Mishnah le Molao wa Modimo o o Neilweng Moshe
“RE SIMOLOLA ka kgopolo ya gore re tsena mo motlotlong o e leng kgale o tsweletse pele o go buiwang ka dikgang tse re sa kgoneng go di tlhaloganya . . . Re . . . ikutlwa e kete re mo phaposing e batsamai ba letang mo go yone kwa boemafofaneng jo bo kgakala. Re tlhaloganya mafoko a batho ba a buang, mme re tlhakanngwa tlhogo ke se tota ba se kayang le se ba amegileng ka sone, segolobogolo re tlhakanngwa tlhogo ke go ja ka potlako ga bone.” Ke kafa mokanoki wa Mojuda e bong Jacob Neusner a tlhalosang maikutlo a babadi ba ba ka tswang ba nna le one fa ba bala Mishnah ka lekgetlho la ntlha. Neusner o oketsa jaana: “Ga go na mo Mishnah e simololang teng. E konela dikgang e sa di fetsa.”
Mo go A History of Judaism, Daniel Jeremy Silver o bitsa Mishnah a re ke “mokwalo o o botlhokwa wa Tsamaiso ya Sejuda ya borabi.” Mme tota, o akgela gape jaana: “Mishnah e ne ya tsaya maemo a Baebele go nna sone selo sa konokono se se neng se ithutiwa go tsweletsa thuto ya [Sejuda] pele.” Go tlile jang gore buka e e ntseng jalo e e nang le mokwalo o o sa tlhaloganyesegeng e tsewe e le botlhokwa jaana?
Bontlhanngwe jwa karabo bo mo kakgelong eno e e mo go Mishnah: “Moshe o ne a amogela Torah kwa Sinai mme a e neela Joshua, Joshua a e neela bagolwane mme bagolwane ba e neela baporofeti. Mme baporofeti ba ne ba e fetisetsa mo banneng ba setlhopha se segolo sa molao.” (Avot 1:1) Mishnah e bolela gore e tlotla ka tshedimosetso e e neng ya fiwa Moshe kwa Thabeng ya Sinai—karolo nngwe e e sa kwalwang ya Molao wa Modimo o o neng o ya kwa Iseraele. Banna ba setlhopha se segolo sa molao (se moragonyana se neng sa bidiwa Saneheterine) ba ne ba tsewa e le ba karolo ya bakanoki ba bantsintsi ba ba botlhale, kana batlhalefi ba ba neng ba fetisetsa dithuto tse di rileng ka molomo go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe go fitlhela kgabagare di kwalwa mo teng ga Mishnah. Mme gone a go ntse jalo? Ke mang yo tota a neng a kwala Mishnah mme ka ntlha yang? A dilo tse di kwadilweng mo go yone di tswa mo go Moshe go tswa kwa Sinai? A e na le bokao mo go rona gompieno?
Tsamaiso ya Sejuda E e Se Nang Tempele
Tumelo ya gore go na le molao wa Modimo o o sa kwalwang kwantle ga Molao o o kwadilweng wa ga Moshe e ne e le selo se se sa itsegeng fa Dikwalo di ne di kwalwa ka tlhotlheletso.a (Ekesodo 34:27) Makgolo a mantsi a dingwaga morago ga foo Bafarasai e ne e le bone setlhopha se mo Tsamaisong ya Sejuda se neng sa simolola le go rotloetsa kgopolo eno. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Basadukae le Bajuda ba bangwe ba ne ba le kgatlhanong le thuto eno e e seng ya Baebele. Le fa go ntse jalo, fa fela tempele e e kwa Jerusalema e ne e sa ntse e le motheo wa kobamelo ya Sejuda, kgang ya molao o o sa kwalwang e ne e se botlhokwa. Go obamela kwa tempeleng go ne go dira gore botshelo jwa Mojuda mongwe le mongwe bo nne le selekanyo se se rileng sa go tlhomama.
Le fa go ntse jalo, ka 70 C.E., setšhaba sa Bajuda se ne sa lebana le bothata jo bo seng kana ka sepe jwa bodumedi. Jerusalema e ne ya senngwa ke mophato wa masole a Roma mme go ne ga bolawa Bajuda ba ba neng ba feta milione. Tempele, e e neng e le lefelo la konokono la kobamelo ya bone, e ne e sa tlhole e le gone. Go tshela ka Molao wa ga Moshe, o o neng o laela gore go dirwe ditlhabelo le gore baperesiti ba dire kwa tempeleng, e ne e le selo se se ka se kang sa kgonega. Motheo wa Tsamaiso ya Sejuda o ne o sa tlhole o le gone. Mokanoki wa Talmud e bong Adin Steinsaltz o kwala jaana: “Tshenyo . . . ya 70 C.E. e ne ya dira gore go potlake thata gore motheo otlhe wa bodumedi o tlhomiwe sesha.” Mme ba ne ba o tlhoma sesha tota.
Tota le pele ga tempele e senngwa, Yohanan Ben Zakkai, morutwa yo o tlotlegang wa moeteledipele wa Mofarasai e bong Hillel, o ne a fiwa tetla ke Vespasian (yo o neng a tla tloga a nna mmusimogolo) gore a fuduse motheo wa konokono wa kobamelo ya Tsamaiso ya Sejuda le Saneheterine go tswa kwa Jerusalema go ya kwa Yavneh. Jaaka Steinsaltz a tlhalosa, fa Jerusalema e sena go senngwa, Yohanan Ben Zakkai “o ne a lebana le kgwetlho ya go tlhomela batho lefelo le lesha le go ba thusa go tlwaelana le maemo a masha a mo go one tlhoafalo ya bodumedi e neng e tshwanetse gore e lebisiwe mo selong se sesha e re ka jaanong Tempele e ne e sa tlhole e le teng.” Selo seo se sesha e ne e le molao o o sa kwalwang.
E re ka tempele e ne e le matlotla fela, Basadukae le makoko a mangwe a Sejuda a ne a se ka a naya batho sepe se se farologaneng se se kgotsofatsang. Bafarasai e ne ya nna bone tlhotlheletso e kgolo ya Bajuda, ba ngoka le baganetsi ba bone. Go gatelela kutlwano, borabi ba ba etelelang pele ba ne ba tlogela go ipitsa Bafarasai, e leng lereo le le nang le mogopolo wa go ikgaoganya, le wa go nna makoko. Ba ne ba itsege fela e le borabi, “batlhalefi ba Iseraele.” Batlhalefi bano ba ne ba tlhoma thulaganyo ya ditumelo gore ba tle ba tshegetse kgopolo ya bone ya molao o o sa kwalwang. E ne e tla nna motheo wa semoya o o ka se kang wa tlhaselwa ke batho jaaka tempele.
Go Nonotsha Molao O o Sa Kwalwang
Le mororo sekolo sa borabi kwa Yavneh (dikilometara di le 40 ntlheng ya bophirima jwa Jerusalema) e ne e setse jaanong e le lefelo la konokono, go ne ga simologa go nna le dikolo tse dingwe tse mo go tsone go neng go rutwa molao o o sa kwalwang mo Iseraeleng yotlhe mme tota le go fitlha kgakalakgakala kwa Babilone le Roma. Le fa go ntse jalo, seno se ne sa baka mathata. Steinsaltz o tlhalosa jaana: “Fa fela batlhalefi botlhe ba ne ba kopanela mmogo golo go le gongwe mme tiro e kgolo ya bokanoki e dirwa ke setlhopha se le sengwe sa banna [kwa Jerusalema], ngwao e ne e tla nna e tshwana. Mme go ata ga barutisi le go tlhomiwa ga dikolo tse di farologaneng go ne ga dira gore go nne le . . . ditsela le mekgwa e mentsintsi ya go bua.”
Barutisi ba molao o o sa kwalwang ba ne ba bidiwa Tannaim, lefoko le le tserweng mo moding wa lefoko la Searamaika le le kayang “go ithuta,” “go boeletsa” kana “go ruta.” Seno se ne se gatelela mokgwa o ba neng ba ithuta le go ruta molao o o sa kwalwang ka one ka go o boeletsa thata le go tshwara dilo ka tlhogo. Go dira gore go kgonege gore dingwao tse di sa kwalwang di tshwarwe ka tlhogo, taolo nngwe le nngwe kana ngwao e ne e khutsafadiwa gore e nne polelwana e e khutshwane e e tlhamaletseng. Fa mafoko a le mmalwa, go nna botoka thata. Go ne go dirisiwa mokgwa wa poko mme gantsi dipolelo di ne di bokiwa kana di opelwa. Le fa go ntse jalo, ditaolo tseno di ne di se na thulaganyo mme di ne di farologana thata go tswa mo morutising yo mongwe go ya go yo mongwe.
Rabi wa ntlha yo o neng a neela tsela le mokgwa o o tlhamaletseng mo dingwaong tse dintsi tse di farologaneng e ne e le Akiba ben Joseph (c. 50-135 C.E.). Steinsaltz o kwala jaana ka ga gagwe: “Batho ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe ba tshwantsha tiro ya gagwe le ya modiri yo o yang kwa tshimong mme a bo a phuthela sengwe le sengwe se a se bonang mo teng ga seroto sa gagwe, morago ga foo o boela gae a bo a rulaganya sengwe le sengwe go ya kafa mofuteng wa sone. Akiba o ne a batlisisa dikgang tse dintsi tse di tlhakatlhakaneng mme a di rulaganya go ya ka dikarolo tse di farologaneng.”
Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E.—dingwaga di ka nna 60 fa Jerusalema e sena go senngwa—go ne ga nna le khuduego e kgolo ya bobedi ya Bajuda kgatlhanong le Roma e eteletswe pele ke Bar Kokhba. Botsoulodi jono bo ne jwa lere masetlapelo gape. Akiba le barutwa ba gagwe ba bantsi ba ne ba nna bangwe ba Bajuda ba le milione ba ba neng ba tlhaselwa. Tsholofetso epe fela ya go aga tempele sesha e ne ya senyega ka go bo Mmusimogolo wa Moroma e bong Hadrian o ne a iletsa Bajuda go tsena kwa Jerusalema, fa e se fela ka nako ya segopotso sa go senngwa ga tempele.
Ba-Tannaim ba ba neng ba nna teng morago ga Akiba ga ba ise ba ko ba bone tempele e e kwa Jerusalema. Mme mokgwa wa thuto ya dingwao tsa molao o o sa kwalwang e ne ya nna “tempele” ya bone kana motheo wa kobamelo. Tiro e e ileng ya simololwa ke Akiba le barutwa ba gagwe ya go nonotsha motheo ono wa molao o o sa kwalwang e ne ya tsweledisiwa pele ke wa bofelo wa Bo-Tannaim e bong Judah ha-Nasi.
Dilo Tse di Bopang Mishnah
Judah ha-Nasi e ne e le setlogolwana sa ga Hillel le Gamaliele.b E re ka a ile a tsholwa ka nako ya khuduego ya ga Bar Kokhba, o ne a nna moeteledipele wa Bajuda kwa Iseraele go ya kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi le go ya kwa tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga C.E. Sereto sa ha-Nasi se raya “kgosana” go supa maemo a o neng a na nao mo matlhong a Bajudakaene. Gantsi o bidiwa Rabi fela. Judah ha-Nasi o ne a etelela pele mo sekolong sa gagwe le mo Saneheterineng, sa ntlha kwa Bet She’arim mme moragonyana kwa Sepphoris kwa Galalea.
E re ka Judah ha-Nasi a ne a lemoga gore dikgotlhang tse di neng di ka runya mo isagweng gareng ga bone le Roma di ne di ka nna tsa nna diphatsa mo go anamisiweng ga molao o o sa kwalwang, o ne a iketleetsa go dira sengwe se se neng se tla tlhomamisa gore o nna o sireletsegile. O ne a phuthela bakanoki ba maemo a a kwa godimo thata ba motlha wa gagwe mo sekolong sa gagwe. Ntlha nngwe le nngwe le ngwao nngwe le nngwe ya molao o o sa kwalwang e ne ya sekasekiwa. Ditshobokanyo tsa dipuisano tseno di ne tsa kopanngwa go nna dipolelwana tse dikhutshwane, gore di tshwane le mokgwa o o gagametseng wa mokwalo wa maboko a Sehebera.
Ditshobokanyo tseno di ne tsa rulaganngwa ka dikarolo tsa konokono kana Ditlhogo tse thataro, go latelana go ya ka ditlhogo tse dikgolo. Judah o ne a di kgaoganya ka dikarolwana di le 63, kana ditlhogwana. Motheo wa kobamelo jaanong o ne o weditswe. Go fitlha ka nako eno, dingwao tse di ntseng jalo di ne di ntse di anamisiwa ka molomo. Mme gore di sireletsege thata, go ne ga tsewa kgato e kgolo thata go dira diphetogo—go kwala sengwe le sengwe. Mokgwa ono o o kwadilweng sesha o o kgatlhang o o neng o na le molao o o sa kwalwang o ne wa bidiwa Mishnah. Leina Mishnah le tswa mo moding wa lefoko la Sehebera e leng sha·nahʹ, le le kayang “go boeletsa,” “go ithuta,” kana go “ruta.” Le tshwana le la Searamaika e leng tenaʼʹ, le tan·na·ʼimʹ, e tswang mo go lone, e leng lefoko le le dirisediwang go bitsa barutisi ba Mishnah.
Boikaelelo jwa Mishnah e ne e se go tlhoma molao o o feletseng. E ne e bua thata ka dilo tse di neng di sa tlhalosiwa mo molaong, go tsewa gore mmadi o setse a itse melaometheo ya konokono. Totatota, o ne o sobokanya se se neng se sekasekiwa le go rutiwa mo dikolong tsa borabi ka nako ya ga Judah ha-Nasi. Mishnah e ne e tshwanetse go nna tshobokanyo ya molao o o sa kwalwang o o neng o tla sekasekiwa gape, e le mokgwa o o akaretsang, kana motheo, o go ka agelwang mo go one.
Go na le gore e senole sengwe se se neng sa fiwa Moshe kwa Thabeng ya Sinai, Mishnah e tlhalosa tsela e molao o o sa kwalwang o simolotseng ka yone, e leng kgopolo e e simolotsweng ke Bafarasai. Tshedimosetso e e kwadilweng go Mishnah e re naya tshedimosetsonyana malebana le mafoko a a mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika le ka dipuisano dingwe tse di nnileng teng fa gare ga Jesu Keresete le Bafarasai. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko ka gonne megopolo e e mo go Mishnah e bua ka dikgopolo tsa Bajuda go tloga ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Mishnah ke selo se se golaganyang nako ya fa gare ga tempele ya bobedi le Talmud.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona ditsebe 8-11 tsa boroutšhara jwa Will There Ever Be a World Without War?, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
b Bona setlhogo se se reng “Gamaliele O ne A Ruta Saule wa Tareso,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 15, 1996.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
Dikarolo Tsa Mishnah
Mishnah e kgaogantswe ka Ditlhogo di le thataro. Di na le dibukana kana ditlhogwana tse 63, tse di kgaogantsweng ka dikgaolo le mishnayot, kana dirapa (e seng ditemana).
1. Zeraim (Melao ya Temothuo)
Ditlhogwana tseno di akaretsa dipuisano ka dithapelo tse di dirilweng ka dijo le dilo tse di malebana le temothuo. Gape di akaretsa melao ya go ntsha ditsabosome, dikabelo tsa baperesiti, go ronopa le dingwaga tsa Sabata.
2. Moed (Dinako Tse di Boitshepo, Meletlo)
Ditlhogwana tse di kafa tlase ga Setlhogo seno di sekaseka melao e e amanang le Sabata, Letsatsi la Tetlanyo le meletlo e mengwe.
3. Nashim (Basadi, Molao wa Lenyalo)
Tseno ke ditlhogwana tse di tlotlang ka lenyalo le tlhalo, maikano, Banasarita le dikgang dingwe tsa boaka jo bo belaelwang.
4. Nezikin (Ditshenyegelo le Molao wa Naga)
Ditlhogwana tsa Setlhogo seno di akaretsa dikgang tse dingwe tse di amanang le molao wa naga le dithoto, dikgotlatshekelo le dikotlhao, tiro ya Saneheterine, kobamelo ya medimo ya disetwa, maikano le Melao ya Boitsholo ya Borara (Avot).
5. Kodashim (Ditlhabelo)
Ditlhogwana tseno di tlhalosa ditao tse di amanang le ditshupelo tsa diphologolo le tsa mabele mmogo le dilekanyo tsa tempele.
6. Toharot (Dingwaokobamelo Tsa go Itshekisa)
Mo Setlhogong seno go na le ditlhogwana tse di sekasekang ngwaokobamelo ya go itshekisa, go tlhapa, go tlhapa diatla, malwetse a letlalo le maitshekologo a dilo tse di farologaneng.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Mishnah le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika
Mathaio 12:1, 2: “Mo pakeng eo Jesu a ralala masimo a mabele ka sabata. Barutwa ba gagwe ba tshwarwa ke tlala mme ba simolola go kgetla diako tsa mabele ba ja. Fa Bafarasai ba bona seno ba mo raya ba re: ‘Bona! Barutwa ba gago ba dira se go seng kafa molaong go se dira ka sabata.’” Dikwalo tsa Sehebera ga di iletse se barutwa ba ga Jesu ba se dirileng. Mme mo teng ga Mishnah re fitlhela lenaane la dilo di le 39 tse di ilediwang ke borabi ka Sabata.—Shabbat 7:2.
Mathaio 15:3: “Fa a fetola [Jesu] a ba raya a re: ‘Ke ka ntlha yang fa le lona lo tlola taolo ya Modimo ka ntlha ya ngwao ya lona?’” Mishnah e senola boikutlo jono. (Sanhedrin 11:3) Re bala jaana: “Go botlhokwa thata [go tshegetsa] mafoko a Bakwadi go na le go [tshegetsa] mafoko a Molao [o o kwadilweng]. Fa motho a ka re, ‘Ga go na sepe se se pateletsang motho motho go rwala dikgetsinyana tsa letlalo’ a dira jalo ka go leofela mafoko a Molao, ga a na molato; [mme fa a ne a re], ‘Go tshwanetse ga nna le dikarolo di le tlhano mo go tsone,’ a dira jalo ka go oketsa mafoko a Bakwadi, o molato.”—The Mishnah, e e kwadilweng ke Herbert Danby, tsebe 400.
Baefeso 2:14: “[Jesu] yo o neng a dira ditlhopha tse pedi se le sengwe a ba a senya lobota lo lo fa gare lo lo neng lo ba lomologanya ke kagiso ya rona.” Mishnah e bolela jaana: “Mo teng ga Thaba ya Tempele go ne go na le mophakalego wa logong (Soreg), wa bogodimo jwa bophara jwa diatla di le lesome.” (Middot 2:3) Baditšhaba ba ne ba ilediwa go feta mo lefelong leno le go tsena mo malwapeng a a kwa teng. Moaposetoloi Paulo a ka tswa a ne a bua ka lebota leno ka tsela ya tshwantshetso fa a ne a kwalela Baefeso ka 60 kana 61 C.E., fa le ne le sa ntse le le teng. Lebota leno la tshwantshetso e ne e le kgolagano ya Molao, e ka lobaka lo loleele e neng e kgaoganya Bajuda le Baditšhaba. Le fa go ntse jalo, mo motheong wa loso lwa ga Keresete ka 33 C.E., lebota leo le ne la fedisiwa.