LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 10/1 ts. 13-18
  • Dira Gore Matsogo a a Nnetseng Ruri a Ga Jehofa a go Tshegetse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dira Gore Matsogo a a Nnetseng Ruri a Ga Jehofa a go Tshegetse
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa go Na le Mathata A Le Mantsi Jaana?
  • Re A Tshegediwa ka Nako ya Fa Re Lwala
  • Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong
  • Jehofa O Re Thusa Gore Re Itshokele Botlhoko
  • Thuso Fa Re Dirile Phoso
  • Go Gololwa mo Dilong Tse Di Re Gatelelang
  • Boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo Dira Gore Re Se Ka Ra Itlhoboga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Jehofa—“Mofalotsi” mo Metlheng ya Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Ruri O na Le Tumelo mo Dikgannyeng Tse di Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Latlhela Morwalo wa Gago mo go Jehofa ka Metlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 10/1 ts. 13-18

Dira Gore Matsogo a a Nnetseng Ruri a Ga Jehofa a go Tshegetse

“Modimo oa bosakhutleñ ke boagō yoa gago, me kaha tlhatse go mabōgō a a sa eeñ kae.”—DUTERONOME 33:27.

1, 2.Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba ka solofela gore o tla ba tshegetsa?

JEHOFA o tlhokomela batho ba gagwe. Ka sekai, ka nako yotlhe ya fa Baiseraele ba ne ba le mo kutlobotlhokong, “le èna a bogisiwa”! Ka lorato le ka boutlwelobotlhoko, o ne “a ba boloka.” (Isaia 63:7-9) Ka jalo fa re ikanyega mo Modimong, re ka tlhomamisega gore o tla re ema nokeng.

2 Moperofeti Moshe o ne a bolela jaana: “Modimo oa bosakhutleñ ke boagō yoa gago, me kaha tlhatse go mabōgo a a sa eeñ kae.” (Duteronome 33:27) Thanolo e nngwe e bolela jaana: “Modimo o o nnetseng ruri ke bonno jwa gago, mme kafa tlase go matsogo a a nnetseng ruri.” (American Standard Version) Mme matsogo a Modimo a tshegetsa jang batlhanka ba gagwe?

Ke Ka Ntlha Yang Fa go Na le Mathata A Le Mantsi Jaana?

3. Setho se se nang le kutlo se tla ipelela leng ‘kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo’ ka botlalo?

3 Go direla Jehofa ga go re dire gore re se ka ra tlelwa ke mathata ao a tlelang batho ba ba sa itekanelang. Jobe motlhanka wa Modimo o ne a bolela jaana: “Motho eo o tsecweñ ke mosadi o malatsi mannye, o bile o tletse khuduègō.” (Yobe 14:1) Mme fa e le ka “malatsi a dinyaga tsa rona,” mopesalema o ne a bolela jaana: “Boipelahaco yoa aōna ke tapishō le bohutsana hèla.” (Pesalema 90:10) Botshelo bo tla nna jalo go fitlha ‘lobopo lotlhe lo gololwa mo botlhankeng jwa go bola, lo isiwa mo kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo.’ (Baroma 8:19-22) Seno se tla direga ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete ya ga Keresete. Batho ba ba tla bong ba busiwa ke Bogosi jono ka nako eo ba tla gololwa mo boleong le mo losong mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Kwa bokhutlong jwa Mileniamo, Keresete le babusi le dikgosi mmogo le ene ba tla bo ba thusitse setho se se nang le kutlo gore se kgone go itekanela, mme ba ba ikanyegang mo Modimong ka nako ya teko ya bofelo ka Satane le badimona ba gagwe maina a bone a tla bo a kwaletswe ruri mo “lokwaloñ loa botshelō.” (Tshenolō 20:12-15) Ka nako eo ba tla bo ba ipelela kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.

4. Mo boemong jwa gore re ngongorege ka dilo tse di re diragalelang mo botshelong, re tshwanetse ra dira eng?

4 Ka nako e e tshwanang, mo boemong jwa gore re age re ngongorega ka boemo jwa rona mo botshelong, a re ikanyeng Jehofa. (1 Samuele 12:22; Yude 16) Gape a re lebogele Moperesiti wa rona Yo Mogolo, ebong Jesu, yo re ka kgonang go atamela Modimo ka ene “gore re tlè re amogèlè butlwèlō botlhoko, re bōnè tshegōhaco e e tla re thusañ mo motlheñ o go tlhōkwañ ka ōna.” (Bahebera 4:14-16) Ga re a tshwanela go tshwana le Adame. Yo totatota, ka phoso a neng a pega Jehofa molato wa gore o mo neile mosadi yo o sa siamang, a bolela jaana: “Mosadi eo o mo nneileñ gore ke nnè naè, ke èna eo o nneileñ setlhare, me ka ya.” (Genesise 3:12) Modimo o re abela dilo tse di molemo mme ga a re leretse mathata. (Mathaio 5:45; Yakobe 1:17) Mathata gantsi a leriwa ke gore rona ka borona ga re na botlhale kana ke diphoso tse di dirilweng ke motho mongwe o sele. Gape a ka nna a tla mo go rona ka gonne re leofile mme re tshela mo lefatsheng le le leng mo thateng ya ga Satane. (Diane 19:3; 1 Yohane 5:19) Lefa go ntse jalo, matsogo a a nnetseng ruri a ga Jehofa ka metlha a tshegetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang bao ba ikaegang ka ene ka thapelo mme ba dirisa kgakololo ya Lefoko la gagwe.—Pesalema 37:5; 119:105.

Re A Tshegediwa ka Nako ya Fa Re Lwala

5. Batho ba ba lwalang ba ka bona kgothatso efe mo go Pesalema 41:1-3?

5 Bolwetsi bo bakela bontsi jwa rona kutlobotlhoko ka dinako tse dingwe. Lefa go ntse jalo, Dafide o ne a bolela jaana: “Go segō eo o gopolañ bahumanegi: Yehofa o tla mo golola mo motlheñ oa boshula. Yehofa o tla mo tlamèla, a ba a mo tshedisa, me o tla segōhala mo lehatshiñ: me u se ka ua mo neèla mo go rateñ ga baba ba gagwè. Yehofa o tla mo ōka a le mo bolaoñ yoa topetègō: ua tlo u mo alèle bolaō yoa gagwè gotlhe hèla mo bolwetsiñ yoa gagwè.”—Pesalema 41:1-3.

6, 7. Modimo o ne a thusa jang Dafide fa a ne a lwala, mme seno se ka kgothatsa jang batlhanka ba ga Jehofa gompieno?

6 Motho yo o akanyetsang o thusa batho ba ba tlhokang. ‘Motlha wa bosula’ e ka nna ya nna tiragalo epe e e bosula kana bothata jo bo tsereng lobaka lo loleele jo bo koafatsang motho. O ikanya mo Modimong gore o mo tlhokomele ka nako ya fa a lwala, mme ba bangwe ‘ba mmolela a itumetse mo lefatsheng’ ka go bolela mafoko a tsela e e boutlwelobotlhoko eo Jehofa a dirisanang le ene ka yone. Modimo o ne wa tshegetsa Dafide “mo bolaoñ yoa topetègō,” gongwe e le ka nako ya mathata fa morwa wa ga Dafide ebong Abesalome a ne a batla go tsaya setulo sa bogosi sa Iseraele ka kgang.—2 Samuele 15:1-6.

7 Ereka Dafide a ne a bontsha go akanyetsa ba ba humanegileng, o ne a ikutlwa gore Modimo o ne a tla mo tshegetsa fa a ne a sena se a ka se dirang a robetse a lwala. (Pesalema 18:24-26) Lemororo a ne a lwala mo go utlwisang botlhoko, o ne a solofela gore Modimo o ne a tla ‘fetola bolao jwa gagwe,’ eseng ka gore a tlose bolwetsi jwa gagwe ka kgakgamatso, mme e ne e le ka go mo nonotsha ka dikgopolo tse di gomotsang. Go tla bo go tshwana le fa Jehofa a ne a fetola bolao jwa gagwe gore e se tlhole e nna jwa bolwetsi mme e nne jwa go fola. Ka tsela e e tshwanang, fa re lwala jaaka batlhanka ba Modimo, matsogo a a nnetseng ruri a ga Jehofa a tla re tshegetsa.

Go Gomotsa Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Maikutlong

8. Mokeresete mongwe yo o neng a lwala o ne a bontsha jang gore o ikaegile ka Modimo?

8 Bolwetsi bo ka nna jwa baka go tshwenyega mo maikutlong. Mokeresete mongwe yo o neng a lwala thata yo ka dinako tse dingwe o neng a felelwa ke maatla a go bala o bolela jaana: “Seno se dira gore ke nne le go tshwenyega thata mo maikutlong, ke ikutlwe ke se sepe, mme ke bo ke lele le go lela.” Ereka a itse gore Satane o batla go mo kgoba marapo, o a itwela le ene, a itse gore fa Jehofa a mo thusa ga a kake a palelwa. (Yakobe 4:7) Monna yono o kgothatsa ba bangwe ba ba itseng gore o ikanya Modimo. (Pesalema 29:11) Tota le eleng le fa a robetse mo kokelong, o leletsa ba ba lwalang le ba bangwe mogala go ba aga semoyeng. Ene ka boene o agiwa ke go reetsa khasete e e theipilweng ya dipina tsa Bogosi tsa diletswa fela le ditlhogo tse di leng mo lokwalopakeng lono le makasine o o tshwanang le one wa Tsogang! le ka go nna a kopanela le Bakeresete. Mokaulengwe yono o bolela jaana: “Ke bua le Jehofa ka thapelo ka metlha, ke mo kopa gore a nneele maatla, a nkaele, a nkgomotse, a bo a nthuse gore ke itshoke.” Fa o le Mokeresete yo o lwalang thata, ka metlha ikanye Jehofa mme o dire gore matsogo a gagwe a a nnetseng rure a go tshegetse.

9. Ke dikai dife tse di bontshang gore go tshwenyega mo maikutlong ka dinako tse dingwe go tshwenya batho ba Modimo?

9 Go tshwenyega thata mo maikutlong ke bothata jo bo saleng bo nna gone go tloga bogologolo. Jobe, ka nako ya fa a ne a lekwa, o ne a bua jaaka motho yo o ikutlwang a tlogetswe ke Modimo. (Yobe 29:2-5) Nehemia, ka gonne a ne a amegile ka boemo jo bo neng bo senyegile jwa Jerusalema le dipota tsa yone, seno se ne sa dira gore a tlhonye, le Petere o ne a utlwile botlhoko thata fa a ne a itatotse Keresete mo eleng gore o ne a lela botlhoko. (Nehemia 2:1-8; Luke 22:62) Epaforodito o ne a utlwile botlhoko ka gonne Bakeresete kwa Filipi ba ne ba utlwile gore o ne a lwala. (Bafilipi 2:25, 26) Go utlwa botlhoko mo maikutlong go ne ga tshwenya Bakeresete bangwe ba kwa Thesalonika, ka gonne Paulo o ne a kgothaletsa bakaulengwe ba koo gore ba ‘nametse ba ba lapang pelo.’ (1 Bathesalonia 5:14) Ka jalo Modimo o thusa jang batho ba ba ntseng jalo?

10. Ke eng se se ka nnang sa nna molemo fa re leka go dirisana sentle le go gatelelwa mo maikutlong?

10 Motho ka boene o tshwanetse a itirela tshwetso ya gore a o batla go tlhokomelwa ke dingaka fa a tshwenyegile thata mo maikutlong.a (Bagalatia 6:5) Go ikhutsa ka mo go lekaneng le go dira ditiro ka tsela e e lekalekanang go ka nna ga thusa. Mo boemong jwa gore a lebe mathata a le mmalwa jaaka bothata bo le bongwe jo bogolo go gaisa, motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong a ka nna a go bona go thusa go dira gore a rarabolole bothata bo le bongwe ka nako. Thuso e e gomotsang e e tswang mo bagolwaneng ba phuthego e ka nna ya nna molemo thata, bogolo jang fa bothata jono jwa maikutlo bo mo tshwenya semoyeng. (Yakobe 5:13-15) Mo godimo ga moo, go botlhokwa gore re ikanye Jehofa, ‘re latlhele tlhobaelo yotlhe ya rona mo go ena, ka wa re babalela.’ Go rapela o sa kgaotse ebile e le thapelo e e tswang mo pelong e ka nna ya dira gore motho a nne le ‘kagiso ya Modimo e e tla dibelang dipelo tsa rona le megopolo ya rona mo go Keresete Jesu.’—1 Petere 5:6-11; Bafilipi 4:6, 7.

Jehofa O Re Thusa Gore Re Itshokele Botlhoko

11-13. Ke eng se se ka nnang sa thusa go fokotsa kutlobotlhoko fa mongwe yo re mo ratang thata a tlhokafetse?

11 Boitemogelo jo bongwe jo bo utlwisang botlhoko thata ke loso lwa motho yo re mo ratang thata. Aberahame o ne a bontsha gore o utlwile botlhoko tota fa a ne a swelwa ke mosadi wa gagwe, Sara. (Genesise 23:2) Fa morwawe ebong Abesalome a ne a swa, Dafide o ne a utlwile botlhoko thata. (2 Samuele 18:33) Ebu, tota le eleng le motho yo o neng a itekanetse ebong Jesu ‘o ne a lela’ fa tsala ya gagwe ebong Lasaro a ne a sule! (Yohane 11:35) Ka jalo re utlwa botlhoko fa motho yo re mo ratang thata a swa. Mme ke eng se se ka thusang go dira gore re se ka ra utlwa botlhoko thata?

12 Modimo o thusa batho ba one gore ba itshokele go utlwa botlhoko thata ka ntlha ya go swelwa ke yo ba mo ratang. Lefoko la Gagwe le bolela gore go tlile go nna le tsogo. Ka jalo, ga re “hutsahale, yaka ba bañwe ba ba senañ cholohèlō.” (1 Bathesalonia 4:13; Ditihō 24:15) Moya wa ga Jehofa o re thusa gore re nne le kagiso le tumelo le gore re tlhatlhanye ka isagwe e e itumedisang eo e solofeditsweng mo Lefokong la gagwe, e le gore re se ka ra tlhola re nnetse go nna le dikakanyo tse di utlwisang botlhoko kaga motho yo o suleng yo re neng re mo rata thata. Gape re a kgona go gomotsega fa re bala Dikwalo re bo re rapela “Modimo oa kgomoco eotlhe.”—2 Bakorintha 1:3, 4; Pesalema 68:4-6.

13 Re ka kgona go bona kgomotso mo tsholofelong ya tsogo jaaka fa Jobe motlhanka wa Modimo a ne a e bona, yo o neng a bolela jaana: “[Jehofa] ua bo u ka ka ua mphitlha mo Bobipoñ, ua ka ua mpoloka ka bosaitsiweñ, go tsamaea bogale yoa gago bo heta, ua ka ua ntaolèla motlha o o tlhōmameñ, me ua nkgakologèlwa. Ha monna a shwa a o tla ba a tshela? ke ne ke tla lebèlèla ka malatsi aotlhe a ntwa euō ea me, kgololō ea me e be e tsamaee e tle. U nu u ka bitsa, ke ne ke tla gu araba: U nu u tla eletsa tihō ea diatla tsa gago.” (Yobe 14:13-15) Gantsi fa tsala e re e ratang e ya go tsaya loeto ga re utlwe botlhoko thata, ka gonne re lebeletse gore re tla e bona gape. Kutlobotlhoko e kgolo eo e bakwang ke go latlhegelwa ke yo re mo ratang e ka nna ya tlhofofadiwa ke fa re leba loso lwa Mokeresete yo o ikanyegang ka tsela e e tshwanang. Fa e le gore o ne a na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, o tla tsosiwa mo borokong jwa loso gone mo lefatsheng mono ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse Di Sekete. (Yohane 5:28, 29; Tshenolō 20:11-13) Mme fa re na le tsholofelo ya go tshelela rure mo lefatsheng, re ka nna ra bo re le teng gore re kopane le motho yo re mo ratang yo o tsositsweng.

14. Batlholagadi bangwe ba babedi ba Bakeresete ba ne ba itshokela jang go swa ga banna ba bone?

14 Morago ga gore monna wa gagwe a swe, kgaitsadi mongwe o ne a itse gore o ne a tshwanetse a tswelela le botshelo a direla Modimo. Mo godimo ga go nna a tshwaregile ka ‘go totafala mo tirong ya Morena,’ o ne a dira letsela le le apesang bolao ka matselanyana a mannye a le 800. (1 Bakorintha 15:58) “Eno ke tiro e e molemo thata,” o bolela jalo, “ka gonne mo nakong yotlhe e ke neng ke bereka ka yone ke ne ke kgona go reetsa mmino wa Bogosi wa diletswa le ditheipi tsa Bibela, tse di neng di dira gore mogopolo wa me o nne o tshwaregile.” O gakologelwa ka boitumelo loeto lwa mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo le mosadi wa gagwe. Mogolwane yono o ne a bontsha sentle fela go tswa mo Bibeleng gore Modimo o amega tota ka batlholagadi. (Yakobe 1:27) Mosadi yo mongwe wa Mokeresete ga a ka a nnela go ikutlwela botlhoko fa monna wa gagwe a ne a swa. O ne a anaanela kemonokeng ya ditsala tsa gagwe ebile a kgatlhegela ba bangwe thata. “Ke ne ke rapela gantsi thata mme ke nna le kamano e e atamalaneng thata le Jehofa,” o bolela jalo. Abo go segofatsa jang ne go tshegediwa ke matsogo a a nnetseng ruri a Modimo!

Thuso Fa Re Dirile Phoso

15. Mafoko a ga Dafide mo go Pesalema 19:7-13 a bolela eng tota?

15 Lemororo re rata molao wa ga Jehofa, ka dinako tse dingwe re a tle re dire diphoso. Kwantle ga pelaelo selo seno se re dira gore re utlwe botlhoko mo maikutlong, jaaka fa go ne ga nna ka Dafide, yo mo go ene melao ya Modimo, dikgakololo tsa gagwe, ditaelo tsa gagwe, le dikatlholo tsa gagwe di neng di eletsega go gaisa gauta. O ne a bolela jaana: “Motlhanka oa gago o tlhagisiwa ke cōna: mo go di tshegetseñ go tuèlō e kgolo. E mañ eo o ka lemogañ ditimèlō tsa gagwè? A u ko u ntlosè melato e e hitlhegileñ. U bo u kganèlè motlhanka oa gago mo maleuñ a [boikgodiso]; a a se nne le taolō mo go nna: hoñ ke tla nna boitekanèlō, me ke tla bo ke se molato oa tlolō e kgolo.” (Pesalema 19:7-13) A re ko re tlhatlhobeng mafoko ano.

16. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra tila go ikgodisa?

16 Dilo tse o di dirang ka boikgodiso ke maleo a a masisi thata go gaisa diphoso. Saulo o ne a ganwa jaaka kgosi ka gonne o ne a ikgodisa mme a ntsha setlhabelo ka bogagagwe le ka go se bolae kgosi ya Baamaleka ebong Agage le dilo tse dintle tse ba di gapileng, lemororo Modimo o ne o laetse gore Baamaleka ba bolawe. (1 Samuele 13:8-14; 15:8-19) Kgosi Usia o ne a itewa ka lepero ka gonne a ne a itseela ditiro tsa boperesiti ka boikgodiso. (2 Ditihalō 26:16-21) Fa letlole la kgolagano le ne le isiwa kwa Jerusalema mme dikgomo tse di neng di goga kara eno di ne di batla go le diga, Modimo o ne wa itaya Usa gore a bo a swe ka gonne a ne a tshwara Letlole leno ka a ne a tlhoka tlotlo mme a leka go le tshegetsa gore le se ka la wa. (2 Samuele 6:6, 7) Ka jalo, fa re sa itse gore re direng kana re sa itse gore a re neilwe tetla ya go dira sengwe, re tshwanetse ra bontsha go nna boikokobetso mme re botse ba ba kgonang go akanya ka botlhale pele. (Diane 11:2; 13:10) Gone ke boammaaruri gore, fa e le gore re kile ra nna batho ba ba ikgodisang, re tshwanetse ra kopa gore re itshwarelwe mme re kope Modimo gore a re thuse gore re se ka ra ikgodisa mo nakong e e tlang.

17. Maleo ao a fitlhilweng a ka nna a ama motho jang, mme motho a ka bona jang boitshwarelo le kgololo?

17 Maleo a a fitlhegileng a ka nna a dira gore re tshwenyege mo maikutlong. Go ya ka Pesalema 32:1-5, Dafide o ne a leka go fitlha boleo jwa gagwe, mme o ne a bolela jaana: “E rile ke didimetse, marapō a me a ōnala ka go bōkōlèla ga me ka letsatsi yeotlhe. Gonne seatla sa gago se ne se le boima mo go nna motshegare le bosigo: loñōla loa me loa hetoga yaka ekete kōmèlèlō ea selemō.” Go leka go gatelela segakolodi se se nang le molato go ne go utlwisa Dafide botlhoko, mme kutlobotlhoko e ne e fokotsa maatla a gagwe fela jaaka fa setlhare se latlhegelwa ke longola lo lo se nayang botshelo ka nako ya komelelo kana mo mogoteng o o omeletseng wa selemo. Go bonala a ne a lwala mo mogopolong le mo mmeleng mme a latlhegelwa ke boitumelo ka ntlha ya go bo a ne a palelwa ke go ipolela. Ke fela fa o ipolela mo Modimong a ka kgonang go go itshwarela le go go golola. Dafide o ne a bolela jaana: “Go segō èna eo tlolō ea gagwè e ichwarecweñ eo boleo yoa gagwè bo bipilweñ. . . . Ke ne ka gu ipolèlèla boleo yoa me, le boikèpō yoa me ga kea bo hitlha: ke rile, Ke tla ipolèlèla Yehofa ditlolō tsa me, me ua ichwarèla molato oa boleo yoa me.” Thuso e e lorato e e tswang mo bagolwaneng ba Bakeresete e ka nna ya go thusa gore o fole semoyeng.—Diane 28:13; Yakobe 5:13-20.

18. Go na le bosupi bofe jwa gore boleo bo ka nna le ditlamorago tse di tsayang lobaka lo loleele, mme ke eng se se ka nnang sa gomotsa motho mo maemong a a ntseng jalo?

18 Boleo bo ka nna jwa go ama ka lobaka lo loleele thata. Bo ne jwa dira jalo ka Dafide, yo o neng a dira boaka le Bethesheba, a rulaganya dilo jaana gore monna wa gagwe a bolawe, mme a nyala motlholagadi yono yo o neng a ithwele. (2 Samuele 11:1-27) Lemororo Modimo a ne a bontsha boutlwelobotlhoko ka ntlha ya kgolagano ya Bogosi, ka ntlha ya go ikwatlhaya ga ga Dafide, le tsela eo a neng a tshwara ba bangwe ka tsela e e boutlwelobotlhoko ka gone, Dafide o ne a bona ‘kutlobotlhoko mo ntlong ya gagwe.’ (2 Samuele 12:1-12) Ngwana yo o mmoneng ka boaka yono o ne a swa. Morwa Dafide ebong Amenone o ne a betelela kgaitsadie ka mmaagwe ebong Tamare mme o ne a bolawa ka taolo ya ga kgaitsadie Tamare ebong Abesalome. (2 Samuele 12:15-23; 13:1-33) Abesalome o ne a dira se se tlhabisang ditlhong mo matlhong a ga Dafide ka go tlhakanela dikobo le bagadingwana ba gagwe. O ne a leka go tsaya setulo sa bogosi ka dikgoka mme o ne a bolawa. (2 Samuele 15:1–18:33) Boleo bo santse bo na le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko. Ka sekai, modiraphoso yo o kgaotsweng a ka nna a ikwatlhaya mme a busediwa mo phuthegong, mme go ka nna ga tsaya dingwaga di le dintsi go tlosa leina le le senyegileng le boikutlo jo bo botlhoko jo bo nnileng gone ka ntlha ya boleo. Ka nako e e tshwanang, abo go gomotsa jang go itshwarelwa ke Jehofa le go tshegediwa ke matsogo a gagwe ao a nnetseng ruri!

