LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/15 ts. 13-18
  • Go Tlhagolela Loungo Lwa Boikgapo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhagolela Loungo Lwa Boikgapo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boifa Modimo le go Ila Se Se Bosula
  • Boikgapo, Tsela E E Botlhale
  • Lorato Lo Lo Seng Bogagapa Lo A Thusa
  • Tumelo le Boikokobetso Di A Thusa
  • Go Ikgapa mo Lelapeng
  • Go Dirisa Thuso E Modimo O E Re Nayang
  • Ke ka Ntlha Yang fa Boikgapo bo le Botlhokwa Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Nna Boikgapo Gore o Fenye Sekgele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tsenyang mo Kitsong ya Lona Boikgapo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Lwela go Nna Boikgapo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/15 ts. 13-18

Go Tlhagolela Loungo Lwa Boikgapo

“Me louñō loa Mōea ke loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, Le boiñōtlō, le boikgapō: dilō tse ga di añwe ke molaō opè.”—BAGALATIA 5:22, 23.

1. Ke bomang ba ba re tlhometseng sekao se se molemo go gaisa sa boikgapo, mme seo re se bontshiwa ke dikwalo dife?

JEHOFA MODIMO le Jesu Keresete ba re tlhometse dikao tse di molemo thata tsa boikgapo. Jehofa o sale a ntse a dirisa nonofo eno fa esale motho a tlola molao kwa tshimong ya Edena. (Bapisa Isaia 42:14.) Re bala ka makgetlo a le robong mo Dikwalong tsa Sehebera gore o “bonya go galeha.” (Ekesodo 34:6) Seo se batla boikgapo. Mme eleruri Morwa Modimo o ile a ikgapa tota, ka go bo ke “eo e rileñ a kgōywa, a se ka a ba a kgōba; eo e rileñ a boga botlhoko a se ka a bōpa.” (1 Petere 2:23) Lefa go le jalo, Jesu o ne a ka nna a kopa Rraagwe wa selegodimo gore a mo thuse ka “mephatō e le shomè le bobedi ea baengele.”—Mathaio 26:53.

2. Ke dikao dife tse di molemo tsa Dikwalo tsa batho ba ba sa itekanelang tse re nang le tsone tsa go ikgapa?

2 Re na gape le dikao tsa batho ba ba sa itekanelang mo Dikwalong ba ba neng ba tlhoma sekao se se molemo sa go ikgapa. Ka sekai, nonofo eno e ne ya supiwa mo kgannyeng e e itsegeng thata ya botshelo jwa ga Josefa, morwa wa tlhogo ya lotso Jakobe. Abo Josefa a ne a ikgapa jang ne fa mosadi wa ga Potifaro a ne a mo hepisa! (Genesise 39:7-9) Go na le sekao se sentle gape sa basha ba bane ba Bahebera bao ba neng ba ikgapa ka go gana go ja dijo tsa kgosi ya Babelona gonne Molao wa ga Moshe o ne o di thibela.—Daniele 1:8-17.

3. Ke bomang ba ba itsegeng ka boitshwaro jo bontle, mme seo re se bontshiwa ke bosupi bofe?

3 Re ka supa Basupi botlhe ba ga Jehofa jaaka dikao tsa segompieno tsa boikgapo. Tota ba tshwanelwa ke tsela eo New Catholic Encyclopedia e ba akgolang ka yone—gore ke “setlhopha se se nang le boitshwaro jo bontle go di gaisa mo lefatsheng.” Motlhatlheledi mongwe wa yunibesithi kwa Philippines o ne a bolela gore “Basupi ba kelotlhoko thata mo go diriseng dilo tse ba di ithutang mo Dikwalong.” Mmegi mongwe wa dikgang wa kwa Poland o ne a kwala jaana fa a ne a bega ka kopano ya Basupi kwa Warsaw ka 1989: “Batho ba le 55-000 ga ba a ka ba goga sekerete se le sengwe ka malatsi a le mararo! . . . Tsela eno ya go ikgapha e e sa tlwaelegang mo mothong e ne ya nkgatlha ya bo ya ntshosa.”

Go Boifa Modimo le go Ila Se Se Bosula

4. Sengwe sa dilo tse dikgolo thata se se re thusang go ikgapa ke eng?

4 Sengwe sa dilo tse dikgolo thata se se thusang go tlhagolela boikgapo ke go boifa Modimo, go boifa ka mabaka a a tshwanetseng tota seo se tla re diragalelang fa re sa itumedise Rraarona yo o lorato wa selegodimo. Ntlha ya go bo Dikwalo di umaka go tlotla Modimo ka go mmoifa ka makgetlo a mantsi e supa kafa seo se leng botlhokwa ka teng mo go rona. Modimo o ne wa bolela jaana fa Aberahame a ne a setse a tla ntsha morwawe Isake setlhabelo: “U se ka ua baea mosimane seatla sa gago, le gōna u se ka ua mo diha sepè: ka yanoñ kea itse ha u boiha Modimo, ka e le ha u se ka ua gana ka morwao, morwao eo esi, ha ke mo tsaea.” (Genesise 22:12) Go bonala maikutlo a gagwe a ne a tshwenyegile thata, ka jalo Aberahame o tshwanetse a bo a ne a ikgapa tota gore a tswelele a dire se Modimo o neng o se mo laetse go ya bokgakaleng jwa go emisa thipa ya gagwe go bolaya morwawe yo a mo ratang thata ebong Isake. Ee, go boifa Modimo go tla re thusa go ikgapa.

5. Go ila bosula go na le seabe sefe mo go ikgapeng ga rona?

5 Go ila bosula go amana thata le go boifa Jehofa. Re bala jaana mo go Diane 8:13: “Go boiha Yehofa ke go ila boshula.” Gape go ila bosula go re thusa go ikgapa. Nako le nako Dikwalo di re bolelela gore re ile—ee re ferosiwe sebete ke selo se se bosula. (Pesalema 97:10; Amose 5:14, 15; Baroma 12:9) Selo se se bosula gantsi se monate, se a raela, se gogela ka tsela e e leng gore re tshwanetse go se ila gore re kgone go se gana re nonofile. Go ila se se bosula go nonotsha boiketleetso jwa rona jwa go ikgapa mme ka gone go a re sireletsa.

Boikgapo, Tsela E E Botlhale

6. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go ithiba mo go sekameleng mo bogagapeng ka go ikgapa?

6 Selo sengwe se segolo se se re thusang go ikgapa ke go lemoga kafa go leng botlhale ka teng go dirisa nonofo eno. Jehofa o re kopa gore re ikgape gore rona ka borona re solegelwe molemo. (Bapisa Isaia 48:17, 18.) Lefoko la gagwe le na le kgakololo e ntsi e e bontshang kafa go leng botlhale ka teng go laola ka go ikgapa tsela ya bogagapa e re sekametseng go dira dilo ka yone. Ga re kake ra tila melao e e sa fetogeng ya Modimo. Lefoko la gagwe le re bolelela jaana: “Se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ; me eo o yalèlañ Mōea o tla rōba botshelō yo bo sa khutleñ yo bo cwañ mo Moeeñ.” (Bagalatia 6:7, 8) Sekai se se papametseng ke sa go ja le go nwa. Batho ba bantsi ba a lwala ka ntlha ya go ja kana go nwa thata. Go ineela go nna bogagapa ka tsela eo go dira gore motho a latlhegelwe ke go itlotla ka boene. Mo godimo ga moo, motho ga a kake a nna bogagapa a sa senye kamano ya gagwe le ba bangwe. Se se masisi le go feta tsotlhe, go palelwa ke go ikgapa go senya kamano ya rona le Rraarona wa selegodimo.

7. Setlhogo se segolo sa buka ya Diane ke sefe, mme se supiwa ke ditemana dife tsa Bibela?

7 Ka gone, re tshwanetse go nna re ikgakolola gore fa re nna bogagapa seo ga se re direle molemo ope. Setlhogo se segolo sa buka ya Diane, eo e gatelelang go ithiba, ke gore bogagapa ga bo busetse sepe le gore go botlhale go ikgapa. (Diane 14:29; 16:32) Mme a re ke re lemogeng gore go ithiba go akaretsa se se fetang fela go tila go dira bosula. Re tlhoka go ithiba, kana go ikgapa, gore re tle re dire se se siameng, seo se ka tswang se le bokete ka ntlha ya go bo se thulana le boleo jo re sekametseng thata go bo dira.

8. Ke boitemogelo bofe jo bo otlelelang botlhale jwa go supa boikgapo?

8 Kgang ya Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo monna mongwe a neng a tsena fa pele ga gagwe fa a ne a eme mo moleng kwa bankeng e supa kafa go leng botlhale ka teng go ikgapa. Lemororo Mosupi yono a ile a se ka a rata seo, o ne a ikgapa. Mo go lone letsatsi leo o ne a tshwanetse go ya go bona moenjenere mongwe gore a saene dipolane dingwe tsa Holo ya Bogosi. Mme moenjenere yoo e ne e le mang? Ee, e ne e le ene monna yo a neng a mo tsena fa pele kwa bankeng! Ga a ka a nna botsalano fela mme gape o ne a folosa tlhwatlhwa e Mosupi yono a neng a tshwanetse go e duela ka nngwe someng ya tlhwatlhwa e e tlwaelegileng. Abo Mosupi yono a ne a itumela jang ne go bo a ne a ikgapa pelenyana mo letsatsing leo a sa itetle gore a galefisiwe ke seo!

9. Re ka dira ka botlhale jang fa re arabiwa ka bogale mo bodiheding jwa rona?

9 Nako le nako fa re tsamaya ka ntlo le ntlo re rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo kana re ema mo makgabaganyong a mebila re leka go dira batho ba ba fetang gore ba kgatlhegele molaetsa wa rona, ba re kgala ka mafoko a a botlhoko. Ke eng se se botlhale se re ka se dirang? Diane 15:1 e na le polelo e e botlhale eno: “Phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.” Ka mafoko a mangwe, re tlhoka go ikgapa. Mme Basupi ba ga Jehofa ga se bone fela ba boneng seno se le boammaaruri mme le batho ba bangwe gape. Tsela e boikgapo bo kgonang go alafa malwetsi ka yone e anaanelwa thata ke ba tsa kalafi.

Lorato Lo Lo Seng Bogagapa Lo A Thusa

10, 11. Ke ka ntlha yang fa lorato lo thusa eletota mo go ikgapeng?

10 Tsela e Paulo a tlhalosang lorato ka yone mo go 1 Bakorintha 13:4-8 e bontsha gore maatla a lone a ka re thusa go ikgapa. “Lorato lo ichōka ka pelotelele.” Motho o tlhoka go ikgapa gore a nne pelotelele. “Loratō ga lo pelotshètlha; loratō ga lo ko lo ikgantsha, ga lo mabela.” Nonofo ya lorato e re thusa go laola dikgopolo le maikutlo a rona, e re thibela go sekamela mo go nneng pelotshetlha, go ikgantsha kana go nna mabela. Lorato lo re tlhotlheletsa gore re dire se se farologaneng le seo, lo dira gore re nne boikokobetso, re nne bonolo, fela jaaka Jesu a ne a ntse.—Mathaio 11:28-30.

11 Paulo o tswelela a bolela gore “ga lo ko lo diha kaha go sa chwanèlañ.” Motho o tlhoka go ikgapa ka metlha gore a se ka a dira dilo ka tsela e e sa tshwanelang. Nonofo ya lorato e re thusa gore re se ka ra nna bogagapa, gore re se ka ra “ipatlèla hèla.” Lorato “ga lo ko lo gakatsèga.” Abo go le motlhofo jang ne go gakatsega ka ntlha ya seo ba bangwe ba se buang kana ba se dirang! Mme lorato lo tla re thusa go ikgapa le go re thibela go bua kana go dira dilo tseo morago re tla di ikwatlhaelang. Lorato “ga lo ko lo akanya boshula.” Batho ka tlholego ba rata go nna ka dikgopi kana go nna ba galefile. Mme lorato lo tla re thusa go ntsha dikgopolo tseo mo dikakanyong tsa rona. Lorato “ga lo itumelele tshiamololō.” Motho o tshwanetse go ikgapa tota gore a se ka a itumedisiwa ke selo se se sa siamang, jaaka dibaesekopo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo kana metshameko e e tlhotlheletsang boitsholo jo bo maswe ya thelebishene. Lorato gape lo “ichōkèla dilō cotlhe” gape “lo dumèla dilō cotlhe.” Go tlhokega gore motho a bo a na le boikgapo tota gore a kgone go itshokela dilo, go itshoka gore dilo tse di go lekang tota kana tse di bokete ebile o sa di letle gore di go imele, di go dire gore o ipusolosetse, kana di go dire gore o tlogele go direla Jehofa.

12. Re ka supa ka tsela efe gore re anaanela dilo tsotlhe tse Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re di diretseng?

12 Fa re rata Rraarona wa selegodimo ka boammaaruri ebile re anaanela dinonofo tsa gagwe tse di molemolemo le dilo tsotlhe tse a di re diretseng, re tla batla go mo itumedisa ka go ikgapa ka dinako tsotlhe. Gape fa re rata Morena le Mong wa rona, Jesu Keresete, ebile re anaanela dilo tsotlhe tse a di re diretseng, re tla reetsa taolo ya gagwe ya gore re ‘tseye mokgoro wa rona mme re itse go mo sala morago.’ (Mareko 8:34) Seo ruri se tlhoka gore re ikgape. Go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete go tla re thibela gore re se ka ra ba utlwisa botlhoko ka go tsaya tsela nngwe fela ya bogagapa.

Tumelo le Boikokobetso Di A Thusa

13. Ke ka ntlha yang fa tumelo e ka re thusa go ikgapa?

13 Selo sengwe gape se segolo se se re thusang gore re ikgape ke go dumela mo Modimong le mo ditsholofetsong tsa gagwe. Tumelo e tla re kgonisa gore re ikanye Jehofa le go leta nako e a e tlhomileng ya go tla go baakanya dilo. Moaposetoloi Paulo o bolela ka tsela e e tshwanang fa a bolela jaana mo go Baroma 12:19: “Baratwa, se ipusholosetseñ, . . . gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna.” Boikokobetso bo ka re thusa le mo go seno. Fa re ikokobetsa, ga re kitla re kgopisega ka bonako ka ntlha ya go utlwisiwa botlhoko go re go akanyang kana ga mmatota. Ga re kitla re ipusolosetsa, mme re tla ikgapa ebile re tla letla Jehofa go tsaya kgato.—Bapisa Pesalema 37:1, 8.

14. Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang gore boikgapo bo ka kgonwa go bonwa le ke bao ba bo tlhokang tota?

14 Boitemogelo jwa monna mongwe yo a neng a rata ntwa bo supa ka tsela e e nonofileng gore re ka ithuta go ikgapa. Ee, monna yo o ne a fela pelo ka bonako ka tsela e e leng gore fa mapodisi a ne a bidiwa ka ntlha ya modumo o a neng a o tsositse le rraagwe, o ne a itaya mapodisi a mararo a bo a idibala pele ba bangwe ba mo tshwara! Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a ithuta gore o tshwanetse go nna le boikgapo eleng lengwe la maungo a moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Gompieno, dingwaga di le 30 moragonyana, monna yono o santse a direla Jehofa ka boikanyegi.

Go Ikgapa mo Lelapeng

15, 16. (a) Ke eng se se tla thusang monna go ikgapa? (b) Ke boemo bofe joo boikgapo bo tlhokegang thata mo go jone, mme re bona seo mo boitemogelong bofe? (c) Ke ka ntlha yang fa mosadi yo o nyetsweng a tlhoka go ikgapa?

15 Boikgapo bo botlhokwa tota mo lelapeng. Monna o tlhoka go laola kakanyo ya gagwe, mafoko a o a buang, le ditiro tsa gagwe gore a kgone go rata mosadi wa gagwe jaaka a ithata. (Baefesia 5:28, 29) Ee, banna ba tshwanetse go ikgapa gore ba kgone go reetsa mafoko a ga moaposetoloi Petere a a mo go 1 Petere 3:7: “Hèla yalo le lona banna ba lo nyetseñ, lo agè le basadi ba lona kaha kicoñ.” Monna yo o dumetseng o tla tshwanela go ikgapa tota segolobogolo fa mosadi wa gagwe a sa dumele.

16 Go tshwantsha: Go ne go na le mogolwane mongwe yo a neng a na le mosadi yo o sa dumeleng ebile ene mosadi yono a rata go tsosa dintwa. Lefa go le jalo, o ne a ikgapa, mme seno se ne sa mo solegela molemo fela thata mo ngaka ya gagwe e neng ya mmolelela jaana: “John, ke akanya gore ka tlholego o motho yo o pelotelele thata kana bodumedi jwa gago bo maatla tota.” Eleruri re na le bodumedi jo bo maatla tota, ka go bo “Modimo ga oa ka oa re naea mōea oa bogatlapa, ha e se oa nonohō le oa loratō le oa mogopolō o o tlhōmameñ hèla,” o o re thusang go ikgapa. (2 Timotheo 1:7) Mo godimo ga moo, mosadi o tlhoka go ikgapa gore a ikokobetse, segolobogolo fa monna wa gagwe a sa dumele.—1 Petere 3:1-4.

17. Ke ka ntlha yang fa boikgapo bo le botlhokwa jaana mo kamanong ya ngwana le motsadi?

17 Boikgapo bo tlhokega gape mo kamanong ya motsadi le ngwana. Batsadi ba tlhoka go tlhoma sekao se se molemo fa ba batla go nna le bana ba ba nang le boikgapo. Fa bana ba tlhoka go kgalengwa ka tsela nngwe fela, seo se tshwanetse sa dirwa go ritibetswe le ka lorato, mme seo se batla boikgapo. (Baefesia 6:4; Bakolosa 3:21) Gape, bana ba tshwanetse go supa boikokobetso gore ba bontshe gore eleruri ba rata batsadi ba bone, mme go ikoba ka tsela eo go tlhoka boikgapo.—Baefesia 6:1-3; bapisa 1 Yohane 5:3.

Go Dirisa Thuso E Modimo O E Re Nayang

18-20. Ke dilo dife tse tharo tsa semoya tse re di filweng tse re tshwanetseng go di dirisa gore re kgone go tlhagolela dinonofo tse di tla re thusang go ikgapa?

18 Re tshwanetse go dirisa thuso yotlhe e Modimo o e re nayang fa re batla go oketsa tsela e re boifang Jehofa Modimo ka yone, re batla le go oketsa lorato lo lo seng bogagapa, tumelo, go ila se se bosula, le go ikgapa. A re sekasekeng dilo tse tharo tsa semoya tse re di filweng tseo di ka re thusang go ikgapa. Sa ntlha, go na le tshiamelo e e molemolemo ya thapelo. Le ka motlha ga re batle gore re tlhoke nako ya go rapela ka go bo re na le ditiro tse dintsi. Ee, re tshwanetse go eletsa ‘go rapela ka go bisa go khutla,’ go ‘nnela ruri mo thapelong.’ (1 Bathesalonia 5:17; Baroma 12:12) A re rapeleleng gore re kgone go tlhagolela boikgapo. Mme fa re palelwa ke go itshoka, a re ikwatlhaeng mme re kokotlelele Rraarona wa selegodimo gore a re itshwarele.

19 Karolo ya bobedi eo e ka re thusang go ikgapa ke ka go bona thuso e e bonwang ka go ikotla ka Lefoko la Modimo le dibuka tse di dirang gore re kgone go tlhaloganya le go dirisa Dikwalo. Go motlhofo tota go tlhokomologa karolo eno ya tirelo ya rona e e boitshepo! Re tshwanetse go ikgapa mme re nne re ntse re ikgakolola gore go na le dibuka tse di botlhokwa thata tse re ka di balang go na le Bibela tseo re di newang ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale,” mme re tshwanetse ra di baya kwa pele ga sengwe le sengwe. (Mathaio 24:45-47) Go ile ga bolelwa sentle gore ga o kake wa dira dilo tsotlhe ka nako e le nngwe mme o ka dira seno kana sele. A eleruri re banna le basadi ba semoya? Fa e le gore re tshwenyegile ka dilo tse re di tlhokang semoyeng, re tla ikgapa mme re time thelebishene le go baakanyetsa dipokano tsa rona kana re bale Tora ya Tebelo e re fetsang go e amogela ka poso.

20 Sa boraro, re tlhoka go nna teng kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. A re tsaya dipokano tseo e le tse re patelesegang go ya kwa go tsone tsotlhe? A re tla re ipaakantse sentle go nna le seabe mme re bo re dira jalo fa re bona tshono? Selekanyo seo re yang le go nna le seabe ka sone kwa dipokanong tsa rona, ke sone se re tlileng go nonofa mo boiketleetsong jwa rona jwa go ikgapa kafa tlase ga maemo otlhe ka sone.

21. Ke dituelo dife tseo re ka di bonang fa re tlhagolela go nna le loungo lwa moya lwa boikgapo?

21 Ke tuelo efe e re ka e lebelelang fa re leka ka natla go ikgapa ka metlha? Selo se segolo ke gore, ga re kitla re roba maungo a a botlhoko a go nna bogagapa. Re tla kgona go itlotla le go nna le segakolodi se se phepa. Ga re kitla re nna le mathata a mantsi mme re tla nna re ntse re le mo tseleng ya botshelo. Mo godimo ga moo, re tla kgona go direla ba bangwe molemo ka tsela e kgolo kafa go ka kgonegang ka teng. Mo godimo ga moo, re tla bo re reetsa Diane 27:11 e e reng: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” Mme eo ke tuelo e kgolo go gaisa e re ka e bonang—tshiamelo ya go itumedisa Rraarona yo o lorato wa selegodimo, Jehofa!

A O A Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlha yang fa go boifa Modimo go re thusa go ikgapa?

◻ Ke ka ntlha yang fa lorato lo re thusa go ikgapa?

◻ Boikgapo bo thusa jang mo kamanong ya lelapa?

◻ Ke dilo dife tse re di filweng tse re tshwanetseng go di dirisa gore re kgone go tlhagolela boikgapo?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Josefa o ne a ikgapa fa a ne a lekwa

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go batla boikgapo tota gore o kgaleme ngwana o ritibetse le ka lorato

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela