‘Go se Tlhabisiwe Ditlhong ke Mafoko a a Molemo’
“Ga ke tlhabisiwe ditlhoñ ke Mahoko a a Molemō: gonne ko aōna thata ea Modimo e e isañ polokoñ mo go moñwe le moñwe eo o dumèlañ.”—BAROMA 1:16.
1. Gantsi mafoko a a molemo a amogelwa jang, mme batho ba ba senang tumelo ba lefatshe leno ba leba mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo jang?
SEO SE lebegang e le mafoko a a molemo mo mothong yo mongwe se ka nna sa seka sa lebega jaaka mafoko a a molemo mo go yo mongwe. Ka tlwaelo, yo o tlang ka mafoko a a molemo o amogelwa ka pelo e tshweu, ebile o reediwa ka tsebe e e bulegileng. Lefa go ntse jalo, Bibela e ne ya bolelela pele gore batho ba ba senang tumelo ba lefatshe ga ba kitla ba leba mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le molaetsa wa one wa poloko jaaka a a kgatlhisang.—Bapisa 2 Bakorintha 2:15, 16.
2. Ke eng seo moaposetoloi Paulo a neng a se bolela ka mafoko a a molemo ao a neng a a rera, mme ke ka ntlhayang fa molaetsa o a neng a o bolela e santse e le mafoko a a molemo gompieno?
2 Moaposetoloi Paulo e ne e le mongwe wa ba ba neng ba rometswe go bolelela batho mafoko a a molemo. O ne a ikutlwa jang ka thomo eno? O ne a bua jaana: “Kaga me, ke iketleeditse go rèra Mahoko a a Molemō le mo go lona ba lo koñ mo Roma. Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhoñ ke Mahoko a a Molemō.” (Baroma 1:15, 16) Go re mafoko ao a bo a santse a le molemo gompieno, mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 morago ga gore moaposetoloi Paulo a kwalele Bakeresete kwa Roma a tshwanetse go bo eleruri e ne e le mafoko a a molemo a bosakhutleng. Ebile tota ke one, ke “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ.”—Tshenolō 14:6.
3, 4. Ke ka ntlhayang fa moaposetoloi Paulo a ne a bolela gore o ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke mafoko a a molemo?
3 Ke ka ntlhayang fa moaposetoloi Paulo a ne a bolela gore o ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke mafoko a a molemo? Ke ka ntlhayang fa a ne a ka bo a ile a a tlhabelwa ke ditlhong? Ka gonne e ne e se molaetsa o o rategang, ka gonne o ne o bua ka monna yo a neng a pegilwe mo mokgorong jaaka senokwane se se tlhabisang ditlhong, mme seno se mo dirile motho yo o bosula mo go botlhe. Monna yono o ne a ile a tsamaya mo Palesetina ka mafoko a a molemo ka dingwaga di le tharo le sephatlo, mme Bajuda ba ne ba mo ganeditse tota, segolo bogolo baeteledipele ba bodumedi. Mme jaanong Paulo, yoo a tsamayang ka leina la monna yo o sotlilweng yoo, o ne a lebane le go sotliwa go go tshwanang.—Mathaio 9:35; Yohane 11:46-48, 53; Ditihō 9:15, 20, 23.
4 Ka gonne ba ne ba ganediwa jalo, Paulo le barutwa-ka-ene ba ga Jesu Keresete ba ka bo ba ile ba lejwa jaaka ba ba tshotseng sengwe seo se tlhabisang ditlhong. Eleruri, Paulo jaanong o ne a ngaparetse sengwe seo ene ka boene pele a neng a se leba jaaka se se tlhabisang ditlhong. O ne a ile a nna le seabe ka namana mo go sotleng barutwa ba ga Jesu Keresete. (Ditihō 26:9-11) Mme o ne a tlogetse tiro eo ya gagwe. Ga felela ka gore ene, gammogo le ba bangwe ba ba neng ba fetoga Bakeresete ba bogisiwe setlhogo.—Ditihō 11:26.
5. Paulo o ne a tlhalosa polelo ya gagwe kaga go sa tlhabisiweng ditlhong ke mafoko a a molemo jang?
5 Fa motho a ne a ka itetla go tlhabisiwa ditlhong ke go nna molatedi wa ga Jesu Keresete, o ne a tla bo a leba dilo go ya ka pono ya batho. Moaposetoloi Paulo o ne a sa nna jalo. Go na le moo, fa a ne a tlhalosa boikutlo jwa gagwe jwa go se tlhabisiwe ditlhong ke mafoko a a molemo ao a neng a a rera, o ne a re: “Gonne ko aōna thata ea Modimo e e isañ polokoñ mo go moñwe le moñwe eo o dumèlañ.” (Baroma 1:16) Maatla a Modimo ga se sengwe seo se ka tlhabisang ditlhong fa se dira mo morutweng wa ga Jesu gore a diragatse boikarabelo jwa go baka Modimo o o galalelang oo Jesu Keresete ka boene a neng a o obamela le go o baka.—Bapisa 1 Bakorintha 1:18; 9:22, 23.
Mafoko a a Molemo a Bolelwa mo Lefatsheng Lotlhe
6, 7. (a) Ke boikarabelo bofe joo bo leng malebana le mafoko a a molemo joo Basupi ba ga Jehofa ba lekang go bo diragatsa, mme go felela ka eng? (b) Lemororo re sa batle go letla poifo go re dira gore re seka ra naya bosupi, ke eng seo se ka tlhokegang ka dinako tse dingwe? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)
6 Jaaka Paulo, Basupi ba ga Jehofa gompieno ke barutwa ba Morwa wa Gagwe yo o galaleditsweng, Jesu Keresete. Jehofa o neile Basupi bano ba gagwe letlotlo la ‘mafoko a a molemo a kgalalelo.’ (1 Timotheo 1:11) Basupi ba ga Jehofa ga ba ise ba ko ba palelwe go tshelela boikarabelo jo bogolo joo, mme ba kgothalediwa gore ba seka ba bo tlhabelwa ke ditlhong. (2 Timotheo 1:8) Go botlhokwa gore le ka motlha re seka ra letla poifo kana go tlhoka bopelokgale go re thibela go naya bosupi le go itshupa jaaka Basupi ba ga Jehofa.a
7 Go naya bosupi ka bopelokgale le ka go tlhoka poifo go go ntseng jalo go ne ga felela ka gore leina la Modimo Mogodimodimo le bolelwe mo lefatsheng lotlhe le gore mafoko a a molemo a Bogosi a rerwe mo lefatsheng ka bophara. Morwa Modimo o ne a bua jaana: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ,” mme a le ka motlha ponelo pele eno e seka ya letlwa go se diragadiwe. (Mathaio 24:14) Mafoko ano a a molemo jaanong a rerwa mo dinageng tse di fetang 210, mme tiro eno ya go rera ga e ise e fitlhe kwa bokhutlong. Re sa tlhabisiwe ditlhong ke mafoko a a molemo mme ebile re lebile isagwe ka bopelokgale, re rapela jaana jaaka barutwa ba pele ba ga Jesu: “Me yana Morèna, . . . u neè batlhanka ba gago go bua lehoko ya gago ka pelokgale eotlhe hèla.”—Ditihō 4:29.
8. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa tshwanela go kgobega marapo fa merafe yotlhe ya lefatshe e ba ganetsa?
8 Lefa go le boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhoilwe le go ganediwa ke merafe yotlhe ya lefatshe, seno ke go diragadiwa ga seo se neng sa bolelelwa pele gore se tla tshwaya baobamedi ba mmatota ba Modimo o o osi wa boammaaruri. (Yohane 15:20, 21; 2 Timotheo 3:12) Jalo go na le gore ba kgobege marapo le go tshwenngwa ke seno, baboledi ba mafoko a a molemo ba tlhomamisediwa gore ba amogelwa ke Modimo le gore phuthego eo ba leng mo go yone e amogelwa ke Jehofa, Molaodi wa Lobopo lotlhe.
9. Ke ka ntlhayang fa re sa tshwenyege fa lefatshe lotlhe le le kgatlhanong le rona?
9 O seka wa lebala le ka motlha gore: Re tshegediwa ke Modimo Mogodimodimo wa lobopo lotlhe. Jalo, a re ka tshwenngwa ke go bo lefatshe ka ditlhopha tsa lone tsa bodumedi le ditlhopha tsa lone tsa bopolotiki di le kgatlhanong le rona? Morwa yo e leng wa Modimo o ne a ganediwa ke lefatshe lotlhe, mme ga re tlhabiwe ke ditlhong go bo re iphitlhela re le mo seemong se se tshwanang. Ke fela jaaka a ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ha lehatshe le lo ila, loa itse ha le nkidile pele, le e se le lo ile. Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ.”—Yohane 15:18, 19.
10. Pogiso ya Basupi e tswa mo motsweding ofe, mme ke ka ntlhayang fa seo se sa ba tlhabise ditlhong?
10 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itshokela pogiso mo lefatsheng lotlhe mme segolo thata mo merafeng e e bopang se se bidiwang La-Bodumedi. Go bogisiwa jalo ke ba La-Bodumedi ga go supe fa Basupi e se Bakeresete. Go na le moo, go tlhomamisa boiphako jwa bone jwa gore ke Bakeresete ba boammaaruri, Basupi ba Modimo le Rraagwe Jesu Keresete, ebong, Jehofa. Ka gonne e le Basupi ba Modimo, ga ba tlhabiwe ke ditlhong fa ba bogisediwa bodumedi. Ka gone, kgothatso eno ya ga moaposetoloi Paulo e e neng e ya kwa Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga ya gore ba seka ba tlhabiwa ke ditlhong e a dira le mo Basuping ba ga Jehofa jaanong.—Bona Bafilipi 1:27-29.
Mafoko a a Gaisang a a ka Bolelwang
11. Ke ka ntlhayang fa go tsaya leina Basupi ba ga Jehofa, go sa khutlise go nna ga rona balatedi ba ga Jesu Keresete?
11 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amogela leina la bone ka bopelokgale go diragatsa tsholofetso ya ga Jehofa mo bathong ba ba mo kgolaganong le ene e e mo go Isaia 43:10. Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore ga ba tlhole ba latela Jesu Keresete. Jesu ke Moeteledipele wa bone, ene yoo ba latelang sekao sa gagwe. Le ene ka boene ke mongwe wa basupi ba ga Jehofa. Ebile tota, ke ene Mosupi wa ntlha wa ga Jehofa.—1 Timotheo 6:13; Tshenolō 1:5.
12. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba lere dikgang tsa mofuta ofe, mme ka ntlhayang?
12 Molaetsa oo Basupi bano ba ga Jehofa ba o rerang mo lefatsheng ka bophara ke mafoko a a gaisang a a kileng a bolelwa. Ga go puso epe e e neng e ka nna botoka go gaisa Bogosi jwa Bomesia joo Jehofa a bo tlhomileng go busa lefatshe lotlhe la batho, le go ba golola ka Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi yo a neng a mo roma. (Isaia 9:6, 7) Baagi ba lefatshe bao ba rerelwang mafoko a a molemo a Bogosi ba newa tshono ya go o amogela le go itshupa ba tshwanelwa ke go newa mpho ya botshelo jo bo sa khutleng e le batho ba ba itekanetseng mo lefatsheng la paradaise.
13. Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore puso ya Bogosi jwa ga Mesia e tla nna e e gaisang tota, mme ke eng seo Basupi ba se akantshang kwantle ga go tlhabiwa ke ditlhong?
13 Eleruri, fa e le gore Jesu o ne a ikemiseditse go swa loso lo lo setlhogo loo gore a tle a golole batho ba ba neng ba tla nna babusiwa ba gagwe, o ne a tla tlhomamisa gore o ba naya puso e e gaisang. Re kgothatsa sebopiwa sengwe le sengwe fela sa motho se se mo lefatsheng jaana: Ikanyege, nna mmusiwa yo o boikobo wa puso eo. Ga re tlhabisiwe ditlhong ke puso eo re e bolelelang batho botlhe ka tlhoafalo. Ga re boele ka morago mo go rereng ka Bogosi, lemororo seno se ka lere pogiso. Jaaka moaposetoloi Paulo, mongwe le mongwe wa rona a re: “Ga ke tlhabisiwe ditlhoñ ke Mahoko a a Molemō.”
14. Go ya ka Jesu, go rerwa ga Bogosi go ne go tla anama go ya bokgakaleng bofe mo motlheng wa rona?
14 Jesu o ne a bonela pele gore mafoko a a molemo a Bogosi a ne a tla rerwa mo lefatsheng lotlhe, mme boperofeti jono jo bogolo, bo ne bo tshwanela molaetsa o o ntseng jalo. (Mareko 13:10) O ne a seka a ikgogona go bolelela pele gore Bogosi jwa ga Jehofa bo ne bo tla rerwa go ya bokgakaleng jo bogolo—ee, go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe. (Ditihō 1:8) Jesu o ne a itse gore gongwe le gongwe koo batho ba neng ba ka bonwa gone, balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba tla dira maiteko ka tlhoafalo go ba fitlhelela ka mafoko a a molemo a Bogosi.
15, 16. (a) Ke bomang ba ba tshwanelwang go fitlhelelwa ka mafoko a a molemo? (b) Ke ka ntlhayang fa tiro ya go rera e tla wediwa go sa kgathalesege go bogisiwa ke phuthego ya ga Diabolo?
15 Palo ya baagi ba lefatshe gompieno e balwa ka dimilione tse di diketekete mme ba gasame mo dikontinenteng le mo ditlhaketlhakeng tse dikgolo tsa lewatle. Lefa go le jalo, ga go karolo epe ya lefatshe e e nang le baagi eo e ileng ya nna kgakala mo Basuping ba ga Jehofa go e fitlhelela ka mafoko a a molemo. Lefatshe lotlhe le le agilweng ke batho le tshwantshetsa sebeo sa dinao tsa ga Jehofa Modimo. (Isaia 66:1) Dibopiwa tsa batho tseo di nnang mo karolong epe fela ya sebeo seno sa dinao tsa gagwe di tshwanelwa ke go fitlhelelwa ka molaetsa ono wa poloko.
16 Mafoko ano a a molemo gompieno ke dikgang tse di itumedisang tsa puso ya segosi e e setseng e tlhomilwe e e mo diatleng tsa ga Mesia. Jesu o ne a itse gore go sa kgathalesege pogiso epe fela e e setlhogo e e tlang ka phuthego ya ga Diabolo moya wa Modimo o ne o tla tlhotlheletsa balatedi ba boammaaruri ba ga Mesia gore ba tswelele pele gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” e nne sengwe se se tlhomamisegang se se neng se tla “rerwa mo lehatshiñ yeotlhe.”—Mathaio 24:14.
Go se Tlhabelwe Ditlhong ke Jesu Keresete le Jehofa
17. (a) Baobamedi ba boammaaruri ga ba tlhabisiwe ditlhong ke eng? (b) Jesu o ne a tlhoma taolo efe mo go Mareko 8:38, mme e botlhokwa go le kana kang?
17 Modimo Mogodimodimo ga o a ka wa ikgogona go ithaya leina, Jehofa; mme ebile baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ga ba a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke leina leo. Baobamedi ba boammaaruri ba itumelela go itsege le go lejwa jaaka bao ba mo obamelang le go mo ikobela ka botlalo. Fa a bua ka ene, Jesu o ne a baya taolo, kana molaomotheo ono, o o mo go Mareko 8:38: “Gonne leha e le mañ eo o tla ntlhabèlwañ ke ditlhoñ, le mahoko a me a a tlhabèlwa ke ditlhoñ mo losikeñ lo loa boaka le boleo, Morwa Motho le èna o tla mo tlhabèlwa ke ditlhoñ mogañ o tlañ ka kgalalèlō ea ga rragwè, a na le baengele ba ba boitshèpō.” Ka mo go tshwanang, mongwe le mongwe yo o tla tlhabelwang ke Modimo le Rraagwe Morena Jesu Keresete ditlhong, Jehofa o tla mo tlhabelwa ke ditlhong. Mme sebopiwa sepe fela seo Jehofa a tla se tlhabelwang ke ditlhong ka ntlha ya tsela kana ditiro tsa sone tsa go sa ikanyegeng ga se kitla se ipelela go nna karolo ya lefelo la Modimo la selegodimo kana la selefatshe.—Luke 9:26.
18. (a) Ke ka ntlhayang fa mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 10:32, 33 a tshwanetse go ama dipelo tsa rona le megopolo? (b) Go diragala eng ka bao ba itatolang Jesu le Jehofa ka ntlha ya go tshaba batho? (Naya dikai tse di thailweng mo mokwalong o o kwa tlase.)
18 A mafoko a a latelang a tlhomamisiwe mo dipelong tsa lona le mo megopolong: “Ke gōna moñwe le moñwe eo o tla impolèlañ ha pele ga batho, le nna ke tla ipolèla èna ha pele ga Rrè eo o kwa legodimoñ. Me leha e le mañ eo o tla intatolañ ha pele ga batho, le nna ke tla itatola èna ha pele ga Rrè eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 10:32, 33; Luke 12:8, 9) Mongwe le mongwe yo o tla itatolang Modimo le Rraagwe Morena Jesu Keresete le Ene o tla mo itatola mo motheong one oo. Ga a kitla a lejwa jaaka yo o tshwanelang go nna leloko la ntlo eo Jesu Keresete ka boene e leng Morwa yo mogolo wa yone. Ka gone o tla senngwa ka nako eo Modimo o e tlhomileng.b
19, 20. (a) Ke ka ntlhayang fa bao ba rapelelang gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe ba sa tlhabisiwe ditlhong ke sepe? (b) Ke eng seo baboledi ba ba sa boifeng ba Bogosi ba ileng ba se fitlhelela, mme ba tshegeditswe ke eng?
19 Thapelo eno ya sekao eo Jesu Keresete a neng a e ruta barutwa ba gagwe e tla arabiwa: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9, 10) Fa seo se diragala, go tla bo go sena sepe seo se tlhabisang barutwa ba ba lorato ba ga Jesu ditlhong. Leina la ga Jehofa le tla tlotlwa, le go itshepisiwa, eseng fela ke dimilione tse di tshelang jaanong tseo go sa tlhokegeng gore di swe mme gape le ke diketekete tsa dimilione tsa batho bao a tla ba bitsang go tswa mo mabitleng ka nako ya puso ya gagwe ya Bogosi ya dingwaga tse di sekete. Ba tla nna le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.
20 Kwantle ga go tlhabiwa ke ditlhong, baboledi bano ba ba sa boifeng ba mafoko a a molemo a Bogosi ba ile ba kgona go fitlhelela go naya bosupi mo kgolokweng yotlhe lefa lefatshe ka bophara le ba ganetsa ka gonne ba tshegeditswe ke maatla a a fetang a motho—tshegetso ya baengele ba selegodimo. Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba ‘boifa Modimo le go o naya tlotlo.’—Tshenolō 14:6, 7.
Go se Tlhabisiwe Ditlhong ke go Boifa Modimo le go O Naya Tlotlo
21. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba seka ba tlhabiwa ke ditlhong go dira eng, mme ga felela jang?
21 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itshupa ba sa tlhabisiwe ditlhong ke go boifa Modimo le go o naya tlotlo, le eleng go dirisa leina le e leng la gagwe ka namana, Jehofa. Seno se ne sa felela ka gore ba nne le masego a a ka sekang a balwa. Ba ile ba bona masego ano jaaka tiragatso ya ditsholofetso tse di boikanngo tsa Modimo Mogodimodimo. Abo seno se ile sa goletsa Modimo o o osi le o o tshelang wa boammaaruri, Molaodi wa lobopo jang ne!
22. Ke ka ntlhayang fa Basupi ba ga Jehofa ba lebane le pogiso e e setlhogo, mme ba tla ipelela eng?
22 Mo isagweng e e fa gaufi, dipuso tsa jaanong di tla tsogologela mebuso ya bodumedi mme di tla e nyeletsa yotlhe—go akareletsa le La-Bodumedi—di e nyeletsa gotlhelele. (Tshenolō 17:16, 17) Kwa bokhutlong, Basupi ba ga Jehofa ba tla lebana le nako ya go bogisiwa setlhogo ke dipuso tsa lefatshe. Ba ne ba ka seka ba kgona go itshoka le go falola fa Modimo wa bosakhutleng o ne o sena le bone. Mme o na nabo, ka jalo ba tla kgona go ipelela go bona baba botlhe ba ba kgatlhanong le Bokeresete le ba ba kgatlhanong le Jehofa ba senngwa ke Modimo oo bone jaaka Basupi ba o obamelang ka botlalo. Ga ba kitla ba tlhabisiwa ditlhong ke go senolwa le go senngwa jaaka baba ba puso ya boammaaruri ya bolegodimo mme ba tla ipela ka boipelo jo bo ka sekang jwa lekanngwa jwa go opelela Jehofa jaana: “Hèla go cwa kwa bosasimologeñ le go ea kwa bosakhutleñ, ua bo u nntse u le Modimo hèla.”—Pesalema 90:2.
23. Ke ka ntlhayang fa go se sepe seo se tlhabisang Basupi ba ga Jehofa ditlhong, mme go tla felela ka eng?
23 Ba tla kgana ka boipelo mo Modimong wa bone, Rraagwe Jesu Keresete yoo lelapa lotlhe la motho le golotsweng ka ene gore le tle le ipelele botshelo jo bo sa khutleng mo boitekanelong jwa botho le boitumelo mo lefatsheng la paradaise. Abo Jehofa a ile a itshupa e le Modimo o o maatla jang ne ka Keresete Jesu! Abo Jehofa a ile a supa ka mo go itumedisang gore maatla a gagwe o a dirisa ka botlhale le ka lorato jang ne, mme a a dirisa ka tshwanelo! Ka mo go tshwanelang, ga re na sepe se se ka re tlhabisang ditlhong kaga gagwe kana ka Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete. Ga re tlhabisiwe ditlhong ke go nna baboledi ba mafoko a gagwe a a molemo a a galalelang, ao a itsiseng ka maatla a ga Jehofa Modimo ka Keresete Jesu, yoo a neng a bua jaana mo dioureng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng: “Nametsègañ; ke hentse lehatshe.” (Yohane 16:33) Fa re dira jalo, a ka metlha re lateleng sekao sa ga moaposetoloi Paulo, yoo le ka motlha a se kileng a tlhabisiwa ditlhong ke mafoko a a molemo. Fa go ntse jalo, Modimo o o Maatla Otlhe ga o kitla o re tlhabelwa ke ditlhong.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Nako le nako, bao ba neng ba itatola Jesu le Jehofa ka ntlha ya go tshaba batho ba ne ba seka ba amogelwa ke lefatshe. Ka sekai, bona Tora ya Tebelo ya May 1, 1989, tsebe 12; 1982 Yearbook, tsebe 168; 1977 Yearbook, ditsebe 174-6; 1974 Yearbook, ditsebe 149-50, 177-8. Kafa letlhakoreng le lengwe tota le eleng baganetsi ba ba ititeileng dihuba ba mafoko a a molemo ba itse gore Basupi ga ba kitla ba itatola Jehofa. (1989 Yearbook, ditsebe 116-18) Bona gape le Mathaio 10:39 le Luke 12:4.
b Lemororo re sa batle go tlhabisiwa ditlhong ke ntlha ya gore re Basupi, go na le dinako tseo mo go tsone re tshwanetseng go nna “botlhale yaka dinōga.” (Mathaio 10:16) Basupi ba kwa Jeremane wa Bo-Nazi ba ne ba itse fa go na le nako ya go ipolela le ya go sa ipolele.—Bapisa Ditihō 9:23-25.
Dipotso tsa Tshobokanyo
◻ Jaaka moaposetoloi Paulo, re tshwanetse go nna le boikutlo bofe kaga go bolela mafoko a a molemo mme ka ntlhayang?
◻ Ke ka ntlhayang fa molaetsa oo Basupi ba ga Jehofa ba o bolelang e le mafoko a a molemo go gaisa?
◻ Jesu o ne a naya mongwe le mongwe yo a neng a tla mo tlhabelwa ke ditlhong fa a tla ka kgalalelo ya Bogosi tlhagiso efe?
◻ Go diragalang ka bao ba itatolang Jesu le Jehofa?
◻ Ke eng seo baboledi ba mafoko a a molemo ba ileng ba kgona go se fitlhelela kwantle ga go tlhabiwa ke ditlhong, mme ka ntlhayang?