LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 3/15 ts. 18-23
  • Kgololesego E Re E Filweng Ke Modimo E Lere Boitumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgololesego E Re E Filweng Ke Modimo E Lere Boitumelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boitumelo jwa ga Jehofa Ke Thata ya Rona
  • Tseela Kgololesego E Re E Filweng Ke Modimo kwa Godimo
  • Direlanang ka Lorato
  • Maungo A A Farologaneng
  • Mabaka A Mangwe a go Itumela
  • Re Segofaditswe ka Thuso E Re E Bonang ka Metlha
  • Supa Gore O Rata Kgololesego E O E Filweng Ke Modimo
  • Boitumelo Jwa ga Jehofa ke Kago ya Rona e e Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Lo Se Ka lwa Dirisa Kgololesego E Lo E Filweng Ke Modimo ka Tsela E E Phoso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Direla Jehofa ka Boipelo Jwa Pelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tlhomamang mo Kgolosesegong E Lo E Filweng Ke Modimo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 3/15 ts. 18-23

Kgololesego E Re E Filweng Ke Modimo E Lere Boitumelo

“Boitumèlō yoa ga Yehofa ke thata ea lona.”—NEHEMIA 8:10.

1. Boitumelo ke eng, mme ke ka ntlha yang fa bao ba ineetseng mo Modimong ba ka itumela?

JEHOFA o tlatsa dipelo tsa batho ba gagwe ka boitumelo. Boitumelo jo bogolo jono kana go ja koma gono go bonwa fa motho a bona sengwe se se molemo kana a se lebeletse. Batho ba ba ineetseng mo Modimong ba ka ikutlwa ka tsela eo gonne boitumelo ke loungo lwa moya o o boitshepo, kana lwa maatla a gagwe a a dirang. (Bagalatia 5:22, 23) Ka jalo, le eleng lefa re ka welwa ke diteko tse di tshwenyang maikutlo thata, re ka itumela jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba ba etelelwang pele ke moya wa gagwe.

2. Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ne ba itumela ka nako nngwe e e kgethegileng mo metlheng ya ga Esere?

2 Ka nako nngwe e e kgethegileng mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., Bajuda ba ne ba dirisa kgololesego ya bone e ba e neilweng ke Modimo go tshwara Moletlo o o itumedisang wa Metlaagana kwa Jerusalema. Fa Esere le Balefi ba bangwe ba sena go ba balela le go ba tlhalosetsa Molao wa Modimo, “batho botlhe ba tsamaea, ba ea go ya, le go nwa, le go aba dikabèlō, le go diha mekete e megolo, ka ba tlhalogantse mahoko a ba a bolelecweñ.”—Nehemia 8:5-12.

Boitumelo jwa ga Jehofa Ke Thata ya Rona

3. “Boitumèlō yoa ga Yehofa” bo ka nna thata ya rona mo maemong afe?

3 Mo go one moletlo oo, Bajuda ba ne ba lemoga gore mafoko ano a boammaaruri: “Boitumèlō yoa ga Yehofa ke thata ea lona.” (Nehemia 8:10) Boitumelo jono le rona ke thata ya rona fa e le gore re eme re tlhomame mo kgololesegong e re e filweng ke Modimo eno jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng. Go na le ba sekae ba rona ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo le go amogelwa mo lelapeng la Modimo la selegodimo jaaka baruaboswa mmogo le Keresete. (Baroma 8:15-23) Bontsi jwa rona gompieno bo lebeletse go tla go tshela mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43) Abo re tshwanetse go itumela jang ne!

4. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ka itshokela mathata le go bogisiwa?

4 Le mororo re lebeletse dilo tse di molemolemo, ga go motlhofo go itshokela mathata le go bogisiwa. Lefa go ntse jalo, re ka kgona gonne Modimo o re naya moya wa gagwe o o boitshepo. O re thusa gore re nne le boitumelo re bo re tlhatswege pelo gore ga go sepe se se ka re amogang tsholofelo ya rona kana lorato lo Modimo o re ratang ka lone. Mo godimo ga moo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla nna thata ya rona fa fela re mo rata ka dipelo, moya, maatla le tlhaloganyo yotlhe ya rona.—Luke 10:27.

5. Ke kae koo re ka bonang mabaka a go itumela?

5 Batho ba ga Jehofa ba itumelela masego a mantsi ebile ba na le mabaka a mantsi a go itumela. Mabaka mangwe a re ka itumelang ka one a umakiwa mo lokwalong lo Paulo a neng a lo kwalela Bagalatia. A mangwe a supiwa mo mafelong mangwe mo Dikwalong. Re tla nametsega mo moyeng fa re ka sekaseka masego a a ntseng jalo a a itumedisang.

Tseela Kgololesego E Re E Filweng Ke Modimo kwa Godimo

6. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kgothaletsa Bakeresete ba Bagalatia gore ba eme ba tlhomame?

6 Jaaka Bakeresete, re na le lesego le le itumedisang la go amogelwa ke Modimo. Ereka Keresete a ile a golola balatedi ba gagwe mo Molaong wa ga Moshe, Bagalatia ba ne ba kgothalediwa gore ba tlhomame mme ba se ka ba ikgweleanya ka “jokwe ea botlhanka.” Go tweng ka rona? Fa e le gore re ile ra leka gore re bolelwe re siame ka go boloka Molao, re tla bo re kgaogane le Keresete. Lefa go ntse jalo, re thusiwa ke moya wa Modimo go nna re lebeletse tshiamo e re e solofetseng e e tlang ka tumelo e e nnang teng ka ntlha ya lorato, mme eseng ka go rupisiwa mo nameng kana ka ditiro dipe fela tsa Molao.—Bagalatia 5:1-6.

7. Re tshwanetse go leba tirelo e e boitshepo e re e direlang Jehofa jang?

7 Ke lesego tota go dirisa kgololesego e re e filweng ke Modimo go ‘direla Jehofa ka boipelo.’ (Pesalema 100:2) Eleruri, go direla “Morèna, Modimo, Mothataeotlhe,” yo e leng ene “Kgosi ea metlha” tirelo e e boitshepo, ke tshiamelo ya bogolo jo bo ka se kang jwa lekanngwa! (Tshenolō 15:3) Fa ka nako nngwe o ka ikutlwa ekete seriti sa gago se kwa tlase, o ka nna wa thusiwa ke go lemoga gore Modimo o go gogetse mo go ene ka Jesu Keresete ebile o go abetse gore o nne le seabe mo ‘tirong e e boitshepo ya mafoko a a molemo a Modimo.’ (Baroma 15:16, NW; Yohane 6:44; 14:6) Abo re na le mabaka a mantsi jang ne a go itumela le go leboga Modimo!

8. Ke selo sefe se se itumedisang batho ba Modimo kaga Babelona O Mogolo?

8 Lebaka le lengwe gape le re ka itumelang ka lone ke go bo Modimo o re golotse mo go Babelona O Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolō 18:2, 4, 5) Le mororo seaka seno sa bodumedi se ‘dutse mo metsing a mantsi,’ ao a emelang “dichaba, le boidiidi yoa batho, le merahe, le dipuō,” ga se dule mo godimo ga batlhanka ba ga Jehofa, kana ga se ba tlhotlheletse le go ba laola ka go dirisa bodumedi. (Tshenolō 17:1, 15) Re itumela mo leseding le le gakgamatsang la Modimo, fa bao ba tshegetsang Babelona O Mogolo ba le mo lefifing la semoya. (1 Petere 2:9) Ee, go ka nna ga nna bokete go tlhaloganya “dilō tse di boteñ tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10) Mme go rapelela gore re fiwe botlhale le moya o o boitshepo go re thusa go gakologelwa boammaaruri jwa Dikwalo joo bo gololang bao ba nang najo semoyeng.—Yohane 8:31, 32; Yakobe 1:5-8.

9. Re tshwanetse go dira eng gore re tle re itumelele masego a go bo re tswelela re gololesegile mo diphosong tsa bodumedi?

9 Re itumelela masego a go tswelela re gololesegile mo diphosong tsa bodumedi, mme re tshwanetse go lwa kgatlhanong le botenegi gore re kgone go nna re ntse re gololesegile jalo. Bagalatia ba ne ba ntse ba siana lobelo lwa Bokeresete sentle, mme bangwe ba ne ba ba kgoreletsa gore ba se ka ba dira jaaka boammaaruri bo ba laela. Modimo e ne e se one o ba tlhotlheletsang ka tsela eo e e sa siamang mme ba ne ba tshwanetse go gana tlhotlheletso eo. Fela jaaka pediso e nnye e bedisa boupe jotlhe, baruti ba maaka kana go sekamela mo boteneging go ka senya phuthego yotlhe. Paulo o ne a eletsa ekete bao ba neng ba buelela go rupa ba ba neng ba batla go nyeletsa tumelo ya Bagalatia ba se ka ba rupisiwa fela mme ba kgaolwe dirwe tsa bone tsa bonna. A puo e e nonofileng eleruri! Mme re tshwanetse go nonofa ka tsela e e tshwanang go ganetsa botenegi fa re batla go boloka kgololesego ya rona e re e filweng ke Modimo ya go re golola mo diphosong tsa bodumedi.—Bagalatia 5:7-12.

Direlanang ka Lorato

10. Ke boikarabelo bofe jo re nang najo jaaka karolo ya bokaulengwe jwa Bokeresete?

10 Kgololesego e re e filweng ke Modimo e ile ya dira gore re nne le bakaulengwe ba ba lorato mme le rona re tshwanetse ra dira seabe sa rona go ba bontsha lorato. Bagalatia ba ne ba sa tshwanela go dirisa kgololesego ya bone jaaka “sebaka sa nama go itihèla” kana ba e dirisa jaaka seipato sa go nna bogagapa ka tsela ya go tlhoka lorato. Ba ne ba tshwanetse go direla ba bangwe ba tlhotlhelediwa ke lorato. (Lefitiko 19:18; Yohane 13:35) Le rona re tshwanetse go tila go lwa le letlhoo leo le ka nnang la felela ka gore re nyeletsane. Gone ke boammaaruri gore seno ga se kake sa direga fa re bontshana lorato.—Bagalatia 5:13-15.

11. Re ka kgothatsa ba bangwe jang, mme ba ka kgona go re kgothatsa jang?

11 Re tla supa lorato le go kgothatsa ba bangwe, fa re dirisa kgololesego e re e filweng ke Modimo go dumalana le kafa moya wa Modimo o re kaelang ka teng. Re tshwanetse go itlwaetsa go itetla gore moya o o boitshepo o re laole o bo o re kaele. Ka gone ga re kitla re sekamela mo go direng ka go tlhoka lorato re kgotsofatsa nama ya rona e e boleo “gonne dithatō tsa nama di tlhabana le Mōea.” Fa e le gore re gogwa ke moya wa Modimo, re tla dira dilo re supa lorato mme eseng ka gore melao e re pateletsa gore re dire jalo le ka ntlha ya gore e otlhaya ba ba dirang bosula. Ka sekai, ke lorato—eseng molao fela—loo lo tla re thibelang gore re se ka ra seba ba bangwe re ba senya. (Lefitiko 19:16) Lorato lo tla re tlhotlheletsa go bua le go dira dilo ka bopelonomi. Ba bangwe le bone ba tla re tlotlomatsa, kana ba bua sentle ka rona gonne re supa loungo lwa moya eleng lorato. (Diane 10:6) Mo godimo ga moo, ba tla ikutlwa ba kgothala tota fa ba kopana le rona.—Bagalatia 5:16-18.

Maungo A A Farologaneng

12. Ke masego afe a mangwe a a bonwang ka go tila “ditihō tsa nama” tse di boikepo?

12 Masego a mantsi a a amanang le kgololesego ya rona e re e filweng ke Modimo re a bona ka go tila “ditihō tsa nama” e e ratang boleo. Jaaka batho ba Modimo, rona ka kakaretso re tila matlhotlhapelo a mantsi gonne ga re gokafale, ga re tsenelele mo bomasweng le mo boitsholong jo bo maswe. Fa re tila boaka re nna le boitumelo jo re bo bonang fela ka gonne re itumedisa Jehofa mo go seno. (1 Yohane 5:21) Ereka re sa tsene mo tirisabadimong, re gololesegile mo go laolweng ke badimona. Bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete ga bo senngwe ke go ilana, dikgang, lefufa, dikgakalo, le ditomologano, le dikgaogano, le makoko, le bopelotshetlha. Ebile boitumelo jwa rona ga bo senngwe ke go tagwa le boitlhapediso. Paulo o ne a tlhagisa ka gore bao ba dirang ditiro tsa nama ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. Lefa go ntse jalo, re ka kgona go kgomarela tsholofelo ya rona e e itumedisang ya Bogosi ka go reetsa mafoko a gagwe.—Bagalatia 5:19-21.

13. Moya wa ga Jehofa o o boitshepo o ntsha maungo afe?

13 Kgololesego e re e fiwang ke Modimo e re leretse boitumelo gonne Bakeresete ba bontsha maungo a moya wa ga Jehofa. Go tswa mo mafokong a Paulo a a kwaletseng Bagalatia, go motlhofo go bona gore ditiro tsa nama ya rona e e ratang boleo di tshwana le mebitlwa fa di bapisiwa le maungo a mantle a moya eleng lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, le boikgapo tseo di jadilweng mo dipelong tsa batho ba Modimo. Ereka re ititeile sehuba gore ga re batle go tshela go ya kafa nama ya rona e e ratang boleo e re laolang ka teng, re eletsa go gogwa ke moya wa Modimo le go tshela ka one. Moya ono o re dira gore re ikokobetse re bo re rate kagiso, re se nne “boipelahaco hèla, re se ka ra rumolana, ra dihèlana ka bopelotshètlha.” Ga go gakgamatse go bo go itumedisa jaana go tsalana le batho ba ba supang maungo a moya!—Bagalatia 5:22-26.

Mabaka A Mangwe a go Itumela

14. Re tlhoka diaparo dife tsa phemelo mo ntweng ya rona kgatlhanong le meya e e maatla e e boikepo?

14 Sengwe se se amanang thata le kgololesego ya rona ya semoya e re e filweng ke Modimo ke lesego la go sirelediwa mo go Satane le badimona. Re tshwanetse go apara “diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo.” Re tlhoka moitlamo wa boammaaruri le letlatla la sehuba la tshiamo. Maoto a rona a tshwanetse a bo a rwele didirisiwa tsa mafoko a a molemo a kagiso. Re tlhoka gape le thebe e kgolo ya tumelo, eo re tla kgonang go thiba marumo a a tukang a yo o boikepo ka yone. Re tshwanetse go rwala tlhoro ya phemelo ya poloko re bo re tshole le “chaka ea Mōea,” Lefoko la Modimo. Gape a re ‘rapeleng ka metlha yotlhe mo Moyeng.’ (Baefesia 6:11-18) Fa re apara diaparo tsa tlhabano tsa semoya mme re gana bodimona, re tla tlhoka poifo ebile re tla itumela.—Bapisa Ditihō 19:18-20.

15. Ke masego afe a a itumedisang a re nang le one gonne re itshwara go dumalana le Lefoko la Modimo?

15 Re a itumela gonne boitsholo jwa rona bo dumalana le Lefoko la Modimo mme re gololesegile mo go ikutlweng re le molato goo go tlhasetseng bontsi jwa bao ba dirang diphoso. Re ‘itlwaetsa, gore re tle re nne le pelo e e senang sekgopi mo Modimong le mo bathong, ka metlha yotlhe.’ (Ditihō 24:16) Ka gone, ga go tlhokege gore re boife kotlhao e e tlileng go wela baleofi ba ba leofang ka bomo le ba ba sa ikwatlhaeng. (Mathaio 12:22-32; Bahebera 10:26-31) Fa re dirisa kgakololo e e mo go Diane 3:21-26 re lemoga gore mafoko ano a yone a a diragadiwa: “U chwarè botlhale yo bo itekanetseñ le pharologanyō. Yalo di tla nna botshelō mo moeeñ oa gago, le bontlè mo thamuñ ea gago. Hoñ u tla tsamaea mo tseleñ ea gago ka thagamō, le lonaō loa gago ga lo ketla lo kgocwa. E tla re u rapama ga u ketla u boiha: E, u tla rapama hèla, me borōkō yoa gago bo tla nna monate. U se ka ua boiha poihō e e choganetsañ, leha e le go shwahadiwa ga baikepi motlhañ go tlañ: Gonne Yehofa o tla nna boikañō yoa gago, me o tla boloka lonaō loa gago, gore lo se ka loa chwarwa.”

16. Ke ka ntlha yang fa thapelo e itumedisa, mme moya wa ga Jehofa o na le seabe sefe mo ntlheng eno?

16 Lebaka le lengwe gape la go itumela ke kgololesego e re e filweng ke Modimo ya go atamela Jehofa ka thapelo re tlhomamisegile gore o tla re utlwa. Ee, dithapelo tsa rona di a arabiwa gonne re “boiha Yehofa” ka go mo tlotla. (Diane 1:7) Mo godimo ga moo, re thusiwa gore re nne re ntse re ratiwa ke Modimo ka go “rapèla mo Moeeñ o o Boitshèpō.” (Yude 20, 21) Seno re se dira ka go supa gore dipelo tsa rona di mo boemong jo Jehofa a bo itumelelang le go rapelela gore moya wa Modimo o tlhotlheletse dilo tse di dumalanang le thato ya gagwe le Lefoko la gagwe, tseo di re bontshang gore re tshwanetse go rapela jang le gore re kope eng mo thapelong. (1 Yohane 5:13-15) Fa re lekwa thata mme re sa itse gore re ka rapela re kopa eng, ‘moya o tla thusa thetelelo ya one, o re rapelela ka diphegelo tse di sa kakeng tsa buiwa.’ Modimo o araba dithapelo tse di ntseng jalo. (Baroma 8:26, 27) A re rapeleleng moya o o boitshepo mme re o letle gore o ungwe maungo a one segolobogolo a re a tlhokang go fenya fa re lekwa. (Luke 11:13) Re tla oketsa boitumelo jwa rona gape fa re ithuta ka botlhaga Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya mmogo le dikgatiso tsa Bokeresete tse di kwadilweng di kaelwa ke moya.

Re Segofaditswe ka Thuso E Re E Bonang ka Metlha

17. Boitemogelo jwa ga Moshe le mafoko a ga Dafide di supa jang gore Jehofa o na le batho ba Gagwe?

17 Fa re dirisa kgololesego e re e filweng ke Modimo sentle re kgona go itumelela go itse gore Jehofa o na le rona. Fa maemo mangwe a a botlhoko a ne a pateletsa Moshe go tloga kwa Egepeto, ka tumelo o ne a “ichōka yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bōnaleñ.” (Bahebera 11:27) Moshe ga a ka a tsamaya a le esi; o ne a itse gore Jehofa o ne a na le ene. Ka tsela e tshwanang barwa ba ga Kora ba ne ba opela jaana: “Modimo ke botshabèlō yoa rona le thata, thushō e e gauhi thata mo tlaleloñ. Ke gōna ka mo re se ketlañ re boiha, leha lehatshe le ka hetoga, leha dithaba di ka tshikinyèga mo bogareñ ga mawatlè; Leha metse a aōna a shuma a kgaphasèla, leha dithaba di kutuma ka go ikgogomosa ga aōna.” (Pesalema 46:1-3) Fa o dumela mo Modimong ka tsela e e ntseng jalo, ga a kitla a bo a go latlha. Dafide o ne a bolela jaana: “Gonne rrè le mmè ba ntatlhile, me Yehofa o tla nchola.” (Pesalema 27:10) Abo go itumedisa jang ne go itse gore Modimo o amega thata jalo ka batlhanka ba gagwe!—1 Petere 5:6, 7.

18. Ke ka ntlha yang fa bao ba nang le boitumelo jwa ga Jehofa ba na le kgololesego e ba e filweng ke Modimo e e ba gololang mo go fekeediweng ke matshwenyego?

18 Ereka Jehofa a re itumelela, kgololesego e re e filweng ke Modimo e re golola mo go fekeediweng ke matshwenyego. Paulo o ne a re, “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Kagiso ya Modimo ke thetebalo e e ka se kang ya bapisiwa le sepe fa motho a le mo maemong a a botlhoko. E ritibatsa dipelo tsa rona—sengwe se se re solegelang molemo semoyeng, mo maikutlong, le mo mmeleng. (Diane 14:30) Gape e re thusa gore re kgone go tshola ditlhaloganyo tsa rona di lekalekane, ka go bo re itse gore Modimo ga o kitla o lesa sepe se se tla re gobaletsang ruri. (Mathaio 10:28) Re kgona go nna le kagiso eno e e nnang teng ka go nna le kamano e e gaufi thata le Modimo ka Keresete gonne re ineetse mo go Jehofa ebile re ikobela moya wa gagwe gore o re kaele, mme one o ntsha maungo a a tshwanang le boitumelo le kagiso.

19. Re tla thusega go nna re itumetse fa re ka boloka dipelo tsa rona di tlhomilwe mo go eng?

19 Go boloka dipelo tsa rona di tlhomame mo kgololesegong ya rona e re e filweng ke Modimo le mo tsholofelong ya rona ya Bogosi go tla re thusa gore re itumele. Ka sekai, ka dinako tse dingwe o fitlhela go se sepe se se kalo se se ka dirwang fa re sa itekanela sentle mo mmeleng, mme re ka rapelela gore re newe botlhale le gore re nonotshiwe gore re itshoke mme re ka gomotsega fa re ka akanya kafa mo nakong eno re itekanetseng sentle ka teng semoyeng le fa re ka akanya ka tsela e re tlileng go fodisiwa ka yone mo mmeleng mo pusong ya Bogosi. (Pesalema 41:1-3; Isaia 33:24) Le mororo re ka nna ra tshwanela go itshokela go tlhoka dilo dingwe gompieno, ga re kitla re tlhola re tlhaela ka dilo tse di tlhokegang tsa botshelo mo lefatsheng la Paradaise le le setseng le le gaufi thata. (Pesalema 72:14, 16; Isaia 65:21-23) Ee, Rraarona wa selegodimo o tla re tshegetsa jaanong mme kgabagare a re neye boitumelo jo bo tletseng.—Pesalema 145:14-21.

Supa Gore O Rata Kgololesego E O E Filweng Ke Modimo

20. Go ya ka Pesalema 100:1-5, re tshwanetse ra nna batho ba ba ntseng jang fa pele ga Jehofa?

20 Jaaka batho ba ga Jehofa, eleruri re tshwanetse go supa gore re rata kgololesego eno e re e filweng ke Modimo e e ileng ya dira gore re itumele re bo re bone masego a mantsi. Ga go gakgamatse go bo Pesalema 100:1-5 e re kgothaletsa gore re atamele Modimo “ka go ōpèla.” Re batho ba ga Jehofa ebile o re tlhokomela jaaka Modisa yo o lorato. E, “re batho ba gagwè, le dinku tsa bohulō yoa gagwè.” Lebaka la go bo E le Mmopi ebile a na le dinonofo tse dikgolo le re tlhotlheletsa go tsena ka dikgoro tsa malwapa a lefelo la gagwe le le boitshepo re tla go mmaka le go mo leboga. Re tlhotlheletsega gore re ‘bake leina la gagwe,’ re bue sentle ka Jehofa Modimo. Mo godimo ga moo, re ka ikaega ka metlha ka bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato, kana ka go bo a re rata thata. Jehofa o a ikanyega mo “ditshikatshikeñ cotlhe,” a supa lorato lwa gagwe a tlhomame mo go bao ba dirang go rata ga gagwe.

21. Go ne ga newa kgothatso efe mo tokololong ya ntlha ya makasine ono ka Seesemane, mme re tshwanetse go dira eng ka kgololesego e re e filweng ke Modimo?

21 Mo nakong eno ga re kake ra tila diteko tsotlhe gonne re batho ba ba sa itekanelang. Lefa go ntse jalo, Modimo o ka re thusa gore re nne Basupi ba ga Jehofa ba ba pelokgale le ba ba itumetseng. Mafoko a a kgatlhang thata a a bolelang kaga seno ke ano a a fitlhelwang mo tokololong ya ntlha ya lokwalopaka lono (July 1879, ka Seesemane): “Nna pelokgale . . . wena mokaulengwe wa me kana kgaitsadiake wa Mokeresete yo o batlang thata go tsamaya mo tseleng e tshesane eno a hutsafetse. O se ka wa tshwenyega thata ka gore tsela eno e thata jang; e itshepisitswe le go tlhaolelwa tiro e e boitshepo ke dinao tse di tlotlegang tsa Mong wa rona. Leba mutlwa mongwe le mongwe jaaka sethunya; letlapa lengwe le lengwe le le tlhabang jaaka selo se se tshwayang sekgala se o se tsamaileng, se se go dirang gore o fitlhelele mokgele wa gago ka bonako. . . . Boloka leitlho la gago le lebile fela kwa mokgeleng.” Dimilione tse jaanong di direlang Jehofa di boloka matlho a tsone a lebile kwa mokgeleng mme ba na le mabaka a mantsi a go nna pelokgale le go itumela. Ema le bone o tlhomame mo kgololesegong e o e filweng ke Modimo. E dirise sentle, mme a boitumelo jwa ga Jehofa e nne thata ya gago ka metlha.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ “Boitumèlō yoa ga Yehofa” bo ka nna thata ya rona jang?

◻ Fa re bua ka tsela ya sedumedi, kgololesego e re e filweng ke Modimo e neile batho ba ga Jehofa masego afe?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go direlana dilo ka lorato?

◻ Ke masego afe a a amanang le kgololesego e re e filweng ke Modimo?

◻ Batho ba Modimo ba ka nna ba ntse ba itumetse jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Leba mutlwa mongwe le mongwe jaaka sethunya; letlapa lengwe le lengwe le le tlhabang jaaka selo se se tshwayang sekgala se o se tsamaileng, se se go dirang gore o fitlhelele mokgele wa gago ka bonako”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela