A go Itsenya mo Melatong go a Thusa?
“O SE ka wa bo wa dirisa madi a gago o ise o nne le one.” A kgakololo eno ya ga Thomas Jefferson yo e kileng ya bo e le poresidente wa United States e siilwe ke nako e re ka gompieno go itsenya mo melatong e le selo se se tlwaelegileng mo bathong ba le bantsi?
Mo dinageng di le dintsi madi ao batho ba a amogelang a mannye thata fa a bapisiwa le ditlhwatlhwa tsa dilo e bile go tlhatloga ga ditlhwatlhwa go ba jela madi a ba a ipolokelang. E bile gape, maemo a ikonomi a ama tsela e batho ba dirang dilo ka yone. Lefa go ntse jalo, go botlhokwa gore o ikanyege. Ruri ke kgwetlho e kgolo go nna le segakolodi se se siameng ka gonne go tsietsa mo go dueleng lekgetho le go se kgoneng go duela melato ke dilo tse di anameng thata. Ke gone ka moo go buiwang thata ka ikonomi letsatsi le letsatsi mme makwalodikgang, dimakasine le thelebishene di bua thata ka ditsela tsa go boloka madi kana go a dira ka bontsi ka jaana batho ba senka mekgwa ya go rarabolola mathata a ikonomi. Go ntse go le jalo, ke tshwanelo go bo o tshwenyegile ka tsela e o ka itlamelang le lelapa la gago ka yone.—1 Timotheo 5:8.
E re ka go na le batho ba sekae fela ba ba senang mathata a madi, ke eng se o ka se dirang go tila mathata a a ka tlelang lelapa la gago? Go na le selo se se botlhokwa se o tshwanetseng go se gakologelwa.
Tila go Itsenya Thata mo Melatong
Ke eng fa batho ba bangwe ba itsenya mo melatong? Ga se gantsi batho ba adimang dilo ka gonne go na le mabaka a a ba pateletsang go dira jalo, a a jaaka bolwetse. Motho a ka eletsa go nna le dithoto dingwe tse di rileng. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga se gore go phoso go ikutlwa o batla go tsaya sengwe ka molato. E bile tota, go ka nna botoka gore o ntshetse ntlo ya gago peelelo go na le go tlhola o duetse rente kana go ka nna ga tlhokega gore o reke koloi. Motho yo o tlamelang lelapa la gagwe o batla gore ba lelapa la gagwe ba itumele. O batla go atlega mo go nneng monna yo o nyetseng le rrabana yo o atlegileng. Gongwe a ka nna a bo a na le keletso ya go bona lelapa la gagwe le lone le nna le dithoto tse a mangwe a nang le tsone.
Ke boammaaruri gore motho a ka raelesega go adima madi a go reka selo se a se eletsang mme se se botlhokwa go le kalo. Go monate go nna le selo se e leng sa gago, a ga go jalo? Ke mang yo o sa itumeleleng go nna le mosese o montle, ditlhako tse disha kana selo se se jaaka koloi e e ntšhantšha? E bile ke mang yo a ka se rateng go nna le ntlo e ntle? Lefa go ntse jalo, nna kelotlhoko! Borakgwebo ba leleme le borethe, e bile ba dira madi a mantsi ka go rekisetsa batho dilo tse ba sa di tlhokeng le tse ba ka se kgoneng go di duelela.
Gape, gakologelwa gore, go tlhola o duetse melato go le thari go ka baka mathata mo lapeng. Go ka nna ga nna le dikgogakgogano le go sa utlwane. Henrik Ibsen wa mokwadi wa diterama o ne a bua boammaaruri fa a re: “Botshelo jwa lelapa bo nna le dikgotlhang e bile ga bo itumedise fa bo simolola go ikaega ka go adima le go itsenya mo melatong.” O ka nna wa senyega leina fa o sa duele melato ya gago ka nako e e tshwanetseng. E re ka go le motlhofo go dirisa madi a o a adimileng go na le go a busa ka jaana a tla bo a na le morokotso, batho ba le bantsi ba fitlhela gore selo se ba se rekileng ga se ba itumedise jaaka ba ne ba akanya.
Gantsi dipuso di nnela go adima di sa kgaotse di oketsa morokotso o di o duelang. Lefa selo seno se tlwaelegile, ke eng fa o etsa dinaga tseno tse di ratang go itsenya mo melatong e megolo? Go itsenya thata mo melatong ga go humise ope mme go dira gore batho ba humanegele pele le go dira gore ba se ka ba babalesega. Go ntse fela jaaka seane sa Sedanishe se re, “go thata go duelela borotho jo bo setseng bo jelwe.”
Selo se se itumedisang ke gore, motho a ka fokotsa go tlhola a ngomogile pelo ka ntlha ya mokgweleo wa dikoloto ka go ithuta go dirisa madi a gagwe ka botlhale. Ka jalo, iphe nako go rulaganya tse o yang go di reka ka kelotlhoko gore o se ka wa patelesega go adima sepe. Tota le mo dinageng tse ditlhwatlhwa tsa tsone tsa dilo di leng kwa godimo thata go santse go ka somarelwa madi—ka go senka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase le ka go reka fela dilo tse di tlhokegang thata. Go go tlhoka gore o reke dilo tse di lekanang madi a o nang le one, o leta go sekae kana go itebatsa selo se o se batlang.
Ipotse jaana: A go itsenya mo melatong go tla imetsa lelapa la me? Go tweng ka go senyega leina fa nka se kgone go duela madi a ke a adimileng? Go ka nna ga go tsaya lobaka lo loleele thata gore o tshepiwe gape! Go na le kgakololo e e molemo le e e thusang e o ka e bonang malebana le seno. Ke eng fa o sa sekaseke Baebele go bona gore a e ka se go thuse le lelapa la gago gore lo fenye kgang eno ya go itsenya mo melatong?
A Baebele E ka Go Thusa?
Selo se se botlhokwa ke gore, Baebele e ka re thusa rotlhe gore re ikanye Jehofa ka botlalo. Ruriruri re tlhoka thuso mo metlheng eno ya “dipaka tse di tlhokofatsang.” (2 Timotheo 3:1) Re gakololwa jaana: “Lo ikgolole mo go rateng khumo ya madi; lo nne boitumelo ka dilo tse lo nang natso; gonne go buile ene ka esi a re: ‘Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.’ Jalo re bua ka go inametsa pelo re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me, ga nketla ke boifa; ana motho o ka ntirang?’” (Bahebere 13:5, 6) A bo go le botlhokwa jang ne gore re leke go nna le tumelo e e nonofileng mo Modimong ka e le Motlamedi wa rona!
Le mororo Baebele e sa bolelele motho mongwe le mongwe gore a ka itshedisa jang, gone e na le dikaelo tse di molemo. Jesu Keresete o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba itlamele pele ka dilo tsa semoya: “Go itumela bao ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3, NW) Gape re bolelelwa gore re ipeele mekgele: “Le gore lo leke go nna mo tidimalong, le go dira e e leng tiro ya lona, le go dira ka diatla tsa lona, fela jaaka re lo laotse; gore lo tsamaye ka go tlhoka maitsoketso mo go ba ba kwa ntle, le gore lo se tlhoke sepe.” (1 Bathesalonika 4:11, 12) A go tshela ka tidimalo le ka boitumelo ga go re tlhoke gore re reke fela dilo tse re ka di kgonang?
Lefoko la Modimo le ka re thusa gore re baakanye tsela e re akanyang ka yone. Mokwadi wa Diane o ne a supa fa a na le pono e e lekalekaneng ka go kopa Modimo jaana: “O se ka wa nnaya khumanego le fa e le khumo; nkotla ka dijo tse di ntekanyeng; nka tla ka kgora, mme ka go itatola, ka re: ‘Jehofa e mang?’ Kgotsa fa ke humanegile nka tla ka utswa, mme ka dira leina la Modimo wa me matlhapa.” (Diane 30:8, 9) Ka jalo, o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong fa go tlhokega gore bobotlana o nne ka nakwana o sena dilo dingwe. Le ka motlha o se letle gore boitumelo jwa gago bo ikaege ka dikhumo jaaka fa bontsi bo dira, ba itekanya le batho ba bangwe kana ba tshwenyega thata ka dithoto go sa tlhokege.—Mathaio 6:31-33.
Mo godimo ga moo, Baebele e ka go thusa gore o tlhagolele go nna le mekgwa e e molemo. Ithute go nna motho yo o somarelang dilo mme o sa timane, o kgotsofalela dilo tse o ka kgonang go nna le tsone. Fa o le mosha, o se ka wa batla gore ka nako e le nngwe fela o bo o setse o na le dilo tse bagolo ba feditseng dingwaga tse dintsi ba di berekela. Tila go nna lekgoba la go rata dikhumo. Baebele e tlhagisa sentle jaana kaga “go rata madi,” e seng go nna le madi, fa e re: “Ba ba eletsang go huma ba tle ba wele mo thaelong, le mo serung le mo dithatong di le dintsi tsa bosilo, le tse di senyang, tse di nwetseng batho mo tshenyegong le mo tatlhegong. Gonne go rata madi ke modi wa masula mangwe le mangwe otlhe, ke mo e rileng bangwe ba go gwalalela, ba timelwa ke tumelo, mme ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.” (1 Timotheo 6:9, 10) A bo go le botlhokwa jang ne gore o lemoge pharologanyo fa gare ga dilo tse o di tlhokang tota le tse o batlang fela gore o nne le tsone!
Mme gone, a o ikutlwa gore madi a o a amogelang a mannye thata? Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go itshokela go tlhoka dilo dingwe kwantle ga go tshwenyega. Lefa go ntse jalo, itshokele go nna o sena dilo dingwe tse di seng botlhokwa go na le gore o itsenye mo melatong ka tsone, mo go ka go imetsang le go go jela madi. Rulaganya dilo ka kelotlhoko mme o somarele. O ka nna wa bona dikakantsho tse di thusang ka go buisana le tsala e e nang le maitemogelo. A gongwe go ka thusa fa o ka ithuta tiro nngwe? Gakologelwa: Go botlhokwa gore o latele melaometheo ya Baebele, o baya dilo tsa semoya kwa pele mo botshelong le go ikanya Jehofa ka botlalo—go sa kgathalasege gore o mo maemong afe.—Bafilipi 4:11-13.
Ee, go itsenya mo melatong go ka nna ga se ka ga go thusa ka sepe. Go kile ga nna ga twe: “Motho yo o itsenyang mo melatong o mo letloweng.” Mokgweleo wa go itsenya mo melatong o ka tlhakatlhakanya botshelo jwa lelapa, boitekanelo le bomoya jwa lone. Go itsenya mo melatong go ka dira gore moadimi a humanegele pele. Diane 22:7 ya re: “Mohumi o laola mohumanegi, le moadimi ke motlhanka wa yo go adingwang mo go ene.” Ka gone, tila go itsenya mo melatong go sa tlhokege. Re santse re ka ithuta sengwe mo molaomotheong o o akarediwang mo go se moaposetoloi Paulo a neng a akantsha Bakeresete jaana ka sone: “Lo se ka lwa nna molato le ope, fa e se go ratana fela; gonne yo o ratang wa ga gabo o dirafaditse molao.”—Baroma 13:8.
Lefa maemo a ikonomi a ka tswa a ntse jang mo nageng ya gaeno, nna le tsholofelo e e nonofileng mo lefatsheng le lesha la Modimo. Go ise go ye kae go tla bo go sena batho ba ba adimang le ba ba adingwang. Mo Bogosing jwa Modimo, go tla bo go sena mohumanegi. Tsholofetso eno ya ga Jehofa e tla diragadiwa: “O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka.” (Pesalema 72:12, 13) Go na le gore baagi ba lefatshe ba tshele fela ka lemmenyana, ka nako eo, “ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Thomas Jefferson
[Motswedi wa Setshwantsho]
Painting by Gilbert Stuart. Courtesy Bowdoin College Museum of Art/Dictionary of American Portraits/Dover
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Go itsenya thata mo melatong go ka baka mathata mo lenyalong la gago