Go Gololwa mo Dilong Tse Di Re Gatelelang

19. Moya wa Modimo o ka thusa jang fa re lekwa thata?

19 Fa re lekwa thata, re ka nna ra tlhoka botlhale jo bo lekaneng le maatla a gore re dire tshwetso le gore re e diragatse. Mo mabakeng a a ntseng jalo, moya wa Modimo “o thusa thetelèlō ea rona ka mokgwa o o nntseñ yalo: gonne ga re itse go rapèla yaka re chwanetse; me Mōea ka osi o re rapèlèla ka diphègèlō tse di sa kakeñ tsa buiwa.” (Baroma 8:26) Fa Jehofa a fetola maemo, re tshwanetse go leboga. Lefa go ntse jalo, letsogo la gagwe le ka nna la re boloka ka tsela e nngwe. Fa re rapelela gore re bone botlhale, Jehofa a ka dirisa moya wa gagwe go re bontsha seo re tshwanetseng ra se dira mme a re neela maatla ao re a tlhokang gore re se dire. (Yakobe 1:5-8) Ka thuso ya gagwe, re ka nna ra itshoka fa re ‘tsena mo bohutsaneng ka diteko dingwe le dingwe di le dintsi’ mme re di falola re na le tumelo e e lekilweng le e e nonofileng.—1 Petere 1:6-8.

20. Re tla ipelela eng fa tota re dira gore matsogo a ga Jehofa a a nnetseng ruri a re tshegetse?

20 Le ka motlha re se ka ra bo ra lapa go retologela kwa Modimong ka thapelo. “Matlhō a me a nntse a lebile Yehofa hèla ka galè; gonne o tla phamola dinaō tsa me mo lotloeñ,” go ne ga bolela jalo Dafide. “Retologèla kwa go nna, u nkutlwèlè botlhoko; gonne ke shwahetse, ke patikegile. Dikhuduègō tsa pelo ea me di goletse pele; a u ko u nntshè mo dipitlaganoñ tsa me. Sèkasèka patikègō ea me, le thekisègō ea me; me u ichwarèlè maleo a me aotlhe.” (Pesalema 25:15-18) Jaaka Dafide, re tla itumelela go gololwa ke Modimo, a re rate, a bo a re itshwarele fa tota re dira gore matsogo a ga Jehofa a a nnetseng rure a re tshegetse.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona ditlhogo tse di leng malebana le go tshwenyega thata mo maikutlong le mo mogopolong mo go Awake! ya October 22, 1987, ditsebe 2-16, le November 8, 1987, ditsebe 12-16.

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Jehofa o thusa jang batlhanka ba gagwe bao ba lwalang?

◻ Ke eng se se ka nnang sa bo se le molemo fa re leka go itshokela go tshwenyega thata mo maikutlong?

◻ Ke eng se se ka nnang sa thusa go fokotsa kutlobotlhoko fa motho yo re mo ratang a tlhokafetse?

◻ Ba ba fitlhang maleo a bone ba ka bona jang tapologo?

◻ Go na le thuso efe fa batho ba ga Jehofa ba lekwa mo go botlhoko?

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Re ka bona kgomotso go tswa mo tsholofelong ya tsogo, jaaka fa Jobe yo o boifang Modimo a ne a e bona

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela