LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 9/1 ts. 14-19
  • Molao wa ga Keresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molao wa ga Keresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgolagano e Ntšha
  • Molao wa Kgololesego
  • Jesu le Bafarasai
  • A Molao wa ga Keresete o Dumelela Sengwe le Sengwe?
  • Labokeresete e Leswafatsa Molao wa ga Keresete
  • Go Ithuta mo Diphosong Tsa Labokeresete
  • Molao wa Pele ga Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Molao wa ga Jehofa o Itekanetse”
    Atamalana le Jehofa
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 9/1 ts. 14-19

Molao wa ga Keresete

“Ke . . . mo molaong wa ga Keresete.”—1 BAKORINTHE 9:21.

1, 2. (a) Diphoso tse dintsi tsa batho di ka bo di ile tsa thibelwa jang? (b) Labokeresete e ne ya palelwa ke go ithuta eng mo hisitoring ya Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta?

“BATHO le mebuso le ka motlha ga e ise e ko e ithute sepe go tswa mo hisitoring, kana ya dira dilo go ya ka se se theilweng mo go yone.” Go ne ga bolela jalo mofilosofi mongwe wa Mojeremane wa lekgolo la bo19 la dingwaga. Eleruri, hisitori ya batho e tlhalositswe go twe ke “tatelano ya diphoso,” diphoso tse dintsi tse di masisi le mathata, ao a le mantsi a one a ka bong a ile a thibelwa fa batho ba ne ba iketleeditse go ithuta mo diphosong tsa bone tsa nako e e fetileng.

2 Go tlotliwa ka ntlha eno ya go gana go ithuta mo diphosong tsa nako e e fetileng mo kgannyeng eno e e malebana le molao wa Modimo. Jehofa Modimo o ne a emisetsa Molao wa ga Moshe ka o o botoka thata—molao wa ga Keresete. Lefa go ntse jalo, baeteledipele ba Labokeresete, ba ba bolelang gore ba ruta le go tshela ka molao ono, ba ile ba palelwa ke go ithuta mo diphosong tse di masisi tsa Bafarasai. Ka jalo, Labokeresete e sokamisitse e bile e dirisitse molao wa ga Keresete ka tsela e e sa tshwanelang fela jaaka Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta e ne ya dira ka Molao wa ga Moshe. Ba dirile seno jang? Sa ntlha, mma re bue ka molao ono ka boone—gore ke eng, o laola bomang e bile jang, le gore ke eng se se o farologanyang le Molao wa ga Moshe. Morago ga moo, re tla sekaseka gore Labokeresete e o dirisitse jang ka tsela e e sa tshwanelang. E kete re ka ithuta sengwe mo hisitoring re bo re solegelwa molemo ke yone!

Kgolagano e Ntšha

3. Jehofa o ne a solofetsa eng malebana le kgolagano e ntšha?

3 Ke mang yo o ka tokafatsang molao gore e nne o o itekanetseng fa e se Jehofa Modimo fela? Kgolagano ya Molao wa ga Moshe e ne e itekanetse. (Pesalema 19:7) Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a solofetsa jaana: “Bonang, metlha e e tla, . . . e ke tlaa dirang kgolagano e ntšha ka yone le ba ntlo ya Iseraele, le ba ntlo ya Juta. E seng ka fa kgolaganong e nkileng ka e dira le borraabo.” Melao e e Lesome—modi wa Molao wa ga Moshe—e ne e kwadilwe mo matlapeng. Mme Jehofa o ne a bolela jaana malebana le kgolagano e ntšha: “Ke tlaa tsenya molao wa me mo teng ga bone, ke o kwala mo pelong tsa bone.”—Jeremia 31:31-34.

4. (a) Ke Iseraele ofe yo o nang le seabe mo kgolaganong e ntšha? (b) Ke bomang gape kwantle ga Baiseraele ba semoya ba ba leng kafa tlase ga molao wa ga Keresete?

