LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 2/1 ts. 10-14
  • Bontshang Boiketleetso Jwa Go Bolela Mafoko a a Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bontshang Boiketleetso Jwa Go Bolela Mafoko a a Molemo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nako ya Go Potlaka
  • Boiketleeletso​—Bo Bontshiwa Jang?
  • “Ke Molato” mo go Botlhe
  • “Ga Ke Tlhabisiwe Ditlhoñ ke Mahoko a a Molemō”
  • Matsetseleko a Tlatseletsa mo Diphelelong
  • Rera Dikgang Tse di Molemo ka Tlhoafalo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Bua Dikgang Tse di Molemo ka Tlhagafalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Dikgang Tse di Molemo Tse Botlhe ba di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • ‘Go se Tlhabisiwe Ditlhong ke Mafoko a a Molemo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 2/1 ts. 10-14

Bontshang Boiketleetso Jwa Go Bolela Mafoko a a Molemo

“Kaga me, ke iketleeditse go rèra Mahoko a a Molemō le mo go lona.”​—BAROMA 1:15.

1, 2. Gantsi batho ba tsibogela jang tiragalo ya tshoganyetso?

“BA NE ba tlile go tswa gotlhe . . . makgolo-kgolo a baithaopi a ne a tshologela mo lefelong leo dikgaolo tse pedi di rakanelang mo go lone, ba goroga ka dilori tse di rweleng dijo le diaparo, ba tlhoma mafelo a phalosetso, ba bangwe ba bereka dioura di le 18 go ya go di le 20 ka letsatsi, ba bangwe ba sa bone boroko mo matsatsing a ntlha morago ga go thubega mo go boifisang ga borogo.”

2 Eo ke tsela e batho ba neng ba tsiboga ka yone fa morwalela o mogolo wa ka ponyo ya leitlho o ne o padimola batho ba California bogare mo dikgakologong tse di fetileng, o baka gore batho ba ba ka nnang 24 000 ba ipoloke ka go tshaba. Ee, fa matlhotlhapelo​—go tloga ka merwalela ya lefelo go ya go dithoromo tsa mafatshe go ya go dikotsi tsa nuklea—​a padimola, batho gantsi ba tsiboga ka go ithaopa le go itatlhela gore ba thuse. Ba ikgona matsogo, jaaka go ka tualo, ba itshokela dikotsi di le dintsi le mathata, mme ba thusa ba bangwe ka tlhoafalo​—le eleng bao ba sa ba itseng gotlhelele.

Nako ya Go Potlaka

3. Gompieno setho se lebane le tiragalo efe ya tshoganyetso go gaisa?

3 Gompieno, setho se lebane le matlhotlhapelo a magolo go gaisa mo historing. Ga se ka ntlha ya tshenyo e motho a e dirang mo tikologong, matshosetsi a ntwa ya nuklea, kana go oketsega ga bokebekwa le tirisa-dikgoka, go sa kgathalesege gore dilo tseno di masisi go le kana kang. Go na le moo, setho se lebane le seo Jesu Keresete a neng a se bitsa “sepitla se segolo se se e señ se ke se nne e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” Go bontsha ka moo “sepitla se segolo” se tla nnang diphatsa ka gone, Jesu o ne a tswela pele ka go re: “Me ha e ka bo metlha eo e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa.”​—Mathaio 24:21, 22.

4. Fa re lebane le tiragalo e e ntseng jalo ya tshoganyetso, re tshwanetse go tsiboga jang?

4 O ne o tla reng fa o ne o itse gore batho ba le bantsi, go kopanyeletsa le bangwe bao ba neng ba amana le wena, ba tla akofa ba nyelela mo sepitleng seo? A o ne o tla iketleeletsa go thusa? Gakologelwa ponatshegelo ya boperofeti ya ga Esekiele ya monna mongwe yo o tshotseng kurwana ya inke ya mokwadi. O ne a laelwa gore ke bao ba neng ba amogetse letshwao la tshwantshetso mo diphatleng tsa bone fela bao ba neng ba tla falola phediso ya Jerusalema, mme ke ene yo o neng a tla dira tiro eo e e bolokang botshelo. O ne a tsiboga jang? “Ke dihile hèla yaka u ntaotsè,” o ne a bega jalo.​—Esekiele 9:1-11.

5. Re laelwa gore re dire tiro efe, mme e potlakile go le kana kang?

5 A o bontsha boiketleetso le tlhoafalo e e tshwanang le eo ya monna yo o apereng leloba, o dira fela jaaka Jehofa a laetse? Jehofa o laetse eng? Ka Morwawe, Jesu Keresete, o neetse taelo eno: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, . . . Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) Tiro eno le yone e boloka botshelo fela jaaka go tshwaiwa ga tshwantshetso mo diphatleng ka motlha wa ga Esekiele. Lefa e le mang yo o sa reetseng le go fetoga morutwa wa ga Jesu Keresete o tla nyelediwa ke Modiragatsa-katlholo yo Mogolo wa Modimo. (2 Bathesalonia 1:6-8) A o lemoga ka moo go potlakileng ka gone? A o go supa ka go bontsha boiketleeletso jwa go bolela mafoko a a molemo?

Boiketleeletso​—Bo Bontshiwa Jang?

6. Go iketleeletsa go kayang?

6 Batho ba ga Jehofa, ka kakaretso, ba lemoga ka moo nako e potlakileng ka gone. Rotlhe re tlhoafaletse go bona batho ba le bantsi ka moo go ka kgonagalang ka gone ba bolokiwa mo “sepitleñ se segolo” se se atamelang. Boiketleetso go ya ka buka-mantswe nngwe, ke “keletso e e tlhoafetseng kana e e nonofileng fa o gagamaletse sengwe kana gore o fitlhelele sengwe.” Motho yo o tlhoafaletseng sengwe o lebisa mogopolo mmogo le ditiro mo goreng a se fitlhelele. O tla dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go fenya sekgopi le sekgoreletsi sepe, mme o tla dira jalo a sa kgaotse go fitlhela a fitlhelela mokgele wa gagwe. Eo ke tsela e moaposetoloi Paulo a neng a ikutlwa ka yone ka bodihedi jwa gagwe, mme re dira sentle go mo etsa.​—1 Bakorintha 4:16.

7. Paulo o ne a batla go elang kwa Roma?

7 Ka sekai, tlhokomela mafoko a ga Paulo a a yang kwa Bakereseteng ba kwa Roma, mo go Baroma 1:13-16. “Ke ikaèletse go ea koñ go lona gantsi,” o ne a bolela jalo. Ka ntlha yang? “Gore ke bōnè mauñō mañwe le mo go lona,” o ne a tlhalosa jalo. Ka seno, a Paulo o ne a akantse fela ka go etela bakaulengwe kwa Roma mme gongwe go ba kgothaletsa gore ba godise “mauñō a moea” ka botlalo go ya pele, jaaka batlhalosi bangwe ba bolela? (Bagalatia 5:22, 23) Nnyaa, ka ntlha ya mafoko ano a gagwe a a tlatseletsang “yaka mo go Baditšhaba ba bañwe” a phepafatsa gore o ne a ikaeletse go bona maungo a Bogosi mo bathong bao eseng Bakeresete koo kwa Roma. O ne a batla go tlisetsa Roma mafoko a a molemo mme gongwe go tloga moo go ya kwa mafelong a mangwe.​—Baroma 15:23, 24.

8. Paulo o ne a “kgoreledicwe” jang gore a ye kwa Roma?

8 “Me ke sa nntse ke kgoreledicwe le gompiyeno,” Paulo o ne a bolela jalo. O ne a kgorelediwa ke eng? A o ne a tshwaregile thata ka merero ya gagwe ka namana gore a fitlhelele sengwe? Tota, Paulo e ne e le monna yo o tshwaregileng mme eseng ka dilo tse a di kgatlhegelang ka namana. Ka nako eo a neng a kwalela Baroma ka yone (mo e ka nnang ka 56 C.E.), o ne a setse a feditse maeto a magolo a borongwa a le mabedi mme o ne a tshwaregile ka natla mo go la gagwe la boraro. Gantsi, mo maetong ano o ne a kaelwa ke moya o o boitshepo go ya kwa dikabelong tse di rileng. (Bona Ditihō 16:6-9.) Le eleng jaaka a ne a kwala lekwalo la gagwe, go ne go setswe go dirilwe dithulaganyo tsa gore a ye Jerusalema gore ‘a direle baitshepi’ koo. (Baroma 15:25, 26) Mme gape o ne a nnile le ‘dikgoreletsi’ di le mmalwa tsa mofuta ono.​—Bona 2 Bakorintha 11:23-28.

9. Paulo o ne a bontsha boiketleeletso jwa go bolela mafoko a a molemo jang?

9 Lefa go ntse jalo, Paulo ga a ka a ikutlwa gore o ne a na le mo go lekaneng goo a ka go dirang, kana gone gore o ile a akanya gore o ne a na le kabelo ya gagwe le gore e ne e le ntsi. O ne a batla go dira mo go oketsegileng. Tota, o ne a re: “Ke iketleeleditse go rèra Mahoko a a Molemō le mo go lona ba lo koñ mo Roma.” Seo ke sone seo tota se bolelwang ke go iketleeletsa! Ka tshwanelo, Moporofesara F. F. Bruce mo bukeng ya gagwe ya The Epistle of Paul to the Romans o ne a bolela seno kaga moaposetoloi yono: “Go rera efangele go mo mading a gagwe, mme ga a kake a ithiba mo go yone; ga a ‘tšhaise’ le ka motlha ope mme o tshwanetse a nna mo go yone a sa kgaotse, a nna a duelela molato oo a o kolotang setho sotlhe go sekae​—molato oo a se kitlang a o duelela otlhe le ka motlha ope fa a santse a tshela fela.” A eo ke tsela e o lebang bodihedi ka yone?

10. Ke ‘dikgoreletsi’ dife tseo di ka re emang pele, mme re tshwanetse ra berekana jang le tsone?

10 Gompieno, batho botlhe ba ga Jehofa ba tshwaregile ka maikarabelo a le mantsi. Ba bangwe ba na le malapa ao ba tshwanetseng go a tlhokomela. Ba bangwe ba na le maikarabelo mo dikarolong tse dingwe. Ba bangwe ba tlhaela mo go seo ba se dirang ka ntlha ya botsofe le go sa tsoge sentle. Mme ba bangwe gape ba na le dikabelo tse di boima mo phuthegong ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, gape re lemoga gore tsamaiso ya ga jaanong ya dilo e siiwa ke nako, mme bosupi jwa Bogosi bo tshwanetse go neelwa. (Mareko 13:10) Jalo, jaaka Paulo, re tshwanetse go bontsha boiketleeletso jwa go fitlhelela sengwe mo tirong ya go rera go sa kgathalesege ‘dikgoreletsi’ tseo di ka neng di le mo tseleng ya rona. Ga re a tshwanela go ikutlwa re sa amege, re akanya gore re na le mo go lekaneng go go dira.​—1 Bakorintha 15:58.

“Ke Molato” mo go Botlhe

11. “Ke molato” go bolelang?

11 Go ne go na le selo se sengwe gape se se neng se rotloetsa maiteko a ga Paulo a a sa kgaotseng mo go boleleng mafoko a a molemo. “Ke molato le Bagerika le batho ba seèñ, le ba ba botlhale le ba ba dieleele,” Paulo o ne a bolela jalo. (Baroma 1:14) Paulo o ne a le “molato” ka tsela efe? Diphetolelo tse dingwe di ranola polelo eno jaaka “ke a patelesega” (New English Bible), “Ke na le boikarabelo” (Today’s English Version), kana “Ke kolota tiro nngwe” (Jerusalem Bible). A ka gone, o ne a bolela gore tiro ya go rera e ne e le tiro kana boikarabelo jo bo boima joo a neng a tshwanetse go bo dira fa pele ga Modimo? Go motlhofo go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo fa re tlodisa ka moo go potlakileng ka gone matlho kana re faposiwa ke dilo tsa lefatshe tse di gogelang. Mme seo ga se sone seo Paulo a neng a akantse ka sone.

12. Paulo o ne a le “molato” mo go bomang, mme ka ntlha yang?

12 Jaaka “seyana . . . se se tlhaocweñ” sa Modimo le “moaposetoloi oa Badichaba” tota gone Paulo o ne a na le boikarabelo jo bo boima thata fa pele ga Modimo. (Ditihō 9:15; Baroma 11:13) Lefa go ntse jalo o ne a sa ikutlwe a patelesega mo Modimong fela. O ne a bolela gore o ne a le “molato” mo ‘Bagerikeng, Batho ba Seeng, ba ba botlhale le ba ba dieleele.’ Ka ntlha ya kutlwelo-botlhoko le tshiamelo tseo a neng a di neilwe, o ne a ikutlwa gore e ne e le boikarabelo jwa gagwe gore a rere e le gore batho botlhe ba ke ba utlwe mafoko a a molemo. Gape, o ne a lemoga gore ke thato ya Modimo gore “batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” (1 Timotheo 1:12-16; 2:3, 4) Leo ke lone lebaka leo a neng a tshwaregile a sa kgaotse jaana ka lone, e seng go tshelela boikarabelo jwa gagwe mo Modimong fela mme gape le go duelela molato wa gagwe mo bathong ka ene. A o ikutlwa o na le molato o o ntseng jalo ka namana mo bathong ba ba mo tshimong ya lona? A o ikutlwa o ba kolota gore o dire ka natla go ba tlisetsa mafoko a a molemo?

“Ga Ke Tlhabisiwe Ditlhoñ ke Mahoko a a Molemō”

13. Paulo o ne a tsaya mafoko a a molemo jang?

13 Ruri Paulo e ne e le sekao se se tlhomologileng malebana le go bontsha boiketleeletso jwa go bolela mafoko a a molemo. O ne a anaanela bopelonomi jwa mautlwelobotlhoko joo a neng a bo bontshitswe ke Modimo, mme o ne a sa batle gore e nne jwa lefela. (1 Bakorintha 15:9, 10) Ke ka lebaka leo a ileng a tswela pele ka go re: “Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhoñ ke Mahoko a a Molemō.” (Baroma 1:16) Go ya ka pono ya batho, Bakeresete ba ne ba sa tlhoiwa mme ebile ba ne ba nyadiwa. “Re dihwa matlakala a lehatshe, le makgobolō a dilō cotlhe,” Paulo o ne a bolela jalo. (1 Bakorintha 4:13) Lefa go ntse jalo o ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke go isetsa Roma mafoko a a molemo, karolo eo ya konokono ya lefatshe le le rutegileng le gare ga mpa ya Mmuso wa Roma. Fa re lebane le go tlhoka kgatlhego, go gobololwa, kana le eleng go ganediwa mo tirong ya rona ya go rera, re ka gakologelwa sekao se se kgothatsang sa ga Paulo.

14. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a sa “tlhabisiwe ditlhoñ ke Mahoko a a Molemō”?

14 “Ga ke tlhabisiwe ditlhoñ ke Mahoko a a Molemō” tota ke tsela e nngwe ya go re “ke ikgantsha ka Mafoko a a Molemo,” mme ke sone seo re tshwanetseng go nna sone. Ka ntlha yang? Ka gonne “ke ōna thata ea Modimo e e isañ polokoñ mo go moñwe le moñwe eo o dumelañ,” Paulo o ne a tlhalosa jalo. O ne a na le boitemogelo jo bo lekaneng ka namana jwa go tshegetsa polelo eno ya gagwe. Paulo o ne a bolela jaana ka mofoko a a molemo, “re diga ditlhatlhanyō, le señwe le señwe se se choletsegileñ, se se ikgoleletsañ go thiba kicō ea Modimo, re gapèla megopolō eotlhe mo kgolegoñ ea go utlwa Keresete.” (2 Bakorintha 10:5) Go sa kgathalesege gore a e ne e le kgatlhanong le ngwao ya Bajuda, botlhajana jwa Bagerika, kana maatla a Baroma, mafoko a a molemo a ile a fenya.

15. Boiketleeletso e nnile selo se se rotloetsang mo botshelong jwa ga Paulo jang?

15 Abo go molemo jang gore mo boemong jwa gore Paulo a go tseye jaaka morwalo, o ne a ‘iketleeleditse’ go diragatsa boikarabelo jwa gagwe jo a bo neilweng ke Modimo! Jaaka a ne a tlhalosa jaana ka sebele: “Gonne kgorobèlèlō e mo go nna; gonne go ka bo go latlhèga nna, ha ke sa rere Mahoko a a Molemō”! (1 Bakorintha 9:16) Boiketleeletso jono bo ne jwa mo thusa gore a gatele pele ka dingwaga di le dintsi tsa tirelo e e sa kgaotseng, mo eleng gore kgabagare o ne a ka re: “Ke tlhabane ntwa e e molemō, ke digetse sebaka sa tshiamō, ke bolokile tumèlō.”​—2 Timotheo 4:7.

Matsetseleko a Tlatseletsa mo Diphelelong

16. Ke dikgwetlho dife tseo o akanyang gore monna yo o nang le kurwana ya inka ya mokwadi mo ponatshegelong ya ga Esekiele o ne a ka rakana le tsone?

16 Jaaka Paulo, monna yo o nang le kurwana ya inka ya mokwadi mo ponatshegelong ya ga Esekiele le ene kwantle ga pelaelo o ne a tlhoafaletse kabelo ya gagwe. O ne a tlisa pego e e molemo eno: Thomo e dirilwe! Pego eo ga e re bolelele ka moo a neng a tswela pele ka gone a batlana le bao ba “hègelwañ, le ba ba shonelelañ dilō cotlhe tse di makgapha tse di dihwañ.” (Esekiele 9:4) Lemororo go sa buiwe sepe ka gore go tshwaiwa gono gotlhe go ne ga dirwa jang, ka phepafalo e ne e se tiro e e motlhofo.

17. (a) O rakana le dikgwetlho dife mo tirong ya go dira barutwa, mme o berekana le tsone jang? (b) A maiteko a a tlhokafalang a mosola?

17 Ka mo go tshwanang gompieno, thomo ya rona ga e motlhofo. Ka gone, potso ke gore: Re matsetseleko go le kana kang mo tirong eno e e bolokang botshelo? Gore re dire batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka teng barutwa, re tshwanetse go nna le seabe mo tirong eno ka metlha le ka thulaganyo, re sa tsamaise sebaka sepe sa gore re abalane mafoko a a molemo. Batho ba ba mo lefelong la rona le bone ba tshwaregile fela jaaka rona; ba ka nna ba nna gone sewelo kwa gae fa re ba etela, mme lefa ba le teng, gantsi ba tshwaregile. Re ka dirang? Tota, re tshwanetse gore re nne le dipego tse di nepagetseng le go boela ka dinako tse di farologaneng, kgapetsa, re solofela gore re tla fitlhela mongwe yoo re ka buisanang le ene. A maiteko a a ntseng jalo a na le mosola? A re letleng makwalonyana a makhutshwane a a latelang a a tswang go beng ba matlo gore a neele karabo:

“Ke tla rata go leboga Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya diketelo tsa bone tse dintsi mo legaeng la me. Ke a itse gore ka dinako dingwe bao eseng ba kereke ya lona ga ba lebe thomo ya lona ka kgatlhego e e maatla eo e e tshwanelang thata. Jalo ke akantse gore ke abalane maitemogelo a me le lona le go re ke a leboga!”

“Go na le ba le bantsi ba rona bao ba bolaetsweng boammaaruri ke tlala, ba le bantsi-ntsi ba rona ba ba dumelang gore ditsela tsotlhe di isa kwa polokong. Lona bao lo nang le pelo ya go tswela pele lo batlana le mongwe yoo lo ka mo direlang, lo seka lwa re latlha! Ga re batho ba ba tshabegang, lemororo re lo kgopisa, re lo tlhakanya tlhogo, le go lo gana. Lo seka lwa tlogela, gonne re ile ra rutiwa maaka a le mantsi, re ile ra bolelelwa dipolelo di le dintsi tse di boifisang, le go rutiwa gore re lo tlhoe, gore re tlose molaetsa wa Bogosi jwa ga Jehofa mo go rona.”

18. (a) O ka thusa ba bangwe jang gore ba tlhaloganye mafoko a a molemo? (b) Mmoledi mongwe o ile a fenya jang go tlhoka kgatlhego goo go neng go bonala?

18 Gore re fitlhelele pelo ya batho le go ba thusa gore ba tlhaloganye mafoko a a molemo go batlega mo go fetang go ba bona mo matlhong fela, go tsamaisa molaetsa o o baakanyeditsweng, kana go tlogela buka nngwe ya Bibela. Re tshwanetse go leka go lemoga dilo tseo ba di tlhokang le tseo ba amegileng ka tsone, tseo ba di ratang le tse ba sa di rateng, tseo ba di boifang le tseo ba di tlhaolang. Seno sotlhe se batla go akanya thata mmogo le boiteko jo bogolo​—le boiketleeletso mo go rona. A o ke o tlhokomele boitemogelo jo bo latelang:

Mmoledi mongwe o ne a buisana le mosadi mongwe kwa mojakong wa phaposi ya gagwe e a e hirileng mme a seka a bona kgatlhego e e kalo. Fa a ne a lemoga gore go ne go na le bana ba le mmalwa mo phaposing eo, o ne a botsa mosadi yoo gore o na le bana ba le kae. O ne a araba ka gore bana bano e ne e se ba gagwe mme e ne e le ba ga sebare wa gagwe, yo o neng a sa tswa go fudugela moo go tswa kwa nageng e nngwe. Motlotlo oo o ne wa akofa wa tla mo setlhogong sa go tlhaela ga matlo. Mmoledi yoo o ne a dumalana gore go thata go bona matlo a a lekaneng mo ditoropong tse dikgolo, ereka le ene a ne a na le ba-losika bao ba neng ba tloga ba tla, mme o ne a ithaopela go thusa. Lekgarebe leo le ne la itumela mme la biletsa sebare sa lone fa mojako. Motlotlo oo o ne wa tswela pele, mme ba ne ba naana dinomoro tsa mogala. Mmoledi o ne a seka a lebala lebaka la go bo a etetse moo, o ne a bula tsebe 157 mo bukeng ya O ka Tshelela Ruri ka botlhale mme a tlhalosa gore mo tsamaisong e ntšha e e solofeditsweng, mathata a matlo le go thapiwa a tla bo a seyo. Monna yoo o ne a kgatlhega thata mme a amogela buka eo kwantle ga tikatiko. Moragonyana ga moo, mmoledi yoo o ne a boela go ene jaaka a ne a solofeditse mabapi le phaposi e e hiriwang; gape o ne a simolola motlotlo wa Bibela sesha.

19. Jaanong ke nako ya gore re dire eng? Mme ke eng seo re tshwanetseng go tlotla go ya pele ka sone?

19 Nako ya go rera mafoko a a molemo e atametse go fela. Ga re itse gore “baengele ba bane” ba tla tswela pele ba “chwere diphehō tsa lehatshe coo nnè” ka lobaka lo lo kae. (Tshenolō 7:1) Lefa go ntse jalo, “sepitla se segolo” se sa ntse se tla, mme batho ba dipelo tse di ikanyegang ba a phuthwa. Eleruri, “masimo” a “mashweu go roywa.” (Mathaio 24:21, 22; Yohane 4:35) Jaanong ke nako ya gore re iteke ka tlhoafalo mo tirong eno e e se kitlang e bo e tsamaya e boelediwa. Re ka dirisa nako e e setseng botoka jang? Ke eng seo re ka se dirang gore re nne le seabe ka botlalo mo tirong eno e e bolokang botshelo? Mme ke eng seo se ka re thusang gore re tswele pele re bontsha boiketleeletso jwa go bolela mafoko a a molemo? Go tla tlotliwa ka dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

Tlhokomela Sekao sa ga Paulo Go Ya ka Baroma 1:13-16—

◻ Ke ka ntlha yang fa a ne a iketleeleditse go ya kwa Roma?

◻ Ke eng seo se neng se mo kgoreletsa gore a tsamaye? Mme o ne a itshwara jang?

◻ O ne a na le “molato” mo go mang mme ka ntlha yang?

◻ O ne a ikutlwa jang ka mafoko a a molemo? Ka ntlha yang?

◻ Jaaka Paulo, re ka dirang gore re nne matsetseleko mo go boleleng mafoko a a molemo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela