Talmud ke Eng?
“Kwantle ga pelaelo Talmud ke nngwe ya dibuka tse di tlhomologileng tse di kileng tsa nna gone.”—The Universal Jewish Encyclopedia.
“[Talmud ke] nngwe ya botlhale jo bogolo jo batho ba kileng ba bo fitlhelela, kgatiso e e tseneletseng thata, e e botlhokwa thata, e e bofitlha thata mo e leng gore e ile ya dira gore batlhalefi ba bagolo ba nne ba tshwaregile ka dingwaga tse di sekete le sephatlo.”—Jacob Neusner, mokanoki wa Mojuda le mokwadi.
“Talmud ke pinagare ya konokono ya [Bojuda] e e tshegeditseng kago yotlhe ya semoya le kitso ya botshelo jwa Sejuda.”—Adin Steinsaltz, mokanoki wa Talmud le rabi.
KWANTLE ga pelaelo Talmud e nnile le tlhotlheletso e kgolo thata mo bathong ba Bajuda ka makgolokgolo a dingwaga. Le fa go ntse jalo, go farologana le tsela e e buiwang bontle ka yone mo dinopolong tse di fa godimo, Talmud e ile ya nyenyefadiwa mme ga twe “e tletse ka dilo di le dintsi tse di sa utlwaleng e bile di tlhakanya tlhogo.” E ile ya latofadiwa ka gore ke buka e e tlhapatsang ya ga Diabolo. Ka taolo ya ga mopapa, gangwe le gape e ne ya kganelwa, ya gapiwa tota le go fisiwa ka dipalo tse dikgolo mo mafelong a batho botlhe kwa Yuropa.
Totatota kgatiso eno e e bakileng kganetsano e kgolo jaana ke eng? Ke eng se se dirang gore Talmud e bo e tlhomologile thata jaana mo mekwalong ya Sejuda? Ke ka ntlha yang fa e kwadilwe? Go tlile jang gore e nne botlhokwa jaana mo Bojudeng? A e na le bokao mo bathong ba e seng Bajuda?
Mo dingwageng tse 150 morago ga go senngwa ga tempele ya Jerusalema ka 70 C.E., dikolo tsa batlhalefi ba borabi go ralala Iseraele di ne di batla ka tlhoafalo ditsela tse disha tsa go boloka mekgwa ya Sejuda. Ba ne ba tlotla ba ba ba kopanya dingwao tse di farologaneng tsa molao wa bone o o sa kwalwang. Ba dirisa motheo ono, ba ne ba tlhoma ditekanyetso tse disha le melao e mesha ya Bojuda, ba neela kaelo ya gore go tshelwe jang ka boitshepo letsatsi le letsatsi le fa go se na tempele. Tsela e ntšha eno ya semoya e ne ya kwalwa mo go Mishnah, e rulagantswe ke Judah ha-Nasi kwa tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga C.E.a
Mishnah e ne e ikemetse ka boyone, e sa tlhoke gore go dirisiwe Baebele go bontsha gore e boammaaruri go le kanakang. Tsela ya yone ya go sekaseka dilo tota le mokgwa wa yone wa Sehebera o ne o tlhomologile, o farologane le mokwalo wa Baebele. Ditshwetso tsa borabi tse di nopotsweng mo go Mishnah di ne di ka ama tsela ya go tshela ya letsatsi le letsatsi ya Bajuda gongwe le gongwe. Mme tota, Jacob Neusner o akgela jaana: “Mishnah e ne e le yone molaomotheo wa Iseraele. . . . E ne e batla gore ba dumele le go tsamaisana le melao ya yone.”
Mme go tweng fa bangwe ba belaela gore a tota taolo ya batlhalefi ba ba nopotsweng mo go Mishnah e dumalana le Dikwalo tse di senotsweng? Borabi ba ne ba tla tshwanela gore ba bontshe gore dithuto tsa Tannaim (barutisi ba molao o o sa kwalwang) tse di fitlhelwang mo go Mishnah di ne di dumalana ka mo go feletseng le Dikwalo Tsa Sehebera. Go ne ga tlhokega tlhaloso e e oketsegileng. Ba ne ba lemoga gore ba tlhoka go tlhalosa le go buelela Mishnah le go neela bosupi jwa gore e tswa mo Molaong o o neng o neetswe Moshe kwa Sinai. Borabi ba ne ba ikutlwa ba patelesega go supa gore molao o o sa kwalwang le o o kwadilweng e na le boikaelelo bo le bosi fela. Go na le gore e nne tlhaloso ya bofelo ya Bojuda, Mishnah e ne ya nna motheo o mosha wa dipuisano le dikganetsano tsa bodumedi.
Go Dirwa ga Talmud
Borabi ba ba neng ba lebana le kgwetlho e ntšha eno ba ne ba itsege e le Ba-Amoraim—“baphuthulodi,” kana “batlhalosi,” ba Mishnah. Setlhopha sengwe le sengwe se ne se ikaegile ka rabi mongwe wa maemo a a kwa godimo. Setlhopha se se potlana sa bakanoki le baithuti se ne se tshwara dipuisano ngwaga otlhe. Mme dipuisano tse di botlhokwatlhokwa di ne di tshwarwa gabedi ka ngwaga ka dikgwedi tsa Adar le Elul, fa tiro ya temothuo e ne e se kalokalo mme makgolokgolo kana tota le diketekete tse di oketsegileng di ne di kgona go nna teng.
Adin Steinsaltz o tlhalosa jaana: “Tlhogo ya setlhopha e ne e okamela, e ntse mo setulong kana mo godimo ga diphate tse di kgethegileng. Mo ditulong tse di kwa pele go lebagana le ene go ne go nna bakanoki ba ba botlhokwa go akaretsa le badirimmogokaene kana barutwana ba ba tlhomologileng, mme kwa morago ga bone e ne e le bakanoki ba bangwe botlhe. . . . Tsela e ba neng ba dula ka yone e ne e le go ya ka thulaganyo e e tlhalositsweng sentle [go ya ka maemo a bone].” Karolo nngwe ya Mishnah e ne e buiwa. Mme e re morago ga moo e bapisiwe le tshedimosetso nngwe e e tsamaisanang kana e e tlatseletsang e e kgobokantsweng ke Tannaim mme e seyo mo go Mishnah. Go tswa foo e tla bo e simolola go sekasekiwa. Go ne go bodiwa dipotso, mme dintlha dipe tse di neng di sa dumalane le se se tlotliwang di ne di sekasekiwa gore go bonwe gore go ka dirwa jang gore dithuto tseno di dumalane ka botsone. Go ne go batliwa ditemana tse di tlhomamisang se se buiwang go tswa mo Dikwalong Tsa Sehebera go tshegetsa dithuto tsa borabi.
Le mororo dipuisano tseno di ne di rulaganngwa ka kelotlhoko, dingwe di ne di feteletsa dilo, ka dinako tse dingwe go buiwa ka kgalefo. Motlhalefi mongwe yo o nopotsweng mo go Talmud o ne a bua ka “ditlhase tsa molelo” tse di neng di tswa mo melomong ya borabi ka nako ya puisano. (Hullin 137b, Babylonian Talmud) Steinsaltz o bolela jaana ka dipuisano tseno: “Tlhogo ya setlhopha, kana motlhalefi yo o neng a neela thuto, o ne a ka neela phuthulolo ya gagwe ka namana ya bothata bongwe. Bakanoki ba e leng bareetsi gantsi ba ne ba ka mo tlhasela ka dipotso ba theile mo metsweding e mengwe, mo dikgopolong tsa batlhalosi ba bangwe, kana mo ditshwetsong tsa bone ka bobone. Ka dinako tse dingwe kganetsano e ne e nna khutshwane thata mme e le fela karabo e e ka se kang ya ganediwa e bile e le ya makgaolakgang ya potso e e boditsweng. Mo makgetlhong a mangwe bakanoki ba ne ba neela ditharabololo tse dingwe mme go ne go tla nna le kganetsano e telele.” Botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba gololesegile go nna le seabe. Dikgang tse di neng di rarabolotswe mo dithulaganyong tseno di ne di fetisediwa kwa ditlhopheng tse dingwe gore bakanoki ba bangwe ba di sekaseke.
Le fa go ntse jalo, dipuisano tseno e ne e se fela dikganetsano tse di sa feleng tse go neng go buiwa fela dilo tsa semolao mo go tsone. Dikgang tsa molao tse di neng di amana le melao le ditao tsa botshelo jwa bodumedi jwa Sejuda di bidiwa Halakah. Lefoko leno le tswa mo moding wa Sehebera “go tsamaya” mme le bontsha ‘tsela ya botshelo e motho a tshwanetseng go tsamaya ka yone.’ Dikgang tse dingwe tsotlhe—dipolelo ka borabi le batho ba bangwe ba mo Baebeleng, mafoko a a botlhale, dikgopolo tsa tumelo le filosofi—di bidiwa Haggadah, go tswa mo moding wa Sehebera “go bolela.” Halakah le Haggadah di ne di kopanngwa ka nako ya dipuisano tsa borabi.
Mo bukeng ya gagwe ya The World of the Talmud, Morris Adler o akgela jaana: “Morutisi yo o botlhale o ne a tla kgaoletsa kgang e telele le e e boima e e kafa molaong ka go tswa fela a ye go bua polelo nngwe e e seng boima jalo le e e sedimosang thata. . . . Ka jalo re bona ditlhamane le hisitori, saense ya nako eo le dikinane, ditlhaloso tsa Baebele le dipego tsa botshelo jwa batho, dithero le thutabomodimo di kopakopantswe go nna se, mo mothong yo o sa tlwaelang tsela e dikolo tseno di tshwarwang ka teng, se bonalang e le tlhakatlhakano e e sa tlwaelegang ya tshedimosetso e e sa rulaganngwang.” Mo bakanoking ba ditlhopha tseno, dipolelo tseno tse di duleng mo tseleng di ne di na le boikaelelo mme di ne di amana le kgang e e tlotliwang. Halakah le Haggadah e ne e le metheo ya thulaganyo e ntšha e e neng e tlhomiwa mo dithutong tsa borabi.
Go Dirwa ga Di-Talmud Tse Pedi
Kgabagare sekolo se segolo sa borabi sa kwa Palesetina se ne sa fudugela kwa Tiberias. Dikolo tse dingwe tse di botlhokwa di ne di le kwa Sepphoris, Kaesarea le Lida. Mme boemo jwa itsholelo jo bo neng bo koafala, go sa tlhomamang go go sa feleng ga bopolotiki mme sa bofelo kgatelelo le go bogisiwa ke Bokeresete jwa botlhanogi go ne ga dira gore ba le bantsi ba fudugele kwa karolong e nngwe e kgolo e go neng go nna Bajuda ba le bantsi thata kwa go yone kwa Botlhaba—kwa Babilonia.
Ka makgolokgolo a dingwaga, baithuti ba ne ba tswa ka bontsi go tswa kwa Babilonia go ya kwa Palesetina go ya go ithuta mo go borabi ba bagolo kwa dikolong tseo. Mongwe wa baithuti bano e ne e le Abba ben Ibo, a bidiwa gape Abba Arika—Abba yo moleele—mme moragonyana a itsiwe e le Rab fela. O ne a boela kwa Babilonia mo e ka nnang ka 219 C.E. fa a sena go rutiwa ke Judah ha-Nasi mme seno e nnile nako e e botlhokwa thata mo dilong tsa semoya mo baaging ba kwa Babilonia ba Bajuda. Rab o ne a simolola sekolo kwa Sura, lefelo le le neng le na le Bajuda ba le bantsi mme go na le bakanoki ba sekaenyana fela. Tumo ya gagwe e ne ya gogela baithuti ba ka metlha ba le 1200 mo sekolong sa gagwe, go na le ba ba diketekete ba ba oketsegileng ba ba neng ba nna gone ka dikgwedi tsa Sejuda tsa Adar le Elul. Molekane wa ga Rab wa maemo a a kwa godimo e bong Samuel, o ne a tlhoma sekolo kwa Nehardea. Go ne ga tlhomiwa dikolo tse dingwe tse di botlhokwa kwa Pumbeditha le kwa Mehoza.
Jaanong go ne go sa tlhole go tlhokega go ya kwa Palesetina, ka gonne motho a ne a ka rutiwa ke bakanoki ba bagolo kwa Babilonia. Go tlhamiwa ga Mishnah e le lekwalo le le ikemetseng ka nosi go ne ga bula tsela ya gore go nne le dikolo tse di ikemetseng ka botsone kwa Babilonia. Le fa jaanong go ne go simolotswe ditsela le mekgwa e mesha ya go ithuta kwa Palesetina le kwa Babilonia, go buisana gangwe le gape le go refosana ga barutisi go ne go boloka kutlwano ya dikolo tseno.
Go ya kwa bofelong jwa lekgolo la bonè la dingwaga le tshimologo ya lekgolo la botlhano la dingwaga C.E., boemo bo ne jwa nna boima segolobogolo mo Bajudeng ba kwa Palesetina. Thibelo le dipogiso tse di seng kana ka sepe kafa tlase ga taolo e e neng e tlhagoga ya Labokeresete wa botlhanogi e ne ya dira gore go tsewe kgato ya bofelo ya go fedisa Sanehederine le boemo jwa ga Nasi (tlhogo ya lotso) mo e ka nnang ka 425 C.E. Ka jalo Ba-Amoraim ba kwa Palesetina ba ne ba simolola go kgobokanya mo bukeng e le nngwe e e kopaneng ya ditshobokanyo tsa dipuisano tsa dikolo go tlhomamisa gore di a bolokiwa. Buka eno, e e neng ya kgobokanngwa ka lepotlapotla mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bonè la dingwaga C.E., e ne ya itsege e le Talmud ya Palesetina.b
Fa dikolo tsa kwa Palesetina di ntse di fela, Ba-Amoraim ba kwa Babilonia ba ne ba fitlhelela setlhoa sa bokgoni jwa bone. Abaye le Raba ba ne ba dira gore selekanyo sa dipuisano tsa bone e nne se se raraaneng le se se bofitlha mme moragonyana ya nna tsone tse di dirisiwang mo dikwalong tsa Talmud. Morago ga foo, Ashi, yo e neng e le tlhogo ya sekolo sa kwa Sura (371-427 C.E.), o ne a simolola go kgobokanya le go rulaganya dintlha tsa dipuisano tseno. Go ya ka Steinsaltz, o ne a dira jalo, a “boifa gore, ka tsela e e neng e tlhakatlhakane ka yone, tshedimosetso e ntsi ya se se neng se builwe e ne e le mo kotsing ya go nyelela.”
Tshedimosetso e ntsi eno e ne e le ntsi thata gore motho a le mongwe kana tota le kokomana e le nngwe e ka kgona go e rulaganya. Motlha wa Ba-Amoraim o ile wa fela kwa Babilonia mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E., mme tiro ya bofelo ya go rulaganya Talmud ya Babilonia e ne ya tsweledisiwa go fitlha mo lekgolong la borataro la dingwaga C.E. ke setlhopha se se neng se bidiwa Saboraim, e leng lefoko la Searamaika le le rayang “batlhalosi,” kana “batho ba ba nang le dikgopolo.” Barulaganyi bano ba bofelo ba ne ba kgobokanya dikarolwana tse di setseng le dikganetsano tsa borabi tsa makgolokgolo a dingwaga, ba tsenya mokgwa le popego mo go Talmud ya Babilonia e e neng e e farologanya le makwalo otlhe a pele a Sejuda.
Talmud E ne Ya Fitlhelela Eng?
Borabi ba Talmud ba ne ba ikaeletse go supa gore Mishnah e ne e tswa mo motsweding o o tshwanang le wa Dikwalo Tsa Sehebera. Mme ka ntlha yang? Jacob Neusner o akgela jaana: “Go ne go twe kgang ke boemo jwa Mishnah. Mme go bonala fa kgang ya konokono e ne e le taolo ya motlhalefi ka boene.” Go tlhomamisa taolo eno, mola mongwe le mongwe wa Mishnah, ka dinako tse dingwe lefoko lengwe le lengwe le ne le tlhatlhobiwa, le gwetlhiwa, le tlhalosiwa le go dira gore le dumalane ka tsela e e rileng. Neusner o bolela gore ka tsela eno borabi ba ne ba “fetola tsela ya Mishnah go tswa mo go e nngwe go ya go e nngwe.” Le mororo e ne e kwadilwe e le buka e e feletseng ka boyone, Mishnah e ne e kgaogantswe jaanong. Fa seno se ne se dirwa, e ne ya kwalololwa, ya tlhalosiwa gape.
Buka e ntšha eno—Talmud—e ne e diragatsa maikaelelo a borabi. Ba ne ba tlhoma melao ya kafa e tshwanetseng go sekasekiwa ka gone, mme ka tsela eo e ne e ruta batho go akanya jaaka borabi. Borabi ba ne ba dumela gore mokgwa wa bone wa go e ithuta le go e sekaseka o supa gore ba na le mogopolo wa Modimo. Go ithuta Talmud ka boyone e ne ya nna sone selo sa konokono, mofuta wa kobamelo—go dumelwa gore go dirisiwa mogopolo jaaka Modimo a dira. Mo dikokomaneng tse di latelang, Talmud ka boyone e ne e tla sekasekiwa ka one mokgwa ono. Matswela e nnile eng? Mokwalahisitori e bong Cecil Roth o kwala jaana: “Talmud . . . e ne ya naya [Bajuda] letshwao le le neng le ba farologanya mo go ba bangwe, mmogo le nonofo ya bone ya go sa fetoge le go utlwana ga bone. Tsela ya yone ya puisano e ne e tlhagafatsa megopolo ya bone, e bile e ba naya . . . botlhale jwa tlhaloganyo. . . . Talmud e ne e neela Mojuda yo o bogisiwang wa Metlha ya Bogare lefatshe le lengwe le a ka tshabelang kwa go lone . . . E ne e mo naya lefatshe la borraagwemogolo, le a neng a ka tsamaya ka lone fa lefatshe la gagwe le mo latlhegetse.”
Talmud e nnile le maatla tota mo go ruteng ba bangwe dikakanyo tsa borabi. Mme potso e e bodiwang botlhe—Mojuda le yo e seng Mojuda—ke gore, A tota Talmud e supa mogopolo wa Modimo?—1 Bakorintha 2:11-16.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go kwalwa le diteng tsa Mishnah, bona setlhogo “Mishnah le Molao wa Modimo o o Neilweng Moshe” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 1997.
b Talmud ya Palesetina e itsege thata e le Talmud ya Jerusalema. Le fa go ntse jalo, tota ga e bidiwe sentle jalo, ka gonne Bajuda ba ne ba sa tlhole ba tsena kwa Jerusalema ka bontsi jwa motlha wa Ba-Amoraim.
[Lebokoso mo go tsebe 31]
Di-Talmud Tse Pedi—Di Farologana Jang?
Lefoko la Sehebera la “Talmud” le raya “thuto” kana “go ithuta.” Ba-Amoraim ba Palesetina le ba Babilonia ba ne ba iketleeditse go ithuta, kana go sekaseka Mishnah. Di-Talmud tseno ka bobedi (ya Palesetina le ya Babilonia) di dira jalo, mme le fa go ntse jalo di farologana jang? Jacob Neusner o kwala jaana: “Talmud ya ntlha e sekaseka bosupi, ya bobedi e tlhotlhomisa boammaaruri jwa kgang; ya ntlha ga e tswe gotlhelele mo melelwaneng ya kgang e e buang ka yone, ya bobedi e fetela ka kwa ga melelwane ya kgang.”
Go rulaganngwa ka tsela e e boteng le ka botlhale go dirile gore Talmud ya Babilonia e se ka ya nna kgolwane fela mme gape gore dikgopolo tsa yone le tsela e e sekasekang dilo ka yone e nne e e kwa teng le e e tseneletseng. Fa lefoko “Talmud” le umakiwa, gantsi go a bo go bolelwa ka Talmud ya Babilonia. Eno ke Talmud e e ileng ya ithutiwa thata e bile ga akgelwa thata ka yone go ralala makgolokgolo a dingwaga. Go ya ka kgopolo ya ga Neusner, Talmud ya Palesetina “ke buka ya botswerere” mme Talmud ya Babilonia “ke buka ya botlhalefi.”