka bona motho yo mongwe mo seleng e e fa thoko a swa ka ntlha ya go tshwarwa makgwakgwa. Fa ke bona gotlhe gono go direga fa pele ga me, ke ne ka akanya ke tlhoafetse gore tota tsamaiso eno e kgologolo e tshwanetse ya fedisiwa, mme tsholofelo ya me mo ditsholofetsong tsa Modimo e ne ya nonofa go ya pele.
Dipotsolotso
Ke ne ke tswaletswe mo kgolegelong ka lobaka lo lo ka nnang lwa ngwaga mme ke ne ka botsolodiwa ga tlhano. Ka letsatsi lengwe mmueledi mongwe yo o sekisang o ne a tla lekgetlo la ntlha, mme ke ne ka isiwa kwa ntlwaneng e nnye thata e ke tlileng go botsolodiwa mo go yone. Selo sa ntlha seo a neng a se bolela e ne e le gore: “Ke mang yo mogolo go feta, Amaterasu Omikami [modimo wa sesadi wa letsatsi] kana Jehofa? Mpolelela!” Ke ne ka akanya go le gonnye gore ke mo arabe ke reng.
“Mpolelele gore ke mang yo mogolo, eseng jalo ke tlile go go itaya!” O ne a nteba jalo a galefile thata.
Ke ne ka mo araba jaana ke wetse makgwafo: “Mo tshimologong fela ya Bibela, go kwadilwe jaana, ‘E rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.’” Ke ne ka bona go sa tlhokege gore ke oketse ka sepe. O ne a nkgotolela matlho fela a sa bue sepe a bo a bua ka sengwe se sele.
Mo godimo ga moo, ke ne ke tshwaretswe eng? Pego ya patlisiso e ne e bolela jaana: “Go tshabiwa gore a ka nna a tsietsa batho ka puo ya gagwe le ka ditiro tsa gagwe.” Ke ka ntlha ya moo ke neng ka tsentswe mo kgolegelong ke sa sekisiwa.
Jehofa o ne a ntse a le gaufi le nna ka metlha fa ke ntse ke itshokela gotlhe gono. Ka ntlha ya bopelonomi jwa ga Jehofa, ke ne ka neelwa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete tsa bogolo jo bo lekanang le kgetsana. Letseka le ne la ntatlhelela yone mo seleng ya me ka letsatsi lengwe, le bolela jaana: “Ke tla go letla gore o tseye buka eno.” Ke ne ke ntse ke e bala letsatsi le letsatsi mo ke neng ke setse ke itse se ke neng ke se bala ka tlhogo. Dikao tsa bopelokgale tsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga mo bukeng ya Ditihō e ne ya nna tsone dilo tse di nkgothatsang thata. Makwalo a le 14 a ga Paulo le one a ne a nnonotsha. Paulo o ne a itshokela pogiso e e feteletseng, mme moya o o boitshepo o ne o ntse o mo eme nokeng ka metlha. Dipego tse di tshwanang le tseo di ne di nnonotsha.
Ke ne ka simolola go ota le go nna bokoa, mme Jehofa o ne a ntshegetsa, gantsi e le ka ditsela tse ke sa di lebelelang. Ka Sontaga sengwe letseka lengwe le ke neng ke ise ke tsamaye ke kopane le lone le ne la tla le tshwere selwana se se neng se phuthetswe ka sakatuku. O ne a bula kgoro ya sele mme a nkisa kwa lolwapeng. Fa re fitlha kwa setlhareng se segolo sa kamforo, o ne a bula sephuthelwana sele. Bonang! Dipanana le dikuku di ne di le mo teng. O ne a mpolelela gore ke di jele moo. Letseka leno le ne la bolela jaana: “Lotlhe lo batho ba ba molemo thata. Lefa go le jalo re tshwanetse ra lo tshwara ka tsela e e makgwakgwa jaana. Ke batla go tlogela tiro eno ka bonako.” Ka jalo badisa le matseka ba ne ba simolola go ntshwara ka tsela e e siameng. Ba ne ba ntshepa mme ba ntetla gore ke phepafatse matlwana a bone mme ba nneela mefuta e mengwe ya ditiro tse di neelwang bagolegwa ba ba ikanngwang.
Moragonyana ka 1942 ke ne ka bidiwa ke mongwe wa matseka ao a neng a re tshwere. “Lefa gone lo ne lo tshwanelwa ke go bolawa, lo tla gololwa gompieno,” o ne a bolela jalo. Monna wa me o ne a boetse gae mo e ka nnang kgwedi pele ga ke gololwa.
Go Kopana Gape le Basupi
Fa re ntse re le mo kgolegelong, Japane e ne ya tsenela Ntwa ya Lefatshe II. Mme ka 1945, re ne ra utlwa gore Japane e ne ya fenngwa mo ntweng, mme re ne ra utlwa mo lekwalo dikgannyeng gore bagolegwa ba bopolotiki ba tla gololwa. Re ne re itse gore Mokaulengwe Kosaka o ne a tlhokafala mo kgolegelong ka ntlha ya bolwetsi, mme ke ne ka romela makwalo kwa dikgolegelong kwa Taipei, Hsinchu, le kwa mafatsheng a mangwe ke botsa gore a ba itse kwa Mokaulengwe Oe a leng gone. Lefa go ntse jalo, ga ke a ka ka bona karabo epe. Moragonyana ke ne ka utlwa gore Mokaulengwe Oe o ne a bolailwe ke setlhopha sa bathuntshi.
Ka 1948 re ne ra amogela lekwalo le re neng re sa le lebelela le tswa kwa Shanghai. Le ne le tswa kwa go Mokaulengwe Stanley Jones, yo o neng a rometswe kwa China go tswa kwa Gileade, eleng sekolo sa borongwa se se neng se sa tswa go simololwa sa Basupi ba ga Jehofa. Jehofa o ne a re gakologetswe gape! Ke ne ka itumelela gore ke bo ke kopane jaana le phuthego ya ga Jehofa. Go ne go fetile dingwaga di le supa fa e sa le re kgaogana le Mokaulengwe Oe. Lemororo ke ne ke le esi fela ka nako eo yotlhe, ke ne ke ntse ke bolelela ba bangwe ka mafoko a a molemo.
Fa Mokaulengwe Jones a ne a re etela lekgetlo la ntlha, e ne e le nako ya go itumela. O ne a le botsalano thata. Lemororo re ne re ise re ko re kopane le ene pele, re ne re ikutlwa gore re ne re amogela mongwe wa losika yo o atamalaneng thata le rona mo legaeng la rona. Nakonyana fela morago ga moo, Mokaulengwe Jones o ne a tswa a ya kwa T’ai-tung, go kgabaganya dithaba, a tsamaya le monna wa me e le moranodi wa gagwe. Ba ne ba boa morago ga nako e e ka nnang beke, eleng nako eo mo go yone ba neng ba tshwara kopano ya letsatsi le le lengwe mme ba kolobetsa ba le 300 ba morafe wa Ba-Amis o o nnang kafa lobopong lo lo kwa botlhaba.
Loeto lwa ga Mokaulengwe Jones lo ne lo na le bokao bongwe mo go nna ka tsela e nngwe. Ke ne ke ntse ke rera go fitlhelela ka nako eo. Mme jaanong banyalani bangwe, bao monna wa teng e neng e le mong wa lefelo le re neng re nna mo go lone, ba ne ba kolobediwa fa Mokaulengwe Jones a ne a re etetse. Go tloga ka nako yone eo, ke ile ka ipelela go dira barutwa ka makgetlo a mantsi mo godimo ga boipelo jwa go bolela ka Bogosi. Moragonyana re ne ra fudugela kwa Hsinchu, koo Mokaulengwe Jones a neng a re etela gararo gone, nako le nako fa a ne a re etela o ne a nna dibeke di le pedi. Ke ne ke ipelela botsalano jo bo molemo tota. La bofelo, o ne a bolela jaana: “Ka nako e e tlang, ke tla tla le molekane wa me, ebong Harold King.” Mme “nako e e tlang” eo ga e ise e ko e tlhole e tla, ka gonne ka bonakonyana fela morago ga moo boobabedi ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong kwa China.
Ka 1949, Joseph McGrath le Cyril Charles, ebong barongwa ba setlhopha sa bo 11 sa Gileade, ba ne ba fitlha kwa Taiwan. Ba ne ba atolosa tiro kwa Taiwan, ba dirisa ntlo ya rona jaaka lefelo leo ba berekelang mo go lone. Dikao tsa bone di ne tsa nkgothatsa thata. Lefa go ntse jalo, maemo a bopolotiki a ne a ba pateletsa gore ba tswe mme ba ye kwa Hong Kong. Ke ne ka lela tota fa ba tswa le mapodisi. “O se ka wa lela, Miyo,” go ne ga rialo Joe. O ne a oketsa jaana: “Re a leboga,” a bo a nneela pene ya gagwe e a neng a sa bolo go e dirisa gore e nne selo seo ke tla salang ke mo gopola ka sone.
Go Tshwaragana le go Thapisa Ngwana
Nna le monna wa me re ne re se na bana, ka jalo re ne ra itseela setlogolo sa monna wa me go mo ikgodisetsa fa a ne a le dikgwedi di le nne. Mmaagwe o ne a le mo kotsing ya go bolawa ke bolwetsi jwa asema.
Ka 1952, Mokaulengwe Lloyd Barry, yo o neng a direla jaaka morongwa kwa Japane, o ne a etela Taiwan go ya go bona gore a ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa ga di kake tsa amogelwa semmuso gone. O ne a nna le rona mme a re kgothatsa thata fela. Ka nako eo morwadiarona o ne a na le dikgwedi di le 18. O ne a mo tsholetsa mme a mmotsa jaana: “Leina la Modimo ke mang?” Ereka ke ne ke gakgametse, ke ne ka mmotsa jaana: “A o raya gore re tshwanetse ra mo ruta a le monnye jaana?” “Ee,” o ne a araba jalo a tiisitse. Morago ga moo o ne a tlotla le nna malebana le kafa go leng botlhokwa ka gone go thapisa ngwana a santse a le monnye thata. Mafoko a gagwe a a reng: “Ke mpho e e tswang kwa go Jehofa go go gomotsa,” a ne a dula mo mogopolong wa me.
Go tloga ka yone fela nako eo, ke ne ka simolola go thapisa morwadiake, ebong Akemi, gore a itse Jehofa a bo a mo rate le gore a mo direle. Ke ne ka mo ruta matshwao a fonetiki ke simolola ka ditlhaka di le tharo eleng e, ho, le ba ao a dirang lefoko “Ehoba,” kana Jehofa, ka Sejapane. Fa a nna le dingwaga di le pedi, o ne a kgona go tlhaloganya se ke neng ke se mmolelela. Ka jalo bosigo bongwe le bongwe pele ga fa a ya go robala, ke ne ke mmolelela dipolelo dingwe tsa Bibela. O ne a reetsa ka kgatlhego mme a di gakologelwa.
Fa a ne a le dingwaga di le tharo le sephatlo, Mokaulengwe Barry o ne a re etela gape mme a neela Akemi Bibela eo e neng e kwadilwe ka Sejapane se se tlwaelegileng. O ne a nna a tsamayatsamaya mo ntlong a tshwere Bibela, a bolela jaana: “Bibela ya ga Akemi! Bibela ya ga Akemi!” Metsotso e se mekae moragonyana, o ne a phatloga fela a re: “Bibela ya ga Akemi ga e na Jehofa! Ga ke e batle!” O ne a e latlhela fa fatshe. Ereka ke ne ke gakgametse, ke ne ka e lebelela mo teng. Sa ntlha ke ne ka bula Isaia kgaolo 42, temana 8. Gone leina Jehofa le ne le emiseditswe ka lefoko “Morena.” Ke ne ka lebelela dikwalo tse dingwe, mme ke ne ke sa kgone go bona leina la Modimo, ebong Jehofa. Akemi o ne a didimala fa ke mmontsha gape leina la ga Jehofa mo Bibeleng ya me ya bogologolo, eo e neng e le ya Sejapane sa bogologolo.
Go Boela kwa Japane
Re ne ra boela kwa Japane ka 1958 mme ra kopanela kwa Phuthegong ya Sannomiya kwa Kobe. Ereka re ne re na le mabaka a le mantsi jaana a go leboga Jehofa, ke ne ke batla go bontsha go leboga gono ka go nna mmulatsela—modihedi wa nako e e tletseng wa Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ka dira ka natla mo tirelong ya bobulatsela. Ka ntlha ya moo, ke ne ka kgona go tshwara dithuto di le dintsi tsa Bibela tsa magae mme ka utlwa boipelo jwa go thusa batho bangwe ba le 70 go ya go 80 go bona boammaaruri. Ka nakonyana ke ne ka ba ka nna le tshiamelo ya go direla jaaka mmulatsela yo o kgethegileng, ke dira diura tse di ka fetang 150 kgwedi nngwe le nngwe mo tshimong, ke ntse ke tlhokomela monna wa me le morwadiake.
Ka gonne re ne re ntse re nna kwa Taiwan dingwaga tse di fetang 30, botshelo kwa Japane bo ne bo tlhakatlhakanya maikutlo ka re ne re sa tlwaela dingwao tsa teng, mme ke ne ka feta mo dilong di le dintsi tse di neng di leka. Ka dinako tse di ntseng jalo Akemi o ne a nkgomotsa le go ntshegetsa, fela jaaka fa Mokaulengwe Barry a ne a mpolelela dingwaga di le mmalwa tse di fetileng. Fa ke ne ke tshwenyegile thata mo maikutlong, o ne a ka nthaya a re: “Mma, o se ka wa kgobega marapo. Jehofa o tla re thusa.” “Ee, o tla re thusa, a ke re?” Ke ne ke araba jalo mme ke bo ke mo kampa thata. Abo a ne a kgothatsa jang ne! Abo ke ka leboga Jehofa jang ne!
Go Neela Morwadiake go Jehofa
Akemi o ne a nna mmoledi fa a na le dingwaga di le 7 mme o ne a kolobediwa fa a na le dingwaga di le 12, ka setlha sa selemo ka 1963. Ke ne ka leka go senya nako e ntsi ka mo ke ka kgonang ka gone le ene. (Duteronome 6:6, 7) Go ne go na le dinako tse di thata fa a ne a santse a le mo dingwageng tsa bolesome, mme ka go bona dikao tse di molemo le kgothatso go tswa mo babulatseleng ba ba kgethegileng bao ba neng ba rometswe kwa phuthegong ya rona, Akemi o ne a feleletsa a itlhometse mokgele wa go nna mmulatsela mo ditshimong tse disha.
Kwa kopanong ya kgaolo ya 1968, o ne a tshameka karolo ya morwadia Jafetha mo terameng ya Bibela. Fa ke ntse ke lebeletse terama eno, ke ne ka swetsa ka gore ke neele morwadiake yo o esi, yo a neng a nthusa tota go tla go fitlha ka nako eo, ke mo neele Jehofa gore a tsenele bodihedi jwa nako e e tletseng, fela jaaka fa Jafetha a dirile. Botshelo jwa me bo ne bo tla nna jang fa morwadiake a ne a seo gaufi le nna? Seo e ne e le kgwetlho, ka gonne ke ne ke setse ke fetile dingwaga di le 60.
Ka 1970 nako ya gore morwadiarona a re tlogele e ne ya fitlha. O ne a bona tetla go tswa mo monneng wa me mme a ya go direla jaaka mmulatsela kwa Kyoto. Ka gonne a ne a tlhaloganya tsela eo re neng re ikutlwa ka yone, pelo ya gagwe e ne e bonala ekete e rotha kgodu e khibidu fa a ne a re tlogela. Ke ne ka mo tsopolela Pesalema 126:5, 6 jaaka temana eo re kgaoganang ka yone: “Ba ba yalañ ka dikeledi ba tla rōba ka boitumèlō. Leha motho a ka cwa a tsamaea a nntse a lela, me a chotse peo, o tla ba a tla gapè, diñata tsa gagwè a na nacō.” Mafoko ano a ne a itshupa a kgothatsa le mo go nna.
Moragonyana Akemi o ne a nyalwa mme a tswelela ka bobulatsela jo bo kgethegileng le monna wa gagwe. Fa e sa le ka 1977, fa monna wa gagwe a ne a tlhophiwa go nna molebedi wa potologo, ba ntse ba direla mo tirong ya go eta. Ke ne ke ntse ke phutholola mmapa ka metlha mme ke “tsamaya” le morwadiake mo mmapeng. Go a intumedisa go utlwa maitemogelo a bone le go tlwaelana le bokgaitsadi ba le bantsi ka morwadiake.
Ke setse ke na le dingwaga di le 86. Malatsi a a fetileng a tshwana fela le fa o disitse bosigo. Ga ke kgone go bereka jaaka fa ke ne ke bereka pele, mme tirelo ya tshimo yone e santse e nteretse boipelo. Fa ke tla go akanya ka dingwaga di le 60 tse di fetileng fa e sale ke ithuta boammaaruri, tsholofetso e e tlhomamisitsweng ya Modimo e ntse e gola mo pelong ya me. Ee, Jehofa yo o tla dirisanang ka boikanyego le ba ba ikanyegang o dira gore re bone boitumelo jo bogolo.—Pesalema 18:25.