Tshiamo Ga E Bonwe Ka Dingwao Tse Di Sa Kwalwang
“Ha tshiamō ea lona e sa gaise tshiamō ea bakwadi le ea Bafarisai, ga lo ketla lo tsèna gopè mo bogosiñ yoa legodimo.”—MATHAIO 5:20.
1, 2.Go ne ga diragala eng ka bonako fela pele ga Thuto ya ga Jesu ya kwa Thabeng?
JESU o ne a letse kwa thabeng mo bosigong joo. Magodimo a a tletseng dinaledi a ne a tsharologile fa godimo ga tlhogo ya gagwe. Diphologotswana tse di tsamayang bosigo di ne di ntse di sianasiana mo ditlhatshaneng. Kafa botlhaba, metsi a Lewatle la Galilea a ne a ntse a itayaitaya lotshitsi ka iketlo. Mme Jesu a ka tswa a ne a sa lemoge gore tikologo e a leng mo go yone e ne e na le kagiso le bontle jo bo lapolosang jalo. O ne a rapela Rraagwe wa selegodimo, ebong Jehofa, bosigo jotlhe. O ne a tlhoka kaelo ya ga Rraagwe. Letsatsi le le latelang le ne le le botlhokwa thata.
2 Loapi lo ne lo sedifetse kafa botlhaba. Dinonyane di ne di simolotse go fofafofa, di tswirinya ka bonya. Dithunya tsa kwa nageng di ne di ntse di fokelwa ke phefo kafa le kafa ka bonya. Fa marang a letsatsi a ntsha nko, Jesu o ne a bitsa balatedi ba gagwe mme a tlhopha ba le 12 go nna barutwa ba gagwe. Mme o ne a fologela kafa mohapheng wa thaba a na le bone botlhe. Boidiidi jwa batho bo ne bo setse bo bonala bo ologela koo bo tswa kwa Galilea, Ture le Sidone, Judea le Jerusalema. Ba ne ba tlile go fodisiwa malwetsi a bone. Maatla a ga Jesu a a tswang kwa go Jehofa a ne a ngotlega jaaka batho ba bantsi ba ne ba mo ama mme ba fola. Gape ba ne ba tlile go utlwa mafoko a gagwe ao a neng a tshwana le setlolo se se fodisang meya ya bone e e kgoberegileng.—Mathaio 4:25; Luke 6:12-19.
3. Ke ka ntlha yang fa barutwa le boidiidi jwa batho bo ne bo letile ka tlhoafalo fa Jesu a simolola go bua?
3 Fa baruti ba ruta, ba ne ba tlwaetse go nna fa fatshe, mme Jesu o ne a dira fela jalo mo mosong ono wa dikgakologo wa 31 C.E., gongwe a le fa lefelong le le sebatla kafa mohapheng wa thaba. Fa barutwa ba gagwe le boidiidi jwa batho bo bona seno, ba ne ba lemoga gore go tlile go diragala sengwe se se kgethegileng, ka jalo ba ne ba mo atamela ba mo dikologa ba lebeletse go utlwa sengwe go tswa mo go ene. Fa a simolola go bua, ba ne ba iketleeditse go utlwa mafoko a gagwe; fa a fetsa nakonyana morago ga foo, ba ne ba tsamaya ba gakgamaditswe ke se ba se utlwileng. A re boneng gore ke ka ntlha yang.—Mathaio 7:28.
Mefuta E Mebedi ya Tshiamo
4. (a) Ke mefuta efe e mebedi ya tshiamo eo go neng go buiwa ka yone? (b) Boikaelelo jwa dingwao tse di sa kwalwang e ne le bofe, mme a bo ne jwa fitlhelelwa?
4 Mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng, eo e begilweng mo go Mathaio 5:1–7:29 le mo go Luke 6:17-49, Jesu o ne a supa pharologano ka tlhomamo fa gare ga ditlhopha tse pedi tseno: eleng sa bakwadi le Bafarisai le batho ba ba tlwaelegileng bao ba neng ba ba gatelela. O ne a bua ka mefuta e mebedi ya tshiamo, tshiamo ya boitimokanyi ya Bafarisai le tshiamo ya boammaaruri ya Modimo. (Mathaio 5:6, 20) Bafarisai ba ne ba ipona ba le tshiamo ka ntlha ya dingwao tsa bone tse di sa kwalwang. Di ile tsa simololwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. jaaka “legora le le dikologileng Molao” go o sireletsa gore ngwao ya Segerika e se tsenelele mo go one. Di ne di tsewa jaaka karolo ya Molao. Ebile tota, bakwadi ba ne ba re dingwao tse di sa kwalwang tseno di kwa godimo ga Molao o o kwadilweng. Mishnah e bolela jaana: “Mafoko a Bakwadi [eleng dingwao tsa bone tse di sa kwalwang] a ne a bolokiwa thata go na le gore go tshegediwe mafoko a Molao o o kwadilweng.” Ka gone, go na le gore dingwao tsa bone di nne “legora go dikologa Molao” go o sireletsa, di ne tsa koafatsa Molao mme tsa o dira gore o seka wa kaya sepe, fela jaaka fa Jesu a ne a bolela jaana: “Lo ganèla rure taolō ea Modimo, gore lo tshegetsè mekgwa ea lona.”—Mareko 7:5-9; Mathaio 15:1-9.
5. (a) Batho ba ba neng ba tlile go reetsa Jesu ba ne ba le mo boemong bofe, mme bakwadi le Bafarisai ba ne ba ba leba jang? (b) Ke eng seo se neng se dira dingwao tse di sa kwalwang morwalo o o bokete mo magetleng a batho?
5 Batho ba ba neng ba ologela go ya go reetsa Jesu ba ne ba humanegile semoyeng, ba ne ba “patikegile ba gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” (Mathaio 9:36) Bakwadi le Bafarisai ba ne ba ba sotla ka boikgogomoso ba itlotlomaditse thata, ba ba bitsa ʽam ha·ʼaʹrets (batho ba lefatshe), mme ba ba sotla ba re ga ba itse sepe, ke baleofi ba ba hutsitsweng ba ba sa tshwanelweng ke tsogo ya baswi ka gonne ba ne ba sa tshegetse dingwao tse di sa kwalwang. Ka nako ya ga Jesu dingwao tseo di ne di le dintsi ebile di tshwayatshwaya diphoso di gatelela di sa tlhaloganngwe—di tletse ka meletlo ya dingwao e e senyang nako—tseo go seng modiri ope yo a neng a ka kgona go di tshegetsa. Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a kgala dingwao tseo a re ke ‘merwalo e e bokete mo magetleng a batho.’—Mathaio 23:4; Yohane 7:45-49.
6. Ke eng seo se neng se gakgamatsa ka mafoko a ga Jesu a a simololang, mme a ne a supa gore barutwa ba ne ba tshwanetse ba fetoga jang mme bakwadi le Bafarisai ba fetoge jang?
6 Ka jalo fa Jesu a ne a nna fa fatshe fa thoko ga thaba, barutwa ba gagwe le boidiidi jwa batho jo bo bolailweng ke tlala semoyeng ba ne ba atamela go tla go mo reetsa. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba fitlhela mafoko a gagwe a a simololang a gakgamatsa. ‘Lo sego lona bahumanegi, ba lo bolawang ke tlala, ba lo lelang, ba lo ilwang.’ Mme ke bomang ba ba ka itumelang 2fa ba humanegile, ba bolailwe ke tlala, ba lela, ebile ba ilwa? Mme go ne ga bolelwa gore bao ba humileng bao ba fepiwang sentle, bao ba tshegang, le ba ba ratiwang ba tla bona tatlhego. (Luke 6:20-26) Jesu o ne a supa ka mafoko a sekae fela gore ditsela tsa go atlhola tse di neng di latelwa tseo le ditekanyetso tse di neng di amogetswe tseo tsa batho di ne di sa thuse sepe. Maemo a ne a fetolwa ka tsela e e tlhomologileng thata, go dumalana le mafoko ano a moragonyana a ga Jesu: “Eo o ikgodisañ o tla ñōtlahadiwa; me eo o iñotlahatsañ, o tla godisiwa.”—Luke 18:9-14.
7. Mafoko a a simololang a ga Jesu a tshwanetse a bo a ne a ama boidiidi jo bo bolailweng ke tlala ya semoya jo bo neng bo reeditse Jesu jang?
7 Go farologana le bakwadi ba ba neng ba iteba ba siame mmogo le Bafarisai, botlhe bao ba neng ba tla kwa go Jesu mo mosong ono ba ne ba lemoga boemo jwa bone jo bo tlhomolang pelo jwa semoya. Mafoko ano a gagwe a a simololang a tshwanetse a bo a ile a ba dira gore ba nne le tsholofelo: “Go segō ba ba humanegileñ mo moeñ: gonne bogosi yoa legodimo ke yoa bōnè.” Mme abo ba ne ba itumela jang ne mo moyeng fa a ne a oketsa jaana: “Go segō ba ba bolaecweñ tshiamō ke tlala le lenyōra: gonne ba tla kgorisiwa”! (Mathaio 5:3, 6; Yohane 6:35; Tshenolō 7:16, 17) Ee, ba ne ba tladiwa ka tshiamo eseng ka go tshwaiwa jaaka Bafarisai.
Ga go A Lekana go ‘Itshiamisa fa Pele ga Batho’
8. Ke ka ntlha yang fa ba bangwe ba ne ba ka ipotsa gore ba ka nna tshiamo go gaisa bakwadi le Bafarisai jang, lefa go le jalo ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanetse go nna jalo?
8 “Ha tshiamō ea lona e sa gaise tshiamō ea bakwadi le ea Bafarisai,” Jesu o ne a bua jalo, “ga lo ketla lo tsèna gopè mo bogosiñ yoa legodimo.” (Mathaio 5:17-20; bona gape Mareko 2:23-28; 3:1-6; 7:1-13.) Bangwe ba ka tswa ba ne ba akanya jaana: ‘A re nne tshiamo go gaisa Bafarisai? Ba itima dijo le go rapela le go ntsha tsa bosome le dikatso le go ithuta Molao matshelo otlhe a bone. Re ka nna tshiamo go ba feta jang?’ Mme e ne e tshwanetse go feta foo. Batho ba ka tswa ba ne ba tseela Bafarisai kwa godimo, mme go ne go sa nna jalo ka Modimo. Ka nako nngwe Jesu o ne a raya Bafarisai bano a re: “Ke lona ba lo itshiamisañ ha pele ga batho; me Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlegañ thata mo bathuñ, se bo se le makgapha ha pele ga Modimo.”—Luke 16:15.
9-11. (a) Tsela e nngwe eo bakwadi le Bafarisai ba neng ba akanya gore Modimo o tla ba amogela jaaka ba ba siameng ka yone e ne e le efe? (b) Ba ne ba solofetse gore ba tla lejwa ba siame ka tsela efe ya bobedi? (c) Tsela ya boraro eo ba neng ba solofetse ka yone e ne e le efe, mme moaposetoloi Paulo o ne a bua eng seo se neng se supa gore seno se ne se ka seka sa atlega?
9 Baruti bano ba ne ba itiretse melao e e leng ya bone gore ba kaiwe ba siame. Nngwe ya one e ne e le ka ntlha ya go bo e le ditlogolwana tsa ga Aberahame: “Barutwa ba ga rraarona Aberahame ba itumelela lefatshe leno ebile ba tlile go rua le le le tlang.” (Mishnah) Gongwe Johane Mokolobetsi o ne a ganetsa ngwao eno fa a ne a tlhagisa Bafarisai ba ba neng ba tla kwa go ene a re: “Ke gōna uñwañ louñō lo lo chwanetseñ boikwatlhaō: Me lo se ka loa gopola go ithaea, lo re, Re na le Aberahame, ke èna rra echo [jaaka ekete seo se ne se lekane].”—Mathaio 3:7-9; bona gape Yohane 8:33, 39.
10 Ba ne ba bolela gore tsela ya bobedi ya go nna yo o siameng ke ka go ntsha dikatso. Dibuka tse pedi tsa Apocrypha tseo di kwadilweng ke Bajuda ba ba tlhoafetseng mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. di supa pono eo ya bone ya ngwao. Nngwe ya dipolelo tseo e bonwa mo go Tobit: “Go ntsha dikatso go boloka motho gore a seka a swa ebile go dira gore motho a seka a ikutlwa molato ka boleo bongwe le bongwe.” (12:9, The New American Bible) Buka ya Sirach (Moreri) e dumalana ka go bolela jaana: “Metsi a tima molelo o o tukang, mme dikatso di nyeletsa boleo.”—3:29, NAB.
11 Tsela ya boraro eo ba neng ba batla go itshupa ba siame ka yone e ne e le ka ditiro tsa Molao. Dingwao tsa bone tse di sa kwalwang gope di ne di ruta gore fa motho a ne a dira dilo tse bontsi jwa tsone bo neng bo siame, o ne a tla bolokiwa. Go atlholwa go ya “ka gore ditiro tse dintsi ke dife, a ke tse di molemo kana tse di bosula.” (Mishnah) Gore ba tle ba átlholwe ba siame, seo ba neng ba amegile ka sone fela e ne e le “gore ba fitlhelele melemo e e neng e tla fekeetsa maleo.” Fa ditiro tsa motho tse di molemo di ne di feta tse di bosula ka e le nngwe, o ne a tla bolokwa—jaaka ekete Modimo o ne o atlhola ka go bala ditiro tsa bone tse di seng botlhokwa! (Mathaio 23:23, 24) Paulo o ne a kwala jaana a ba naya pono e e siameng: “Gonne ga go na nama epè e e tla siamisiwañ mo matlhoñ a [Modimo].” (Baroma 3:20) Eleruri, Mokeresete o tshwanetse go nna tshiamo go feta bakwadi le Bafarisai.
“Lo Utlwile Ha go Tulwe”
12. (a) Jesu o ne a fetola jang tsela ya gagwe e e tlwaelegileng ya go umaka Dikwalo tsa Sehebera mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng, mme ka ntlha yang? (b) Re ithuta eng ka tsela eo a dirisitseng polelwana “Go kwadilwe” ka yone?
12 Jesu fa a ne a tsopola mo Dikwalong tsa Sehebera pele o ne a re: “Go kwadilwe.” (Mathaio 4:4, 7, 10) Mme o ne a simolola dipolelo tse di neng di utlwala jaaka tse di tswang mo Dikwalong tsa Sehebera ka makgetlo a le marataro mo Thutong ya kwa Thabeng ka mafoko a a reng: “Lo utlwile ha go tulwe.” (Mathaio 5:21, 27, 31, 33, 38, 43) Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a bua Dikwalo jaaka Bafarisai ba ne ba di ranola go ya ka dingwao tsa bone tse di neng di ganetsa melao ya Modimo. (Duteronome 4:2; Mathaio 15:3) Seno se bonala mo go seo Jesu a neng a se umaka laborataro ebile e le sa bofelo mo motseletseleng ono: “Lo utlwile ha go tulwe, Rata oa ga eno, me u ilè mmaba oa gago.” Mme ga go na Molao ope wa ga Moshe o o neng o re, “U ilè mmaba oa gago.” O ne o boletswe ke bakwadi le Bafarisai. E ne e le kafa ba neng ba ranola Molao wa go rata moagelani ka gone—moagelani wa gago wa Mojuda, eseng ba bangwe.
13. Jesu o tlhagisa jang kgatlhanong le kafa boitsholo jo bo ka nnang jwa isa kwa go bolayeng bo simologang ka gone?
13 Jaanong tlhokomela polelo ya ntlha ya tse thataro tse di latelelanang tseno. Jesu o ne a bua jaana: “Lo utlwile ha go reilwe ba bogologolo, ga twe, U se ka ua bolaea motho; me leha e le mañ eo o bolaeañ o tla bo a na le go sekisiwa: Me nna ke lo raea, ke re, moñwe le moñwe eo o nnañ bogale le oa ga gabō ka boomo, o tla bo a na le go sekisiwa.” (Mathaio 5:21, 22) Pelo e e galefileng e ka gogela kwa puong e e maswe mme go tloga foo e bo e atlhola ka go kgala, mme kgabagare e ka nna ya felela ka polao ka boyone. Go nna ka pelo e e galefileng ka lobaka lo loleele go ka bolaya: “Eo o ilañ mogagabō ke mmolai.”—1 Yohane 3:15.
14. Jesu o re gakolola jang gore re seka ra simolola tsela e e isang kwa boakeng?
14 Morago ga foo Jesu o ne a re: “Lo utlwile ha go tulwe, U se ka ua diha boaka: Me nna ke lo raea, ke re, Moñwe le moñwe eo o lebañ mosadi hèla ka go mo eletsa, o setse a dihile boaka naè mo peduñ.” (Mathaio 5:27, 28) A ke re ga o tle go dira boaka? He o seka wa tsena mo tseleng eo ka go nna o akantse ka jone. Disa pelo ya gago, eo e leng motswedi wa dilo tseo. (Diane 4:23; Mathaio 15:18, 19) Yakobe 1:14, 15 e tlhagisa jaana: “Motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmèra, e tsale boleo: me boleo yo, bo re bo sena go gola, bo tsale losho.” Batho ka dinako tse dingwe ba bua jaana: ‘O seka wa simolola se o ka sekang wa se fetsa.’ Mme re tshwanetse go bua jaana kaga seno: ‘O seka wa simolola sepe se o ka sekang wa kgona go se emisa.’ Bangwe ba ba neng ba ikanyega le eleng fa ba ne ba tshosediwa ka gore ba tla bolawa ka go thuntshiwa moragonyana ga foo ba ne ba wela mo serung se se gogelang sa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo.
15. Boemo jwa ga Jesu ka tlhalo bo ne bo farologana gotlhelele le jwa dingwao tse di sa kwalwang tsa Bajuda jang?
15 Jaanong re tla mo polelong ya ga Jesu ya boraro. O ne a re: “Le gōna go no go tulwe, Leha e le mañ eo o tlhalañ mosadi oa gagwè a a mo neè lokwalō loa go mo tlhala: Me nna ke lo raea, ke re, Moñwe le moñwe eo o tlhalañ mosadi oa gagwè, ha e se ka ntlha ea boaka [boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo], o mo diha seaka: me leha e le mañ eo o tla mo nyalañ a sena go tlhalwa, o diha boaka.” (Mathaio 5:31, 32) Bajuda ba bangwe ba ne ba tsietsa basadi ba bone mme ba ba tlhala ka mabaka a a sa utlwaleng tota. (Malaki 2:13-16; Mathaio 19:3-9) Dingwao tse di sa kwalwang di ne di letla monna go tlhala mosadi wa gagwe “le eleng lefa a ne a ka mo sulafaletsa dijo” kana “fa a ne a ka bona yo mongwe yo o mo gaisang.”—Mishnah.
16. Ke mokgwa ofe wa Sejuda oo o neng o dira gore go ikana go tlhoke bokao, mme Jesu o ne a tsaya boemo bofe?
16 Jesu o ne a tswelela jaana ka mokgwa o o tshwanang: “Gapè, lo utlwile ha go reilwe ba bogologolo, ga twe, U se ka ua ikana ka go aka . . . Me nna ke lo raea, ke re, Se ikaneñ ka gopè.” Go tla go fitlha fano Bajuda ba ne ba sa dirise ikano sentle ebile ba ne ba ikana gantsintsi ka dilo tse di seng botlhokwa tse ba sa di direng. Mme Jesu o ne a re: “Se ikaneñ ka gopè . . . E, e nnè E; ha e le Nya, e nnè Nya.” Molao wa gagwe o ne o le bonolo: Nna boammaaruri ka dinako tsotlhe, o seka wa tlhoka go tlhomamisa se o se buang ka go ikana. Ikane fela mo dilong tsa botlhokwa.—Mathaio 5:33-37; bapisa 23:16-22.
17. Jesu o ne a ruta tsela efe e e botoka e e gaisang ya gore ‘leitlho le tswelwe ke leitlho le leino ke leino’?
17 Morago Jesu o ne a re: “Lo utlwile ha go tulwè, A leitlho le cwèlwè ke leitlhō, le leinō ke leinō: Me nna ke lo raea ke re, Se ganeleñ le motho eo o boshula: me eo u gu hapholañ kaha lesameñ ye legolo, mo neèlè le ye leñwe.” (Mathaio 5:38-42) Jesu fano ga a reye fa motho a go itaya a batla go go utlwisa botlhoko mme o raya fa motho a go itaya ka lentle la seatla a go rumola. O seka wa intsha seriti ka go omana le ene. Gana go duela bosula ka bosula. Go na le moo, dirang molemo mme ka go dira jalo lo ‘fenye bosula ka molemo.’—Baroma 12:17-21.
18. (a) Bajuda ba ne ba fetola molao wa go rata moagelani wa gago jang, mme Jesu o ne a ganetsa seno jang? (b) Jesu o ne a araba ramolao mongwe yo a neng a batla gore “oa ga eno” a se dirisediwe mongwe le mongwe jang?
18 Mo sekaing sa borataro ebile e le sa bofelo, Jesu o ne a supa ka phepafalo kafa Molao wa ga Moshe o koafaditsweng ke dingwao tsa baruti ka gone jaana: “Lo utlwile ha go tulwe, Rata oa ga eno, me u ilè mmaba oa gago: Me nna ke lo raea, ke re, Ratañ baba ba lona, lo rapèlèlè ba ba lo bogisañ.” (Mathaio 5:43, 44) Molao o o kwadilweng wa ga Moshe ga o tlhomele lorato melelwane: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Lefitiko 19:18) Bafarisai ke bone ba ba neng ba thiba molawana ono, mme gore ba o tile ba ne ba dirisa lefoko “oa ga eno” fela mo bathong ba ba neng ba boloka dingwao. Go ne go ntse jalo fa Jesu moragonyana a ne a gakolola ramolao mongwe ka molao wa go ‘rata wa ga eno jaaka o ithata,’ monna yoo o ne a tila ntlha eo a re: “Ana, moñwe ka nna e be e le mañ?” Jesu o ne a araba ka setshwantsho sa Mosamaria yo o molemo—nna moagelani wa motho yo o tlhokang seo mo go wena.—Luke 10:25-37.
19. Jesu o ne a akantsha gore re latele tsela efe e e tshwanang le ya ga Jehofa mabapi le baikepi?
19 Fa a tswelela ka thuto ya gagwe, Jesu o ne a bolela gore ‘Modimo o ne o bontsha ba ba bosula lorato. O ne o ba tlhabisetsa letsatsi le go ba nesetsa pula. Ga o dire molemo ope fa o rata ba ba go ratang. Baikepi ba dira jalo. Ga go na lebaka la gore o ka duelelwa seo. Itshupeng fa lo le barwa ba Modimo. Mo etseng. Nna moagelani wa botlhe mme o rate moagelani wa gago. Mme ka gone lo nne “boitekanèlō, yaka Rra eno eo o kwa legodimoñ a le boitekanèlō.”’ (Mathaio 5:45-48) Abo seo e le tekanyetso e e gwetlhang jang ne go e tshelela. Mme abo e supa bakwadi le Bafarisai ba sa siama jang ne!
20. Go na le go beela Molao wa ga Moshe kwa thoko, Jesu o ne a o atolosa a bo a nonotsha kafa o tshwanetseng go ama batho ka gone a bo a o goletsa jang?
20 Ka jalo fa Jesu a ne a umaka dikarolo tsa Molao a bo a oketsa ka go re, “Me nna ke lo raea, ke re,” o ne a sa kgaphele Molao wa ga Moshe kwa thoko a o emisetsa ka sengwe. Nnyaa, mme o ne a nonotsha maatla a one ebile a o atolosa ka go supa se tota o se kayang. Molaomotheo wa bomodimo ka bokaulengwe o supa fa go tlhoka botsalano e le go bolaya. Molaomotheo wa bomodimo ka go itsheka o supa gore fa o tswelela o eletsa sengwe ke boaka. Molaomotheo wa bomodimo ka lenyalo ga o dumelele go tlhala fela go sa tlhokege mme o supa fa e le tsela e e dirang gore motho a nyale gape ka jalo a dira boaka. Molaomotheo wa bomodimo kaga go nna boammaaruri o bontsha gore go ikana gantsintsi ga go tlhokege. Molaomotheo wa bomodimo wa go nna bonolo ga o dumelele go ipusolosetsa. Molaomotheo wa bomodimo ka lorato o batla gore batho ba ratane ka lorato lwa bomodimo lo lo senang melelwane.
21. Kgothatso ya ga Jesu e ne ya senola eng kaga go ipona tshiamo ga baruti, mme boidiidi jwa batho bo ne bo tla ithuta eng gape?
21 Abo dikgothatso tseo di neng di sa itsiwe tseo di tshwanetse tsa bo di ile tsa ama bao e neng e le lantlha ba di utlwa bao thata jang ne! Abo di ne di supa fa go ipona tshiamo ga boitimokanyo goo go neng go bonwa ka go nna batlhanka ba dingwao tseo tsa baruti go sena mosola jang ne! Mme fa Jesu a ntse a tswelela ka Thuto ya gagwe ya kwa Thabeng, boidiidi jwa batho jo bo neng bo bolailwe ke tlala le lenyora la tshiamo ya Modimo bo ne bo tla ithuta kafa bo ka bo bonang ka gone ka mo go kgethegileng, jaaka setlhogo se se latelang se bontsha.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ne ba itirela dingwao tse di sa kwalwang?
◻ Jesu o ne a dira phetogo efe e e tlhomologileng mo bakwading le Bafarisai le batho ba ba tlwaelegileng?
◻ Bakwadi le Bafarisai ba ne ba solofetse go amogelwa ke Modimo ba siame jang?
◻ Jesu o ne a supa gore tsela ya go tila kgokafalo le boaka ke efe?
◻ Jesu o ne a tlhoma ditekanyetso dife tse di kwa godimo malebana le go bontsha boikaelelo jwa Molao wa ga Moshe?