LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 10/1 ts. 15-20
  • Nnang Lo Batle Bogosi jwa Modimo le Tshiamo ya Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang Lo Batle Bogosi jwa Modimo le Tshiamo ya Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithapelo Tse Di Itumedisang Modimo
  • Iphutheleng Dikhumo tsa Selegodimo
  • Tumelo E E Tlosang go Tshwenyega
  • Go Bona Bogosi jwa Modimo le Tshiamo ya Gagwe
  • Tshiamo Ga E Bonwe Ka Dingwao Tse Di Sa Kwalwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Nnang Badiri ba Lefoko, Eseng Bautlwi Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Molao O o Sa Kwalwang—Ke Eng Fa o Ile wa Kwalwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Thero e e Itsegeng Thata ya Kwa Thabeng
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 10/1 ts. 15-20

Nnang Lo Batle Bogosi jwa Modimo le Tshiamo ya Gagwe

“Batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—MATHAIO 6:33.

1, 2. Bakwadi le Bafarisai ba ne ba fetola ditiro tseo di neng di le molemo go nna eng, mme Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe tlhagiso efe?

BAKWADI le Bafarisai ba ne ba batla tshiamo ka tsela e e leng ya bone, eo e neng e se ya Modimo. Mme eseng seo fela, ba ne ba fetola ditiro tseo di neng di le molemo, ba di dira tsa boitimokanyi gore di bonwe ke batho. Ba ne ba sa direle Modimo mme ba direla fela gore ba tlotlomadiwe. Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana ka dilo tseo tse di dirwang fela gore o bonwe: “Lo itisè gore lo se dihe tshiamō ea lona ha pele ga batho, go bōnwa ke bōnè: gonne ha lo diha yalo, ga lo na tuèlō kwa go Rra eno eo o kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:1.

2 Jehofa o anaanela bao ba abelang bahumanegi—mme eseng bao ba abang jaaka Bafarisai. Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana gore ba seka ba dira jaaka bone: “Ke gōna e re ha u ntsha dikacō, u se ka ua letsa lonaka ha pele ga gago, yaka baitimokanyi ba tle ba dihe mo matluñ a thutō, le mo mebileñ, gore ba nnè le tlotlègō mo bathuñ. Amarure kea lo raea tuèlō ea bōnè ba setse ba e amogetse.”—Mathaio 6:2.

3. (a) Bakwadi le Bafarisai ba ne ba dueletswe go aba ga bone ka botlalo ka tsela efe? (b) Boemo jwa ga Jesu ka go aba bo ne bo farologane jang?

3 Lefoko la Segerika le le diriseditsweng ‘ba setse ba amogetse’ (a·peʹkho) e ne e le lereo leo gantsi le neng le tlhola le bonwa mo dirasiting tsa kgwebo. Go dirisiwa ga lone mo Thutong ya kwa Thabeng go supa gore “ba setse ba amogetse tuelo ya bone,” ke gore, “ba saenne rasiti ya tuelo ya bone: ba bone tshwanelo ya bone ya go duelwa, ka tlhomamo fela mo eketeng ba setse ba ntshitse le rasiti ya yone.” (An Expository Dictionary of New Testament Words, e e kwadilweng ke W. E. Vine) Dimpho tse di neng di newa bahumanegi di ne di kopiwa phatlalatsa mo mebileng. Maina a ba ba neng ba ntshitse dikatso a ne a begiwa kwa disinagogeng. Bao ba neng ba ntsha madi a mantsi ba ne ba tlotlomadiwa ka mo go kgethegileng ka go newa ditulo tse di bapileng le tsa baruti kwa kobamelong. Ba ne ba aba gore ba bonwe ke batho; ba ne ba bonwa ke batho ebile ba ba tlotlomatsa; ka gone, ba ne ba ka tiba setempe sa rasiti ya tuelo ya go aba ga bone gore “Go Duetswe Gotlhe.” Abo boemo jwa ga Jesu bo ne bo farologane jang ne! Aba “mo sephiriñ; me Rrago eo o bōnañ mo sephiriñ, o tla gu duèla.”—Mathaio 6:3, 4; Diane 19:17.

Dithapelo Tse Di Itumedisang Modimo

4. Ke ka ntlha yang fa dithapelo tsa Bafarisai di ile tsa dira gore Jesu a ba bitse baitimokanyi?

4 Jehofa o anaanela dithapelo tse di lebisiwang kwa go ene—mme eseng jaaka Bafarisai ba ne ba rapela. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ha lo rapèla, lo se ka loa nna yaka baitimokanyi: gonne bōnè ba rata go rapèla ba eme mo matluñ a thutō, le ha makōpanelōñ a mebila gore ba bonwe ke batho. Amarure kea lo raea, tuèlō ea bōnè ba e amogetse.” (Mathaio 6:5) Bafarisai ba ne ba na le dithapelo tse dintsi tseo ba neng ba di boeletsa letsatsi le letsatsi, ka dinako tse di rileng, go sa kgathalesege gore ba ne ba le kwa kae. Ba ne ba tshwanetse go rapelela mo sephiring. Lefa go le jalo, ba ne ba kgona go loga maano a gore ka nako ya go rapela ba bo ba le kwa “makōpanelōñ a mebila,” gore ba bonwe ke batho ba ba fetang ba tswa mo dintlheng tsotlhe tse nnè.

5. (a) Ke ditiro dife tse dingwe tsa Bafarisai tseo di neng di dira gore Modimo o seka wa reetsa dithapelo tsa bone? (b) Jesu o ne a baya dilo dife kwa pele mo thapelong ya gagwe ya sekao, mme a batho ba dumalana le seo gompieno?

5 Ba ne ba tle ba “ipate ka go diha merapèlō e melele” ba itshupa jaaka ekete ba boitshepo mme ba sa nna jalo. (Luke 20:47) Ngwao nngwe e e sa kwalwang e ne e re: “Banna ba ba ratang bodumedi ba bogologolo ba ne ba tlhola ba leta oura pele ba bua Tefillah [thapelo].” (Mishnah) Ka nako eo, mongwe le mongwe o ne a tla bona boineelo jwa bone mme a bo gakgamalele! Dithapelo tse di ntseng jalo di ne di boa fela fa godimo ga ditlhogo tsa bone. Jesu o ne a rile go rapelelwe mo sephiring, go sa boaboelediwe, ebile o ne a ba naya sekao se se motlhofo tota. (Mathaio 6:6-8; Yohane 14:6, 14; 1 Petere 3:12) Thapelo ya ga Jesu ya sekao e ne e baya dilo tse di botlhokwa kwa pele: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina la gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè.” (Mathaio 6:9-13) Gompieno ke batho ba sekae fela ba ba itseng leina la Modimo, mme ba ba batlang go le itshepisa ba babotlana thata le go feta moo. Ka gone ba re Modimo ga o na leina. Bogosi jwa Modimo bo tle? Batho ba bantsi ba akanya gore bo setse bo tlile, bo mo teng ga bone. Ba ka nna ba rapelela gore go rata ga gagwe go dirwe mme bontsi jwa bone bo dira se bo se ratang.—Diane 14:12.

6. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kgala go itima dijo ga Bajuda a re ga go na bokao bope?

6 Jehofa ga a kgatlhanong le go itima dijo—mme eseng jaaka Bafarisai ba ne ba go dira. Fela jaaka dikatso tse bakwadi le Bafarisai ba neng ba di ntsha le dithapelo tse ba neng ba di rapela, Jesu o ne a bolela gape gore go itima dijo ga bone le gone go ne go sa kae sepe: “E re ha lo ikitsa go ya, lo se ka loa itlhontsha dihatlhōgō yaka baitimokanyi: ka go bo bōnè ba itlhontsha dihatlhōgō, gore ba bōnwè ke batho yaka ba ikiditse go ya. Amarure kea lo raea, tuèlō ea bōnè ba setse ba e amogetse.” (Mathaio 6:16) Dingwao tsa bone tse di sa kwalwang di ne di laola Bafarisai gore ba seka ba tlhapa kana go itlotsa sepe mme ba itshase molora mo ditlhogong fa ba itima dijo. Fa ba sa itime dijo, Bajuda ba ne ba tlhapa ka metlha ba bo ba tshasa mebele ya bone lookwane.

7. (a) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go itshwara jang fa ba itima dijo? (b) Mabapi le go itima dijo, ke eng seo Jehofa a neng a se batla mo motlheng wa ga Isaia?

7 Jesu o ne a bua le barutwa ba gagwe jaana mabapi le go itima dijo: “E re ha u ikitsa go ya, u itlotsè tlhōgō, u tlhapè mo sehatlhogoñ; Gore u se bonwe ke batho ha u ikiditse go ya, ha e se ke Rrago.” (Mathaio 6:17, 18) Mo metlheng ya ga Isaia Bajuda ba ba neng ba sa tlhole ba sala kobamelo morago ba ne ba itumedisiwa ke go itima dijo, ba utlwisa meya ya bone botlhoko, ba oba ditlhogo tsa bone, ba nna mo godimo ga dikgetse le mo meloreng. Mme Jehofa o ne a batla gore ba golole ba ba gatelelwang, ba nee ba ba bolawang ke tlala dijo, ba nee ba ba senang matlo bonno, ba bo ba apese ba ba senang diaparo.—Isaia 58:3-7.

Iphutheleng Dikhumo tsa Selegodimo

8. Ke eng se se neng sa dira gore bakwadi le Bafarisai ba latlhegelwe ke pono ya kafa ba ka amogelwang ke Modimo ka gone, mme ba ne ba tlhokomologa molaomotheo ofe o o neng wa bolelwa ke Paulo moragonyana?

8 Fa ba ntse ba batla go lejwa e le ba ba siameng, bakwadi le Bafarisai ba ne ba latlhegelwa ke pono ya kafa ba ka amogelwang ke Modimo ka gone mme ba tlhokomela fela kafa ba ka kgatlhang batho ka gone. Ba ne ba tshwarega thata mo dingwaong tsa batho mo ba neng ba beela Lefoko le le kwadilweng la Modimo kwa thoko. Ba ne ba tlhoma dipelo tsa bone mo go boneng maemo mo lefatsheng go na le go nna mo dikhumong tsa selegodimo. Ba ne ba itlhokomolosa boammaaruri jono jo bo motlhofo joo Mofarisai mongwe yo a neng a fetoga Mokeresete a neng a bo kwala dingwaga moragonyana: “Leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, lo se dihè ka pelo eotlhe, yaka e ka bo e le go dihèla Morèna, e señ batho; lo nntse lo itse ha tuèlō ea boshwa lo e amogèla mo Moreneñ.”—Bakolosa 3:23, 24.

9. Khumo ya selefatshe e ka tlhagelwa ke dikotsi dife, mme ke eng se se tla bolokang khumo ya selegodimo e bolokesegile?

9 Jehofa o kgatlhega fa wena o ineetse mo go ene, eseng madi a o nang le one kwa bankeng. O itse gore pelo ya gago e kwa khumo ya gago e leng gone. A khumo ya gago e ka jewa ke morodu le motoutwana? A magodu a ka epa mabota a mmu mme a e utswa? Kana mo metlheng eno ya itsholelo e e sa tlhomamang, a go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dilo go ka ngotla maatla a madi a go reka kana go wa ga mafelo a a rekisang dishere go ka e nyeletsa? A bonokwane jo bo ntseng bo gola bo ka dira gore khumo ya gago e utswiwe? Eseng fa e bolokilwe kwa legodimong. Eseng fa leitlho la gago—lobone lo lo bonesang mmele otlhe wa gago—le bona sentle, le lebile fela mo Bogosing jwa Modimo le tshiamo ya gagwe. Dikhumo di na le tsela eo di nyelelang ka yone. “U se ka ua itapisetsa go humisiwa: khutlèla botlhale yoa gago. A ua bo u tla tlhōma matlhō mo go shōna se se seoñ? gonne rure dikhumō di tle di itihèlè diphuka, yaka ncwi eo motona eo o hohèlañ kwa legodimoñ.” (Diane 23:4, 5) Ka jalo ke ka ntlha yang fa o ka itlhokisa boroko ka ntlha ya khumo? “Go kgora ga mohumi ga go mo leseletse go rōbala.” (Moreri 5:12) Gakologelwa tlhagiso eno ya ga Jesu: “Ga lo kake loa dihèla Modimo le Dikhumō.”—Mathaio 6:19-24.

Tumelo E E Tlosang go Tshwenyega

10. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go dumela mo Modimong go na le mo dilong tse di bonalang tseo re nang le tsone, mme Jesu o ne a neela kgakololo efe?

10 Jehofa o batla gore o dumele mo go ene, eseng mo dilong tse di bonalang tse o nang le tsone. “Kwa ntlè ga tumèlō go reteletse rure go o kgatlha: gonne eo o tlañ Modimoñ o na le go dumèla ha o leeō, e bile e le ōna moduedi oa ba ba o batlañ.” (Bahebera 11:6) Jesu o ne a re: “Botshelo yoa motho ga boa èma mo le[t]lotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.” (Luke 12:15) Dimilione tse di mo bankeng ga di kake tsa dira gore makgwafo a a nang le bolwetsi a nne a ntse a dira kana pelo e e lapileng e nne e ntse e pompa. Ka jalo “ke gōna ke lo raeañ, ke re,” Jesu o ne a tswelela jaana mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Se tlhobaeleleñ botshelō yoa lona, loa re, Re tla ya eñ, re tla nwa eñ? leha e le kaga mmele, loa re, Re tla apara eñ? Botshelō a ga bo gaise diyō, le mmele diaparō?”—Mathaio 6:25.

11. Jesu o ne a bona ditshwantsho tsa gagwe tse dintsi kae, o ne a supa seno jang mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng?

11 Jesu e ne e le setswerere tota mo go direng ditshwantsho. O ne a akanya ka tsone gongwe le gongwe kwa a neng a leba gone. O ne a bona mosadi a baya lobone lo lo tshubilweng mo setlhomong mme a go fetola setshwantsho. O ne a bona modisa a kgaoganya dinku mo dipoding; mme ya nna setshwantsho. O ne a bona bana ba tshameka kwa marekisetsong; mme ya nna setshwantsho. Go ne ga nna fela jalo mo Thutong ya kwa Thabeng. Fa a ntse a bua ka go tshwenyega ka dilo tse di tlhokegang tsa nama, o ne a dira ditshwantsho ka dinonyane tse di fofang foo le dithunya tse di kgabisitseng thaba. A dinonyane di a jala le go roba? Nnyaa. A dithunya di a otlha le go loga? Nnyaa. Di dirilwe ke Modimo; o a di tlhokomela. Lefa go ntse jalo lona, lo botlhokwa go gaisa dinonyane le dithunya. (Mathaio 6:26, 28-30) O ne a ntsha Morwawe ka ntlha ya lona, eseng tsone.—Yohane 3:16.

12. (a) A ditshwantsho kaga dinonyane le dithunya di ne di raya gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa tshwanela go dira? (b) Jesu o ne a gatelela ntlha efe mabapi le tiro le tumelo?

12 Jesu fano o ne a sa reye barutwa ba gagwe a re ba ne ba sa tlhoke go dira gore ba bone dijo le diaparo. (Bona Moreri 2:24; Baefesia 4:28; 2 Bathesalonia 3:10-12) Mo mosong oo wa dikgakologo, dinonyane di ne di ntse di batla dijo, di ipatlela balekane, di aga dintlhaga, di ntse mo maeng, di fepa mamphorwana a tsone. Di ne di dira mme di sa tshwenyege ka gope. Dithunya le tsone di ne di ntse di totometsa medi ya tsone mo mmung di batla metsi le matswai mme di ntsha matlhare a tsone gore a bone letsatsi. Di ne di tshwanelwa ke gore di gole mme di thunye di bo di dire peo pele di swa. Di ne di dira mme di sa tshwenyege ka gope. Modimo o tlhokomela dinonyane le dithunya. “A ga o ketla o apesa lona bogolo yañ, lona ba tumèlō e pōtlana?”—Mathaio 6:30.

13. (a) Ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela gore Jesu a dirise selekanyo sa letsogo fa a ne a bua ka go oketsa boleele jwa botshelo jwa motho? (b) O ka oketsa botshelo jwa gago ka dikilometara tse di dimilione tse di sa feleng jang, jaaka go ne go ka tualo?

13 Ka jalo nnang le tumelo. Lo seka lwa tshwenyega ka sepe. Go tshwenyega ga go kitla go fetola sepe. “Me ke ohe oa lona eo o ka ikoketsañ bolele yoa lecōgō le le leñwe hèla [“mo botshelong jwa gagwe,” NW],” Jesu o ne a botsa, “ka go itlhobaèlèla bobe?” (Mathaio 6:27) Mme ke ka ntlha yang fa Jesu a amanya mokgwa wa go lekanya bokgakala, selekanyo sa boleele jwa letsogo le le lengwe, le selekanyo sa nako ya boleele jwa botshelo? Gongwe ke ka gonne gantsi Bibela e tshwantsha boleele jwa botshelo le loeto, e dirisa dipolelo tse di tshwanang le ‘tsela ya baleofi,’ “tselana ea mosiami,” ‘tsela e kgolo e e isang tshenyegong,’ le ‘tsela e tshesane e e isang botshelong.’ (Pesalema 1:1; Diane 4:18; Mathaio 7:13, 14) Go tshwenyega ka dilo tse di tlhokwang tsa letsatsi ga go kake ga oketsa botshelo jwa motho lefa go le gonnye fela, ka “bolele yoa lecōgō,” jaaka go ne go ka tualo. Mme go na le tsela eo o ka lelefatsang botshelo jwa gago ka yone ka dikilometara di le dimilione tse di sa feleng, jaaka go ne go ka tualo. Eseng ka go tshwenyega le go bua o re: “Re tla ya eñ?” kana “Re tla nwa eñ?” kana “Re tla apara eñ?” mme ka go nna le tumelo le go dira seno seo Jesu a re bolelelang gore re se dire: “Batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:31-33.

Go Bona Bogosi jwa Modimo le Tshiamo ya Gagwe

14. (a) Setlhogo sa Thuto ya kwa Thabeng e ne e le sefe? (b) Bakwadi le Bafarisai ba ne ba batla Bogosi le tshiamo ka tsela efe e e phoso?

14 Mo moleng o o simololang wa Thuto ya ga Jesu ya kwa Thabeng, o ne a bolela gore Bogosi jwa legodimo ke jwa bao ba tshwenyegang ka seo ba se tlhokang semoyeng. Mo moleng wa bonè, o ne a bolela gore bao ba bolailweng ke tlala le lenyora la tshiamo ba tla kgorisiwa. Jesu fano o baya Bogosi le tshiamo ya ga Jehofa kwa pele. Ke tsone setlhogo sa Thuto ya kwa Thabeng. Ke karabo ya dilo tseo batho botlhe ba di tlhokang. Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya Modimo di bonwa jang? Re tswelela re di batla jang? Eseng ka tsela eo bakwadi le Bafarisai ba neng ba dira ka yone. Ba ne ba batla Bogosi le tshiamo ka Molao wa ga Moshe, oo ba neng ba bolela gore o akaretsa dingwao tse di sa kwalwang, ereka ba ne ba dumela gore Modimo o ne wa naya Moshe Molao o o kwadilweng le dingwao tse di sa kwalwang kwa Thabeng ya Sinai.

15. (a) Go ya ka Bajuda, dingwao tsa bone tse di sa kwalwang di simologile kae, mme ba ne ba di godisa go feta Molao wa ga Moshe jang? (b) Totatota, dingwao tseo di simologile leng, mme di ne tsa ama jang Molao wa ga Moshe?

15 Ngwao ya bone mabapi le seno e ne e re: “Moshe o ne a amogela Molao [ntlhanyana e e kwa tlase, “Molao o o sa Kwalwang”] kwa Sinai mme a o naya Joshua, mme Joshua a o naya bagolwane, bagolwane ba o naya Baperofeti; mme Baperofeti ba o naya banna ba Sinagoge e Kgolo.” Fa nako e ntse e tsamaya molao wa bone o o sa kwalwang o ne wa golediwa kwa godimo ga Molao o o kwadilweng: “[Fa] motho a tlola mafoko a Molao [o o kwadilweng], ga a na molato,” mme fa a “oketsa mafoko a Bakwadi [dingwao tse di sa kwalwang], o molato.” (Mishnah) Dingwao tsa bone tse di sa kwalwang ga di a simolola kwa Sinai. Tota di ne tsa simolola go ntsifala makgolo a mabedi a dingwaga pele Keresete a tla. Di ne tsa oketsa Molao wa ga Moshe, tsa bo tsa o fokotsa, le go o dira oo eseng wa sepe.—Bapisa Duteronome 4:2; 12:32.

16. Batho ba ka bona tshiamo ya Modimo jang?

16 Tshiamo ya Modimo ga e bonwe ka Molao mme kwantle ga one: “Gonne ga go na nama epè e e siamisiwañ mo matlhoñ a ōna ka ditihō tsa molaō: gonne kicō ea boleo e tla ka molaō. Me gompiyeno go bonetse tshiamō ea Modimo kwa ntlè ga molaō, e shupilwe ke molaō le baperofeti; Eboñ tshiamō ea Modimo e e cwañ mo go Yesu Keresete.” (Baroma 3:20-22) Ka jalo tshiamo ya Modimo e bonwa ka go dumela mo go Keresete Jesu—mme seno se ne sa ‘supiwa ke molao le baperofeti’ ka botlalo. Boperofeti jo bo mabapi le Mesia bo ne jwa diragadiwa mo go Jesu. O ne a diragatsa gape le Molao; o ne wa tlosiwa ka go kokotelwa mo mokgorong wa pogisetso.—Luke 24:25-27, 44-46; Bakolosa 2:13, 14; Bahebara 10:1.

17. Go ya ka moaposetoloi Paulo, Bajuda ba ne ba palelwa ke go itse tshiamo ya Modimo jang?

17 Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a neng a kwala jaana malebana le go palelwa goo ga Bajuda go batla tshiamo: “Gonne ke shupa kaga bōnè ha ba na le tlhōahalō kaga Modimo, me e be e se kaha kicoñ. Gonne e rile ka ba sa itse tshiamō ea Modimo, me ba senka go tlhōmamisa e e leñ ea bōnè, ga baa ka ba ineèla mo tshiamoñ ea Modimo. Gonne Keresete ke bowèlō yoa molaō go isa tshiamoñ mo go moñwe le moñwe eo o dumèlañ.” (Baroma 10:2-4) Paulo le ene o ne a kwala jaana kaga Keresete Jesu: “Èna eo o na a sa itse boleo bopè, o mo dihile go nna boleo mo boemoñ yoa rona; gore rona re nne tshiamo ea Modimo mo go èna.”—2 Bakorintha 5:21.

18. Bajuda ba ba gagamaletseng dingwao, batlhalefi ba Bagerika, le “ba ba bidicweñ” ba ne ba leba ‘Keresete yo o bapotsweng’ jang?

18 Bajuda ba ne ba kaya Mesia yo o swang jaaka sengwe se se bokoa se eseng sepe. Batlhalefi ba Bagerika ba ne ba sotla Mesia ba re ke boeleele fela. Lefa go ntse jalo, go ntse fela jaaka Paulo a ne a bolela jaana: “Ka Bayuda ba lōpa dichupō, le Bagerika ba batla botlhale: Me rona re rèra Keresete a bapocwe, e le sekgopishō mo Bayudeñ, me mo go Badichaba e le dinyana hèla; Me mo go ba ba bidicweñ, Bayuda le Bagerika, re rèra Keresete, e le nonohō ea Modimo, le botlhale yoa Modimo. Ka go bo dilō tsa Modimo tse di kaiwañ dinyana di bo di le botlhale bogolo go batho; le tsa Modimo tse di kaiwañ bokōa di nonohile bogolo go batho.” (1 Bakorintha 1:22-25) Keresete Jesu ke tshupo ya maatla a Modimo le botlhale jwa one gape Modimo o tlile go naya batho ba ba kutlo tshiamo le botshelo jo bosakhutleng ka ene. “Ga go [na] poloka mo go ōpè o sele; le gōna ga go leina lepè le sele ha tlhatse ga legodimo, ye batho ba le neilweñ, ye re nañ le go bolokwa mo go yeōna.”—Ditihō 4:12.

19. Setlhogo se se latelang se tlile go bontsha eng?

19 Setlhogo se se latelang se tla bontsha gore re tshwanetse go batla Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe gore re falole tshenyego mme re bone botshelo jo bosakhutleng. Seo se tshwanetse go dirwa eseng fela ka go reetsa seo Jesu a se buang mme gape ka go dira go ya kafa a buang ka gone.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Badumedi ba Bajuda ba ne ba fetola dikatso tsa kutlwelobotlhoko, dithapelo le go itima dijo go nna eng?

◻ Ke lefelo lefe le le bolokesegileng leo o ka bolokang khumo ya gago kwa go lone?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go tshwenyega ka dilo tse di bonalang tseo re di tlhokang?

◻ Bajuda ba ne ba bolela gore dingwao tse di sa kwalwang di tswa kae mme go sa nna jalo?

◻ Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe di bonwa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Bafarisai ba ne ba rata go rapela ba eme mo makgabaga-nyong a mebila, koo batho ba neng ba ka kgona go ba bona gone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela