LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 2/8 ts. 23-24
  • Molato! Go Tsena Mo go One—Go Tswa Mo go One

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molato! Go Tsena Mo go One—Go Tswa Mo go One
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tsena Mo Molatong
  • Go Laola Molato
  • Go Tswa mo Molatong
  • Nna le Puisano!
  • Se lo Ka se Dirang Fa lo Na le Dikoloto
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A go Itsenya mo Melatong go a Thusa?
    Tsogang!—1995
  • Mathata a Madi le Dikoloto—A Baebele e ka Thusa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Molato wa Rona mo Bathong ba Bangwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 2/8 ts. 23-24

Molato! Go Tsena Mo go One—Go Tswa Mo go One

LOIS le Rick ba ne ba setse ba nyalane moo e ka nnang ngwaga. Jaaka banyalani ba le bantsi ba basha, ba ne ba batla sengwe le sengwe ka nako e le nngwe fela—mme go ile ga nna motlhofo fela! Tuelo ya thelebishene e ne e le R138 fela ka kgwedi, mme fa ba tsenya segatisamantswe sa video seo se ile sa oketsa tuelo ya gona ka R203 fela. Go nna le fenitšhara e ntšha go ne go le boimanyana go feta moo—tuelo ya yone e ne e le R746 ka kgwedi. Legale gone, seo se ne se sa akareletse digaretene le khapete, tseo di ileng tsa oketsa tuelo ka R121. Mme setlamo se se adimang batho madi se ne se iketleeleditse go ba thusa.

Didirisiwa di ile tsa bonwa ga motlhofonyana fela ka gonne lebenkele le le di rekisang le ile la amogela karata ya bone ya go tsaya dilo molato. Ka tsela eo go duela ka kgwedi le kgwedi go ne go itlela fela, mme go ne go sa tlhokafale gore ba dire kopo ya kadimo ya madi. Go ne go ka bo go ile ga nna motlhofonyana fa koloi ya ga Rick e e tsayang batho ba babedi e e nang le lobelo lo logolo e ka bo e ne e dueletswe gotlhe pele ga lenyalo jaaka fa a ne a rulagantse, mme tota o ne a ile a seka a kgona go dira jalo.

Rick o akgela jaana: “Ke ne ke itheile ka re lenyalo e tla nna selo se se monate, mme ke tshwenyega thata jaana ka melato eo re nang le yone mo eleng gore tota ga le na boipelo ka gope.” Lois o ne a dumalana le ene mme a oketsa jaana: “Go ne go le motlhofo thata go tsena mo molatong. A tota ruri, re tla tsamaya re tswa mo molatong?”

Potso e e hutsafatsang eno e bontsha kakabalo eo dimilione tsa malapa a a leng mo dinageng di le dintsi tsa lefatshe a lebaneng le yone. Eleruri, batho ba ba kgonang go tshela matshelo a bone kwantle ga gore ba bo ba sikere morwalo o mogolo, oo ka dinako tse dingwe ba sa o kgoneng wa molato, ba a tlhokwa.

Go Tsena Mo Molatong

Motho o tsena jang mo molatong? Ga motlhofo fela! Ke tsela ya botshelo. Mebuso, mekgatlho ya boditšhabatšhaba, dikgwebo-potlana, malapa, le batho ka bongwe botlhe fela ba leba molato jaaka selo se se tlwaelegileng.

Boikgodiso gantsi bo baka gore go nne le molato. Molato o baka tlalelo. Tlalelo e tsala mathata a mangwe. Jalo ke jang motho a ka tshelang mo lefatsheng leo le nang le molato mme, lefa go ntse jalo, a bo a nna a sena molato?

Gongwe thuto ya ntlha eo e ka ithutiwang ke fela go gana go rekisediwa dilo. Ga go diragale gore motho a tsene mo go nngwe ya bontsi jwa dikgoro tsa ditheo tsa madi kwantle ga gore a tlhaselwe ka dipampiri tseo di abang dikadimo. Dikarata tsa go tsaya dilo molato di bonwa motlhofo fela. Go tloga ka ditheo tse dintsi tse di farologaneng tseo di adimisanang ka madi ka go batla morokotso o o seng kafa molaong go ya mo ditheong tsa polokelo tseo di ka ikanngwang, go na le batho ba ba dimilione bao ba leng mo kgwebong ya go rekisa madi bao ba nang le katlego, ba ba gatelelang. Mo go bone, madi ke selo se se rekwang—jaaka dijo—mme tiro ya bone ke go go a rekisetsa. Ithute go re NNYAA.

Go Laola Molato

Go na le ditsela tse dintsi tsa go tlhalosa selekanyo se se siameng sa molato fa o bapisiwa le madi a o a amogelang. Mme ditsela tseno di farologana thata mo eleng gore bontsi jwa tsona ga di kaye sepe se se kalo. Ka sekai, borraikonomi bangwe ba akanya gore lelapa le ka kgona go beela kwa thoko 30 lekgolong ya palogotlhe ya madi a le a amogelang go ka duelela bonno ka one. Ano ke a go duelela bonto kana rente. Lefa go le jalo, tsela eno e ka nna ya seka ya kgonwa ke ba ba humanegileng thata. Ka jalo ditsela tseo di diretsweng batho ka kakaretso gantsi ke tseo di akaretsang fela thata di sa tlhamalala. Bothata jono ka kakaretso jwa go laola molato go ka berekanwa le jone botoka go ya ka maemo a motho ka bongwe.

Melato e mengwe e ka nna ya nna e e siameng, mme go batlega tlhaloganyo le go laola dilo mo go seno. Ka sekai, batho ba le bantsi ga ba kgone go ka reka ntlo kwantle ga gore ba itsenye mo molatong. Ga go utlwale go ka akanya gore lelapa le tshwanetse gore le nne mo mafelong a a hirilweng go fitlhela le bolokile madi a a lekaneng go ka duelela ntlo madi otlhe fa o e reka. Le ka motlha gongwe seno ga se kake sa diragala. Go na le moo, lelapa le ka nna la ikutlwa gore madi ao le a duelelang rente a ka dirisediwa go duelela bonto ya ntlo. Lemororo thulaganyo eno e tla tsaya dingwaga di le dintsi, ba akanya gore ke e e mosola go gaisa tse dingwe.

Fa re lemoga gore tlhwatlhwa ya ntlo e tla nna e tlhatloga jaaka fa nako e tsamaya, go bolela gore lemororo tuelo ya bonto e ka nna ya bo e le kwa godimo ga rente e e duelwang kgwedi le kgwedi, go ka nna botoka mo lelapeng leo ereka le itirela morokotso, oo e leng tlhwatlhwa ya ntlo go sa kopanyelediwe madi ao a santseng a kolotiwa mo go yona. Ka gone, bonto ya ntlo e e nang le tlhwatlhwa e e utlwalang, ka dituelo tse o ka di kgonang, e ka nna molato o o siameng. Go ka nna ga bolelwa se se tshwanang le ka dilo tse dingwe tse dikgolo tse di rekwang, tseo di tlhokegang mo lelapeng.

Mefuta e mengwe ya melato e ka nna e e sa siamang gotlhelele. Go laola molato go akareletsa go nna le bokgoni jwa go e gana. Gongwe molao o o molemolemo ke gore: O seka wa reka sepe seo o sa se tlhokeng ebile o sa kake wa kgona go se duelela. Tila go reka dilo o sa ikaelela. Le eleng fa selo seo se rekisiwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase, ga se sesolo mo go wena fa o sa kake wa kgona go se duelela. O seka wa adima madi go reka dilo tsa manobonobo. O seka wa tsaya maeto a go iphokisa phefo fa e se fela fa o ka kgona go ka a duelela pele ga o tsamaya. Lefa e ka nna eng seo o se rekang o tshwanela gore e re kgabagare o se duelele. Dikarata tsa go tsaya dilo molato di mosola go dira gore o seka wa tsamaya ka madi mo go wena mme di ja madi a mantsi fa di dirisediwa go adima madi.

Go Tswa mo Molatong

Batho bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore kgakololo kaga go laola molato e tlile go setse go le thari thata mo go bone. ‘Ke setse ke gateletswe ke diakhaonto tse dintsi le melato e mentsi. Nka tswa jang mo go ona?’ Boammaaruri ke gore le ka motlha ga go ke go nna thari thata go ka simolola.

Kgato ya ntlha e tshwanetse ya nna go bopa kamano e e molemo le banka e e ikanyegang. Fa o tshwanelwa ke gore o adime madi, ke gone mono moo o ka nnang wa bona selekanyo se se molemolemo sa morokotso gone. Fa banka ya gago e gana go go adima madi, gongwe e a go thusa. Gakologelwa, tiro ya yone ke go adimana madi mme e tla go a adima fa go bonala go utlwala go dira jalo.

Sa bobedi, o tshwanetse go simolola go duelela melato ka tsela nngwe e e rulagantsweng. Kwala madi a lotseno ao o lebeletseng go nna nao mo dikgweding tse 24 tse di latelang mo pampiring. O seka wa ijesa dijo tsa ditoro. Akareletsa madi otlhe a lotseno ao o lebeletseng go nna le one. Morago ga moo o bo o kwala sengwe le sengwe seo se tshwanetseng go duelelwa. Akareletsa selekanyo se se rileng sa madi a dilo tseo o sa kgoneng go ka di akanya gone jaanong. Kwala melato go ya kafa e latelelanang ka gone ka botlhokwa. Morago ga moo o bo o kgaoganya madi a gago ka tsela e e lekalekaneng e le gore sengwe le sengwe se se tserweng molato se duelelwe bobotlana selekanyo se se rileng. Tlhoma letlha leo o tla bong o dueletse sengwe le sengwe se se tserweng molato gotlhe ka lone.

Go ya ka thulaganyo eno, tlhokomela gore ke kae moo o ka fokotsang ditshenyegelo gone. Go fokotsa melato gantsi go tlhoka go intsha setlhabelo ka tsela e e rileng. A akhaonto ya dijo e ka fokodiwa ka go reka dilo tsa sesolo? Ke dilo dife tseo di nang le tlhwatlhwa e e kwa tlase tseo di ka dirisiwang mo boemong jwa tseo di dirisiwang fa go dirwa thulaganyo ya dijo? A malatsi a go iphokisa phefo a ka fokodiwa? A dilo dingwe tsa manobonobo di ka ipelelwa ka sewelo go sekae? Ka dinako tse dingwe re patelesega gore re seka ra itlhomogela pelo. Ditshenyegelo dingwe di ka nna tsa tlosiwa mo lenaneng la “dilo tse di tlhokegang” go ya mo lenaneng la “dilo tsa manobonobo.”

Fa fela o sena go kwala thulaganyo ya gago mo pampiring, buisana ka yone le motlhankedi wa gago wa banka. O tla kgatlhega thata fa a bona gore o ikemiseditse. A ka nna a bo a go bontsha moo o ka tokafatsang thulaganyo eo ya gago teng. Ebile a ka nna a go akantsha gore o bone kadimo e e tla duelelang melato yotlhe e tlhakantswe. Fa go ntse jalo, tlhomamisega gore o tlhatlhobe selekanyo sa morokotso le sebaka sa nako eo kadimo eo e e duelelang melato yotlhe e tshwanetseng go busiwa ka yone. Gantsi e tla bolela dituelo tse dipotlana mo lobakeng lo loleele lwa nako. Mme o seka wa raelesega go dirisetsa melato e e kopantsweng eo go ka adima madi a a oketsegileng.

Nna le Puisano!

Thulaganyo lefa e ka nna efe ya go fokotsa molato e tlhoka gore go nne le puisano fa o batla gore e atlege. Etela mongwe le mongwe yo o mo kolotang madi kana o mo letsetse mogala. Fa o akanya gore go tla nna mosola, ba bontshe thulaganyo ya gago. Bobotlana bua le bone. Gakologelwa, ba batla go itse gore o dirang. Nna o ntse o ba itsise se se diragalang. Selo se le sengwe seo go se nang moadimi ope yo o ka se itshokelang ke go didimala fela. Tidimalo batho ba e tsaya ka bonako jaaka go sa kgathale kana le eleng jaaka go gana go duela. Batho ba le bantsi bao ba kolotiwang madi ba ile ba tlhatlela kgetsi gore ba boelwe ke madi a bone e le fela ka go bo go ne go sena ope yo o itshwenyang go ka tlhalosa gore go diragalang.

A o tshwanetse go akanya ka gore o kaiwe semolao jaaka yo o wetsweng ke lehuma? Mo mafatsheng mangwe, batho botlhe ba dumeletswe go ka solegelwa molemo ke dipaakanyetso tse di ntseng jalo tsa molao, mme seno ga se a tshwanelwa go tsewa motlhofo fela. Molato ke boitlamo. O kopanyeletsa boikarabelo jwa semoya. Go kaiwa semolao jaaka yo o wetsweng ke lehuma ke selo se se anamang seo se bakelang ba bangwe mathata. E tla dula e ntse e le letshwao le le maswe mo rekotong ya gago.

Ga go na sepe seo se leng phoso ka kgopolo eno ya bogologolo ya gore o “duele kheshe fa o reka.” Eleruri, tsela e e botlhale go gaisa tsotlhe, ke gore fa go kgonega o seka wa tsena mo molatong gotlhelele. Molato o ka nna jaaka motlhabananganelo o o go kometsang. Rick le Lois ba ne ba iteseletsa gore ba komediwe ke one. Go na le diphetogo tseo ba tshwanetseng go di dira, mme kgato ka kgato ba ka tswa mo melatong ya bone.

Fa o ne o ka bo o nwetse kafa tlase ga mmu wa sebele o o boruma, o ne o tla dirisa sedirisiwa lefa e ka nna sefe seo o ka bong o na le sona go ka simolola go ikepolola. Se ka nna sa bo se le bonya, mme se a thusa! Gakologelwa, go sa kgathalesege gore go tsaya nako e e kana kang kana gore go thata go le kana kang go dira seo, go tswa mo molatong ruri go na le mosola.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go nwela mo teng ga molato o mogolo go tshwana le go ka komediwa ke motlhabananganelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela