LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 31
  • Mathata a Madi le Dikoloto—A Baebele e ka Thusa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mathata a Madi le Dikoloto—A Baebele e ka Thusa?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Se lo Ka se Dirang Fa lo Na le Dikoloto
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Molato! Go Tsena Mo go One—Go Tswa Mo go One
    Tsogang!—1990
  • A go Itsenya mo Melatong go a Thusa?
    Tsogang!—1995
  • Go Dirisa Madi Sentle
    Tsogang!—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 31

Mathata a Madi le Dikoloto​—A Baebele e ka Thusa?

Karabo ya Baebele

Ee. Melaometheo ya Baebele e mene e e latelang e ka go thusa ka mathata a madi le dikoloto:

  1. Rulaganya tsela e o dirisang madi ka yone. “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Diane 21:5) O se ka wa potlakela go reka sengwe fela ka gonne ditlhwatlhwa di digilwe. Dira dithulaganyo tsa kafa o tla dirisang madi ka gone​—tekanyetso ya madi—​mme o dirise fela madi a o rulagantseng go a dirisa.

  2. Tila dikoloto tse di sa tlhokegeng. “Moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang.” (Diane 22:7) Fa e le gore o setse o le mo dikolotong mme ga o kgone go di duela, leka go buisana le batho ba o ba kolotang ka tsela e ntšha e o ka duelang sekoloto sa gago ka yone. Nna o leke. Dirisa kgakololo ya Baebele e e newang motho yo o neng a tlhomamisa gore o tla duela madi a kadimo le gore o tla sikara maikarabelo a sekoloto seo: “Ikokobetse mme o nne o kopa moagelani wa gago. O se ka wa letla matlho a gago a ikhutsa kgotsa wa a letla a tswalega.” (Diane 6:1-5, God’s Word Bible) Le fa e le gore ga o a ka wa atlega la ntlha fa o kopa, nna o kopa gore go dirwe diphetogo.

  3. Se itetle go laolwa ke madi. “O se ka wa nna pelotshetlha mme wa gakalela go huma​—o tla felela o humanegile thata.” (Diane 28:22, Contemporary English Version) Bopelotshetlha le bogagapa ga bo ka ke jwa dira gore motho a nne le mathata a madi fela mme gape bo ka kgoreletsa dilo tsa semoya.

  4. Kgotsofala. “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:8) Madi ga a ka ke a dira gore motho a itumele kgotsa a kgotsofale. Bangwe ba batho ba ba itumetseng thata mo lefatsheng ga ba na madi a mantsi. Ba ratiwa ke ba malapa a bone le ditsala e bile ba na le kamano e e molemo le Modimo.—Diane 15:17; 1 Petere 5:6, 7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela