Itiseng mo Baperofeting ba Maaka!
BANYALANI bangwe ba kwa Brazil ba ne ba setse ba robetse fa ba utlwa magodu a thuba mo legaeng la bone. Banyalani bano ba ba neng ba tsenwe ke letshogo ba ne ba kgona go tswa ka fensetere ya kamore ya borobalo mme ba bitsa mapodisi. Mme morago ga foo mosadi yono o ne a tshositswe ke tiragalo eno tota mo e leng gore o ne a sa kgone go robala mo ntlong eno mme a tshwanelwa ke go ya kwa go ya ga mmaagwe.
Mongwe le mongwe yo ntlo ya gagwe e kileng ya thubiwa kana yo o kileng a thukhuthiwa ka tsela nngwe o tla ba utlwela botlhoko. Tiragalo e e ntseng jalo e ka koafatsa motho, mme, ka maswabi, batho ba palo e e ntseng e oketsegela pele ba boga ka tsela eno. Lefa go ntse jalo, go na le mofuta mongwe wa go utswa o o nang le diphelelo tse di masisi le go feta.
Mofuta ono o o masisi le go feta wa go utswa ke ofe, mme magodu ano ke bomang? Jesu Keresete o ne a re naya tshedimosetso nngwe kaga one fa a ne a bua ka motlha wa rona a re: “Baperofeti ba le bantsi ba e señ bōnè ba tla coga, me ba tla timetsa batho ba le bantsi.” (Mathaio 24:11) Baperofeti ba maaka ke magodu. Ka tsela efe? Ke eng seo ba se utswang? Go utswa ga bone go amana thata le go perofesa ga bone. Ka jalo gore re tlhaloganye kgang eno ka botlalo, re tshwanetse ra itse pele gore go perofesa go kaya eng go ya ka Bibela.
Seo Se Kaiwang Ke go Perofesa
Fa o akanya ka go perofesa, gongwe selo sa ntlha se se tlang mo mogopolong wa gago ke gore go kaya go bolelela isagwe pele. Eleruri seno e ne e le karolo nngwe ya tiro ya baperofeti ba Modimo ba bogologolo, mme lefa go ntse jalo e ne e se tiro ya bone e kgolo. Ka sekai, moperofeti Esekiele fa a ne a bolelelwa mo ponatshegelong gore a ‘perofesetse phefo,’ se a neng a tshwanetse go se dira fela e ne e le go bolela taolo e e tswang mo Modimong. (Esekiele 37:9, 10) Ka nako ya fa Jesu a ne a sekisiwa fa pele ga baperesiti, o ne a kgwelwa mathe le go itewa ka magofi, mme babogisi ba gagwe ba ne ba bolela jaana ka tshotlo: “Re perofesetsè Kereseta ke wèna, U batocwe e mañ?” Ba ne ba sa kope Jesu gore a bolele se se tla diragalang mo isagweng. Ba ne ba mo gwetlha gore a senole bao ba neng ba mo itaya ka go dirisa maatla a Modimo.—Mathaio 26:67, 68.
Ebile tota, mafoko a ntlhantlha a Bibela a a ranolwang jaaka “go perofesa” kana “boperofeti” totatota a na le kgopolo ya go bolela mogopolo wa Modimo ka kgang nngwe kana, jaaka buka ya Ditihō e bolela ke go bolelela ba bangwe ka “ditihō tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditihō 2:11) Batho ba le bantsi ba ntse ba thukhuthiwa ke baperofeti ba maaka ka one mokgwa ono.
Lefa go ntse jalo, baperofeti bano ba maaka ke bomang, mme ke eng seo ba se utswang? Go araba potso eno, a re lebeng kwa morago kwa hisitoring ya morafe wa Iseraele ka nako ya ga Jeremia.