Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ “Molemō” o moaposetoloi Paulo a neng a sa kgone go o dira ke ofe, jaaka fa a umaka mo go Baroma 7:19?
Totatota, Paulo o ne a bua ka gore ga a kgone go dira dilo tsotlhe tse di molemo tse di leng mo Molaong wa ga Moshe. Seo se ne se sa kgonege mo go Paulo le mo go ba bangwe botlhe, go akaretsa le rona, ka ntlha ya go sa itekanela le go leofa. Mme ga go tlhokege gore re latlhegelwe ke tsholofelo. Setlhabelo sa ga Keresete se re buletse tsela ya gore re itshwarelwe ke Modimo le gore re nne le boemo jo bo molemo le Ene.
Baroma 7:19 e balega jaana: “Gonne molemō o ke o ratañ, ga ke o dihe: me boshula yo ke sa bo rateñ, ke yōna ke bo dihañ.” Ditemana tse di dikologileng eno di bontsha gore Paulo o ne a bua thata ka ga “molemō” ka kgopolo ya se se leng mo Molaong. Mo temaneng ya 7 o ne a rile: “A molaō ke boleo? A go se tualo. Leha go nntse yalo, nkabo ke se ka ka itse boleo ha e se ka molaō; gonne nkabo ke se ka ka itse boiphètlhō, ha molaō o se ka oa re, u se ka ua iphètlha.” Ee, Molao o ne o dira gore go bonale sentle gore ereka batho ba ne ba se kitla ba kgona go o boloka otlhe, ba ne ba leofile botlhe fela.
Paulo o ne a tswelela ka go umaka gore o ne a ‘kile a tshela kwa ntle ga molao.’ Seno se ne sa direga leng? Gone, fa a ne a santse a le mo mankopeng a ga Aborahame pele Jehofa a ntsha Molao. (Baroma 7:9; bapisa Bahebera 7:9, 10.) Lemororo Aborahame a ne a sa itekanela, Molao o ne o ise o ke o ntshiwe, ka jalo o ne a sa gakololwe ka boleo jwa gagwe ka go palelwa ke go boloka melao ya yone e mentsintsi. A seno se bolela gore fa Molao o neilwe ebile o ne o bontsha go sa itekanelang ga motho, o ne o tlhagisa ditiro tse di sa siamang? Nnyaa. Paulo o tswelela jaana: “Me yalo molaō o boitshèpō, le taolō e boitshèpō, e tshiamō, e molemō.”—Baroma 7:12.
Tlhokomela gore Paulo o ne a tlhalosa Molao ono jaaka o o “boitshèpō” le o o “molemō.” Mo ditemaneng tse di latelang, o tlhalosa gore “se se molemō”—Molao—se ne se dira gore go bonale gore e ne e le moleofi, mme boleo jono bo ne bo dira gore a tshwanelwe ke loso. Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne molemō o ke o ratañ, ga ke o dihe: me boshula yo ke sa bo rateñ, ke yōna ke bo dihañ. Me ha se ke sa se rateñ e le shōna se ke se dihañ, ga e tlhole e le nna eo ke se dihañ, me ke boleo yo bo agileñ mo go nna.”—Baroma 7:13-20.
Mo ntlheng eno, he, Paulo o ne a sa bue ka molemo ka kakaretso, kana go dira dilo tse di molemo. (Bapisa Ditihō 9:36; Baroma 13:3.) Thatathata o ne a bua ka go dira (kana go se dire) dilo tse di neng di le tumalanong le Molao o o molemo wa Modimo. Mo nakong e e fetileng o ne a tlhagafetse mo go direng dilo tse di neng di dirwa ke bodumedi jwa Bajuda mme—fa a bapisiwa le ba bangwe—o ne a sena “molato.” Lefa go ntse jalo, lemororo mo mogopolong wa gagwe e ne e le motlhanka yo o kelotlhoko tota wa Molao o o molemo oo, o ne a santse a sa tshele tumalanong le one ka botlalo. (Bafilipi 3:4-6) Molao o ne o bontsha ditekanyetso tse di itekanetseng tsa Modimo, o bontsha moaposetoloi yono gore mo nameng ya gagwe o ne a santse e le motlhanka wa molao wa boleo mme ka gone a atlholetswe loso. Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a ka kgona go leboga go bo ka ntlha ya setlhabelo sa ga Keresete a bo a ka bolelwa gore o siame—ereka a ne a golotswe mo molaong wa boleo le ditlamorago tsa one tse di tshwanelang, eleng kotlhao ya loso.—Baroma 7:25.
Bakeresete gompieno ga ba kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, ka gonne o ne wa kokotelwa mo mokgorong wa tlhokofatso. (Baroma 7:4-6; Bakolosa 2:14) Lefa go ntse jalo re dira sentle fa re lemoga gore e ne e se molao o o boima mo eleng gore rona re tshwanetse go o lebala fela. Nnyaa, totatota Molao one o ne o le molemo. Ka gone re na le lebaka la go bala dibuka tsa Bibela tse di nang le Molao mo go tsone le go ithuta seo o neng o se batla mo Baiseraeleng. Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe lotlhe ba tla bo ba dira jalo mo nakong e e fa gautshwane, ba bala mmalo wa Bibela wa beke le beke.
Jaaka fa re bala Molao ono, re tshwanetse ra bontsha melaometheo eo e tlotlomatsang melao e e farologaneng ya yone le ka melemo eo batho ba Modimo ba neng ba e bone fa ba leka go latela melao e e molemo eo. Gape re tshwanetse ra lemoga gore ga re a itekanela mme ka gone ga re kgone go dira molemo ono o re ithutang ka one mo Lefokong la Modimo ka botlalo. Mme fa re ntse re lwa le molao wa boleo, re ka kgona go ipelela tsholofelo ya gore re tla gololwa fa re dirisa setlhabelo sa ga Keresete mo go rona.