4 Ke bomang ba ba neng ba tla tsenngwa mo kgolaganong e ntšha eno? Tota e ne e se kitla e nna “ntlo ya Iseraele” ya mmatota, e e neng ya gana Motsereganyi wa kgolagano eno. (Bahebere 9:15) Nnyaa, “Iseraele” yo mosha yono e ne e tla nna “Iseraele wa Modimo,” setšhaba sa Baiseraele ba semoya. (Bagalatia 6:16; Baroma 2:28, 29) Moragonyana “boidiidi jo bogolo” jo bo tswang mo ditšhabeng tsotlhe tse di batlang go obamela Jehofa bo ne bo tla kopanela le setlhopha se sennye seno sa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. (Tshenolo 7:9, 10; Sekaria 8:23) Lefa ba se karolo ya kgolagano e ntšha, bano le bone ba ne ba tla tlamiwa ke molao. (Bapisa Lefitiko 24:22; Dipalo 15:15.) Jaaka “letsomane le le lengwe fela” kafa tlase ga “modisa a le mongwe fela,” botlhe ba ne ba tla nna “mo molaong wa ga Keresete,” jaaka moaposetoloi Paulo a kwadile. (Johane 10:16; 1 Bakorinthe 9:21) Paulo o ne a re kgolagano e ntšha eno ke “kgolagano e e molemo bogolo.” Ka ntlha yang? Ka go bo e theilwe mo ditsholofetsong tse di diragaditsweng go na le gore e nne moriti wa dilo tse di tlang.—Bahebere 8:6; 9:11-14.

5. Boikaelelo jwa kgolagano e ntšha ke bofe, mme ke ka ntlha yang fa e tla atlega?

5 Boikaelelo jwa kgolagano eno ke eng? Ke go dira gore go nne le setšhaba sa dikgosi le baperesiti se batho botlhe ba tla segofalang ka sone. (Ekesodo 19:6; 1 Petere 2:9; Tshenolo 5:10) Kgolagano ya Molao wa ga Moshe ga ise e ko e dire gore go nne le setšhaba seno ka botlalo, ka gonne Iseraele yotlhe e ne ya tsuologa mme ya latlhegelwa ke tshono ya yone. (Bapisa Baroma 11:17-21.) Lefa go ntse jalo, kgolagano e ntšha e tla atlega ruri, ka gonne e amana le molao o o farologaneng gotlhelele. O farologane ka ditsela dife?

Molao wa Kgololesego

6, 7. Molao wa ga Keresete o re naya kgololesego e e oketsegileng jang go na le ka tsela e Molao wa ga Moshe o neng o dira ka teng?

6 Molao wa ga Keresete o amana thata le kgololesego. (Johane 8:31, 32) Go twe ke “molao wa batho ba ba gololesegileng” le ‘molao o o itekanetseng, e bong molao wa kgololesego.’ (Jakobe 1:25; 2:12, bapisa NW.) Gone mme, kgololesego yotlhe ya batho e lekanyeditswe. Lefa go ntse jalo, molao ono o naya batho kgololesego e e oketsegileng go na le o o neng o le teng pele ga one e leng Molao wa ga Moshe. Jang?

7 Ka sekai, ga go na ope yo o tshotsweng ka molao wa ga Keresete. Dilo tse di ntseng jaaka lotso le lefelo le motho a tsholetsweng kwa go lone ga di botlhokwa. Bakeresete ba boammaaruri ba itlhophela ka bobone mo dipelong tsa bone gore ba batla go rwala jokwe ya go utlwa molao ono. Ka go dira jalo, ba fitlhela gore ke jokwe ya morwalo o o bonolo le o o motlhofo. (Mathaio 11:28-30) Kana gone, Molao wa ga Moshe o ne o tlhomilwe gape gore o rute motho gore o leofile le gore o tlhoka setlhabelo sa thekololo thata gore a gololwe. (Bagalatia 3:19) Molao wa ga Keresete o ne o ruta gore Mesia o tlile, o duetse tlhwatlhwa ya thekololo ka botshelo jwa gagwe le gore o re buletse tsela ya go bona kgololesego mo kgatelelong e e boima ya boleo le loso! (Baroma 5:20, 21) Gore re tle re solegelwe molemo, re tshwanetse gore re ‘dumele’ mo setlhabelong seo.—Johane 3:16.

8. Molao wa ga Keresete o akaretsa eng, mme ke ka ntlha yang fa go tshela ka one go sa tlhoke gore motho a itse makgolokgolo a melao e e tlhomilweng ka tlhogo?

8 ‘Go dumela’ go kaya go tshela ka molao wa ga Keresete. Seno se akaretsa go utlwa ditaelo tsotlhe tsa ga Keresete. A go raya gore re tshwanetse go itse makgolokgolo a melao le melawana ka tlhogo? Nnyaa. Lefa Moshe, motsereganyi wa kgolagano e kgologolo a ne a kwala Molao wa ga Moshe, Jesu, Motsereganyi wa kgolagano e ntšha ga a ise a ko a kwale lefa e le molao o le mongwe fela. Go na le moo, o ne a tshelela molao ono. Ka tsela ya botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng, o ne a re tlhomela sekao se rotlhe re tshwanetseng go se latela. (1 Petere 2:21) Gongwe ke ka lebaka leo kobamelo ya Bakeresete ba bogologolo e neng e bidiwa “Tsela.” (Ditiro 9:2; 19:9, 23; 22:4; 24:22) Mo go bone, molao wa ga Keresete o ne wa diragadiwa mo botshelong jwa ga Keresete. Go etsa Jesu go ne go kaya gore motho a ikobele molao ono. Go mo rata ga bone ka lorato lo logolo go ne go kaya gore eleruri molao ono o ne o kwadilwe mo dipelong tsa bone jaaka go porofetilwe. (Jeremia 31:33; 1 Petere 4:8) Mme motho yo o kutlo ka go bo a na le lorato le ka motlha a ka se ka a akanya gore o a gatelelwa—e leng lebaka le lengwe la go bo molao wa ga Keresete o ka bidiwa “molao wa batho ba ba gololesegileng.”

9. Boikaelelo jo bogolo jwa molao wa ga Keresete ke eng, mme molao ono o akaretsa jang taolo e ntšha?

9 Fa e le gore lorato lo ne lo le botlhokwa mo Molaong wa ga Moshe, lo santse lo le botlhokwa mo molaong wa Bakeresete. Ka jalo, molao wa ga Keresete o akaretsa taolo e ntšha—Bakeresete ba tshwanetse go ratana ka lorato lwa go intsha setlhabelo. Ba tshwanetse go ratana ka tsela e Jesu a neng a supa lorato ka yone; o ne a iketleeditse go beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe. (Johane 13:34, 35; 15:13) Ka jalo, go ka nna ga twe molao wa ga Keresete o itshupa e le wa puso ya Modimo go gaisa tsela e Molao wa ga Moshe o neng o ntse ka teng. Go ntse fela jaaka lokwalopaka lono lo tlhalositse jaana mo nakong e e fetileng: “Puso ya Modimo ke puso e Modimo a busang mo go yone; Modimo o lorato; ka jalo, puso ya Modimo ke puso e e lorato.”

Jesu le Bafarasai

10. Thuto ya ga Jesu e ne e farologane jang le ya Bafarasai?

10 Ga go gakgamatse he, go bo Jesu a ne a ganetsana le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta ba motlha wa gagwe. Bakwadi le Bafarasai ga ba ise le ka motlha ba ko ba akanye ka “molao wa kgololesego.” Ba ne ba leka go laola batho ka melao e e tlhomilweng ke batho. Dithuto tsa bone e ne ya nna tse di gatelelang, tse di kgalang le tse di sa siamang. Go farologana gotlhelele le seo, dithuto tsa ga Jesu di ne di agelela thata e bile di siame! O ne a utlwala mme a bua ka dilo tse batho ba neng ba di tlhoka tota kana ba tshwenyegile ka tsone. O ne a ruta ka tsela e e motlhofo mme a amega tota, a dirisa ditshwantsho tsa dilo tse ba neng ba di bona mo botshelong letsatsi le letsatsi mme a dirisa Lefoko la Modimo go mo kaela. Ka jalo, “batho ba gakgamalela thuto ya gagwe.” (Mathaio 7:28) Ee, thuto ya ga Jesu e ne e ama dipelo tsa bone!

