“Kutlwèlō Botlhoko ea Gagwè . . . E Kgolo Thata”
JAAKA E BOLETSWE KE JOSÉ VERGARA OROZCO
A o akanya gore o ne o ka nna matlhagatlhaga sesha mo botshelong o le dingwaga tse 70? Nna ke ne ka nna jalo. Le gone seno se diragetse dingwaga tse di fetang 35 tse di fetileng.
E le ka bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa, ke ntse ke direla jaaka mmulatsela wa nako e e tletseng fa e sale go tloga ka 1962, mme fa e sale go tloga ka 1972, ke ntse ke direla jaaka molebedi mo Phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya El Carrizal e e mo nageng ya Jalisco, kwa Mexico. Mma ke lo bolelele go se kae kaga kgodiso ya me.
KE TSHOLETSWE kwa nageng ya Michoacán, kwa Mexico, ka August 18, 1886. Rre e ne e le leloko la lekgotla la Mason, ka jalo lelapa la rona le ne le sa tsene Kereke ya Katoliki, le gone re ne re sa kopanele mo meletlong epe ya bodumedi ya Katoliki ebile re sena ditshwantsho dipe tsa bodumedi mo lapeng.
Fa ke ne ke na le dingwaga di le 16, Rre o ne a tsamaya a ya go bereka kwa United States, mme lefa go ntse jalo o ne a rulaganya gore monna mongwe a nthute tiro ya diatla. Lefa go ntse jalo, dingwaga tse pedi moragonyana, monna yono o ne a nkisa kwa Mexico City gore ke thapisiwe mo sekolong sa bosole. Morago ga foo ke ne ka simolola tiro mo sesoleng sa Mexico.
Mo Sesoleng le Morago ga Gone
Ke ne ka lwa mo ntweng ya go tlisa Diphetogo kwa Mexico eo e simologileng ka 1910. Rona makawana a kwa sekolong rotlhe re ne re ema le Francisco I. Madero, yo e neng e le mmatladiphetogo yo o kgatlhanong le bokgokgontshi jwa ga Porfirio Díaz. Re ne ra tshegetsa Madero go fitlha a swa ka 1913, mme morago ga foo, re ne ra tshegetsa Venustiano Carranza, yo o neng a nna poresidente ya Repaboliki go tloga ka 1915 go fitlha ka 1920. Re ne re bidiwa Carranzistas.
Ke ne ka leka ka makgetlo a le mane a a farologaneng gore ke gololwe mo sesoleng, mme ga pala. Labofelo ke ne ka ngwega mme ka nna motshabi. Ka ntlha ya seno, rre, yo o neng a boetse kwa Mexico, o ne a tlhatlhelwa mo kgolegelong. Letsatsi lengwe ke ne ka mo etela kwa kgolegelong, ke itira ekete ke setlogolo sa gagwe. Re ne re buisana ka go kwalelana mo dipampitshaneng gore batlhokomedi ba se ka ba re utlwa. E le gore ope a se ka a lemoga gore ke ne ke le mang, ke ne ka ja dipampitshana tseo.
Fa rre a sena go gololwa mo kgolegelong, o ne a nketela mme a kopa gore ke ye go ipega kwa balaoding. Ke ne ka dira jalo, mme se se gakgamatsang, ramasole yo o neng a theogetse ka nako eo ga a ka a nkgolega. Go na le moo, o ne a akantsha gore ke fudugele kwa United States. Ke ne ka latela kakantsho ya gagwe mme ka nna koo go tloga ka 1916 go fitlha ka 1926.
Ka 1923, ke ne ka nyala mosadi wa kwa Mexico yo le ene a neng a nna kwa United States. Ke ne ka ithuta tiro ya go aga, mme re ne ra tsaya ngwana mongwe wa mosetsanyana go nna wa rona. Fa a ne a na le dikgwedi tse 17, re ne ra boela kwa Mexico mme ra nna kwa Jalpa, kwa Tabasco. Go tswa foo go ne ga simologa ‘ntwa ya ga Cristero ya go batla diphetogo,’ mme e ne ya goga go tloga ka 1926 go fitlha ka 1929.
Macristero a ne a batla gore ke kopanele le one. Lefa go ntse jalo, nna le lelapa la me re ne ra bona go le botoka go tshabela kwa Aguascalientes State. Fa re sena go nna mo mafelong a a farologaneng mo repaboliking ya Mexico, ka 1956 re ne ra ya go nna kwa Matamoros, Tamaulipas, koo ke neng ka simolola go kaela ditiro tsa kago gone.
Botshelo jwa Me Bo A Fetoga
Botshelo jwa me bo ne jwa simolola go fetoga ka yone nako eo. Morwadiake, yo jaanong a neng a nyetswe mme a nna ka kwa ga molelwane kwa Brownsville, kwa Texas, U.S.A., o ne a atisa go re etela. Letsatsi lengwe o ne a re: “Ntate, malapa a le mantsi a kopanela kwa holong ya botlhe gone jaanong. A re yeng go bona gore go diragala eng.” E ne e le kopano ya Basupi ba ga Jehofa. Nna, morwadiake, mogwe, ngwanangwanake, le mosadi wa me re ne ra nna gone kwa kopanong ka malatsi a yone otlhe a mane.
Fa esale go tloga ka one ngwaga oo go ya pele, re ne ra nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka gatela pele semoyeng ke le kwa Mexico, fa morwadiake ene a dira jalo a le kwa United States. E ne ya re go ise go ye kae ka bo ke bolelela badiri ka nna boammaaruri jwa Bibela jo ke neng ke bo ithuta. Ke ne ke amogela dimakasine di le lesome tsa tokololo nngwe le nngwe ya Tora ya Tebelo le Tsogang!, tseo ke neng ke di abela badiri ka nna. Ba le batlhano ba bao ba neng ba bereka mo ofising le maenjenere a le mararo mmogo le badiri ba bangwe ba ne ba nna Basupi.
Ijo, abo go ne go le tsididi ka December 19, 1959, fa ke ne ke kolobediwa mo nokeng! Mongwe le mongwe yo o neng a kolobediwa ka letsatsi leo o ne a lwala ka ntlha ya metsi ao a neng a le tsididi ka mo go feteletseng. Morwadiake o ne a kolobediwa pele ga me, mme mosadi wa me, le mororo a sa ka a kolobediwa, o ne a setse a itse boammaaruri jwa Bibela, mme o ne a le tirisanommogo tota.
Bodihedi jwa Nako E E Tletseng
Ke ne ke ikutlwa ke kolota Modimo ka ntlha ya bopelonomi jotlhe jwa gagwe jo bo lorato, ka jalo ka February 1962, fa ke ne ke na le dingwaga di le 75, ke ne ka simolola bodihedi jwa nako e e tletseng jaaka mmulatsela. Dingwaganyana morago ga foo, ka 1968, mosadi wa me o ne a tlhokafala. Ka nako eo ke ne ke batla go direla mo nageng e nngwe, mme ka ntlha ya dingwaga tsa me, bakaulengwe ba ne ba akanya gore go ka se ke go nne botlhale go dira jalo. Lefa go ntse jalo, ka 1970, ke ne ka abelwa go bula tsela kwa Colotlán mo nageng ya Jalisco, koo go neng go na le phuthego e potlana gone.
Ka September 1972, molebedi wa potologo o ne a akantsha gore ke fudugele kwa torotswaneng ya El Carrizal, eo e leng gaufi le Colotlán. Ka November wa ngwaga one oo, go ne ga tlhongwa phuthego teng, mme ke ne ka tlhomiwa go nna mogolwane. Lemororo e le toropo e e kwa thokothoko, go tla batho ba palo ya go fitlha kwa go 31 kwa dipokanong tsa phuthego.
Go sa kgathalesege dingwaga tsa me, ke santse ke tlhagafetse mo bodiheding, ke leka thata go thusa batho gore ba akanye kaga dilo tseo ba di dumelang. Ka sekai, fa ba dira Rosari, Bakatoliki ba ba dipelodiphepa ba boeletsa A Go Bakwe Marea: ‘A go bakwe Marea, yo o galalelang; Morena o na le wena.’ Thapelo eno e oketsa ka go re: ‘Marea o o Boitshepo, Mma Modimo.’ Ke ba botsa jaana: ‘Go ka nna jalo jang? Fa e le gore Modimo ke ene a bolokang Marea, go ka direga jang gore e re go ntse go le jalo A bo a le morwa wa gagwe?’
Jaanong ke na le dingwaga di le 105 mme ke diretse jaaka mogolwane le mmulatsela wa nako e e tletseng kwa El Carrizal, Jalisco, ka dingwaga tse di ka nnang 20. Ke akanya gore e ne e le go rata ga ga Jehofa gore ke tshele dingwaga tse dintsi jaana, ereka tsela eno e le yone fela ya go duela nako e ke e sentseng ke sa Mo direle.
Sengwe se ke se ithutileng ke gore re tshwanetse gore ka metlha re tshepe gore Moatlhodi Mogolo wa rona o re lebeletse a le kwa setulong sa gagwe sa bogosi sa tshiamo mme o re neela dilo tseo re di tlhokang. Jaaka Pesalema 117:2 e bolela: “Kutlwèlo botlhoko ea gagwè ntlheñ ea rona e kgolo thata.”