LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 9/1 ts. 8-14
  • Molao wa Pele ga Keresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molao wa Pele ga Keresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Molao wa ga Moshe—Boikaelelo Jwa One
  • Molao o o Supang Bopelotlhomogi le Boutlwelobotlhoko
  • Go sa Dirise Molao Sentle
  • Go Leswafatsa ga Bafarasai
  • Go Ithuta mo Diphosong Tsa Bafarasai
  • “Molao wa ga Jehofa o Itekanetse”
    Atamalana le Jehofa
  • Molao wa ga Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Molao O o Sa Kwalwang—Ke Eng Fa o Ile wa Kwalwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Bakeresete ba Bogologolo le Molao wa ga Moshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 9/1 ts. 8-14

Molao wa Pele ga Keresete

“Ana ke rata molao wa gago jang! Ke one go tlhatlhanya ga me ka letsatsi lotlhe.”—PESALEMA 119:97.

1. Ke eng se se laolang motsamao wa dinaledi tsa legodimo?

GONGWE Jobe o ne a tle a lebelele dinaledi ka tlhoafalo fa e sa le a ne a le ngwana. Gongwe batsadi ba gagwe ba ne ba mo ruta maina a masomosomo a dinaledi le se ba neng ba se itse ka melao e e neng e laola motsamao wa masomosomo a dinaledi mo loaping. Gone mme, batho ba bogologolo ba ne ba dirisa tsela e e tlhomameng ya motsamao wa masomosomo a dinaledi go tshwaya go fetoga ga ditlha. Lefa Jobe a ne a gakgamadiwa ke se a neng a se bona fa a lebile kwa legodimong, o ne a sa itse gore ke maatla afe a a nonofileng a a tshegeditseng masomosomo ano a dinaledi. Ke ka moo a neng a sa kgone go araba fa Jehofa Modimo a mmotsa gore: “A o tlhaloganya melao ya magodimo?” (Jobe 38:31-33, The New Jerusalem Bible) Ee, dinaledi di laolwa ke melao—melao e e tlhomameng le e e raraaneng thata jaana mo e leng gore baitsesaense ba motlha wa segompieno ga ba e tlhaloganye sentle.

2. Ke ka ntlha yang go ka twe popo yotlhe e laolwa ke molao?

2 Jehofa ke Moneimolao yo Mogolo mo lobopong. Ditiro tsa gagwe tsotlhe di laolwa ke molao. Morwawe yo o rategang, “motsalwapele mo lobopong lotlhe,” o ne a utlwa molao wa ga Rraagwe ka boikanyegi pele ga lobopo lo ka nna teng! (Bakolosa 1:15) Baengele le bone ba kaelwa ke molao. (Pesalema 103:20) Le e leng diphologolo di laolwa ke molao fa di utlwa ditaelo tsa tlholego tse Mmopi wa tsone a di tsentseng mo go tsone.—Diane 30:24-28; Jeremia 8:7.

3. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba tlhoka melao? (b) Jehofa o ne a laola setšhaba sa Iseraele ka eng?

3 Go tweng ka batho? Lefa re segofaditswe ka dineo tse di ntseng jaaka botlhale, go nna le boitsholo, le bomoya, re santse re tlhoka molao wa Modimo go ya bokgakaleng jo bo rileng gore o re kaele go dirisa dinonofo tseno. Batsadi ba rona ba ntlha, Atame le Efa, ba ne ba itekanetse, mo e leng gore go ne go tlhokega melao e le mmalwa fela go ba kaela. Go rata Rraabone wa selegodimo go tshwanetse ga bo go ile ga ba neela mabaka a mantsi a gore ba mo ikobele ka boitumelo. Mme ba ile ba se ka ba mo utlwa. (Genesise 1:26-28; 2:15-17; 3:6-19) Ka ntlha ya seo, bana ba bone e ne e le dibopiwa tse di leofileng tse di tlhokang melao e mentsi e e oketsegileng go ba kaela. Fa nako e ntse e ya, Jehofa ka lorato o ne a ba naya se ba se tlhokang. O ne a naya Noa melao e e kgethegileng e a neng a tshwanetse go e fetisetsa mo go ba lelapa la gagwe. (Genesise 9:1-7) Makgolo a dingwaga morago ga foo, Modimo o ne a naya setšhaba se sesha sa Iseraele Molao o o tlhalositsweng sentle le o o kwadilweng a dirisa Moshe. Eno e ne ya nna lekgetlho la ntlha Jehofa a laola setšhaba sotlhe ka molao wa Modimo. Fa re tlhatlhoba Molao oo go tla re thusa go tlhaloganya gore molao wa Modimo o botlhokwa go le kana kang mo matshelong a Bakeresete gompieno.

Molao wa ga Moshe—Boikaelelo Jwa One

4. Ke eng fa e ne e tla nna kgwetlho gore go tlhage Losika lo lo solofeditsweng mo lotsalong lwa ga Aberahame lo lo tlhophilweng?

4 Moaposetoloi Paulo yo e neng e le moithuti yo o tlhoafetseng wa Molao o ne a botsa jaana: “Foo molao e be e le eng?” (Bagalatia 3:19) Go araba potso eo, re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o ne a solofetsa tsala ya gagwe Aberahame gore go ne go tla tswa Losika mo lotsong lwa gagwe lo ditšhaba tsotlhe di neng di tla segofala thata ka lone. (Genesise 22:18) Mme go ne go na le kgwetlho malebana le seno: lotsalo lwa ga Aberahame lo lo tlhophilweng e leng Baiseraele, e ne e se batho ba ba neng ba rata Jehofa botlhe. Fa nako e ntse e tsamaya, bontsi jwa bone ba ne ba le ditlhogodithata e bile ba tsuologa—bangwe ba bone ba ne ba sa laolesege gotlhelele! (Ekesodo 32:9; Duteronome 9:7) Batho ba ba ntseng jalo ba ne ba le fela fa gare ga batho ba Modimo ka go bo ba ne ba tsholetswe mo setšhabeng seo, e seng ka go bo ba ne ba batla go nna fa gare ga sone.

5. (a) Jehofa o ne a ruta Baiseraele eng ka Molao wa ga Moshe? (b) Molao o ne o tshwanetse go ama jang boitsholo jwa batho ba ba o utlwang?

5 Losika lo lo solofeditsweng lo ne lo ka tswa jang mo gare ga setšhaba se se ntseng jalo e bile lo ne lo tla se solegela molemo jang? Go na le gore Jehofa a ba laole jaaka diroboto, o ne a ba ruta ka molao. (Pesalema 119:33-35; Isaia 48:17) Tota e bile, lone lefoko la Sehebera la “molao,” e leng toh·rahʹ, le kaya “tao.” O ne o ruta eng? O ne o ruta Baiseraele segolobogolo kafa ba tlhokang Mesia ka gone, yo o neng a tla ba golola mo seemong sa bone sa boleo. (Bagalatia 3:24) Molao o ne o ruta gape ka poifomodimo le ka go nna kutlo. Tumalanong le tsholofelo e e neng e filwe Aberahame, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna basupi ba ga Jehofa mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe. Ka jalo, Molao o ne o tshwanetse go ba ruta ka molao wa maemo a a kwa godimo, o o tshwanetseng wa boitsholo o o neng o tla tlotla Jehofa; o ne o tla thusa Baiseraele gore ba nne ba kgaogane le ditiro tse di maswe tsa ditšhaba tse di neng di ba dikologile.—Lefitiko 18:24, 25; Isaia 43:10-12.

6. (a) Molao wa ga Moshe o na le ditaolo di le kae, mme ke eng fa go se ka ke ga tsewa gore e mentsi? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.) (b) Ke eng se re ka se tlhaloganyang fa re ithuta Molao wa ga Moshe?

6 Ga go gakgamatse he, go bo Molao wa ga Moshe o na le ditaolo tse dintsi—tse di fetang 600.a Molao o o kwadilweng ono o ne o laola ditsela tsa kobamelo, puso, boitsholo, tshiamiso le e leng dijo le bophepa. Lefa go ntse jalo, a seo se raya gore Molao e ne e le ditao tse di setlhogo le ditaelo tse di gagametseng? Tota le e seng! Go ithuta Molao ono go re thusa gore re tlhaloganye botho jwa ga Jehofa jo bo lorato sentle thata. Ela tlhoko dikai dingwe.

Molao o o Supang Bopelotlhomogi le Boutlwelobotlhoko

7, 8. (a) Molao o ne o gatelela jang bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko? (b) Jehofa o ne a diragatsa Molao wa bopelotlhomogi ka botlalo jang mo kgannyeng ya ga Dafite?

7 Molao o ne o gatelela bopelotlhomogi le boutlwelobotlhoko, segolobogolo mo bathong ba maemo a a kwa tlase le ba ba sireletsang. Go ne go tlhaolwa batlholagadi le masiela gore ba sirelediwe. (Ekesodo 22:22-24) Diphologolo tse go neng go berekiwa ka tsone di ne di sirelediwa gore di se ka tsa tshwarwa setlhogo. Ditshwanelo tsa dithoto tsa motho di ne di tlotliwa. (Duteronome 24:10; 25:4) Lefa Molao o ne o tlhalosa gore motho o tshwanetse go otlhaiwa ka loso fa a bolaya, o ne wa dira gore go supiwe bopelotlhomogi mo maemong a fa motho a ne a bolaya yo mongwe a ne a sa ikaelela. (Dipalo 35:11) Kwantle ga pelaelo, baatlhodi ba Iseraele ba ne ba na le tshwanelo ya go ka dira tshwetso ya katlholo malebana le diphoso tse dingwe, go ikaegile ka boikutlo jwa modiraphoso.—Bapisa Ekesodo 22:7 le Lefitiko 6:1-7.

8 Jehofa o ne a tlhomela baatlhodi sekao ka go diragatsa Molao a gagametse fa go tlhokega mme a supa bopelotlhomogi fa go kgonega. Kgosi Dafite, yo o neng a dirile boaka a bo a bolaya, o ne a tlhomogelwa pelo. E seng gore o ne a tlogelwa a sa otlhaiwa, ka gonne Jehofa ga a ka a mo sireletsa mo ditlamoragong tse di maswe tse di bakilweng ke boleo jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya kgolagano ya Bogosi le ka go bo Dafite e ne e le monna yo o pelotlhomogi ka tlholego e bile a ne a supa gore o ikwatlhaile go tswa pelong, ga a ka a bolawa.—1 Samuele 24:4-7; 2 Samuele 7:16; Pesalema 51:1-4; Jakobe 2:13.

9. Lorato lo ne lo le botlhokwa go le kana kang mo Molaong wa ga Moshe?

9 Mo godimo ga moo, Molao wa ga Moshe o ne o gatelela lorato. A o ke o akanye fela go twe setšhaba sengwe mo go tse di leng gone gompieno se na le molao o tota o batlang gore se supe lorato! Ka jalo, Molao wa ga Moshe o ne o sa iletse go bolaya fela; o ne wa laela jaana: “O rate wa gaeno jaaka o ithata.” (Lefitiko 19:18) O ne o sa iletse fela gore moeng a se ka a tshwarwa makgwakgwa; o ne wa laela jaana: “O mo rate jaaka o ithata, gonne lo ne lo le baeng mo lefatsheng la Egepeto.” (Lefitiko 19:34) O ne o sa ganele fela boaka; o ne wa laela monna gore a itumedise mosadi wa gagwe! (Duteronome 24:5) Mo bukeng ya Duteronome fela, mafoko a Sehebera a a supang nonofo ya lorato a dirisiwa ka makgetlho a a ka nnang 20. Jehofa o ne a tlhomamisetsa Baiseraele kafa a ba ratang ka teng—mo nakong e e fetileng, ka yone nako eo, le mo isagweng. (Duteronome 4:37; 7:12-14) Tota mme, taolo e kgolo mo Molaong wa ga Moshe e ne e le e e reng: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela.” (Duteronome 6:5) Jesu o ne a re Molao otlhe o ikaegile ka taolo eno mmogo le taolo ya gore motho a rate wa gagabo. (Lefitiko 19:18; Mathaio 22:37-40) Ga go gakgamatse go bo mopesalema a ne a kwala jaana: “Ana ke rata molao wa gago jang! Ke one go tlhatlhanya ga me ka letsatsi lotlhe.”—Pesalema 119:97.

Go sa Dirise Molao Sentle

10. Gantsi Bajuta ba ne ba leba jang Molao wa ga Moshe?

10 A bo go utlwisa botlhoko jang ne, go bo bontsi jwa Baiseraele ba ne ba sa anaanele Molao wa ga Moshe! Batho ba ne ba sa utlwe Molao, ba o itlhokomolosa, kana ba o lebala. Ba ne ba leswafatsa kobamelo e e itshekileng ka ditiro tse di makgapha tsa bodumedi tsa ditšhaba tse dingwe. (2 Dikgosi 17:16, 17; Pesalema 106:13, 35-38) Mme go na le ditsela tse dingwe gape tse ba neng ba tlola Molao ka tsone.

11, 12. (a) Ditlhopha tsa baeteledipele ba bodumedi tsa Bajuta di ne tsa senya jang morago ga motlha wa ga Esera? (Bona lebokoso.) (b) Ke ka ntlha yang fa borabi ba bogologolo ba ne ba akanya gore go botlhokwa gore ba “agele molao logora”?

11 Molao o ne wa senngwa thata ke batho ba ba neng ba iphaka gore ba a o ruta le go o boloka. Se se ne sa diragala morago ga motlha wa mokwadi yo o neng a ikanyega e bong Esera wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. Esera o ne a lwantsha thata ditlhotlheletso tse di bosula tsa ditšhaba tse dingwe mme a gatelela gore Molao o balwe le gore o rutiwe. (Esera 7:10; Nehemia 8:5-8) Barutisi bangwe ba Molao ba ne ba bolela gore ba latela dikgato tsa ga Esera mme go na le moo ba ne ba tlhoma se se neng sa bidiwa “Sinagoge e Kgolo.” Mangwe a mafoko a ba neng ba a dirisa a ne a re: “Agela Molao logora.” Barutisi bano ba ne ba tlhalosa gore Molao o ntse jaaka tshingwana e e botlhokwa thata. Gore go se ka ga nna le ope yo o tsenang mo tshingwaneng eno ka go tlola melao ya teng, ba ne ba tlhoma melao e mengwe, “Molao O o Sa Kwalwang,” gore ba thibele batho gore ba se ka ba tlola Molao.

12 Bangwe ba ka nna ba bolela gore go ne go siame gore baeteledipele ba Bajuta ba ikutlwe jalo. Morago ga motlha wa ga Esera Bajuta ba ne ba laolwa ke mebuso e sele, segolobogolo ke Gerika. Gore ba tle ba thibele tlhotlheletso ya filosofi le ngwao ya Segerika, go ne ga nna le ditlhopha tsa baeteledipele mo gare ga Bajuta. (Bona lebokoso, tsebe 10.) Fa nako e ntse e ya ditlhopha tseno di ile tsa ganetsana mme e bile tsa simolola go tseela baperesiti ba Balefi boemo jwa go nna barutisi ba Molao. (Bapisa Malaki 2:7.) Ka 200 B.C.E., molao o o sa kwalwang, o ne o simolola go tlhotlheletsa matshelo a Bajuta. La ntlha melao eno e ne e sa tshwanela go kwalwa, ka gonne e ka tla ya tsewa gore e lekana le Molao o o kwadilweng. Lefa go ntse jalo, ka bonya ka bonya, tsela ya go akanya ga batho e ne ya bewa kwa pele ga ya Modimo, mme kgabagare “logora” loo tota, lo ne lwa senya “tshingwana” e lo neng lo tshwanetse go e sireletsa.

Go Leswafatsa ga Bafarasai

13. Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba Bajuta ba ne ba tlhalosa jang lebaka la go bo ba ne ba dira melao e mentsi?

13 Borabi ba ne ba akanya gore e re ka Torah, kana Molao wa ga Moshe o ne o itekanetse, o tshwanetse wa nna le karabo ya potso nngwe le nngwe e e ka bodiwang. Mogopolo ono o ne o sa siama. Tota, o ne o naya borabi tetla ya go dirisa botlhale jwa batho, ba dira gore go bonale e kete Lefoko la Modimo e ne e le lone le nang le melao e e amanang le dikgang tsa mefuta yotlhe—tse dingwe e le tsa motho ka namana, tse dingwe e le fela dilo tse di sa reng sepe.

14. (a) Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta ba ne ba oketsa jang molao wa Dikwalo wa go nna ba ikgaogantse le ditšhaba tse dingwe ka go feteletsa dilo ka tsela e e seng ya Dikwalo? (b) Ke eng se se supang gore melao ya borabi e ne ya palelwa ke go sireletsa Bajuta mo ditlhotlheletsong tsa seheitane?

14 Gangwe le gape, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tsaya melao e e mo Dikwalong mme ba bo ba e oketsa ka mo go feteletseng. Ka sekai, Molao wa ga Moshe o ne o kgothaletsa batho go ikgaoganya le ditšhaba, mme borabi ba ne ba rotloetsa letlhoo le le sa utlwaleng la sengwe le sengwe se e neng e se sa Bojuta. Ba ne ba ruta gore Mojuta ga a tshwanela go tlogela dikgomo tsa gagwe mo ntlong ya baeti ya Baditšhaba, ka gonne Baditšhaba “ba belaelwa gore ba kopana le diphologolo.” Mosadi wa Mojuta o ne a sa dumelelwa go thusa mosadi wa Moditšhaba go belega ka gonne ka go dira jalo o ne a “tla bo a thusa go belegisa ngwana yo o neng a tla tla go obamela medimo ya disetwa.” E re ka ba ne ba bona go belaela dijiminase tsa Segerika go tshwanela, borabi ba ne ba kganela mefuta yotlhe ya go itshidila mmele ya diatleletiki. Hisitori e supa gore seno sotlhe ga se a ka sa thusa thata go sireletsa Bajuta mo ditumelong tsa Baditšhaba. Tota e bile, Bafarasai ka bobone ba ne ba simolola go ruta thuto ya boheitane ya Segerika ya gore moya ga o swe!—Esekiele 18:4.

15. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta ba ne ba sokamisa jang molao wa go itshekisa le wa go tlhakanela dikobo le ba losika?

15 Bafarasai gape ba ne ba sokamisa melao ya go itshekisa. Go ne go a tle go twe Bafarasai ba ne ba tla itshekisa letsatsi fa ba ne ba ka fiwa tshono ya go dira jalo. Molao wa bone o ne o bolela gore le go diega “go ithoma” go ne go tla itshekolola motho! Go tlhapa diatla e ne ya nna ngwaokobamelo e e raraaneng, e e nang le melao e e bontshang gore ke seatla sefe se se tshwanetseng go tlhapisiwa pele le gore se tlhapisiwe jang. Basadi ba ne ba lebiwa segolobogolo e le batho ba ba sa itshekang. Go ya ka taolo ya Dikwalo e e reng go se ka ga nna le ope yo o “atamelang” kwa go yo o gaufi le ene ka go tsalwa (e le molao oo tota o neng o le kgatlhanong le go tlhakanela dikobo le wa losika), borabi ba ne ba tlhoma molao wa gore monna o ne a sa tshwanela go tsamaya kafa morago ga mosadi wa gagwe; e bile a sa tshwanela le go tlotla le ene mo borekisetsong.—Lefitiko 18:6.

16, 17. Molao o o sa kwalwang o ne wa oketsa jang taolo ya go boloka Sabata ya beke, mme seo se ne sa felela ka eng?

16 Selo se se tumileng segolobogolo ke kgobo ya semoya e molao o o sa kwalwang o neng wa e tlisa ka molao wa Sabata. Modimo o ne wa neela Iseraele taolo e e motlhofo fela e e reng: Lo se ka lwa dira tiro epe ka letsatsi la bosupa la beke. (Ekesodo 20:8-11) Lefa go ntse jalo, molao o o sa kwalwang o ne wa tlhalosa mefuta e le 39 e e farologaneng ya tiro e e ilediwang, go akaretsa le go bofa le go bofolola lehutu, go rokaganya meroko e mebedi, go kwala ditlhaka tse pedi tsa Sehebera, jalo le jalo. Mo godimo ga moo, mo go nngwe le nngwe ya mefuta eno ya tiro ba ne ba tshwanetse go tlhoma melao e e sa feleng. Ke mahuto afe a a neng a ileditswe mme ke afe a a neng e letlelelwa? Molao o o sa kwalwang o ne o araba dipotso tseno ka ditao tse di gagametseng. Go fodisa go ne go lebiwa e le tiro e e ileditsweng. Ka sekai, go ne go ileditswe go busetsa tokololo nngwe mo mannong a yone ka Sabata. Monna yo o neng a opiwa ke leino o ne a ka dirisa aseine go loka dijo tsa gagwe, mme o ne a sa tshwanela go gopela aseine mo leinong la gagwe. Go dira jalo go ne go ka fodisa leino la gagwe!

17 Ka jalo, mo bontsing jwa Bajuta molao wa Sabata o ne wa latlhegelwa ke bokao jwa one jwa semoya ka go bo o ne o khurumeditswe ka melao e mentsintsi e e tlhomilweng ke batho. Fa Jesu Keresete, “morena wa Sabata,” a ne a dira dikgakgamatso tse dikgolo tse di supang lorato ka Sabata, bakwadi le Bafarasai ba ne ba sa amege. Ba ne ba tshwenyega fela ka gore o ne a itlhokomolosa ditao tsa bone.—Mathaio 12:8, 10-14.

Go Ithuta mo Diphosong Tsa Bafarasai

18. Matswela e ne ya nna afe a go oketsa melao e e sa kwalwang le dingwao mo Molaong wa ga Moshe? Tshwantsha.

18 Fa re sobokanya seno sotlhe, re ka nna ra re melao e e okeditsweng le dingwao tseno di ile tsa golagana le Molao wa ga Moshe fela jaaka ditshenekegi tse di a tleng di kgomarele mpa ya sekepe. Mong wa sekepe o tla tshwanela gore a tseye matsapa a magolo go fala ditshedinyana tse di tshwenyang tseno mo sekepeng sa gagwe ka gonne di dira gore sekepe se tsamaye ka bonya e bile di senya pente e e se sireletsang gore se se ka sa nna le rusi. Ka mo go tshwanang, molao o o sa kwalwang le dingwao di ne di dira gore Molao o nne boima e bile di dira gore o dirisiwe ka tsela e e sa siamang. Lefa go ntse jalo, go na le gore borabi ba tlose melao e e sa tlhokegeng eo, ba ne ba nna ba e oketsa. Ka nako ya fa Mesia a ne a tla go diragatsa Molao, “sekepe” se ne se kgomaretswe ke “ditshenekegi” tse dintsi thata mo e leng gore se ne se sa tlhole se kgona go tsamaya! (Bapisa Diane 16:25.) Go na le gore ba sireletse kgolagano ya Molao, baeteledipele bano ba bodumedi ba ne ba dira phoso ya go o tlola. Lefa go ntse jalo, ke eng fa “logora” lwa melao ya bone lo ne lo sa atlege?

19. (a) Ke ka ntlha yang fa “logora lo lo neng lo ageletse Molao” lo ne lwa se ka lwa atlega? (b) Ke eng se se supang gore baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta ba ne ba sena tumelo ya boammaaruri?

19 Baeteledipele ba tsamaiso ya Sejuta ba ne ba sa tlhaloganye gore ntwa ya go fenya ditiro tse di seng kafa molaong e ne e loa mo pelong e seng ka dibuka tse di kwadilweng. (Jeremia 4:14) Selotlolo sa phenyo ke lorato—go rata Jehofa, molao wa gagwe le melaometheo ya gagwe ya tshiamo. Lorato lo lo ntseng jalo lo dira gore motho a tlhoe se Jehofa a se tlhoileng. (Pesalema 97:10; 119:104) Batho ba dipelo tsa bone di tletseng ka lorato lo lo ntseng jalo ba tla nna ba ikanyega mo melaong ya ga Jehofa mo lefatsheng le le boikepo leno. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta ba ne ba na le tshiamelo e kgolo ya go ruta batho gore ba rotloetse le go tlhotlheletsa lorato lo lo ntseng jalo. Ke eng fa ba ne ba palelwa ke go dira jalo? Kwantle ga pelaelo ba ne ba sena tumelo. (Mathaio 23:23, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Fa ba ka bo ba dumela gore moya wa ga Jehofa o na le nonofo ya go dira mo dipelong tsa batho ba ba ikanyegang, ba ne ba ka bo ba sa akanya gore ba tshwanetse go laola matshelo a batho ba bangwe ka tsela e e gagametseng. (Isaia 59:1; Esekiele 34:4) Ka go bo ba ne ba sena tumelo, ga ba a ka ba dira gore ba bangwe ba nne le tumelo; ba ne ba imetsa batho ka ditaolo tse di tlhomilweng ke batho.—Mathaio 15:3, 9; 23:4.

20, 21. (a) Kgopolo ya go dirisa dingwao e ne ya ama Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta jang ka kakaretso? (b) Rona re ithuta eng ka se se neng sa diragalela Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta?

20 Baeteledipele ba Bajuta ba ne ba sa tlhotlheletse lorato. Dingwao tsa bone di ile tsa dira gore go nne le bodumedi jo e leng setshwano fela sa bodumedi, sa go nna kutlo—e leng dilo tse di ileng tsa tlhotlheletsa gore go nne le boitimokanyi. (Mathaio 23:25-28) Ditaolo tsa bone di ne tsa dira gore go nne le mabaka a mantsi a go atlhola batho ba bangwe. Ka jalo, Bafarasai ba ba neng ba le boikgogomoso, ba ba ratang go busa ba bangwe ka go ba gatelela ba ne ba ikutlwa ba tshwanela go tshwaya Jesu Keresete ka boene diphoso. Ba ne ba itlhokomolosa boikaelelo jo bogolo jwa Molao mme ba gana Mesia a le mongwe fela wa boammaaruri. Ka ntlha ya seo, o ne a tshwanela gore a bolelele setšhaba sa Bajuta jaana: “Bonang, ntlo ya lona lo e tlogeletswe e ropefetse fela.”—Mathaio 23:38; Bagalatia 3:23, 24.

21 Rona re ithuta eng mo go seno? Go phepafetse gore, kgopolo ya go dirisa dingwao tse di gagametseng ga e tlhotlheletse kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa! A mme seno se raya gore baobamedi ba ga Jehofa gompieno ga ba a tshwanela go nna le melao epe fa e sa tlhalosiwa ka tlhamalalo mo Dikwalong tse di Boitshepo? Nnyaa. Go bona karabo e e feletseng, mma re sekasekeng jaanong gore Jesu Keresete o ne a emisetsa jang Molao wa ga Moshe ka molao o mosha le o o botoka.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Legale, eo e santse e le palo e nnye fa e bapisiwa le dithulaganyo tse di kafa molaong tsa ditšhaba tsa motlha wa segompieno. Ka sekai, mo masimologong a bo1990, melao ya puso ya United States e ne e tlala ditsebe tse di fetang 125 000, go ntse go okediwa melao e e diketekete e mesha ngwaga nngwe le nngwe.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Popo yotlhe e laolwa jang ke molao wa Modimo?

◻ Boikaelelo jo bogolo jwa Molao wa ga Moshe e ne e le bofe?

◻ Ke eng se se supang gore Molao wa ga Moshe o ne o gatelela bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko?

◻ Ke ka ntlha yang fa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuta ba ne ba oketsa melao e mentsi mo Molaong wa ga Moshe, mme matswela e nnile afe?

[Lebokoso mo go tsebe 10]

Baeteledipele ba Bodumedi ba Bajuta

Bakwadi: Ba ne ba itsaya jaaka batlhatlhami ba ga Esera le batlhalosi ba Molao. Go ya ka buka ya A History of the Jews, “bakwadi e ne e se batho ba ba tlotlegang botlhe mme gantsi maiteko a bone a go tlhalosa bokao jo bo fitlhegileng jwa molao a ne a felela ka mafoko a a lolea fela le dithibelo tse di sa utlwaleng. Mme di ile tsa fetoga ngwao, e go iseng go ye kae e neng ya nna molao o o setlhogo.”

Bo-Hasid: Leina leno le kaya “batho ba ba boitshepo” kana “baitshepi.” Fa ba ne ba umakiwa la ntlha jaaka setlhopha mo e ka nnang ka 200 B.C.E., ba ne ba nonofile mo dipolotiking, ba lwa ka tlhoafalo go boloka Molao o itshekile o sa tshwaediwe ke tlhotlheletso e e nonofileng ya Segerika. Ba-Hasid ba ne ba kgaogana ka ditlhopha tse tharo: Bafarasai, Basadukai le Baesene.

Bafarasai: Bakanoki bangwe ba dumela gore leina leno le tswa mo mafokong a a kayang “Ba ba Ikgaogantseng,” kana “Baitlhaodi.” Ba ne ba tlhoafetse tota mo maitekong a bone a go kgaogana le Baditšhaba, mme gape ba ne ba leba mokgatlho wa bone e le o o kgaoganeng le—e bile o le kwa godimo ga—batho ba Bajuta ba ba tlwaelegileng, ba ba neng ba sa tlhaloganye go raraana ga molao o o sa kwalwang. Mokwalahisetori mongwe o ne a bolela jaana ka Bafarasai: “Fa o ba leba ka kakaretso, ba ne ba tshwara banna jaaka bana, ba tlhoma le go tlhalosa dintlhanyana tse dinnye tsa dingwaokobamelo.” Mokanoki yo mongwe o ne a bolela jaana: “Bofarasai bo ne jwa dira gore go nne le melao e mentsintsi e e tlhomilweng e e akaretsang maemo otlhe, mme diphelelo ya nna gore bo tseela dilo tse di sa reng sepe kwa godimo mme bo tlhokomologa tse di botlhokwa (Mat. 23:23).”

Basadukai: Setlhopha se se neng se amana thata le setlhopha sa maemo a a kwa godimo le boperesiti. Ba ne ba ganetsa bakwadi le Bafarasai thata, ba bolela gore molao o o sa kwalwang ga o na maatla a a tshwanang le a Molao o o kwadilweng. Mishnah ka boyone e supa gore ba ne ba se ka ba fenya ntwa eno ka go bolela jaana: “Ke molato o mogolo fa go sa latelwe [bolokwe] mafoko a Bakwadi go na le fa go sa latelwe [bolokwe] mafoko a Molao o o [kwadilweng].” Moragonyana, Talmud, e e neng e akgela thata malebana le molao o o sa kwalwang, e ne ya bo ya bolela jaana: “Mafoko a bakwadi a . . . botlhokwa thata go na le mafoko a Torah.”

Baesene: E ne e le setlhopha sa batho ba ba neng ba itima dilo ba ba neng ba itlhaotse mo bathong. Go ya ka The Interpreter’s Dictionary of the Bible, Baesene ba ne ba itlhaola thata go gaisa Bafarasai mme “ka dinako tse dingwe ba ne ba itimokanya go feta Bafarasai ka bobone.”

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Gongwe batsadi ba ga Jobe ba ne ba mo ruta ka melao e e laolang masomosomo a dinaledi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela