Ke Mang yo o Tshwanelwang ke go Bidiwa Rabi?
MOJANALA mongwe yo o neng a sa lebelela o ne a sa tlhole a na le tsholofelo ya gore o tla fitlha ka nako kwa boemelafofaneng. Makgolokgolo a mapodisi a ne a leka go laola pharakano fa a ntse a tlhokometse batho ba ba neng ba ya phitlhong ba ba fetang 300 000 bao ba neng ba tletse ka mebila ya Jerusalema. The Jerusalem Post e e bitsa gore ke “mokoloko o o lekanang le wa phitlho e gantsi e tshwarelwang diporesidente, dikgosi kana babusaesi fela.” Ke mang yo o ka tswang a ne a dirile gore go nne le tirelo e kanakana, mo e bileng sengwe le sengwe mo motsemogolong wa Iseraele se ema tsi ka diura di le dintsi jaana? E ne e le rabi yo o tlotlegang. Ke ka ntlha yang fa boemo jwa ga rabi bo tlotliwa jaana e bile bo obamelwa thata jaana ke Bajuta? Go simolotswe leng go dirisa lefoko “rabi”? Le dira mo go mang ka tshwanelo?
A Moshe E ne E le Rabi?
Leina le le tlotlwang thata mo Sejuteng ke Moshe, motsereganyi wa kgolagano ya Molao ya Iseraele. Bajuta ba bodumedi ba mmitsa “Moshe ‘Rabi wa rona.’” Lefa go ntse jalo, ga go na gope mo Baebeleng mo Moshe a bidiwang ka sereto “Rabi.” Tota e bile leina “rabi” ga le tlhagelele ka gope mo Dikwalong tsa Sehebera. Mme jaanong go tlile jang gore Bajuta ba bitse Moshe jalo?
Go ya ka Dikwalo tsa Sehebera, boikarabelo le tshwanelo ya go ruta le go tlhalosa Molao di ne di neilwe ditlogolwana tsa ga Arone, baperesiti ba lotso lwa Balefi. (Lefitiko 10:8-11; Duteronome 24:8; Malaki 2:7) Lefa go ntse jalo, mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., go ne ga nna le diphetogo di le mmalwa tsa motheo mo Bojuteng, mme tsa ama thata tsela e Bajuta ba akanyang ka yone go tloga ka nako eo go ya pele.
Malebana le phetogo eno ya semoya, Daniel Jeremy Silver o kwala jaana mo A History of Judaism: “Ka nako eo setlhopha sa bakwadi le bakanoki ba e seng baboperesiti ba ne ba simolola go belaela kgang ya gore baperesiti e tshwanetse go nna bone fela baphutholodi ba Torah [Molao wa ga Moshe]. Mongwe le mongwe o ne a dumela gore baperesiti ba ne ba tlhokega jaaka badiredi mo Tempeleng, mme ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go nna le lefoko la bofelo mo dilong tse di amanang le Torah?” Ke bomang ba ba neng ba simolola ba belaela jalo taolo e setlhopha seno sa boperesiti se nang le yone? E ne e le setlhopha se sesha mo Sejuteng se se neng se bidiwa Bafarasai. Silver o tswelela jaana: “Bafarasai ba ne ba amogela batho mo dikolong tsa bone go ya ka ditshwanelego dingwe tse ba nang le tsone e seng ka ntlha ya tsalo [wa lotso lwa boperesiti], mme ba ne ba tlisa setlhopha se sesha sa Bajuta mo boeteledipeleng jwa bodumedi.”
Ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., baalogi ba dikolo tseno tsa Bafarasai ba ne ba simolola go itsiwe jaaka baruti, kana beng, ba molao wa Sejuta. Bajuta ba bangwe ba ne ba simolola go ba bitsa “moruti wa me,” kana “mong wa me,” ao ka Sehebera e leng rabbi, e le sesupo sa go ba tlotla.
Sereto seno se sesha se ne se ka se ka sa dirisiwa mo go sepe fela fa e se mo go yo o neng a lejwa e le moruti yo mogolo mo hisitoring ya Sejuta, Moshe. Go dira jalo go ne go tla koafatsa thata thulaganyo ya boperesiti, fa mo letlhakoreng le lengwe go tshegetsa kgopolo e e neng e nna le maatla thata ya boeteledipele jwa Bafarasai. Ka gone, ka dingwaga tse di fetang 1 500 morago ga loso lwa gagwe, Moshe o ne a bidiwa jalo “Rabi.”
Go Etsa Mong
Lefa leina “rabi” (“mong wa me”) le ne le dirisiwa ka dinako dingwe ke batho fa ba bua ka barutisi ba ba neng ba ba tlotla, lefoko leno gantsi le ne le dirisiwa mo barutising ba ba itsegeng thata ba Bafarasai, “batlhalefi.” Fa tempele e ne e senngwa ka 70 C.E., ka go rialo taolo e boperesiti bo neng bo na le yone e khutlisiwa, borabi ba Bafarasai ba ne ba nna baeteledipele ba ba ka se belaelweng ba Sejuta. Boemo jwa bone jo bo kwa godimo bo ne jwa dira gore go nne le lekoko la kobamelo le le neng le remeletse mo batlhalefing ba borabi.
Fa a ne a tlhalosa ka nako eno ya diphetogo ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Porofesa Dov Zlotnick o akgela jaana: “‘Go tlhokomela Batlhalefi’ go ne ga tsewa e le sone selo se se botlhokwa thata go feta go ithuta Torah.” Mokanoki wa Mojuta Jacob Neusner o tswelela pele a tlhalosa jaana: “‘Morutwa wa batlhalefi’ ke moithuti yo o ineetseng mo go rabi. O dira jalo gonne a batla go ithuta ‘Torah.’ . . . Torah ga e ithutiwe ka molao mme e ithutiwa ka go bona molao mo mokgweng o batlhalefi ba ba tshelang ba itshwarang ka one le o ba dirang dilo ka one. Ba ruta molao ka se ba se dirang, e seng fela ka se ba se buang.”
Mokanoki wa Talmud eleng Adin Steinsaltz o tlhomamisa seno fa a kwala jaana: “Batlhalefi ka bobone ba rile, ‘Metlotlo fela e e ka ga sengwe fela, metlae kana selo lefa e le sefe se batlhalefi ba se buang se tshwanetswe go sekasekwa.’” Seno se ka dirwa go ya bokgakaleng bofe? Steinsaltz o a tlhalosa: “Sekao se se tlhomologileng sa seno e ne e le sa morutwa yo go begilweng fa a ne a iphitlhile kafa tlase ga bolao jwa morutisi wa gagwe yo mogolo gore a bone gore o itshwara jang le mosadi wa gagwe. Fa a bodiwa gore o direlang jalo, morutwa yo mosha o ne a araba a re: ‘Ke Torah mme e tshwanetse go ithutiwa,’ Selo se ka bobedi borabi le baithuti ba neng ba se amogela e le se se siameng.”
E re ka go bewa tlhokomelo e kgolo go borabi go na le go Torah—fa go ithutiwa Torah ka rabi—go tloga ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. go ya pele Tsamaiso ya Sejuta e ne ya simolola go nna bodumedi jo bo neng bo kaelwa ke borabi. Motho o ne a atamela gaufi le Modimo, e seng ka Lefoko le le kwadilweng le le tlhotlheleditsweng, mme ka motlhomasekao ka namana, mong, rabi. Ka jalo, ka tlhago fela go ne go sa tlhole go lejwa mo Lekwalong le le tlhotlheleditsweng mme go ne go lejwa mo molaong o o buiwang ka molomo le dingwao tse di rutiwang ke borabi bano. Go tloga ka nako eo go ya pele, dibuka tsa Sejuta, tse di tshwanang le Talmud, di ne tsa ikaega thata ka dipuisano, dipolelo le boitshwaro jwa borabi go na le dipolelo tsa Modimo.
Seabe sa Borabi go Ralala Dingwaga
Lefa ba ne ba dirisa thata e kgolo e bile ba na le tlhotlheletso e ntsi, borabi ba bogologolo ba ne ba sa itshedise ka ditiro tsa bodumedi. Encyclopaedia Judaica e a tlhalosa: “Borabi ba Talmud ba ne ba . . . farologane gotlhelele le bao ba ipitsang ka leina leo gompieno. Borabi ba Talmud e ne e le batoloki le batlhalosi ba Baebele le Molao o o Tlhalositsweng ka Molomo, e bile mo e ka nnang ka metlha ba ne ba na le tiro eo ba neng ba itshedisa ka yone. E nnile fela mo Dingwageng Tsa Bogareng fa rabi a neng a nna . . . morutisi, moreri le tlhogo ya semoya ya phuthego kana setšhaba sa Sejuta.”
Fa borabi ba simolola go fetola maemo a bone gore e nne a tiro e e duelelwang, bangwe ba bone ba ne ba nna kgatlhanong le seo. Maimonides, e bong rabi yo o neng a itsege thata wa lekgolo la bo 12 la dingwaga yo e neng e le ngaka, o ne a le kgatlhanong thata le borabi ba ba ntseng jalo. “[Ba] ne ba ipatlela madi mo bathong le mo setšhabeng mme ba dira gore batho ba akanye, ka tsela ya boeleele, gore ba tshwanetse e bile ke selo se se siameng go thusa [ka madi] batlhalefi le bakanoki le batho ba ba ithutang Torah, ka gone Torah ya bone ke tiro ya bone. Mme seno sotlhe se phoso. Ga go na lefa e le lefoko le le lengwe, mo teng ga Torah kana mo dipuong tsa batlhalefi, le le tshegetsang seno.” (Commentary on the Mishnah, Avot 4:5) Mme mafoko a ga Maimonides a go kgala a ne a se ka a tsewa tsia ke borabi ba dikokomana tse di neng tsa latela.
Fa Bojuta bo tsena mo motlheng wa segompieno, bo ne jwa kgaogana go nna dikarolwana tsa jwa diphetogo, jwa dingwao, le jo bo tshwareletseng mo dithutong tsa motheo. Mo Bajuteng ba le bantsi, go dumela mo bodumeding le go bo dira e ne e se dilo tse di kwa pele tse ba tshwenyegileng ka tsone. Ka ntlha ya moo, boemo jwa borabi bo ne jwa ya kwa tlase. Gantsi rabi, e ne e nna tlhogo e e tlhomamisitsweng ya phuthego, a dira e le moruti yo o rutilweng le mogakolodi wa maloko a setlhopha sa gagwe yo o duelwang. Lefa go ntse jalo, mo gare ga setlhopha sa ba-Hasid ba bogologolo, kgopolo ya go tsaya rabi e le mong kana motlhomasekao e ne ya tswelelapele.
Tlhokomela kakgelo ya ga Edward Hoffman mo bukeng ya gagwe e e buang kaga mokgatlho wa Hasidic Chabad-Lubavitch: “Tsamaiso ya bogologolo ya Bo-Hasid le yone e ne ya gatelela gore mo kokomaneng nngwe le nngwe go na le moeteledipele a le mongwe wa Mojuta, zaddik [mosiami], yo e leng ‘Moshe’ wa nako ya gagwe, yoo kitso ya gagwe le boineelo jwa gagwe mo go ba bangwe di ka se lekaneng le tsa ga ope. Ka ntlha ya boineelo jwa gagwe jo bogolo, setlhopha sengwe le sengwe sa Ba-Hasid se ne se ikutlwa jalo, Rebbe wa bone [“rabi” ka Se-Yiddish] o ne a ka nna a ba a fetola melao ya Mothatayotlhe. O ne a tsewa e le sekao, e seng fela ka dipolelo tsa gagwe tse di neng di ruta mme gape le ka tsela e a neng a tshela botshelo jwa gagwe ka yone (‘tsela e a hunelang dikgole tsa ditlhako tsa gagwe ka yone’ jaaka fa e ne e beilwe) e ne e lejwa e feta ya batho ba bangwe e bile e bontsha ka tsela nngwe tsela ya go tshwana le Modimo.”
“Lo Seke Lwa Bidiwa Rabi”
Jesu, Mojuta wa lekgolo la ntlha la dingwaga, yo o simolotseng Bokeresete, o ne a tshela ka nako ya fa kgopolo ya Bafarasai ya borabi e ne e simolola go fenya Tsamaiso ya Sejuta. E ne e se Mofarasai, e bile o ne a sa rutiwa mo dikolong tsa bone, lefa go ntse jalo le ene o ne a bidiwa Rabi.—Mareko 9:5; Johane 1:38; 3:2.
Fa a ne a kgala tshekamelo eno ya borabi mo Bojuteng, Jesu o ne a re: “Bakwadi le Bafarasai ba dutse mo setulong sa ga Moše. Ba rate bonno jo bo kwa pele mo medirong, le ditulo tse di kwa pele mo matlong a thuto, le ditumediso mo marekelong, le go bidiwa ke batho ba re: ‘Rabi.’ Mme lona, lo seke lwa bidiwa Rabi, gonne Moruti wa lona o mongwe fela, mme lona lotlhe lo bomorwa Rraalona.”—Mathaio 23:2, 6-8.
Jesu o ne a tlhagisa kgatlhanong le go kgaoganya batho gore ba bangwe e nne baruti fa ba bangwe e le batlakerekeng fela go go neng go nna gone mo Tsamaisong ya Sejuta. O ne a kgala go naya batho tlotlo e e ntseng jalo e e sa tshwanelang. “Moruti wa lona o mongwe fela,” o ne a bua jalo a le pelokgale. E ne e le mang Ene yoo?
Moshe “yo Jehofa a neng a mo itse go lebanwe difatlhego” le yo batlhalefi ka bo bone ba neng ba mmitsa “Rabi wa rona,” e ne e le motho yo o sa itekanelang. Le ene ka boene o ne a dira diphoso. (Duteronome 32:48-51; 34:10; Moreri 7:20) Go na le gore a tseye Moshe e le sekao se se tlhomologileng, Jehofa o ne a mmolelela jaana: “Ke tla ba tsosetsa moperofeti mo baneng ba ga rraabo, yo o tshwanang nao; ke tlaa tsenya mafoko a me mo molomong wa gagwe, mme o tla bua nabo tsotlhe tse ke tlaa di mo laolelang. Go tla diragala gore lefa e le mang yo o ganang go reetsa mafoko a me, a o tlaa a buang mo ineng la me, ke tlaa go lefetsa mo go ene.”—Duteronome 18:18, 19.
Boporofeti jwa Baebele bo supile gore mafoko ano a ne a diragala mo go Jesu, Mesia.a Ga se fela gore Jesu ‘o ne a tshwana’ le Moshe; o ne a le mogolo mo go Moshe. (Bahebere 3:1-3) Dikwalo di bontsha gore Jesu o tsetswe e le motho yo o itekanetseng, mme go fapaana le Moshe o ne a direla Modimo “a se na boleo.”—Bahebere 4:15.
Go Latela Motlhomasekao
Go ithuta ka kelotlhoko ditiro dingwe le dingwe tsa borabi le seo ba se buang ga go a ka ga atametsa Bajuta gaufi le Modimo. Lefa motho yo o sa itekanelang a ka nna a tlhoma sekao sa go nna yo o ikanyegang, fa re ithuta e bile re etsa sengwe le sengwe se a se dirang, re tla etsa diphoso tsa gagwe le go sa itekanelang ga gagwe le eleng dinonofo tsa gagwe tse di molemo. Re tla bo re naya motho yo o bopilweng kgalalelo e e sa tshwanelang go na le Mmopi.—Baroma 1:25.
Mme Jehofa o ile a naya batho Motlhomasekao. Go ya ka Dikwalo Jesu o ne a kile a tshela pele e nna motho mo lefatsheng. E bile tota, o bidiwa “setshwano sa Modimo o o sa bonweng, e le ene motsalwapele mo lobopong lotlhe.” (Bakolosa 1:15) E re ka a kile a direla kwa legodimong ka dingwaga tse di dimilionemilione tse di sa kaiwang e le “tlhogo ya tiro” ya Modimo, Jesu o mo boemong jo bo molemo go re thusa gore re itse Jehofa.—Diane 8:22-30; Johane 14:9, 10.
Ka gone, Petere o ne a kwala jaana: “Gonne Keresete le ene o bogile botlhoko mo boemong jwa lona, a lo tlogelela sekao, gore lo tsamaye mo dikgatong tsa gagwe.” (1 Petere 2:21) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete go ‘leba kwa go Jesu mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya rona.’ O ne a tlhalosa gape gore ke “yo lohumo lotlhe lwa botlhale le lwa kitso lo fitlhilweng mo go ene.” (Bahebera 12:2; Bakolosa 2:3) Ga go na motho yo mongwe—le e seng Moshe kana motlhalefi mongwe fela wa borabi—yo o tshwanelwang ke tlhokomelo e e ntseng jalo. Fa go na le mongwe yo o tshwanelwang ke go etsiwa, ke Jesu. Batlhanka ba Modimo ga ba tlhoke sereto se se tshwanang le rabi, segolobogolo fa go lebilwe bokao jwa lone jwa bosheng jaana, mme fa go na le mongwe yo o tshwanelang go bidiwa Rabi, e ne e le Jesu.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka bosupi jwa gore Jesu ke ene Mesia yo o solofeditsweng, bona setlhogo se se reng “Re Bonye Mesia!” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 1992, ditsebe 9-14.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
© Brian Hendler 1995. All Rights Reserved