Molao O o Sa Kwalwang—Ke Eng Fa o Ile wa Kwalwa?
KE ENG fa Bajuda ba le bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba palelwa ke go amogela Jesu e le Mesia? Mosupi mongwe yo o boneng ka matlho o bega jaana: “Fa [Jesu] a sena go tsena mo tempeleng, baperesiti ba bagolo le banna ba bagolwane ba batho ba tla kwa go ene fa a ntse a ruta ba re: ‘O dira dilo tseno ka taolo efe? Mme ke mang yo o neng a go naya taolo eno?’” (Mathaio 21:23) Go ya ka bone, Mothatayotlhe o ne a neile setšhaba sa Bajuda Tora (Molao), mme e ne e naya banna ba ba rileng taolo e e tswang kwa Modimong. A Jesu o ne a na le taolo e e ntseng jalo?
Jesu o ne a tlotla Tora thata mmogo le ba e neng e ba naya taolo ya mmatota. (Mathaio 5:17-20; Luke 5:14; 17:14) Mme gangwe le gape o ne a kgala batho ba ba neng ba tlola ditaolo tsa Modimo. (Mathaio 15:3-9; 23:2-28) Banna bao ba ne ba latela dingwao tse di neng tsa itsege e le molao o o sa kwalwang. Jesu o ne a gana taolo ya yone. Mme seo sa dira gore ba le bantsi ba gane go dumela gore ke Mesia. Ba ne ba dumela gore Modimo o ne a tla tlhoma fela motho yo o tshegetsang dingwao tsa ba ba beilweng mo maemong a boeteledipele gareng ga bone.
Molao ono o o sa kwalwang o ne wa simologa kae? Go tlile jang gore Bajuda ba o lebe e le o o nang le taolo e e tshwanang le Molao o o kwadilweng mo Dikwalong? Mme fa e le gore e ne e tshwanetse go nna ngwao e e sa kwalwang, ke eng fa kgabagare o ile wa kwalwa?
Dingwao di Simologile Kae?
Baiseraele ba ne ba dira kgolagano le Jehofa Modimo kwa Thabeng ya Sinai ka 1513 B.C.E. Ba ne ba newa ditaelo tsa kgolagano eno ka Moshe. (Ekesodo 24:3) Ka go latela ditao tseno ba ne ba tla kgona go ‘itshupa ba le boitshepo jaaka Jehofa Modimo wa bone a le boitshepo.’ (Lefitiko 11:44) Mo kgolaganong ya Molao, go obamela Jehofa go ne go akaretsa go ntshiwa ga ditshupelo ke baperesiti ba ba tlhophilweng. Go ne go tshwanetse ga nna le lefelo la konokono la kobamelo—kgabagare e ne ya nna tempele ya kwa Jerusalema.—Duteronome 12:5-7; 2 Ditirafalo 6:4-6.
Molao wa ga Moshe o ne o bontsha Baiseraele tsela e setšhaba sa bone se neng se tshwanetse go obamela Jehofa ka yone. Le fa go ntse jalo, dilo dingwe di ne di sa tlhalosiwa ka tlhamalalo. Ka sekai, Molao o ne o iletsa tiro ka Sabata, mme o ne o sa farologanye tiro ka tsela e e tlhamaletseng le dilo tse dingwe.—Ekesodo 20:10.
Fa Jehofa a ka bo a bone go tshwanela gore a dire jalo, o ka bo a ntshitse ditaelo tse di oketsegileng tse di tlhalosang potso nngwe le nngwe e e ka akanngwang. Mme o bopile batho ba na le segakolodi e bile o ne a ba letla gore ba mo direle ba na le selekanyo se se rileng sa kgololesego e e dumalanang le ditaelo tsa gagwe. Molao o ne o na le thulaganyo ya gore dikgetsi tsa katlholelo di sekasekwe ke baperesiti, Balefi le baatlhodi. (Duteronome 17:8-11) Fa dikgetsi tseno di ntse di oketsega, go ne ga tlhomiwa melao e e rileng, mme ga go na pelaelo gore mengwe ya melao eno e ile ya fetisediwa go tswa kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe. Ditsela tsa go tlhokomela ditiro tsa boperesiti mo tempeleng ya ga Jehofa le tsone di ile tsa fetisiwa go tswa go rre go ya go morwa. Jaaka fa maitemogelo a setšhaba ka kakaretso a ne a oketsega, le dingwao tsa sone di ne di oketsega.
Le fa go ntse jalo, karolo ya konokono ya kobamelo ya Iseraele e ne ya nna e ntse e le Molao o o kwadilweng o o neng o filwe Moshe. Ekesodo 24:3, 4 e bolela jaana: “Moše a fitlha a bolelela batho mafoko otlhe a ga Jehofa, le dikatlholo tsotlhe; mme batho botlhe ba fetola ka lentswe le le lengwe fela ba re: ‘Mafoko otlhe a Jehofa o a buileng re tlaa a dira.’ Moše a kwala mafoko otlhe a ga Jehofa.” E ne e le go ya ka melao eno e e kwadilweng Modimo a ileng a dira kgolagano le Baiseraele. (Ekesodo 34:27) Tota e bile, ga go na gope mo Dikwalo di umakang molao o o sa kwalwang.
“Ke Mang Yo o Neng a go Naya Taolo Eno?”
Molao wa ga Moshe o ne o tlogeletse taolo ya motheo ya bodumedi le tao mo baperesiting, ditlogolwana tsa ga Arone. (Lefitiko 10:8-11; Duteronome 24:8; 2 Ditirafalo 26:16-20; Malaki 2:7) Le fa go ntse jalo, go ralala makgolo a dingwaga, baperesiti bangwe ba ile ba se ka ba tlhola ba ikanyega e bile ba ile ba nna bosula. (1 Samuele 2:12-17, 22-29; Jeremia 5:31; Malaki 2:8, 9) Ka nako ya puso ya Gerika, baperesiti ba le bantsi ba ile ba ineela go tlhotlhelediwa mo dikgannyeng tsa bodumedi. Mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., Bafarasai—setlhopha se sesha mo Bojudeng se se neng se sa tshepe baperesiti—se ne sa simolola go tlhoma dingwao tse ka tsone batho ba e seng ba maemo ape ba neng ba ka kgona go itsaya ba le boitshepo fela jaaka baperesiti. Dingwao tseno di ile tsa kgatlha batho ba le bantsi, mme e ne e le dilo tse go okeditsweng ka tsone mo Molaong tse di neng di sa amogelesege.—Duteronome 4:2; 12:32 (13:1 mo dikgatisong tsa Sejuda).
Bafarasai e ne ya nna bone bakanoki ba basha ba Molao, ba dira tiro e ba neng ba akanya gore baperesiti ga ba e dire. E re ka Molao wa ga Moshe o ne o sa ba neye taolo, ba ne ba simolola ditsela tse disha tsa go tlhalosa Dikwalo ka tsela e e sa tlhaloganyesegeng le ka ditsela tse dingwe tse di neng di bonala di tshegetsa dipono tsa bone.a E re ka e ne e le bone ba ba neng ba tlhokomela le go rotloetsa dingwao tseno thata, ba ne ba tlhoma motheo o mosha wa taolo mo Iseraele. Mo e ka nnang ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Bafarasai ba ne ba setse ba na le taolo e kgolo mo Bojudeng.
Fa Bafarasai ba ntse ba kokoanya dingwao tse di sa kwalwang tse di neng di setse di le teng e bile ba batla Dikwalo tse ka tsone ba ka itlhamelang tse dingwe tse di oketsegileng ka tsone, ba ne ba bona go tlhokega gore ba oketse taolo ya bone mo ditirong tseno tsa bone. Go ne ga simololwa kgopolo e ntšha malebana le gore dingwao tseno di simologile jang. Borabi ba ne ba simolola go ruta jaana: “Moshe o ne a newa Tora kwa Sinai mme a e naya Joshua, Joshua a e naya bagolwane, mme bagolwane ba e naya baporofeti. Mme baporofeti bone ba e naya banna ba setlhopha se segolo.”—Avot 1:1, Mishnah.
Fa borabi ba bolela gore “Moshe o ne a newa Tora” ba ne ba sa bue fela ka melao e e kwadilweng mme ba ne ba bua ka dingwao tsa bone tsotlhe tse di sa kwalwang. Ba ne ba bolela gore dingwao tseno—tse di simolotsweng le go tlhabololwa ke batho—Modimo o ne wa di naya Moshe kwa Sinai. Mme ba ne ba ruta gore Modimo ga a ka a letla batho gore e nne bone ba e tlhalosang, go na le moo o ile a tlhalosa ka molomo se Molao o o kwadilweng o neng o sa se tlhalose. Go ya ka bone, Moshe o ne a fetisetsa molao ono o o sa kwalwang go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe, e seng mo baperesiting, go na le moo, mo baeteledipeleng ba bangwe. Bafarasai ka bobone ba ne ba bolela gore ke bone baruaboswa ba mogolagang ono “o o sa kgaogeng” wa taolo.
Bothata Jwa Molao—Tharabololo e Ntšha
Jesu yo baeteledipele ba Bajuda ba neng ba belaela taolo e a e filweng ke Modimo, o ne a bolelela pele go senngwa ga tempele. (Mathaio 23:37–24:2) Fa Baroma ba sena go senya tempele ka 70 C.E., dilo tse di neng di batlega go ya ka Molao wa ga Moshe tse di jaaka ditlhabelo le ditiro tsa baperesiti di ne di sa tlhole di kgonega. Modimo o ne o tlhomile kgolagano e ntšha mo motheong wa setlhabelo sa thekololo ya ga Jesu. (Luke 22:20) Kgolagano ya Molao wa ga Moshe e ne e fedisitswe.—Bahebera 8:7-13.
Go na le gore Bafarasai ba bone dilo tseno e le bosupi jo bo bontshang gore Jesu ke Mesia, ba ne ba bona tharabololo e sele. Ba ne ba setse ba itseetse bontsi jwa taolo ya boperesiti. E re ka tempele e ne e sentswe, ba ne ba ka kgona go tsaya kgato e nngwe. Sekolo sa borabi se se neng se le kwa Yavneh se ne sa nna lefelo la konokono le le rulagantsweng sesha la Sanehederine—kgotlatshekelokgolo ya Bajuda. Kafa tlase ga boeteledipele jwa ga Yohanan ben Zakkai le Gamaliel II kwa Yavneh, Bojuda bo ne jwa tlhongwa sesha. Ditiro tse di neng di eteletswe pele ke borabi kwa sinagogeng, di ne di tsaya boemo jwa kobamelo ya tempele e e neng e okametswe ke baperesiti. Dithapelo, segolobogolo tse di neng di dirwa ka Letsatsi la Tetlanyo, di ne di dirwa mo boemong jwa ditlhabelo. Bafarasai ba ne ba bolela gore molao o o sa kwalwang o o neng wa fiwa Moshe kwa Sinai o ne o setse o bonetse pele e bile o baakanyeditse seno.
Dikolo tsa borabi di ne tsa nna le maemo a a oketsegileng. Thuto ya bone ya konokono e ne e le dipuisano tse di tseneletseng, go ithuta dilo ka tlhogo le go tlhalosa molao o o sa kwalwang. Pele motheo wa molao o o sa kwalwang o ne o amangwa thata le tlhaloso ya Dikwalo—Midrash. Gone jaanong, dingwao tse di neng di nna di oketsega di ne di simolola go rutwa le go rulaganngwa di le tsosi. Taolo nngwe le nngwe ya molao o o sa kwalwang e ne ya fokodiwa go nna dipolelwana tse dikhutshwane tse di ithutiwang motlhofo ka tlhogo, tse gantsi di neng di kopanngwa le mmino.
Ke Eng fa Molao O o Sa Kwalwang o Ile wa Kwalwa?
Dikolo tse dintsi tsa borabi le ditaolo tse di neng di oketsega tsa borabi di ne tsa baka bothata jo bongwe. Mokanoki mongwe wa sekolo sa borabi e bong Adin Steinsaltz o tlhalosa jaana: “Morutisi mongwe le mongwe o ne a na le tsela ya gagwe mme o ne a tlhoma tsela ya ditaolo tse di tswang mo go ene ka mokgwa o e leng wa gagwe fela. . . . Go ne go sa tlhole go lekane gore motho a tlwaelane fela le dithuto tsa morutisi wa gagwe, mme moithuti o ne a tshwanetse go itlwaelanya le mekwalo wa bakanoki ba bangwe . . . Ka jalo, baithuti ba ne ba patelesega go ithuta dilo tse dintsi ka tlhogo ka gonne go na le ‘tshedimosetso e ntsintsi.’” Ka ntlha ya bontsintsi jwa tshedimosetso eno e e sa rulaganngwang, megopolo ya baithuti e ne e lapa thata.
Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., botsuolodi jwa Bajuda kgatlhanong le Baroma, jo bo neng bo eteletswe pele ke Bar Kokhba, bo ne jwa dira gore bakanoki ba sekolo sa borabi ba bogisiwe thata. Akiba—rabi yo mogolo go gaisa botlhe, yo o neng a ema Bar Kokhba nokeng—mmogo le bakanoki ba bangwe ba maemo a a kwa godimo ba ne ba bolawa. Borabi ba ne ba boifa gore pogiso eno e ntšha e tla nna diphatsa mo molaong wa bone o o sa kwalwang. Ba ne ba dumela gore go botoka fa dingwao di fetisiwa ka molomo go tswa mo morutising go ya go morutwa, mme go fetoga gono ga maemo go ne ga dira gore ba dire matsapa a a oketsegileng go dira thulaganyo ya go boloka dithuto tsa batlhalefi, gore di se ka tsa lebalelwa ruri.
Morago ga foo fa ba ne ba na le kagisonyana le Baroma, Judah Ha-Nasi, rabi yo o neng a na le maemo a magolo mo bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga le mo tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga C.E., o ne a phutha bakanoki ba le bantsi mme a kwala dingwao tse dintsi tse di sa kwalwang ka thulaganyo e e rulagantsweng e e neng e dira Dithulaganyo di le thataro, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e kgaoganngwa ka dikarolwana tse dinnye—di le 63 tsotlhe. Mokwalo ono o ne wa itsege e le Mishnah. Ephraim Urbach, motlhalefi mongwe wa molao o o sa kwalwang, o akgela jaana: “Mishnah . . . e ne ya amogelwa ya ba ya newa taolo e go se nang buka epe e e kileng ya nna le yone fa e se Tora fela ka boyone.” Ba ne ba ganne Mesia, tempele e ne e le letlotla, mme molao o o o sa kwalwang o ne o bolokilwe ka go kwalwa go nna Mishnah, go ne ga simologa motlha o mosha mo Sejudeng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mokgwa ono wa go tlhalosa Dikwalo o bidiwa midrash.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke eng fa Bajuda ba le bantsi ba ile ba gana taolo ya ga Jesu?