Go Adima Bakeresete Ba Bangwe Madi
PEDRO le Carlos e ne e le ditsala tse di molemo.a E ne e le Bakeresete mmogo, ebile malapa a bone a ne a tlhola a itumelela go kopana mmogo. Ka jalo fa Carlos a ne a tlhoka madi mo kgwebong ya gagwe, Pedro ga a ka a etsaetsega go mo adima. “Ereka re ne re le ditsala tse di molemo,” go tlhalosa jalo Pedro, “ke ne ke sa tshwenyege.”
Lefa go ntse jalo, dikgwedi di le pedi fela moragonyana, kgwebo ya ga Carlos e ne ya wa, mme a se ka a tlhola a duela molato wa gagwe. Pedro o ne a gakgamala fa a utlwa gore Carlos o ne a dirisa bontsi jwa madi a a neng a a adimile go duela melato e e seng ya kgwebo le go tshela botshelo jo bo batlang madi a a kwa godimo. Kgang eno ga e a ka ya rarabololwa ka tsela e e neng ya kgotsofatsa Pedro le eleng morago ga go mo etela le go mo kwalela makwalo ka lobaka lwa ngwaga. Ereka a ne a tlaletswe, Pedro o ne a ya kwa pusong mme a dira gore Carlos—tsala ya ya gagwe le mokaulengwe wa gagwe wa Mokeresete—a latlhelwe mo kgolegelong.b A kgato eno e ne e le e e siameng? Re tla bona.
Dikgogakgogano le go tlhoka kutlwano ka dikadimisano tsa madi ke tsone tseo gantsi di senyang botsalano jwa batho mo lefatsheng lotlhe. Ka dinako tse dingwe go ka nna ga tsenya dikgogakgogano mo Bakereseteng. Mo dinageng tse dintsi ga go motlhofo gore banka e adime motho madi, ka jalo go tlwaelegile gore batho ba ba tlhokang madi ba a adime mo ditsaleng le mo go ba losika. Lefa go ntse jalo, selo se se botlhoko se se neng sa diragalela Pedro le Carlos, se bontsha gore fa motho yo o adimang yo mongwe madi le yo o adimilweng madi ba sa sale melaometheo ya Bibela morago ka kelotlhoko, go tsoga mathata a a masisi. Ka jalo he, ke tsela efe e motho a tshwanetseng go e latela fa Mokeresete yo mongwe a adima madi?
Go Sekaseka Seo Se ka Bakiwang Ke Go Adima Madi mo Mothong
Bibela e kgala go adima selo se o sa se tlhokeng. “Lo se ka loa nna molato le opè, ha e se go ratana hèla,” moaposetoloi Paulo o kgothatsa jalo. (Baroma 13:8) Ka jalo pele o tsena mo molatong, sekaseka pele gore seno se tlile go go bakela eng. (Bapisa Luke 14:28.) A eleruri o tlhoka go adima madi? A o a batlela go a dirisetsa dilo tsa botshelo gore o kgone go fepa lelapa la gago? (1 Timotheo 5:8) Kana a go na le bogagapa bongwe jo bo amegang—gongwe o eletsa go oketsa manobonobo a o nang nao?—1 Timotheo 6:9, 10.
Karolo e nngwe gape ya botlhokwa ke gore a go tsena mo molatong go tla batla gore o dire diura tse dintsi gongwe ebile o sa ye kwa dipokanong kana mo tirelong ya tshimo. Gape, a eleruri o ka kgona go dirisa madi a motho yo mongwe ka tsela e a tla se kang a mo latlhegela? Go tweng fa kgwebo kana selo se o batlang go se dira se phutlhama? Gakologelwa, “moikepi o tla a adime, me a se ke a bose.”—Pesalema 37:21.
‘Go Bua Boammaaruri’ le Ba Ba Adimang Ba Bangwe
Fa o sena go sekaseka mabaka a a ntseng jalo, o ka nna wa ikutlwa o tlhoka go adimela kgwebo ya gago madi. Fa e le gore ga o kgone go a bona mo dibankeng, ga se ka metlha go leng phoso go atamela Bakeresete ba bangwe, ka go bo go tlwaelegile gore o ye kwa ditsaleng tsa gago fa o tlhoka sengwe, jaaka Jesu a ne a akgela jalo mo go Luke 11:5. Lefa go le jalo motho o tshwanetse go leka ka natla gore a “buè boamarure.” (Baefesia 4:25) Tlhalosa mabaka otlhe a a amegang ka boikanyegi—go akaretsa le dilo tse di ka nnang tsa diragala, le tseo go seng motlhofo gore di ka diragala. O se ka wa kgopisega fa motho yo o adimang mo go ene a go botsa dipotso dingwe tse di tlhamaletseng gore a kgone go tlhomamisega gore o tlhaloganya boemo sentle.c
A motho o tla bo a bua boammaaruri fa a adima madi ka lebaka lengwe e bo e re go tloga foo a bo a dirisetsa madi ao sengwe se sele? Nnyaa. Motsamaisi mongwe wa banka wa Latin America o tlhalosa jaana: “Banka e tla tsaya madi ao, mme fa o sa kgone go duela madi ao ka bonako, e ne e tla batla tetla ya kgotlatshekelo gore e tseye dithoto tsa gago.” Fa o adima madi ka lebaka la go batla go oketsa kafa kgwebo ya gago e tsenyang madi ka teng, fa o ka a dirisetsa boikaelelo bongwe motho yo o go adimileng ga a kake a tlhola a tlhomamisega gore madi ao a tla boa. Ke boammaaruri gore o ka nna wa se ka wa boifa gore o tla tseelwa dikgato tsa semolao fa o adima madi mo Mokereseteng yo mongwe. Lefa go ntse jalo, “moadimi ke motlhanka oa eo go adiñwañ mo go èna,” mme wa patelesega gore o ikanyege mo go ena.—Diane 22:7.
Go Dirisa Molao wa Gouta mo Dikgwebong
Jesu o ne a bolela jaana: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) Abo go le botlhokwa jang ne gore molao ono o dirisiwe thata fa go dirwa ditumalano tsa kgwebo le badumedi ba bangwe! Ka sekai, o ne o tla akanya jang fa mokaulengwe a ne a gana kopo ya gago ya go adima madi? A o ne o tla ikutlwa gore ga se tsala ya mmatota? Kana o ne o tla dumela gore o na le tshwanelo ya go gana, o lemoga gore a ka tswa a tlhoka madi ao kana a akanyeditse dikotsi dingwe tse di masisi go feta jaaka wena o di akanyeditse? A ka nna ka bokanyegi fela a bo a belaela gore a o kgona go dirisa madi ka tsela e e siameng. Fa go ntse jalo, fa a gana e ka tswa e le sengwe se se mosola le se se lorato go se dira.—Diane 27:6.
Fa tsala e dumela go go adima madi, dintlhanyana tsotlhe di tshwanetse go kwalwa, go akaretsa le gore o adimile bokae, gore madi ao a tlile go dirisiwa jang, le gore ke dithoto dife tseo di tla emelang madi ao, le gore a tla duelwa jang le gone leng. Mo mabakeng a mangwe go botlhale le eleng go kwala tumalano eo kana le e ise kwa agenteng gore e e sekaseke le gore e bolokiwe mo direkotong tsa puso. Lefa maemo a ka nna afe, fa tumalano eo e sena go saeniwa, “go bua ga lona ha e le E, e nnè E, ha e le Nya, e nnè Nya.” (Mathaio 5:37) O se ka wa akanya fela gore tsala ya gago ke motho yo o siameng mme wa bo o palelwa go dira dilo ka tsela e e masisi jaaka o ne o ka dira fa e ne e le banka.
Batho Ba Ba Adimang Ba Bangwe Ba Ba Kelotlhoko
Go tweng fa mongwe a tla kwa go wena a go kopa gore o mo adime madi? Go tla ikaega thata ka maemo a a amegang. Ka sekai, mokaulengwe wa Mokeresete a ka nna a latlhegelwa ke madi otlhe a gagwe mme e se molato wa gagwe. Fa o kgona go dira jalo, lorato lwa Bokeresete lo tla go tlhotlheletsa gore o mo “nee dilō tse di tlhōkwañ ke mmele.”—Yakobe 2:15, 16.
Abo e tla bo e se go supa lorato jang ne go dirisa boemo jo bo seng monate jo mokaulengwe a leng mo go jone ka go batla morokotso wa madi ao fa a le mo boemong jo bo ntseng jalo! Jesu o ne a kgothatsa jaana: “Me lona, ratañ baba ba lona, ba dihèlañ molemō, adimañ hèla, lo sa tlhoboge gopè.”—Luke 6:35; bapisa Lefitiko 25:35-38.
Go tweng he, fa o kopiwa go ntshetsa kgwebo nngwe madi kana go letla gore madi kana dithoto tsa gago go emela madi a yo mongwe a a adimang? Ka kakaretso fela dikgang tse di ntseng jalo di tshwanetse tsa lejwa jaaka go boloka madi. Bibela ka phepafalo e a tlhagisa, e kgothatsa jaana: “U se ka ua nna moñwe oa ba ba ōpanañ diatla, leha e le oa bōnè ba e leñ baemedi ba melato.”—Diane 22:26.
Fa dilo di ntse ka tsela eo, o tshwanetse wa sekaseka pele gore a o ka kgona go boloka madi a gago ka tsela eo. A o tla latlhegelwa ke madi fa kgwebo eo e wa kana fa motho yo o mo adimang a sa kgone go duela molato oo ka nako e e beilweng? Fa e le gore o ka kgona go adima mongwe madi mme ebile go na le morokotso mongwe o o tlileng go bonwa le wena o tshwanetse wa batla morokotso mongwe o o utlwalang mo mading a o a ntshitseng. (Bapisa Luke 19:22, 23.) Diane 14:15 e tlhagisa jaana: “Motho eo o sa tlhalehañ o dumèla lehoko leñwe le leñwe: me senokopela se tle se itebe tsamaō ea shōna sentlè.” Borakgwebo bangwe bao ka tlwaelo fela ba leng botlhale ba ile ba se ka ba dira dilo ka botlhale fa ba ne ba dira ditumalano dingwe tsa kgwebo le Bakeresete ba bangwe. Kgogedi ya go bona merokotso e e kwa godimo mo dituelong e ile ya dira gore ba dirise madi a bone ka tsela e e seng botlhale mme ba ile ba latlhegelwa ke madi a bone le ke botsalano jwa bone le Bakeresete ba bangwe.
Se se kgatlhang ke gore, nako le nako batsamaisi ba dibanka ba sekaseka mabaka mangwe a mararo go bona gore a ba ka adima motho madi kana nnyaa: (1) mekgwa ya motho yo o adimang madi, (2) gore a o tla kgona go a busa, le (3) maemo a mofuta wa kgwebo ya gagwe. A e tla bo e se go dirisa “botlhale yo bo itekanetseñ” go sekaseka dilo ka tsela e e tshwanang fa o akanya go adima mongwe madi a gago a o a diretseng ka thata?—Diane 3:21.
Ka sekai, mokaulengwe yo o adimang madi yono o itsege jaaka motho yo o ntseng jang? A o itsege a ikanyega ebile a ka ikanngwa kana o itsege a sa dire dilo ka botlhale ebile a sa tlhomama? (Bapisa 1 Timotheo 3:7.) Fa a batla go atolosa kgwebo ya gagwe, a o ile a kgona go e laola sentle go fitlha jaanong? (Luke 16:10) Fa go sa nna jalo go mo thusa ka ditsela tse di mosola tsa go dirisa madi go ka mo thusa thata go feta fa o mo naya madi a a ka nnang a se ka a a dirisa sentle.
Kgang e nngwe ke gore a mokaulengwe o tla kgona go busa madi. O amogela madi a a kana kang? O na le melato efe? E tla bo e le selo se se utlwalang gore a go bolelele dilo tsotlhe. Lefa go le jalo, lorato lwa Bokeresete lo tla tshwanela go nna le ntse le le teng. Ka sekai, o ka nna wa batla gore madi a o a adimang mokaulengwe a emelwe ke dilwana dingwe tsa gagwe tse di kgonang go rekisiwa. Molao wa ga Moshe o ne o kgala go tsaya dilo tse motho a itshedisang ka tsone kana dilo tse a di tlhokang thata go emela madi a a adingwang. (Duteronome 24:6, 10-12) Ke gone ka moo mokaulengwe mongwe wa kwa Amerika Borwa yoo e leng rakgwebo a bolelang gore ene o tla adima mokaulengwe fela madi a a lekanang fela halofo ya tlhwatlhwa ya dilwana tsa gagwe tse di ka rekisiwang. “Ebile ga ke lebe dithulusu tsa tiro ya gagwe kana ntlo ya gagwe jaaka dithoto tse di rekisiwang,” o tlhalosa jalo. “Eleruri ga ke batle go tloga ke ntsha mokaulengwe mo ntlong ya gagwe mme ke tsaya ntlo ya gagwe gore ke bone madi a me.”
Kgabagare, o tshwanetse wa akanyetsa maemo a kgwebo a kwa o nnang teng ka kakaretso. Re tshela mo “metlheñ ea bohèlō,” eo mo go yone batho e leng “barati ba madi, . . . e le baoki.” (2 Timotheo 3:1-4) Lemororo tsala ya gago kana mokaulengwe wa gago a ka nna a bo a ikanyega, ba a tshwaraganetseng kgwebo nabo, ba a ba hirileng, le batho ba ba rekang mo go ene bone ga ba a nna jalo. Jaaka Mokeresete, ga a kake a tsietsa le go aka—mekgwa eo batho ba ba gaisanang le ene ba ka nnang ba di dira gore ba bone molemo. Selo se sengwe gape se se batlang go akanyediwa ke matshwenyego a a ka leriwang ke “motlha le bowèlō.” (Moreri 9:11) Boleng jwa dithoto bo ka nna jwa wela kwa tlase ka bonako fela. Go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dilo go ka nna ga diga kgwebo kana ga dira gore madi a o a adimileng motho a se ka a tlhola a nna le boleng. Bogodu, dikotsi, go thukhuthiwa, le dikgobalo ke dilo tse di sa itumediseng tse di diregang mo kgwebong. O tshwanetse wa akanyetsa dikarolo tseno tsotlhe fa o dira tshwetso.
Go Palelwa
Ka dinako tse dingwe, lemororo go etswe tlhoko mabaka otlhe, Mokeresete o palelwa go duela madi a o a adimileng. Molao wa Gouta o tshwanetse wa mo tlhotlheletsa gore a buisane le motho yo a mo kolotang kgapetsakgapetsa. Gongwe a ka kgona go duela madi a mannye fela ka nako eo. Lefa go ntse jalo, Mokeresete ga a tshwanela go ikutlwa gore dituelo tse dinnye tse a di dirang di mo naya seipato sa go sa intshe setlhabelo go dira kafa a boletseng gore o tla dira ka teng. (Pesalema 15:4) Motho yo e leng Mokeresete o adimileng yo mongwe madi le ene o tshwanetse go bontsha lorato. Fa a akanya gore o tsieditswe, a ka dirisa kgakololo e e mo go Mathaio 18:15-17.
Go tsenya puso mo teng jaaka Pedro a ne a dira mo kgetsing e e umakilweng kwa tshimologong ga se ka metlha go leng botlhale. Moaposetoloi Paulo o bolela jaana: “Ha moñwe mo go lona a na le kgañ le oa ga gabō, a se ke a boihe go ea go sèka ha pele ga ba ba sa siamañ, a sa ee ha pele ga baitshepi bogolo? . . . A rure ga go kake ga hitlhèlwa motho moñwe mo go lona eo o botlhale, eo o nonohileñ go atlhola mo gare ga bakauleñwe ba gagwè? Me mokauleñwe a ee go sèka le mokauleñwe, e bile e le ha pele ga ba ba sa dumeleñ? Nya, e setse e le molato hèla mo go lona, ka lo na le ditshèkisanyō. Ga lo ichokeleleñ tshiamololō bogolo? ga lo iteseletseñ go patikwa bogolo?”—1 Bakorintha 6:1-7.
Go ka nna ga nna le maemo a mangwe a a ntseng jaaka fa go amega balekane ba ba sa dumeleng, batho ba lefatshe bao le rekang dilwana mo go bone, kana dikgang tsa inshorense—tseo di ka tswang di batla go isiwa kwa kgotlatshekelong ya selefatshe kana lekgotla lengwe la puso. Mme mo makgetlong a mantsi, go botoka gore Mokeresete a latlhegelwe ke madi go na le gore a tlhabise phuthego ditlhong ka go sekisetsa mokaulengwe go palelwa ke go duela madi a o a mo adimileng.
Mo mabakeng a mantsi go dira dilo ka tsela e e feteletseng jalo go ka nna ga tilwa. Jang? Pele o adima mokaulengwe kana o ya go adima madi mo go ene, lemoga mathata a a ka nnang a tlhaga. Nna kelotlhoko thata o dirise botlhale. Se se di fetang tsotlhe, “gotlhe mo lo go dihañ,” go akaretsa le dikgang tsa dikgwebo, “a go dihwè ka loratō.”—1 Bakorintha 16:14.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina a ile a fetolwa.
b Batho bangwe ba ile ba adima madi a mannye mo bathong ba bantsi. Ereka motho mongwe le mongwe yo o ba adimang a sa itse dintlha tsotlhe tsa gore boemo bo ntse jang, ba ka nna ba akanya gore motho yo o adimang yono o tla kgona go duela fela motlhofo.
c Kwa dinageng tse dingwe fa motho a felelwa ke madi ebile a palelwa ke go duela melato ya gagwe le fa a sa duele madi ao a a adimileng o latlhelwa mo kgolegelong.