Ke ka Ntlha Yang fa Boikgapo bo le Botlhokwa Jaana?
“Le lona lo ko lo oketsè ka tlhōahalō, ke go re, mo tumeloñ ea lona lo tsenyè go diha molemō, le mo go diheñ molemō ga lona lo tsenyè kicō; Le mo kicoñ ea lona lo tsenyè boikgapō.”—2 PETERE 1:5, 6.
1. Ke tsela efe e e gakgamatsang eo boikgapo bo neng jwa supiwa ka yone mo lekgolong la bo 19 la dingwaga?
KWANTLE ga pelaelo, tsela eo Charles Blondin yo o neng a tshela mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo 19 la dingwaga a neng a ikgapa ka yone ke nngwe ya ditsela tse di gakgamatsang thata tsa go ikgapa. Go ya ka pego nngwe, o ne a kgabaganya Niagara Falls ka makgetlo a le mantsi, la ntlha ka 1859, ka mogala o o boleele jwa dimetara di le 340 mme a le dimetara di le 50 kwa godimo ga metsi. Morago ga foo, o ne a dira jalo mme nako le nako a supa nonofo ya gagwe ka tsela e e farologaneng: a thibilwe matlho, a le mo kgetseng, a kgarametsa keriba, a rwele ditlhako tse di kwa godimo, ebile a belege motho mo mokwatleng. Mo lekgetlong le lengwe o ne a menogana a ya kwa godimo a rwele ditlhako tse di kwa godimo mo mogaleng o o neng o le dimetara di le 52 kwa godimo ga lefatshe. Gore a kgone go ema jalo a sa we o ne a tlhoka go laola mmele wa gagwe fela thata. Mo dilong tsotlhe tse a neng a di dira, Blondin o ne a duelwa ka go itsege thata le ka go bona madi a mantsi.
2. Ke ditiro dife tse di leng teng tseo di batlang gore motho a gape mmele wa gagwe?
2 Lemororo go ne go na le ba sekae ba ba neng ba ka kgona go mo etsa, rotlhe re itse gore go ikgapa go botlhokwa thata fa o batla go dira tiro nngwe ya botswerere kana mo metshamekong. Ka sekai, moopedi mongwe o kile a bolela jaana fa a ne a tlhalosa kafa motshameki wa piano Vladimir Horowitz e neng e le setswerere thata ka teng: “Selo se se neng se nkgatlha thata e ne e le mokgwa o a neng a kgona go ikgapa ka botlalo ka teng . . . , a laola maatla a magolo a a neng a na nao sentle thata.” Pego nngwe kaga Horowitz e ne ya bolela ka “dingwaga di le masome a le robedi tsa menwana e e tsamayang ka botswerere e laolwa ka botlalo.”
3. (a) Ke mofuta ofe wa go ikgapa oo o batlang maiteko a magolo thata, mme o tlhalosiwa jang? (b) Lefoko la Segerika le le ranolwang jaaka “boikgapo” mo Bibeleng le kaya eng?
3 O tshwanetse wa dira maiteko a magolo thata gore o kgone go nna setswerere ka tsela eo. Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa le se se gwetlhang le go feta ke boikgapo. Bo ile jwa tlhalosiwa jaaka “go itshwara gore o se ka wa dira dilo tse o batlang go di dira, go laola maikutlo a gago, kana go ithiba mo dilong tse o di eletsang.” Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, lefoko le le ranolwang jaaka “boikgapo” mo go 2 Petere 1:6 le kwa gongwe, le ile la tlhalosiwa jaaka “maatla a motho yo o laolang dilo tse a di eletsang le tse a di ratang, segolobogolo dilo tse a di eletsang tsa senama.” Go kgona go ikgapa ga motho gape go ile ga bidiwa le eleng gore ke “selo se se kwa godimo thata se motho a ka se kgonang.”
Lebaka la Go Bo Boikgapo Bo le Botlhokwa Thata Jaana
4. Ke maungo afe a a botlhoko ao a ileng a robiwa ke batho ba ba palelwang ke go ikgapa?
4 Abo go tlhoka boikgapo go ile ga ungwa maungo a a botlhoko jang ne! Bontsi jwa mathata a a mo lefatsheng gompieno a bakiwa segolobogolo ke go palelwa ke go ikgapa. Eleruri, re mo “metlheñ ea bohèlō,” e mo go yone re leng mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang.’ Batho ga ba na “boikgapo, [NW]” gantsi e le ka ntlha ya bogagapa, joo mokgwa mongwe wa jone e leng go nna “barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-5) Boammaaruri jono jo bo dirang gore motho a akanye thata bo ile jwa phepafala sentle mo go rona gore bo ntse fela jalo ka go ne ga ntshiwa batho ba ba fetang 40 000 gore ba se ka ba tlhola ba kopanela le phuthego, segolobogolo gonne ba dirile le boitsholo jo bo maswe tota. Mo go bano re tshwanetse go oketsa ka ba bantsi bao ba neng ba kgalemelwa, bontsi e le ka ntlha ya boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo mme botlhe e le ka ntlha ya go palelwa ke go ikgapa. Sengwe se se masisi gape ke ntlha ya go bo bagolwane ba ba sa bolong go nna bagolwane ka lobaka lo loleele ba ile ba latlhegelwa ke ditshiamelo tsotlhe tsa bone jaaka balebedi ka lebaka le le tshwanang.
5. Go ka tshwantshiwa jang gore boikgapo bo botlhokwa?
5 Botlhokwa jwa go ikgapa bo ka nna jwa tshwantshiwa ka koloi. E na le maotwana a le mane ao a dirang gore e kgone go tsamaya, enjene e e maatla e dikolosa maotwana ao ka bonako, le mariki a a kgonang go a emisa. Lefa go ntse jalo, kotsi e ka direga fa go sena ope yo o ntseng mo setulong sa mokgweetsi a dira tshwetso ya gore maotwana ano a ka tsamaela kae, a tsamaye ka lobelo lo lo kana kang, le gore a ka ema leng, a a laola ka leotwana la go kgweetsa, segatamafura, le mariki.
6. (a) Ke eng se se bolelwang ka lorato seo se ka bolelwang gape ka tsela e e tshwanang ka boikgapo? (b) Ke kgakololo efe gape e re tshwanetseng go nna re e gakologetswe?
6 Boikgapo bo botlhokwa go gaisa. Seo moaposetoloi Paulo a neng a se bolela mo go 1 Bakorintha 13:1-3 a supa kafa lorato lo leng botlhokwa ka teng se ka bolelwa le ka boikgapo. Lefa re ka tswa re le dibui tse di ditswerere jang tsa phatlalatsa, re ka tswa re setse re bapetse kitso le go nna le tumelo e kgolo jang ka go dirisa mekgwa e e molemo thata ya go ithuta, lefa re ka tswa re direla batho ba bangwe ditiro tse di molemo jang, fa re palelwa ke go ikgapa, dilo tseno tsotlhe ke lefela. Re tshwanetse go nna re gakologetswe mafoko ano a ga Paulo: “A ga lo itse ha ba ba sianañ ba tle ba siane botlhe, me moñwe hèla a phamole sekgèlè? Sianañ hèla yalo, gore lo tlè lo amogèlè. Me motho moñwe le moñwe eo o lekèlañ mo ditshamekoñ, o tshela ka [boikgapo, NW] mo diloñ cotlhe.” (1 Bakorintha 9:24, 25) Kgakololo ya ga Paulo e e mo go 1 Bakorintha 10:12 e re thusa jaana go ikgapa mo dilong tsotlhe: “Eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa.”
Dikao Tse Di Re Tlhagisang
7. (a) Go palelwa ke go ikgapa go ne kwa tshimologong fela ga tsenya batho mo tseleng efe e e lebisang kwa tatlhegong? (b) Dikwalo di re naya dikao dife tsa bogologolo tsa batho ba ba neng ba palelwa ke go ikgapa?
7 Adame o ne a palelwa ke go ikgapa gonne o ne a letla maikutlo go mo laola gore a tseye dikgato go na le gore a letle go akanyetsa dilo sentle e nna gone go mo laolang. Go ne ga felela ka gore “boleo bo [tsene] mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe.” (Baroma 5:12) Polao ya ntlha le yone e ne ya dirwa ka ntlha ya go palelwa ke go ikgapa ka go bo Jehofa Modimo o ne a tlhagisitse Kaine jaana: “Ana u galehetseñ? le sehatlhōgō sa gago se behetseñ? . . . Boleo bo ipobile ha moyakoñ: me kelecō ea gagwè e tla nna go wèna, me u tla mo laola.” Kaine o ne a bolaya morwarraagwe ebong Abele ka gonne ga a ka a kgona go laola boleo. (Genesise 4:6-12) Mosadi wa ga Lote le ene o ne a palelwa ke go ikgapa. Ga a ka kgona go itshoka gore a se ka raelwa go gadima kwa morago. O ne a latlhegelwa ke eng ka ntlha ya go palelwa ke go ikgapa? Ee, o ne a latlhegelwa ke jone botshelo jwa gagwe!—Genesise 19:17, 26.
8. Ke boitemogelo jwa banna bafe ba bararo ba bogologolo jo bo re tlhagisang ka gore re tshwanetse go ikgapa?
8 Morwa wa ntlha wa ga Jakobe ebong Rubene, o ne a latlhegelwa ke tshwanelo ya gagwe ya botsalwapele gonne o ne a palelwa ke go ikgapa. O ne a leswafatsa bolao jwa ga rraagwe ka go tlhakanela dikobo le mosadi mongwe wa ga Jakobe. (Genesise 35:22; 49:3, 4; 1 Ditihalō 5:1) Moshe o ne a se ka a newa tshiamelo e e eletsegang thata ya go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng gonne o ne a galefa fa Baiseraele ba ne ba mo tshwenya ka go ngunanguna le go ngongorega, le go tsuolola. (Dipalō 20:1-13; Duteronome 32:50-52) Le eleng Kgosi Dafide yo o ikanyegang, ‘monna yo o ntseng kafa pelong ya ga Jehofa,’ o ne a tsena mo mathateng a magolo tota gonne a ne a palelwa ke go ikgapa ka nako nngwe. (1 Samuele 13:14; 2 Samuele 12:7-14) Dikao tseno tsotlhe di re naya tlhagiso e e tletseng eo re e tlhokang gore re ikgape.
Seo Re Tshwanetseng go Se Laola
9. Ke dikwalo dife tse dingwe tse di gatelelang kafa go leng botlhokwa ka teng go ikgapa?
9 Sa ntlha, boikgapo bo akaretsa megopolo le maikutlo a rona. Gantsi mo Dikwalong di umakiwa ka tsela ya tshwantshetso ka mafoko a a jaaka “pelo” le “diphilo.” Selo se re akanyang ka sone thata se a re thusa kana se kgoreletsa maiteko a re a dirang go itumedisa Jehofa. Re tlhoka go ikgapa fa re batla go reetsa kgakololo ya Dikwalo e e bonwang mo go Bafilipi 4:8, go nna re akantse ka dilo tse di boammaaruri, tse di itshekileng le tse di siameng. Mopesalema Dafide o ne a bolela se se tshwanang fa a ne a rapela jaana: “A . . . go akanya ga pelo ea me, go nnè tebosègō mo ponoñ ea gago, Yehofa, lehika ya me le morekolodi oa me.” (Pesalema 19:14) Molao wa bolesome—wa go se eletse sepe fela sa motho yo mongwe—o ne o tlhoka gore motho a laole kakanyo ya gagwe. (Ekesodo 20:17) Jesu o ne a gatelela bomasisi jwa go laola dikgopolo le maikutlo fa a ne a bolela jaana: “Moñwe le moñwe eo o lebañ mosadi hèla ka go mo eletsa, o setse a dihile boaka naè mo peduñ.”—Mathaio 5:28.
10. Ke ditemana dife tsa Bibela tse di gatelelang botlhokwa jwa go laola mokgwa o re buang ka one?
10 Boikgapo gape bo akaretsa mafoko, le mokgwa wa go bua. Go na le dikwalo tse dintsi tota tseo di re gakololang go laola maleme a rona. Ka sekai: “Modimo o kwa legodimoñ, me wèna u mo lehatshiñ; me ke gōna, a mahoko a gago a nnè makhutshane.” (Moreri 5:2) “Mo bontsiñ yoa mahoko ga go ko go tlhōkahala tlolō: me eo o thibañ dipou[n]ama tsa gagwè o botlhale.” (Diane 10:19) “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona, ha e se e e molemō hèla go agèlèla kaha go tlhōkahalañ ka gōna . . . A go latlhwe . . . komañ, le go kgala, le kilō eotlhe.” Ebile Paulo o tswelela ka go re gakolola gore re tlogele dipuo tsa boeleele le metlae e e maswe.—Baefesia 4:29, 31; 5:3, 4.
11. Jakobe o rarabolola bothata jwa go laola loleme jang?
11 Jakobe, morwarraagwe Jesu ka mmaagwe, o kgala go bua fela mme o bontsha kafa go leng thata ka teng go laola loleme. O bolela jaana: “Yalo loleme le lōna ke tokololō e pōtlana, me lo bolèlè dilō tse dikgolo ka go ipelahatsa. Bōnañ, sekgwa se segolo yañ se se chuywañ ka molelō o le monnyennye! Me loleme ke molelō: lobopō loa tshiamololō mo dinameñ tsa rona ke loleme, lo e leñ lōna lo leshwèhatsañ mmele otlhe, me lo chube tikologō eotlhe ea tlhōlègō ea rona, me lōna lo bo lo chubilwe ka molelō oa molete. Gonne ditshidi tsa methale eotlhe ea diphōlōhōlō le dinōnyane, le ea dilō tse di gagabañ, le dilō tse di mo teñ ga lewatlè, di tle di tantshiwe, gapè di kile tsa nna tsa tantshiwa ke batho: Me loleme lōna, ga go na motho opè eo o ka lo tantshañ; ke boshula yo bo tlhabatlhabañ, lo tletse more o o bolaeañ. Re baka Morèna le Rara ka lōna, re be re hutse ka lōna batho, ba ba bopilweñ mo chwanoñ ea Modimo: Go baka le go hutsaka go tlo go cwe mo molomuñ o le moñwe hèla. Ba ga echo, dilō tse ga dia chwanèla go nna yalo.”—Yakobe 3:5-10.
12, 13. Ke dikwalo dife tse dingwe tse di bontshang kafa go leng botlhokwa ka teng go laola ditiro le boitsholo jwa rona?
12 Gone mme, boikgapo bo ama ditiro tsa rona. Lefelo le lengwe leo re tlhokang go ikgapa thata mo go lone ke go tsalana le batho ba bong bo sele. Bakeresete ba laelwa jaana: “Lo tshabe boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo.” (1 Bakorintha 6:18, New International Version) Banna ba ba nyetseng ba gakololwa gore ba tlhakanele dikobo fela le basadi ba bone, ba bolelelwa jaana ka bontlhanngwe: “Nwa metse mo sedibelecoñ se e leñ sa gago, le metse a a èlañ mo mocwediñ o e leñ oa gago.” (Diane 5:15-20) Re bolelelwa ka phepafalo fela gore “Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Bahebera 13:4) Bao ba batlang go tlhagolela neo ya go nna ba se mo lenyalong ke bone bao segolobogolo ba tlhokang go ikgapa.—Mathaio 19:11, 12; 1 Bakorintha 7:37.
13 Jesu o ne a sobokanya kgang yotlhe kaga ditiro tse re di direlang batho ba bangwe fa a ne a re naya seo ka kakaretso se bidiwang “Molao wa Gouta,” a bolela jaana: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo: gonne mo ke molaō le baperofeti.” (Mathaio 7:12) Tota, re tshwanetse go ikgapa gore re se ka ra letla dilo tsa bogagapa tse re ratang go di dira kana tlhotlheletso e e tswang kwa thoko kana diteko go re dira gore re tshware ba bangwe ka tsela e e farologaneng le eo re neng re tla rata gore ba re tshware ka yone.
14. Lefoko la Modimo le re gakolola jang kaga dijo le dino?
14 Gape go na le kgang ya go ikgapa mo dijong le mo dinong. Lefoko la Modimo le re gakolola jaana ka botlhale: “Se nne mo banwiñ ba boyalwa yoa mofine, le mo go ba ba bogagapa mo go yeñ nama.” (Diane 23:20) Jesu o ne a tlhagisa jaana segolobogolo ka motlha wa rona: “Me lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru.” (Luke 21:34, 35) Ee, boikgapo bo ama dikgopolo le maikutlo a rona, mmogo le mafoko a rona le ditiro tsa rona.
Lebaka la Go Bo go Ikgapa E le Kgwetlho Jaana
15. Dikwalo di bontsha jang gore tota Satane o kgatlhanong le gore Bakeresete ba ikgape?
15 Boikgapo ga bo tle bonolo fela gonne jaaka Bakeresete botlhe ba itse, re na le dilo tse tharo tse di maatla tse di lwang kgatlhanong le gore re ikgape. Sa ntlha, ke Satane le badimona ba gagwe. Dikwalo di bolela kwantle ga pelaelo fela gore ba teng. Ke gone ka moo re balang ka gore ‘Satane o ne a tsena’ mo go Judase pele fela fa a tla tswa a ya go oka Jesu. (Yohane 13:27) Moaposetoloi Petere o ne a botsa Ananiase jaana: “Ana Satane o tlaleditseñ pelo ea gago, gore u aketsè Mōea o o Boitshèpō.” (Ditihō 5:3) Go a tshwanela go bo Petere le ene a ne a tlhagisa jaana: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ.”—1 Petere 5:8.
16. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go ikgapa mo lefatsheng leno?
16 Fa ba ntse ba leka go ikgapa, Bakeresete gape ba tshwanela go lwa le lefatshe leno le le leng “ha tlhatse ga eo o boshula,” Satane Diabolo. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana mabapi le lone: “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ. Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga loeō mo go èna. Gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe. Me lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” Fa re sa ikgape le go lwa le go rata lefatshe re nonofile, re tla ineela mo tlhotlheletsong ya lone, fela jaaka Demase yo a neng a dira le Paulo a ne a dira ka nako nngwe.—1 Yohane 2:15-17; 5:19; 2 Timotheo 4:10.
17. Ke bothata bofe jo bo amanang le boikgapo jo re tsholwang re na le bone?
17 Jaaka Bakeresete, re tlhoka gape go ikgapa gore re kgone go atlega fa re lwa le makoa a re a ruileng a nama le dilo tse re tlhaelang mo go tsone. Ga re kake ra tila ntlha ya gore ‘go akanya ga pelo ea motho go bosula go tloga fela kwa bokaung jwa gagwe.’ (Genesise 8:21) Fela jaaka Kgosi Dafide, ‘re ne ra tsholelwa mo boikepong mme bommaarona ba ne ba re ithwalela mo boleong.’ (Pesalema 51:5) Lesea le e leng gone le tsholwang ga le itse sepe ka boikgapo. Fa le batla sengwe, le nnela go lela go fitlha le se bona. Pego nngwe e e buang ka go katisa ngwana e bolela jaana: ‘Bana ba akanya ka tsela e e farologaneng gotlhelele le ya batho ba ba godileng. Bana ba ikakanyetsa fela ba le bosi mme gantsi fa go lekwa go buisanwa le bone ka tsela e e utlwalang ga ba latele seo gonne ga ba kgone “go ipaya mo maemong a motho yo mongwe.”’ Ke boammaaruri gore “boeleele bo bohelecwe mo peduñ ea ñwanyana.” Lefa go ntse jalo fa “thupa ea koatlhaō” e dirisiwa, o kgona go ithuta ka bonya ka bonya gore go na le melao e e tshwanetseng go ikobelwa le gore bogagapa bo tshwanetse go laolwa.—Diane 22:15.
18. (a) Go ya ka seo Jesu a neng a se bolela, pelo ya rona ya tshwantshetso e na le dilo dife tse re ratang thata go di dira? (b) Ke mafoko afe a ga Paulo a a supang fa a lemoga gore go ikgapa ga go bonolo?
18 Ee, dilo tse re tshotsweng re na le tsone tse re ratang thata go di dira di re gwetlha tota fa go tla mo go ikgapeng. Dilo tseo tse re ratang thata go di dira di mo pelong ya rona ya tshwantshetso eo Jesu a neng a bolela jaana ka yone: “Gonne mo peduñ go cwa megopolō e e boshula, le dipolaō, le dikgokahalō, le boaka, le bogodu, le pateleco le dikgalō.” (Mathaio 15:19) Ke ka ntlha ya moo Paulo a neng a kwala jaana: “Gonne molemō o ke o ratañ, ga ke o dihe: me boshula yo ke sa bo rateñ, ke yōna ke bo dihañ.” (Baroma 7:19, 20) Lefa go ntse jalo, ga se gore Paulo o ne a paletswe ka go bo o ne a kwala gape jaana: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rerèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.” O ne a tshwanetse go ikgapa gore a kgone go kgoba mmele wa gagwe.—1 Bakorintha 9:27.
19. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a ka bolela sentle fela gore o ne a kgoba mmele wa gagwe?
19 Paulo o ne a bolela sentle fela gore o ne a kgoba mmele wa gagwe, ka go bo go ikgapa go nnisiwa maswe ke dilo tse dintsi tse di diragalelang mmele, jaaka kgatelelo e e kwa godimo ya madi, ditshika tse di opang, go tlhorega boroko, go opiwa ke tlhogo, go sa direng sentle ga thulaganyo ya tshilo ya dijo, le tse dingwe. Mo setlhogong se se latelang, re tlile go sekaseka dinonofo le dilo tse di tla re thusang go ikgapa.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa boikgapo bo le botlhokwa?
◻ Re na le dikao dife tsa bao ba neng ba latlhegelwa gonne ba ne ba palelwa ke go ikgapa?
◻ Boikgapo bo tlhoka go bontshiwa mo mabakeng afe?
◻ Ke baba bafe ba bararo bao ba dirang gore go nne bokete mo go rona go ikgapa?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Bakeresete ba tshwanetse go ikgapa mo dijong le mo dinong
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Boikgapo bo tla re thusa go tila tshebo e e senyang
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
Historical Pictures Service