11. Jesu o ne a supa jang gore Molao wa ga Moshe o ne o ka bo o ile wa dirisiwa ka tekatekano le ka kutlwelobotlhoko?

11 Go na le gore Jesu a oketse melawana e mengwe mo Molaong wa ga Moshe, o ne a bontsha Bajuta gore ba ne ba tshwanetse ba ka bo ba dirisa jang Molao oo—ka tekatekano le ka bopelotlhomogi. Gakologelwa, ka sekai, nako ya fa a ne a atamelwa ke mosadi mongwe yo o neng a tshologa madi. Go ya ka Molao wa ga Moshe, lefa e le mang yo a mo amang o ne a tla itshekologa, ka jalo, o ne a sa tshwanela gotlhelele go ikopanya le boidiidi jwa batho! (Lefitiko 15:25-27) Mme o ne a batla go fodisiwa ka pelo yotlhe mo e leng gore o ne a feta fa gare ga bontsi jwa batho a ama seaparo sa ga Jesu. Go elela ga madi go ne ga khutla ka bonako. A o ne a mo kgalemela ka go bo a tlodile Molao? Nnyaa; go na le moo, o ne a tlhaloganya boemo jwa gagwe jo bo utlwisang botlhoko mme a supa selo se segolo se se laolang Molao—lorato. O ne a mo raya jaana ka kutlwelobotlhoko: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fole mo petsong ya gago.”—Mareko 5:25-34.

A Molao wa ga Keresete o Dumelela Sengwe le Sengwe?

12. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go akanya gore Keresete o dumelela sengwe le sengwe? (b) Ke eng se se supang gore go tlhoma melao e mentsi go dira gore go nne le diphoso tse dintsi?

12 He, a re tshwanetse go swetsa gore e re ka molao wa ga Keresete e le molao “wa kgololesego,” o dumelela sengwe le sengwe, fa kafa letlhakoreng le lengwe Bafarasai, ka dingwao tsa bone tsotlhe tse di sa kwalwang, go ya bokgakaleng jo bo rileng ba ne ba boloka boitsholo jwa batho mo melelwaneng e e gagametseng? Nnyaa. Dithulaganyo tsa molao di tlhalosa gore gantsi fa melao e le mentsi, batho ba bona diphoso tse dintsi mo go tsone.a Mo motlheng wa ga Jesu, go oketsega ga melao ya Bafarasai go ne go tlhotlheletsa batho go batla diphoso, go dira tiro fela ka tsela ya seomodiro go sena lorato, le go leka go lebega jaaka batho ba ba siameng e le fela go fitlha bosula jo bo sa bonaleng.—Mathaio 23:23, 24.

13. Ke ka ntlha yang fa molao wa ga Keresete o dira gore go nne le molao o o kwa godimo wa boitsholo go na le melao epe fela e e kwadilweng?

13 Go farologana le seo, molao wa ga Keresete ga o tlhotlheletse maikutlo a a ntseng jalo. Tota e bile, go ikobela molao o o theilweng mo loratong lwa ga Jehofa le o o ikobelwang ka go etsa lorato lwa ga Keresete lwa go intshetsa batho ba bangwe setlhabelo go dira gore motho a nne le boemo jo bo kwa godimo jwa boitsholo go na le fa motho a latela molao o o tlhomilweng. Lorato ga lo senke diphoso; lo re thibela go dira dilo tse di gobatsang tse molao o ka tswang o sa di thibele ka tlhamalalo. (Bona Mathaio 5:27, 28.) Ka jalo, molao wa ga Keresete o tla re tlhotlheletsa go direla batho ba bangwe dilo—go nna pelotshweu, go amogela baeng le go supa lorato—ka ditsela tse go senang molao ope o o tlhomilweng o ka dirang gore re di dire.—Ditiro 20:35; 2 Bakorinthe 9:7; Bahebere 13:16.

14. Go tshela ka molao wa ga Keresete go ne ga ama jang phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga?

14 Go ya bokgakaleng jo maloko a yone a neng a tshela ka molao wa ga Keresete ka gone, go ne go na le moya wa botsalano le wa lorato mo phuthegong ya Bokeresete ya bogologolo, mo go neng go sena maikutlo a go gagamatsa dilo, go atlhola ba bangwe le wa boitimokanyi jaaka go ne go ntse mo disinagogeng ka nako eo. Maloko a diphuthego tse disha tseno a tshwanetse tota a bo a ile a lemoga gore ba ne ba tshela ka “molao wa batho ba ba gololesegileng”!

15. Maiteko a mangwe a ga Satane a bogologolo a go leka go senya phuthego ya Bokeresete e ne le afe?

15 Lefa go ntse jalo, Satane o ne a ikaeletse go senya phuthego ya Bokeresete mo teng ga yone, fela jaaka a ne a senya setšhaba sa Iseraele. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa ka banna ba sekadiphiri ba ba neng ba tla ‘bua dilo tse di sokameng’ le go gatelela letsomane la Modimo. (Ditiro 20:29, 30) O ne a tshwanela gore a itshokele babueledi ba Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta, ba ba neng ba batla go ananya kgololesego e e lekanyeditsweng ya molao wa ga Keresete le go nna makgoba a Molao wa ga Moshe, o o neng o diragaditswe mo go Keresete. (Mathaio 5:17; Ditiro 15:1; Baroma 10:4) Fa wa bofelo wa baaposetoloi a sena go swa, go ne go sa tlhole go na le sepe se se thibelang botenegi jo bo ntseng jalo. Ka jalo, ditiro tse di seng kafa molaong di ne tsa anama.—2 Bathesalonika 2:6, 7.

Labokeresete e Leswafatsa Molao wa ga Keresete

16, 17. (a) Go ne ga nna le ditiro tsa mofuta ofe tse di seng kafa molaong mo go Labokeresete? (b) Molao wa Kereke ya Katoliki o ne wa tlhotlheletsa jang mogopolo o o sokameng ka tlhakanelodikobo?

16 Fela jaaka mo Tsamaisong ya tumelo ya Sejuta, ditiro tse di seng kafa molaong di ne tsa bonala ka ditsela tse di farologaneng mo go Labokeresete. Le ene o ne a simolola go nna le dithuto tsa maaka le boitshwaro jo bo sa siamang. Mme maiteko a a neng a a dira go sireletsa letsomane la gagwe mo ditlhotlheletsong tse di tswang ka kwa ntle gantsi di ne di tsa itshupa e le tse di senyang sepe fela sa se se neng se setse sa kobamelo e e itshekileng. Melao e e gagametseng le e e seng ya Dikwalo e ne ya oketsega.

17 Kereke ya Katoliki e ntse e eteletse pele ka go tlhoma melao e mentsintsi ya kereke. Melao eno e ne e sokamisiwa thata malebana le dikgang tse di amanang le tlhakanelodikobo. Go ya ka buka ya Sexuality and Catholicism, kereke e ne ya amogela filosofi ya Segerika ya Bo-Stoic, e e neng e belaela mefuta yotlhe ya go ijesa monate. Kereke e ne ya simolola go ruta gore menate yotlhe ya tlhakanelodikobo, go akaretsa e e tlwaelegileng fela ya dikamano tsa lenyalo, e ne e le boleo. (Farologanya Diane 5:18, 19.) Go ne go bolelwa gore go tlhakanela dikobo fela ke ga go tshola bana e seng sepe se sele. Ka jalo, molao wa kereke o ne o kgala mofuta lefa e le ofe wa go thibela pelegi jaaka boleo jo bo masisi, ka dinako tse dingwe go ne go felela ka gore motho a otlhaiwe ka dingwaga tse dintsi. Mo godimo go moo, baruti ba ne ba thibelwa go nyala, e leng taolo e e neng ya dira gore go tlhakanela dikobo ka tsela e e sa tshwanelang go oketsege, go akaretsa le go sotliwa ga bana.—1 Timotheo 4:1-3.

18. Go ne ga nna le matswela afe ka ntlha ya go oketsega ga melao ya kereke?

18 Fa melao ya kereke e ntse e oketsega, e ne ya kopanngwa ya dirwa dibuka. Di ne tsa dira gore Baebele e lebege e se botlhokwa tsa bo tsa e tseela sebaka. (Bapisa Mathaio 15:3, 9.) Bokatoliki fela jaaka Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta bo ne bo sa tshepe mekwalo epe e e seng ya bodumedi mme e e leba jaaka setshosetsi. Go ise go ye kae, kgopolo eno e ne ya fetela ka kwa ga tlhagiso e e utlwalang e Baebele e e neelang malebana le kgang eno. (Moreri 12:12; Bakolosa 2:8) Jerome, mokwadi mongwe wa kereke wa lekgolo la bonè la dingwaga C.E., o ne a tlhaeletsa jaana: “Oo Morena, fa nka tlhola ke nna le dibuka tseo tsa lefatshe kana ka di bala, ke go itatotse.” Fa nako e ntse e ya, kereke e ne ya simolola go tlhatlhoba dibuka—le e leng tse di neng di bua fela ka dikgang tse di tlwaelegileng tsa botshelo. Ka jalo, mo lekgolong la bo17 la dingwaga moithutadinaledi Galileo o ne a tshwaiwa phoso go bo a ne a kwadile gore lefatshe le dikologa letsatsi. Kereke e ne e gatelela gore lefoko la bofelo e nne la yone mo go sengwe le sengwe—tota le e e malebana le thutadinaledi—kgabagare le ne le tla dira gore go se ka ga dumelwa Baebele thata.

19. Matlo a baitlami a ne a tlhotlheletsa batho jang gore ba tlhome melao e e gagametseng?

19 Tsela eno ya go tlhoma melao e ne ya atlega thata kwa matlong a baitlami, koo baitlami ba banna ba neng ba ikgaoganya le lefatshe leno ba tshela botshelo jwa go itima dilo. Bontsi jwa matlo a baitlami a Katoliki a tshegetsa “Molao wa ga St. Benedict.” Rara (lefoko leno le tswa mo go la Searamaika le le kayang “rre”) o ne a laola ka taolo e e feletseng. (Bapisa Mathaio 23:9.) Fa moitlami wa monna a ne a amogela mpho go tswa batsading ba gagwe, rara o ne a tla dira tshwetso ya gore a e ne e tla amogelwa ke moitlami yono kana ke mongwe yo o sele. Mo godimo ga go kgala puo e maswe, molao mongwe o ne o thibela go balabala gotlhe le go dira metlae, o bolela jaana: “Ga go na morutwa ope yo o tla buang dilo tse di ntseng jalo.”

20. Ke eng se se bontshang gore Baporotesetanta le bone ba ne ba tlhotlheletsa melao e e tlhomilweng ke batho e e seng ya Dikwalo?

20 Boporotesetanta, jo bo neng jwa leka go fetola dilo tse Bakatoliki ba neng ba feteletsa dilo mo go tsone tse e seng tsa Dikwalo, go ise go ye kae le jone bo ile jwa tshwana fela ka go tlhoma melao e e neng e sa theiwa ka tsela epe mo molaong wa ga Keresete. Ka sekai, modiradiphetogo yo mogolo e bong John Calvin o ne a bidiwa “motlhomamolao wa Kereke e e nang le melao e mesha.” O ne a laola Geneva ka melao e mentsi e e boima e e neng e diragadiwa ke “Bagolwane” ba Calvin a neng a tlhalosa gore “boemo” jwa bone “ke go disa botshelo jwa mongwe le mongwe.” (Farologana 2 Bakorinthe 1:24.) Kereke e ne e laola dihotele e bile e laola gore ke metlotlo efe e e neng e letlelesega teng. Motho o ne a atlholwa botlhoko fa a ne a leofa ka go opela dipina kana a bina ka tsela e e sa amogelesegeng.b

Go Ithuta mo Diphosong Tsa Labokeresete

21. Ditlamorago tsotlhe tsa go bo Labokeresete e rata go ‘fetela kwa pele ga dilo tse di kwadilweng’ e nnile eng?

21 A melao le ditaolo tseno tsotlhe di ne di thusa go sireletsa Labokeresete mo ditirong tse di seng kafa molaong? Di ne tsa dira fela se se farologaneng le seo! Gompieno Labokeresete e kgaogane ka makoko a a makgolokgolo, go tloga mo go tse di gagametseng thata go ya go tse di leseletsang sengwe le sengwe. Tsotlhe ka tsela nngwe di ‘fetetse kwa pele ga dilo tse di kwadilweng,’ ba dira gore megopolo ya batho e nne yone e e laolang letsomane le ka go itshunya nko mo molaong wa Modimo.—1 Bakorinthe 4:6.

22. Ke ka ntlha yang fa go senyega ga Labokeresete go ne go sa kaye bokhutlo jwa molao wa ga Keresete?

22 Lefa go ntse jalo, hisitori ya molao wa ga Keresete ga e felele ka bomadimabe. Jehofa Modimo le ka motlha a ka se ka a letlelela bathonyana fela gore ba fedise molao wa Modimo. Molao wa Bokeresete o dira thata mo Bakereseteng ba boammaaruri gompieno, mme ba na le tshiamelo e kgolo ya go tshela ka one. Mme fa re sena go sekaseka se Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta le Labokeresete e se dirileng ka molao wa Modimo, re ka nna ra ipotsa jaana, ‘Re ka tshela jang ka molao wa ga Keresete mme ka nako e e tshwanang re bo re tila go wela mo seraing sa go leswafatsa Lefoko la Modimo ka megopolo ya batho le melao e e nyatsang bokao jwa molao wa Modimo? Molao wa ga Keresete o tshwanetse go dira gore re nne le pono efe e e lekalekanang gompieno?’ Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ke molato wa Bafarasai thatathata go bo go na le Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta gompieno, ka jalo ga go gakgamatse go bo Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta e santse e batla diphoso mo dithibelong tsa yone tse di okeditsweng tsa Sabata. Ka sekai, motho yo o etelang kokelo ya tumelokgolo ya Sejuta ka Sabata a ka fitlhela gore lefiti e ema ka boyone mo boalong bongwe le bongwe gore bapalami ba yone ba tile go dira “tiro” ya boleo ya go tobetsa konopo ya lefiti. Dingaka dingwe tsa thuto ya motheo di kwala maina a melemo ka inki e e tla sutlhegang mo malatsing a sekae. Ka ntlha yang? Mishnah e tlhalosa go kwala jaaka “tiro” mme e tlhalosa “mokwalo” e le selo se se tla tlogelang letshwao le le tla nnelang ruri.

b Servetus, yo o neng a ganetsa megopolo mengwe ya thutabodumedi ya ga Calvin, o ne a fisediwa mo koteng jaaka moganetsakereke.

O ne O Tla Araba Jang?

◻Boikaelelo jo bogolo jwa molao wa ga Keresete ke eng?

◻Tsela ya ga Jesu ya go ruta e ne e farologane jang le ya Bafarasai?

◻Satane o ne a dirisa jang moya wa go tlhoma melao e e gagametseng go senya Labokeresete?

◻Ke matswela afe a a molemo a go tshela ka molao wa ga Keresete?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Jesu o ne a dirisa Molao wa ga Moshe ka tekatekano le ka kutlwelobotlhoko

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela