LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/05 ts. 1
  • Molato wa Rona mo Bathong ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molato wa Rona mo Bathong ba Bangwe
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Molato! Go Tsena Mo go One—Go Tswa Mo go One
    Tsogang!—1990
  • Se lo Ka se Dirang Fa lo Na le Dikoloto
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A go Itsenya mo Melatong go a Thusa?
    Tsogang!—1995
  • Bontshang Boiketleetso Jwa Go Bolela Mafoko a a Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 7/05 ts. 1

Molato wa Rona mo Bathong ba Bangwe

1 Moaposetoloi Paulo o ne a ikutlwa a patelesega go rerela batho ba bangwe. O ne a itse gore Jehofa o ne a dirile gore go kgonege gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe ka madi a a tlhwatlhwakgolo a Morwawe. (1 Tim. 2:3-6) Ka jalo Paulo o ne a re: “Ke molato mo Bagerikeng le mo Bathoseeng, mo go ba ba botlhale le ba ba se nang tlhaloganyo.” O ne a dira ka natla e bile a sa ipone tsapa gore a duele batho ka ene molato o a neng a na le one mo go bone ka go ba bolelela dikgang tse di molemo.—Bar. 1:14, 15.

2 Fela jaaka Paulo, le gompieno jaana Bakeresete ba batla go dirisa tshono nngwe le nngwe e ba nnang le yone gore ba bolelele baagelani ba bone dikgang tse di molemo. Tiro ya rona ya go batla ba ba dipelo tse di ikanyegang e potlakile tota ka gonne “pitlagano e kgolo” e atamela ka bofefo. E kete go rata batho ka lorato lwa mmatota go ka re tlhotlheletsa gore re tlhagafale mo tirong eno e e bolokang botshelo.—Math. 24:21; Esek. 33:8.

3 Go Duela Molato wa Rona: Tsela ya konokono e re kgonang go fitlhelela batho ka yone ke ya go rera ka ntlo le ntlo. Mo ditshimong tse gantsi batho ba seyong mo magaeng a bone, go boloka direkoto tsa rona di rulagane sentle le go boela ka dinako dingwe di sele go tla re thusa gore re kgone go kopana le batho ba bantsi. (1 Bakor. 10:33) Gape, re ka kgona go kopana le batho ba bangwe fa re bereka mo tshimong ya kgwebo, mo mebileng, mo diphakeng, mo mafelong a go phakang dikoloi mo go one le ka go dirisa founo. Gongwe re ka nna ra ipotsa jaana, ‘A ke leka ka natla go dirisa mekgwa yotlhe ya go rera gore ke bolelele batho ba bangwe molaetsa o o bolokang botshelo?’—Math. 10:11.

4 Mmulatsela mongwe o ne a ikutlwa a na le boikarabelo jo bo masisi jwa go fitlhelela batho botlhe mo tshimong ya gaabo. Mo ntlong nngwe, digaretene di ne di nna fela di tswetswe e bile go se ke go nna le motho mo gae. Le fa go ntse jalo, nako nngwe fa mmulatsela yono a ne a se mo bodireding, o ne a bona go eme koloi fa pele ga ntlo eo. E re ka a ne a sa batle go foswa ke sebaka seo, o ne a ya go kokota fa kgorong. Monna mongwe o ne a bula kgoro mme motlotlo wa bone o ne wa felela ka gore kgaitsadi yono le monna wa gagwe ba dire maeto a le mantsinyana a go boela mo monneng yono. Kgabagare, monna yono o ne a dumela go rutwa Baebele mme gone jaanong ke mokaulengwe yo o kolobeditsweng. O itumelela go bo kgaitsadi yono a ile a tsaya boikarabelo jwa gagwe ka tsela e e masisi jwa go rerela batho ba bangwe.

5 E re ka bokhutlo bo atamela ka bofefo, eno ke nako ya go duela beng ka rona molato o re nang le one mo go bone ka go dira ka natla mo tirong ya go rera.—2 Bakor. 6:1, 2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela