Go Nna o Kgomaretse Phuthego ya Modimo
JAAKA E BOLETSWE KE ROY A. RYAN
Sandhill, Missouri, e ne e bidiwa jalo ka tshwanelo, ka gonne e ne e feta thabana ya motlhaba go le gonnye fela mo nageng eo e e lobala e e nang le dithabana. Motsana ono o o leng mo marakanelong a ditsela o ne o le dikilometara di le tlhano kafa bophirima jwa Rutledge mme o ne o na le matlo a le robedi fela kana a le robonngwe, kereke ya Methodist, le lebenkele le lennye la mothudi wa ditshipi. Ke tsholetswe gone koo ka October 25, 1900.
RRE e ne e le mothudi wa ditshipi mo lefelong leo. Lemororo batsadi ba me ba ne ba se ke ba ya kerekeng thata go le go kalo, Mmè o ne a simolola go nthomela kwa sekolong sa Sontaga sa Kereke ya Methodist. Ke ne ke sa rate leina leno la Methodist, ka gonne ke ne ke dumela gore motho o tshwanetse a bidiwa Mokeresete; lefa go ntse jalo ke ne ka nyorelwa boammaaruri jwa Bibela le go kgatlhegela botshelo jo bo sa khutleng.
Fa ke ne ke le dingwaga di le 16, ke ne ka ya go bereka kwa seporong sa Santa Fe. Mongwe wa Diithuti tsa Bibela tsa Meraferafe (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa jalo ka nako eo) yo o neng a bidiwa Jim o ne a tla go bereka mo setlhopheng sa rona sa babereki ba seporo, mme nna le ene re ne ra bereka mmogo ka makgetlo a le mantsi. Jim o ne a bua, mme ke ne ke reetsa seo a neng a se bua ka Bibela. Go ne go utlwala e le boammaaruri mo go nna, ka jalo ke ne ka mmotsa gore a nka nna ka adima nngwe ya dibuka tsa gagwe.
Jim o ne a nkadima bolumo ya ntlha ya Studies in the Scriptures, eo e gatisitsweng ke C. T. Russell wa Mokgatlho wa Diithuti tsa Bibela tsa Meraferafe. Fa ke e busa, ke ne ka dira gore a ntlele ka dibolumo tse di oketsegileng. Ka bonako fela morago ga foo, Jim o ne a tlogela go bereka mo seporong, mme fa ke mmona gape o ne a le kwa mmileng wa Rutledge, a tsaya diotoro tsa buka e e neng e bontshiwa ya Scenario of the Photo-Drama of Creation. Moragonyana o ne a ntaleletsa kwa dipokanong tsa setlhopha tse di neng di tshwarelwa kwa legaeng la gagwe. Sontaga nngwe le nngwe, ke ne ke tsamaya dikilometara di le tlhano go ya kwa Rutledge go ya pokanong.
Fa go ne go itsisiwe makasine wa Golden Age (o jaanong o bidiwang Tsogang!) ka 1919, ke ne ke batla go simolola mo bodiheding jwa tshimo. Nna le Seithuti se sengwe sa Bibela se sesha re ne re ikemiseditse go tsamaisa makasine o mosha ono ka ntlo le ntlo. Re ne re ikutlwa ekete re boifa go etela batho kwa motseng o re neng re nna mo go one, ka jalo re ne ra pagama terena mme ra ya kwa motseng o o neng o le fa gaufi. Fa re fitlha gone mo mosong, mongwe le mongwe wa rona o ne a tsaya tsela ya gagwe mme re kokote mo matlong a batho go fitlha mo thapameng, lemororo re ne re sa thapisiwa ke ope mo tirong eno. Ke ne ke tshotse diotoro tsa dipeeletso tse pedi, e nngwe e ne e tswa kwa monneng o ke neng ke bereka le ene mo seporong.
Ka October 10, 1920, ke ne ka kolobediwa mo mogojaneng mongwe o o neng o le gaufi le Rutledge. Batsadi ba me ba ne ba sa rate ke nna mongwe wa Diithuti tsa Meraferafe tsa Bibela. Seno se ne se bakiwa ke kganetso e e neng e tlhotlhelediwa ke baruti eo Diithuti tsa Bibela di neng di lebane le yone ka nako ya dingwaga tsa ntwa tsa 1914-18. Lefa go ntse jalo, moragonyana rre o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong dingwe tsa Diithuti tsa Bibela, mme le ene o ne a bala The Golden Age. Pele mmè a swa, o ne a simolola go rata tsela e re tlhaloganyang boammaaruri jwa Bibela ka yone. Lefa go ntse jalo go ne go se ope mo lelapeng la etsho yo o neng a dira gore boammaaruri jono e nne jwa gagwe.
Nako ya go Lekwa
Mo malatsing ao a pele, go ne go na le ba le bararo fela kwa ntle ga me bao ba neng ba nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa thuto ya Bibela kwa Rutledge. Boraro jono e ne ya re kgabagare ba tlogela phuthego. Yo mongwe e ne e le sebui se se molemo go gaisa, yo o neng a tle a neele dipuo tsa phatlalatsa tsa Bibela mo lefelong leo. Lefa go ntse jalo, o ne a ikgogomosa thata ka dikgono tsa gagwe mme a go fitlhela e le selo se se nyatsegang go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo jaaka Bakeresete ba pele ba ne ba dira.—Ditihō 5:42; 20:20.
Fa ba bararo bano ba emisa go tlhola ba kopanela le Diithuti tsa Bibela tsa Meraferafe, ke gakologelwa ke ikutlwa jaaka Petere a ne a ikutlwa ka nako ya fa Jesu a ne a bua le batho kaga ‘go ja nama ya ga Jesu le go nwa madi a gagwe.’ Ereka ba ne ba kgopisiwa ke thuto eno ya gagwe, ba le bantsi ba ne ba mo tlogela ka nako eo. Fa seno se direga, Jesu o ne a botsa baaposetoloi jaana: “A le lona lo rata go tsamaea?” Petere o ne a araba jaana: “Morèna, ana re ka ea kwa go mañ? wèna u na le mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 6:67, 68.
Lemororo Petere a ne a sa kgone go tlhaloganya sentlentle gore Jesu o ne a bolelang kaga ‘go ja nama ya ga Jesu le go nwa madi a gagwe,’ o ne a kgona go lemoga gore Jesu o ne a na le mafoko a botshelo. Ke ne ke ikutlwa jalo ka mokgatlho ono. O ne o na le boammaaruri lemororo ke ne ke sa tlhaloganye ka botlalo sengwe le sengwe se ke neng ke se bala mo dibukeng tseno. Lefa go ntse jalo, nako nngwe le nngwe fa go buiwa sengwe se ke neng ke sa se tlhaloganye, ke ne ke sa se gane. Moragonyana, kgang eo e ne e tlhalosiwa sentle, kana tsela e go lejwang dilo ka yone ka dinako tse dingwe e ne e fetolwa. Ka metlha ke ne ke itumelela gore ke ne ke letile ka bopelotelele ke letetse go tlhalosediwa sentle.—Diane 4:18.
Go Dira Diphetogo Gore Ke Bule Tsela
Ka July 1924, ke ne ka nna gone kwa kopanong ya meraferafe kwa Columbus, Ohio. The Golden Age e ne ya e tlhalosa jaaka “kopano e kgolo go di gaisa ya Diithuti tsa Bibela eo e kileng ya tshwarwa.” Go ne ga amogelwa maikano a a maatla tota a “Go Latofatsa.” Tshedimosetso e re neng ra e amogela le moya o o neng o bontshiwa kwa kopanong eo o ne wa nkgothaletsa gore ke nne modihedi wa nako e e tletseng, kana mmulatsela.
Fa ke boa kwa kopanong, ke ne ka tlogela tiro ya me ya go bereka mo seporong, mme nna le Seithuti se sengwe sa Bibela se se neng se na le nna re ne ra simolola go direla mmogo jaaka babulatsela. Lefa go ntse jalo, morago ga mo e ka nnang ngwaga, batsadi ba me ba ne ba lwala thata mo eleng gore ba ne ba tlhoka thuso ya me. Ke ne ka tlogela go tlhola ke bula tsela mme ka bona tiro mo khampaning nngwe eo e neng e dira ka dipeipi, mme ereka batho ba ba dirang moo ba ne ba se na tlhotlheletso e e molemo, ke ne ka tlogela tiro eo mme ka simolola kgwebo ya go tsadisa dinotshe le go rekisa mamepe.
Fa 1933 e ela bofelong, batsadi ba me ba ne ba tlhokafetse boobabedi, ba ntlogetse ke sena boikarabelo. Ka jalo ka dikgakologo tsa 1934, ke ne ka neela motho yo mongwe dinotshi tsa me, ka aga kolotsana e nnye e nka nnang mo go yone, mme ka simolola bodihedi jwa nako e e tletseng gape jaaka mmulatsela. Kwa tshimologong ke ne ke bereka le Mosupi yo o neng a godile mo lefelong la Quincy, Illinois. Moragonyana ke ne ka boela gape kwa Missouri, koo ke neng ka bereka le setlhopha sa babulatsela.
Ka 1935 go ne go na le leuba le le maswe kwa dinageng tsa Bophirimagare, mme ereka re ne re bereka mo karolong e e neng e le ya temothuo fela, go ne go le bokete tota. Go ne go sena ope yo o neng a na le madi, ka jalo batho ba ba neng ba batla go supa fa ba leboga ba ne gantsi ba re fa dijo kana dilwana tse dingwe fa re ba tlogelela dibuka.
Go Bulatsela kwa Borwa
One mariga ao re ne ra tsamaela kwa Arkansas ka ntlha ya maemo a bosa a a neng a le tsididi thata. Re ne ra kgona go tsamaisa dibuka tse di oketsegileng mo lefelong leo mme ra amogela dilo tsotlhe tse di tsentsweng mo dithining tse re neng re ka kgona go di dirisa. Gantsi re ne re amogela dilo tse dingwe tseo re neng re ka kgona go di rekisa gore re bone madi, go akaretsa le dilo tsotlhe tse di dirilweng ka aluminiamo, koporo ya bogologolo, diradietara tsa bogologolo tsa dikoloi le dibeterei. Tsotlhe tseno di ne di re neela madi a peterole ya Model A Ford ya me, eo re neng re e dirisa mo bodiheding.
Re ne re direla kwa dinageng tsa Newton, Searcy, le Carroll kwa Ozark Plateau e e tletseng dithaba. Maitemogelo ao re neng ra nna le one fa re ntse re rera mo bathong ba ba kwa dithabeng ba Arkansas a ne a ka kgona go tlatsa buka. Ereka ditsela e ne e le tsa bogologolo kana di ne di seo ka malatsi ao, re ne re dira tiro e ntsi ya rona ka maoto. Babulatsela bangwe mo setlhopheng sa rona ba ne ba tle ba ye ba pagame dipitse go ya go buisana le batho ba ba kwa dikarolong tse di kwa godimo tsa thaba.
Nako nngwe re ne ra utlwela ka monna mongwe yo o neng a kgatlhega yo o neng a bidiwa Sam, yo kgabagare re neng ra mo fitlhela a nna kwa godimo ga thaba. O ne a re amogela ka diatla tsoopedi mme o ne a batla gore re lale mo ga gagwe. Lemororo mosadi wa ga Sam a ne a sa kgatlhegele molaetsa wa rona, morwawe yo o dingwaga di le 16, Rex, ene o ne a kgatlhega. Fa re tswa, Sam o ne a re kopa gore re boe gape. Ka jalo dibeke di le pedi moragonyana, re ne ra ya go nna le bone gape.
Fa re tsamaya lekgetlo la bobedi, e ne e le mosadi wa ga Sam yo o neng a re kopa gore re boe gape. O ne a bolela gore re ne re na le tlhotlheletso e e molemo thata mo go Rex. “O dirisa puo ya matlhapa,” o ne a tlhalosa jalo, “mme ga ke akanye gore a o ne a rogana thata fa e sale lo tla fano.” Dingwaga di le mmalwa moragonyana ke ne ka kopana gape le Rex fa a ne a ile kwa sekolong sa borongwa sa Gileade kwa South Lansing, New York. Maitemogelo a a tshwanang le ano a ne a nteretse kgotsofalo e kgolo mo dingwageng di le dintsi.
Tirelo ya Bethele
Fa ke ne ke dira kopo ya gore ke nne mmulatsela, gape ke ne ka dira kopo ya go direla kwa ntlongkgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York, e e bidiwang Bethele. Ka dikgakologo tsa 1935, ke ne ka itsisiwe gore kopo ya me e ne e amogetswe le gore ke ne ke tshwanetse ka ya kwa Polasing ya Bogosi ya Mokgatlho wa Watchtower kwa South Lansing, New York, gore ke ye go simolola tirelo ya me ya Bethele gone. Gone fela ka nako eo ke ne ka dira dithulaganyo tsa gore Mosupi yo mongwe yo o neng a na le nna a tseye kolotsana ya me ya bobulatsela.
Ke ne ka kgweetsa go ya kwa New York ka Model A Ford ya me, mme mo e ka nnang ka halofo morago ga ura ya bolesome mo mosong wa May 3, 1935, ke ne ka goroga. Mo e ka nnang ka ura ya bongwe mo thapameng eo, ke ne ka newa tiro ya go fatsa dikgong. Letsatsi le le latelang ke ne ka bolelelwa gore ke ye kwa bogamelong go ya go thusa ka go gama dikgomo. Ke ne ka bereka mo bogamelong jalo ka dingwaga di le mmalwa, ka dinako tse dingwe ke gama mo mosong le mo thapameng mme ke bereka mo masimong fa go le motshegare. Gape ke ne ke tlhokomelela lelapa la Bethele dinotshe le mamepe a a rafilweng. Ka 1953, ke ne ka isiwa kwa lefapheng le le dirang kase.
Mongwe wa ba ba neng ba ama botshelo jwa me ka ntlha ya sekao sa gagwe se se kgatlhang thata sa boikokobetso, go ikanyega, le kutlo mo go Jehofa e ne e le Walter John “Pappy” Thorn. E ne e le mongwe wa Diithuti tse 21 tsa Bibela tse di neng tsa tlhophiwa ka 1894 go nna bakaulengwe ba ba etang—banna ba ba dirang tiro e e tshwanang le eo e dirwang ke balebedi ba potologo ba gompieno—a etela diphuthego di le mmalwa go di kgothatsa. Morago ga dingwagangwaga mo tirong ya go eta, Mokaulengwe Thorn o ne a tla kwa Polasing ya Bogosi mme a dira mo ntlwaneng ya dikoko. Ke ne ke tle ke mo utlwe ka makgetlo a mantsi a re: “Fa ke simolola go ikgopola thata, ke itsenya mo sekhutlhwaneng, jaaka go ka buiwa, ke bo ke re: ‘Wena lerolenyana ke wena. O na le eng se o ka ikgogomosang ka sone?’”
Monna yo mongwe yo o neng a ikokobeditse yo e neng e le sekao se se molemo mo go nna e ne e le John Booth, yo jaanong e leng leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Go ralala dingwaga o ne a ntse a tsopolwa a bolela jaana: “Se se botlhokwa thata ga se kwa o direlang gone mme ke motho yo o mo direlang.” Eo ke polelo e e bonolo thata mme abo e le boammaaruri jang! Go direla Jehofa ke tshiamelo e kgolo go di gaisa tsotlhe!
Nngwe ya dintlhakgolo tsa tirelo ya me mo Bethele e ne e le go bulwa ga sekolo sa borongwa sa Gileade kwa Polasing ya Bogosi ka 1943. Go kopana le babulatsela ba ba tswang kwa dikarolong tse dintsi tsa lefatshe e ne e le selo se se kgatlhang eleruri. Ka nako eo go ne go na le mo e ka nnang diithuti di le lekgolo mo setlhopheng sengwe le sengwe, ka jalo dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro go ne go tla ba bangwe ba le lekgolo mo Polasing ya Bogosi. Go aloga ga barongwa bano go ne go ngoka batho ba le diketekete mo lefelong leno la thuto kwa dipolasing tsa metseselegae kwa New York.
Go Fetoga ga Tiro
Fa sekolo sa Gileade se ne se fudusetswa kwa Brooklyn le dikago tse dikgolo tsa marobalo le diphaposi borutelo tse di kwa South Lansing di ne di rekisiwa, bogamelo bo ne jwa fudusetswa kwa Watchtower Farms kwa Wallkill, New York. Ka jalo fa 1969 e ela go fela, ke ne ka isiwa kwa polasing ya kwa Wallkill mme ka tswelela ke dira kase gone go fitlha ka 1983. Morago ga moo ke ne ka newa tiro e ntšha, mme ke ne ka simolola go bereka mo go baakanyeng lebala.
Fa ke ne ke botsolodiwa nakonyana e e fetileng, ke ne ka bodiwa gore ke ne ke akanyang kaga go newa tiro e ntšha morago ga dingwaga di le 30 ke dira kase. “Ke ne ke sa tshwenyege,” ke ne ka araba jalo ke tlhamaletse, “ka gonne le gone ebile ke ne ke sa rate go dira kase.” Ntlha e ne e le gore re ka itumelela go direla Jehofa mo kabelong nngwe le nngwe fa re nna le mogopolo o o siameng mme re ineela kafa tlase ga kaelo ya bolegodimo ka boikokobetso. Ka jalo lemororo tota ke ne ke sa rate go dira kase, ke ne ke itumelela kabelo ya me ka gonne e ne e thusa lelapa la Bethele. Fa re direla Modimo wa rona yo mogolo ebong Jehofa ka boikanyego ebile re sa ngongorege, re ka itumela go sa kgathalesege gore kabelo ya rona ke efe.
Fa dingwaga tsa me di ntse di ya kwa bokhutlong jaana, ga ke akanye gore ke ne nka nna mo boemong jo bo botoka go gaisa go direla kwa Bethele. Ke tlhokometswe sentle ebile ke ntse ke kgona go tlhokomela kabelo ya me sentle lemororo ke na le dingwaga di le 90. Ka dingwaga di le dintsi jaanong, ke ile ka nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo go tshwareng thulaganyo ya kobamelo ya mo mosong ya lelapa la Bethele gone mo Watchtower Farms. Ke rata go dirisa sebaka seno go kgothatsa batho ba basha kwa Bethele gore ba dirise ditshiamelo tsotlhe tsa tirelo tseo ba di amogelang ka tsela e e molemo gore ba ithute go di kgotsofalela le go di itumelela.
Go ralala dingwaga, ke ile ka kgona go etela mafelo a a kwa ntle ka makgetlo a le mmalwa—India, Nepal, Botlhaba jo bo kwa Kgakala, le Yuropa. Kgakololo e e latelang e ka nna ya thusa bao ba leng mo diphuthegong tsa bone tsa batho ba ga Jehofa go ralala lefatshe: Itumelele boemo jo o leng mo go jone gone jaanong mme o bo kgotsofalele mme o thunye ka tsela ya semoya mo mmung o o jadilweng mo go one.
Ke ne ka tlhopha go nna ke sa nyala, ka gonne go ne go dira gore ke kgone go tswelela ke sa kgorelediwe ke sepe mo tirelong ya me go Modimo. Jaaka tuelo ya go ikanyega gono, Modimo wa rona o mogolo o re neile tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Mo go ba le bantsi, seno se tla bolela botshelo jo bo sa khutleng mo legaeng la paradaise gone mo lefatsheng. Ba bangwe ba rona ba lebeletse pele botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong, re tlhokometse kabelo le fa e ka nna efe e re e newang.
Ba bangwe ba ka nna ba akanya gore dingwaga tsa me tse 90 e ne e le botshelo jo boleele, jwa maemo a a kwa godimo. Botshelo jwa me bo ne bo le jwa maemo a a kwa godimo mme bo ne bo se boleele ka mo go lekaneng. Ka go nna re ngaparetse thata phuthego ya Modimo le mafoko a gagwe a boammaaruri, re ka kgona go lelefatsa matshelo a rona ka bosakhutleng.a
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka nako ya fa Roy Ryan a ne a bega maitemogelo a botshelo jwa gagwe, o ne a simolola go lwala fela ka bonako. O ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka July 5, 1991, lobaka lo lokhutswane thata morago ga gore a nne le seabe jaaka tlwaelo jaaka modulasetulo mo kobamelong ya mo mosong kwa Watchtower Farms.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Mokaulengwe Ryan mo dingwageng tsa gagwe tsa pele mo thoko ga Model T Ford ya gagwe