LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 4/8 ts. 16-17
  • Fa Ditsala di Adimana Dilo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Ditsala di Adimana Dilo
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Melaometheo E e Ka Elwang Tlhoko
  • Moadimi
  • A ke Tshwanetse go Adima Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A ke Tshwanetse go Adima Madi mo Mokaulengweng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go Adima Bakeresete Ba Bangwe Madi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A go Itsenya mo Melatong go a Thusa?
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 4/8 ts. 16-17

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Fa Ditsala di Adimana Dilo

“MOIKEPI O TLE A ADIME, MME A SE KE A BUSE; MME MOSIAMI O DIRA KA PELOTSHWEU, A NEYE FELA.”—PESALEMA 37:21.

“O SE ka wa nna moadingwa, kana moadimi; ka gonne gantsi o latlhegelwa ke madi a o adimisaneng ka one mme botsala bo senyege.” Go ne ga kwala jalo mokwaladiterama tsa Seesemane e bong William Shakespeare, fa a ne a boeletsa botlhale jono jwa bogologolo. Eleruri, ke dilo di sekae fela tse di amanang le go dirisana ga batho tse di ka bakang letlhoo fela jaaka go adimiwa kana go adima motho yo mongwe madi. Tota le fa dithulaganyo di dirilwe ka botswerere le ka boikaelelo jo bo siameng, ga se ka dinako tsotlhe dilo di tsamayang jaaka go ne go lebeletswe.—Moreri 9:11, 12.

Go ka nna ga tsoga maemo a a ka dirang gore moadingwa a thatafalelwe kana a palelwe ke go duela dikoloto tsa gagwe. Kana ka tshoganetso fela moadimi a ka nna a iphitlhela a tlhoka madi a a a adimileng motho yo mongwe. Fa dilo tse di ntseng jalo di diragala, fela jaaka Shakespeare a tlhalositse, botsala le ditirisanommogo di ka senyega.

Ke boammaaruri gore motho a ka tswa a na le mabaka a a utlwalang a go bo a adima madi. Fa motho a sena madi ka gonne a tlhagetswe ke kotsi nngwe e e masisi kana a latlhegetswe ke tiro, a ka nna a bona go adima madi e le gone fela mo go ka mo thusang. Baebele e kgothaletsa batho ba ba ka kgonang go thusa ba ba tlhokang fa go le mo thateng ya bone go dira jalo. (Diane 3:27) Seno se ka akaretsa go adima madi. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba tsenang mo thulaganyong e e ntseng jalo ba tshwanetse go leba jang dikoloto tsa bone?

Melaometheo E e Ka Elwang Tlhoko

Baebele ga se buka e e kaelang mo go tsa madi. Ga e tlhalose dintlha tsotlhe tse di ka nnang tsa akaretsa go adingwa kana go adima. Dikgang tse di jaaka gore a motho a ka duedisa morokotso kana gore a se ka a o duedisa le gore o tshwanetse go duedisa morokotso wa bokae ke kgang ya batho ba ba amegang.a Le fa go ntse jalo, Baebele yone e re neela melaometheo e e phepafetseng, e e lorato e e tshwanetseng go laola maikutlo le boitshwaro jwa motho ope yo o adingwang kana yo o adimang.

Ela tlhoko melaometheo e e amang moadingwa. Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete gore ba se ka ba “kolota ope lefa e le sepe, fa e se go ratana.” (Baroma 13:8) Le mororo Paulo a ne a bua ka molaometheo o o ka akaretsang dilo tse di farologaneng fano, kgakololo ya gagwe e ka tsewa tota e le e e re tlhagisang malebana le go itsenya mo melatong. Ka dinako tse dingwe go botoka go nna o sena sepe go na le go kolota motho yo mongwe madi. Ka ntlha yang? Diane 22:7 e tlhalosa gore “moadimi ke motlhanka wa yo go adingwang mo go ene.” Moadingwa o tshwanetse go itse gore o na le sekoloto go fitlhela madi a duetswe. Totatota, madi a a nang le one ga se a gagwe otlhe. Go duela sekoloto sa gagwe go ya ka fa ba dumalaneng ka teng e tshwanetse ya nna selo se se tlang pele mo botshelong jwa gagwe, go sa nneng jalo go ka nna ga tlhaga mathata.

Ka sekai, fa nako ya go duelwa e feta mme mong wa madi a sa a duelwe, a ka nna a galefa. Dilo tse moadingwa a di dirang tse di jaaka go reka diaparo, go ja kwa diresetšhurenteng, kana go ya kwa malatsing a boikhutso di ka nna tsa belaetsa moadimi. A ka nna a galefa le go feta. Ba ka nna le dikgogakgogano ka bobone tota le ba malapa a bone kana ga diragala sengwe se se maswe le go feta. Diphelelo e ka nna tse di utlwisang botlhoko jalo fa e le gore moadingwa ga a dire se se dumalanweng.—Mathaio 5:37.

Mme go tweng fa moadingwa ka tshoganetso fela a ka palelwa ke go duela sekoloto ka ntlha ya maemo a a ka se kang a kgona go a laola? A seno se ne se tla phimola sekoloto? Tota nnyaa. Mopesalema o bolela gore motho yo o siameng o “ikutlwisitse botlhoko ka go ikana ga gagwe, a se ke a fetoge.” (Pesalema 15:4) Mo maemong a a ntseng jalo, moadingwa o tla bo a bontsha lorato le botlhale fa a ka tlhalosetsa moadimi seemo sa gagwe ka bonako. Go tswa foo ba ka dira dithulaganyo tse dingwe. Seno se tla dira gore go nne le kagiso, mme se tla itumedisa Jehofa Modimo.—Pesalema 133:1; 2 Bakorintha 13:11.

Totatota, motho o itshupa gore ke wa mofuta mang ka tsela e a dirisanang le dikoloto tsa gagwe ka yone. Fa motho a na le boikutlo jwa go sa kgathale fa a tshwanetse go duela ba bangwe o a bo a bontsha gore ga a amege ka bone. Tota e bile, fa motho a na le boikutlo jo bo ntseng jalo o a bo a le pelotshetlha—o ikakanyetsa a le nosi. (Bafilipi 2:4) Mokeresete yo o sa batleng go duela dikoloto tsa gagwe ka boomo e bile a sa di lebala a ka senya boemo jwa gagwe le Modimo, mme ditiro tsa gagwe di ka supa e le motho yo o nang le pelo e e bohula, le e e bosula.—Pesalema 37:21.

Moadimi

Le mororo boikarabelo jo bogolo bo rwalwa ke moadingwa, gape go na le melaometheo e e thusang motho yo o adimang. Baebele e bontsha gore fa re kgona go thusa batho ba ba tlhokang, re tshwanetse go dira jalo. (Jakobe 2:14-16) Mme seo ga se bolele gore o tlamega go adima yo mongwe madi, tota le fa yo o kopang e le mokaulengwe wa semoya. Baebele e bolela jaana: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe.”—Diane 22:3.

Fa motho yo o nang le temogo a itse e bile a tlhaloganya mamena a a ka tlisiwang ke go adimana dilo, o tla akanyetsa seo ka kelotlhoko fa go na le ope yo o tlang mo go ene go tla go adima sengwe. A kopo eo ke e e utlwalang? A motho yo o kopang o akanyeditse kgang eo ka kelotlhoko? A motho yono yo o batlang go adingwa o itse go dira dilo ka thulaganyo e bile a ke motho yo o buiwang molemo? A o ka rata go saena lekwalo le le bontshang dilo tse go dumalanwang ka tsone? (Bapisa Jeremia 32:8-14.) A tota o ikemiseditse go go duela?

Seno ga se reye gore Mokeresete o tshwanetse go gana go adima motho yo o tlhokang yo go bonalang a ka nna a nna le mathata a go duela madi a a a adimilweng. Boikarabelo jo Mokeresete a nang le jone mo go ba bangwe ga bo felele fela mo go reng a nne le ditirisano tse dintle tsa kgwebo le bone. Moaposetoloi Johane o botsa jaana: “Lefa e le mang yo o nang le mo go tshegetsang botshelo ga lefatshe leno mme a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka mme lefa go ntse jalo a mo tswalela setswalo sa bopelotlhomogi jo bo tlekeetso, ke ka tsela efe lorato lwa Modimo lo nnetseng ruri mo go ene?” Ee, Bakeresete ba tshwanetse go bontsha “[lorato] e seng ka lefoko lefa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.”—1 Johane 3:17, 18.

Mo mabakeng a mangwe motho a ka nna a se ka a batla go adima mokaulengwe wa gagwe yo o tlhokang madi. A ka nna a batla go mo neela mpho kana go mo thusa ka tsela nngwe. Mo molaomotheong o o tshwanang, fa mathata a tlhagela moadingwa, moadimi a ka nna a bona gore a mo utlwele botlhoko. A ka nna a batla go akanyetsa maemo a moadingwa a a setseng a fetogile mme a mo okeletse nako e a tlileng go duela ka yone, a ka nna a fokotsa sekoloto, kana go se phimola sotlhe. Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso mo dintlheng tseno.

Bakeresete ba tshwanetse go gakologelwa gore Modimo o lebile dilo tsotlhe mme re tla ikarabela go ya ka tsela e re itshwarang ka yone le tsela e re dirisang madi a rona ka yone. (Bahebera 4:13) Kgakololo ya Baebele e e reng ‘merero yotlhe ya rona e diragale ka lorato’ tota e a dira le fa ditsala di adimana dilo.—1 Bakorintha 16:14.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go duedisa morokotso mo dikadimisanong tsa madi, tsweetswee bona makasine wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1991, ditsebe 25-8.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

“The Money Changer and His Wife” (1514), by Quentin Massys

[Motswedi wa Setshwantsho]

Scala/Art Resource, NY

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela