Rera Dikgang Tse di Molemo ka Tlhoafalo
1 “Ke tlhologeletswe go lo bona . . . Ke na le phisego ya gore ke bolele dikgang tse di molemo le mo go lona.” Ke ka moo moaposetoloi Paulo a neng a itlhalosa ka teng mo tshimologong ya lekwalo la gagwe le le yang go bakaulengwe ba kwa Roma. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a tlhoafaletse go ba etela? O ne a bolela jaana: “Gore ke tle ke bapale maungo mangwe le mo go lona . . . Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo; tota e bile, ke maatla a Modimo a poloko.”—Bar. 1:11-16.
2 Paulo o ne a bontsha yone tlhoafalo eno fa a ne a bua le banna ba bagolwane ba kwa Efeso. O ne a ba gakolola jaana: “Go tswa letsatsing la ntlha le ke neng ka gata ka lona mo kgaolong ya Asia . . . , ke ne ka se ka ka ithiba . . . go lo ruta phatlalatsa le go tswa ntlong go ya ntlong e nngwe. Mme ke ne ka naya bosupi ka botlalo mo Bajudeng le mo Bagerikeng.” (Dit. 20:18-21) Mo tshimong yotlhe e Paulo a neng a e abetswe, o ne a ikemiseditse go anamisa dikgang tse di molemo tsa poloko le go bona maungo a Bogosi. Abo seno e le boikutlo jo bo molemo jang ne go bo etsa!
3 Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A ke bontsha tlhoafalo e e tshwanang le eno fa ke bolela dikgang tse di molemo mo lefelong le ke nnang mo go lona? Go na le go leba tiro ya go rera e le fela se ke tshwanetseng go se dira, a ke tlhoafalela go bolelela batho ba le bantsi ka moo nka kgonang ka teng dikgang tse di molemo? A ke ile ka sekaseka maemo a me ka namana ka thapelo? A nkile ka leka maemo otlhe a a leng teng mo tshimong ya rona, a a jaaka go rera ka ntlo le ntlo, mo mmileng, mo mafelong a kgwebo, ka thelefouno le e leng ka tsela e e seng ya tlwaelo?’
4 Nna le Seabe ka Tlhoafalo ka April: Kgwedi ya April ke nako e e siameng ya go oketsa seabe sa rona mo tirong ya go rera. Go fokodiwa ga diura tse di tlhokegang go tshwanetse ga thusa ba le bantsi gore ba nne babulatsela ba ba thusang. Gongwe maemo a gago a tla go letla go nna mmulatsela yo o thusang ka April le May. Kana o ka nna wa kgona go tsenela bobulatsela jwa ka metlha ka ntlha ya go fetolwa ga diura tse di tlhokegang. Fa o le mmoledi mo phuthegong, a o ka dirisa nako e ntsinyana go feta e e tlwaelegileng mo tirelong mo kgweding eno le mo go e e tlang, o ema nokeng ba ba kgonang go nna babulatsela? Seno se tla itumedisa pelo ya ga Jehofa!
5 Baboledi ba Bogosi ba tshwanetse ba tswelela go bontsha tlhoafalo, jaaka Paulo, ka go dira ka natla mo tirong ya go rera. Go dira sotlhe se re ka se kgonang mo bodireding go tla re itumedisa thata. Paulo o ne a itumetse jalo mo tirelong ya gagwe e e boitshepo. Re tla bo re dira sentle fa re etsa sekao sa gagwe se se molemo.—Bar. 11:13; 1 Bakor. 4:16.